Dithuto Kaga Dikwa,lo tse di Tlhotlhele Ditsweng le Tshedimosetso Kaga Tsone
Thuto ya bo 5—Tshedimosetso ya Sehebera ya Dikwalo Tse Di Boitshepo
Kafa Dikwalo tsa Sehebera, jaaka karolo ya Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng, di neng tsa kwalololwa ka gone, tsa bolokiwa di ntse jaaka di ne di ntse mo tshimologong, mme tsa nna tsa anamisiwa le go fitlha motlheng ono.
1. (a) ‘Mafoko a ga Jehofa’ a farologana jang le dilo tse dingwe tsa botlhokwa tsa nako e e fetileng? (b) Go tsoga dipotso dife malebana le tsela e Lefoko la Modimo le ileng la bolokiwa ka yone?
‘MAFOKO a ga Jehofa’ ao a kwadilweng a ka nna a tshwantshanngwa le metsi a boammaaruri ao a thetsweng mo letangwaneng le le gakgamatsang thata la dikwalo tse di tlhotlheleditsweng. Abo re leboga jang ne go bo mo nakong yotlhe eo go neng go na le dipuisano tse di tswang kwa legodimong mo go yone, Jehofa a ne a dira gore “metsi” ano a tshelwe golo go le gongwe fela e le gore a nne motswedi o o sa kgaleng wa tshedimosetso e e nayang botshelo! Dilo tse dingwe tsa botlhokwa tsa nako e e fetileng, tse di tshwanang le diaparo tsa segosi, dikago tse e leng boswa, le difikantswe tsa batho, di ile tsa rusa, tsa kgoboga, kana tsa senyega fa nako e ntse e tsamaya, mme mafoko a Modimo wa rona a a tshwanang le dilo tseo tsa botlhokwa a tla nnela ruri go ya go ile. (Isa. 40:8) Lefa go ntse jalo, go tsoga dipotso tsa gore a metsi ano a boammaaruri a ne a kgotlelwa ka tsela nngwe morago ga a sena go tshelwa mo letangwaneng leno. A a ne a nna a ntse a le phepa? A a ile a fetisediwa go ba bangwe fela jaaka a ne a ntse mo tshedimosetsong ya kwa tshimologong ya puo ya ntlha, mo eleng gore se batho ba dipuo tsotlhe mo lefatsheng ba nang le sone gompieno ke sa boammaaruri? Re tla fitlhela gore go tlhatlhobisa karolo eno ya letangwana leno e e itsiweng jaaka tshedimosetso ya Sehebera go kgatlhisa eleruri, ereka re tla lemoga kafa go neng ga dirwa ka kelotlhoko ka gone gore e bolokiwe e ntse fela jaaka e ne e ntse, mmogo le dipaakanyetso tse di molemo fela thata tsa gore e fetisediwe go batho ba merafe yotlhe ya setho le gore ba kgone go nna nayo ka go kwalwa ga ditokololo dingwe le dithanolo tse disha.
2. Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng di ne tsa bolokiwa jang go tla go fitlha mo motlheng wa ga Esere?
2 Dikwalo tsa ntlha tsa dipuo tsa Sehebera le tsa Searamaika di ne tsa kwalwa ke batho ba e neng e le bakwaledi ba Modimo, go simolola ka Moshe ka 1513 B.C.E. go ya go fitlha pele fela ga 443 B.C.E. Go ya kafa go itseweng ka gone gompieno, ga go na lepe la dikwalo tseno tsa ntlha le le santseng le le teng le gompieno. Lefa go ntse jalo, go tswa fela kwa tshimologong, go ne ga dirwa ka kelotlhoko e kgolo gore dikwalo tse di tlhotlheleditsweng di bolokiwe sentle, go akaretsa le dikaelo tsa yone tse di amogetsweng. Mo e ka nnang ka 642 B.C.E., mo motlheng wa ga Kgosi Josia, “lokwalō loa molaō” wa ga Moshe, kwantle ga pelaelo e le sekaelo sa ntlha, lo ne lwa fitlhelwa lo bolokilwe mo ntlong ya ga Jehofa. Ka nako eno go ne go fetile dingwaga di le 871 lo ntse lo bolokilwe. Mokwadi wa Bibela Jeremia o ne a bontsha fa a ne a itumelela thata go bo lokwalo lono lo ne lo bonwe mo a neng a kwala ka gone mo go 2 Dikgosi 22:8-10, mme mo e ka nnang ka ngwaga wa 460 B.C.E., Esere o ne a bua gape ka yone tiragalo eo. (2 Ditih. 34:14-18) O ne a kgatlhegela dilo tseno fela thata, ka gonne “a bo a le mokwadi eo o bobèbè mo molaoñ oa ga Moshe, o Yehofa, Modimo oa Iseraela, o na a o beile.” (Esere 7:6) Kwantle ga pelaelo Esere o ne a kgona go bala memeno e mengwe gape ya Dikwalo tsa Sehebera eo e neng e setse e kwadilwe ka nako eno, gongwe go akaretsa le dikwalo dingwe tse di tlhotlheleditsweng tsa kwa tshimologong. Eleruri, go lebega fa Esere a ne a tshola dikwalo tsa bomodimo ka nako ya motlha wa gagwe.—Neh. 8:1, 2.
MOTLHA WA GO KWALOLOLWA GA MEKWALO YA SEATLA
3. Go ne ga tsoga tlhokafalo efe ya gore go dirwe dikaelo tsa Dikwalo tse di oketsegileng, mme seno se ne sa diragadiwa jang?
3 Go simolola ka nako ya ga Esere go ya pele, batho ba ba oketsegileng ba ne ba batla dikaelo tsa Dikwalo Tsa Sehebera. Bajuda ba ne ba sa boela kwa Jerusalema le kwa Palesetina botlhe fa ba ne ba busediwa gae ka 537 B.C.E. le morago ga foo. Go na le moo, ba le diketekete ba ne ba sala kwa Babelona, fa ba bangwe bone ba ne ba ya kwa mafatsheng a sele ka baka la kgwebo le mabaka a mangwe, mo go neng ga felela ka gore ba fitlhelwe mo mafelong a go neng go na le dikgwebo tse dikgolo mo go one mo lefatsheng leo la bogologolo. Bajuda ba le bantsi ba ne ba etela kwa mafelong a a boitshepo a a kwa Jerusalema ngwaga le ngwaga go ya go keteka meletlo e e farologaneng e e neng e tshwarelwa mo tempeleng, mme ba ne ba nna gone mo kobamelong eo e neng e tshwarwa ka Sehebera sa Bibela. Mo motlheng wa ga Esere Bajuda ba mafatshe ano a mantsi a a kgakala ba ne ba dirisa mafelo a lefelo la bone a bokopanelo ao a neng a bidiwa disinagoge, koo go neng go balelwa ebile go buisanngwa ka Dikwalo tsa Sehebera gone.a Ereka mafelo a mantsi a kobamelo a ne a gasame, bakwalolodi ba ne ba tshwanelwa ke go kwala dikwalo tse di oketsegileng tse di kwadilweng ka seatla.
4. (a) Genizah e ne e le eng, mme e ne e dirisiwa jang? (b) Ke selo sefe sa botlhokwa se se neng sa bonwa mo go nngwe ya tseno ka lekgolo la bo 19 la dingwaga?
4 Gantsi disinagoge tseno di ne di na le bobolokelo jo bo neng bo bidiwa genizah. Fa nako e ntse e tsamaya, Bajuda ba ne ba baya mekwalo e e kwadilweng ka seatla e e latlhilweng e e neng e gagogile kana e onetse ka go bo e ne e le megologolo mo go genizah eno, ba e emisetsa ka e mesha gore e nne yone e e dirisiwang mo sinagogeng. Gangwe le gape, dilo tse di mo go genizah eno di ne di bolokiwa ka masisi kafa tlase ga lefatshe, e le gore tshedimosetso eo—eo e neng e na le leina le le boitshepo la ga Jehofa—e se ka ya itshepololwa. Fa makgolokgolo a dingwaga a ntse a feta, diketekete tsa mekwalo e e kwadilweng ka seatla ya bogologolo ya Bibela ya Sehebera e ne ya se ka ya tlhola e dirisiwa ka tsela eno. Lefa go ntse jalo, go ne ga se ka ga nna jalo ka genizah e e neng e na le dilo tse dintsi ya sinagoge ya kwa Old Cairo, gongwe e le ka gonne e ne e ageletswe lekotswana mme ya lebalwa go fitlhela mo bogareng jwa lekgolo la bo 19 la dingwaga. Ka 1890, fa sinagoge eo e ne e baakanngwa, go ne ga tlhatlhobiwa dilo tse di neng di le mo go genizah eo gape mme dilo tsa botlhokwa tse di neng di le mo go yone di ne tsa nna tsa rekisiwa ka bonya fela kana tsa abiwa. Go tswa fano, mekwalo e e kwadilweng ka seatla e e batlileng e felela le diketekete tsa dikapetlana (tseo dingwe tsa tsone go bolelwang fa e le tsa lekgolo la borataro la dingwaga C.E.) e ile ya isiwa kwa Laeboraring ya Cambridge University le dilaeborari tse dingwe tsa Yuropa le Amerika.
5. (a) Ke mekwalo efe e e kwadilweng ka seatla ya bogologolo ya Sehebera eo jaanong e beilweng ka thulaganyo, mme e bogologolo jo bo kana kang? (b) Ke eng se se lemotshegang fa e ithutiwa?
5 Gompieno, mo dilaeboraring tse di farologaneng go kgabaganya lefatshe, go ilwe ga balwa mekwalo e e kwadilweng ka seatla gongwe e ka nna 6 000 ya Dikwalo tsotlhe tsa Sehebera kana dikarolo tsa tsone ya bo ya rulaganngwa. Go ne go ntse go sena dikwalo dipe tse di kwadilweng ka seatla ya go nna jalo (fa e se dikapetlana di sekae fela) eo e neng e le ya bogologolo jwa lekgolo la bolesome la dingwaga C.E. fa e se bosheng fela jaana. Go tswa foo, ka 1947, mo lefelong la Lewatle Le Le Suleng, go ne ga bonwa momeno wa buka ya Isaia, mme mo dingwageng tsa morago ga foo go ne ga bonwa memeno e mengwe gape ya botlhokwatlhokwa ya Dikwalo tsa Sehebera fa go ne go ntse go bonwa mekwalo mengwe gape ya botlhokwa e e kwadilweng ka seatla e e neng e sale e fitlhilwe mo dikgageng tsa Lewatle Le Le Suleng ka dingwaga di le 1 900. Jaanong baitse ba dilo ba ile ba kwala gore mengwe ya mekwalo eno ya seatla e ne ya kwalololwa mo makgolong a sekae a bofelo a dingwaga B.C.E. Go sekaseka mekwalo e e kwadilweng ka seatla e e ka nnang 6 000 ya Dikwalo tsa Sehebera ka go e tshwantshanya go naya motheo o o utlwalang wa go bolela gore tshedimosetso ya Sehebera ke e e tlhomameng ebile go supa gore tshedimosetso eo e ne ya nna ya anamisiwa e ntse fela jaaka e ne e ntse.
PUO YA SEHEBERA
6. (a) Ke hisitori efe e puo ya Sebehera ya kwa tshimologong e nang le yone? (b) Ke ka ntlhayang fa Moshe a ne a tshwanelega go kwala Genesise?
6 Se batho gompieno ba se bitsang puo ya Sehebera, ka tsela eo e neng e ntse ka yone pele, e ne e le puo eo e neng e buiwa ke Adame mo tshingwaneng ya Edena. Ka baka leno e ka nna ya bidiwa puo ya motho. Ke yone puo e e neng e buiwa ka motlha wa ga Noa, lemororo mafoko a yone a ne a ntse a oketsega. Ka selekanyo se se oketsegileng gape, ke yone puokgolo eo e neng ya sala fa Jehofa a ne a tlhakatlhakanya puo ya batho kwa Toreng ya Babela. (Gen. 11:1, 7-9) Puo ya Sehebera e mo setlhopheng sa dipuo tsa Sejuda, eo e leng e kgolo mo go tsone. Go lebega e le yoorammogo le puo ya Bakanana ba motlha wa ga Aberahame, mme Bakanana ba ne ba tlhama diteme tse di farologaneng go tswa mo Sehebereng sa ga bone. Mo go Isaia 19:18 e bidiwa “puo ya Sekanana.” Ka nako ya gagwe, Moshe o ne a le mokanoki, a sa ithuta botlhale jwa Baegepeto fela mme gape a ithutile puo ya Sehebera ya borraagwemogologolwane. Ka baka leno o ne a ka kgona go bala dikwalo tsa bogologolo tseo a neng a kgona go nna natso, mme tseno e ka nna ya bo e ne ya nna motheo wa tshedimosetso nngwe e o neng a e kwala mo go seo gompieno se bidiwang buka ya Bibela ya Genesise.
7. (a) Sehebera se ne sa tlhabololwa jang kwa moragonyana? (b) Bibela ya Sehebera e ne ya dirisiwa jaaka eng?
7 Moragonyana, mo metlheng ya dikgosi tsa Bajuda, Sehebera se ne sa bidiwa “puō ea Seyuda.” (2 Dikg. 18:26, 28) Mo motlheng wa ga Jesu, Bajuda ba ne ba bua Sehebera se sesha kana se se oketsegileng, mme le sone seo kwa moragonyana sa fetoga Sehebera sa borabi. Lefa go ntse jalo, go tshwanetswe ga elwatlhoko gore mo Dikwalong tsa Sekeresete tsa Segerika, puo eno e santse e bidiwa puo ya “Sehebera,” eseng Searamaika. (Yoh. 5:2; 19:13, 17; Dit. 22:2; Tshen. 9:11) Go tswa fela kwa metlheng ya bogologolo, go ne go patelesega gore motho a itse Sehebera sa Bibela se se neng se tlhaloganngwa ke basupi ba ga Jehofa ba pele ga Bokeresete mmogo le ke basupi ba Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga e le gore a tle a kgone go buisana le ba bangwe.
8. Ke eng se tota re ka se lebogelang, re akantse boikaelelo jwa Dikwalo?
8 Dikwalo tsa Sehebera di ne di ntse jaaka letangwana la metsi a a phepaphepa a boammaaruri joo bo neng jwa bolelelanwa jwa ba jwa kgobokanngwa ka tlhotlheletso ya Modimo. Lefa go ntse jalo, ke bao ba neng ba ka kgona go bala Sehebera fela ba ba neng ba kgona go nwa ka tlhamalalo metsi ano ao a neng a abiwa ke Modimo. Batho ba merafe e mengwe ya diteme tse dintsintsi ba ne ba ka kgona go nwa metsi ano a boammaaruri jang, mme ka gone ba bona kaelo ya bomodimo le tapoloso ya moya wa bone? (Tshen. 22:17) Go ne go ka nna jalo fela ka tsela e le nngwe fela ya go a ranolela mo dipuong tse dingwe go tswa mo Sehebereng, mme ka go dira jalo go okediwa molatswana o o elelang boammaaruri jwa bomodimo gore o elelele kwa bathong ba bangwe ba bantsi. Eleruri re ka leboga Jehofa Modimo go bo e rile go simologa mo lekgolong la bonè kana la boraro la dingwaga B.C.E. go fitlha mo motlheng wa rona, go ile ga ranolelwa dikarolo tsa Bibela mo dipuong tse di ka nnang 1 900. Abo seno e nnile selo se se mosola jang ne mo bathong botlhe ba ba ratang tshiamo, ba go ileng ga dirwa gore ba kgone go “inatehisa” mo metsing ano a botlhokwa!—Pes. 1:2; 37:3, 4.
9. (a) Bibela ka boyone e ntsha bosupi bofe jwa gore e tshwanetse go ranolwa? (b) Dithanolo tsa bogologolo tsa Bibela di ne tsa diragatsa boikaelelo bofe jo bo molemo?
9 A Bibela ka boyone e letlelela kana e kaya fa go ne go tshwanela gore mafoko a yone a ntlha a ranolelwe mo dipuong tse dingwe? Eleruri go ntse jalo! Mafoko a Modimo o neng wa a raya Baiseraele a a reng “Lona merahe, itumeleñ le batho ba gagwè,” le taolo ya boperofeti e Jesu a neng a e neela Bakeresete e e reng, “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe,” di tshwanetse go diragadiwa. Gore seno se diragale, go tlhokafala gore Dikwalo di ranolwe. Fa re leba kwa morago mo e ka nnang makgolo a dingwaga a le 24 ao go neng go ranolwa Bibela mo go one, go phepafetse gore Jehofa o ne a nna a segofatsa tiro eno. Mo godimo ga moo, dithanolo tsa bogologolo tsa Bibela tseo di santseng di le teng e le mekwalo e e kwadilweng ka seatla le tsone di ile tsa tlhomamisa gape gore letangwana leno la boammaaruri la Sehebera e ne e ntse e le mafoko a ntlha.—Dute. 32:43; Math. 24:14.
DIPHETOLELO TSA NTLHANTLHA TSE DI RANOTSWENG
10. (a) Dibuka tse Tlhano tsa Sesamarea ke eng, mme ke ka ntlhayang fa di na le mosola mo go rona gompieno? (b) Naya sekai se se bontshang go dirisiwa ga Dibuka tse Tlhano tsa Sesamarea mo go New World Translation.
10 Dibuka tse Tlhano ka Sesamarea. Go na le phetolelo e e bidiwang Dibuka tse Tlhano ka Sesamarea tseo e leng tsa metlha ya bogologolo, tse, jaaka leina la tsone le kaya, e leng dibuka tsa ntlha tse tlhano tsa Dikwalo tsa Sehebera. Tota ke tshedimosetso ya Sehebera e e ranoletsweng ka thanolo ya kadimomafoko mo Sesamareeng, e e tserweng mo mekwalong e e kwadilweng ka seatla ya Sehebera ya bogologolo. Ke tshupiso e e nang le mosola go tshedimosetso ya Sehebera ya motlha oo. Thanolo eno ya kadimomafoko e ne ya dirwa ke Basamarea—e le ditlogolwana tsa bao ba neng ba tlogelwa mo Samarea morago ga bogosi jwa ditso tse some tsa Iseraela bo sena go fenngwa ka 740 B.C.E. le bao ba neng ba tlisiwa ke Baasiria ka nako eo. Basamarea ba ne ba tlhakanya kobamelo ya Iseraele le ya medimo ya bone ya seheitane, mme ba ne ba dumela mo Dibukeng tse Tlhano. Go akanngwa gore ba ne ba di ikwalololela mo e ka nnang ka lekgolo la bonè la dingwaga B.C.E., lemororo bakanoki bangwe ba akantsha gore e ka nna ya bo e nnile moragonyana ka lekgolo la bobedi la dingwaga B.C.E. Ebile tota, fa ba bala tshedimosetso eo, ba bitsa mafoko a Sehebera. Lemororo tshedimosetso eo e na le dintlha di ka nna 6 000 tse e farologanang ka tsone le tshedimosetso ya Sehebera, bontsi jwa tsone ke tse eseng tsa sepe fela. Bontsi jwa dikaelo tse di leng gone tsa mekwalo e e kwadilweng ka seatla ke tse di nnileng gone pele ga lekgolo la dingwaga la bo 13 C.E. Go na le ditshupiso dingwe tse di lebisitseng go Dibuka tse Tlhano ka Sesamarea mo dintlhanyaneng tse di kwa tlase mo go New World Translation.b
11. Di-Targum ke eng, mme di na le mosola ofe malebana le tshedimosetso ya Dikwalo tsa Sehebera?
11 Di-Targum tsa Searamaika. Lefoko la Searamaika le le rayang “phuthololo” kana polelwana e e rayang gore “tlhaloso ka mafoko a sele” ke targum. Go simolola mo motlheng wa ga Nehemia go ya pele, Searamaika se ne sa dirisiwa jaaka puo e e neng e buiwa ke Bajuda ba bantsi ba ba neng ba nna mo kgaolong ya Peresia, ka jalo go ne go tlhokega gore fa go balwa Dikwalo tsa Sehebera go bo go etla go ranolelwa mo puong eo. E ka nna ya tswa e le gore ba ne ba dirisa sebopego sa puo ya bone ya bosheng eseng pele ga mo e ka nnang ka lekgolo la botlhano la dingwaga C.E. Lefa e le ditlhaloso ka mafoko a mangwe fela tsa fale le fale tsa tshedimosetso ya Sehebera, mme e se thanolo e e tlhamaletseng, di tlhalosa go le gontsi kaga tshedimosetso eno mme ebile di thusa mo go tlhaloseng ditshetla dingwe tse di boima. Go dirwa ditshupiso gangwe le gape go Targums mo dintlhanyaneng tse di kwa tlase mo go New World Translation.c
12. Septuagint ke eng, mme ke ka ntlhayang fa e le botlhokwa go le kana?
12 Septuagint ya Segerika. Phetolelo ya botlhokwa go di feta tsotlhe ya Dikwalo tsa Sehebera, le e e leng thanolo ya ntlha go tswa mo Sehebereng e e ileng ya kwalwa, ke Septuagint (se se rayang “Masome a Supa”) ya Segerika. Thanolo ya yone e ne ya simologa mo e ka nnang ka 280 B.C.E, go ya kafa go neng go tlwaelegile ka gone, ke bakanoki ba le 72 ba Bajuda ba kwa Alexandria, mo Egepeto. Moragonyana, ka tsela nngwe go ne ga dirisiwa palo ya 70, mme ke gone ka moo phetolelo eo e neng ya bidiwa Septuagint. Kafa go bonalang ka gone e ne ya wediwa nako nngwe mo lekgolong la bobedi la dingwaga B.C.E. E ne ya nna Dikwalo tsa Bajuda ba ba buang Segerika mme e ne ya dirisiwa fela thata go tla go fitlha mo motlheng wa ga Jesu le baaposetoloi ba gagwe. Mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika, bontsi jwa ditsopolo tse 320 tse di tlhamaletseng le ditsopolo le ditshupiso tsa Dikwalo tsa Sehebera tse di leng 890 fa di sobokanngwa tsotlhe di thailwe mo go Septuagint.
13. Ke dikapetlana dife tsa Septuagint tse di santseng di le gone le mo motlheng wa gompieno, mme mosola wa tsone ke eng?
13 Gompieno go santse go ka bonwa dikapetlana di le mmalwa tse go ka ithutiwang ka tsone tsa Septuagint tse di kwadilweng mo komeng. Ke tsa botlhokwa ka gonne ke tsa metlha ya pelepele ya Bokeresete, mme lemororo gantsi e le ditemana di sekae fela kana dikgaolo, di thusa mo go tlhatlhobiseng diteng tsa Septuagint. Mophutho wa Fouad Papyri (Inventory No. 266) o ne wa bonwa mo Egepeto ka 1939 mme go ile ga fitlhelwa fa e le wa lekgolo la ntlha la dingwaga B.C.E. O na le dikarolo tsa dibuka tsa Genesise le Duteronome. Leina la Modimo ga le bonale mo dikapetlaneng tsa Genesise, ka gonne buka eo e sa bolokiwa yotlhe. Lefa go ntse jalo, mo bukeng ya Duteronome, le bonala mo mafelong a le mmalwa, le kwadilwe ka ditlhaka tse di dikhutlonnè tsa Sehebera mo gare ga tshedimosetso ya Segerika.d Dikoma dingwe ke tsa bogologolo jwa lekgolo la bonè la dingwaga C.E., fa go ne go simololwa go dirisiwa vellum e go neng go kwalelwa ka seatla mo go yone, e e neng e le letlalokwalelo le le boleta le gantsi le neng le dirilwe ka letlalo la namane, la nku, kwanyana la podi.
14. (a) Origen o supa eng kaga Septuagint? (b) Septuagint e ne ya fetolwa leng le gone jang? (c) Bakeresete ba ntlha ba tshwanetse ba bo ba ne ba naya bosupi bofe fa ba dirisa Septuagint?
14 Ke selo se se kgatlhisang go bo leina la Modimo, le le kwadilweng ka Ditlhaka tse Nnè, le bonala le mo go Septuagint ya Hexapla ya ga Origen ya dikolomo tse thataro, eo e neng ya digelwa mo e ka nnang ka 245 C.E. Fa Origen a akgela ka Pesalema 2:2, o ne a kwala jaana kaga Septuagint: “Mo mekwalong e le mentsi e e kwadilweng ka seatla e e kwadilweng ka tsepamo LEINA leno le tlhaga le kwadilwe ka ditlhaka tsa Sehebera, lefa go ntse jalo eseng ka [ditlhaka] tsa Sehebera sa gompieno, mme eleng ka tsa bogologolo tala.”e Go lebega bosupi jwa gore Septuagint e ne ya fetolwa go tswa fela mo nakong ya bogologolo e le jo bo ka sekang jwa belaelwa, ereka go kwadilwe Kyʹri·os (Morena) le The·osʹ (Modimo) mo boemong jwa Ditlhaka tse Nnè. Ereka Bakeresete ba pele ba ne ba dirisa mekwalo e e kwadilweng ka seatla eo e neng e na le leina la Modimo, ga go kake ga tsewa gore ba ne ba latela tlwaelo ya Sejuda fa ba ne ba sa bitse “LEINA” fa ba le mo bodireding jwa bone. Ba tshwanetse ba bo ba ne ba kgona go naya bosupi ka leina la ga Jehofa ka tlhamalalo fela go tswa go Septuagint ya Segerika.
15. (a) O dirisa tšhate e e mo tsebeng ya 314, tlhalosa gore mekwalo e e kwadilweng ka seatla ya vellum le ya letlalo ya Septuagint ke eng. (b) New World Translation e lebisa go yone jang?
15 Go santse go na le di-vellum di le makgolokgolo le matlalo tseo go kwaletsweng ka seatla mo go tsone tsa Septuagint ya Segerika. Di le mmalwa tsa tseno, tseo di neng tsa kwalwa gareng ga lekgolo la bonè la dingwaga C.E. le lekgolo la borobabongwe la dingwaga C.E., ke tsa botlhokwa ka gonne mo go tsone go kwadilwe bontsi jwa Dikwalo tsa Sehebera. Di bidiwa di-uncial ka gonne di kwadilwe tsotlhe ka ditlhaka tse dikima, tse di sa tshwaraganang tse dikgolo. Tse di setseng di bidiwa di-minuscule ka gonne di kwadilwe ka mokwalo o mmotlana, wa ditlhaka tse di tshwaraganeng. Mekwalo e e kwadilweng ka seatla e e kwadilweng ka ditlhaka tse dipotlana, kana tse di golaganeng, e ne ya nna yone e e dirisiwang thata go simolola ka lekgolo la borobabongwe la dingwaga go fitlhela go simololwa go kwala ka go gatisa. Mekwalo e e kwadilweng ka seatla e e tlhomologileng ya ditlhaka tse dikgolo tse di sa tshwaraganang ya lekgolo la bonè le la botlhano la dingwaga, eleng, Vatican No. 1209, Sinaitic, le Alexandrine, tsotlhe di na le Septuagint ya Segerika eo e nang le dipharologano di sekaenyana fela. Go lebisiwa go Septuagint gangwe le gape mo dintlhanyaneng tse di kwa tlase le dikakgelo dingwe mo go New World Translation.f
16. (a) Vulgate ya Selatine ke eng, mme ke ka ntlhayang fa e na le mosola go le kana kana? (b) Naya sekai sa kafa New World Translation e neng e lebisa go yone.
16 Vulgate ya Selatine. Phetolelo eno e ile ya nna yone motswedi o o neng wa dirisiwa ke baranodi ba le bantsi ba Katoliki bao ba neng ba kwala diphetolelo tse dingwe ka dipuo tse dintsi tsa Labodumedi kwa Bophirima. Vulgate e ne ya nna gone jang? Lefoko la Selatine le le reng vulgatus le raya “se se tlwaelegileng, seo se itsegeng thata.” Fa Vulgate e ne e bonala lantlha, e ne e kwadilwe ka Selatine se se tlwaelegileng, kana se se itsegeng sa motlha oo mo se neng se tlhaloganngwa motlhofo ke batho ba ba tlwaelegileng fela ba Mmusomogolo wa Roma wa Bophirima. Mokanoki Jerome, yo o neng e le ene a kwadileng thanolo eno, pele o ne a ile a kwala sesha gabedi Dipesalema tsa Selatine sa Bogologolo, a di bapisa le Septuagint ya Segerika. Lefa go ntse jalo, o ne a ranola Vulgate Bible ya gagwe ka tlhamalalo go tswa dipuong tsa ntlha tsa Sehebera le Segerika mme ka gone e ne e se phetolelo e e tswang mo phetolelong e nngwe. Jerome o ne a kwala thanolo ya gagwe ya Selatine go tswa mo Sehebereng go simologa mo e ka nnang ka 390 C.E. go ya go 405 C.E. Lefa dikwalo tseo tsotlhe di ne di akaretsa dibuka tsa Apocrypha, tseo ka nako eno di neng di le mo dikaelong tsa Septuagint, Jerome o ne a bontsha pharologanyo gareng ga dibuka tse e neng e le karolo ya Dikwalo le tse e neng e se tsone. New World Translation e lebisa go Vulgate ya ga Jerome makgetlo a le mantsi mo dintlhanyaneng tse di kwa tlase tsa yone.g
DITSHEDIMOSETSO TSA NTLHA TSA PUO YA SEHEBERA
17. Bakwadi kana Ba-Sopherim e ne e le bomang, mme Jesu o ne a ba kgalela eng?
17 Ba-Sopherim. Banna ba ba neng ba kwalolola Dikwalo tsa Sehebera go simolola mo metlheng ya ga Esere go ya go fitlha ka nako ya ga Jesu ba ne ba bidiwa bakwadi, kana Ba-Sopherim. Fa nako e ntse e tsamaya, ba ne ba simolola go dira diphetogo dingwe mo tshedimosetsong eo ka bogabone fela. Ebile tota, Jesu ka boene o ne a kgala batho bano ba ba neng ba tla nna batshodi ba Molao a sa kgwe mathe ka go bo ba ne ba ipagololela mogodu.—Math. 23:2, 13.
18. (a) Bamasora e ne e le bomang, mme ke dikakgelo dife tse di botlhokwa tse ba neng ba di akgela kaga tshedimosetso ya Sehebera? (b) Dikai dingwe tsa dilo tse ba neng ba di baakanya ke dife, jaaka go lemotshitswe mo go New World Translation?
18 Bamasora ba Senola Diphetolo Dingwe. Bakwadi ba ba neng ba tlhatlhama Ba-Sopherim mo makgolong a dingwaga morago ga ga Keresete ba ne ba bidiwa Bamasora. Batho bano ba ne ba lemoga diphetolo tseo di neng tsa dirwa ke Ba-Sopherim, ba di kwala mo thoko kana kwa bofelong jwa tshedimosetso ya Sehebera. Dintlhanyana tseno tse di mo thoko di ne tsa bidiwa Masora. Bamasora ba ne ba kwala dintlha di le 15 tse di sa tlwaelegang tsa Ba-Sopherim, eleng, mafoko a le 15 le ditshetla mo tshedimosetsong ya Sehebera tseo di neng di tshwailwe ka maronthonyana kana methalonyana. Dingwe tsa dintlha tseno tse di sa tlwaelegang ga di ame thanolo ya Seesemane kana phuthololo ya yone ka gope, mme tse dingwe di dira jalo ka jalo ke tsa botlhokwa.h Ba-Sopherim ba ne ba dira gore poifo ya bone ya tumelabotlhodi ya go sa bitse leina la ga Jehofa e ba raele go le fetola gore le balege ka gore ʼAdho·naiʹ (Morena) mo mafelong a le 134 le gore le balege ka gore ʼElo·himʹ (Modimo) mo makgetlong a mangwe. Mo go Masora go kwadilwe diphetogo tseno.i Ba-Sopherim kana bakwadi ba ntlha gape ba pegwa molato wa gore ba ne ba dira dipaakanyo di ka nna 18, go ya ka ntlha nngwe e e mo go Masora, lemororo go bonala gore di ne di bile di le dintsi.j Dipaakanyo tseno di ka nna tsa tswa di ne di dirwa ka maikaelelo a a molemo ka gonne go bonala fa tshetla ya ntlha e ne e bontsha go sa sisimoge Modimo kana go sa tlotle baemedi ba gagwe ba ba mo lefatsheng.
19. Tshedimosetso ya ditumammogo ya Sehebera ke eng, mme e ne ya tlhomama leng?
19 Tshedimosetso ya Ditumammogo. Ditlhaka tsa Sehebera ke ditumammogo di le 22, tse di senang ditumanosi. Pelepele, mmadi o ne a tshwanela go itsenyetsa medumo ya ditumanosi go ya kafa a neng a itse puo eo ka gone. Mokwalo wa Sehebera o ne o tshwana le mokwalo wa ditlhaka tse di khutshwafaditsweng. Le eleng mo Seesemaneng sa motlha wa segompieno go na le mafoko a le mantsi a khutshwafatso ya one e itsegeng ao batho ba a dirisang ao go dirisitsweng ditumammogo fela. Ka sekai, go na le ltd. e e leng khutshwafatso ya limited. Ka mo go tshwanang, puo ya Sehebera e na le mafoko a le mantsi ao a dirilweng ka ditumammogo fela. Ka gone, fa go twe “tshedimosetso ya ditumammogo” go tewa tshedimosetso ya Sehebera e e senang ditumanosi ka gope. Tshedimosetso ya ditumammogo ya mekwalo e e kwadilweng ka seatla ya Sehebera e ne ya tlhomamisiwa gareng ga lekgolo la ntlha le labobedi la dingwaga C.E., lemororo mekwalo e e kwadilweng ka seatla ya ditshedimosetso tse di farologaneng e ne ya nna ya nna gone ka nako e e rileng. Go ne ga se ka ga tlhola go dirwa diphetolo dipe, go sa tshwane le nako e e fetileng ya Ba-Sopherim.
20. Bamasora ba ne ba dira eng malebana le tshedimosetso ya Sehebera?
20 Tshedimosetso ya Bamasora. Mo sephatlong sa bobedi sa sekete sa ntlha sa dingwaga C.E., Bamasora (ba·ʽalehʹ ham·ma·soh·rahʹ ka Sehebera, se se rayang “Beng ba Ngwao”) ba ne ba simolola tsamaiso nngwe ya go dirisa matshwao a fa ditumanosi di tsenang gone le matshwao a go bitsa ditlhaka. Ano a ne a nna thuso mo go se se kwadilweng fa go ne go balwa le go bidiwa medumo ya ditumanosi dingwe, fa mo nakong e e fetileng gone go bidiwa ga mafoko go ne go utlwiwa mo bathong ba bangwe fela. Bamasora ba ne ba seka ba dira diphetogo dipe mo tshedimosetsong eo ba neng ba e kwala lefa go ntse jalo ba ne ba kwala dintlha dingwe mo thoko mo go Masora fa ba ne ba bona go tshwanela. Ba ne ba nna kelotlhoko fela thata gore ba seka ba itirela ka bogabone fela mo tshedimosetsong eo. Mo godimo ga moo, mo go Masora ya bone, ba ne ba tlhokomedisa dilo tse di neng di sa tshwanela mo tshedimosetsong eo mme ba kwala kafa e neng e tshwanetse go balega ka gone go ya kafa ba neng ba bona go tlhokega ka gone.
21. Tshedimosetso ya Bamasora ke eng?
21 Makgotla a le mararo a Bamasora a ne a tshwaregile mo go tlhabololeng go bidiwa le go tsenya matshwao a medumo mo tshedimosetsong ya ditumammogo, e leng, la Sebabelona, la Sepalesetina, le la Setiberia. Tshedimosetso ya Sehebera e jaanong e leng Bibela ya Sehebera e e gatisitsweng e bidiwa tshedimosetso ya Masora mme e dirisa tsamaiso e e neng ya tlhangwa ke lekgotla la Setiberia. Tsamaiso eno e ne ya tlhabololwa ke Bamasora ba Tiberia, eleng motse o o kafa lotshitshing lo lo kafa bophirima lwa Lewatle la Galilea. Dintlhanyana tse di kwa tlase mo go New World Translation di lebisa makgetlo a le mantsi go tshedimosetso ya Masora (tlase ga letshwao la M) le go dintlhanyana tse di kafa thoko, tse di bidiwang Masora (tlase ga letshwao la Mmargin).k
22. Ke mokwalo ofe wa seatla wa ditshedimosetso tsa Sebabelona o jaanong o leng teng, mme o ntse jang fa o bapisiwa le tshedimosetso ya Setiberia?
22 Lekgotla la Palesetina le ne le kwala matshwao a tumanosi fa godimo ga ditumammogo. Ke palo e sekae fela ya mekwalo e e kwadilweng ka seatla ya go nna jalo eo re nang nayo gompieno, se se bontshang gore tsamaiso eno ya go tsenya modumo mo ditlhakeng e ne e na le diphoso dingwe. Tsamaiso ya Sebabelona ya go tshwaya fa ditumanosi di tsenang gone le yone mo go yone ditumanosi di ne di kwalelwa kwa godingwana ga ditumammogo. Mokwalo mongwe wa seatla o o bontshang go tsenya matshwao ga Sebabelona ke Petersburg Codex ya Baperofeti, ya 916 C.E., o o neng wa bolokiwa kwa Leningrad Public Library, kwa U.S.S.R. Codex eno e na le dibuka tsa Isaia, Yeremia, Esekiele, le tsa baperofeti “ba babotlana,” mme e na le dintlhanyana tse di mo thoko (Masora). Bakanoki ba ile ba tlhatlhobisa mokwalo ono o o kwadilweng ka seatla fela thata ba bo ba o bapisa le tshedimosetso ya Setiberias. Lemororo mo go one go dirisiwa tsamaiso ya go tsenya modumo mo ditlhakeng ka go kwalela ditumanosi kwa godingwana ga ditumammogo, tota e dira jaaka go dirilwe mo tshedimosetsong ya Setiberia malebana le tshedimosetso ya ditumammogo le ditumanosi tsa one tsa Masora. Kwa Musiamong wa Boritane go na le sekaelo sa tshedimosetso ya Sebabelona ya Dibuka tse Tlhano, eo go fitlhetsweng fa e dumalana ka botlalo le tshedimosetso ya Setiberia.
23. Ke mekwalo efe e e kwadilweng ka seatla ya Sehebera e e fitlhetsweng gaufi le Lewatle Le Le Suleng?
23 Mememo ya Lewatle Le Le Suleng. Go ne ga simologa selo sengwe sa botlhokwa se se kgatlhisang fela thata mo hisitoring ya mekwalo e e kwadilweng ka seatla ya Sehebera. Mo legageng lengwe kwa Wadi Qumram (Nahal Qumeran), mo lefelong le go leng Lewatle Le Le Suleng mo go lone, go ne ga fitlhelwa momeno wa ntlha wa Isaia, mmogo le memeno e mengwe ya Bibela le e e seng ya Bibela. Ka bokhutshwane fela morago ga moo, go ne ga gatisiwa sekaelo se se feletseng sa momeno oo o o neng o ntse o bolokesegile sentle wa Isaia (1QIsa) gore bakanoki ba kgone go tlhatlhobisa ka one. Go dumelwa gore e ne e le wa go ya kwa bofelong jwa lekgolo la bobedi la dingwaga B.C.E. Eleruri, go ne go bonwe selo se se molemolemo—mokwalo o o kwadilweng ka seatla wa Sehebera o o fetang ka bogologolo jwa dingwaga tse di ka nnang sekete mokwalo ope o o kwadilweng ka seatla o o leng gone wa tshedimosetso e e dumelwang ya Masora ya Isaia!l Mo dikgageng tse dingwe tsa Qumran go ne ga bonwa dikapetlana tsa memeno e e fetang e le 170 tseo e neng e le dikarolo tsa dibuka tsotlhe tsa Dikwalo tsa Sehebera kwantle ga Esethere. Go santse go ntse go tlhatlhobisiwa memeno ya go nna jalo le gompieno.
24. Mekwalo eno e e kwadilweng ka seatla e ntse jang fa e bapisiwa le tshedimosetso ya Masora, mme New World Translation e e dirisa jang?
24 Mokanoki mongwe o bega gore fa a ne a tlhatlhobisa Pesalema 119 e telele go di feta tsotlhe mo Momenong wa Lewatle Le Le Suleng mongwe wa botlhokwatlhokwa (11QPsa) o ne a fitlhela fa mafoko a yone a batla a tshwana ka botlalo le a tshedimosetso ya Masora ya Pesalema ya 119. Malebana le Momeno wa Dipesalema, Moperofesa J. A. Sanders o ne a lemotsha ka go re: “Bontsi jwa [dipharologanyo] ke tsa go sa kwalwang sentle ga mafoko fela mo go leng botlhokwa fela mo bakanoking bao ba kgatlhegelang go itse fela kafa mafoko a Sehebera a neng a bidiwa ka gone bogologolo, le dilo tse di tshwanang le tseo.”a Dikai tse dingwe tsa mekwalo eno e e kwadilweng ka seatla e e kgatlhisang ya bogologolo e supa gore ga go na dipharologanyo tse di kalo mo makgetlong a le mantsi. Momeno wa ga Isaia ka boone, lemororo o bontsha dipharologanyo dingwe mo mopeletong le mo thutapuong, ga o farologane ka gope mo dintlheng tsa dithuto tsa motheo. Momeno ono o o gatisitsweng wa Isaia o ne wa tlhatlhobisiwa malebana le dipharologano tsa one fa go ne go baakanyediwa go kwalwa ga New World Translation, mme go na le ditshupiso tse di lebisitsweng go one.b
25. Jaanong go builwe ka ditshedimosetso dife tsa Sehebera, mme fa re di ithuta re tlhomamisega ka eng?
25 Jaanong go setse go builwe ka ditsela tse dikgolo tse Dikwalo tsa Sehebera di neng tsa anamisiwa ka tsone. Tsa konokono ke Dibuka tse Tlhano ka Sesamarea, Di-Targum tsa Searamaika, Septuagint ya Segerika, tshedimosetso ya Sehebera ka Setiberia, tshedimosetso ya Sehebera ka Sepalesetina, tshedimosetso ya Sehebera ka Sebabelona, le tshedimosetso ya Sehebera ya Memeno ya Lewatle Le Le Suleng. Ka baka la go tlhatlhobisiwa le go tshwantshanngwa ga tshedimosetso eno le e nngwe, re tlhomamisega gore Dikwalo tsa Sehebera tse re nang natso gompieno di ntse fela jaaka fa batlhanka ba ba tlhotlheleditsweng ba Modimo ba ne ba di kwala kwa tshimologong.
TSHEDIMOSETSO E E PHEPAFADITSWENG YA SEHEBERA
26. (a) Go ne ga tlhatlhobisiwa tshedimosetso ya Sehebera leng ka tlhoafalo ka mo go oketsegileng, mme dingwe tsa dibuka tse dikgolo tse di ileng tsa gatisiwa ke dife? (b) Tshedimosetso ya ga Ginsburg e ile ya dirisiwa jang?
26 Tokololo e e tlhomameng e e gatisitsweng ya Bibela ya Sehebera e e neng e santse e dirisiwa mo lekgolong la bo 19 la dingwaga e ne e le Second Rabbinic Bible ya ga Jacob ben Chayyim e e neng ya gatisiwa ka 1524-25. Bakanoki ba ne ba seka ba tlhatlhobisa tshedimosetso ya Sehebera ka tlhoafalo ka mo go oketsegileng go fitlhela ka lekgolo la bo 18 la dingwaga. Ka 1776-80, kwa Oxford, Benjamin Kennicott o ne a gatisa tshedimosetso e e farologaneng go tswa mo mekwalong e e kwadilweng ka seatla e feta 600 ya Sehebera. Go tswa foo, ka 1784-98, kwa Parma, mokanoki mongwe wa Montariana J. B. de Rossi o ne a gatisa tshedimosetso e e farologaneng ya mekwalo eno e e kwadilweng ka seatla e e fetang 800. Mokanoki wa Mohebera S. Baer, wa Jeremane, le ene o ne a gatisa tshedimosetso ya ntlha. Mo metlheng ya bosheng fela jaana, C. D. Ginsburg o ne a senya dingwaga di le dintsi a kwala tshedimosetso e e tlhatlhobisitsweng sentle ya Bibela ya Sehebera. Buka eno e ne ya bonala lantlha ka 1894, mme ya tlhabololwa labofelo ka 1926.c Joseph Rotherham o ne a dirisa tokololo ya 1894 ya tshedimosetso eno fa a ne a kwala thanolo ya gagwe ya Seesemane, The Emphasised Bible, ka 1902, mme Moperofesa Max L. Margolis le badirimmogo le ene ba ne ba dirisa tshedimosetso ya ga Ginsburg le Baer fa ba ne ba kwala thanolo ya bone ya Dikwalo tsa Sehebera ka 1917.
27, 28. (a) Biblia Hebraica ke eng, mme e ile ya tlhabololwa leng? (b) New World Translation e ile ya dirisa tshedimosetso eno jang?
27 Ka 1906 mokanoki wa Mohebera Rudolf Kittel o ne a tlhagisa tokololo ya ntlha (mme moragonyana, a tlhagisa tokololo ya bobedi) ya buka ya gagwe e e tlhabolotsweng ya Sehebera ya setlhogo se se reng, Biblia Hebraica, kana “Bibela ya Sehebera” kwa Jeremane. Mo bukeng eno Kittel o ne a kwala dintlha tse di ka dirisiwang mo tshedimosetsong ka go dirisa dintlhanyana tse di kwa tlase tse di oketsegileng, tseo di neng tsa bapisa kana tsa tshwantshanya mekwalo e le mentsi e e kwadilweng ka seatla ya Sehebera ya tshedimosetso ya Bamasora eo e neng e le gone ka nako eo. O ne a dirisa tshedimosetso e batho ka bontsi ba neng ba e dumela ya ga Jacob ben Chayyim jaaka tshedimosetso ya motheo. Fa ditshedimosetso tse e neng e le tsa bogologolo, tse ebileng e ne e le tsa maemo a a kwa godimo tsa Masora tsa ga Ben Asher, tseo di neng di ile tsa tlhomamisiwa mo e ka nnang ka lekgolo la bo 10 la dingwaga C.E. di ne di nna gone, Kittel o ne a simolola go kwala tokololo e e farologaneng gotlhelele ya Biblia Hebraica. Buka eno e ne ya digelwa ke bakwadi mmogo nae morago ga loso lwa gagwe.
28 Biblia Hebraica ya ga Kittel, eleng tokololo ya bo 7, ya bo 8, le ya bo 9 (tsa 1951-55), e ne ya nna yone ya motheo e e neng ya dirisiwa mo karolong ya Sehebera ya New World Translation ka Seesemane. Tokololo e ntšha ya tshedimosetso ya Sehebera, e e bidiwang Biblia Hebraica Stuttgartensia, ya ngwaga wa 1977, e ne ya dirisiwa go tlhabolola tshedimosetso e e kwadilweng mo dintlhanyaneng tse di kwa tlase mo go New World Translation e e gatisitsweng ka 1984.
29. Ke karolo efe ya Biblia Hebraica eo e neng e na le mosola o mogolo mo go busediweng ga leina la Modimo?
29 Dintlhanyana tse di mo thoko tsa Masora tse Kittel a di kwadileng, tseo mo go tsone go kwadilweng diphetolo tse dintsi tse di neng tsa dirwa ke bakwadi ba pele ga Bokeresete, di thusitse gore mo go New World Translation go kgonwe go kwalwa dintlha tsa bonnete, go akaretsa le gore leina la Modimo, eleng Jehofa, le busediwe mo mannong a lone. Tiro e e golang ka metlha ya bokanoki jwa Bibela e okediwa gape ke thuso ya New World Translation.
30. (a) O dirisa tšhate e e mo tsebeng ya 308 e e bontshang metswedi ya karolo ya Dikwalo tsa Sehebera tsa tshedimosetso ya New World Translation, tlhotlhomisa hisitori ya tshedimosetso ya Sehebera go ya go tsena mo go Biblia Hebraica jaaka motswedi o mogolo wa New World Translation. (b) Metswedi e mengwe eo Komiti ya Thanolo ya New World Bible e lebisang kwa go yone ke efe?
30 Mo go yone thuto eno go na le tšhate eo go kwadilweng metswedi ya Dikwalo tsa Sehebera tsa New World Translation. Tšhate eno e bontsha ka bokhutshwane kafa tshedimosetso ya Sehebera e neng ya simologa ka gone ga ba ga tla gore Kittel a kwale Biblia Hebraica, eo e neng ya nna motswedi o mogolo o o neng wa dirisiwa. Metswedi e mebotlana e e neng ya dirisiwa e supilwe ka tselana e tshweu e e makgaoganyane. Seo ga se a direlwa go supa gore mo diphetolelong tse di tshwanang le Vulgate ya Selatine le Septuagint ya Segerika, go ilwe ga tlhatlhobisiwa dibuka tsa ntlha. Fela jaaka dikwalo tse di tlhotlheleditsweng tsa Sehebera ka botsone, diphetolelo tsa ntlha tsa tseno jaanong ga di sa tlhola di le gone. Metswedi eno e ne ya tlhatlhobisiwa go dirisiwa ditokololo tse di tlhomameng tsa dibuka tseo kana dithanolo tse di tlhomameng tsa bogologolo le dikakgelo tse di dirilweng ka kelotlhoko. Fa Komiti ya Thanolo ya New World Bible e ne e tlhatlhobisa metswedi e e farologaneng eno, e ne ya kgona go ntsha thanolo ya maemo a a kwa godimo le e e ka ikanngwang ya Dikwalo tsa ntlha tse di tlhotlheleditsweng tsa Sehebera. Metswedi eno yotlhe e supilwe mo dintlhanyaneng tse di kwa tlase tsa New World Translation.
31. (a) Ka jalo, karolo ya Dikwalo tsa Sehebera ya New World Translation ke matswela a eng? (b) Ka gone ke eng se re ka se lebogelang le se re ka se solofelang?
31 Ka gone karolo ya Dikwalo tsa Sehebera ya New World Translation e nnile gone morago ga kanoko le tlhatlhobiso e e tsereng dingwaga tse dintsi ya Bibela. E thailwe mo tshedimosetsong ya bogologolo tala, ebile ke matswela a a nang le mosola fela thata a tshedimosetso e e anamisitsweng ka tsela e e ikanyegang. Ereka mafoko a yone a lomagana sentle ebile e le ya mofuta o o kgatlhisang, ke thanolo e e ikanyegang le e e leng ya bonnete mo go bao ba batlang go ithuta Bibela ka tlhoafalo. Abo re leboga Jehofa jang ne, Modimo o o buisanang le batho, go bo Lefoko la gagwe le tshela ebile le naya maatla gompieno! (Baheb. 4:12) Ekete batho ba dipelo tse di ikanyegang ba ka tswelela ka go aga tumelo ka go ithuta Lefoko le eleng la botlhokwa la Modimo ba bo ba tlhotlheletsega go dira thato ya ga Jehofa mo metlheng eno ya botlhokwatlhokwa.—2 Pet. 1:12, 13.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Ga go itsiwe gore disinagoge di ne tsa simololwa go dirisiwa leng. E ka nna ya bo e ne e le ka nako ya dingwaga tse 70 ya fa Bajuda ba ne ba fuduseditswe kwa Babelona fa go ne go sena tempele epe ka nako eo, kana e ka nna ya bo e ne e le ka bokhutshwane fela morago ga ba sena go boa kwa lefatsheng leo ba neng ba fuduseditswe kwa go lone, mo motlheng wa ga Esere.
b Bona “Sam” mo dintlhanyaneng tse di kwa tlase mo go NW, mo go Genesise 4:8; Ekesodo 6:2; 7:9; 8:15; le 12:40. Thanolo eno ya bofelo e re thusa go tlhaloganya Bagalatia 3:17.
c Bona “T” mo dintlhanyaneng tse di kwa tlase mo go NW mo go Dipalō 24:17; Duteronome 33:13; le Pesalema 100:3.
d Reference Bible, appendix 1C, “The Divine Name in Ancient Greek Versions [Leina la Modimo Mo Diphetolelong tsa Bogologolo tsa Segerika.]”
e Insight on the Scriptures, Bol. 2, tsebe 9.
f New World Translation e lemotsha dipharologanyo tseno ka lotshwao lwa LXX- go supa Sinaitic, le LXXA go supa Alexandrine, le LXXB go supa Vatican. Bona dintlhanyana tse di kwa tlase mo go 1 Dikgosi 14:2 le 1 Ditihalō 7:34; 12:19.
g Bona “Vg” mo ntlhanyaneng e e kwa tlase mo go Ekesodo 37:6, mo go NW.
h Reference Bible, appendix 2A, “Extraordinary Points. [Dintlha tse di sa Tlwaelegang].”
i Reference Bible, appendix 1B, “Scribal Changes Involving the Divine Name [Diphetogo tse di Dirilweng ke Bakwadi tse di Kopanyeletsang Leina la Modimo].”
j Reference Bible, appendix 2B, “Emendations (Corrections) of the Sopherim [Dipaakanyo tsa Ba-Sopherim].”
k Bona dintlhanyana tse di kwa tlase tsa NW mo go Pesalema 60:5; 71:20; 100:3; le 119:79.
l Insight on the Scriptures, Bol. 1, tsebe 322.
a The Dead Sea Psalms Scroll, 1967, J. A. Sanders, tsebe 15.
b Bona “IQIsa” mo dintlhanyaneng tse di kwa tlase tsa Isaia 7:1; 14:4 mo go NW.
c Bona “Gins.” mo ntlhanyaneng e e kwa tlase mo go Lefitiko 11:42, NW.
[Tšhate mo go tsebe 313]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
MEKWALO MENGWE E E KWADILWENG KA SEATLA E MEGOLO YA KOMA
Ya Dikwalo tsa Sehebera
Leina la Mokwalo o o Nash Koma
Kwadilweng ka Seatla
Letlha lekg. la bo 2 kana la bo 1 la dingwaga B.C.E.
Puo Sehebera
E kwa Cambridge, Enngelane
Leina la Mokwalo o o Rylands 458
Kwadilweng ka Seatla
Letshwao 957
Letlha lekg. la bo 2 la dingwaga B.C.E.
Puo Segerika
E kwa Manchester, Enngelane
Phopholetso ya Diteng Dikapetlana tsa Duteronome dikgao. 23-28
Leina la Mokwalo o o Fouad 266
Kwadilweng ka Seatla
Letlha lekg. la bo 1 la dingwaga B.C.E.
Puo Segerika
E kwa Cairo, Egepeto
Phopholetso ya Diteng Dikarolo tsa Genesise le
Duteronome
Dikai tsa kafa lo dirisitsweng ka gone mo go New World
Translation—With References (bona dintlhanyana tse
di kwa tlase tsa dikwalo tse di sa tsopolwang)
appendix 1C
Leina la Mokwalo o o Momeno wa Lefitiko wa Lewatle
Kwadilweng ka Seatla Le Le Suleng
Letshwao 4Q LXX Levb
Letlha lekg. la bo 1 la dingwaga B.C.E.
Puo Segerika
E kwa Jerusalema, Iseraela
Phopholetso ya Diteng Dikapetlana tsa Lefitiko
Dikai tsa kafa lo dirisitsweng ka gone mo go New World
Translation—With References (bona dintlhanyana tse di kwa tlase
tsa dikwalo tse di sa tsopolwang)
Leina la Mokwalo o o Chester Beatty 6
Kwadilweng ka Seatla
Letshwao 963
Letlha lekg. la bo 2 la dingwaga C.E.
Puo Gerika
E kwa Dublin, Ireland, le Ann Arbor,
Mich., U.S.A.
Phopholetso ya Diteng Dikarolo tsa Dipalō le
Duteronome
Leina la Mokwalo o o Chester Beatty 9, 10
Kwadilweng ka Seatla
Letshwao 967/968
Letlha lekg. la bo 3 la dingwaga C.E.
Puo Segerika
E kwa Dublin, Ireland, le Princeton,
N.J., U.S.A.
Phopholetso ya Diteng Dikarolo tsa Esekiele, Daniele,
le Esethere
Tsa Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika
Leina la Mokwalo o o Oxyrhynchus 2
Kwadilweng ka Seatla
Letshwao P1
Letlha lekg. la bo 3 la dingwaga C.E.
Puo Segerika
E kwa Philadelphia, Pa., U.S.A.
Phopholetso ya Diteng Math. 1:1-9, 12, 14-20
Leina la Mokwalo o o Oxyrhynchus 1228
Kwadilweng ka Seatla
Letshwao P22
Letlha lekg. la bo 3 la dingwaga C.E.
Puo Gerika
E kwa Glasgow, Scotland
Phopholetso ya Diteng Dikapetlana tsa Yohane
dikgao. 15, 16
Leina la Mokwalo o o Michigan 1570
Kwadilweng ka Seatla
Letshwao P37
Letlha lekg. la bo 3/bo 4 la
dingwaga C.E.
Puo Gerika
E kwa Ann Arbor, Mich., U.S.A.
Phopholetso ya Diteng Math. 26:19-52
Leina la Mokwalo o o Chester Beatty 1
Kwadilweng ka Seatla
Letshwao P45
Letlha lekg. la bo 3 la dingwaga C.E.
Puo Gerika
E kwa Dublin, Ireland; Vienna, Austria
Phopholetso ya Diteng Dikapetlana tsa Mathaio, Mareko,
Luke, Yohane, le Ditihō
Dikai tsa kafa lo dirisitsweng ka gone mo go New World
Translation—With References (bona dintlhanyana tse di kwa
tlase tsa dikwalo tse di sa tsopolwang)
Leina la Mokwalo o o Chester Beatty 2
Kwadilweng ka Seatla
Letshwao P46
Letlha mo e ka nnang ka 200 C.E.
Puo Gerika
E kwa Dublin, Ireland; Ann Arbor,
Mich., U.S.A.
Phopholetso ya Diteng Dikwalo tse di robangbongwe tsa
ga Paulo
Dikai tsa kafa lo dirisitsweng ka gone mo go New World
Translation—With References (bona dintlhanyana tse di kwa
tlase tsa dikwalo tse di sa tsopolwang)
Leina la Mokwalo o o Chester Beatty 3
Kwadilweng ka Seatla
Letshwao P47
Letlha lekg. la bo 3 la dingwaga C.E.
Puo Gerika
E kwa Dublin, Ireland
Phopholetso ya Diteng Tshen. 9:10–17:2
Dikai tsa kafa lo dirisitsweng ka gone mo go New World
Translation—With References (bona dintlhanyana tse di kwa
tlase tsa dikwalo tse di sa tsopolwang)
Leina la Mokwalo o o Rylands 457
Kwadilweng ka Seatla
Letshwao P52
Letlha c.125 C.E
Puo Gerika
E kwa Manchester,Enngelane
Phopholetso ya Diteng Yohane 18:31-33, 37, 38
Dikai tsa kafa lo dirisitsweng ka gone mo go New World
Translation—With References (bona dintlhanyana tse di kwa
tlase tsa dikwalo tse di sa tsopolwang)
Leina la Mokwalo o o Bodmer 2
Kwadilweng ka Seatla
Letshwao P66
Letlha c. 200 C.E.
Puo Gerika
E kwa Geneva,Switzerland
Phopholetso ya Diteng Karolo e kgolo ya Yohane
Translation—With References (bona dintlhanyana tse di kwa
tlase tsa dikwalo tse di sa tsopolwang)
Leina la Mokwalo o o Bodmer 7
Kwadilweng ka Seatla
Letshwao P72
Letlha lekg. la bo 3/bo 4 la
dingwaga C.E.
Puo Gerika
E kwa Geneva,Switzerland
le Laeborari ya Vatican mo
Roma, Italy
Phopholetso ya Diteng Yude, 1 Petere, le 2 Petere
Leina la Mokwalo o o Bodmer 14, 15
Kwadilweng ka Seatla
Letshwao P75
Letlha lekg. la bo 3 la
dingwaga C.E.
Puo Gerika
E kwa Geneva,Switzerland
Phopholetso ya Diteng Karolo e kgolo ya Luke
le Yohane
Dikai tsa kafa lo dirisitsweng ka gone mo go New World
Translation—With References (bona dintlhanyana tse di kwa
tlase tsa dikwalo tse di sa tsopolwang)
[Tšhate mo go tsebe 314]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
MEKWALO MENGWE E E KWADILWENG KA SEATLA E MEGOLO E E KWALETSWENG GO VELLUM LE MO MATLALONG
Ya Dikwalo tsa Sehebera (ka Sehebera)
Leina la Mokwalo o o A1 Aleppo
Kwadilweng ka Seatla
Letshwao A1
Letlha 930 C.E.
Puo Sehebera
E kwa E pele e neng e le kwa
Aleppo,Siria. Jaanong e mo
Iseraela.
Phopholetso ya Diteng Karolo e kgolo ya Dikwalo tsa
Sehebera (tshedimosetso ya ga
Ben Asher)
Dikai tsa kafa lo dirisitsweng ka gone mo go New World
Translation—With References (bona dintlhanyana tse di kwa
tlase tsa dikwalo tse di sa tsopolwang)
Leina la Mokwalo o o British Museum Codex Or4445
Kwadilweng ka Seatla
Letlha lekg. la bo 10 la dingwaga C.E. Puo Sehebera
E kwa Lontone, Enngelane
Phopholetso ya Diteng Karolo e kgolo ya Dibuka tse
Tlhano
Leina la Mokwalo o o Ca Cairo Karaite
Kwadilweng ka Seatla
Letshwao Ca
Letlha 895 C.E.
Puo Sehebera
E kwa Cairo, Egepeto
Phopholetso ya Diteng Baperofeti ba ntlha le ba
moragonyana
Dikai tsa kafa lo dirisitsweng ka gone mo go New World
Translation—With References (bona dintlhanyana tse di kwa
tlase tsa dikwalo tse di sa tsopolwang)
Leina la Mokwalo o o Leningrad Codex
Kwadilweng ka Seatla
Letshwao B 19A
Letlha 1008 C.E
Puo Sehebera
E kwa Leningrad, U.S.S.R. Phopholetso ya Diteng Dikwalo tsa Sehebera
Dikai tsa kafa lo dirisitsweng ka gone mo go World
Translation—With References (bona dintlhanyana tse di kwa
tlase tsa dikwalo tse di sa tsopolwang)
appendix 1A
Leina la Mokwalo o o Codex ya Petersburg ya Baperofeti
Kwadilweng ka Seatla
Letshwao B 3
Letlha 916 C.E.
Puo Sehebera
E kwa Leningrad, U.S.S.R.
Phopholetso ya Diteng Baperofeti ba Moragonyana
Dikai tsa kafa lo dirisitsweng ka gone mo go New World
Translation—With References (bona dintlhanyana tse di kwa
tlase tsa dikwalo tse di sa tsopolwang)
appendix 2B
Leina la Mokwalo o o Lewatle Le Le Suleng
Kwadilweng ka Seatla Momeno wa Ntlha wa Isaia
Letshwao 1QIsa
Letlha Bofelo jwa lekg.la bo 2 la
dingwaga B.C.E.
Puo Sehebera
E kwa Jerusalema, Iseraele
Phopholetso ya Diteng Isaia
Dikai tsa kafa lo dirisitsweng ka gone mo go New World
Translation—With References (bona dintlhanyana tse di kwa
tlase tsa dikwalo tse di sa tsopolwang)
Leina la Mokwalo o o Momeno wa Di-pesalema wa
Kwadilweng ka Seatla Lewatle Le Le Suleng
Letshwao 11QPsa
Letlha lekg. la bo 1 la dingwaga C.E.
Puo Sehebera
E kwa Jerusalema, Iseraele
Phopholetso ya Diteng Dikarolo tse 41 tsa sephatlo sa
boraro sa Dipesalema
Ya Septuagint le Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika
Leina la Mokwalo o o Sinaiticus
Kwadilweng ka Seatla
Letshwao 01( א)
Letlha lekg. la bo 4 la dingwaga C.E.
Puo Gerika
E kwa Lontone, Enngelane
Phopholetso ya Diteng Karolo ya Dikwalo tsa Sehebera
le Dikwalo tsotlhe tsa
Segerika mmogo le dibuka
dingwe tsa Apocrypha
Dikai tsa kafa lo dirisitsweng ka gone mo go New World
Translation—With References (bona dintlhanyana tse di kwa
tlase tsa dikwalo tse di sa tsopolwang)
Leina la Mokwalo o o Alexandrinus
Kwadilweng ka Seatla
Letshwao A (02)
Letlha lekg. la bo 5 la dingwaga
Puo Gerika
E kwa Lontone, Enngelane
Phopholetso ya Diteng Dikwalo tsotlhe tsa Sehebera
le tsa Segerika (dikarolo dingwe
tse dipotlana tse
di latlhegileng kana tse di
senyegileng) mmogo le dibuka
dingwe tsa Apocrypha
Dikai tsa kafa lo dirisitsweng ka gone mo go New World
Translation—With References (bona dintlhanyana tse di kwa
tlase tsa dikwalo tse di sa tsopolwang)
Leina la Mokwalo o o Vatican 1209
Kwadilweng ka Seatla
Letshwao B (03)
Letlha lekg. la bo 4 la dingwaga C.E.
Puo Gerika
E kwa Vatican Library mo Roma, Italy
Phopholetso ya Diteng Pele e ne e le Bibela e
e feletseng. Jaanong ga
go bonwe: Gen. 1:1–46:28;
Bahebera morago ga 9:14;
2 Timotheo;
Tito; Filemone; Tshenolō
Dikai tsa kafa lo dirisitsweng ka gone mo go New World
Translation—With References (bona dintlhanyana tse di kwa
tlase tsa dikwalo tse di sa tsopolwang)
Yoh. 1:18; 7:53–8:11
Leina la Mokwalo o o Ephraemi Syri rescriptus
Kwadilweng ka Seatla
Letshwao B (03)
Letlha lekg. la bo 4 la dingwaga C.E.
Puo Gerika
E kwa Paris, France
Phopholetso ya Diteng Dikarolo tsa Dikwalo
tsa Sehebera (matlhare a le 64)
le tsa Dikwalo tsa Segerika
(matlhare a le 145)
Dikai tsa kafa lo dirisitsweng ka gone mo go New World
Translation—With References (bona dintlhanyana tse di kwa
tlase tsa dikwalo tse di sa tsopolwang)
Leina la Mokwalo o o Codex Bezae Cantabrigiensis
Kwadilweng ka Seatla
Letshwao Dea (05)
Letlha lekg. la bo 5 la dingwaga C.E.
Puo Segerika-Selatine
E kwa Cambridge, Enngelane
Phopholetso ya Diteng Enngelane Karolo e kgolo ya
Diefangele tse nnè
le Ditihō, ditemana di sekae tsa
3 Yohane
Dikai tsa kafa lo dirisitsweng ka gone mo go New World
Translation—With References (bona dintlhanyana tse di kwa
Luke 15:21 (go lebisitswe
fela go lotshwao lwa “D”)
Leina la Mokwalo o o Codex Claromontanus
Kwadilweng ka Seatla
Letshwao DP (06)
Letlha lekg. la bo 6 la dingwaga C.E.
Puo Segerika-Selatine
E kwa Paris, France
Phopholetso ya Diteng Dikwalo tsa Boaposetoloi
tsa ga Paulo (go akaretsa le
Bahebera)
Dikai tsa kafa lo dirisitsweng ka gone mo go New World
Translation—With References (bona dintlhanyana tse di kwa
Bagal. 5:12 (go lebisitswe
fela go letshwao la “D”)
[Setshwantsho mo go tsebe 308]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
Metswedi ya Tshedimosetso ya New World Translation—Dikwalo tsa
Sehebera
Dikwalo tsa Ntlha tsa Sehebera le Dikaelo tsa Ntlha
Dithanolo tsa Dikwalo tsa Sehebera ka Searamaika
Memeno ya Lewatle Le Le Suleng
Dibuka tse Tlhano ka Sesamarea
Septuagint ya Segerika
Selatine sa Bogologolo
Se-Copt, Seithiopia, Se-Armenia
Tshedimosetso ya Sehebera ya Ditumammogo
Vulgate ya Selatine
Diphetolelo tsa Segerika—Aquila, Theodotion, Symmachus
Syriac Peshitta
Tshedimosetso Masora
Codex ya Cairo
Codex ya Petersburg, ya Baperofeti
Codex ya Aleppo
Tshedimosetso ya ga Ginsburg ya Sehebera
Codex ya B 19A ya Leningrad
Biblia Hebraica (BHK), Biblia Hebraica
Stuttgartensia (BHS)
New World Translation
Dikwalo tsa Sehebera—Seesemane; Go tswa Seesemaneng go ya mo Dipuong tse Dintsi Tse Dingwe tsa Segompieno
[Setshwantsho mo go tsebe 309]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
Metswedi ya Tshedimosetso ya New World Translation—Dikwalo tsa
Bokeresete tsa Segerika
Dikwalo tsa Ntlha tsa Segerika le Dikaelo tsa Pele
Phetolelo ya Se-Armenia
Ditshedimosetso tsa Se-Copt
Diphetolelo tsa Se-Syria—Se-Cureton, Se-Philoxenus,
Se-Harclean, Se-Palasetina, Se-Sinai, Se-Peshitta sa
Selatine sa Bogologolo
Latin Vulgate
Ditshedimosetso tsa Selatine se se
Tlhabolotsweng tsa Sistine le Clement
Mokwalo wa Segerika o o Tshwaraganeng Mekwalo
ya seatla
Tshedimosetso ya ga Erasmus
Tshedimosetso ya ga Stephanus
Textus Receptus
Tshedimosetso ya Se gerika ya Griesbach
Emphatic Diaglott
Dikoma—(ka sekai,Chester Beatty P45, P46, P47; Bodmer
P66, P74, P75)
Mekwalo e e Kwadilweng ka Seatla ya Segerika sa
Ntlha ka Ditlhaka tse Dikgolo—Vatican 1209 (B),
Sinaitic (א),Alexandrine (A)Ephraemi
Syrirescriptus (C),Bezae (D)
Tshedimosetso ya Segerika ya ga Westcott le Hort
Tshedimosetso ya ga Bover ya Segerika
Tshedimosetso ya ga Merk ya Segerika
Tshedimosetso ya ga Nestle-Aland ya Segerika
Tshedimosetso ya Segerika ya United Bible Societies
Diphetolelo tse 23 tsa Sehebera (lekgolo la dingwaga la bo
14 go ya go la bo 20), tse di ka tswang di ranotswe go
tswa mo Segerikeng kana mo go Latin Vulgate, go dirisiwa
Ditlhaka tse Nne jaaka leina la Modimo
New World Translation
Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika—Seesemane; Go tswa mo Seesemaneng go ya mo Dipuong tse Dingwe tse Dintsi tsa Segompieno