Adame le Efa
Tlhaloso: Adame e ne e le sebopiwa sa ntlha sa motho. Lereo la Sehebera ’a·dhamʹ ka tshwanelo gape le ranoletswe “motho,” “motho wa selefatshe,” le “setho.” Efa, mosadi wa ntlha, e ne e le mogatsa Adame.
A Adame le Efa e ne e le batho ba dikinane fela ba (matshamekwane)?
A ga go utlwale go dumela gore rotlhe re dule mo batsading ba ntlha ba ba tshwanang?
“Boitseanape jaanong bo tlhomamisa se bontsi jwa ditumelo tse dikgolo di ileng tsa se rera ka lobaka lo loleele: Batho ba ditso tsotlhe . . . ba dule mo mothong wa ntlha yo o tshwanang.”—Heredity in Humans (Philadelphia and New York, 1972), Amram Scheinfeld, ts. 238.
“Polelo ya Bibela ya ga Adame le Efa, rre le mmè ba lotso lotlhe lwa batho, e sa le e bolela makgolo a dingwaga a a fetileng boammaaruri joo boitseanape bo ileng jwa re bo bontsha gompieno: gore batho botlhe ba lefatshe ke lelapa le le lengwe mme ba na le tlhago e e tshwanang.”—The Races of Mankind (New York, 1978), Ruth Benedict le Gene Weltfish, ts. 3.
Dit. 17:26: “[Modimo] o dihile dichaba cotlhe tsa batho ba cwa mothuñ a le moñwe hèla, go tla ba aga mo lehatshiñ yeotlhe.”
A Bibela e supa Adame e le fela motho wa dikinane yo o emelang setho sotlhe sa kwa tshimologong?
Yude 14: “Ke bōnè ba ba bolelecweñ pele ke Enoke oa boshupa go tloga mo go Adame.” (Enoke e ne e se wa bosupa go tswa bathong botlhe ba pele.)
Luke 3:23-38: “Me Yesu ka esi, o rile a simolola go ruta, a bo a le e ka ne e le dinyaga di le mashome mararo me,—yaka go no go ka gopolwa,—ea bo e le . . . morwa Dafide, . . . morwa Aberahame, . . . morwa Adame.” (Dafide le Aberahame ke batho ba ba itsiweng sentle-ntle mo ditsong. Ka jalo a ga se mo go utlwalang go feleletsa ka gore Adame e ne e le motho wa mmatota?)
Gen. 5:3: “Me Adame a tshela dinyaga di le lekgolo le mashomè mararo, me a tsala ñwana oa mosimane eo o chwanañ naè, a nntse yaka sechwanō sa gagwè, me a mo raea leina, a re, Sethe.” (Sethe eleruri o ne a se ka a tsalwa ke batho botlhe ba pele, lefa e le gone gore batho botlhe ba pele ba ne ba tsala bana ba le dingwaga tse 130.)
A polelo ya gore noga e ne ya bua le Efa e raya gore pego eo ke leinane?
Gen. 3:1-4: “Me yana nōga ea bo e le boherehere bogolo go ditshedi cotlhe tsa naga tse Yehofa Modimo o di dihileñ. Me ea raea mosadi, ea re, Kana, eu! A Modimo o rile, lo se ka loa ya ditlhare tsa tshimo? Me mosadi a raea nōga, a re, . . . Modimo o rile, Lo se ka loa lo ya, le gōna lo se ka loa lo ama, lo ka tla loa shwa. Me nōga ea raea mosadi, ea re, Rure ga lo ketla lo shwa.”
Yoh. 8:44: “[Jesu o ne a re:] Diabolo, . . . ke moaki, le rra aōna maaka.” (Ka jalo Diabolo ke ene motswedi wa maaka a ntlha a a neng a buiwa mo Edena. O ne a dirisa noga jaaka mmueledi wa gagwe yo o bonalang. Pego ya ga Genesise ga e dirise dibopiwa tsa matshamekwane go re ruta thuto. Bona gape Tshenolō 12:9.)
Tshwantshetso: Go itsiwe sentle-ntle gore, mmui ka ditshwantsho o ka dira gore go bonale ekete lentswe la gagwe le tswa motsweding mongwe o sele. Bapisa Dipalō 22:26-31, e e bolelang gore Jehofa o ne a dira gore esela ya ga Balaame e bue.
Fa e le gore “motho oa pele, eboñ Adame” e ne e le wa kinane fela, go tweng ka “Adame oa moragō,” Jesu Keresete?
1 Bakor. 15:45, 47: “Le gōna go kwadilwe yalo, ga twe, Motho oa pele, eboñ Adame, a dihwa motho eo o tshedileñ. Adame oa moragō a dihwa mōea o o tshedisañ. Motho oa pele ke oa mbu, oa selehatshe: motho oa bobedi ke oa legodimo.” (Ka jalo go latola gore Adame e ne e le motho wa mmatota yo o neng a leofela Modimo go kaya pelaelo mo go nneng gone ga ga Jesu Keresete. Go latola mo go ntseng jalo go gogela mo kganong ya lebaka la gore ke goreng go ne go tlhokafala gore Jesu a ntshetse setho botshelo jwa gagwe. Kgano ya seo e raya go gana le tumelo ya Bokeresete.)
Jesu ka boene o ne a leba jang pego ya ga Genesise?
Math. 19:4, 5: “[Jesu] a re, A ga lo e se lo ko lo bale [mo go Genesise 1:27; 2:24] ha eo o ba [Adame le Efa] dihileñ mo tshimologoñ a ba dihile nona le tshadi, A ba a re, Ke gōna ka mouō, motho o tla tlogèlañ rragwè le mmagwè, a ñaparèla mosadi oa gagwè; me bobedi yo bo tla nna nama e le ñwe hèla?” (Ereka Jesu a ne a dumela fa pego ya ga Genesise e le ya mmatota, a ga re a tshwanela go e dumela le rona?)
Fa Mongwe A Re—
‘Boleo jwa ga Adame e ne e le thato ya Modimo, leano la Modimo.’
O ka araba ka gore: ‘Batho ba bantsi ba ile ba bua jalo. Mme fa e ne e le gore ke ne ke ka dira sengwe seo o neng o batla ke se dira, a o ne o tla se nnyaletsa? . . . Ka jalo, fa boleo jwa ga Adame e ne e le thato ya Modimo, ke ka baka lang fa Adame a ne a lelekwa mo tshimong ya Edena jaaka moleofi? (Gen. 3:17-19, 23, 24)’
Kana o ka nna wa re: ‘Ntlha eo ke e e kgatlhisang, mme karabo eleruri e kopanyeletsa gore Modimo ke motho wa mofuta mang. A go ne go tla bo go siame kana go le lorato go nyatsa motho yo o dirileng sengwe seo o neng o se rulaganyeditse gore a se dire?’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: (1) ‘Jehofa ke Modimo o o lorato. (1 Yoh. 4:8) Ditsela tsotlhe tsa gagwe di tshiamo. (Pes. 37:28; Dute. 32:4) E ne e se thato ya Modimo gore Adame a leofe; o ne a mo fa tlhagiso ka gone. (Gen. 2:17)’ (2) Modimo o ne a dumelela Adame, jaaka le rona, kgololesego ya go ikgethela seo a tla se dirang. Boitekanelo bo ne bo sa reye gore kgololesego e ka se dirisediwe go sa utlwe. Adame o ne a ikgethela go tsuologa kgatlhanong le Modimo, go sa kgathalege tlhagiso ya gore loso le ne le tla tla ka ntlha ya gone.’ (Bona gape ditsebe 419.)