Kgaolo 6
Ke Eng Seo Modimo O Ntseng O Se Dira?
1. Ke eng se batho ba le bantsi gompieno ba se dumelang kaga Modimo, mme a se boammaaruri?
BATHO ba le bantsi gompieno ba dumela gore Modimo ga o kgatlhegele lefatshe ka tlhagafalo kana gore ga a dire sengwe ka mathata a a tshwenyang setho. Mme boammaaruri ke gore Modimo o amega tota. Ke boammaaruri, gongwe ga oa dira se batho ba neng ba lebeletse gore o tla se dira. Mme se ga se reye gore ga o a dira sepe. Tota, o ntse o direla setho go tswa tshimologong ya ditiragalo tsa motho nako kgolo e sa le eno.
2. Bokhutshwane jwa botshelo jwa batho bo ka ama jang kakanyo ya bone mo kgannyeng e?
2 Lebaka le lengwe la boikutlo jwa batho gore Modimo ga o dire sepe ke ka ntlha ya botshelo jo bokhutshwane jwa bone. Se se ba fedisa pelo gore ba batle go dira dilo mo nakong e khutshwane e botshelo bo ba neelang yone. Jalo keletso ya go bona diphelelo nakong ya botshelo jwa bone e laola kakanyo ya bone. Tshekamelo ya bone he, ke go atlhola Modimo mo motheong wa boitemogelo jo bo ntseng jalo jwa botho, ka melelwane yotlhe ya jone.
3. Boleele jwa botshelo jwa ga Jehofa bo ama jang kgono ya gagwe go tshwara maemo ka nako eo e a tshwanetseng sentle?
3 Mo letlhakoreng je lengwe, Jehofa o tshela ka bosakhutleng. (Pesalema 90:2, 4; Isaia 44:6) A ka leba seemo mme a bone ka tolamo gore ke kae mo lobakeng lwa nako ditiro tsa gagwe di tla diragatsang molemo o mogolo go mongwe le mongwe yo o amegang gammogo le kgodisong e e tswelelang ya boikaelelo jwa gagwe. (Isaia 40:22; 2 Petere 3:8, 9) Ke sone seo fela se Modimo o ntseng o se dira.
Ka Moo Modimo O Itshenotseng
4. Jehofa o boletse gore boikaelelo jwa gagwe ke eng, mme jalo o baakanyeditse setho kitso efe?
4 Boikaelelo jwa ga Jehofa ke go baakanyetsa taolo ya tshiamo ya popo yotlhe, e e tla kgonisang setho go tshela ka kagiso le kutlwano, ka boipelo jwa polokesego e e tletseng. (Baefesia 1:9, 10; Diane 1:33) Lefa go ntse jalo, Modimo ga o patelele mang kana mang go tsena tlase ga taolo ya ona. Ke bao fela ba mo direlang le ba ba ratang puso ya one ba amogelesegang. Ka pono ya go thaya motheo wa lefatshe lotlhe le le tla tshelang tumalanong le ditekanyetso tsa tshiamo tsa gagwe, Modimo o ile a baakanyetsa setho kitso ya ditekanyetso tsa ona le melao-metheo ya kafa taolo ya one ya tshiamo e dirang ka gone. Ka nako e e tshwanang Modimo o ile a go dira gore go kgonagale ka setho go bona kitso e e tlhokafalang malebana le ene ka boene le dinonofo tsa one tsa botho.—Yohane 17:3.
5. Go tswa ditirong tsa popo re ka ithuta eng ka Modimo?
5 E le moya, ke nnete, Jehofa ga a bonale mo mothong. Jalo, o ne a tla dira jang gore batho ba nama le madi ba tlhaloganye dilo tse? Tota, e ka nna ka go ithuta mo gontsi ka dinonofo tsa Mmopi go tswa tirong ya gagwe ya diatla. (Baroma 1:20) Dikamano tsa thuanyo tse di kgatlhisang tsa dilo tse di tshelang le melao ya lobopo e e laolang dilo di supela botlhale jwa gagwe. Maatla a matona a a bonalang mo mawatleng, mo seemong sa loapi, le mo dinonofong tsa dinaledi di neelana ka bosupi jwa bothati jwa ona. (Yobe 38:8-11, 22-33; 40:2) Mme methalethale ya dijo tse di monate, bontle jwa dithunya, dinonyane, botlhabo le bophirimo jwa letsatsi, le go ja mokaragana ga diphologolo—tsotlhe di bolela ka lorato lwa Mmopi mo sethong le keletso ya gagwe gore re bone boipelo mo botshelong. Lefa go le jalo, go itshenola ga Modimo ga go felele mo dilong tse.
6. (a) Ke ka thuso efe Modimo o baakanyeditseng ditshenolo tse di lolameng tsa thato ya gagwe? (b) Ke ka thuso efe e nngwe e Modimo o senoletseng motho melao metheo ya gagwe le dinonofo?
6 Mo dipakeng tse di farologaneng o buile go tswa magodimong. Mo mabakeng mangwe o dirile seno ka boona. Mo mabakeng a mangwe o buile ka baengele, jaaka kwa Thabeng ya Sinai mo Setlhakeng sa Arabia, koo a neng a neela didikadike tsa Baiseraele ba ba ne ba phuthegile koo molao wa ona. (Ekesodo 20:22; Bahebera 2:2) Mme, ka baperofeti ba one o buisane le batho ka lobaka lwa makgolo a dingwaga a mantsi mme wa ba dira gore ba kwale ditshenolo tsa thato ya ona. (2 Petere 1:21) Ka gone, Jehofa ka iketlo o ile a tlwaelanya motho le ditekanyetso tsa Gagwe tsa tshiamo le thato ya Gagwe. Karolo e e botlhokwa ya seno ke tsela eo a ileng a senola melao-metheo ya gagwe le dinonofo ka ditirisanyo tsa gagwe le batho. Seno se ile sa oketsa boikuelo jo bo bothitho jwa boitemogelo jwa motho mo Lefokong la ona le le kwadilweng. Abo go laya thata jang le go tlhatswa pelo e seng fela go utlwa le go bala dipolelo tsa Modimo tsa boikaelelo mme gape le go bo go kwadilwe mo Bibeleng dikai tse di tshelang tse di re thusang go tlhaloganya thato ya ona mo go botoka thata! (1 Bakorintha 10:11) Mme pego eo e senolang?
7. (a) Modimo o bontshitse jang gore ga o leseletse tshiamololo ka bosakhutleng? (b) Mo go ithuteng ka moo Modimo o lebang boitshwaro jo bo ntseng jalo, re tshwanetse go dira eng?
7 E baakanyetsa ka bosupi jwa gore Modimo ga o leseletse tshiamololo ka bosakhutleng. Ke boammaaruri, o tlogetse lotsalo lwa ga Adame le Efa go tsamaya ka tsela ya lone, go aga pego e e sa tilegeng ya go retelelwa ga motho go ipusa ka katlego. Mme Modimo ga o a tlogela setho kwantle ga bosupi jwa katlholo ya Ona kgatlhanong le ditsela tsa bone tsa tshiamololo. Ke ka gone a tlisitseng morwalela mo motlheng wa ga Noa ka go bo ‘lefatshe le ne le tletse bothubaki.’ (Genesise 6:11-13) O ne wa senya metse e e sokameng kafa boitsholong ya Sodoma le Gomora. (Genesise 19:24, 25; Yude 7) Wa lesa morafe wa Iseraele, o o ne o ipolela go o direla, go tsena botshwarong ka go bo ba dirisitse bodumedi jwa maaka. (Yeremia 13:19, 25) Mo go ithuteng ka moo Modimo o lebang boitshwaro jo bo ntseng jalo ka teng, re na le sebaka sa go dira diphetogo mo matshelong a rona go bontsha lorato lwa rona lwa tshiamo. A re tla dira?
8. Fa Modimo o tlisa phediso, a go tla nna le bafalodi bangwe? Tshwantsha.
8 Pego ya Bibela e senola gape gore Modimo o farologanya basiami le baikepi. Mo Morwaleleng wa kgolokwe, Modimo ga wa senya Noa, yo e ne e le “moreri oa tshiamō,” fela o mmolokile le ba bangwe ba supa. (2 Petere 2:5) Mme, pele molelo le sebabole di nela Sodoma, phalolo e dirilwe gore e kgonagale go mosiami Lote le ba ntlo ya gagwe.—Genesise 19:15-17; 2 Petere 2:7.
9. Re ithutang go tswa tseleng eo Jehofa a dirisaneng le Iseraele wa bogologolo ka yone?
9 Fa batho ba Iseraele, ba ba ne ba ikanne gore ba tla direla Modimo, ba itshupa ba le boikanyologi o ne a se ka a ba latlha gone fela foo. Jaaka o ba boleletse: “Ke roma batlhanka ba me eboñ baperofeti kwa go lona, ke phakèla ka meshō meshō ke ba roma.” Mme ba se ka ba reetsa. (Yeremia 7:25, 26) E sita le nakong ya go atamela ga phediso ya Jerusalema, Jehofa o buile a re: “A ke na le kgatlhègō mo loshuñ loa moleohi? go bua Morèna Modimo: me bogolo a ga se gore a shokologè mo tseleñ ea gagwè, me a tshelè? . . . me ke gōna ichokololeñ, lo tshèlè.”—Esekiele 18:23, 32.
10. Kwantle ga pelotelele ya gagwe, ke eng gape seo dipolelo tseno tsa Bibela di se re rutang kaga Modimo?
10 Re bonang, he? Gore, ka mokgwa o o amang ga boteng pelo tsa batho ba ba siameng, Jehofa o phepafaditse bopelotelele jwa gagwe jo bogolo mo sethong. Ka nako e e tshwanang, ditirisano tsa gagwe gape di gatisetsa ka maatla go rona lorato lwa gagwe lwa tshiamo le botlhokwa jwa go tshela tumalanong le ditlhokafalo tsa gagwe.
11. (a) Jehofa o dirile polelo efe ya boikaelelo mo Edena? (b) Modimo o ntse o dira eng fa e sa le go tloga foo?
11 Sengwe gape, sa motheo, se a tlhagelela. Go tswa tshimologong go a phepafala gore Modimo o ile a nna le boikaelelo jo bo tlhamaletseng mo go sengwe le sengwe se o se dirileng. Mme ga o ise o palelwe ke go tsaya kgato fa tiragatso ya boikaelelo jwa gagwe e tlhoka kgato. Boikaelelo jono jwa motheo bo ne jwa tlhalosiwa gone mo Edena. Fa a ne a atlhola Satane, Jehofa o boleletse pele gore Satane o tla nna le sebaka go godisa “losika,” ba ba ne ba tla bontsha dinonofo tsa gagwe le go ema le ene. Gape o boleletse pele go tlhagisiwa ga “losika” lo longwe, mosiami wa mogolodi. Ene Yono o ne a tla gobatsa thata “nōga ea bogologolo . . . eōna e e bidiwañ Diabolo le Satane,” ka titeo e e botlhoko mme ka gone a golole setho mo boreneng jwa gagwe jo bo ikepang. (Genesise 3:15; Tshenolō 12:9) Morago ga go dira polelo e ya boikaelelo, Jehofa o tsweletse ka go dira dipaakanyo tse di tlhamaletseng tsa taolo ya bofelo ya dikgang tsa lefatshe tlase ga “losika” lo lo solofeditsweng. Tiro e ya paakanyetso e ne e tla tsaya lobaka, jaaka re tla bona.
Lebaka Leo Ka Lone O Dirisaneng Ka Tolamo Le Iseraele
12, 13. (a) Ke eng fa Modimo o kgethile Iseraele mme wa neela melao ya one go morafe oo o le mongwe fela? (b) Jalo, re ka ithuta eng mo ditiragalong tsa Iseraele le tseo tsa merafe e mengwe?
12 Bogologolo pele merafe ya nako ya jaanong ya rona e nna gone, Modimo o ne o ikgethetse morafe o le mongwefela o a neng a o dirisa jaaka batho ba ona ka makgolo a dingwaga. Ka ntlha yang? E le gore o dire pontsho e e tshelang ya tiro ya melao metheo ya ona e e siameng. Morafe oo, ebong Iseraele wa bogologolo, o ne o dirilwe ka ditlogolo tsa ga Aberahame, monna yo o bontshitseng tumelo e kgolo mo Mmoping. Go bone Jehofa o rile: “Yehofa ga a ka a tlhōma loratō loa gagwè mo go lona, leha e le go lo itshenkèla, ka go re lo no lo heta dichaba cotlhe ka bontsi; ka gonne lo no lo le babōtlana mo dichabeñ cotlhe hèla: . . . ka go bo Yehofa oa lo rata, le ka go bo a rata go tlhōmamisa ikanō e o na a e ikanetse borra ba lona.”—Duteronome 7:7, 8; 2 Dikgosi 13:23.
13 Morago ga go ba golola mo botlhankeng mo Egepeto, Jehofa a ikemisetsa go ba tseela kamanong e e kgethegileng le ene, mme ba arabela: “Gotlhe mo Yehofa o go buileñ re tla go diha.” (Ekesodo 19:8) Jehofa he a ba naya ditao tsa gagwe, mme ka gone a ba beela kwa thoko merafeng yotlhe e mengwe mme a ba baakanyetsa boikitsiso jo bo feletseng malebana le ditekanyetso tsa gagwe tsa tshiamo. (Duteronome 4:5-8) Jalo, ditiragalo tsa Iseraele wa bogologolo di baakanyetsa pego e e tletseng ya se se diragalang fa melao e e siameng ya Modimo e ka ne e utlwiwa kana e sa utlwiwe. Ka nako e e tshwanang, ditiragalo tsa merafe e mengwe di senola matswela a ba ba tshelang kwantle ga molao wa Modimo.
14. (a) A Modimo o siamololetse merafe eo e seng ya Baiseraele ka go sa tsenelele mo dikgannyeng tsa bone? (b) Lefa go le jalo, ba ikamogeletse jang molemo go tswa bopelonoming jo bo sa tshwanelang jwa Modimo?
14 Go tweng ka merafe e mengwe eo? E ne ya tsaya tsela ya yone, ya itlhophela mefuta ya yone ya mmuso. Batho ba yone e ne e se gore ba ne ba se na molemo ope gotlhelele mo matshelong a bone. Ba ne ba sa ntse ba na le nonofo ya segakolodi, mme ka dinako tse dingwe se ba tlhotlheletsa go dira ka kamego ya kutlwelo botlhoko mo bathong ka bone. (Baroma 2:14; Ditihō 28:1, 2) Mme thuo ya bone ya sebe le go gana ga bone tsamaiso ya bomodimo di ba baketse go latelela tsela e e gogetseng dintweng tse di botlhoko le ditlwaelo tse di tlhabisang ditlhong. (Baefesia 4:17-19) Modimo eleruri o ne o sa ikarabelele dikhutsafalo tse di tlisitsweng ke tsela ya botshelo e bone ka bobone ba e itlhophetseng. Dinako fela tse Modimo a neng a tsenya letsogo e ne e le fa ditiro tsa batho di neng di thulana le go diragadiwa ga maikaelelo a one. Lefa go le jalo, Modimo ka bopelonomi o ne wa ba letla go ipelela botshelo, bontle jwa popo ya ona le leungo la lefatshe.—Ditihō 14:16, 17.
15. Ke dithulaganyo dife tsa gore labofelo o segofatse batho ba merafe e tse Modimo a neng a di dira?
15 Kana gore Jehofa o tswaletse merafe e kwantle mo go reng labofelo e amogele masego ka “losika” lwa ga Aberahame. Jehofa o ne a bua jaana ka “losika” lono loo lo neng lo tla tla ka moralo wa lelapa la ga Aberahame: “Merahe eotlhe ea lehatshe e tla segōhala mo losikeñ loa gago; ka u utlwile lencwe ya me.” (Genesise 22:18) Jalo lefa Jehofa a ne a dirisana le Iseraele ka mo go kgethegileng, kwantle ga tlhaolo o ne a direla boikaelelo jwa gagwe go segofatsa merafe e mengwe moragonyana, lefa e ne e sa lemoge seno.—Ditihō 10:34, 35.
16. (a) Ka nako yotlhe e, Modimo o ne o dirang malebana le tsholofetso kaga Losika? (b) Losika loo lwa tsholofetso lo itshupile go nna mang?
16 Ka nako eo Jehofa a neng a dirisana le Iseraele wa bogologolo, o ile a baakanyetsa dipolelelo pele di le dintsi tseo di neng di tlatsa tlhokafalo ya botlhokwa mo banneng ba tumelo—kafa ba ka kgethololang ka gone Losika lo lo solofeditsweng lwa ga Aberahame fa labofelo a goroga. Le e leng moralo wa gagwe wa lelapa, ka lotso lwa Juda le ntlo ya ga Dafide, o ne o lolamisitswe. (Genesise 49:10; Pesalema 89:35, 36) Lefelo la botsalelo jwa gagwe, Bethelehema, le ne la bolelwa. (Mika 5:2) Makgolo a dingwaga e sa le kwa pele go ne ga supiwa ngwaga e a neng a tla tlodiwa ka yone jaaka Mesia. (Daniele 9:24-27) Ditirelo tsa gagwe tsa boperisiti mo boemong jwa setho di ne tsa tshwantshediwa e sa le pele. Mme go ne go ntse jalo le ka setlhabelo sa gagwe se a neng a tla se ntsha e le gore a bulele batho ba merafe yotlhe tsela ya go bona sebaka sa botshelo jo bosakhutleng. (Bahebera 9:23-28) Ka gone, fa nako e e laotsweng e ne e goroga, sengwe le sengwe kwantle ga phoso se ne sa kgetholola Jesu Keresete jaaka e le ene Losika lwa tsholofetso yo labofelo masego a neng a tla tla sethong sotlhe ka ene.—Bagalatia 3:16, 24; 2 Bakorintha 1:19, 20.
Go Baakanyetsa Babusi Ba Setho
17. Ka Jesu, Modimo o ne o tla diragatsang, mme se se gateletswe jang ka nako ya tsalo ya gagwe?
17 Pele ga go tsalwa ga ga Jesu mmaagwe ebong Maria o ne a boleletswe ke moengele gore morwa wa gagwe o tla neelwa bogosi jwa go ya go ile. Badisa gaufi le Bethelehema ba ne ba itsisiwe ka tsalo ya gagwe, mme ba utlwa bontsi jwa masomo a legodimo a baka Modimo a re: “Kgalalèlō e nnè go Modimo kwa bogodimodimoñ, le kagishō e nnè mo lehatshiñ, mo bathuñ ba o kgatlhègañ thata mo go bōnè.”—Luke 1:31-33; 2:10-14.
18. (a) Ke ka tsela efe maitemogelo a gagwe mo lefatsheng a mmaakanyeditseng maemo a go nna kgosi le moperisiti? (b) Loso lwa gagwe lo nnile le diphelelo dife ka ga go bona kagiso?
18 Sekaseka melemo ya Kgosi e ya selegodimo ya isagwe e e kileng ya tshela mo lefatsheng. Jaaka motho o itsile le go tlhaloganya mathata a setho. O ne a tshela le go dira le bone, a abalana khutsafalo ya bone mme ene ka boene a boga bothata. Tlase ga diteko tse di botlhoko tota o ne a supa boikanyegi jwa gagwe go Jehofa le lorato lwa gagwe lwa tshiamo. Ka tsela e Modimo o ne a baakanyetsa Jesu go nna Kgosi e e kutlwisiso le Moperisiti yo Mogolo go neela setho melemo e e neelang botshelo. (Bahebera 1:9; 4:15; 5:8-10) Gape, ka botshelo jwa gagwe jo a bo ntshitseng jaaka setlhabelo, Jesu Keresete o buletse setho tsela go bona gape dikamano tsa kagiso le Modimo.—1 Petere 3:18.
19. (a) Re itse jang gore Jesu o tsositswe le go tlhatlogela kwa legodimong? (b) Mabapi le bogosi jwa gagwe, o dirileng morago ga go boela legodimong?
19 Morago ga loso lwa ga Jesu, Modimo o ne wa mo tsosetsa botshelong gape, mme a bonwa ke basupi ba batho ba ba fetang 500 bao ba neng ba ka supela bonnete jwa gore tota tsogo e ne e diragetse. (1 Bakorintha 15:3-8) Mme malatsi a le masome a mane morago ga Jesu a sena go tsosiwa, o ne a tlhatlogela legodimong mme a nyelela mo ponong ya barutwa ba gagwe ba ntse ba lebile. (Ditihō 1:9) Go tswa legodimong a tswelela go dirisa bogosi jwa gagwe tebang le balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang, mme melemo ya puso ya gagwe ya ba dira gore ba eme ba fapaane le setho sotlhe. Mme a jaanong e ne e le nako e e tshwanetseng ka ene go amogela thata ya go busa merafe? Nnyaa, gonne dilo tse dingwe mo thulaganyong e kgolo ya Modimo di ne di tlhoka tlhokomelo.—Bahebera 10:12, 13.
20. Jesu o buletse barutwa ba gagwe mo lefatsheng tiro efe e ntšha?
20 Tiro e tona e ne ya tshwanelwa ke go dirwa lefatshe ka bophara. Pele ga loso lwa ga Jesu le tsogo ga go na Baiseraele bape ba ba duleng jaaka bareri go sokolola batho ba merafe e mengwe. Lefa go le jalo mang kana mang yo o neng a eletsa go tsaya kobamelo ya ga Jehofa o ne a ka amogela masego le Iseraele ka metlha. (1 Dikgosi 8:41-43) Lefa go ntse jalo, tshimologo ya Bokeresete e ne ya bulela tiro e kgolo e ntšha. Jesu Keresete ka boene o ne a tlhoma sekao mme a se tlogela jaaka motlhala mo barutweng ba gagwe, a ba bolelela jaana pele ga a tlhatlogela legodimong: “Lo tla nna bashupi ba me mo Yerusalema, le mo lehatshiñ yeotlhe ya Yudea le ya Samaria, le go ea hèla kwa sekhutloñ sa lehatshe.”—Ditihō 1:8.
21. Mo boemong jwa tshokololo ya lefatshe, Modimo o ne o fitlhelela eng ka bosupi joo?
21 A boikaelelo e ne e le tshokololo ya lefatshe? Nnyaa. Bogolo, jaaka Jesu a bontshitse gore mo lobakeng lwa “bokhutlō yoa lehatshe” go ne go tla nna go phuthiwa ga “bana ba bogosi.” Ee, maloko a mangwe a goromente wa Bogosi o o tlang a ne a tlamegile go kgethiwa. (Mathaio 13:24-30, 36-43) Mongwe le mongwe yo o balang Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete ka bonako a ka bona gore go simolola ka Pentekosete ya 33 C.E., ba bangwe ba ne ba lalediwa go tlhakanela le Jesu Keresete mo pusong ya gagwe ya Bogosi ya selegodimo.—2 Timotheo 2:12; Bahebera 3:1; 1 Petere 1:3, 4.
22. (a) Modimo o tlhokile dinonofo dife go baruaboswa ba ba nako e e tlang ba Bogosi jwa selegodimo? (b) Jalo, a tlhopho e dirilwe ka go potlaka?
22 Go kgethiwa ga babusi mmogo ba ba isagwe godimo ga setho go ne go tla tsaya lobaka. Ka ntlha yang? Ka selo se le sengwe, sebaka seo se ne se tshwanetse go fetisediwa bathong ba merafe yotlhe. Mme, lemororo ba bantsi ba ipoletse gore ba se tshwere, ke ba se kae eleruri ba ba itshupileng go nna balatedi ba ba ikanyegang ba Morwa Modimo. (Mathaio 22:14) Ditekanyetso tse di kwa godimo di ne di tshwanetse go fitlhelelwa. Lemororo Bakeresete ba se ka ba tshela jaaka setlhopha sa setšhaba se arogane le batho ba bangwe jaaka go dirile Iseraele wa bogologolo, ba ile ba lejwa jaaka bajaki, ba buelela tsela e nngwe ya botshelo. (1 Petere 2:11, 12) Ba tlamegile go ipoloka ba phepafetse mo ditlwaelong tsa boitshwaro jo bo maswe le tse di senyegileng tsa lefatshe le le ba dikileng. (1 Bakorintha 6:9, 10) Fa tota ba tla nna “bana ba Modimo,” ba tlamegile go itshupa go nna ba ba “letlanyañ,” ba sa tshwarege mo dintweng tsa merafe mme ba sa ipusolosetse fa ba bogisediwa tumelo ya bone. (Mathaio 5:9; 26:52; Baroma 12:18, 19) Ba tshwanetse go bontsha boikanyegi mo pusong ya Modimo ka go gana go buelela dipuso tsa bopolotiki, tse Bibela e di supang jaaka ‘dibatana.’ (Tshenolō 20:4, 6) Ka ntlha ya seno sotlhe le ka ntlha ya gore ba ile ba tsholetsa leina la ga Jesu Keresete jaaka Kgosi e e tloditsweng ya Modimo, ba ile ba “ilwa ke merahe eotlhe.” (Mathaio 24:9) Jalo ba ba tla nnang babusi ba selegodimo ba setho gammogo le Keresete ga ba a tlhophiwa ka go potlaka.
23. (a) Ke ba le ba kae ba ba tla nnang mo setlhopheng seo sa taolo ya selegodimo le Keresete? (b) Ba kgethilwe gareng ga bomang, mme ka ntlha yang?
23 Boleele jwa nako e e tserweng ga se ka ntlha ya gore palo e e tlhophilweng e ne e tla nna kgolo. Kafa Dikwalong, Modimo o lekanyeditse palo e ya setlhopha sa taolo se se kgethegileng tlase ga Jesu Keresete bathong ba ba 144 000. (Tshenolō 14:1-3) Fela Modimo o ba tlhophile ka kelotlhoko. Ba tserwe go “batho ba dicō cotlhe, le ba dipuō cotlhe, le ba batho botlhe, le ba merahe eotlhe.” (Tshenolō 5:9, 10) Gareng ga bone go na le batho ba ba tshedileng matshelo a a farologaneng, banna le basadi, batho ba ba fetileng mo mathateng otlhe a a farologaneng a setho. Mo tseleng ya bone ya go apara botho jo bosha jwa Bokeresete, ga go na bothata bope jo ba bangwe ba bone ba sa lebanang le jone le go bo fenya. (Baefesia 4:22-24; 1 Bakorintha 10:13) Abo re ka itumelela jang se! Ka ntlha yang? Ka go bo se re neela tlhomamiso ya gore e tla nna ba ba akanyetsang le dikgosi tse di kutlwelo botlhoko le baperisiti, ba kgona go thusa banna le basadi ba mefuta yotlhe go solegelwa molemo ke paakanyetso ya Modimo ya botshelo jo bosakhutleng.
24. Go tweng ka dimilione tsa batho ba bangwe ba ba ileng ba tshela le go swa nakong e, ba bantsi ba sa itse sepe ka Bibela?
24 Go tweng ka setho se se kwantle ga thulaganyo e? Nakong yotlhe e, Modimo o ne a se ka a tshwenyana le mebuso e e farologaneng. O ne a letla batho go tsamaya ka tsela e ba e tlhophileng. Legale, didikadike tsa batho di ile tsa tshela le go swa, ba bantsi ba bone ba ise ba utlwe kaga Bibela kana Bogosi jwa Modimo. Lefa go le jalo Modimo ga wa ba lebala. O ne o baakanyetsa nako eo moaposetoloi Paulo o buileng ka yone a re: “Ke na le cholohèlō mo Modimoñ, . . . ea go re, go tla nna cogō ea basiami le ea basiamolodi.” (Ditihō 24:15) Mme, tlase ga maemo a a itumedisang tota a Thulaganyo e Ntšha ya Modimo, ba tla neelwa sebaka se se tletseng go ithuta ditsela tsa ga Jehofa. Go ikaegile ka seno, ba ka ikatlholela gore ba batla go tsaya kemo efe mo kganetsanong ya puso ya lobopo. Ba ba ratang tshiamo ba tla bona sebaka sa go tshela ka bosakhutleng.
Jaaka “Bokhutlō” Bo Atamela
25, 26. (a) Ka nako e e tshwanetseng, ke thata efe e e tswelelang e e tla neelwang Keresete, mme o tla tseela bomang kgato? (b) Se se tla ama jang maemo mo lefatsheng?
25 Pele Thulaganyo e Ntšha eo e tsena, ditiragalo tse di kgatlhisang di tshwanetse go diragala. Bibela e boleletse pele phetogo e kgolo mo dikgannyeng tsa lefatshe. Jesu Keresete o ne a tla bewa mo setulong sa bogosi jaaka Kgosi e seng fela go busa godimo ga barutwa ba gagwe mme ka thata go tsaya kgato tebang le lefatshe lotlhe. Go ne go tla dirwa kitsiso eno kwa legodimong: “Bogosi yoa lehatshe bo dihegile bogosi yoa Morèna oa rona, le yoa ga Keresete oa gagwè: me o tla busa ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae.” (Tshenolō 11:15) Kgato ya ntlha ya Kgosi e ne e tla nna kgatlhanong le “kgōsana ea lehatshe” ka boyone, Satane Diabolo, le badimona ba gagwe. (Yohane 14:30) Masomosomo ano a a boikepo a ne a tla piriganngwa go tswa magodimong mme a tswalelwe mo sebakeng sa lefatshe. Ka diphelelo dife?
26 Tlhaloso ya boperofeti e umaka lentswe le tswa legodimong jaaka le le reng: “Ke gōna a lo ko lo itumeleñ, lona magodimo, le lona ba lo agileñ mo go aōna. A bo go latlhèga lehatshe le lewatlè! ka diabolo a hologetse kwa go lona, a tletse bogale, ka a itse ha lobaka loa gagwè lo setse lo le lokhutshane.” (Tshenolō 12:12) Phuduego e e senang selekanyo e ne e tla diragala gareng ga merafe, mme bokhutlo bo ne bo se ketla bo tla gangwe fela.
27. (a) Jaaka “bokhutlō” bo ne bo atamela, go ne go tla diragala tiro efe e kgolo ya go kgaoganya, mme jang? (b) Phediso ya lefatshe e e boleletsweng pele e tla nna bogolo jo bo kae?
27 E e ne e tla nna nako ya tiro e kgolo ya go kgaoganya. Tlase ga tsamaiso ya ga Jesu Keresete yo o mo setilong sa bogosi, balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang ba ne ba tla tsweledisa go rerwa ga “Mahoko a a Molemō a, a bogosi” mo lefatsheng jotlhe je le agilweng gore e tle e nne bosupi mo merafeng yotlhe. Batho kae le kae ba ne ba tla neelwa sebaka sa go bontsha boikutlo jwa bone tebang le puso ya bomodimo. (Mathaio 24:14; 25:31-33) Fa se se diragaditswe, jaaka Jesu a tlhalositse, “ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.” E tla nna “sepitla se segolo mo metlheñ euō, se se e señ se ke se nne, e sa le ka tshimologō ea lehatshe go tla nakoñ eno; nya, le gōna go se ketla go tlhōla go nna yalo gopè.” (Mathaio 24:21) Batho ba ka se tlhole ba botsa, Modimo o ntse o dirang? Ba fela ba tla falolang e tla nna bao ba itshwentseng ka mo go lekaneng go batlisisa se o neng o se dira le go dumalanya matshelo a bone le ditlhokafalo tsa ona pele phediso ya lefatshe e goroga.
28. (a) Go bewa ga ga Keresete mo setilong sa bogosi le go kgaoganngwa ga batho ba merafe yotlhe go diragala leng? (b) Jalo, ke eng se se potlakileng go wena ka bongwe go se dira?
28 Mme ditiragalo tse tsotlhe di tla diragala leng? Keresete o neelwa nonofo leng go busa jaaka Kgosi le go tswelela ka go kgaoganya batho ba merafe yotlhe? Dinnete di bontsha gore dilo tse ke tse Modimo o di dirileng mo lekgolong le la bo-20 la dingwaga. Keresete o setse a le mo setilong sa gagwe sa bogosi sa selegodimo, mme tiro ya go kgaoganya jaanong e setse e atametse bowelong jwa yone. Nako e e setseng eo o ka ikgethololang ka yone jaaka yo o mo letlhakoreng la ga Jehofa la kganetsano ya puso ya lobopo e khutshwane thata. “Sepitla se segolo” se atametse! Tlhatlhobo e e iketseng sedi ya polelelopele ya Bibela mo leseding la ditiragalo tsa bosheng e supela se go nna boammaaruri. Re go kgothaletsa go e sekaseka ka kelotlhoko.
[Setshwantsho mo go tsebe 62]
Ka go bo a ile a tshela gareng ga batho, mmusi yo mosha wa lefatshe o ne a tlhaloganya setho mo go botoka