Buka ya Bibela ya bo 20—Diane
Dibui: Solomone, Agure, Lemuele
Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Jerusalema
Go Wediwa ga go E Kwala: mo e ka nnang ka 717 B.C.E.
1. Ke botlhale bofe jo bo ka bonwang mo bukeng ya Diane?
FA SOLOMONE, morwa Dafide, a ne a nna kgosi ya Iseraele ka 1037 B.C.E., o ne a rapela Jehofa gore a mo fe “botlhale le kicō” gore a kgone go ‘atlhola batho ba bantsi bao.’ Fa Jehofa a mo araba, o ne a mo fa ‘kitso le botlhale le pelo e e tlhaloganyang.’ (2 Ditih. 1:10-12; 1 Dikg. 3:12; 4:30, 31) Ka baka leo, Solomone o ne a “bolèla diane di le makgolo a mashomè mararo.” (1 Dikg. 4:32) Dingwe tsa dilo tsa botlhale tse a neng a di bua di kwadilwe mo bukeng ya Bibela ya Diane. Ereka tota botlhale jwa gagwe e ne e le joo “Modimo o no o bo tsentsè mo peduñ ea gagwè,” he fa re ithuta buka ya Diane tota re a bo re ithuta botlhale jwa ga Jehofa Modimo. (1 Dikg. 10:23, 24) Diane tseno di bolela boammaaruri jwa bosakhutleng ka mafoko a makhutshwane. Mosola wa tsone gompieno o tshwana fela le mo nakong ya fa e ne e le gone di bolelwang.
2. Ke ka ntlhayang fa motlha wa ga Solomone e ne e le o o siametseng gore kaelo ya bomodimo e e mo go Diane e neelwe ka one?
2 Nako ya puso ya ga Solomone e ne e le yone e e tshwanetseng go ka neela kaelo eno ya bomodimo. Go ne ga bolelwa fa Solomone a ne a “dula mo setuloñ sa bogosi sa ga Yehofa.” Kgalalelo ya Bogosi jwa bolegodimo jwa Iseraele e ne e ile magoletsa, mme Solomone o ne a segofaditswe ka “borèna yoa segosi.” (1 Ditih. 29:23, 25) E ne e le nako ya kagiso le letlotlo, nako ya pabalesego. (1 Dikg. 4:20-25) Lefa go ntse jalo, le eleng mo pusong eo ya bolegodimo, batho ba ne ba santse ba na le mathata le matshwenyego ka baka la go sa itekanela ga bone. Go tlhaloganyesega sentle gore batho ba ne ba santse ba tla leba kwa go Kgosi Solomone gore a ba thuse go rarabolola mathata a bone. (1 Dikg. 3:16-28) Fa a ne a ntsha katlholo mo dipakeng tse dintsi tseno, o ne a dirisa diane tseo di neng di tshwanela maemo a mantsi a botshelo ao a neng a tlhaga tsatsi le letsatsi. Mafoko ano a makhutshwane ebile e le a a kgatlhang thata a ne a tsewa e le a a botlhokwa fela thata ke bao ba neng ba eletsa gore ba tshele matshelo a bone tumalanong le thato ya Modimo.
3. Go ne ga tla jang gore buka ya Diane e kwalwe?
3 Pego ga e bolele gore Solomone o ne a kwala buka ya Diane. Lefa go ntse jalo, e bolela gore o ne a “bolèla” diane, le gore gape o ne “a . . . batla, me a rulaganya diane di le dintsi,” ka go dira jalo a bontsha fa a ne a batla go boloka diane tseno gore batho ba tle ba di dirise moragonyana. (1 Dikg. 4:32; Mor. 12:9) Mo motlheng wa ga Dafide le Solomone, go ne go na le bakwaledi bao ba neng ba direla mo ntlong ya kgosi. (2 Sam. 20:25; 2 Dikg. 12:10) Lefa re sa itse gore a bakwadi bano ba ntlo ya gagwe ba ne ba kwala ba bo ba kgobokanya diane tsa gagwe, gone mme mafoko a mmusi ope fela wa maemo a a kwa godimo jaaka ene a ne a ka tseelwa kwa godimo mme go ne go tlwaelegile gore a kwalwe. Batho ka kakaretso ba dumela gore buka eno ke setlhopha sa dibuka tseo mafoko a tsone a tswang mo go tse dingwe.
4. (a) Ka kakaretso buka ya Diane e kgaogantswe jang? (b) Ke mang yo o neng a bua bontsi jwa diane?
4 Buka ya Diane e ka nna ya kgaoganngwa ka dikarolo di le tlhano. Tseno ke: (1) Kgaolo 1-9, eo e simololang ka mafoko a a reng, “Diane tsa ga Solomone morwa Dafide”; (2) Kgaolo 10-24, eo e tlhalosiwang jaaka “Diane tsa ga Solomone”; (3) Dikgaolo 25-29, eleng karolo e e simololang ka go re: “Tse le cōna ke diane tsa ga Solomone, tse banna ba ga Hesekia kgosi ea Yuda ba di kwadileñ ka menwana”; (4) Kgaolo 30, eo e simololang ka go re, “Mahoko a ga Agure, morwa Yake”; le (5) Kgaolo 31, eo e nang le mafoko a a reng “Mahoko a ga kgosi Lemuele; boitseyoanape yo mmagwè o bo mo rutileñ.” Ka gone bontsi jwa diane ke tsa ga Solomone. Fa e le ka Agure le Lemuele, ga go itsiwe ka tlhomamo gore e ne e le bomang. Baakgedi bangwe ba akantsha gore Lemuele e ka nna ya tswa e ne e le leina le lengwe la ga Solomone.
5. Diane e ne ya kwalwa ya bo ya rulaganngwa leng?
5 Diane di ne tsa kwalwa tsa bo tsa dirwa buka leng? Kwantle ga pelaelo karolo e kgolo e ne ya kwalwa ka nako ya puso ya ga Solomone (1037-998 B.C.E.) pele ga go fapoga ga gagwe. Ka go bo go sa tlhomamisiwe gore tota Agure le Lemuele ke bomang, ga go kgonege gore go ka bolelwa gore ba ne ba kwala dikwalo tsa bone leng. Ereka lengwe la dikwalo tseno le ne la kwalwa ka nako ya puso ya ga Hesekia (745-717 B.C.E.), dikwalo tsa bofelo tsa bone ga di kake tsa bo di ne tsa kwalwa pele ga puso ya gagwe. A dikarolo tsa bofelo tse pedi le tsone di ne tsa kwalwa tlase ga bolaodi jwa ga Kgosi Hesekia? Go araba seo go na le ntlhanyana e e kwa tlase mo go Diane 31:31 e e nayang lesedi mo go New World Translation of the Holy Scriptures—With References e e reng: “Mo diphetolelong dingwe tsa mokwalo wa Sehebera go kwadilwe trigrammaton, kana ditlhaka tse tharo, Chehth, Zaʹyin, Qohph (חזק) tseo di emelang sekano sa ga Kgosi Hesekia mo mekwalong ya bakwadi ba gagwe go supa gore tiro ya bone e ne e weditswe.”
6. Seane ke eng, mme ke ka ntlhayang fa lereo la Sehebera la buka eno le tshwanela?
6 Mo Dibibeleng tsa Sehebera buka eo pele e ne e bidiwa ka lefoko la ntlha mo bukeng eo, eleng mish·lehʹ, leo le rayang “diane.” Mish·lehʹ ke bontsi, leina leo le dirisiwang le le lengwe le le amanang nalo, jwa leina la Sehebera ma·shalʹ, eleng leina leo ka kakaretso go akanngwang fa le tswa mo moding wa lefoko le le rayang “go nna jaaka” kana “go tshwana le.” Mafoko ano a tlhalosa se se leng mo bukeng eno sentle thata, ka gonne diane ke mafoko a botlhokwa ao gantsi a nang le ditshwantsho kana dipapisa le ao a rulaganyeditsweng go dira gore motho yo o reeditseng a akanye. Ka go bo diane di kwadilwe ka bokhutshwane go nna motlhofo gore di tlhaloganngwe le go kgatlhisa, mme ereka di kwadilwe ka tsela eno go motlhofo go di ruta, go di ithuta, le go di gakologelwa. Kgopolo ya tsone ga e lebalesege motlhofo.
7. Ke eng se se tshwanetseng go elwatlhoko ka mokgwa o buka ya Diane e kwadilweng ka one?
7 Mokgwa o mafoko a buka eno a kwadilweng ka one o kgatlhisa eleruri. Ke mokgwa o maboko a Sehebera a kwalwang ka one. Mafoko a mantsi mo bukeng eno ke a sebopego sa maboko a a tshwantshanyang. Mo mokgweng ono wa go kwala ga go dirwe gore mafoko a bofelo a mela e nne a modumo o o tshwanang. O dira gore mela ya mafoko a a tsamaisanang a neele dintlha kana dikgopolo tse di tsamaisanang. Go tsamaisana ga dikgopolo tsa yone ke gone go kgabisang ebile go dirang gore thuto ya yone e nne e e maatla. Dintlha tsa yone di ka nna tsa tswa di tshwana kana e le tse eleng phapaang ya tse dingwe, mme go dirisitswe dipapisa tse dikgolo go dira gore motho a kgone go akanya ka dilo tse di tsamaisanang le tsone, go tlhalosa ntlha ka mo go oketsegileng, le go tlhomamisa gore se se kaiwang ke ntlha se tlhaloganngwe sentle. Dikai tsa dipapisa tse di tsamaisanang tseno di fitlhelwa mo go Diane 11:25; 16:18; le 18:15, mme dikai tsa dipapisa tse di oketsegileng tsa dilo tse eleng phapaang ya tse dingwe di mo go Diane 10:7, 30; 12:25; 13:25; le 15:8. Mofuta o mongwe wa sebopego sa yone o fitlhelwa fela kwa bokhutlong jwa buka eno. (Dia. 31:10-31) Ditemana tsa yone tse 22 di rulagantswe ka tsela eo e leng gore ka Sehebera nngwe le nngwe ya tsone e simolola ka tlhaka ya Sehebera ka go latelelana ga tsone, e le mokgwa wa acrostic oo gape o dirisitsweng mo dipesalemeng di le mmalwa. Ga go na mokgwa ope o o kgabisang mekwalo jaaka ono mo mekwalong ya bogologolo.
8. Go bo Bakeresete ba pele ba ne ba dirisa buka ya Diane go supa jang gore e boammaaruri?
8 Gore buka ya Diane e boammaaruri go bontshiwa gape ke go dirisiwa ga yone ka bophara ke Bakeresete ba pele fa ba tlhalosa melao ya boitshwaro. Go lebega Jakobe a ne a itse buka ya Diane fela thata mo a bileng a dirisa melaometheo ya yone e megolo fa a ne a ntsha kgakololo kaga boitshwaro jwa Bokeresete. (Bapisa Diane 14:29; 17:27 le Yakobe 1:19, 20; Diane 3:34 le Yakobe 4:6; Diane 27:1 le Yakobe 4:13, 14.) Gape ditshetla tsa ditemana tse di latelang di tsopotswe ka tlhamalalo mo bukeng ya Diane: Baroma 12:20—Diane 25:21, 22; Bahebera 12:5, 6—Diane 3:11, 12; 2 Petere 2:22—Diane 26:11.
9. Buka ya Diane e dumalana jang le Bibela yotlhe?
9 Mo godimo ga moo, buka ya Diane e itshupa fa e dumalana le Bibela yotlhe, ka gone e supa fa e le karolo ya “Lokwalō loñwe le loñwe.” Kgopolo ya yone e dumalana ka mo go kgatlhisang le Molao wa ga Moshe, thuto ya ga Jesu, le mekwalo ya barutwa le baaposetoloi ba ga Jesu. (Bona Diane 10:16—1 Bakorintha 15:58 le Bagalatia 6:8, 9; Diane 12:25—Mathaio 6:25; Diane 20:20—Ekesodo 20:12 le Mathaio 15:4.) Le eleng fa e umaka dintlha tse di tshwanang le go baakanngwa ga lefatshe gore batho ba kgone go nna mo go lone, kgopolo ya yone e dumalana le ya bakwadi ba Bibela.—Dia. 3:19, 20; Gen. 1:6, 7; Yobe 38:4-11; Pes. 104:5-9.
10, 11. Ke eng gape se se supang fa buka eno e tlhotlheleditswe ke Modimo?
10 Se gape se supang gore buka eno e tlhotlheleditswe ke Modimo ke go opa kgomo lonaka ga yone mo dilong tsa saense, ekane seane se bua ka melaometheo ya dikhemikale, ya bongaka, kana ya botsogo. Go lebega Diane 25:20 e bolela se se diragalang fa asiti e kopana le alekale. Diane 31:4, 5 e dumalana le diphitlhelelo tsa saense ya segompieno tsa gore bojalwa bo dira gore motho a seka a akanya sentle. Dingaka di le dintsi le batlhalefedi ba dikotla ba dumela gore tswina ya dinotshe ke dijo tse di nang le dikotla, seo se re gakololang seane se se reng: “Morwaaka, u nnè u yè dinotshe, gonne di molemō.” (Dia. 24:13) Se se etsweng tlhoko mo metlheng ya segompieno malebana le go dirisana ga maikutlo le mmele ga se sesha go ya ka buka ya Diane. “Pelo e e nntseñ mokete ke kalahō e e molemō.”—17:22; 15:17.
11 Eleruri, buka ya Diane e bua ka dilo tsotlhe tse motho o di tlhokang le maemo mangwe le mangwe mo mokwadi mongwe a bileng a re: “Ga go na kamano epe mo botshelong eo e senang thuto e e e lebaneng, ga go na tlwaelo epe e e molemo kana e e bosula e e senang kgothatso e e tshwanetseng kana kgalemo. Segakolodi sa motho se atamalanngwa gautshwane le Modimo ka ditsela tsotlhe, . . . mme go ntse jaaka ekete motho o tsamaya fa pele ga Modiri le Moatlhodi wa gagwe mo botshelong jotlhe jwa gagwe . . . Botho jwa mofuta mongwe le mongwe bo fitlhelwa mo bukeng eno ya bogologolo; mme lemororo e kwadilwe dingwaga tse di fetang dikete tse tharo tse di fetileng, mafoko a e a buang a santse a le boammaaruri fela jaaka ekete mmoledi wa one o a bua a santse a tshela.”—Dictionary of the Bible ya ga Smith, 1890, Bol. III, tsebe 2616.
SEO SE LENG MO GO DIANE
12. (a) Ke leboko lefe la dintlha tse di tsamaisanang leo eleng karolo ya ntlha ya buka ya Diane? (b) E ruta eng malebana le botlhale le boitshwaro jwa batho? (c) Diane 1:7 e simolola se se tla buiwang mo bukeng eo yotlhe jang?
12 Karolo ya Ntlha (1:1–9:18). Leboko leno ke la dintlha tse di tsamaisanang leo le dirilweng ka dipuo tse dikhutshwanyane tse eketeng ke tse rre a di fang morwa wa gagwe, tse di buang ka gore motho o tlhoka go nna le botlhale gore a kaele pelo ya gagwe, kana motho yo o kafa teng, le go kaela keletso ya gagwe. E ruta ka botlhokwa jwa botlhale le masego a jone: boitumelo, bomolemo, kagiso, le botshelo. (1:33; 3:13-18; 8:32-35) E fapaanya seno le go tlhoka botlhale le matswela a gone: go boga mo kwa bofelong go tlisang loso. (1:28-32; 7:24-27; 8:36) Fa e bua ka maemo a a senang palo le mefuta ya botshelo, e naya motho thuto ya motheo kaga boitshwaro jwa motho le diphelelo tsa jaanong le tsa nako e e tlang tsa boitshwaro joo. Mafoko a Diane 1:7 a simolola se se tla bolelwang ke buka eo yotlhe ka go re: “Go boiha Yehofa ke tshimologō ea kicō.” Motho o tshwanetse go bontsha mo go sengwe le sengwe se o se dirang gore ga a kgaphele Jehofa kwa thoko. Go boelediwa gangwe le gape gore ope a seka a lebala melao ya Modimo, gore motho o tshwanetse go ngaparela ditaolo tsa gagwe le gore a seka a kgaogana natso.
13. Boeletsa dintlha tse dikgolo tseo di tlhagang gangwe le gape jaaka ditlhale tsa letsela mo karolong ya ntlha ya buka ya Diane.
13 Mafoko a magolo a a tlhagelelang gangwe le gape mo karolong eno ya ntlha jaaka ekete ke ditlhale tsa letsela ke go dirisa botlhale, go nna le kitso, go boifa Jehofa, kotlhao, le temogo. Go tlhagisiwa kgatlhanong le go itsalanya le batho ba ba bosula, go gana kotlhao ya ga Jehofa, le go itsalanya ka mo go sa tshwanelang le basadi ba sele. (1:10-19; 3:11, 12; 5:3-14; 7:1-27) Go buiwa ka botlhale gabedi gore bo mo dipatlelong, go tewa gore bo ka bonwa ke mongwe le mongwe. (1:20, 21; 8:1-11) Go buiwa ka jone jaaka motho mme bo ikuela mo bathong ba ba seng botlhale, mo bo bileng bo latlhela lesedi mo go bopiweng ga lefatshe. (1:22-33; 8:4-36) Abo buka eno e gakgamatsa jang ne! Karolo eno e wela ka setlhogo se e simolotseng ka sone, gore “Go boiha Yehofa ke tshimologō ea botlhale.” (9:10) Mo go yone yotlhe, e gatelela gore go tsaya tsia ditsela tsotlhe tsa ga Jehofa, mmogo le go dirisa tshiamo ya gagwe, ke yone tsela ya botshelo ebile go ka re dibela mo dilong di le dintsi tse di sa batlegeng.
14. Ke dipapisa dife tse eleng phapaang ya tse dingwe tse di dirang gore dithuto tse di nang le mosola tsa buka ya Diane di tlhomologe?
14 Karolo ya Bobedi (10:1–24:34). Fa re fitlha fano re fitlhela dilo tse dintsi tse re ka kgethang mo go tsone, melaometheo e megolo e e sa tsamaisaneng eo e dirisang botlhale mo maemong a a raraaneng a botshelo. Fa e re ruta kafa re ka e dirisang ka tshwanelo ka gone, boikaelelo jwa yone ke go dira gore re nne le boitumelo jo bogolo le botshelo jo bo itumedisang. Dipapisa tsa dilo tse eleng phapaang ya tse dingwe di dira gore dithuto tseno di tlhomologe mo megopolong ya rona. Se se fa tlase ke bontlhanngwe jwa tlhatlhamano ya ditlhogo tse go buiwang ka tsone mo dikgaolong 10, 11, le 12:
lorato fa le bapisiwa le kilo
botlhale fa bo bapisiwa le boeleele
boikanyego fa bo bapisiwa le tsietso
boikanngo fa bo bapisiwa le go senya leina
boammaaruri fa bo bapisiwa le maaka
bopelotshweu fa bo bapisiwa le go nna tsogolekhutshwane
bothakga fa bo bapisiwa le botlhaswa
go tsamaya ka thokgamo fa go bapisiwa le ditsela tse di sokameng
kgakololo e e molemo fa e bapisiwa le go tlhoka kaelo e e siameng
mosadi yo o senatla fa a bapisiwa le mosadi yo o tlhabisang ditlhong
tshiamo fa e bapisiwa le boikepo
boingotlo fa bo bapisiwa le boikgodiso
Fa re akanyetsa tlhatlhamano eno malebana le botshelo jwa letsatsi le letsatsi re tshwanetse go tlhatswega pelo gore eleruri Diane ke buka e e nang le mosola!
15. Naya dikai dingwe tsa maemo a botshelo jwa batho a a farologaneng ao go buiwang ka one mo go Diane.
15 Dikarolo tse di setseng tsa karolo eno (13:1–24:34) di tswelela ka go naya dikgakololo kaga ditekanyetso tsa ga Jehofa e le gore re tle re nne le temogo le tlhaloganyo. Tlhatlhamano ya maemo a mantsi a a farologaneng a go builweng ka one e bontsha kafa buka eno e amang dilo tse dintsi ka gone. Go na le mosola eletota go bo re na le kgakololo eno ya Bibela kaga go ipaya se re seng sone, boikgodiso, gore motho a seka a dira se se fapaaneng le se a se buileng, go nna matseba, batho ba motho o tsalanang nabo, go kgalemela bana le go ba katisa, pono ya motho ya se se siameng, go nna bonya go galefa, go bontsha ba ba patikegileng lorato, tsietso, thapelo, tshotlo, go kgotsofalela dilo tsa botlhokwa mo botshelong, boikgogomoso, papadi ya tsietso, tuelo ya pipamolomo, komano, boikgapo, go itomolola, tidimalo, go tlhaola batho, go omana, boikokobetso, khumo e e feteletseng, go tlhokomela rre kana mmè, dino tse di tagang, go tsietsa, dinonofo tsa mosadi, dimpho, go adima mo mothong yo mongwe, go adima motho yo mongwe, bopelonomi, tshepo, seo e leng dilo tsa motho, go aga lelapa, go tswela ba bangwe pelo, go ipusolosetsa, boithamako, karabo e e bonolo, go tlhatlhanya, le tsala ya boammaaruri. Eleruri ke letlotlo la kgakololo le motho o ka fatang mo go lone go bona kaelo e e molemo mo mererong ya letsatsi le letsatsi! Mo bathong bangwe, go ka nna ga lebega fa dilo di le mmalwa tsa tseno di se botlhokwa mo go kalo, mme se re se lemogang mo go tsone ke gore Bibela ga e tlhokomologe ditlhokafalo tsa rona le eleng mo dilong tse di lebegang di le dinnye. Mo ntlheng eno, buka ya Diane e na le mosola o o senang selekanyo.
16. Ke kgakololo efe e e agang eo e neelwang mo karolong ya boraro ya buka ya Diane?
16 Karolo ya Boraro (25:1–29:27). Go newa kgakololo e e agang mo dikgannyeng tse di tshwanang le tlotlo, bopelotelele, baba, go dirisana le batho ba ba dieleele, go ijesa monate, go fora motho, bopelotshetlha, go utlwisiwa botlhoko ke tsala, tlala, go senya yo mongwe leina, go dira boikarabelo jwa motho, morokotso, boipolelo, diphelelo tsa mmusi yo o bosula, boikgodiso, masego a mmusi yo o siameng, go tlhoka kutlo ga ngwana, go tshwarwa ga batlhanka, temogo, le pono.
17. (a) Ke “polèlō ea boitseyoanape” efe eo e bolelwang ke Agure? (b) Ke ditlhopha dife tse di farologaneng tsa dilo tse nnè tseo a di tlhalosang?
17 Karolo ya Bonè (30:1-33). Seno ke “polèlō ea boitseyoanape” e go bolelwang fa e le ya ga Agure. Morago ga go bolela ka boikokobetso fa a se sepe, mokwadi yono o umaka kafa motho a sa kakeng a kgona go bopa lefatshe le dilo tse di mo go lone ka teng. A re Lefoko la Modimo le ntlafaditswe ebile ke thebe. O kopa gore lefoko la kako le nne kgakala le ene le gore a seka a newa dikhumo lefa e le khumanego. O tlhalosa losika lo lo sa itshekang, lo lo boikgogomoso, lo lo bogagapa loo lo tlisetsang batsadi ba lone bosula. Go bolelwa gore dilo di le nnè tse di sa reng “Go lekanye!” ke dife, mmogo le dilo di le nnè tse go leng thata go di tlhaloganya. (30:15, 16) Go bolelwa ka go ikgolola ka bopelokgale ga mosadi wa seaka. Go tswa foo go tlhalosiwa dilo di le nnè tseo lefatshe le ka sekang la itshoka mo go tsone, dilo di le nnè tse dinnye tseo di leng botlhale ka tlholego fela, le dilo di le nnè tseo di tsamayang ka bothakga. Ka dipapiso tse di tshwanetseng, mokwadi o tlhagisa gore “go tlhotlhelediwa ga bogale go tlo go cose ntwa.”—30:33.
18. Kgosi Lemuele a reng kaga (a) mosadi yo o bosula le (b) mosadi yo o senatla?
18 Karolo ya Botlhano (31:1-31). Seno ke ‘polelo ya boitseanape’ e nngwe, ya ga kgosi Lemuele. E kwadilwe ka mekgwa e mebedi ya go kwala. Karolo ya ntlha e bua kafa motho o ka senngwang ke mosadi yo o bosula ka gone, e tlhagisa kafa bojalwa jo bo tagang bo ka sokamisang katlholo ka gone, mme e bile e ikuela gore katlholo e dirwe ka tshiamo. Mokgwa wa go kwala wa acrostic o o dirisitsweng mo karolong ya bofelo o dirisitswe thata mo tlhalosong e ntle ya mosadi yo o kgonang. Mo dintlheng tse dingwe e bua ka molemo wa gagwe, e supa gore o tshepiwa ke mong wa gagwe ebile o a mo itumedisa. Dinonofo tsa gagwe di akaretsa gore o senatla, o tsoga go sa le gale, o reka ka kelotlhoko, o pelonomi mo batlhoking, mmogo le gore o akanyetsa kwa pele ebile o bua ka botlhale. O kelotlhoko, o tlotlwa ke bana ba gagwe, ebile o bakwa ke monna wa gagwe. Mo godimo ga tsotlhe, o boifa Jehofa.
LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
19. Buka ya Diane ka boyone e itsise boikaelelo jwa yone jo bo nang le mosola jang?
19 Boikaelelo jo bo nang le mosola jwa buka ya Diane bo tlhalosiwa mo ditemaneng tsa yone tsa ntlha: “Go itse botlhale le thutō; go lemoga mahoko a tlhaloganyō; Go chola thutō ea go diha ka botlhale, ka tshiamō, le ka katlholō, le ka tekatekanyō; Go naea eo o sa tlhalehañ matseba, le motho oa lekau kicō le pharologanyō.” (1:2-4) Tumalanong le boikaelelo jo bo tlhalositsweng joo, buka eno e tlotlomatsa kitso, botlhale, le tlhaloganyo, tseo nngwe le nngwe ya tsone e leng botlhokwa ka tsela ya yone.
20. Buka ya Diane ya reng kaga kitso?
20 (1) Selo se segolo se motho o se tlhokang ke kitso, ka gonne ga go molemo fa motho a ka tlhoka kitso. Motho ga a kake a nna le kitso ya bonnete kwantle ga go boifa Jehofa, ka gonne fa motho a nna le poifo eo ke gone fa a simolola go nna le kitso. Kitso e tshwanetse go ratwa go na le gouta e e tlhotlhwakgolo. Ka ntlhayang? Basiami ba gololwa ka kitso; e re thibela gore re se ka ra wela mo boleong. Abo re tlhoka go e hukutsa jang ne, go e gopa! Eleruri ke selo sa botlhokwa. Jalo “sekèga tsèbè, u utlwè mahoko a ba ba botlhale, mme u tsepègè pelo ea gago mo kicoñ ea me.”—22:17; 1:7; 8:10; 11:9; 18:15; 19:2; 20:15.
21. Thuto ya bomodimo ke efe malebana le botlhale?
21 (2) Botlhale, ke go kgona go dirisa kitso sentle go baka Jehofa, “ke selō se segolo.” Bo bapale. Motswedi wa jone ke Jehofa. Botlhale jo bo nayang botshelo bo simologa mo go itseng le go boifeng Jehofa Modimo—seo ke sone sephiri se segolo sa botlhale. Jalo boifa Modimo, eseng motho. Botlhale jo go buiwang ka jone jaaka motho bo bua mafoko mangwe, bo kgothaletsa batho botlhe go baakanya ditsela tsa bone. Botlhale bo goa mo mebileng. Jehofa o bitsa botlhe ba ba senang maitemogelo le ba ba sa tlhalefang go retologa le go iphepa ka senkgwe sa botlhale. Go tswa foo, ereka ba boifa Jehofa, ba tla itumela lefa ba sena sepe se se kalo. Batho ba ba botlhale ba na le masego a mantsi; bo na le diphelelo tse di nang le mosola o mogolo. Botlhale le kitso—dilo tseno ke metheo ya ntlha e motho o e tlhokang gore a kgone go akanya sentle, moo go ka mo dibelang. Ereka tswina ya dinotshe e na le mosola e bile e le monate, botlhale le jone bo ntse fela jalo. Bo na le mosola go na le gouta; ke setlhare sa botshelo. Batho ba ba senang botlhale baa nyelela, ka gonne botlhale bo boloka botshelo; ke botshelo.—4:7; 1:7, 20-23; 2:6, 7, 10, 11; 3:13-18, 21-26; 8:1-36; 9:1-6, 10; 10:8; 13:14; 15:16, 24; 16:16, 20-24; 24:13, 14.
22. Tlhaloganyo e dibela jang?
22 (3) Kwantle ga kitso le botlhale, selo se sengwe sa botlhokwa ke tlhaloganyo; ka gone, “mo go cotlhe tse u di bonyeñ, u bo u bapetse tlhaloganyō.” Tlhaloganyo ke go kgona go bona selo le dilo tsotlhe tse di amanang le sone; e raya temogo, motho ka metlha a akantse ka Modimo, ka gonne motho ga a kake a ikaega ka tlhaloganyo ya gagwe fela. Abo go sa kake ga kgonega jang gore motho a nne le tlhaloganyo le temogo fa a dira se se sa ratweng ke Jehofa! Go dira gore re nne le tlhaloganyo, re tshwanetse go e batla ka tlhoafalo jaaka khumo e e fitlhegileng. Gore re tlhaloganye dilo, re tshwanetse go nna le kitso. Patlisiso e motho yo o tlhaloganyang a e dirang a batla kitso e duela eleruri, mme o tla bona botlhale. O sireletsega mo mameneng a a senang palo a lefatshe leno, a a tshwanang le a a tlisiwang ke batho ba ba bosula ba ba senang palo bao ba ka lekang go raela motho go tsamaya nabo mo tseleng ya lefifi. Abo re ka leboga Jehofa Modimo jang ne—ka e le Motswedi wa kitso e e nayang botshelo, botlhale, le tlhaloganyo!—4:7; 2:3, 4; 3:5; 15:14; 17:24; 19:8; 21:30.
23. Ke mofuta ofe wa kgakololo e e botlhale oo go tla buiwang ka one jaanong?
23 Tumalanong le boikaelelo jo bo nang le mosola jwa buka ya Diane, buka eno e fa kgakololo e ntsi e e botlhale, e e tlhotlheleditsweng go re thusa go bapala tlhaloganyo le go dibela pelo, “gonne macō a botshelō a cwa mo go eōna.” (4:23) Se se latelang ke kgakololo e e tlhophilweng e e nayang botlhale e e gatelelwang mo bukeng eno yotlhe.
24. Ke eng se se tlhalosiwang malebana le baikepi le basiami?
24 Go bontshiwa kafa baikepi e leng phapaang ya basiami ka gone: Moikepi o tla tshwarwa mo ditseleng tsa gagwe tse di sokameng, mme dikhumo tsa gagwe ga di na go mmoloka mo letsatsing la tšhakgalo. Mosiami ene o tla bona botshelo ebile o tla duelwa ke Jehofa.—2:21, 22; 10:6, 7, 9, 24, 25, 27-32; 11:3-7, 18-21, 23, 30, 31; 12:2, 3, 7, 28; 13:6, 9; 14:2, 11; 15:3, 8, 29; 29:16.
25. Buka ya Diane e tlhagisa kgatlhanong le boitsholo jo bo sa siamang jang?
25 Go tlhokega gore batho ba nne le boitsholo jo bo phepa: Solomone o tlhagisa gangwe le gape kaga boitsholo jo bo sa siamang. Batho ba ba diaka ba tla welwa ke sebetso ebile ba tla tlontlologa, mme kgobo ya bone ga e kitla e phimoga. “Metsi a a ucwiwañ” a ka nna a utlwala a le monate mo mothong yo mosha, mme seaka se felela mo losong mme se swa le batho ba ba senang maitemogelo ba se ba dirisitseng. Jehofa o latofatsa ba ba welang mo lemeneng le le boteng la boitsholo jo bo sa siamang.—2:16-19; 5:1-23; 6:20-35; 7:4-27; 9:13-18; 22:14; 23:27, 28.
26. Ke eng se se buiwang kaga boikgapo?
26 Go tlhokega gore batho ba nne le boikgapo: Go kgalwa botagwa le go ja bobe. Batho botlhe ba ba tla amogelwang ke Modimo ba tshwanetse go ja le go nwa ka tekanyo. (20:1; 21:17; 23:21, 29-35; 25:16; 31:4, 5) Bao ba leng bonya go galefa ba na le temogo e kgolo ebile ba nonofile go gaisa monna yo o thata yo o gapang motse. (14:17, 29; 15:1, 18; 16:32; 19:11; 25:15, 28; 29:11, 22) Gape motho o tlhoka go ikgapa gore a seka a tswela ba bangwe pelo le go nna lefufa, selo seo e leng podiso mo marapong a motho.—14:30; 24:1; 27:4; 28:22.
27. (a) Go dirisa puo eseng ka botlhale ke eng? (b) Ke ka ntlhayang fa go le botlhokwa go le kana gore re dirise dipounama tsa rona le loleme ka botlhale?
27 Go bua ka tsela e e botlhale le e e seng botlhale: Puo e e sokameng, yo o senyang ba bangwe maina, mosupi wa kako, le molatofatsi ba tla senolwa, ka gonne ba makgapha mo go Jehofa. (4:24; 6:16-19; 11:13; 12:17, 22; 14:5, 25; 17:4; 19:5, 9; 20:17; 24:28; 25:18) Fa motho a bua dilo tse di molemo ka molomo wa gagwe, e nna motswedi wa botshelo; mme molomo wa seeleele o mo potlakisetsa kwa tshenyegong. “Losho le botshelō di mo thateñ ea loleme; ba ba lo ratañ ba tla ya louñō loa lōna.” (18:21) Go kgalwa go senya ba bangwe maina, puo ya boferefere, go fora ba bangwe, le mafoko a a buiwang a sa akanyediwa. Ke selo se se botlhale go bua boammaaruri, go tlotla Modimo.—10:11, 13, 14; 12:13, 14, 18, 19; 13:3; 14:3; 16:27-30; 17:27, 28; 18:6-8, 20; 26:28; 29:20; 31:26.
28. Boikgodiso bo gobatsa jang, mme boikokobetso bo na le mesola efe?
28 Boeleele jwa go ikgogomosa le go tlhokega ga boikokobetso: Motho yo o boikgogomoso o ikisa kwa godimo mo maemong a tota eseng a gagwe, mo go diragalang gore a we. Batho ba ba pelo e boikgogomoso ba makgapha mo go Jehofa, mme o naya ba ba ikokobeditseng botlhale, kgalalelo, dikhumo, le botshelo.—3:7; 11:2; 12:9; 13:10; 15:33; 16:5, 18, 19; 18:12; 21:4; 22:4; 26:12; 28:25, 26; 29:23.
29. Botshwakga bo tshwanetse go tsewa jang, mme botlhaga bo botlhokwa go le kana kang?
29 Botlhaga, eseng botlhaswa: Motho yo o setshwakga o tlhalosiwa ka ditsela tse dintsi. O tshwanetse go ya go ithuta mo tshoswaneng mme a nne botlhale. Ee, mme motho yo o tlhaga ene—o tla tlhogonolofala!—1:32; 6:6-11; 10:4, 5, 26; 12:24; 13:4; 15:19; 18:9; 19:15, 24; 20:4, 13; 21:25, 26; 22:13; 24:30-34; 26:13-16; 31:24, 25.
30. Buka ya Diane e gatelela gore motho o tshwanetse go nna le ditsala tse di siameng jang?
30 Ditsala tse di siameng: Ke boeleele go tsalana le bao ba sa boifeng Jehofa, le batho ba ba bosula kana ba ba dieleele, le batho ba ba tenegang motlhofo fela, le basebi, kana le batho ba ba jang bobe. Go na le moo, tsalana le batho ba ba botlhale, mme o tla nna botlhale le go gaisa jaaka o ntse.—1:10-19; 4:14-19; 13:20; 14:7; 20:19; 22:24, 25; 28:7.
31. Kgakololo e e botlhale ke efe malebana le kgalemo?
31 Kgalemo le tlhamalatso di a tlhokega: “Eo Yehofa o mo ratañ o tla a mo kgalemèle,” mme ba ba utlwang kotlhao ya gagwe ba tla bona kgalalelo le botshelo. Yo o ilang kgalemo o tla tlontlologa.—3:11, 12; 10:17; 12:1; 13:18; 15:5, 31-33; 17:10; 19:25; 29:1.
32. Ke tao efe e e molemo e e neelwang ka go nna mosadi yo o molemo?
32 Kgakololo ya kafa motho o ka nnang mosadi yo o molemo ka gone: Buka ya Diane e tlhagisa gangwe le gape kgatlhanong le mosadi yo o omanang bobe le yo o dirang dilo tse di tlhabisang ditlhong. Mosadi yo o kelotlhoko, yo o kgonang yo o boifang Modimo o bua molao wa bopelonomi jo bo lorato; motho ope fela yo o bonang mosadi wa go nna jalo o tla segofadiwa ke Jehofa.—12:4; 18:22; 19:13, 14; 21:9, 19; 27:15, 16; 31:10-31.
33. Ke kgakololo efe e e nang le mosola eo e fiwang malebana le go godisiwa ga ngwana?
33 Go godisiwa ga bana: Ba rute ditaolo tsa Modimo ka metlha e le gore ba tle ‘ba seka ba di lebala.’ Ba godise go tswa bonyaneng ka tao ya ga Jehofa. O seka wa tlhoka go ba itaya fa go tlhokega; ka seo e le tshupo ya lorato, thupa ya kgalemo e naya ngwana wa mosimane botlhale. Bao ba godisang bana ka tsela ya Modimo ba tla nna le bana ba ba botlhale bao ba tla itumedisang le go natefelela borraabo le bommaabo fela thata.—4:1-9; 13:24; 17:21; 22:6, 15; 23:13, 14, 22, 24, 25; 29:15, 17.
34. Go sikara boikarabelo jwa go thusa ba bangwe go na le mosola ofe?
34 Boikarabelo jwa go thusa ba bangwe: Seno se gatelelwa gantsi mo go Diane. Motho yo o botlhale o tshwanetse go abela ba bangwe kitso gore le bone ba solegelwe molemo. Gape motho o tshwanetse go nna pelotshweu ka go rata ba ba kobo dikhutshwane, mme ka go dira jalo, tota o a bo a adima Jehofa, yo o tlhomamisang gore o tla mo duela.—11:24-26; 15:7; 19:17; 24:11, 12; 28:27.
35. Fa buka ya Diane e tsenelela kwa moding wa mathata a rona, e fa kgakololo efe?
35 Go ikaega ka Jehofa: Buka ya Diane e tsenelela kwa moding wa mathata a rona ka go re gakolola gore re ikanye Modimo ka botlalo. Re tshwanetse go tsaya Jehofa tsia mo ditseleng tsotlhe tsa rona. Motho o ka nna a rulaganya seo a tlileng go se dira, mme Jehofa ke ene yo o tshwanetseng go kaela dikgato tsa gagwe. Leina la ga Jehofa ke thaba e e thata, eo mosiami a sianelang mo go yone mme a bone tshireletso. Solofela mo go Jehofa mme o batle kaelo mo Lefokong la gagwe.—3:1, 5, 6; 16:1-9; 18:10; 20:22; 28:25, 26; 30:5, 6.
36. Go ka bolelwa gore buka ya Diane ga e ya siiwa ke nako, e na le mosola, ebile e molemo, go ya ka dipono dife?
36 Abo buka ya Diane e le mosola jang ne mo go re ruteng le mo go re otlhayeng mmogo le ba bangwe! Ga go na kamano ya mofuta ope ya batho eo go sa buiweng ka yone. A go na le motho mongwe yo o itomololang mo baobameding ba Modimo ka ene? (18:1) A motho yo o mo maemong mangwe a a kwa godimo o dira diphetso pele ga a ka utlwa matlhakore oomabedi a kgang? (18:17) A motho o rata go tshameka ka ba bangwe mo go diphatsa? (26:18, 19) A motho o na le go tlhaola batho? (28:21) Morekisi yo o mo lebentleleng la gagwe, molemi yo o mo tshimong ya gagwe, monna yo o nyetseng le mosadi yo o nyetsweng le ngwana—botlhe ba newa tao e e molemo. Batsadi ba thusiwa gore ba kgone go thibosa diru tse dintsi tse di fitlhegileng mo tseleng ya basha. Ba ba botlhale ba ka ruta ba ba senang maitemogelo. Diane di na le mosola gongwe le gongwe kwa re tshelang gone; tao ya buka eno le kgakololo ya yone ga di ke di siiwa ke nako: “Buka ya Diane,” ga bolela jalo morutisi wa Moamerika William Lyon Phelps, “e bua ka dilo tsa gompieno go gaisa koranta ya moso ono.”a Buka ya Diane e bua ka dilo tsa gompieno, e na le mosola, ebile e molemo go ruta ka gonne e tlhotlheleditswe ke Modimo.
37. Buka ya Diane e dumalana jang le dithuto tsa ga Solomone yo Mogolwane?
37 Ereka buka ya Diane, tse bontsi jwa tsone di builweng ke Solomone, e siametse go tlhamalatsa dilo, e sokololela batho go Modimo Mothatayotlhe. Mme Jesu Keresete, yo o bidiwang “eo mogolo go heta Solomone” mo go Mathaio 12:42 le ene o ne a dira fela jalo.
38. Buka ya Diane e oketsa go anaanela ga rona Bogosi jwa Modimo jang le jwa melaometheo e e siameng?
38 Abo re tshwanetse go leboga jang ne go bo Motlhalefi yo o tlhomologileng yono e le ene yo Jehofa o mo kgethileng go nna Losika lwa Bogosi! Setilo sa gagwe sa bogosi se tla “tlhōmamisiwa mo tshiamōñ,” gore go nne le puso ya kagiso e e galalelang go gaisa le eleng ya ga Kgosi Solomone. Malebana le puso eo ya Bogosi, go tla buiwa ka yone go twe, “Boutlwèlō botlhoko le boamarure di tlamèla kgosi; setulō sa eōna sa bogosi se tshegediwa ke boutlwèlō botlhoko.” Seo e tla bo e le tshimologo ya puso ya tshiamo e e tla bong e busa batho ka bosakhutleng, e Diane e buang gape ka yone e re: “Kgosi e e atlholañ bahumanegi ka nnete, setulō sa eōna sa bogosi se tla tlhōmama ka bosakhutleñ.” Ka gone, re ka anaanela ka boipelo gore Diane ga di sedifatse tsela ya rona fela mo go batleng kitso, botlhale le tlhaloganyo, mmogo le botshelo jo bosakhutleng, mme, se se leng botlhokwa go feta dilo tseo, di tlotlomatsa Jehofa jaaka Motswedi wa botlhale jwa boammaaruri, joo a bo abang ka Keresete Jesu, Moruaboswa wa Bogosi. Diane di oketsa go anaanela ga rona Bogosi jwa Modimo le melaometheo ya tshiamo eo bo busang ka yone mo nakong eno.—Dia. 25:5; 16:12; 20:28; 29:14.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Treasury of the Christian Faith, 1949, eo e kwadilweng ke Stuber le Clark, tsebe 48.