Kgaolo 6
Lefatshe je le Neng la Senngwa
1. (a) A e kile ya re nako nngwe pele tshenyego ya lefatshe ya lebagana le setho? (b) Ke ka baka lang fa re tshwanetse go leboga ka go bo Noa a ile a se ka a sotla ka tlhagiso ya yone?
MOTLHA-MONGWE pele-pele, lefatshe lengwe le ne la kukunelwa ke tshenyego. Batho ba merafe yotlhe ba ka itumelela go bo gareng ga bagolwagolwane ba bone go bo go ile ga nna monna mongwe yo o neng a seka a sotla ka tlhagiso ya Modimo ya morwalela wa kgolokwe. Ka ntlha ya go bo Noa a ile a reetsa le go utlwa, ene le mosadi wa gagwe, bomorwawe ba bararo le basadi ba bone ba ne ba falola. Rotlhe re ile ra tlholega mo go bone.—Genesise 10:1, 32.
2. Ke ka ntlha yang fa Modimo a ile a senya lefatshe leo?
2 Modimo o ne wa senya lefatshe leo ka jaana a ile a bona gore lefatshe le ne le tletse thubakanyo. “Boikèpō yoa motho bo le bogolo mo lehatshiñ.” (Genesise 6:3, 5, 13) Maemo a ne a tshwana thata le a lekgolo leno la rona la dingwaga la bo-20.
3. Ke eng seo se neng se ile sa dira gore boemo bo nne jo bo masisi?
3 Ke eng se se neng sa dira gore boemo mo motlheng wa ga Noa bo nne masisi mo go kalo? Lebaka la konokono le bolelwa go Genesise 6:2, eo e begang ka gore: “Bomorwa Modimo ba bōna bomorwadia batho ha ba le bantlè, me ba tsaea basadi mo go bōnè, botlhe ba ba ba ratañ.” Mme ke eng seo se neng se le phoso mo go seo? Mme kana, bano e ne e se banna fela ba e leng batho ba ba neng ba bona gore ba tshwanetse go nyala. “Bomorwa Modimo” bano e ne e le baengele, dibopiwa tsa semoya, bao ba neng ba elatlhoko basadi ba bantle ba ba mo lefatsheng le menate ya lenyalo mme ebile ba ile ba iphetola go nna jaaka batho. (Bapisa Yobe 1:6.) Go iphetolela ga bone mo mebeleng ya batho le go nyala e ne e le ditiro tsa go tlhoka kutlo mo Modimong. Dikwalo di tlhalosa ka gore ba ne ba “tlogèla yo e leñ bonnō yoa bōnè” mme ebile dikamano tsa bone le basadi e ne e le “mokgwa oa nama e sele,” tshokamiso. (Yude 6, 7; 1 Petere 3:19, 20) Bana ba bone ba lotsalo lo lo tswakanyeng ba ne ba le bagolo ka mo go sa tlwaelegang. Bano ba ne ba bidiwa Banefilimi, kana “diganka,” ka go bo e ne e le bontwa-dumela.—Genesise 6:4.
4. (a) Ke ka baka lang fa Noa a ile a amogelwa ke Modimo? (b) Ke boipaakanyo bofe jo bo neng jwa dirwa go boloka botshelo?
4 Lemororo a ne a tshela gareng ga lefatshe leo le le bodileng, Noa o ne a bona go amogelwa ke Jehofa. Ka baka lang? Ka go bo “Noa e ne e le monna eo o siameñ.” O ne a tlwaelane le dikganetsano tse di neng tsa tsosiwa mo Edena, mme o ne a itshupa a sena molato, “monna yo o thokgameng.” (Genesise 6:8, 9; The Jerusalem Bible) A lebile go boloka Noa le lelapa la gagwe, ga mmogo le mofuta mongwe le mongwe wa phologolo ya lefatshe le dinonyane tsa loapi, Jehofa o ne a mo laela gore a age araka, namane e tona ya moago o o tshwanang le bokoso. Jaaka Modimo a ile a tlhalosa: “Bōna, Nna, ke tlisa morwalèla oa metse mo lehatshiñ go senya nama eotlhe e mōea ea botshelō o mo go eōna, go e tlosa ha tlhatse ga legodimo; dilō cotlhe tse di mo lehatshiñ di tla shwa.” (Genesise 6:13-17) Ka botlhale, Noa o ne a reetsa Modimo mme a utlwa.
5. Morwalela o ne o le bogolo bo kae?
5 Morwalela o ne wa tla ka ngwaga wa 2370 B.C.E., jaaka go supilwe mo tlhatlhamanong ya metlha ya Bibela. E ne e le namane e tona ya kudumedi e e kileng ya tlela motho, go tla nako kgolo ke eno. O ne o le mogolo thata mo “mayè a a godileñ aotlhe hèla, a a kwa tlhatse ga legodimo yeotlhe hèla [a neng] a khurumetsèga.” (Genesise 7:19) Ke ka Morwalela “lehatshe ya yale le senyegileñ ka aōna.” (2 Petere 3:6) Mme mongwe o ka nna a botsa a re, ‘Fa le e leng dithaba tse di godileng thata di ne di ile tsa khurumediwa ke metsi, metsi ao jaanong a kae?’ Ka phepafalo a gone mono lefatsheng.
6. Morago ga Morwalela, metsi otlhe a ne a ya kae?
6 Go tshwanetse ga lemogiwa gore Bibela ga e re go ne go na le dithaba dipe mo motlheng wa ga Noa tseo di neng di lekana le Mount Everest ka boleele. Baitseanape ba ile ba bolela gore mo nakong e e fetileng dithaba di le dintsi di ne di le kwa tlase go na le jaanong le gore dingwe di ile tsa bo tsa kwetosiwa kafa tlase ga mawatle. Gape, go dumelwa gore nako nngwe mawatle ka boone a ne a le mabotlana le gore dikidi tsa mafatshe di ne di le dikgolwane go na le jaaka di ntse jaanong, jaaka go supelwa ke mesele ya dinoka eo e tsenelelang kafa tlase ga mawatle. Mme mabapi le boemo jwa jaanong, makasine wa National Geographic, mo tokololong ya one ya January 1945, o ne wa bega ka gore: “Go na le bogolo jwa metsi jo bo ka tshwarang makgetlo a le some mo lewatleng go feta lefatshe le le kwetogileng godimo ga lewatle. Fa o ne o ka latlhela lefatshe leno lotlhe ka go leka-lekana mo lewatleng, metsi a ne a tla apesa lefatshe lotlhe, a le boteng jwa mmaele o le mongwe le sephatlo.” Jalo, morago ga metsi a morwalela a sena go tshologa, mme e le pele ga dithaba di ka tlhatloga le mawatle go nna boteng go ka nwa metsi otlhe a a mo lefatsheng le pele ga go nna gone ga kapoko e e kwa setlhoeng sa lefatshe, go ne go na le metsi a a lekaneng sentle go khurumetsa “maye a a godileñ aotlhe hèla,” jaaka fa Bibela e tlhalosa.—Genesise 7:17-20; 8:1-3; bapisa Pesalema 104:8, 9.
7, 8. Ke rekoto efe kaga Morwalela e e leng gone kwa ntle ga e e mo Bibeleng?
7 Morwalela o o ntseng jalo o o neng wa apesa kgolokwe yotlhe eleruri o tshwanetse wa bo o ile wa nwela mo ditlhogong tsa bao ba neng ba o falola gore ba bo ba se tlhole ba o lebala. Dikokomana tse di kwa pele di ne di tla bolelelwa ka one. Ereka rekoto ya Bibela e tlhalosa ka gore merafe yotlhe e dule setlhopheng se le sengwe sa bafalodi ba Morwalela, go a utlwala go lebelela gore mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe go ne go tla nna le tshupo ya kgakologelo e e itekanetseng sentle ya kudumedi e kgolo eo. A go ntse jalo? Ee, ruri!
8 Jaaka bana ba bafalodi ba Morwalela ba ne ba ntse ba phatlalalela mo mafelong a a kwa kgakala le jaaka nako e ntse e feta, ditlhaloso di ne tsa sokamisiwa mme polelo ya fetogela mo go nneng megopolo fela ya bodumedi jwa mafelo ao. Mme ga se selo seo e ka nnang sa sewelo fela go bo mo ditlhamaneng tsa bogologolo go dikologa lefatshe go ile ga nna go gakologelwa morwalela o mogolo o o neng wa senya setho fa e se ba se kae fela ba ba neng ba bolokiwa. Kgakologelo ya seno e fitlhelwa mo Mesopotamia le dikarolong tse dingwe tsa Asia, Australia le ditlhaka-tlhake tsa Pacific, gareng ga merafe-rafe ya Ma-India mo Amerika Bokone le Borwa, mo dikinaneng tseo di neng di bolelwa gareng ga Bagerika le Baroma, mo Scandinavia, le gareng ga merafe ya Ma-Afrika. Bontsi jwa dipolelo tseno di umaka ka go bolokiwa ga diphologolo mo mokorong di na le batho. Ka go tshwanakana le rekoto ya Bibela, dingwe di anela gore dinonyane di ne tsa romelwa go ya go tlhomamisa fa e le gore a metsi a ngotlegile. (Bapisa Genesise 7:7-10; 8:6-12.) Ga go na tiragalo epe ya bogologolo e e gakologelwang ke ba le bantsi mo go kana kana.
9. Ke ditlwaelo dife tse di bontshang kgakologelo ya ditiragalo tsa ‘kgwedi ya bobedi’ mo khalendareng ya ga Noa?
9 Menangwana ya histori eo e amanngwang le Morwalela e ile ya ama dingwao le eleng go fitlha le mo motlheng wa rona. Jang? Mme kana, Bibela e bega gore Morwalela o ne wa simologa ka “kgwedi ea bobedi, ka letsatsi ya leshomè le boshupa.” “Kgwedi ea bobedi” eo e tsamaelana le bofelo jwa October le tshimologo ya November mo khalendareng ya rona. (Genesise 7:11) Ka gone he re bona gore batho ba le bantsi go dikologa lefatshe ba keteka Letsatsi ja Baswi kana Moletlo wa Bagologolwane mo lobakeng loo lwa ngwaga. E le ka ntlha yang? Ka go bo mekgwa eno e supa kgakologelo ya tshenyego eo e neng ya tlisiwa ke Morwalela.a
10. Ke ka ntlha yang fa polelo ya Bibela ya Morwalela e le boikanngo thata-thata mme ebile e na le mosola mo mothong ka sebele?
10 Lefa go ntse jalo, ke Bibela ka boyone e e tshotseng bosupi jo bo phepa ka ga seo se neng sa diragala. Seo Noa a neng a se bona le go se itemogela e ne ya re moragonyana sa tsenngwa mo Bibeleng. Makgolo-kgolo a dingwaga moragonyana, Modimo ka boene, fa a ne a bua ka moperofeti Isaia, o ne a lebisa go “metse a ga Noa.” (Isaia 54:9) Morwa wa Modimo wa motsalwa-pele, o ne a bona ditiragalo tsa motlha wa ga Noa. Moragonyana, fa a ne a le mo lefatsheng, Ene yono, ebong Jesu Keresete, o ne a bua ka Morwalela jaaka sengwe se se mo hisitoring mme ebile o ne a ba a tlhalosa gore ke ka baka lang fa ba le bantsi ba ne ba swa ka nako eo.
“BA SE KA BA TSAYA TSIA”
11. Ke ka baka lang fa batho ba le bantsi ba ile ba senngwa mo Morwaleleng?
11 Jesu o ne a seka a re mongwe le mongwe fela kwantle ga lelapa la ga Noa o ne a le sekebekwa se se thubakanyang. Go na le moo, o ne a tlhalosa a re: “Yaka go le ga nna mo metlheñ euō ea pele ga morwalèla, ba ne ba ya, ba nwa, ba nyala, ba nèwa nyaloñ, go tla go hitlha mo tsatsiñ ye Noa o tsenyeñ mo tluñ e e kokobalañ ka yeōna, Me [ba se ka ba tsaya tsia, NW], morwalèla oa ba oa tla oa ba tlosa botlhe; go tla ga Morwa Motho [Jesu Keresete] le gōna go tla nna hèla yalo.”—Mathaio 24:37-39.
12. Ke ka baka lang fa ‘go sa tseye tsia’ ga bone go ne go le masisi thata?
12 Go ne go se phoso gore ba je ba bo ba nwe ka tekanyo kana go nyala kafa tshwanelong. Mme e ne ya re fa ba tlhagisiwa kaga kudumedi ya kgolokwe yotlhe, go tswelela pele ga bone ba ntse ba garile matshelo a bone mo ditelekisong tseo tsa botho go ne ga supa gore ba ne tota ba sa dumele Noa lefa e le Jehofa Modimo, yo molaetsa wa gagwe wa tlhagiso o neng o bolelwa ke Noa. Fa ba ka bo ba ile ba dumela, ba ka bo ba ile ya re ka tlhoafalo ba botsa kafa phalolo e neng e ka kgonega ka teng mme he ba tseye kgato e e potlakileng go fitlhelela dipatlafalo. Gongwe bangwe ba ne ba dumalana gore sengwe se tshwanetswe sa dirwa go emisa thubakanyo e e neng e aname mo metlheng eo, mme kafa go bone morwalela wa kgolokwe kwa ntle ga pelaelo o ne o bonala o ka se ke o tle. Jalo, jaaka Jesu a ile a tlhalosa, “ba se ka ba tsaya tsia [molaetsa wa Modimo ka Noa] morwalèla oa ba oa tla oa ba tlosa botlhe.” Seo se ne sa kwalwa jaaka sekai se se re tlhagisang.
13. (a) Jaaka fa go boleleletswe pele, ke jang batho ba le bantsi gompieno ba itshwarang ka gone fa ba bolelelwa ka ga go nna gone mo go sa bonaleng ga ga Keresete, mme ka baka lang? (b) Ke eng seo Petere a reng ba a se tlhokomologa?
13 Moaposetoloi yo o tlhotlheleditsweng Petere ka mo go tshwanang o ne a ntsha tlhagiso fa a ne a kwala ka gore: “Mo metlheñ ea bohèlō [moo re leng teng jaanong] bashotli ba tla tla ka chotlō, ba tsamaea kaha dithatoñ tsa bōnè, Ba re, Polèlō ea choloheco ea go tla ga gagwè e kae? gonne e sa le ka borara ba rōbala, dilō cotlhe di sa nntse di nntse yaka di nntse di nntse le mo tshimologoñ ea popō.” Batho ba ba ntseng jalo ga ba batle go ikutlwa ba ikarabela mo go ope. Jalo ba tlosa megopolo ya bone mo kakanyong epe ya go nna gone ga ga Keresete le gore go tla rayang mo go bao ba salang morago tsela ya botshelo e e seng ya bomodimo. Mme Petere o a tswelela: “Mo ba go lebala ka boomo, go re, galè bogologolo go no go le magodimo, le lahatshe le golokilwe le kwetogile mo metsiñ, le bile le eme mo gare ga metse, e le ka lencwe ya Modimo; Me ea nna aōna a lehatshe ya yale le senyegileñ ka aōna, ka le penologèlwa ke metse: Me magodimo a gompiyeno a beecwe molelō, le lehatshe, e nntse e le ka yeōna lencwe yeuō, ka a letisiwa letsatsi ya tshekishō le ya tshenyègō ea baikepi.”—2 Petere 3:3-7.
14. Ke ka ntlha yang fa go diragadiwa ga “lencwe ya Modimo” ka nako ya popo le mo motlheng wa ga Noa go re dira gore re akanye ka masisi gompieno?
14 Bao ba sotlang ba tlhokomologa lebaka la gore “lencwe ya Modimo” ga le ke le nna le sa diragala. Go ganetsa pono ya bone, moaposetoloi Petere o re lebisa morago nakong ya popo. Ka nako eo Modimo o ne a re: “A go nnè phuthologō gare ga metse, me a e harologanyè metse le metse.” Fa a sena go bua jalo, “Modimo oa diha phuthologō, me oa harologanya metse a a kwa tlhatse ga phuthologō le metse a a kwa godimo ga phuthologō.” Ka gone “lencwe ya Modimo,” mafoko a thulaganyo ya gagwe, a ne a diragadiwa. (Genesise 1:6, 7) Lefoko la gagwe le ne la diragadiwa gape fa a ne a laola morwalela wa motlha wa ga Noa mme a dirisa one metsi ao go senya “lehatshe ya yale.” Mme e tla nna ka lone lefoko leo la Modimo le le sa kganelweng ke sepe gore tshenyego e tla tlela tsamaiso ya jaanong ya dilo e e seng ya bomodimo.
15. (a) Ke ka baka lang fa 2 Petere 3:7 e sa bolelele pele kaga go fisiwa ga polanete e go tweng Lefatshe? (b) Jaanong he, “magodimo” le “lehatshe” tseo di ‘beetsweng molelo’ ke eng?
15 Seo se neng sa diragala ka nako eo ya Morwalela e ne e le motlhala wa dilo tse di tlang. Lefatshe le ne la seka la senngwa ka nako eo, mme go ne ga senngwa batho ba ba senang sepe le Modimo. Ke eng he, se se bolelwang ke mafoko a a reng “magodimo a gompiyeno a beecwe molelō, le lehatshe”? (2 Petere 3:7; 2:5) Mme kana, molelo wa sebele o ka dirang mo letsatsing le mo dinaleding tseo gale di setseng di boitshega ka mogote mo magodimong a a bonalang? Mme e bile go fisa lefatshe ja sebele go ka tsena jang mo thulaganyong ya Modimo ya go dira lefatshe Paradaise? Ka phepafalo, ‘magodimo a gompieno le lefatshe,’ ao go lebisitsweng go one fano, e tshwanetse ya bo e le tshwantshetso. (Bapisa Genesise 11:1; 1 Dikgosi 2:1, 2; 1 Ditihalō 16:31.) “Magodimo” a emela maatla a bogoromente ao a goleditsweng godimo ga batho ka kakaretso, mme “lehatshe” ke mokgatlho wa batho o eseng wa bomodimo. Mo letsatsing je legolo ja ga Jehofa di tla senngwa gotlhelele jaaka ekete di fisiwa ka molelo. Bao ba tswelelang ka go sotla ka tlhagiso eno ya bomodimo ba baya matshelo a bone mo kotsing e e masisi.
KGOLOLO YA BATHO BA BA BOIFANG MODIMO
16. Jaaka go bontshitswe go 2 Petere 2:9, sephiri sa kgololo ke eng?
16 Polelo kaga Morwalela e tshwantshetsa ka mo go gakgamatsang ntlha eo rona gompieno re tshwanetseng ra e tsenya mo pelong. Ke efe? Morago ga go lebisa go seo Modimo a neng a se dira mo motlheng wa ga Noa, moaposetoloi Petere o re: “Morèna o itse go golola badumedi mo thaeloñ, le go cwalèla basiamolodi mo pecoñ, go tlo go tsamaeè letsatsi ya tshekishō le bè le ba hitlhèlè.” (2 Petere 2:9) Sephiri sa kgololo he, ke go nna motho yo o boifang Modimo.
17. Noa o ne a neela bosupi jang jwa gore o na le poifomodimo?
17 Seno se raya go reng? Noa ka phepafalo e ne e le monna yo o boifang Modimo. “Noa a sepela le Modimo.” (Genesise 6:9) O ne a tsaya tsela ya botshelo eo e neng e dumalana le thato e e senotsweng ya ga Jehofa. O ne a na le kamano e e atamalaneng ya botho le Modimo. Go aga araka le go phutha mefuta yotlhe ya dinonyane le diphologolo e ne e le namane e tona ya tiro. Noa ga a ka a nna le boikutlo jwa re tla dumela re bonye. O ne a na le tumelo. Noa “a diha yalo: mo go cotlhe tse Modimo o di mo laoletseñ, a diha hèla yalo.” (Genesise 6:22; Bahebera 11:7) Batho ba ne ba tlhokwa go gakololwa kaga ditsela tsa tshiamo tsa ga Jehofa le go tlhagisiwa ka tshenyego e e tlang ya baikepi. Noa o ne a dira seo gape jaaka “moreri oa tshiamō.”—2 Petere 2:5.
18. Ke ka baka lang fa mongwe le mongwe yo o neng a falola Morwalela a tshwanetse a bo a ne a na le poifomodimo e e ntseng jalo?
18 Go tweng kaga mosadi wa ga Noa, bomorwawe le basadi ba bone—ke eng se se neng se tlhokwa mo go bone? Polelo ya Bibela e lebisa tlhokomelo e e kgethegileng mo go Noa ka go bo e ne e le tlhogo ya lelapa, mme ba bangwe le bone ba tshwanetse ba bo ba ile ba nna ba ba boifang Modimo. Ka baka lang? Kgang ya bana ba ga Noa e ne ya re moragonyana Jehofa a e tsopolela moperofeti wa gagwe Esekiele go bontsha gore, fa Noa a ka bo a ne a tshela mo Iseraele ka nako eo, bana ba gagwe ba ne ba se ketla ba lebelela kgololo mo motheong wa tshiamo ya ga rraabo. Ba ne ba godile ka mo go lekaneng go utlwa kana go sa utlwe, ka jalo ba ne ka bobone ba lekane go utlwa kana go sa utlwe, ka jalo ba ne ka bobone ba tlhoka go neela bosupi jwa gore ba ineetse go Jehofa le ditseleng tsa gagwe tsa tshiamo.—Esekiele 14:19, 20.
19. Jalo, ke eng seo re tshwanetseng ra bo re se dira, mme jang?
19 Ponong ya go tlhomamisega ga tshenyego e e tlang ya lefatshe, Bibela e re kgothaletsa go gopola thata le go itshupa gore le rona gape, re batho ba ba boifang Modimo. (2 Petere 3:11-13) Go tswa gareng ga ditlogolwana tsa ga Noa, go na le batho gompieno mo dintlheng tsotlhe tsa lefatshe bao ba reetsang kgakololo e e botlhale eo ebile e le bao ba tla falolelang mo ‘lefatsheng je lesha.’
[Ntlha e e kwa tlase]
a The Worship of the Dead (London; 1904), ka Colonel J. Garnier, ditsebe 3-8; Life and Work at the Great Pyramid (Edinburgh; 1867), Vol. II, ka Professor C. Piazzi Smyth, ditsebe 371-424.