Buka ya Bibela ya bo 52—1 Bathesalonia
Mokwadi: Paulo
Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Korintha
Go Wediwa ga go E Kwala: mo e ka nnang ka 50 C.E.
1. (a) Go ne ga tla jang gore Bathesalonia wa Ntlha e kwalwe? (b) Lo ne lwa kwalwa leng, mme lokwalo lono lo tlhomologile ka tsela efe?
MOAPOSETOLOI Paulo o ne a etela motsemogolo wa Thesalonika wa Makedonia mo e ka nnang ka ngwaga wa 50 C.E., ka nako ya loeto lwa gagwe lwa bobedi lwa go rera, mme ya re a le koo a tlhoma phuthego ya Bokeresete. Mo ngwageng o le mongwe fela, fa a santse a le mo Korintha a na la Silefano (yo o bidiwang Silase mo bukeng ya Ditihō) le Timotheo, Paulo o ne a tlhotlheletsega go kwala lokwalo lwa gagwe lwa ntlha go Bathesalonia go ba gomotsa le go ba aga mo tumelong. E ka nna ya tswa e ne e le kwa bokhutlong jwa 50 C.E. Go bonala lokwalo lono lo tlhomologile ka go bo e le lokwalo lwa ntlha lwa mekwalo ya ga Paulo lo lo neng lwa nna karolo ya dikwalo tsa Bibela gape, gongwe kwantle ga Efangele ya ga Mathaio, e le buka ya ntlha ya Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika eo e neng ya kwalwa.
2. Go na le bosupi bofe jwa gore ke mang yo o kwadileng Bathesalonia wa Ntlha le gore e boammaaruri?
2 Bosupi jo bo supang gore lokwalo lono lo boammaaruri le gore se se kwadilweng mo go lone se boikanngo bo bogolo fela thata. Paulo o ipolela ka leina fa e le ene yo o le kwadileng, mme buka eno e dumalana mmogo le Lefoko lotlhe le le tlhotlheleditsweng. (1 Bathes. 1:1; 2:18) Lokwalo lono lwa Dikwalo tsa Segerika lo umakiwa ka leina mo ditlhatlhamanong tse dintsi tsa ntlhantlha tsa Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng, go akaretsa le Muratorian Fragment.a Bathesalonia wa Ntlha e tsopotswe kana e umakiwa ke bakwadi ba bantsi ba ntlhantlha ba dikgang tsa kereke, go akaretsa le Irenaeus (wa lekgolo la bobedi la dingwaga C.E.), yo o e umakang ka leina. Chester Beatty Papyrus No. 2 (P46), e e ka nnang ya ngwaga wa 200 C.E., e na le Bathesalonia wa Ntlha, le papirase e nngwe ya lekgolo la boraro la dingwaga (P30), eo jaanong e leng mo Ghent, Belgium, e na le dikapetlana tsa Bathesalonia wa Ntlha le wa Bobedi.b
3, 4. Ke eng se se neng sa diragala ka baka la katlego ya ntlha ya bodihedi jwa ga Paulo kwa Thesalonika?
3 Fa re latlhela matlho mo hisitoring e e kwadilweng ka bokhutshwane ya phuthego ya kwa Thesalonika, pele ga go kwalwa lokwalo lono, re lemoga gore ke eng se se neng se dirile gore Paulo a amege thata ka bakaulengwe ba gagwe ba ba neng ba le mo motsemogolong oo. Go tswa fela kwa tshimologong, phuthego eo e ne ya bogisiwa mo go setlhogo le go ganediwa. Mo go Ditihō kgaolo 17, Luke o bega ka go goroga ga ga Paulo le Silase kwa Thesalonika, “kwa go nañ le ntlo ea thutō ea Bayuda gōna.” Paulo o ne a ba rerela ka bo Sabata ba le bararo, a fetolana le bone ka Dikwalo, mme go na le dilo tse di supang gore o ne a nna koo le eleng go feta lobaka lono, ka gonne o ne a nna le nako ya go dira tiro ya gagwe ya kgwebo, mme mo godimo ga tsotlhe, a bo a kgona go tlhoma le go rulaganya phuthego.—Dit. 17:1; 1 Bathes. 2:9; 1:6, 7.
4 Pego e e mo go Ditihō 17:4-7 e tlhalosa sentle kafa go rera ga baaposetoloi mo Thesalonika go neng ga felela ka gone. Ereka Bajuda ba ne ba fufegela bodihedi jwa Bokeresete jwa ga Paulo, ba ne ba rulaganya segopa sa batho bao ba neng ba tsosa khuduego mo motseng oo. Ba ne ba tlhasela ntlo ya ga Jasone mme ba mo gogela kwa balaoding ba motse oo le bakaulengwe ba bangwe, ba ntse ba goa ka go re: “Batho ba, ba ba tshelepantseñ lehatshe, le mono ba tsile, Me Yasone o ba amogetse: me batho ba botlhe ba tlola melaō ea ga Kaesare, ka ba re, go na le kgosi e ñwe, ga twe, Yesu.” Jasone le ba bangwe ba ne ba patelesega go lefa sengwe pele ga ba ka gololwa. Ka baka la bakaulengwe ba ba mo phuthegong eo, mmogo le gore ba tle ba babalesege, Paulo le Silase ba ne ba tshabisiwa bosigo gore ba ye kwa Berea. Mme phuthego ya mo Thesalonika e ne jaanong e setse e tlhomilwe.
5. Paulo o ne a bontsha jang gore o ne a amegile ka phuthego ya Bathesalonia le gore o ne a e kgatlhegela ka lorato?
5 Bajuda ba ne ba nna ba ganetsa Paulo mo go setlhogo fela le eleng kwa Berea ba bo ba mo tshosetsa ka go batla go mo emisa gore a seka a rera koo. Go tswa foo o ne a ya kwa Athena, mo Gerika. Lefa go le jalo o ne a santse a batla go itse gore bakaulengwe ba gagwe mo Thesalonika ba ne ba tshela jang mo pitlaganong ya bone. O ne a leka gabedi go boela kwa go bone, mme nako nngwe le nngwe ‘Satane o ne a mo ema tseleng.’ (1 Bathes. 2:17, 18) Ereka a ne a tshwenyegile thata ka phuthego eo e neng e santse e simologa eo mme ebile a utlwisiwa botlhoko ke pitlagano eo ba neng ba le mo go yone, Paulo o ne a romela Timotheo gape kwa Thesalonika go ya go gomotsa bakaulengwe le go ba nitamisa mo tumelong. Fa Timotheo a ne a boa a tshotse pego e e omosang pelo, Paulo o ne a tlala ka boitumelo fa a ne a utlwalela gore ba ne ba sa tshikinyege mo bothokgaming jwa bone lefa ba ne ba bogisiwa mo go setlhogo jalo. Mo nakong eno pego ya bone e ne e le sekao mo badumeding botlhe mo Makedonia otlhe le Akaia. (1:6-8; 3:1-7) Paulo o ne a lebogela Jehofa Modimo go bo ba ne ba itshokile ka boikanyegi, mme gape o ne a lemoga gore fa ba ne ba ntse ba tswelela ka go gola go nna batho ba ba tiileng, ba ne ba tla nna ba tlhoka kaelo le kgakololo. Ka jalo, fa Paulo a ne a le mo Korintha a na le Timotheo le Silefano, o ne a kwala lokwalo lwa gagwe lwa ntlha go Bathesalonia.
SEO SE LENG MO GO BATHESALONIA WA NTLHA
6. Paulo o akgolela Bathesalonia eng?
6 Bathesalonia ke sekao go badumedi ba bangwe (1:1-10). Paulo o simolola lokwalo lwa gagwe go Bathesalonia ka go ba akgolela tiro ya bone ya boikanyegi, go dira ga bone ka lorato, le go itshoka ga bone ka tsholofelo ka mo go itumedisang. Mafoko a a molemo ao a neng a rerwa gareng ga bone e ne e se puo fela mme ‘a ne a buiwa ka maatla le ka tumelo e kgolo.’ Ereka Bathesalonia ba ne ba etsa sekao seo ba neng ba se beetswe, ba ne ba amogetse lefoko ka “boitumèlō yoa Mōea o o Boitshèpō” mme bone ka bobone ba ne ba fetogile sekao go badumedi botlhe ba ba neng ba le mo Makedonia, Akaia, le eleng go feta foo. Ba ne ba tlogetse medimo ya bone ya ditshwantsho gotlhelele, “go dihèla Modimo o o tshedileñ le o o boamarure, le go lebèlèla Morwa ōna go cwa legodimoñ.”—1:5, 6, 9, 10.
7. Paulo le bapati ba gagwe ba ne ba ile ba bontsha boikutlo bofe fa ba le gareng ga Bathesalonia, mme ba ne ba ile ba ba kgothaletsa go dira eng?
7 Go amega ga ga Paulo ka Bathesalonia ka lorato (2:1–3:13). Morago ga a sena go tshwarwa setlhogo mo Filipi, Paulo le bapati ba gagwe ba ne ba ipeta pelo ba ya go rerela Bathesalonia. Ba ne ba dira seno e se gore ba itumedise batho kana go ja batho ka loleme kana ba batla go galalediwa ke batho. Phapaanong le seo, Paulo a re, “re ne re le bonōlō mo gare ga lona, yaka ha moamusi a ñomaèla bana ba e leñ ba gagwè: Hèla yalo, ereka re ne re lo tlhōahaletse ka loratō, ra bo re itumèla go lo naea, eseñ Mahoko a a Molemō a Modimo a le aosi, me le e leñ meōea ea rona, ka lo no lo setse lo ratwa ke rona thata.” (2:7, 8) Ba ne ba nnela go kgothaletsa Bathesalonia, jaaka rre a kgothatsa bana ba gagwe, gore ba nne ba sepele jaaka ba ba tshwanetseng Modimo, yo o neng a ba biletsa mo Bogosing jwa gagwe le kgalalelo.
8. Bathesalonia ba ne ba ile ba fetoga boitumelo jo bogolo mo go Paulo jang, mme o ba rapelela eng?
8 Paulo o ba akgolela go bo ba ne ba iketleeletsa go amogela mafoko a a molemo jaaka a ntse, “lehoko ya Modimo.” Ga se bone fela ba ba bogisiwang ke batho ba ga bone, ka gonne badumedi ba ntlha ba kwa Judea ba ne ba bogisiwa ka tsela e e tshwanang ke Bajuda. Ereka Paulo a ne a tlhobaelela go itse gore ba ne ba tshela jang, o ne a batla, ka makgetlo a le mabedi, go tla go ba bona ka namana mme a kgorelediwa ke Satane. Bakaulengwe ba Bathesalonia ba ne ba itumedisa Paulo le badiri ka ene fela thata, e ne e le “kgalalèlō . . . le boitumèlō” jwa bone. (2:13, 20) Ereka a ne a sa tlhole a robadiwa ke go bo go ne go sena dikgang dipe tse di utlwalang ka bone, Paulo o ne a romela Timotheo kwa Thesalonika go ya go nitamisa tumelo ya bone le go ba gomotsa. Jaanong Timotheo o ne a sa tswa go boa a tshotse mafoko a a molemo a gore ba ne ba totafetse mo semoyeng le mo loratong, mme seno se ne se gomoditse moaposetoloi yono ebile se mo itumedisitse. Paulo o leboga Modimo a bo a rapela gore ekete Morena o ka ba thusa gore ba oketsege, e le gore ba tle ba totafale mo go rataneng, le gore dipelo tsa bone di ke di nne tse di “senañ molato, mo boitshepoñ fa pele ga Modimo Rara ka nako ya go nna gone ga Morena Jesu.—3:13.
9. Ke eng se Paulo a se kgothaletsang malebana le boitsheko le go ratana?
9 Go direla ka boitsheko le ka tlotlo (4:1-12). Paulo o akgolela Bathesalonia go bo ba sepela ka tsela e e itumedisang Modimo, mme o ba kgothaletsa gore ba nne ba dire jalo ka botlalo. Mongwe le mongwe “a itse go ikgapa mmele, gore o nnè mo boitshepishoñ le mo tlotloñ, E señ mo dithatoñ tse di mashwè.” Mo ntlheng eno, ga go na ope yo o tshwanetseng go dirisa ditshwanelo tsa wa gagabo ka boferefere. Ka gonne Modimo ga o a ba biletsa “bomashwè, o re bileditse mo boitshepishoñ hèla. Ke gōna eo o ganañ, ga a gane motho, ha e se Modimo.” (4:4, 5, 7, 8) Paulo o akgolela Bathesalonia go bo ba bontshana lorato, mme o ba kgothaletsa gore ba nne ba dire seno ka botlalo, ba dira gore e nne mokgele wa bone gore ba tshele ka tidimalo le go tlhokomela dilo tse e leng tsa bone le go dira ka diatla tsa bone. Ka gonne ba tshwanetse go sepela ka botlhale “mo go ba ba kwa ntlè.”—4:12.
10. Bakaulengwe ba tshwanetse go nna le boikutlo bofe malebana le bao ba robetseng mo losong?
10 Tsholofelo ya tsogo (4:13-18). Malebana le ba ba robetseng mo losong, bakaulengwe ga baa tshwanela go hutsafala jaaka bao ba senang tsholofelo. Fa e le gore ba dumela gore Jesu o ne a swa a bo a tsoga gape, jalo, Modimo ka Jesu o tla tsosa ba bangwe bao ba robetseng mo losong. Ka nako ya go nna gone ga Morena, o tla fologa a tswa kwa legodimong ka loshalaba, “me bashwi ba ba shwetseñ mo go Keresete ba tla coga pele.” Morago ga moo, bao ba santseng ba tshela ba tla “cholediwa mmōgō nabō mo maruñ, [go] ea go kgatlhantsha Morèna mo loapiñ,” gore ba ye go nnela le Morena ruri.—4:16, 17.
11. Ke ka ntlhayang fa Bathesalonia ba tshwanetse go nna ba thantse, mme ba tshwanetse go nna ba dira eng?
11 Go nna re thantse jaaka letsatsi la ga Jehofa le atamela (5:1-28). “Letsatsi ya Morèna le tla hèla yaka legodu bosigo.” Tshenyego ya tshoganetso e tla wela batho ka bofefo fela fa ba tla bo ba ntse ba re “Kagishō le thagamō.” Ka jalo, ekete Bathesalonia ba ka nna ba thantse jaaka “bana ba lesedi, [le] bana ba motshegare,” ba lebeletse ebile ba “apere letlatla ya sehuba ya tumèlō le loratō; me a cholohèlō ea polokō e nnè eōna tlhoro ea phemèlō.” (5:2, 3, 5, 8) Eno ke nako ya gore ba nne ba gomotsane le go agana. A rotlhe re ‘tote thatathata mo loratong’ go bao ba dirang ka natla le bao ba leng balebedi gareng ga bone. Mo letlhakoreng le lengwe, bao ba sa tsamayeng sentle ba tshwanetse go kgalemelwa, ba ba bokoa ba tshwanetse go agiwa, mme batho botlhe ba tshwanetse go itshokelwa. Ee, Paulo o kwala ka go re, “lo nnè lo lekèlè kwa go dihèlaneñ molemō, moñwe le eo moñwe, le mo go botlhe.”—5:13, 15.
12. Kwa bokhutlong Paulo o neela kgakololo ka dikgang dife tsa botlhokwa, mme o digela lokwalo lwa gagwe go Bathesalonia jang?
12 Kwa bokhutlong, Paulo o fa kgakololo kaga dintlha dingwe tsa botlhokwa di le mmalwa: ‘Ipeleng ka metlha. Se kgaotseng go rapela, lebogelang sengwe le sengwe. Tukang mo moyeng ka metlha. Tlotlang boperofeti. Tlhomamisang dilo tsotlhe mme lo tshwarelele mo go se se molemo. Tilang bosula bongwe le bongwe.’ (5:16-22) Go tswa foo o rapela one Modimo ono wa kagiso gore o ba itshepise ka botlalo le gore ekete ba ka nna ba sena molato ope mo moyeng, mo botshelong, le mo mmeleng ka nako ya go nna gone ga Morena Jesu Keresete. O digela lokwalo lwa gagwe ka mafoko a a itumedisang a kgothatso le ka go ba laya ka masisi gore lokwalo lono lo balelwe bakaulengwe botlhe.
LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
13. Paulo le bapati ba gagwe ba ne ba le sekao se se molemo mo go eng, mme go iketleeletsa go bontshana lorato mo phuthegong go felela ka eng?
13 Mo lokwalong lono Paulo o bontsha moya wa go amega ka lorato ka bakaulengwe ba gagwe. Ene le badihedi ka ene ba ne ba tlhomile sekao se se molemo sa go rata ba bangwe ka go ba neneketsa, ka go naya bakaulengwe ba bone ba ba rategang kwa Thesalonika eseng fela mafoko a a molemo a Modimo mme le eleng botshelo jwa bone. Ekete balebedi botlhe ba ka leka go oketsa go nna le lorato lo lo ntseng jalo mo diphuthegong tsa bone! Tshupo eo ya lorato e tla tlhotlheletsa botlhe go bontshana lorato, fela jaaka Paulo a ne a re: “Me a Morèna a dihè mo go lona, gore lo golè lo totahalè mo go rataneñ, le mo go rateñ batho botlhe, hèla yaka le rona re nntse kaga lona.” Fa lorato lono lo bontshiwa sentle gareng ga batho botlhe ba Modimo lo aga tota. Lo dira gore batho ba “tlhōmamisè dipelo tsa [bone] mo go senañ molato, mo boitshepoñ” ha pele ga Modimo le Rra oa rona, mo go tleñ ga Morèna oa rona Yesu a tla le baitshepi botlhe ba gagwè.” Go dira gore Bakeresete ba farologane le lefatshe leno le le bodileng la boitsholo jo bo sa siamang e le gore ba tle ba sepele mo boitshepong le mo boitshekong mme ka gone ba itumedise Modimo.—3:12, 13; 2:8; 4:1-8.
14. Bathesalonia wa Ntlha ke sekao se se molemo sa go fa kgakololo ka matsetseleko, ka lorato jang?
14 Lokwalo lono ke sekao se se molemo fela thata sa go gakolola phuthego ya Bokeresete ka botswerere, le ka lorato. Lemororo bakaulengwe ba Thesalonika ba ne ba le tlhaga ebile ba ikanyega, go ne go na le fa ba neng ba tlhoka go tlhamaladiwa gone. Lefa go ntse jalo, mo lekgetlong lengwe le lengwe, Paulo o akgolela bakaulengwe dinonofo tsa bone tse di molemo. Ka sekai, fa a ba tlhagisa kaga boitsholo jo bo maswe, o simolola pele ka go ba akgolela go bo ba sepela ka tsela e ba itumedisang Modimo ka yone mme go tswa foo a bo a ba kgothaletsa gore ba nne ba “totè segolo bogolo,” mongwe le mongwe a ipoloka a le boitsheko ebile a tlotlega. Go tswa foo, morago ga go ba akgolela lorato lwa bone lwa bokaulengwe, o ba kgothaletsa gore ba tswelele ka tsela eno ‘ka selekanyo se segolo,’ ba tlhokometse dilo tse e leng tsa bone mme ebile ba tshela matshelo a a siameng fa pele ga ba ba ka kwa ntle. Ka botswerere Paulo o tlhokomedisa bakaulengwe ba gagwe gore ba tshwanetse ba “lekèlè kwa go dihèlaneñ molemō, moñwe le eo moñwe, le mo go botlhe.”—4:1-7, 9-12; 5:15.
15. Ke eng se se bontshang gore Paulo o ne a rera tsholofelo ya Bogosi ka botlhaga fa a ne a le kwa Thesalonika, mme o ne a fa kgakololo efe e e molemo malebana le seno?
15 Paulo o umaka ‘go nna gone’ ga ga Jesu Keresete ka makgetlo a le manè. Go lebega Bakeresete ba ba sa tswang go sokologa mo Thesalonika ba ne ba kgatlhegela thuto ya gagwe fela thata. Fa a santse a le mo motseng oo, Paulo kwantle ga pelaelo o ne a rera ka bopelokgale malebana le Bogosi jwa Modimo jo kgosi ya jone e tla bong e le Keresete, jaaka go bontshiwa ke tatofatso e ene le bapati ba gagwe ba latofadiwang ka yone ya go re: “Batho ba botlhe ba tlola melaō ea ga Kaesare, ka ba re, go na le kgosi e ñwe, ga twe, Yesu.” (Dit. 17:7; 1 Bathes. 2:19; 3:13; 4:15; 5:23) Bakaulengwe ba Thesalonika ba ne ba tlhomile tsholofelo ya bone mo Bogosing mme, ereka ba ne ba na le tumelo mo Modimong, ba ne ba letetse “Morwa ōna go cwa legodimoñ, eo Modimo o mo cositseñ mo bashwiñ, eboñ Yesu,” go ba falotsa bogale jo bo tlang. Ka mo go tshwanang, batho botlhe ba ba solofelang mo Bogosing jwa Modimo gompieno ba tlhoka gore ba utlwe kgakololo e e molemo ya Bathesalonia wa Ntlha ya gore ba totafale mo loratong, ka dipelo tse di nitameng le tse di senang molato ope, e le gore ba tle ba ‘sepele ka mo go tshwanetseng Modimo yo o ba biletsang mo bogosing jwa gagwe le kgalalelo.’—1 Bathes. 1:8, 10; 3:12, 13; 2:12.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona tšhate ya “Dikataloko Tse Di Tlhomologileng tsa Pele tsa Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika,” tsebe 303.
b The Text of the New Testament, ka Kurt le Barbara Aland, e e ranotsweng ke E. F. Rhodes, 1987, ditsebe 97, 99.