Kgopolo E e Mo Baebeleng
Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Leba Lenyalo le le Boitshepo?
BATHO ba le bantsi gompieno ba ka nna ba re ba dumela gore lenyalo le boitshepo. Jaanong he ke ka ntlha yang fa manyalo a le mantsi a felela ka tlhalo? Batho bangwe ba tsaya gore lenyalo ke go solofetsa motho gore o a mo rata le go mo kgatlhegela le gore ke tumalano ya semolao fela. Mme ditsholofetso tseo di ka nna tsa se ka tsa diragadiwa. Batho ba ba lebang lenyalo ka tsela eno ba fitlhela go le motlhofo go fedisa lenyalo la bone fa dilo di sa tsamaye sentle.
Modimo o leba thulaganyo ya lenyalo jang? Karabo e fitlhelwa mo Lefokong la gagwe, e leng Baebele, mo go Bahebera 13:4: “A lenyalo le tlotlege mo go botlhe.” Lefoko la Segerika le le ranotsweng ka gore ‘tlotlo’ le kaya sengwe se se botlhokwa le se se tlotlomadiwang thata. Fa re anaanela sengwe, re nna kelotlhoko go se boloka le go dira gore se se ka sa latlhega, le fa e le ka phosonyana fela. Go tshwanetse ga nna fela jalo le ka thulaganyo ya lenyalo. Bakeresete ba tshwanetse go leba lenyalo le tlotlega—e le sengwe se se botlhokwa mo e leng gore ba batla go le sireletsa.
Go phepafetse gore Jehofa Modimo o dirile lenyalo e le thulaganyo e e boitshepo mo gare ga monna le mosadi. Mme re ka bontsha jang gore le rona re tsaya lenyalo jalo?
Go Ratana le go Tlotlana
Go tlotla thulaganyo ya lenyalo go tlhoka gore balekane ba lenyalo ba tlotlane. (Baroma 12:10) Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga jaana: “A mongwe le mongwe wa lona ka bongwe a rate mosadi wa gagwe jalo jaaka a ithata; kafa letlhakoreng le lengwe, mosadi o tshwanetse go nna le tlotlo e e boteng mo monneng wa gagwe.”—Baefeso 5:33.
Gone ke boammaaruri gore ka dinako tse dingwe molekane mongwe wa lenyalo a ka nna a se ka a itshwara ka tsela e e lorato kgotsa e e tlotlegang. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba tshwanetse go bontsha lorato le tlotlo eo. Paulo o ne a kwala jaana: “Tswelelang lo itshokelana e bile lo itshwarelana lo gololesegile fa mongwe a na le lebaka la go ngongorega ka yo mongwe. Le eleng jaaka Jehofa a ne a lo itshwarela a gololesegile, jalo le lona dirang jalo.”—Bakolosa 3:13.
Go Ipha Nako le Molekane wa Gago
Banyalani ba ba lebang kgolagano ya bone e le boitshepo ba ipha nako ya go tlhokomela balekane ba bone ka dilo tse ba di tlhokang mo mmeleng le mo maikutlong. Seno se akaretsa tlhakanelodikobo. Baebele ya re: “A monna yo o nyetseng a neye mosadi wa gagwe tshwanelo ya gagwe; mme a mosadi yo o nyetsweng le ene a direle monna wa gagwe ka tsela e e tshwanang.”—1 Bakorintha 7:3.
Le fa go ntse jalo, banyalani bangwe ba ne ba bona go tlhokega gore monna a ye go nna kwa lefelong le sele ka nakwana gore a tle a bone madi a mantsinyana. Ka dinako tse dingwe, monna le mosadi ba kgaogana ka lobaka lo loleele ba ne ba sa lebelela. Gantsi, go kgaogana jalo go ile ga dira gore lenyalo le nne le mathata, ka dinako tse dingwe go feleletse ka boaka le tlhalo. (1 Bakorintha 7:2, 5) Ka ntlha ya seo, banyalani ba le bantsi ba Bakeresete ba sweditse gore ba nne ba se na dilo tse di bonalang go na le gore lenyalo la bone le ba le tsayang le le boitshepo le senyege.
Fa go Tsoga Mathata
Fa mathata a nna gone, Bakeresete ba ba tlotlang lenyalo la bone ga ba itlhaganelele go kgaogana kana go tlhalana. (Malaki 2:16; 1 Bakorintha 7:10, 11) Jesu o ne a re: “Mongwe le mongwe yo o tlhalang mosadi wa gagwe, fa e se ka ntlha ya kgokafalo, o mmaya mo boemong jwa go akafala, mme le fa e le mang yo o nyalang mosadi yo o tlhadilweng o dira boaka.” (Mathaio 5:32) Fa banyalani ba tlhopha go tlhalana kgotsa go kgaogana mme ba se na mabaka a a tswang mo Dikwalong ba tlontlolola lenyalo.
Gape re ka bontsha kafa re lebang lenyalo ka teng fa re gakolola ba ba nang le mathata a a masisi a lenyalo. A re itlhaganelela go buelela go kgaogana kgotsa tlhalano? Ke boammaaruri gore ka dinako tse dingwe go ka nna le mabaka a a utlwalang a go kgaogana, a a jaaka go sotliwa mo mmeleng mo go feteletseng kgotsa go gana go tlamela lelapa ka boomo.a Gape, jaaka go tlhalositswe fa godimo, Baebele e letlelela tlhalo fela fa molekane wa gago wa lenyalo a gokafetse. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ga ba a tshwanela go tlhotlheletsa ba bangwe go sa tlhokege gore ba dire tshwetso e e malebana le gore a ke ba kgaogane kgotsa ba tlhalane. Totatota, ke motho yo o nang le mathata a lenyalo—e seng yo o neelang kgakololo—yo o tla itshokelang diphelelo tsa ditshwetso tse a di dirileng.—Bagalatia 6:5, 7.
Tila Boikutlo Jwa go se Kgathale
Mo mafelong mangwe go setse go tlwaelegile gore batho ba dirise lenyalo go bona bonno kafa molaong mo nageng e nngwe. Gantsi batho bano ba dira tumalano ya go duela moagi wa naga eo gore ba mo nyale. Gantsi banyalani bano, le fa ba nyalane, ga ba nne mmogo gongwe e bile ga ba na botsalano jo bo molemo. Go ise go ye kae fa ba sena go nna le bonno jo ba bo batlang kafa molaong, ba a tlhalana. Ba leba lenyalo la bone e le tumalano ya kgwebo fela.
Baebele ga e kgothaletse boikutlo jo bo ntseng jalo jwa go se kgathale. Go sa kgathalesege maitlhomo a bone, batho ba ba nyalang ba tsena mo thulaganyong e e boitshepo e Modimo a e tsayang e le ya botshelo jotlhe. Batho ba ba dumalaneng ka tsela eo ba tshwanetse go nna mmogo e le monna le mosadi, mme ga ba a tshwanela go nyala gape kwantle ga lebaka le le letlelelwang ke Dikwalo la go tlhala.—Mathaio 19:5, 6, 9.
Fela jaaka go le jalo ka maiteko mangwe le mangwe, lenyalo le le atlegileng le tlhoka boiteko le boitshoko. Ba ba palelwang ke go anaanela boitshepo jwa lone ba itlhoboga ka bonako. Kgotsa ba ka nna ba itlhophela go nna mo lenyalong le le sa itumediseng. Kafa letlhakoreng le lengwe, ba ba dumelang gore lenyalo le boitshepo ba itse gore Modimo o lebeletse gore ba nne mmogo. (Genesise 2:24) Gape ba lemoga gore fa ba dira gore lenyalo la bone le tsamaye sentle, ba tlotla Modimo e le Modiri wa thulaganyo ya lenyalo. (1 Bakorintha 10:31) Go nna le kgopolo eno go ba tlhotlheletsa gore ba itshoke le go dira gore lenyalo la bone le atlege.
[Ntlha e e kwa tlase]