Kafa o ka Sireletsang Pholo ya Gago ka Teng
KGWETLHO e e leng teng gompieno ke go swetsa gore ke eng se se tla amang botsogo jwa rona thata. Metswedi ya tshedimosetso e tladitse marekisetso ka tshedimosetso e e malebana le dijo, go ikatisa, dilo tse di nayang mmele dikotla le dilo tse dingwe tse dintsintsi tse di amanang le botsogo. Ka maswabi, bontsi jwa tshedimosetso eno e a ikganetsa. Mokwadi mongwe wa saense e bong Denise Grady o bolela jaana: “Kgakololo e batho ba e newang malebana le se ba tshwanetseng go se ja, melemo e ba tshwanetseng go e dirisa le tsela e ba tshwanetseng go tshela ka yone, go bonala e fetoga fela thata, nako le nako fa go gatisiwa sengwe se sesha mo lokwalopakeng lwa kalafi.”
Dingaka dingwe di akantsha gore go na le go lekeletsa feshene nngwe le nngwe e ntšha e e tlang mo go tsa pholo, go molemo go tshwarelela mo dilong tsa konokono tse o neng o ntse o di dirisa pele. Ka sekai, The American Medical Association Family Medical Guide e bolela jaana: “O ka tshela sentle botshelo jotlhe ka go fetola tsela e o tshelang ka yone ka mo go tshwanetseng le ka go nna o itlhatlhoba ka metlha, e le gore bolwetse bope jo bo ka go tsenang bo lemogiwe le go alafiwa go sa le gale.” Mme o ka “fetola tsela e o tshelang ka yone ka mo go tshwanetseng” jang gore e go solegele molemo thata? A re tlotleng ka ditsela di le tharo tse o ka dirang seno ka tsone.
Tlhopha Dijo Tse di Nang le Dikotla
Ba tsa kalafi ba akantsha gore re je dijo tsa mefuta e e farologaneng, mme karolo e kgolo ya di-kilojoule tse re di jang e tshwanetse ya bo e tswa mo dikhabohaetereiteng, segolobogolo tse di bonwang mo dijong tsa ditlhaka, mo dinaweng, mo merogong le mo maungong.a Le fa go ntse jalo, botsogo jwa rona ga bo amiwe fela ke se re se jang mme gape ke gore re se ja go le kana kang. Go botlhokwa go ja ka tekatekanyo. Go ja di-kilojoule tse dintsi go feta tse mmele wa rona o ka kgonang go di dirisa go ka dira gore motho a none. Buka nngwe ya tsa kalafi e bolela gore seno se ka imetsa pelo, sa koafatsa mmele, mme sa dira gore motho a “tlhaselwe motlhofo ke bolwetse jwa pelo, jwa sukiri, jwa ramatiki le malwetse a mangwe a mantsi.”
Mo dingwageng tsa bosheng jaana go etswe tlhoko thata kgang ya mafura a a mo dijong. Bomankge ba bantsi ba tsa pholo ba bolela gore dijo tse di nang le mafura a mantsi a a komota di dira gore o nne mo kotsing ya go tshwarwa ke bolwetse jwa pelo le mefuta e e rileng ya kankere. Le fa go ntse jalo, seno ga se bolele gore re tshwanetse go fedisa mafura otlhe mo dijong tsa rona. Mary Abbott Hess yo e kileng ya bo e le poresidente wa American Dietetic Association o bolela jaana: “Mo e ka nnang letsatsi le letsatsi, o sa ntse o ka kgona go ja selekanyo se se rileng sa dijo tse o di ratang mme gone o ntse o ja dijo tse di itekanetseng.” Selo sa botlhokwa ke go ja ka selekanyo se sennye mme o fokotse le dijo tse dingwe tse di nang le mafura.
Gone ke boammaaruri gore ga go motlhofo go fetola mekgwa ya gago ya go ja. Tota e bile, bangwe ba ka nna ba bolela gore ga go thuse sepe go tshela fa ba tshwanelwa ke go nnela go itima dijo tse ba di ratang. Mme go na le gore o nne le boikutlo jwa go sa fetofetoge, leka go dira dilo ka tekatekano. Ke kgang fela ya go fokotsa dijo dingwe go na le go di tlogela gotlhelele. Family Medical Guide e e nopotsweng pelenyana e bolela jaana: “Go nna le mekgwa e e siameng ya go tshela ga go reye gore ga o a tshwanela go itumelela botshelo.”
Baithutadikotla ba akantsha gore o ka dira gore go fetola tsela e o jang ka yone go se ka ga go utlwalela thata, ka go dira gore ka iketlo o nne o tlogele dijo tse di se nang dikotla. Ka sekai, lekalekanya dijo tse o di jang mo bekeng e seng mo letsatsing le le lengwe fela. Fa gone jaanong o ja nama e khibidu letsatsi le letsatsi, leka go e fokotsa gore o e je gararo mo bekeng. Dira jalo le ka dijo tse di nang le mafura a mantsi a a komota, tse di jaaka botoro, tšhisi, aesekerimi le dijo tse di botlhoswana tse di nang le mafura a mantsi. Mokgele e tshwanetse ya nna go fokotsa go ja mafura a mantsi gore a se ke a feta diperesente di le 30 tsa palogotlhe ya di-kilojoule tsa gago.
Dr. Walter Willet wa kwa Yunibesithing ya Harvard o tlhagisa gore re se ka ra re re fokotsa go ja dijo tse di nang le mafura a mantsi, e le fa re ya go simolola go ja tse dingwe tse di nang le setatšhe se sentsi le sukiri e ntsi. Gantsi seno se dira gore motho a none. Tsela e e botoka ke go fokotsa mafura mmogo le dikhabohaetereite mo dijong tsa gago.
Go Ikatisa mo go Lekaneng
Mokgwa o o siameng wa botshelo o akaretsa go nna le thulaganyo ya go ikatisa ka metlha. Dr. Steven Blair, mokwadi wa pego ya dingaka tsa baari kwa United States e e buang ka go itekanela mo mmeleng, o bolela jaana: “Batho ba ba tlogelang botshelo jwa go nna fela mme ba simolola go dira ditiro tse di ba tlhokang go tshikinya mmele ba fokotsa selekanyo sa go bolawa ke bolwetse jwa pelo ka sephatlo.” Ka maswabi, bontsi jwa batho gompieno ga ba dire le tsone ditiro tseo tse di ba tlhokang go tshikinya mmele. Ka sekai, kwa United States go bolelwa gore motho a le 1 go ba le 4 ga a dire sepesepe fela. Kwa Canada patlisiso nngwe e e nang le setlhogo se se reng 1997 Physical Activity Benchmarks e fitlhetse gore “diperesente di le 63 tsa batho ba kwa Canada ba berekisa mmele mo e ka nnang mo nakong e e ka fa tlase fela ga ura ka letsatsi,” go bega jalo The Toronto Star. Mme babatlisisi ba kwa Boritane ba bolela gore setlhopha sengwe sa bana ba go neng go dirwa dipatlisiso ka bone “ba ne ba sa ikatise mo e leng gore, fa ba tsogile le fa ba robetse, dipelo tsa bone di ne di itaya ka go tshwana fela.”—The Sunday Times.
Mo nakong e e fetileng go ne go akanngwa gore go ikatisa mmele thata ke gone mo go neng go le molemo thata mo botsogong. Mme ga go tlhokege gore o bolaye mmele wa gago gore o nonofe sentle. Pego nngwe ya dingaka tse di arang e bolela gore tota e bile, “go dirisa dikalori tse di ka nnang 150 fela [di-kilojoule di le 630] go ka fokotsa kotsi ya go tshwarwa ke bolwetse jwa pelo, haebolate, kankere le bolwetse jwa sukiri.”
Fa o tlhopha mokgwa wa go ikatisa, go botlhokwa gore o tlhophe sengwe se o tla itumelelang go se dira. Go sa nneng jalo, ga e kitla e nna selo se o se dirang ka metlha. Selo sa konokono ga se gore o dira eng go ikatisa mme ke gore o go dira gantsi go le kana kang. National Institutes of Health ya kwa United States e akantsha gore ka kakaretso, “bana mmogo le bagolo ba tshwanetse go itlhomela mokgele wa go dirisa mo e ka nnang metsotso e le 30 ba ikatisa mmele ka tsela e e lekaneng malatsi a le mmalwa mo bekeng, mme go ka nna molemo fa ba dira jalo malatsi otlhe a beke.”
Ke eng se se tsewang e le go ikatisa mo go lekaneng? Go thuma, go gwanta, go kgweetsa baesekele, go tlhatswa koloi le go e polisha, go pagama ditepisi le go phepafatsa jarete. Ga o tlhoke go tsenela setlhopha sengwe sa go ikatisa kana tlelapa nngwe ya boitekanelo gore o sireletse botsogo jwa gago. Le fa go ntse jalo, tlhagiso fano ke gore: Ba tsa kalafi ba akantsha gore fa o kile wa tshwarwa ke bolwetse jwa ditshika le jwa pelo kana fa o le monna wa dingwaga tse di kwa godimo ga di le 40 kana mosadi wa dingwaga tse di kwa godimo ga di le 50, o tshwanetse go tlhomamisega gore o bone ngaka pele ga o simolola thulaganyo epe ya go ikatisa.
Go Tweng ka go Goga, Diokobatsi le Bojalwa?
Go Goga: Mosi wa sekerete o na le dikarolwana di feta 4 000 tse di kotsi mo pholong ya motho, mme di le 200 tsa tsone ke botlhole. Le fa go ntse jalo, kwantle ga go nna le botlhole jo bontsi, ga go na pelaelo gore go goga go na le ditlamorago tse di maswe mo pholong ya motho. Ke dilo di le mmalwa fela tse di dirisiwang tse di bolayang batho ba le bantsi jaaka motsoko. Ka sekai, kwa United States go swa batho ba ba fetang ba le lesome ba bolawa ke malwetse a a amanang le go goga motsoko go feta ba ba bolawang ke dikotsi tsa dikoloi. World Health Organization e lekanyetsa gore mo lefatsheng lotlhe, go goga go bolaya batho ba ka nna dimilione di le tharo ngwaga le ngwaga!
Mo godimo ga gore ba bo ba le mo kotsing e kgolo ya go tshwarwa ke kankere le bolwetse jwa pelo, gantsi batho ba ba gogang ba tshwarwa ke mofikela gangwe le gape, dintho mo maleng, boronkaetise e e sa foleng le kgatelelo e e kwa godimo thata ya madi go feta batho ba ba sa gogeng. Gape go goga go dira gore motho a se ka a tlhola a kgona go dupelela sentle le go latswa. Go phepafetse gore go tlogela go goga ke nngwe ya dikgato tsa botlhokwa thata tse motho a ka di tsayang go sireletsa botsogo jwa gagwe. Mme go tweng ka diokobatsi le bojalwa?
Diokobatsi: Go sa dirise diokobatsi ka tshwanelo go bolaile batho ba le bantsi thata mo lefatsheng lotlhe. Lephata la Pholo le Ditirelo Tsa Batho la kwa United States le bolela jaana: “Go sa dirise diokobatsi sentle go bolaya Baamerika ba le 14 000 ngwaga le ngwaga.” Mme ga se batho ba ba dirisang diokobatsi ka bokhukhuntshwane fela ba ba amiwang ke kgwebo ya diokobatsi. Bontsi jwa batho ba ba tshwakgotsweng ke diokobatsi ba dirisa thubakanyo le bokebekwa gore ba tle ba kgone go bona madi a go kgotsofatsa keletso eno ya seokobatsi. The Sociology of Juvenile Delinquency e bolela jaana: “Ditlhopha tse di gaisanang ka go rekisa crack [khokeine] di fetotse mafelo mangwe a bogologolo tsa a dira ditoropo ‘tse di kotsikotsi,’ kwa dipalo tsa batho ba ba bolawang di leng kwa godimo thata jaana mo e leng gore mapodise a setse a di tsaya e le mafelo a a sa laolegeng.”
Gone mme, go sa dirise diokobatsi ka tshwanelo ga se bothata jwa kwa United States fela. Go lekanyediwa gore ngwaga le ngwaga batho ba le 160 000 go ya go ba le 210 000 mo lefatsheng lotlhe ba bolawa ke go ikenta ka diokobatsi. Mo godimo ga moo, dimilione di dirisa mefuta e mengwe ya diokobatsi tse di kotsi, tse di jaaka khat (letlhare lengwe le letala le le tlhagafatsang motho) betel nut, le khokeine.
Bojalwa: Le fa gone go buiwa thata ka diokobatsi tse di tshwakgolang tse di jaaka khokeine e e bogale le heroine, go dirisa bojalwa ka tsela e e sa tshwanelang go baka tshenyo e e maswe le go feta. The Medical Post e bega gore go tshwakgolwa ke nnotagi “go ama motho a le mongwe go ba le 10 ba kwa Canada, e bile go jela thulaganyo ya go tlhokomela boitekanelo madi a a kana ka didolara di le dimilione di le 10 000 [diranta di le dimilione di le 62 000] ngwaga le ngwaga.” Go lekanyediwa gore kwa United States bojalwa ke jone bo bakang diperesente di le 50 tsa dintsho tsa dikotsi tsa tsela le molelo, diperesente di le 45 tsa batho ba ba betwang ke metsi le diperesente di le 36 tsa dikotsi tsa batsamaya ka dinao. Go nwa bojalwa mo go feteletseng gape go bakile dintwa di le dintsi. Batho ba ba bolayang ba bangwe, ba ba teketa, ba ba betelela, ba sotla bana kana ba ipolaya gantsi ba thusiwa ke bojalwa.
Fa mongwe yo o mo ratang a ineetse thata mo bojalweng, mo motsokong kana mo diokobatsing, senka thuso.b Lefoko la Modimo e bong Baebele, le bolela gore “tsala e rata motho ka metlha yotlhe, le morwa rra motho o tsaletswe motlha wa pitlagano.” (Diane 17:17) Ee, go ikaega ka thuso e e lorato ya lelapa le ditsala go ka go thusa thata go itshokela boemo jo bo thata.
Mme e le gore o nne le botsogo jo bo siameng sentle, o tlhoka go le gontsi go feta fela go itekanela sentle mo mmeleng. Maemo a tlhaloganyo le a semoya le one a na le seabe sa botlhokwa mo go nneng le mokgwa o o siameng wa botshelo. Setlhogo se se latelang se tla tlotla ka seno.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go bona tshedimosetso e e feletseng ka ga go ja dijo tse di tshwanetseng, bona Tsogang! ya July 8, 1997, ditsebe 21-31.
b Bona metseletsele ya “Go Thusa Batho ba ba Tshwakgotsweng ke Bojalwa le Ba Malapa a Bone,” mo makasineng wa Tsogang! ya June 8, 1992.
[Mafoko a a mo go tsebe 5]
“Go nna le mekgwa e e siameng ya go tshela ga go reye gore ga o a tshwanela go itumelela botshelo”
[Mafoko a a mo go tsebe 6]
World Health Organization e lekanyetsa gore go goga go bolaya batho ba ka nna dimilione di le tharo ngwaga le ngwaga
[Mafoko a a mo go tsebe 7]
“Mo e ka nnang letsatsi le letsatsi, o sa ntse o ka kgona go ja selekanyo se se rileng sa dijo tse o di ratang mme gone o ntse o ja dijo tse di itekanetseng”
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
Go ikatisa ka metlha e ka nna karolo ya mokgwa o o siameng wa botshelo
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
Gana motsoko le diokobatsi tse di seng ka fa molaong
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Maungo le merogo di go siametse
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Le e leng ditiro tsa letsatsi le letsatsi tsa mo gae e ka nna go ikatisa mo go siameng