A Lefatshe Leno le Tla Falola?
Ga go na kokomana epe e nngwe e e ileng ya utlwa go bolelwa thata jaana ka bokhutlo jwa lefatshe. Bontsi bo boifa gore lefatshe leno le tla nyelediwa ke molelo wa nuklea. Bangwe ba akanya gore go kgotlelwa ga tikologo go ka nna ga nyeletsa lefatshe. Lefa go ntse jalo ba bangwe ba tshwenyega ka gore tlhakatlhakano ya ikonomi e tlile go dira gore batho ba bolaane e le bone.
A tota lefatshe leno le ka khutla? Fa go ne go ka nna jalo, seo se ne se tla kaya eng? A go na le lefatshe le le kileng la khutla?
Lefatshe Fa Le Khutla—Le Emelwa Ke Le Lengwe
Ee, lefatshe lengwe le kile la khutla. Akanya kafa lefatshe le neng la nna boikepo ka teng mo metlheng ya ga Noa. Bibela e tlhalosa jaana: “Me ea nna aōna a lehatshe ya yale le senyegileñ ka aōna, ka le penologèlwa ke metse.” Bibela e bolela gape jaana: “[Modimo] oa se ka oa rèkègèla lehatshe ya bogologolo, yale ka o tlisa morwalèla mo lehatshiñ ya baikepi, me oa boloka Noa, a le moreri oa tshiamō, a na le ba bañwe ba shupa.”—2 Petere 2:5; 3:6.
Ela tlhoko gore go khutla ga lefatshe leo go ne ga kaya eng le gore go ne ga se ka ga kaya eng. Go ne go sa kaye gore batho ba ne ba sa tlhole ba le teng. Noa le lelapa la gagwe ba ne ba falola Morwalela wa lefatshe lotlhe. Go ne ga nna fela jalo le ka polanete eno eleng Lefatshe mmogo le magodimo a mantle a a tletseng dinaledi. Go ne ga khutla ‘lefatshe la baikepi,’ tsamaiso e e boikepo ya dilo.
Kgabagare, fa ditlogolwana tsa ga Noa di ntsifala, go ne ga nna le lefatshe le lengwe gape. Lefatshe leo la bobedi, kana tsamaiso eo ya dilo, e ile ya nna teng go fitlha mo motlheng ono wa rona. Hisitori ya yone e ile ya tlala dintwa, bokebekwa, le thubakanyo. Go tlile go diragala eng ka lefatshe leno? A le tla falola?
Isagwe ya Lefatshe Leno
Pego ya Bibela e tswelela jaana fa e sena go bolela gore lefatshe la motlha wa ga Noa le ne la senngwa: “Me magodimo a gompiyeno a beecwe molelō, le lehatshe.” (2 Petere 3:7) Go ntse fela jalo, jaaka mokwadi yo mongwe wa Bibela a tlhalosa jaana: “Me lehatshe [le le leng teng gompieno] lea heta.”—1 Yohane 2:17.
Bibela ga e kae gore lefatshe leno la mmatota kana magodimo a a tletseng dinaledi a tlile go nyelela, fela jaaka a se kile a nyelela mo motlheng wa ga Noa. (Pesalema 104:5) Go na le moo, lefatshe leno, le “magodimo” a lone, kana dipuso tse di tlhotlhelediwang ke Satane, le “lefatshe,” kana batho, di tlile go senngwa jaaka ekete ke ka molelo. (Yohane 14:30; 2 Bakorintha 4:4) Lefatshe leno, kana tsamaiso eno ya dilo, e tlile go nyelela fela jaaka go ne ga diragala ka lefatshe la pele ga Morwalela. Le eleng le ene Jesu Keresete o ne a bolela ka boemo jwa “metlha ea ga Noa” jaaka sekai sa seo se tla diragalang pele lefatshe leno le khutla.—Mathaio 24:37-39.
Se se botlhokwa ke gore, ka nako ya fa Jesu a ne a bua ka metlha ya ga Noa, o ne a araba potso eno ya baaposetoloi ba gagwe: “Seshupō e tla nna eñ sa go tla ga gago, le sa bokhutlō yoa lehatshe?” (Mathaio 24:3) Balatedi ba ga Jesu ba ne ba itse gore lefatshe leno le ne le tla khutla. A selo seno se ba neng ba se lebeletse se ne se ba boifisa?
Go na le gore go nne jalo, ka nako ya fa Jesu a ne a tlhalosa dilo tse di neng di tla diragala pele lefatshe le khutla, o ne a ba kgothatsa a re ba itumele ‘gonne thekololo ya bone e tla bo e atamela.’ (Luke 21:28) Ee, ba gololwa mo go Satane le mo tsamaisong e e boikepo ya dilo ba tsena mo lefatsheng le lesha la kagiso!—2 Petere 3:13.
Mme lefa go ntse jalo, lefatshe leno le tlile go khutla leng? Ke “seshupō” sefe se Jesu a neng a bolela gore se tla supa ‘go tla ga gagwe le bokhutlo jwa lefatshe’?
“Seshupō”
Lefoko la Segerika le le ranotsweng fano jaaka “go tla” ke pa·rou·siʹa, mme le kaya “go nna teng,” ke gore go nna teng fa. Ka jalo fa “seshupō” se bonwa, ga se kitla se kaya gore Keresete o ne a tla tla ka bonako mme lefa go ntse jalo gore o setse a boile le gore o teng. Se ne se tla kaya gore o simolotse go busa a sa bonale jaaka kgosi ya selegodimo le gore o tla tloga a bolaya baba ba gagwe.—Tshenolō 12:7-12; Pesalema 110:1, 2.
Jesu ga a ka a bolela fela tiragalo e le nngwe gore e tla nna yone “seshupō.” O ne a tlhalosa ditiragalo le maemo a mantsi a lefatshe. Dilo tseno tsotlhe ke tse di neng di tla diragala ka nako eo bakwadi ba Bibela ba neng ba e bitsa ‘metlha ya bofelo.’ (2 Timotheo 3:1-5; 2 Petere 3:3, 4) Ela tlhoko dingwe tsa dilo tseo Jesu a neng a di bolelela pele tseo di tla tshwayang ‘metlha ya bokhutlo.’
“Morahe o tla cogologèla morahe, le bogosi bo cogologèle bogosi.” (Mathaio 24:7) Ntwa e ile ya lowa ka selekanyo se se kwa godimo tota go feta pele mo metlheng ya segompieno. Mokwadi mongwe wa ditiragalo o ne a akgela jaana: “Ntwa ya Lefatshe ya Ntlha [e e simolotseng ka 1914] e ne e le ntwa ya ntlha ‘e e neng e ama mongwe le mongwe.’” Lefa go ntse jalo, ntwa ya bobedi ya lefatshe e ne ya senya go e feta. Mme ntwa e tswelela e ntse e senya lefatshe. Ee, mafoko a ga Jesu a ile a diragadiwa ka tsela e e gakgamatsang tota!
“Go tla nna le meshwele.” (Mathaio 24:7) Go ne ga nna le mauba ao a a fetang otlhe mo hisitoring morago ga Ntwa ya Lefatshe I. Go ne ga nna le mauba a a botlhoko morago ga Ntwa ya Lefatshe II. Kgogodi ya go tlhoka dijo tse di nang le dikotla e ama nngwetlhanong ya baagi ba lefatshe, e bolaya dimilione di le 14 tsa bana ngwaga le ngwaga. Eleruri go ile ga nna le “meshwele”!
“Go tla nna le dithoromō tse dikgolo tsa lehatshe.” (Luke 21:11) Go ya ka palogare, ngwaga le ngwaga dithoromo tsa lefatshe di ile tsa bolaya batho ba palo e e menaganeng ga lesome go tloga ka 1914 go na le mo lekgolong le le fetileng la dingwaga. Ela tlhoko di sekae fela tsa tse dikgolo: ka 1920 kwa China go ne ga swa ba le 200 000; ka 1923 kwa Japane go ne ga gobala ba le 99 300; ka 1939 kwa Turkey go ne ga swa ba le 32 700; ka 1970 kwa Peru go ne ga bolawa ba le 66 800; le ka 1976 kwa China go ne ga swa ba ba ka nnang 240 000 (kana go ya ka metswedi e mengwe ba le 800 000). Eleruri e ne e le “dithoromō tse dikgolo.”
“Mo maheloñ mañwe . . . dikgogodi tsa bolwetse.” (Luke 21:11) E ne ya re fela morago ga Ntwa ya Lefatshe I, batho ba ka nna dimilione di le 21 ba ne ba bolawa ke letshoroma la Spain. Science Digest e ne ya bega jaana: “Mo hisitoring yotlhe loso ga le ise le ko le tle le le setlhogo, le ka bonako thata jalo.” Fa esale ka nako eo, bolwetse jwa pelo, kankere, AIDS, le malwetsi a mangwe a mantsi a ile a bolaya makgolokgolo a dimilione tsa batho.
“Boikèpō bo tla bo bo ntsihetse.” (Mathaio 24:12) Lefatshe la rona le ile la itsege jaaka la bokebekwa le thubakanyo go tloga ka 1914. Mo mafelong a mantsi ga go ope yo o ikutlwang a babalesegile fa a tsamaya mo mmileng le eleng le fa go le motshegare. Bosigo batho ba nna mo matlong a bone ba lotletse le go parega mabati, ba boifa go tswela kwa ntle.
Go na le dilo tse dingwe tse dintsi tse di neng tsa bolelelwa pele gore di tla diragala mo metlheng ya bofelo, mme di ile tsa diragadiwa fela tsotlhe. Seno se kaya gore bokhutlo jwa lefatshe bo gaufi. Mme lefa go ntse jalo, se se itumedisang ke gore go na le ba ba tla falolang. Fa e sena go bolela gore “lehatshe lea heta,” Bibela e solofetsa jaana: “Eo o dihañ go rata ga Modimo o nnetse rure ka bosakhutleñ.”—1 Yohane 2:17.
Ka jalo re tlhoka go ithuta se Modimo o se ratang re bo re se dire. He re ka falola fa lefatshe leno le khutla mme ra itumelela masego a goyagoile mo lefatsheng le lesha la Modimo. Bibela e solofetsa gore ka nako eo: “Modimo . . . o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a [batho]; me ga go ketla go tlhōla go le losho, le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko: dilō tsa pele di hetetse rure.”—Tshenolō 21:3, 4.
Kwantle ga fa go bontshitswe ka tsela nngwe, ditsopolo tsotlhe tsa Bibela di tswa go Bibela E E Boitshèpō.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 6]
Photo Credits: Airplane: USAF photo. Child: WHO photo by W. Cutting. Earthquake: Y. Ishiyama, Hokkaido University, Japan.