Leina la Modimo—Bokao le go Bitswa ga Lone
MONGWE wa bakwadi ba Bibela o boditse jaana: “E mañ eo o huparetseñ diphehō mo macweleñ a gagwè? E mañ eo o boheletseñ metse mo seaparoñ sa gagwè? E mañ eo o tlhōmamisitseñ dikhutlō cotlhe tsa lehatshe? E mañ leina ya gagwè, le leina ya ga morwawè e mañ, ha u itse?” (Diane 30:4) Re ka batlisisa jang gore leina la Modimo ke mang? Eo ke potso ya botlhokwa. Lobopo ke bosupi jo bo maatla jwa gore Modimo o tshwanetse go nna teng, mme ga lo re bolelele leina la gagwe. (Baroma 1:20) Tota-tota, re ne re ka se itse leina la Modimo kwantle ga gore Mmopi ka boene a bo a le re boleletse. Mme o dirile jalo mo Bukeng ya gagwe, Bibela e e Boitshepo.
Ka modiro mongwe o o itsegeng, Modimo o ne a itsise leina la gagwe, a le boeletsa a utlwiwa ke Moshe. Moshe o kwadile ka ga tiragalo eo e neng ya bolokwa mo Bibeleng go fitlha mo motlheng wa rona. (Ekesodo 34:5) Modimo o ne a kwala leina la gagwe le e leng ka “monwana” wa gagwe. Fa a sena go neela Moshe seo gompieno re se bitsang Melao e Lesome, Modimo o ne wa e kwala ka kgakgamatso. Pego e re: “Me e rile a [Modimo] sena go wetsa go bolèlèlana le Moshe mo thabeñ ea Sinai, a mo neèla matlapa a mabedi a chupō, e le matlapa a a kwadilweñ ke monwana oa Modimo.” (Ekesodo 31:18) Leina la Modimo le tlhagelela ga robedi mo Melaong e Lesome ya ntlha. (Ekesodo 20:1-17) Ka gone Modimo ka boone o senoletse motho leina la gagwe ka molomo le ka mokwalo. Jalo, leina leo ke mang?
Ka puo ya Sehebera le kwalwa e le יהוה. Ditlhaka tse nne tseno, tse di bidiwang ‘Tetragrammaton,’ di balwa go tswa kafa mojeng go ya go la molema ka Sehebera mme le ka kwalwa ka dipuo tse dintsi tsa gompieno e le YHWH kana JHVH. Leina la Modimo, le le bontshiwang ka ditumammogo tse nne tseno, le tlhagelela mo e ka nnang ga 7 000 go “Kgolagano e Kgologolo,” kana Dikwalo tsa Sehebera tsa ntlha.
Leina leno ke sebopego sa lediri la Sehebera ha·wahʹ (הוה), le le kayang “go direga,” mme sentle-ntle le supa “Yo o Dirang gore Dilo di Nne Teng.”a Ka gone, leina la Modimo le mo tlhaola e le Ene yo o diragatsang ditsholofetso tsa gagwe kgato ka kgato le yo o elang maikaelelo a gagwe tlhoko ka katlego. Ke Modimo wa boammaaruri fela yo o neng a ka sikara leina le le nang le bokao jo bo ntseng jalo.
A o gakologelwa ditsela di le nne tseo leina la Modimo le tlhageletseng ka tsone go Pesalema 83:18, jaaka go bontshitswe mo karolong e e fetileng (tsebe 5)? Tse pedi tsa dithanolo tseo di ne di na le direto fela (“MORENA,” “Rabosafeleng”) jaaka mafoko a a emelang leina la Modimo. Mme mo go a mabedi ano, Yahweh le Jehofa, o ka bona ditlhaka di le nne tsa leina la Modimo. Lefa go ntse jalo, go bitswa ga one go farologane. Ka ntlhayang?
Leina la Modimo le Bidiwa Jang?
Boammaaruri ke gore, ga go yo o itseng sentle gore leina la Modimo le ne le bidiwa jang kwa tshimologong. Ka ntlhayang? Puo ya ntlha eo e neng e dirisediwa go kwala Bibela e ne e le Sehebera, mme fa puo ya Sehebera e ne e kwalwa, bakwadi ba ne ba kwala ditumammogo fela—eseng ditumanosi. Ka gone, fa bakwadi ba ba tlhotlheleditsweng ba ne ba kwala leina la Modimo, ba ne ba dira fela jalo mme ba kwala ditumammogo fela.
Ereka Sehebera mo nakong e e fetileng e ne e le puo e e buiwang letsatsi lengwe le lengwe, seno e ne e se bothata. Go bidiwa ga Leina leno go ne go tlwaelegile go Baiseraele mme fa ba ne ba le bona le kwadilwe ba ne ba tsenya ditumanosi kwantle ga go akanya (fela jaaka khutshwafatso ya “mlm” go mmadi wa Setswana e emela “malome” le “msmn” e emela “mosimane”).
Go diragetse dilo di le pedi gore go fetolwe boemo jono. Santlha, go ne ga tsoga mogopolo wa tumela-botlhodi mo Bajuteng wa gore go ne go le phoso go bitsa leina la Modimo; ka gone fa ba ne ba fitlha go lone mo mmalong wa bone wa Bibela ba ne ba bitsa lefoko la Sehebera ’Adho·naiʹ (“Morena wa Lobopo”). Gape fa nako e ntse e tswelapele, puo ya Sehebera sa kgale ka boyone e ne ya kgaotswa go buiwa mo motlotlong wa letsatsi le letsatsi, mme ka tsela eno go bidiwa ga leina la Modimo ka Sehebera sa ntlha go ne ga lebalwa kwa bokhutlong.
Gore go tlhomamisiwe gore go bidiwa ga puo ya Sehebera ka kakaretso go se latlhege, diithuti tsa Bajuta tsa sephatlo sa bobedi sa dingwaga di le sekete tsa ntlha C.E. di ne tsa dira gore go nne le thulaganyo ya dintlha e e tla bontshang ditumanosi tse di tlhaelang, mme ba ne ba di kwala fa thoko ga ditumammogo mo Bibeleng ya Sehebera. Ka gone, ditumanosi mmogo le ditumammogo di ne tsa kwalwa, mme go bidiwa ga mafoko ga nako eo go ne ga bolokwa.
Fa go ne go tliwa mo leineng la Modimo, boemong jwa go kwala matshwao a a tshwanetseng a ditumanosi fa thoko ga lone, gantsi ba ne ba kwala matshwao a ditumanosi go gopotsa mmadi gore o ne a tshwanetse go re ’Adho·naiʹ. Go tswa mo go seno go ne ga nna le mopeleto wa Iehouah, mme kwa bokhutlong, Jehofa e ne ya nna go bidiwa go go dumeletsweng ga leina la Modimo ka Setswana. Seno se boloka dintlha tsa botlhokwa tsa leina la Modimo go tswa go Sehebera sa kwa tshimologong.
O Tla Dirisa Tsela Efe ya go Le Bitsa?
Lefa go ntse jalo, go bidiwa go go jaaka Yahweh go tswa kae? Tseno ke dibopego tse di neng tsa akantshiwa ke diithuti tsa gompieno fa ba ne ba leka go batlisisa go bidiwa ga ntlha-ntlha ga leina la Modimo. Bangwe—lefa e se botlhe—ba na le boikutlo jwa gore Baiseraele pele ga nako ya ga Jesu gongwe ba ne ba bitsa leina la Modimo e le Yahweh. Mme ga go na yo o ka tlhomamisang. Gongwe ba ne ba le bitsa jalo, gongwe ba ne ba sa le bitse jalo.
Lefa go ntse jalo, ba bantsi ba tlhopha go le bitsa e le Jehofa. Ka ntlhayang? Gonne le na le tiriso le tlwaelo tseo Yahweh e se nang tsone. Ka gone, a go ne go ka se nne botoka go dirisa sebopego se se gaufi le go bidiwa ga lone ga kwa tshimologong? Ga go jalo, gonne ga goa tlwaelega jalo ka maina a Bibela.
Go tsaya sekao se se tlhomologileng tota, akanya ka leina la ga Jesu. A o itse ka moo lelapa le ditsala tsa ga Jesu ba neng ba mmitsa ka gone mo motlotlong wa letsatsi le letsatsi fa a ne a ntse a gola kwa Nasaretha? Boammaaruri ke gore, ga go yo o itseng sentle-ntle, lefa tota e ne e batlile e le sengwe se se tshwanang le Yeshua (kana gongwe Yehoshua). Go tlhomamisegile gore e ne e se Jesu.
Lefa go ntse jalo, fa ditiragalo tsa botshelo jwa gagwe di ne di kwalwa ka puo ya Segerike, bakwadi ba ba tlhotlheleditsweng ga baa ka ba leka go boloka go bidiwa goo ga kwa tshimologong ga Sehebera. Go na le moo, ba ne ba ranola leina leno ka Segerike, I·e·sousʹ. Gompieno, le ranolwa ka mo go farologaneng go ya ka puo ya mmadi wa Bibela. Babadi ba Bibela ya Sepanishi ba le peleta e le Jesús (ba le bitsa Hes·soosʹ). Matadiana ba le peleta e le Gesù (ba le bitsa Djay·zooʹ). Mme Majeremane a le peleta e le Jesus (ba le bitsa Yayʹsoos).
A re tshwanetse go se tlhole re dirisa leina la ga Jesu ka ntlha ya go bo bontsi jwa rona, kana le e leng rona rotlhe, re sa itse ka moo le neng le bidiwa ka teng kwa tshimologong? Go fitlha jaanong, ga go moranodi ope yo o akantshitseng seno. Re rata go dirisa leina leno, ereka le tlhaola Morwa yo o rategang wa Modimo, Jesu Keresete, yo o re neetseng madi a gagwe a botshelo. A go ne go tla bo go bontsha Jesu tlotlo fa go phimolwa go umakiwa ga leina la gagwe mo Bibeleng le go le emisetsa ka sereto fela jaaka “Morutisi,” kana “Motsereganyi”? Nnyaa! Re ka akanya ka Jesu fa re dirisa leina la gagwe ka tsela e go tlwaetsweng gore le bidiwa ka yone mo puong ya rona.
Ditlhaloso tse di tshwanang di ne di ka dirwa mabapi le maina otlhe a re balang ka one mo Bibeleng. Re a bitsa ka dipuo tsa rona mme ga re leke go etsa go bidiwa ga one ga kwa tshimologong. Ka gone re re “Yeremia,” e seng Yir·meyaʹhu. Ka mo go tshwanang re re Isaia, lefa mo motlheng wa gagwe moperofeti yono go bonala a ne a itsiwe jaaka Yeshaʽ·yaʹhu. Le e leng diithuti tse di lemogileng go bidiwa ga maina ano ga kwa tshimologong, di dirisa go bidiwa ga one ga kwa tshimologong, eseng ga kgale, fa ba bua ka bone.
Mme seno se boammaaruri le ka leina la ga Jehofa. Lefa go bidiwa ga gompieno ga Jehofa go sa tshwane sentle-ntle le tsela eo le neng le bidiwa ka yone kwa tshimologong, seno ga se fokotse botlhokwa jwa leina leno. Le tlhaola Mmopi, Modimo yo o tshelang, Mogodimodimo yo Jesu a ileng a re go ena: “Rra echo eo o kwa legodimoñ, Leina ya gago a le itshepisiwè.”—Mathaio 6:9.
‘Le Ka Se Emisediwe’
Lefa baranodi ba bantsi ba rata go bitsa Yahweh, New World Translation le dithanolo tse dingwe di le mmalwa di tswelela go dirisa sebopego sa Jehofa ka ntlha ya go bo batho ba le tlwaetse ka makgolo-kgolo a dingwaga. Go feta moo, le boloka ka go lekana dibopego tse dingwe, le na le Ditumammogo di le nne, ebong YHWH kana JHVH.b
Gale, porofesa wa Mojeremane Gustav Friedrich Oehler o ne a dira tshwetso e e tshwanang ka ntlha ya lebaka le le tshwanang. O tlotlile ka go bidiwa go go farologaneng mme o sweditse jaana: “Go tloga jaanong go ya pele ke dirisa lefoko Jehofa, ka ntlha ya gore, ke boammaaruri gore leina leno ga jaana le setse le tlwaelegile mo puong ya rona, mme le ka se emisediwe.”—Theologie des Alten Testaments (Thutabodumedi ya Kgolagano e Kgologolo), tokololo ya bobedi e e gatisitsweng ka 1882, tsebe 143.
Ka mo go tshwanang, seithuti sa Jesuit e leng Paul Joüon o buile jaana go Grammaire de l’hébreu biblique ya gagwe (Thutapuo ya Sehebera sa Bibela), tokololo ya 1923, mo boikitsisong jo bo kwa tlase mo tsebeng 49: “Mo dithanolong tsa rona, boemong jwa sebopego (se go dirilweng tshwetso ka ga sone) sa Yahweh, re dirisitse sebopego sa Jéhovah . . . e leng sebopego sa mokwalo o go dumalanweng ka one o o dirisitsweng ka Sefora.” Mo dipuong tse dingwe tse dintsi baranodi ba Bibela ba dirisa sebopego se se tshwanang, jaaka go bontshitswe mo lebokosong le le go tsebe 8.
Ka gone, a go phoso go dirisa sebopego sa Yahweh? Le eseng! Ke fela ka gore sebopego sa Jehofa se arabelwa ka bonako ke mmadi ereka e le sebopego se se “tlwaetsweng” mo dipuong tse dintsi. Go botlhokwa gore re dirise leina leno le go le itsise ba bangwe. “Ntshetsañ Yehofa malebogō, bitsañ leina ya gagwè, kakanyañ ditihōtihō tsa gagwè mo dichabeñ, umakañ, go re, leina ya gagwè le goletsegile.”—Isaia 12:4.
A re boneng gore batlhanka ba Modimo ba nnile ba dira jang tumalanong le taolo eo ka makgolo-kgolo a dingwaga.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona Appendix 1A go New World Translation of the Holy Scriptures, tokololo ya 1984.
b Bona Appendix 1A go New World Translation of the Holy Scriptures, tokololo ya 1984.
[Lebokoso mo go tsebe 7]
Diithuti tse di farologaneng di na le megopolo e e farologaneng ka moo leina YHWH le neng le bidiwa ka gone kwa tshimologong.
Go The Mysterious Name of Y.H.W.H., tsebe 74, Dr. M. Reisel o umakile gore “go bidiwa ga Ditumammogo di le nne e tshwanetse ya bo e ne e le YeHūàH kana YaHūàH kwa tshimologong.”
Canon D. D. Williams wa Cambridge o umakile gore “bosupi bo supa gore, nnyaa tota bo supa gore, Jāhwéh e ne e se go bidiwa ga mmatota ga Ditumammogo di le nne . . . Leina ka bolone gongwe e ne e le JĀHÔH.”—Zeitschrift für die alttestamentliche Wissenschaft (Buka ya kitso ya Testamente e Kgologolo), 1936, Volume 54, tsebe 269.
Go glossary ya Revised Segond Version ya Sefora, tsebe 9, go dirwa tlhaloso e e latelang: “Go bidiwa ga Yahvé go go dirisitsweng mo dithanolong dingwe tsa bosheng go thailwe go basupi ba le mmalwa ba bogologolo, mme ga ba dira tshwetso. Fa motho a elatlhoko maina a batho a a kopanyeletsang leina la Modimo, jaaka leina la Sehebera la moperofeti Eliya (Eliyahou) go bidiwa ga lone e ka ne e ne e le Yaho kana Yahou.”
Ka 1749 seithuti sa Bibela sa Mojeremane e bong Teller o boletse ka go bidiwa go go farologaneng ga leina la Modimo go a badileng ka gone jaana: “Diodorus go tswa Sicily, Macrobius, Clemens Alexandrinus, Saint Jerome le Origenes ba kwadile Jao; Basamaria, Epiphanius, Theodoretus, . . . Jahe, kana Jave; Ludwig Cappel o le bitsa Javoh; Drusius, Jahve; Hottinger, Jehva; Mercerus, Jehovah; Castellio, Jovah; mme le Clerc ene, Jawoh, kana Javoh.”
Ka gone goa itshupa gore go bidiwa ga leina la Modimo ga kwa tshimologong ga go sa tlhole go itsiwe. Ebile ga se ga botlhokwa jo bo kalo. Fa go ne go le jalo, Modimo ka boene a ka bo a tlhomamisitse gore re le bolokelwe gore re le dirise. Selo sa botlhokwa ke go dirisa leina la Modimo tumalanong le ka moo le bidiwang ka gone mo puong ya rona.
[Lebokoso mo go tsebe 8]
Dibopego tsa leina la Modimo mo dipuong tse di farologaneng, tse di bontshang go amogelwa ga sebopego Jehofa ke merafe-rafe
Seawabakale - Yehóa
Sebogotu - Jihova
Sedaniše - Jehova
Sedatšhe - Jehovah
Seefiko - Jehovah
Seesemane - Jehovah
Sefiji - Jiova
Sefiniši - Jehova
Sefora - Jéhovah
Sefutana - Ihova
Seigebo - Jehova
Sejapane - Ehoba
Sejeremane - Jehova
Sekantonese - Yehwowah
Semaori - Ihowa
Semotu - Iehova
Semwala-Malu - Jihova
Senarinyeri - Jehovah
Senembe - Jihova
Sepaniše - Jehová
Sepetate - Jihouva
Sepoliši - Jehowa
Sepotokisi - Jeová
Seromane - Iehova
Sesamoa - Ieova
Sesotho - Jehova
Seswahili - Yehova
Seswidiše - Jehova
Setagaloge - Jehova
Setahiti - Iehova
Setaliana - Geova
Setonkana - Jihova
Setswana - Jehofa
Sevenda - Yehova
Sexhosa - uYehova
Seyoruba - Jehofah
Sezulu - uJehova
[Lebokoso mo go tsebe 11]
Leina “Jehofa” le itsege ka bophara jaaka e le la Modimo le e leng mo ditemaneng tse e seng tsa Bibela.
Franz Schubert o tlhamile mmino wa sefela se se reng “Mothatayotlhe,” o o kwadilweng ke Johann Ladislav Pyrker, moo leina Jehofa le tlhagelelang gabedi gone. Le dirisitswe gape le kwa bokhutlong jwa pono ya bofelo ya motshameko wa mmino wa ga Verdi wa “Nabucco.”
Mo godimo ga moo, pina ya sedumedi ya motlhami wa Mofora Arthur Honegger e e reng “Kgosi Dafide” e tlotlomatsa leina Jehofa, mme mokwadi yo o itsegeng wa Mofora Victor Hugo o le dirisitse go feta ga 30 mo dibukeng tsa gagwe. Ene le Lamartine ka bobedi ba kwadile maboko a a nang le setlhogo sa “Jehofa.”
Mo bukeng ya Deutsche Taler (Madi a kwa Jeremane), e e gatisitsweng ka 1967 ke Banka e e Kopaneng ya Jeremane, go na le setshwantsho se se kaiwang e le sengwe sa madi a bogologolo tala a Puso ya Jeremane a 1634 a a nang le leina “Jehofa,” go tswa go Lefelo la Segosi la kwa Silesia. Mabapi le setshwantsho se se mo letlhakoreng le lengwe la madi, go kwadilwe jaana: “Fa tlase ga leina le le galalelang JEHOFA, le le tlhageletseng mo gare ga maru, go na le thebe e e tshwantshitsweng diaparo tsa ntwa tsa Sesilisia.”
Mo ntlong ya ditso kwa Rudolstadt, Jeremane Botlhaba, o ka bona mo thamong ya diaparo tsa phemelo tse di kileng tsa bo di aparwa ke Gustavus II Adolph, kgosi ya Sweden ya lekgolo la bo-17 la dingwaga, leina JEHOFA ka ditlhaka tse dikgolo.
Ka gone, sebopego Jehofa e nnile tsela e e tlwaetsweng ke merafe-rafe ya go bitsa leina la Modimo mo makgolo-kgolong a dingwaga, mme batho ba ba le utlwang ba setse ba elatlhoko gore go buiwa ka mang. Jaaka Porofesa Oehler a rile, “Leina leno le setse le tlwaetswe mo puong ya rona, mme le ka se emisediwe ka le lengwe.”—Theologie des Alten Testaments (Thutabodumedi ya Kgolagano e Kgologolo).
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
Dikgang tsa moengele le leina la Modimo, tse di fitlhelwang mo sefikantsweng sa Mopapa Clement XIII, mo Kerekeng ya St. Peter, Vatican
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Madi a mantsi a ne a dirwa a na le leina la Modimo. Ano, a letlha la 1661, a tswa kwa Nuremberg, Jeremane. Temana ya Selatini e balega jaana: “Fa tlase ga moriti wa diphuka tsa gago”
[Ditshwantsho mo go tsebe 9]
Mo dinakong tse di fetileng, leina la Modimo mo sebopegong sa Ditumammogo di le nne le ne le dirwa karolo ya go kgabisa dikago tse dintsi tsa sedumedi
Kereke ya Katholiki ya Fourvière, Lyons, Fora
Kereke ya Bourges, Fora
Kereke ya kwa La Celle Dunoise, Fora
Kereke ya kwa Digne, borwa jwa Fora
Kereke ya kwa São Paulo, Brazil
Kereke ya Strasbourg, Fora
Kereke ya Saint Mark, Venice, Italy
[Ditshwantsho mo go tsebe 10]
Leina la ga Jehofa jaaka le bonala mo ntlong ya baikani kwa Bordesholm, Jeremane;
mo mading a Jeremane a 1635;
mo godimo ga setswalo sa kereke kwa Fehmarn, Jeremane;
le mo sefikantsweng sa 1845 kwa Harmannschlag, Lower Austria