Kgaolo 30
‘Go Femela le go Tlhomamisa Mafoko a a Molemo Semolao’
GO BOGISIWA botlhoko ga Basupi ba ga Jehofa go ile ga dira gore ba isiwe fa pele ga mapodisi, baatlhodi, le babusi mo lefatsheng ka bophara. Dikgetsi tse di amang Basupi di ile tsa tshwara diketekete tse dintsi, mme go ile ga dirwa boikuelo mo go di le makgolokgolo tsa tsone kwa dikgotlatshekelong tse dikgolo. Seno se ne sa ama tsamaiso ya molao fela thata mme gantsi se ile sa nonotsha go newa ga batho ka kakaretso ditshwanelo tsa motheo tsa semolao tsa kgololesego. Legale seo e ne e se boikaelelo jwa konokono jwa Basupi ba ga Jehofa.
Keletso ya bone e kgolo ke go bolela mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo. Kgato e ba e tsayang semolao ga se ka go bo ba batla go tsosa dikgoberego mo bathong kgotsa ba batla go fetola tsamaiso ya molao. Boikaelelo jwa bone ke go ‘femela le go tlhomamisa mafoko a a molemo semolao,’ fela jaaka go ne go ntse ka Paulo. (Bafil. 1:7, NW) Ditsheko tse di reediwang ke badiredi ba puso, e ka tswa e le tse di pegilweng ke Basupi kgotsa e le ka go bo ba tshwaretswe tiro ya bone ya Bokeresete, le tsone di tsewa jaaka sebaka sa go neela bosupi. Jesu Keresete o ne a bolelela balatedi ba gagwe jaana: “Lo tla isiwa ha pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ea me, go tla lo nna chupō mo go bōnè le mo go Badichaba.”—Math. 10:18.
Dikgato Tse Dintsintsi tsa Semolao Tse Di Tserweng mo Merafeng Yotlhe
Bogologolo thata pele ga ntwa ya ntlha ya lefatshe, baruti ba ne ba leka go kgoreletsa Baithuti ba Bibela gore ba se ka ba anamisa dibuka mo mafelong a bone ka go patelela badiredi ba puso ba lefelo leo gore ba ba kgoreletse. Lefa go ntse jalo, ba ne ba ganediwa fela thata morago ga Ntwa ya Lefatshe I. Mo dinageng ka go latelana, dikgoreletsi tsa molao tsa mofuta mongwe le mongwe o o ka gopolwang di ne tsa bewa fa pele ga ba ba neng ba batla go obamela taolo ya boperofeti ya ga Keresete ya go rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo ka boikaelelo jwa go neela bosupi.—Math. 24:14.
Ka ntlha ya go kgothadiwa ke bosupi jwa go diragadiwa ga boperofeti jwa Bibela, Baithuti ba Bibela ba ne ba tswa kwa kopanong ya Cedar Point, kwa Ohio, ka 1922, ba ikemiseditse go bolelela lefatshe gore Metlha ya Baditšhaba e fedile le gore Morena o ne a tsere thata ya gagwe mme a busa e le Kgosi kwa legodimong. Moano wa bone o ne o re, “Itsiseng, itsiseng, itsiseng, Kgosi le bogosi jwa yone.” Ka one ngwaga oo, baruti kwa Jeremane ba ne ba pateletsa mapodisi gore a tshware bangwe ba Baithuti ba Bibela ba ba neng ba tsamaisa dibuka tsa Bibela. Eno e ne e se yone tiragalo e le nosi fela. Ka 1926, go ne go na le ditsheko tsa mofuta oo di le 897 tse di neng di emetse go sekwa mo dikgotlatshekelong tsa Jeremane. Go ne go pegilwe ditsheko di le dintsi mo eleng gore erile ka 1926 Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa tshwanelwa ke go tlhoma lephata la molao kwa ofising ya one ya lekala kwa Magdeburg. Ka 1928, kwa Jeremane fela go ne go na le ditsheko di le 1 660 tse di neng di pegilwe kgatlhanong le Baithuti ba Bibela, mme ba ne ba ntse ba gatelelwa ngwaga le ngwaga. Baruti ba ne ba batla go nyeletsa tiro ya Baithuti ba Bibela, mme ba ne ba itumela thata fa katlholo nngwe ya kgotlatshekelo e bontsha gore ka tsela nngwe ba a fenya.
Kwa United States, Baithuti ba Bibela ba ne ba tshwarelwa go rera ka ntlo le ntlo ka 1928, kwa South Amboy, kwa New Jersey. Mo dingwageng di le lesome fela palo ya ba ba ileng ba tshwarelwa bodihedi jwa bone kwa United States e ne e feta 500. Ka 1936 e ne ya gola fela thata—ya tshwara 1 149. Gore go tle go neelwe kgakololo e e tlhokegang, go ne ga nna botlhokwa gore go tlhongwe lephata la molao kwa ntlokgolo ya Mokgatlho.
Tiro ya go rera ka tlhoafalo kwa Romania le yone ka mo go tshwanang e ne ya ganediwa thata ke babusi ba nako eo. Basupi ba ga Jehofa ba ba neng ba tsamaisa dibuka tsa Bibela gantsi ba ne ba tshwarwa le go bediwa botlhoko. Go simologa ka 1933 go fitlha ka 1939, Basupi ba koo ba ne ba seka dikgetsi di le 530. Lefa go ntse jalo, molao wa naga eo o ne o tlhomamisetsa batho kgololesego, ka jalo go ne ga dirwa boikuelo kwa Kgotlatshekelokgolo ya Romania jo bo neng jwa felela ka go tlhokwa molato. Fa mapodisi a lemoga seno, a ne a gapa dibuka le go tshwara Basupi makgwakgwa mme ba leka go tila go ya kwa kgotlatshekelo. Fa Mokgatlho o sena go dumelelwa go ikwadisa jaaka lekgotla kwa Romania, baganetsi ba ne ba leka go senya maikemisetso a go kwadisiwa gono ga semolao ka go batla tetla ya kgotlatshekelo e e kganelang go anamisiwa ga dibuka tsa Watch Tower. Katlholo eno e ne ya tshololwa ke kgotlatshekelo e e fetang eo ka thata, mme legale baruti ba ne ba tlhotlheletsa tona ya bodumedi go tsaya kgato kgatlhanong le tshwetso eo.
Kwa Italy le kwa Hungary, fela jaaka go ne go ntse kwa Romania, dibuka tsa Bibela tse di dirisiwang ke Basupi di ne tsa gapiwa ke mapodisi ka taolo ya dipuso tse di neng di busa ka nako eo. Go ne ga diragala se se tshwanang kwa Japane, Korea, le kwa Gold Coast (e jaanong e bidiwang Ghana). Basupi ba ga Jehofa ba ba neng ba tswa kwa dinageng di sele ba ne ba laelwa gore ba tswe mo Fora. Go ne ga se ka ga letliwa Mosupi ope wa ga Jehofa go tsena mo Soviet Union go ya go rera ka Bogosi jwa Modimo ka dingwaga tse dintsi.
Jaaka fa moya wa bosetšhaba o ne o ntsifala mo lefatsheng go simolola ka 1933 go fitlha bo1940, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba thibelwa ke puso mo dinageng ka go tlhomagana. Diketekete tsa Basupi di ne tsa isiwa ditshekong ka motlha ono ka go bo ba ne ba gana go dumedisa folaga ka ntlha ya segakolodi le ka go bo ba ne ba nitame mo boitlhaoding jwa bone jwa Bokeresete. Ka 1950 go ne ga begwa gore mo dingwageng tse 15 tse di fetileng, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tshwerwe ka makgetlo a le 10 000 kwa United States fela.
Fa Basupi ba ba fetang 400 ba ne ba isiwa kwa kgotlatshekelong mo nakong e khutshwane kwa Greece ka 1946, seno se ne se sa bolo go dirwa koo. Go ne go sale go ntse go tsweletse ka dingwaga di le dintsi. Mo godimo ga go tlhatlhelwa mo kgolegelong, ba ne ba duedisiwa madi a a kwa godimo thata, selo se se neng se feletsa bakaulengwe madi fela thata. Mme ba ne ba bolela jaana fa ba ne ba leba seemo sa bone: “Morena o ne a bula kgoro ya gore tiro ya go neela bosupi e fitlhe kwa badireding ba puso ya Greece, bao ba ileng ba utlwa ka go tlhomiwa ga bogosi jwa tshiamo; mme gape le baatlhodi ba dikgotlatshekelo ba ile ba nna le tshono e e tshwanang.” Kwantle ga pelaelo Basupi ba ga Jehofa ba ne ba leba dilo ka tsela e Jesu a neng a re barutwa ba gagwe ba tshwanetse go di leba ka yone.—Luke 21:12, 13.
Ntwa E go Neng go Sena Tsholofelo ya Gore E Tla Fenngwa
Ka bo1940 le bo1950, kgaolo ya Canada ya Quebec e ne ya fetoga lefelo la botlhabanelo ka mmatota. Go tshwarelwa go rera mafoko a a molemo go ne go sale go ntse go dirwa go tloga ka 1924. Ka mariga a 1931, bangwe ba Basupi ba ne ba tshwarwa ke mapodisi letsatsi le letsatsi, fa gongwe e le gabedi ka letsatsi. Ditshenyegelo tsa ditsheko di ne tsa imela Basupi ba kwa Canada tota. Mme erile kwa tshimologong ya 1947, palo yotlhe ya ditsheko tse di neng di ama Basupi tse di neng di santse di emetse go sekwa mo dikgotlatshekelong tsa Kgaolo ya Quebec di ne tsa fitlha mo go 1 300; le ntswa go ne go na le Basupi ba ga Jehofa ba sekaenyana fela koo.
Eno e ne e le nako e ka yone Kereke ya Roma Katoliki e neng e nonofile thata mo eleng gore radipolotiki mongwe le mongwe le moatlhodi mongwe le mongwe mo kgaolong eo o ne a ka se ka a e itlhokomolosa. Ka kakaretso baruti ba ne ba tseelwa kwa godimo kwa Quebec, mme batho ba ne ba reetsa ditaolo tsa moruti wa lefelo leo kwantle ga tiego. Buka e go tweng State and Salvation (1989) e ne ya tlhalosa seemo jaana: “Mokadinale wa Quebec o ne a na le setilo mo Legislative Assembly gaufi thata le se se beetsweng mmusi wa kgaolo. Ka mokgwa mongwe bogolo jwa kgaolo ya Quebec bo ne bo laolwa ke kereke ka tlhamalalo . . . Tota ebile, boikaelelo jwa kereke e ne e le go dira gore mokgwa wa botshelo mo Quebec o tsamaelane le boikutlo jwa Roma Katoliki jwa gore tumelo ya Katoliki ke yone ya boammaaruri, mme se e seng Sekatoliki ke maaka, le gore kgololesego e raya go gololesega go bua le go tshelela boammaaruri jwa Roma Katoliki.”
Fa re bua fela re le batho go ne go lebega Basupi ba lebagane le mathata a ba neng ba ka se ka ba a kgona eseng fela mo Quebec mme mo lefatsheng lotlhe.
Ditatofatso tsa Mofuta Mongwe le Mongwe O O Ka Gopolwang
Baganetsi ba Basupi ba ne ba sekaseka dibuka tsa molao ka kelotlhoko go bona gore a ga go na legotlho lepe le ba ka le dirisang go emisa tiro ya bone. Gangwe le gape ba ne ba ba pega molato wa gore ba ne ba rekisa ba sena tetla, ka go dira jalo ba bolela gore tiro ya bone ke ya papadi. Se se thulanang le seno, kwa mafelong a mangwe babulatsela ba ne ba pegwa molato wa go kgarakgatshega fela ka go bo go ne go twe ga ba dire tiro e e ba busetsang sepe.
Mo masomesomeng a dingwaga, badiredi ba dikgaolo dingwe tsa Switzerland ba ne ba leka ba sa ineele go tlhalosa go tsamaisa dibuka tsa Bibela ga Basupi ba ga Jehofa jaaka papadi. Ramelao wa puso kwa Kgaolong ya Vaud e e buang Sefora, ene bogolo jang, o ne a tlhagafaletse go tsholola tshwetso nngwe le nngwe ya dikgotlatshekelo tse di potlana e e neng e golola Basupi.
Mo mafelong ka go latelana, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bolelelwa gore ba tshwanetse go nna le makwalotetla a go tsamaisa dibuka le a go tshwara dipokano tsa bone tsa Bibela. A mme tota gone go ne go tlhokega tetla? Basupi ba ne ba re “Nnyaa!” Ka mabaka afe?
Ba ne ba tlhalosa jaana: ‘Jehofa Modimo o laela basupi ba gagwe gore ba rere efangele kaga bogosi jwa gagwe, mme ditaolo tsa Modimo di dikgolo le gone di tshwanetse go ikobelwa ke basupi ba gagwe. Ga go na lekgotla lepe le le tlhomang melao kgotsa le le diragatsang molao le le nang le tshwanelo ya go kgoreletsa molao wa ga Jehofa. Ereka go sena puso epe mo lefatsheng e e nang le tshwanelo ya go kgoreletsa go rerwa ga efangele, he ga go na puso epe e e ka neelang lekwalotetla la go rera efangele. Ga go na gope fa dipuso tsa lefatshe di tsenang teng mo kgetsing eno. Go kopa tetla mo mothong ya go dira se Modimo o se laotseng e tla bo e le go tlhapatsa Modimo.’
Melato e Basupi ba neng ba e pegwa gantsi e ne e supa letlhoo la bodumedi. Ka lebaka leo he, fa dibukana Face the Facts le Cure di ne di anamisiwa, molebedi wa lekala la Mokgatlho kwa Netherlands o ne a bilediwa kwa kgotlatshekelo ya kwa Haarlem, ka 1939, go sekisediwa gore o tlhapaditse setlhopha sengwe sa batho ba Netherlands. Ka sekai, kgetsi ya mosekisi e ne e le gore a re dibuka tsa Watch Tower di ne di re bagogi ba Roma Katoliki ba ne ba tsaya madi mo bathong ka boferefere ka go ba bolelela gore ba ka golola baswi mo lefelong leo tota ba seyong mo go lone—go tswa mo pakatoring, lefelo leo, go ya ka dibuka tseo, Kereke e ka se kang ya supa gore le teng.
Fa a ne a eme go fa bosupi, mosupi yo mogolo wa bagogi ebong “Fatere” Henri de Greeve, o ne a ngongorega jaana: “Se se nkutlwisang botlhoko le go feta ke gore motho fela o sele o ka nna a tsaya gore rona baruti re setlhopha sa maferefere le batsietsi.” Fa a ne a bidiwa go tla go ntsha bosupi, molebedi wa lekala la Mokgatlho o ne a bula Bibela ya Katoliki mme a bontsha lekgotla gore se bukana e neng e se bua ka dithuto tsa Katoliki se dumalana le se se mo Bibeleng ya bone. Fa mmueledi wa Mokgatlho a botsa de Greeve gore a o ka ntsha bosupi jwa gore dithuto tsa dihele le pakatori di teng, o ne a araba jaana: “Ga nkake ka bo ntsha; ke di dumela fela.” Ka bofefo fela moatlhodi o ne a lemoga gore seno ke sone se bukana e neng e se bolela. Kgetsi e ne ya tshololwa, mme moruti o ne a tswa mo ntlong ya tshekelo a galefile tota!
Baruti ba ile ba pega Basupi molato wa gore Basupi ba ga Jehofa ke ditlhodi ka go bo ba ne ba kgopisiwa ke go oketsega ga tiro ya bone kwa dikgaolong tsa botlhaba jwa se ka nako eo e neng e le Czechoslovakia. Seemo se ne se tshwana le sa ga moaposetoloi Paulo fa Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba mo latofatsa ba re o a tsuologa. (Dit. 24:5) Makgolokgolo a dikgetsi a ne a pegwa kwa kgotlatshekelo ka 1933-34, go fitlha puso e tlhatswega pelo gore ga go na lebaka lepe le le utlwalang la gore ba latofadiwe jalo. Kwa kgaolong ya Quebec ya Canada, ka bo1930 le bo1940, le koo Basupi ba ne ba isiwa ditshekong ka tatofatso ya gore ba loga segwe sa go tsuologa. Baruti ka bobone—ba Makatoliki le ba Maporotesetanta, mme bogolo jang ba Roma Katoliki—ba ile ba fa bosupi kgatlhanong le bone. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba dirile eng? Baruti ba ne ba re ba batla go thuba morafe gore o se ka wa utlwana ka go gatisa dilo tse di ka nnang tsa dira gore batho ba se ka ba rata Kereke ya Roma Katoliki. Lefa go le jalo, Basupi ba ile ba fetola ka gore, boammaaruri ke gore, ba anamisitse dibuka tse di neng di gomotsa batho ka kakaretso go tswa mo Lefokong la Modimo mme tseno di kgopisitse baruti ka go bo dithuto le boitshwaro jo bo sa dumalaneng le dikwalo di ne di senotswe.
Ke eng se se ileng sa dira gore Basupi ba ga Jehofa ba tswelele pele le mororo baganetsi ba bone ba ne ba sa ineele? E ne e le ka go bo ba dumela mo Modimong le mo Lefokong la gagwe le le tlhotlheleditsweng, ba ineetse ka pelo yotlhe mo go Jehofa le mo Bogosing jwa gagwe, le ka ntlha ya nonofo e ba neng ba e fiwa ke moya wa Modimo. Fela jaaka Dikwalo di bontsha, “nonofo e kgolo go gaisa e e tlwaelegileng [ke] ya Modimo eseng e e tswang mo go rona.”—2 Bakor. 4:7, NW.
Basupi ba ga Jehofa le Bone ba Pega Ditsheko
Masomesome a dingwaga pele ga Ntwa ya Lefatshe I, Baithuti ba Bibela ba ne ba dira tiro e kgolo ya go anamisa dibuka tsa Bibela mahala mo mebileng gaufi le dikereke le ka ntlo le ntlo. Mme e ne ya re morago ditoropo tse dintsi tsa United States tsa tlhoma melao e e ileng ya kgoreletsa thata “tiro [eo] ya boithaopi.” Ke eng se se neng se ka dirwa?
Tora ya Tebelo (ka Seesemane) ya December 15, 1919 e ne ya tlhalosa jaana: “Ereka re dumela gore ke boikarabelo jwa rona go dira maiteko otlhe a a ka kgonegang go neela bosupi ka bogosi jwa Morena mme re sa kgobege marapo ka ntlha ya mathata a a re lebaneng, le ka ntlha ya go bo go na le maiteko a a rulagantsweng sentle a a kgatlhanong le tiro ya boithaopo, go dirilwe dithulaganyo tsa go dirisa makasine mongwe, . . . THE GOLDEN AGE.”a
Lefa go le jalo, fa jaaka go neela bosupi ka ntlo le ntlo go ne go ntse go oketsega, maiteko a go dirisa molao go go kgoreletsa kgotsa go go thibela le one a ne a oketsega. Ga se dinaga tsotlhe tse di nang le thulaganyo ya semolao e e dirang gore ditlhopha tse di potlana di bone kgololesego fa di ganediwa ke babusi. Mme legale Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itse gore Molaotheo wa U.S. o ne o tlhomamisa gore go nne le kgololesego ya bodumedi, kgololesego ya go bua, le ya kanamiso ya dikgang. Ka jalo, fa baatlhodi ba lefelo leo ba ne ba tlhalosa melao ya lefelo ka tsela e e neng e kgoreletsa go rerwa ga Mafoko a Modimo, Basupi ba ne ba ikuela kwa dikgotlatshekelong tse dikgolo.b
Fa a ne a sekaseka gape se se neng sa diragala, Hayden C. Covington, yo o ileng a tsaya karolo e kgolo thata mo ditshekong tsa Mokgatlho wa Watch Tower, e ne ya re kwa morago a tlhalosa jaana: “Fa go ne go ile ga se ka ga ikuelwa kgatlhanong le dikatlholo tse di diketekete tse di neng tsa dirwa ke bo mmakaseterata, dikgotla tsa mapodisi le dikgotla tse dingwe tse di potlana, go ka bo go ile ga nna le ditsheko tse dintsintsi tse di ka bong di ile tsa kgoreletsa kobamelo. Ka go ikuela re thibetse gore seno se se ka sa kgoreletsa. Mokgwa wa rona wa go obamela o tsentswe mo molaong wa naga ya United States le wa dinaga tse dingwe ka ntlha ya go bo re ne re ntse re ikuela mo dikatlholong tse setlhogo.” Kwa United States, dikgetsi tse dintsi di ne tsa ya go fitlha le kwa Kgotlatshekelo ya Bokgaolakgang.
Go Nonotsha Mafoko A A Tlhomamisetsang Kgololesego
Nngwe ya ditsheko tsa ntlha tse di neng di amana le bodihedi jwa Basupi ba ga Jehofa tse di ileng tsa felela kwa Kgotlatshekelo ya Bokgaolakgang ya United States e ne e tswa kwa Georgia mme e ne ya sekwa mo Kgotlatshekelo ka February 4, 1938. Alma Lovell o ne a atlhotswe mo kgotlatshekelong ya ga mmakaseterata ya kwa Griffin, kwa Georgia, gore o tlotse molao o o neng o kganela go anamisiwa ga dibuka dipe fela fa go sena tetla e e tswang kwa motsamaiseng wa toropo. Gareng ga dilo tse dingwe, Kgaitsadi Lovell o ne a tsamaisetsa batho makasine wa The Golden Age. Ka March 28, 1938, Kgotlatshekelo ya Bokgaolakgang ya United States e ne ya tsholola molao oo ka ntlha ya go bo o ne o dira gore kanamiso ya dikgang e batlelwe tetla le go laolwa.c
Mo ngwageng o o latelang J. F. Rutherford, yo e neng e le mmueledi wa motho yo o neng a dirile kopo, o ne a bolela mabaka kwa Kgotlatshekelo ya Bokgaolakgang mo kgetsing ya ga Clara Schneider v. State of New Jersey.d Eno e ne ya salwa morago ka 1940, ke e mo go yone Cantwell v. State of Connecticut,e eo mo go yone J. F. Rutherford a ileng a kwala mabaka mme Hayden Covington o ile a ya go a bua kwa Kgotlatshekelo. Ditshwetso tse di molemo tsa dikgetsi tseno di ne tsa tshegetsa kgololesego e e leng mo melaotheong ya bodumedi, kgololesego ya go bua, le kgololesego ya kanamiso ya dikgang. Mme legale go ne go na le dikgoreletsi dingwe.
Mathata a Magolo A A Ileng A Leriwa Ke Dikgotlatshekelo
Kgang ya go dumedisa folaga e e neng e ama bana ba sekolo ba Basupi ba ga Jehofa e ne ya isiwa kwa dikgotlatshekelong tsa Amerika la ntlha ka 1935 mo kgetsing ya ga Carlton B. Nicholls v. Mayor and School Committee of Lynn (Massachusetts).f Kgetsi eo e ne ya isiwa kwa Kgotlatshekelo ya Bokgaolakgang ya Boatlhodi Massachusetts. Ka 1937, kgotlatshekelo e ne ya swetsa ka gore, lefa Carleton Nichols, yo Mmotlana, le batsadi ba gagwe ba ka tswa ba dumela eng, ga go tlhokege gore go buiwe sepe ka bodumedi ka gore, jaaka e ile ya bolela, “go dumedisa folaga le go supa fa o ikanyega go go buiwang ka gone fano ga go umake sepe ka tsela epe e e utlwalang ka bodumedi. . . . Ga go amane ka gope le boikutlo jwa motho ka Mmopi wa gagwe. Ga di ame kamano ya gagwe le Modiri wa gagwe.” Fa go ne go ikuelwa mabapi le kgang ya go patelediwa go dumedisa folaga kwa Kgotlatshekelo ya Bokgaolakgang ya U.S. mo kgetsing ya ga Leoles v. Landersg ka 1937, gape le mo go ya ga Hering v. State Board of Educationh ka 1938, Kgotlatshekelo e ne ya tsholola dikgetsi tseno ka gore, go ya ka yone e ne e se kgetsi e e neng e amana le ditshwanelo tse di neng di tlhomamisitswe ke kgaolo. Erile gape ka 1939 Kgotlatshekelo e ne ya tsholola boikuelo jwa kgang nngwe e e tshwanang le eo, mo kgetsing ya ga Gabrielli v. Knickerbocker.i Ka lone letsatsi leo, kwantle ga go reetsa sepe fela, ba ile ba tlhomamisa tshwetso e e neng e sa siama ya kgotlatshekelo e potlana mo kgetsing ya ga Johnson v. Town of Deerfield.j
Kgabagare, ka 1940, Kgotlatshekelo e ne ya reetsa ka botlalo kgetsi e e neng ya bidiwa Minersville School District v. Gobitis.k Babueledi ba bantsi ba ba itsegeng ba ne ba baya mabaka a bone mo kgetsing eo go tswa mo matlhakoreng oomabedi. J. F. Rutherford o ne a buelela Walter Gobitas le bana ba gagwe. Leloko la lephata la molao la Yunibesithi ya Harvard le ne le emetse Lekgotla la Babueledi la Amerika le Civil Liberties Union a sa dumalane le go patelelwa go dumedisa folaga. Lefa go le jalo, mabaka a bone a ne a tshololwa, mme erile ka June 3, Kgotlatshekelo ya Bokgaolakgang, e ne ya atlhola gore bana ba ba tla ganang go dumedisa folaga ba ka nna ba kojwa mo dikolong tsa botlhe ka boutu ya motho a le mongwe fela yo a neng a le kgatlhanong.
Mo dingwageng tse tharo tse di ileng tsa latela, Kgotlatshekelo ya Bokgaolakgang e ile ya atlhola Basupi ba ga Jehofa mo dikgetsing di le 19. Tshwetso e e neng e le maswe le go feta, e ne e le ya 1942, mo kgetsing ya ga Jones v. City of Opelika.l Rosco Jones o ne a atlholetswe go anamisa dibuka mo mebileng ya Opelika, kwa Alabama, a sa duela lekgetho la tetla. Kgotlatshekelo ya Bokgaolakgang e ne ya re katlholo eo e siame mme e ne ya tlhalosa gore dipuso di na le tshwanelo ya go lopa madinyana a a rileng a go bapatsa le gore melao ga e kake ya ngongoregelwa le fa gongwe baokamedi ba lefelo ba ka nna ba amoga motho laesense eo. Seno se ne se le maswe thata, ka gore jaanong batho bangwe le bangwe, fa ba kgotlediwa ke baruti kana mang fela yo o ganetsang Basupi, ba ne ba ka nna ba ba kgaola kafa molaong mme ka go dira jalo, baganetsi ba ka nna ba akanya go emisa go rera ga Basupi ba ga Jehofa. Mme legale go ne go diragetse sengwe se se sa tlwaelegang.
Seemo Se A Fetoga
Mo kgetsing ya ga Jones v. Opelika, tshwetso e e neng e le maswe thata mabapi le bodihedi jwa Basupi ba ga Jehofa, baatlhodi ba le bararo ba ne ba bolela gore e ne e se fela gore ga ba dumelane le bontsi jwa baatlhodi ba Kgotlatshekelo mo kgetsing e e neng e tshwerwe mme gape ba ne ba ikutlwa ba thusitse go thaya motheo wa kgetsi eno mo kgetsing ya ga Gobitis. Ba ile ba tlatsa ka gore, “ereka re ne re dumelane le tshwetso ya kgetsi ya ga Gobitis, re gopola gore eno ke nako e e siameng ya go itsise gore jaanong re dumela gore tshwetso e e ileng ya tsewa mo go yone e ne e le phoso.” Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tsaya seo e le sesupo sa gore ba pege ditsheko tsa bone sesha kwa Kgotlatshekelo.
Go ne ga dirwa Kopo ya go Reetsa Gape kgetsi ya ga Jones v. Opelika. Mo kopong eo, mabaka a a nonofileng a semolao a ne a ntshiwa. E ne ya bolela gape jaana e gatisetsa: “Kgotlatshekelo eno e tshwanetse go ela tlhoko lebaka le legolo la gore, e sekisa batlhanka ba Modimo Mogodimodimo.” Dikai tse di mo Bibeleng tsa ditiragalo tse di tshwanang le eno le kafa di neng tsa felela ka teng di ne tsa boelediwa. Go ne ga kaiwa gore go elwe tlhoko kgakololo e e neng ya neelwa ke moruti wa molao ebong Gamaliele e a neng a e neela kgotlatshekelo e kgolo ya Bajuda ya lekgolo la ntlha la dingwaga, e e neng e re: “Lo ithibè mo bathuñ ba, me lo ba lesè; . . . e ka tla ea re kgotsa loa hitlhèlwa lo bile lo tlhabana le Modimo.”—Dit. 5:34-39.
Kgabagare, ka May 3, 1943, mo kgetsing e dilo di neng tsa simolola go fetoga ka yone ya ga Murdock v. Commonwealth of Pennsylvania,a Kgotlatshekelo ya Bokgaolakgang e ne ya fetola tshwetso ya yone mo kgetsing ya ga Jones v. Opelika. E ne ya tlhalosa gore go duela lekgetho la laesense gore motho a tle a kgone go obamela ka kgololesego ka go anamisa dibuka tsa bodumedi ga go dumelane le molaotheo. Kgetsi eno e ne ya bulela Basupi ba ga Jehofa dikgoro mo United States mme e ile ya dirisiwa jaaka bosupi mo dikgetsing tse di makgolokgolo fa esale ka nako eo. Kwantle ga pelaelo, May 3, 1943, e ile ya nna letsatsi le Basupi ba ga Jehofa ba ka se kang ba le lebala mabapi le ditsheko tse di neng tsa felela kwa Kgotlatshekelo ya Bokgaolakgang ya United States. Mo letsatsing leo fela, dikgetsi di le 12 mo go tse 13 (tse di ileng tsa kopanngwa gore di reediwe ka nako e le nngwe fela le gore go nne le tshwetso e e tlhamaletseng ya baatlhodi), Kgotlatshekelo e ne ya se ka ya ba bona molato ope.b
Mo e ka nnang kgwedi moragonyana—ka June 14, le e leng Letsatsi la Folaga la setšhaba la ngwaga le ngwaga—Kgotlatshekelo ya Bokgaolakgang e ne gape ya phimola tshwetso e e neng e kile ya e dira, mo nakong eno e le mabapi le kgetsi ya ga Gobitis, fa go ne go sekwa kgetsi e e neng e bidiwa West Virginia State Board of Education v. Barnette.c E ne ya swetsa ka gore “ga go na modiredi ope, yo mogolo kgotsa yo mmotlana, yo o ka tlhomang gore ke eng se se siameng mo dipolotiking, bosetšhaba, bodumedi, kgotsa mo dikgetsing tse di amanang le maikutlo a motho ka namana ka dilo kgotsa yo o ka patelelang baagi go bolela fa tumelo ya bone e ka tswa e le ka molomo kgotsa ka ditiro.” Mabaka a mantsi a a ileng a ntshiwa mo tshwetsong eo a ile a dirisiwa kwa Canada ke Kgotlatshekelo ya Boikuelo ya Ontario mo kgetsing ya ga Donald v. Hamilton Board of Education tshwetso eo Kgotlatshekelo ya Bokgaolakgang ya Canada e ileng ya gana go e tsholola.
Go tsamaelana le tshwetso ya yone mo kgetsing ya ga Barnette, mme gape le mo go ya ga Taylor v. State of Mississippi,d e e neng e tsene mo letsatsing lone leo, Kgotlatshekelo ya Bokgaolakgang ya United States e ne ya tlhalosa gore ga go ka ke ga tshwanela gore Basupi ba ga Jehofa ba pegwe molato wa tsuololo fa ba tlhalosa mabaka a bone a go bo ba sa dumedise folaga le go ruta gore ditšhaba tsotlhe di tlile go fenngwa ka go bo di ganetsa Bogosi jwa Modimo. Ditshwetso tseno gape di ne tsa bulela tsela ditshwetso tsa dikgotlatshekelo tse dingwe mo dikgetsing tse di neng tsa golola batsadi ba Basupi bao bana ba bone ba neng ba gana go dumedisa folaga kwa sekolong, le mo dikgetsing tse di mabapi le go hirwa le dikgetsi tse di amang go neelwa bana. Ka boammaaruri seemo se ne se fetogile.e
Go Simologa Motlha O Mosha wa Kgololesego kwa Quebec
Basupi ba ga Jehofa gape ba ne ba lwa ba tlhoafetse gore go nne le kgololesego ya bodumedi kwa Canada. Go tloga ka 1944 go fitlha ka 1946, makgolokgolo a Basupi a ne a tshwarwa kwa Quebec fa ba ne ba le mo bodiheding jwa bone jwa phatlalatsa. Molao wa Canada o ne o letla batho go obamela ka kgololesego, mme lefa go le jalo digopa di ne di kgoreletsa dipokano tse go neng go ithutiwa Bibela kwa go tsone. Mapodisi a ne a reetsa se baruti ba Katoliki ba neng ba se batla sa gore Basupi ba ga Jehofa ba thibelwe. Baatlhodi ba dikgotlatshekelo tsa dikgaolo ba ne ba sotla Basupi, mme ba sa tseele digopa tseo dikgato dipe. Ke eng se se neng se ka dirwa?
Mokgatlho o ne wa rulaganyetsa kopano e e kgethegileng kwa Montreal ka November 2 le 3, 1946. Dibui di ne tsa sekaseka seemo sa Basupi ba ga Jehofa go ya ka Dikwalo le ka molao wa lefatshe leo. Mme go tswa foo ga itsisiwe dithulaganyo tsa go anamisa ka malatsi a le 16, go tswa lotshitshing le lengwe go ya go le lengwe—pampitshana e go tweng Quebec’s Burning Hate for God and Christ and Freedom Is the Shame of All Canada—ka Seesemane, Sefora, le ka Se-Ukraine. E ne ya bega ka botlalo kaga go tlhaselwa ke digopa le bosetlhogo jo bongwe jo bo neng bo direlwa Basupi ba ga Jehofa kwa Quebec. Eno e ne ya latelwa ke pampitshana ya bobedi e go tweng, Quebec, You Have Failed Your People!
Palo ya ba ba ileng ba tshwarwa kwa Quebec e ile ya eletsega fela thata. Go lepalepana le seemo, lekala la Canada la Mokgatlho wa Watch Tower le ne la tlhoma lephata la molao le le neng le na le baemedi kwa Toronto le kwa Montreal. Fa babegi ba dikgang ba ne ba utlwa gore Maurice Duplessis, tonakgolo ya Quebec, o ne a senya ka bomo kgwebo ya resetšhurente ya ga Frank Roncarelli, yo eleng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, fela ka go bo a dueletse Basupi ba bangwe madi a go leta tsheko ba le kwa ntle, batho ba Canada ba ne ba ngongorega fela thata. Mme erile ka March 2, 1947, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tswa letsholo le le akaretsang naga eo ka bophara ba laletsa batho ba Canada go kopa puso gore go nne le Molao wa Ditshwanelo. Ba le 500 000 ba ne ba saena—kopo e e neng e di fetile tsotlhe tse di kileng tsa isiwa kwa Palamenteng ya Canada! Eno e ne ya latelwa mo ngwageng o o latelang ke kopo e e bileng e ne e le kgolo le go feta e e neng e tlatsa ya ntlha.
Ka yone nako eo, Mokgatlho o ne wa tlhopha dikgetsi tse pedi go ikuela mo go tsone kwa Kgotlatshekelo ya Bokgaolakgang ya Canada. Nngwe ya tsone, ya ga Aimé Boucher v. His Majesty The King, e ne e amana le molato wa boepapuso o o neng o aga o pegwa Basupi.
Kgetsi ya ga Boucher e ne e bua ka seabe se Aimé Boucher, molemi mongwe yo o bonolo, a ileng a nna le sone mo go anamisiweng ga pampitshana e go tweng Quebec’s Burning Hate. A o ne a tsuologa fa a ne a itsise ka go tlhaselwa ke digopa ga Basupi mo Quebec, go itlhokomolosa molao go go neng go dirwa ke badiredi ba ba neng ba dirisana le Basupi, le bosupi jwa gore go ne go kgotlediwa ke bishopo wa Katoliki le baruti ba Katoliki?
Fa a bua se a neng a se bone fa a tlhatlhoba nngwe ya dipampitshana tse di neng di anamisitswe, mongwe wa baatlhodi ba Kgotlatshekelo ya Bokgaolakgang o ne a re: “Pampitshana e ne e na le setlhogo se se reng ‘Quebec’s Burning Hate for God and Christ and Freedom Is the Shame of All Canada;’ sa ntlha e ne e na le kopo ya gore go se ka ga gogomogiwa maikutlo le ya gore go lejwe mabaka fa go sekasekwa dintlha tse di kwadilweng go tshegetsa setlhogo; go tswa foo e ne ya bua ka botlalo ka go bogisiwa setlhogo ga Basupi ba Quebec ba e leng bakaulengwe ba ga Keresete; pego e e tletseng ya ditiragalo tse di rileng tsa pogiso; le konelo e e ikuelang mo bathong botlhe ba kgaolo, go ngongoregela go itseela taolo ga digopa le tiriso ya maano a gestapo, e le gore, ka go ithutiwa ga Lefoko la Modimo le go reetsa ditaolo tsa lone, gongwe go tle go nne ‘le thobo e kgolo ya maungo a a molemo a go Mo rata le go rata Keresete le go gololesega ga batho.’”
Tshwetso ya Kgotlatshekelo e ne ya tsholola katlholo ya ga Aimé Boucher, mme legale baatlhodi ba bararo mo go ba le batlhano ba ne ba batla gore e sekiwe sesha. A seo se ne se tla dira gore tsheko e tsamaye sentle mo dikgotleng tse di potlana? Mmueledi wa Basupi ba ga Jehofa o ne a dira kopo ya gore Kgotlatshekelo ya Bokgaolakgang e nne yone e reetsang tsheko eo gape. Go ne ga gakgamatsa tota, fa e ne e dumela. Fa kopo e ne e santse e emetse go reediwa, palo ya baatlhodi ba Kgotlatshekelo eo e ne ya okediwa, mme mongwe wa baatlhodi ba ntlha o ne a fetola maikutlo a gagwe. Seo se ne sa felela ka gore e re ka December 1950 baatlhodi ba le 5 kgatlhanong le ba le 4 ba tlhoke Mokaulengwe Boucher molato.
Kwa tshimologong, tshwetso eno e ne ya itlhokomolosiwa ke motlatsaramelaomogolo le tonakgolo (yo gape e neng e le ramelaomogolo) ba kgaolo ya Quebec, mme legale kgabagare e ne ya patelelwa ka taolo ya dikgotlatshekelo. Ke kafa tatofatso ya botsuolodi e e neng e aga e pegwa Basupi ba ga Jehofa kwa Canada e neng ya fedisetswa ruri ka teng.
Go ne ga isiwa kgetsi e nngwe gape go lekeletsa kwa Kgotlatshekelo ya Bokgaolakgang ya Canada—ya ga Laurier Saumur v. The City of Quebec. Eno e ne e dirisana le melawana ya dilaesense e e neng e le yone kgangkgolo mo dikatlholong tsa dikgotlatshekelo tse di potlana. Mo kgetsing ya ga Saumur, Mokgatlho o ne o batla taolo e e kwadilweng e e tla nnelang ruri kgatlhanong le toropo ya Quebec gore e kganele puso go kgoreletsa go anamisa dibuka tsa bodumedi ga Basupi ba ga Jehofa. Ka October 6, 1953, Kgotlatshekelo ya Bokgaolakgang e ne ya bolela tshwetso ya yone. Karabo e ne ya nna “Ee” go Basupi ba ga Jehofa, “Nnyaa” go kgaolo ya Quebec. Tshwetso eo le yone e ne ya lere phenyo mo dikgetsing tse dingwe gape tseo mo go tsone kgangkgolo e neng e le molaotheo wa go obamela ka kgololesego. Seno se ne sa bulela tiro ya Basupi ba ga Jehofa mo Quebec motlha o mosha.
Thuto Mabapi le Ditshwanelo tsa Semolao le Tsamaiso ya Semolao
Fa jaaka palo ya dikgetsi tsa dikgotlatshekelo e ne e ntse e oketsega kwa bofelong jwa bo1920 le morago ga moo, go ne ga tlhokega gore Basupi ba ga Jehofa ba rutwe ditsamaiso tsa semolao. Ereka J. F. Rutherford e ne e le mmueledi mme ka dinako tse dingwe a kile gape a nna moatlhodi, o ne a tlhaloganya sentle botlhokwa jwa gore Basupi ba kaelwe mo dikgetsing tseno. Bogolo jang fa esale ka 1926 Basupi ba ile ba gatelela thata gore go dirwe tiro ya go rera ka ntlo le ntlo ka boSontaga, ba dirisa dibuka tse di tlhalosang Bibela. Ka ntlha ya kganetso e e neng e le teng kgatlhanong le go tsamaisa ga bone dibuka tsa Bibela ka Sontaga, Mokaulengwe Rutherford o ne a kwala pampitshana e go tweng Liberty to Preach go thusa ba ba leng mo United States go tlhaloganya ditshwanelo tsa bone tsa semolao. Lefa go le jalo, o ne a sa kgone gore ene ka namana a dire tiro yotlhe ya semolao, ka jalo o ne a rulaganya gore go nne le babueledi ba bangwe ba le bone ba neng ba tla nna maloko a badiredi ba ntlokgolo ya Mokgatlho. Mo godimo ga moo, ba bangwe gape, ba ba neng ba nna mo dikgaolong tse di farologaneng tsa naga eo, ba ne ba thusana thata le bone.
Babueledi bano ba ne ba sa kgone go nna teng ka dinako tsotlhe mo ditshekong tse di diketekete tse di amanang le tiro ya go rera ya Basupi ba ga Jehofa, mme legale ba ne ba neela kgakololo e e botlhokwa. Ka lebaka leo, go ne ga dirwa dithulaganyo tsa go ruta Basupi ba ga Jehofa botlhe ditsamaiso tsa motheo tsa molao. Seno se ne sa dirwa mo dikopanong tse di kgethegileng kwa United States ka 1932, mme gape moragonyana, mo thulaganyong ya ka metlha ya Pokano ya Tirelo mo diphuthegong. Go ne go kwadilwe ka botlalo “Mokgwa wa go Seka” mo go 1933 Year Book ya Basupi ba ga Jehofa (moragonyana e ne ya kwalwa e le nosi mo pampiring). Ditaelo tseno di ne tsa nna tsa fetolwa go tsamaelana le seemo. Mo tokololong ya November 3, 1937, ya Consolation, go ne ga neelwa kgakololo e e oketsegileng mabapi le maemo a a farologaneng a go neng go thulanwa le one.
Gantsi Basupi ba ne ba dirisa tshedimosetso eno go ikemela mo dikgotlatshekelong tsa lefelo la bone, go na le go batla mmueledi. Ba ne ba lemoga gore ka go dira jalo gantsi ba ne ba kgona go rerela ba ba leng teng mo kgotlatshekelo le go bolelela moatlhodi kgang ya bone ka tlhomamo fela jaaka e ntse, go na le gore go dirwe tshwetso ka kgetsi ya bone go dirisiwa matlhajana a semolao. Gantsi go ne go ikuelwa fa kgetsi nngwe le nngwe e neng e ba wetse, le mororo Basupi bangwe ba ne ba ya kgolegelong go na le go hira mmueledi, yo thuso ya gagwe e neng e tla tlhokega kwa kgotlhatshekelong ya boikuelo.
Fa jaaka maemo a masha a ne a ntse a tlhaga gape le dikai tse di ka latelwang di ntse di nna teng ka ntlha ya ditshwetso tse di ileng tsa tsewa ke dikgotlatshekelo, go ne ga neelwa tshedimosetso e e oketsegileng go dira gore Basupi ba nne ba itse ka seemo. Ke ka lebaka leo erileng ka 1939, go ileng ga gatisiwa bukana e go tweng Advice for Kingdom Publishers go thusa bakaulengwe mo ditshekong. Dingwaga tse pedi tse di latelang go ile ga kwalwa tshedimosetso e kgolwane mo bukaneng e go tweng Jehovah’s Servants Defended. E ne ya nopola kana ya bua ka ditshwetso tse 50 tsa dikgotlatshekelo tsa Amerika tse di amang Basupi ba ga Jehofa, mo godimo ga tse dingwe gape tse dintsi, mme gape e bo e tlhalosa kafa dikai tseo tsa pele di ka thusang ka teng. Go tswa foo, ka 1943, kopi ya Freedom of Worship e ne ya neelwa Mosupi mongwe le mongwe mme ya bo ya ithutiwa ka botlalo mo Dipokanong tsa Tirelo mo diphuthegong. Mo godimo ga go neela tshedimosetso e e rulagantsweng sentle ya dikgetsi tse di ileng tsa sekwa, bukana eno gape e ne e neela ka botlalo mabaka a Dikwalo a go rarabolola dikgang ka ditsela tse di rileng. E ne ya latelwa ka 1950, ke bukana e e ntšhafaditsweng e go tweng Defending and Legally Establishing the Good News.
Seno sotlhe e ne e le thuto e e neng e gatela pele ya tsa molao. Lefa go le jalo, boikaelelo e ne e se go dira Basupi go nna babueledi mme go na le moo e ne e le go batla go boloka tsela ya go rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo phatlalatsa le ka ntlo le ntlo e bulegile.
Jaaka Lesogodi la Tsie
Kwa mafelong a badiredi ba neng ba ipolela gore ga ba angwe ke molao, fa gongwe ba ne ba tshwara Basupi ka bosetlhogo tota. Lefa go le jalo, le mororo baganetsi ba bone ba ne ba ba logela maano, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itse gore Lefoko la Modimo le gakolola jaana: “Se ipusholosetseñ, me lo thibogèlè bogale, gonne go kwadilwe, ga twe, Pusholoshō ke ea me; ke tla duèla, go bua Morèna [Jehofa].” (Bar. 12:19) Lefa go ntse jalo, ba ne ba ikutlwa ba patelesega go neela bosupi. Ba ne ba go dira jang fa ba ne ba ganediwa ke babusi?
Le mororo diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa ka bongwe ka bongwe ka tlwaelo di ne di le dinnye ka bo1930, ba ne ba utlwana tota. Fa go ne go na le mathata mo lefelong lengwe, Basupi ba mafelo a a mo tikologong ba ne ba iketleeditse go thusa. Ka sekai, kwa United States ka 1933, Basupi ba le 12 600 ba ne ba rulaganngwa ka ditlhopha di le 78. Fa ba ne ba aga ba tshwaretswe ruri fela mo lefelong lengwe, kgotsa fa baganetsi ba kgonne go patelela diradio gore di senye ditumelano tsa go gasa dithulaganyo tse di dirilweng ke Basupi ba ga Jehofa, go ne go itsisiwe ofisi ya Mokgatlho kwa Brooklyn. Mo bekeng fela, go ne go romelwa ba ba oketsegileng kwa lefelong leo go ya go neela bosupi jo bogolo.
Go ya ka gore go tlhokega ba le kae, Basupi ba palo e e tswang go 50 go ya go 1 000 ba ne ba kopana ka nako e e beilweng, gantsi e le mo nageng gaufi le lefelo le go tlileng go dirwa tshimo mo go lone. Botlhe e ne e le baithaopi; ba bangwe mo go bone ba tswa bokgakala jwa dikilometara di le 320. Ditlhopha ka go farologana di ne di abelwa tshimo e e neng e ka wediwa ka metsotso e le 30 kgotsa e e ka tsayang diura di le pedi. Mme fela jaaka fa setlhopha sa koloi sengwe le sengwe se simolola mo karolong e se e abetsweng, komiti ya bakaulengwe e ne e bitsa mapodisi le go ba itsise ka tiro e e dirwang le go ba fa maina a Basupi botlhe ba ba dirang mo motseng oo mo mosong oo. Ka ntlha ya go lemoga gore matsholo a bone a ne a ka fekeediwa ke palo e kgolo ya Basupi, mo mafelong a le mantsi badiredi ba ne ba letela tiro go tswelela pele kwa ntle ga go e kgoreletsa. Mo mafelong a mangwe ba ne ba ba tlatsa ka dikgolegelo tsa bone mme e re kwa morago go bo go sena sepe gape se ba ka se dirang. Mo go bape fela ba ba neng ba tshwarwa, Basupi ba ne ba nna ba rulagantse babueledi ba na le madi a go letela tsheko ba se mo kgolegelong. Diphelelo e ne ya nna tse di tshwanang le tsa lesogodi la tsie la tshwantshetso le go buiwang ka lone mo Dikwalong mo go Yoele 2:7-11 le mo go Tshenolō 9:1-11. Ka tsela eno go ne ga kgonega gore go tswelelwe go rerwa mafoko a a molemo lefa ba ne ba bogisiwa setlhogo.
Go Upolola Ditiro tsa Badiredi Ba Ba Sa Direng Dilo Sentle Gore Batho Botlhe ba Di Itse
Go ne ga bonala go tlhokega mo mafelong a mangwe go itsise batho ka se badiredi ba lefelo la bone ba neng ba se dira. Kwa Quebec, fa dikgotlatshekelo di ne di sekisa Basupi ka mokgwa o o neng o gopotsa ka ditsheko tsa Kgotlatshekelo E E Kgatlhanong le Boikeodi, go ne ga romelelwa maloko otlhe a lekgotla le le tlhomang melao la Quebec lekwalo. Fa go ne go sena kgato epe e e tsewang, Mokgatlho o ne wa romelela borakgwebo ba le 14 000 ba kgaolo eo yotlhe dikopi tsa lone. Mme go tswa foo tshedimosetso eo e ne ya romelelwa barulaganyi ba dipampiri tsa dikgang gore e gatisiwe.
Kwa botlhaba jwa United States, batho ba ne ba itsisiwe ka radio. Kwa Bethele ya Brooklyn palo e e rileng ya batshameki ba diterama ba ba katiseditsweng, ba ba itseng go etsa batho, ba ne ba tlhama se se neng se bidiwa The King’s Theater. Fa badiredi ba ba sa direng dilo ka tshwanelo ba ne ba sekisa Basupi ba ga Jehofa, go ne go kwalwa mafoko otlhe a a builweng kwa kgotlatshekelong fa tsheko e ne e tsene. Batshameki ba ne ba nna teng kwa kgotlatshekelo gore ba tle ba kgone go tlwaelana le modumo wa mantswe le mokgwa wa go bua wa mapodisi, mosekisi, le moatlhodi. Morago ga go itsise thata ka radio go tlhomamisa gore batho ba bantsi ba bo ba reeditse radio, The King’s Theater e ne e tshameka ditiragalo tsa kwa kgotlatshekelo ka tsela e e leng gore e ne e tshwana tota le tiragalo ya mmatota gore batho ba kgone go itse sentle gore ke eng se badiredi ba bone ba se dirang. Fa nako e ntse e tsamaya, ka ntlha ya go bo batho ba ne ba itse thata ka bone, badiredi bangwe ba ne ba simolola go nna kelotlhoko fa ba tshwere dikgetsi tse di amang Basupi.
Go Nna Seoposengwe ka Nako ya Pogiso ya Ma-Nazi
Fa puso ya Bo-Nazi ya Jeremane e ne e tswa letsholo la go emisa ditiro tsa Basupi ba ga Jehofa mo Jeremane, go ne ga dirwa maiteko gangwe le gape a go kopa go reediwa ke babusi ba Jeremane. Mme lefa go ntse jalo ga go a ka ga thusa sepe. Ka setlha sa selemo ka 1933, tiro ya bone e ne e setse e thibetswe mo dinageng tse dintsi tsa Jeremane. Ka jalo ka June 25, 1933, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itsise kwa kopanong kwa Berlin, ba tlhalosa dintlha mabapi le bodihedi jwa bone le maikaelelo a bone. Badiredi botlhe ba maemo a a kwa godimo ba puso ba ne ba romelelwa dikopi, mme dimilione tsa tsone di ne tsa romelelwa batho ka kakaretso. Lefa go ntse jalo, erile ka July 1933 dikgotlatshekelo tsa gana go reetsa boikuelo jwa gore ba se ka ba thibelwa. Mo ngwageng o o latelang, J. F. Rutherford o ne a kwalela Adolf Hitler lekwalo le le neng le bua ka seemo seno, mme le ne la isiwa ke morongwa yo o kgethegileng. Go tswa foo bakaulengwe lefatshe ka bophara ba ne ba tsaya kgato.
Mo mosong wa Sontaga ka October 7, 1934, ka nako ya borobong, setlhopha sengwe le sengwe sa Basupi mo Jeremane se ne sa kopana. Ba ne ba rapela Jehofa gore a ba kaele le go ba segofatsa. Go tswa foo setlhopha sengwe le sengwe se ne sa romelela badiredi ba puso ya Jeremane lekwalo le le ba itsiseng gore ba dirile tshwetso ya gore ba tla tswelela ba direla Jehofa. Pele ba kgaogana ba ne ba tlotla mmogo ka mafoko a Morena wa bone, Jesu Keresete, a a mo go Mathaio 10:16-24. Morago ba ne ba tsamaya go ya go neela baagisani ka bone bosupi kaga Jehofa le Bogosi jwa gagwe ka Keresete.
Mo letsatsing lone leo, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba kopana go dikologa lefatshe, mme fa ba sena go rapela Jehofa, ba romelela puso ya ga Hitler tlhagiso eno ka mogala: “Go bogisa basupi ba ga Jehofa ga lona go tshosa batho botlhe ba ba siameng mo lefatsheng gape go tlontlolola leina la Modimo. Lesang go tlhola lo bogisa basupi ba ga Jehofa; eseng jalo Modimo o tla lo senya, lona le phathi ya lona ya bosetšhaba.” Legale kgang e ne ya se ka ya felela foo.
Ma-Gestapo a ne a oketsa maiteko a bone a go emisa tiro ya Basupi ba ga Jehofa. Fa ba sena go ba tshwara ka bontsi ka 1936, ba ne ba gopola gore gongwe ba fentse. Mme erile ka December 12, 1936, Basupi ba ba ka nnang 3 450 ba ba neng ba ise ba golegwe mo Jeremane ba ne ba tswa letsholo la go anamisa ka bofefo maikano a a kwadilweng a a neng a papamatsa boikaelelo jwa ga Jehofa a bo a tlhalosa ka tshwetso ya Basupi ba ga Jehofa ya gore ba tla obamela Modimo go na le batho. Baganetsi ba ne ba sa kgone go tlhaloganya gore ba kgonne jang go anamisa seno. Dikgwedi di sekae moragonyana, fa Ma-Gestapo a ne a re ditatofatso tse di mo maikanong ke maaka fela, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba kwala lekwalo la botlhe le mo go lone ba neng ba ntsha ka maina badiredi ba Ma-Nazi ba ba neng ba bogisa Basupi ba ga Jehofa ka bopeloethata. Ka 1937, lekwalo leno le lone le ne la anamisiwa thata mo Jeremane. Ka go dira jalo ditiro tsa banna ba ba bosula di ne tsa senolwa gore di bonwe ke mang le mang. Seno gape se ne sa fa batho ka kakaretso tshono ya gore ba swetse gore ba tla tsaya jang batlhanka bano ba Mogodimodimo.—Bapisa Mathaio 25:31-46.
Go Itsise Lefatshe go Lere Seemonyana Se Se Botoka
Dipuso tse dingwe le tsone di ne tsa se ka tsa tshwara Basupi ba ga Jehofa sentle, ba ba kganela go kopana mmogo le go rera phatlalatsa. Mo mabakeng a mangwe dipuso tseno di ne tsa dira gore Basupi ba kobiwe mo ditirong le gore bana ba bone ba kganelwe go tsena dikolo. Dipuso dingwe di le mmalwa le tsone di ne tsa ba itaya ka tsela e e setlhogo tota. Mme lefa go le jalo, tsone dinaga tseo gantsi di na le melaotheo e e tlhomamisetsang kgololesego ya bodumedi. Ka maikaelelo a go tokafaletsa bakaulengwe ba bone ba ba bogisiwang seemo, Mokgatlho wa Watch Tower gangwe le gape o ile wa itsise lefatshe ka botlalo ka mokgwa oo o ba tshwarwang ka one. Seno se dirwa ka dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang!, mme fa gongwe dipego tseno di boa di begwa gape ke baanamisi ba dikgang tsa botlhe. Go tswa foo go bo go romelelwa badiredi ba puso dikwalo di le diketekete tsa boikuelo mo boemong jwa Basupi go tswa mo dintlheng tsotlhe tsa lefatshe.
Ka ntlha ya letsholo leo ka 1937, mmusi wa Georgia, kwa United States, o ne a amogela makwalo a ka tshwara 7 000 go tswa kwa dinageng tse nne mo malatsing a le mabedi fela, mme ratoropo ya La Grange, kwa Georgia, le ene o ne a hupediwa ke diketekete tsa makwalo. Matsholo a a ntseng jalo gape a ne a dirwa mo boemong jwa Basupi ba ga Jehofa kwa Argentina ka 1978 le 1979, Benin ka 1976, Burundi ka 1989, Cameroon ka 1970, Repaboliki ya Dominican ka 1950 le 1957, Ethiopia ka 1957, Gabon ka 1971, Greece ka 1963 le 1966, Joredane ka 1959, Malawi ka 1968, 1972, 1975, gape le ka 1976, Malaya ka 1952, Mozambique ka 1976, Portugal ka 1964 le 1966, Singapore ka 1972, Spain ka 1961 gape le ka 1962, le Swaziland ka 1983.
Go bona sekai sa bosheng jaana sa seo se dirwang ke Basupi ba ga Jehofa go tokafaletsa bakaulengwe ba bone ba ba bogisiwang seemo, sekaseka seemo sa kwa Greece. Ka ntlha ya go bogisiwa ka tsela e e maswe ga Basupi ba ga Jehofa go go neng go tlhotlhelediwa ke Greek Orthodox koo, ka 1986 Tora ya Tebelo le Tsogang! (tse di anamisiwang mo lefatsheng lotlhe ka palo ya dikaelo di le 22 000 000) di ne tsa bega ka botlalo ka pogiso eo. Go ne ga kopiwa Basupi ba ba mo dinageng tse dingwe gore ba kwalele badiredi ba puso ya Greece mo boemong jwa bakaulengwe ba bone. Ba ne ba dira jalo; mme jaaka go ile ga begwa mo pampiring ya dikgang ya Athens e go tweng Vradyni, tona ya molao e ne ya amogela makwalo a mantsintsi a a fetang 200 000 go tswa kwa dinageng tse di fetang 200 ka dipuo di le 106.
Mo ngwageng o o latelang, fa go ne go reeditswe kgetsi e e amang Basupi kwa kgotlatshekelong ya boikuelo kwa Hania, kwa Kereta go ne go na le baemedi ba Basupi ba ga Jehofa go tswa kwa dinageng tse dingwe di supa (go tswa kwa Engelane, Fora, Jeremane, Italy, Japane, Spain, le United States) e le bangwe ba le bone ba amegang mo kgetsing eo ebile ba tlile go ema bakaulengwe ba bone ba Bakeresete nokeng. Mme go tswa foo, fa ba sena go digelwa kgetsi ka 1988 ke Kgotlatshekelo ya Bokgaolakgang ya Greece mo kgetsing e nngwe gape e e amang Basupi, go ne ga dirwa boikuelo kwa Lekgotleng la Ditshwanelo tsa Batho la Yuropa. Gone koo, ka December 7, 1990, baatlhodi ba le 16 go tswa mo e ka nnang dikarolo tsotlhe tsa Yuropa ba ne ba neelwa faele ya go tshwarwa ka makgetlo a le 2 000 le makgolokgolo a ditsheko tse mo go tsone Basupi ba ga Jehofa ba kwa Greece ba neng ba atlholwa ka go bo ba ne ba bua ka Bibela. (Ebile tota, go ne go tshwerwe batho ba le 19 147 ka mabaka ao kwa Greece go tloga ka 1938 go fitlha ka 1992.) Lekgotla le ne la dumalana lotlhe gore kgetsi e tshwanetse go reediwa ke Lekgotla la Ditshwanelo tsa Batho la Yuropa.
Mo makgetlong a mangwe go upolola ka tsela eo gore batho ba ne ba ntse ba patikiwa go ne go tokafatsa seemo. Lefa go le jalo, lefa baatlhodi kana babusi ba ka tsaya kgato efe, Basupi ba ga Jehofa ba tswelela ba utlwa Modimo jaaka Mmusimogolo wa bone.
Go Dumelelwa Semolao
Go ne go phepafetse gore tetla ya go tsweledisa kobamelo ya boammaaruri ga e ntshiwe ke motho mongwe kgotsa puso nngwe ya batho. E tswa kwa go Jehofa Modimo. Lefa go le jalo, mo dinageng tse dintsi, go ile ga itshupa go le mosola gore Basupi ba ga Jehofa ba ikwadise mo pusong jaaka mokgatlho wa bodumedi gore ba tle ba kgone go sirelediwa ke molao wa naga. Dithulaganyo tsa go reka lefelo la ofisi ya lekala kgotsa tsa go gatisa dibuka tsa Bibela ka bontsi di ka nna tsa thusiwa thata ke go tlhoma makgotla a semolao a mafelo ao. Go dumalana le sekao sa ga moaposetoloi Paulo kwa Filipi wa bogologolo ka “go tlhomamisa mafoko a a molemo semolao,” Basupi ba ga Jehofa ba tsaya dikgato tse di tshwanetseng go diragatsa seno.—Bafil. 1:7, NW.
Ka dinako tse dingwe, seno se ne se le thata. Ka sekai, kwa Austria, koo tumelano ya puso le Vatican e tlhomamisang gore puso e ema Kereke ya Katoliki nokeng ka madi, kwa tshimologong badiredi ba puso ba ne ba itlhokomolosa maiteko a Basupi ba ga Jehofa, mme ba ne ba bolela jaana: ‘Maikaelelo a lona ke go thaya mokgatlho wa bodumedi, mme mokgatlho o o ntseng jalo o ka se ka wa dumelelwa ke molao wa Austria.’ Lefa go le jalo, ka 1930, ba ne ba kgona go kwadisa lekgotla le le anamisang Dibibela le dibuka tsa Bibela.
Kwa Spain tiro ya Basupi ba ga Jehofa mo lekgolong la bo20 la dingwaga e simologile ka nako ya Ntwa ya Lefatshe I. Mme legale fa esale mo dingwageng tsa ntlha tsa Kgotlatshekelo E E Kgatlhanong le Boikeodi ya lekgolo la bo15 la dingwaga, Kereke ya Roma Katoliki le Naga ya Spain di ne di ja mmogo fa e se mo mabakeng a sekaenyana fela. Diphetogo tse di neng tsa nna teng tsa dipolotiki le tsa bodumedi di ne tsa dira gore batho ba letlelelwe gore ba ka nna le bodumedi bo sele, mme legale ba ne ba sa letlelelwe go itsise tumelo ya bone phatlalatsa. Lefa go ne go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba batla gore ba letlelelwe semolao kwa Spain ka 1956 mme gape le ka 1965. Lefa go le jalo, go ne ga se ka ga nna le tswelelopele epe e e bonalang go fitlha Palamente ya Spain e tlhoma Molao wa Kgololesego ya Bodumedi ka 1967. Kgabagare, ba ne ba dumelelwa semolao ka July 10, 1970, fa palo ya Basupi kwa Spain e ne e setse e fetile 11 000.
Kopo ya go kwadisa Mokgatlho wa Watch Tower e ne ya neelwa mmusi wa bokolone wa mo Fora kwa Dahomey (e jaanong e leng Benin) ka 1948. Lefa go ntse jalo, ba ne ba letlwa morago ka 1966, dingwaga tse thataro morago ga fa lefatshe leo le sena go bona boipuso. Lefa go ntse jalo, go dumelelwa goo go ne ga phimolwa ka 1976 mme go busediwa gape ka 1990 fa go ne go nna le diphetogo tsa sepolotiki le fa maikutlo a babusi a fetoga mabapi le kgololesego ya bodumedi.
Le mororo Basupi ba ga Jehofa ba sale ba dumeletswe semolao kwa Canada ka dingwaga tse dintsi, Ntwa ya Lefatshe II e ne ya fa baganetsi seipato sa go tlhotlheletsa mmusikakaretso yo mosha gore a bolele fa Basupi ba sa tlhole ba dumelelwa semolao. Seno se ne sa dirwa ka July 4, 1940. Dingwaga tse pedi morago ga foo, fa Basupi ba ne ba fiwa tshono ya go romela baemedi kwa komiting e e tlhophilweng ya House of Commons, komiti eo e ne ya gatelela thata gore go thibelwa ga Basupi ba ga Jehofa le lekgotla la bone la molao go tlosiwe. Lefa go le jalo, go ne ga se ka ga direga sepe go fitlha go nna le dipuisano tse dileele le tse di neng tsa boelediwa kgapetsakgapetsa mo House of Commons le go fitlha go dirwa tiro e kgolo ya go kgobokanya mesaeno ya batho mo lefatsheng leo lotlhe mo dikopong di le pedi e bo e nna gone tona ya tshiamiso, yo e leng Moroma Katoliki, a ileng a patelesega go tlosa thibelo gotlhelele.
Go ne go tlhokega gore dipuso tsa Yuropa Botlhaba di fetole tsela e di lebang dilo ka yone pele Basupi ba ga Jehofa ba ne ba ka dumelelwa semolao koo. Kgabagare, morago ga masomesome a dingwaga go ntse go dirwa boikuelo mabapi le kgololesego ya bodumedi, Basupi ba ne ba dumelelwa semolao kwa Poland le kwa Hungary ka 1989, kwa Romania le Jeremane Botlhaba (pele e kopana le Jeremane Bophirima) ka 1990, kwa Bulgaria le kwa go se ka nako eo se neng se bidiwa Soviet Union ka 1991, kwa Albania ka 1992.
Basupi ba ga Jehofa ba leka ka natla go dira tumalanong le melao ya setšhaba sengwe le sengwe. Ba buelela thatathata, ka ntlha ya se se mo Bibeleng, go tlotla badiredi ba puso. Mme fa melao ya batho e thulana le ditaelo tsa Modimo, ba fetola jaana: “Re na le go utlwa Modimo bogolo go batho.”—Dit. 5:29.
Fa Poifo E Dira Gore Batho ba Lebale Ditsela tsa Motheo tsa Kgololesego
Ka ntlha ya go sa diriseng diokobatsi sentle ga batho ba le bantsi le ka ntlha ya go tlhatloga ga ditlhwatlhwa, go go ileng ga patelela banna mmogo le basadi go batla tiro, Basupi ba ga Jehofa kwa United States ba ne ba iphitlhela ba lebanwe ke maemo a masha mo bodiheding jwa bone. Bontsi jwa ditikologo bo sala bo sena batho motshegare, mme bogodu bo bontsi. Batho ba a boifa. Kwa bofelong jwa bo1970 le kwa tshimologong ya bo1980, go ne ga tlhongwa melao ya go kopa tetla gore go tle go kgonege go tlhoma batho ba ba sa itsiweng mo tikologong matlho. Ditoropo dingwe di ne tsa tshosetsa go tshwara Basupi ba ga Jehofa fa ba sa kope ditetla. Mme legale go ne go setse go thailwe motheo o o utlwalang wa semolao, ka jalo go ne go ka dirwa maiteko a go rarabolola bothata jono go sa iwa kwa kgotlatshekelo.
Kwa go tsogang bothata teng, bagolwane ba lefelo leo ba ka nna ba kopana le badiredi ba toropo go bo rarabolola. Basupi ba ga Jehofa ba gana gotlhelele go kopa tetla ya go dira tiro e Modimo a e laotseng, gape Molaotheo wa U.S. o o tladiwang ke ditshwetso tsa Kgotlatshekelo ya Bokgaolakgang, o tlhomamisetsa kgololesego ya bodumedi le ya go bega dikgang e e sa tlhokeng gore motho a duele madi ape gore a e bone. Mme legale Basupi ba ga Jehofa ba itse gore batho ba a boifa, mme ka jalo ba ka nna ba itsise mapodisi pele ba simolola tiro mo lefelong le le rileng, fa seo se tlhokega. Lefa go le jalo, fa e le gore ga ba kgone go dumelana ka sepe, mmueledi go tswa kwa ntlokgolo ya Mokgatlho o kwalela badiredi ba lefelo leo a tlhalosa tiro ya Basupi ba ga Jehofa, molao o o mo molaotheong o o emang nokeng tshwanelo ya bone ya go rera, le gore ba ka kgona go dirisa tshwanelo eo ka go pega tsheko ya go batla madi a ditshenyegelo mo go mmasepala le mo badireding ba gagwe.f
Mo dinageng tse dingwe go a tle go bo go itshupe go tlhokega gore go iwe kwa kgotlatshekelo go ya go tlhomamisa ditsela tsa motheo tsa kgololesego tse di neng di ntse di sa tsewe tsia. Go ne go ntse fela jalo kwa Finland ka 1976 mme gape le ka 1983. Go phepafetse gore, go ile ga tlhongwa melawana e mentsi e e kganelang tiro ya bodumedi e e akaretsang go tsamaya ka ntlo le ntlo go sirelediwa beng ba matlo gore ba se ka ba tshwenngwa. Lefa go le jalo, go ne ga tlhalosiwa sentle kwa kgotlatshekelo kwa Loviisa le kwa Rauma gore go rera ka ntlo le ntlo ke karolo ya bodumedi jwa Basupi ba ga Jehofa le gore puso e letlile mokgwa ono wa go rera fa e ne e neela lekgotla la bodumedi la Basupi ba ga Jehofa tetla. Go ne gape ga bontshiwa gore batho ba le bantsi ba amogela Basupi fa ba ba etela le gore go thibela tiro eo fela ka go bo e se botlhe ba ba e anaanelang e tla bo e le go kgoreletsa go dira dilo ka kgololesego. Morago ga go fenya mo ditshekong tseo, ditoropo le metsemegolo e mentsi di ne tsa phimola melao ya tsone.
Go Tlhotlheletsa go Tokafadiwa ga Molaotheo
Tiro ya Basupi ba ga Jehofa, mo dinageng dingwe, e ile ya tlhotlheletsa thata go tokafadiwa ga molao. Moithuti mongwe le mongwe wa molao wa Moamerika o itse sentle seabe se se tserweng ke Basupi ba ga Jehofa mo go emeleng ditshwanelo tsa batho kwa United States. Dilo tse di bontshang bogolo jwa seabe sa bone ke ditlhogo tse di tshwanang le tse di latelang: “Seabe sa Basupi ba ga Jehofa mo Molaotheong,” se se neng sa tlhaga mo Minnesota Law Review, ya March 1944, le, “Selo se se Rotloetsang go Tokafadiwa ga Melao ya Molaotheo: Basupi ba ga Jehofa ba le kwa Kgotlatshekelo ya Bokgaolakgang,” e e neng e kwadilwe mo go University of Cincinnati Law Review, ka 1987.
Ditsheko tsa bone tsa kwa kgotlatshekelo di dira karolo e e bonalang ya molao wa Amerika o o mabapi le kgololesego ya bodumedi, go bua o gololesegile, le kgololesego ya kanamiso ya dikgang. Dikgetsi tseno ga di a ka tsa tlhomamisa fela gore Basupi ba ga Jehofa ba gololesege ba le bosi mme di ile tsa tlhomamisa gore batho ka kakaretso ba bone kgololesego. Mo puong e a neng a e neela kwa Yunibesithi ya Drake, Irving Dilliard, yo e neng e le mokwadi wa dibuka le makwalopaka yo o itsegeng thata o ne a re: “Re rata kana re sa rate, boammaaruri ke gore Basupi ba ga Jehofa ba thusitse thata go gaisa setlhopha sepe sa bodumedi mo go tlhomamiseng gore re kgone go gololesega.”
Mme mabapi le seemo sa kwa Canada, ketapele ya buka e go tweng State and Salvation—The Jehovah’s Witnesses and Their Fight for Civil Rights e bolela jaana: “Basupi ba ga Jehofa ba rutile puso, le batho ba Canada, kafa molao o tshwanetseng go sireletsa ka teng ditlhopha tsa baingaodi. Mo godimo ga moo, go bogisiwa . . . [ga Basupi kwa kgaolong ya Quebec] go ile ga baka dikgetsi tse e rileng ka bo1940 le bo1950, tsa felela di ile kwa Kgotlatshekelo ya Bokgaolakgang ya Canada. Le tsone di ile tsa nna le seabe sa botlhokwa mo maikutlong a batho ba Canada mabapi le ditshwanelo tsa batho, mme di dira motheo wa ditsamaiso tsa molao tsa ditshwanelo tsa batho mo Canada gompieno.” Buka eo e tlhalosa gore, “kafa go neng ga felela ka teng ka” ditsheko tsa Basupi tsa go lwela go obamela ka kgololesego, “e ne ya nna dipuisano tse dileele tse di ileng tsa felela ka Lekwalo la Ditshwanelo,” le jaanong e leng karolo ya molao wa motheo wa Canada.
Go Nna kwa Godimo ga Molao wa Modimo
Lefa go le jalo, ntlha ya konokono e e supelwang ke pego ya ditsheko tsa Basupi ba ga Jehofa ke gore molao wa Modimo ke one o o kwa godimodimo. Selo sa konokono se se ileng sa dira gore ba tseye boemo jo ke go tlhaloganya kgang ya bolaodi jwa lobopo lotlhe. Ba tsaya Jehofa e le Modimo wa boammaaruri a le esi fela gape e le ene a tshwanelwang ke go nna Molaodi wa lobopo lotlhe. Ka lebaka leo ba dumela gore melao epe kgotsa tshwetso epe fela e e ka kgoreletsang go dirwa ga se Jehofa a se laotseng ga e kaye sepe le gore thulaganyo epe fela ya motho e e dirang dithibelo tseo e a bo e tlodile melelwane ya yone ya thata. Boikutlo jwa bone bo tshwana le jwa baaposetoloi ba ga Jesu Keresete, ba ba ileng ba bolela jaana: “Re na le go utlwa Modimo bogolo go batho.”—Dit. 5:29.
Ka thuso ya Modimo Basupi ba ga Jehofa ba dirile tshwetso ya gore ba tla rera mafoko ano a a molemo a Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng lotlhe go neela merafe yotlhe bosupi pele bokhutlo bo tla.—Math. 24:14.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Tokololo ya one ya ntlha e ne e le ya October 1, 1919. Makasine oo le o o ileng wa o latela, wa Consolation le wa Tsogang!, e ne ya anamisiwa thata. Ka 1992, go ne go anamisiwa dikopi tsa Tsogang! di le 13 110 000 ka dipuo di le 67 ka metlha.
b Basupi ba ga Jehofa ba ne ba ikemiseditse gore, fa ba isiwa kwa dikgotlatshekelong ka ntlha ya go rera, ba tla ikuela go na le go duela madi a go neng go twe ba a duele. Mme e re fa ba welwa ke kgetsi ba sena go ikuela, ba ne ba ya kgolegelong go na le go duela madi a ba a lefisitsweng, fa e le gore molao o ne o ba letla go dira jalo. Go tswelela ka go gana go duela madi a go neng go twe Basupi ba a duele go ne ga thusa go kgoba badiredi bangwe marapo gore ba se ka ba tswelela ba kgoreletsa tiro ya go rera. Lefa gone seno se ne se santse se setswe morago ka mabaka mangwe a a rileng, Tora ya Tebelo (ka Seesemane) ya April 1, 1975, e ne ya bontsha gore mo dikgetsing di le dintsi go duela madi go ka tsewa fela jaaka katlholo ya semolao, ka jalo go a duela ga go kitla go raya gore motho o dumela gore o molato, fela jaaka go ya kgolegelong e se sesupo sa gore motho o molato.
c Lovell v. City of Griffin, 303 U.S. 444 (1938).
d Schneider v. State of New Jersey (Town of Irvington), 308 U.S. 147 (1939).
e 310 U.S. 296 (1940).
f 297 Mass. 65 (1935). Kgang eo e ne e ama mosimanyana wa sekolo wa dingwaga tse robedi, yo leina la gagwe le kwalwang sentle jaaka Carleton Nichols.
g 302 U.S. 656 (1937) (go tswa kwa Georgia).
h 303 U.S. 624 (1938) (go tswa kwa New Jersey).
i 306 U.S. 621 (1939) (go tswa kwa California).
j 306 U.S. 621 (1939) (go tswa kwa Massachusetts).
k 310 U.S. 586 (1940). Walter Gobitas (fa le kwalwa sentle), rrabana, a na le bana ba gagwe ebong William le Lillian, ba ne ba pegile tsheko go thibela boto ya sekolo gore e se ka ya gana go letla bana ba babedi bao go tsena sekolo sa botlhe sa Minersville ka ntlha ya go bo bana bao ba ne ba gana go dumedisa folaga ya setšhaba. Kgotlatshekelo ya kgaolo le ya potologo eo di ne tsa utlwa boikuelo jwa Basupi ba ga Jehofa. Go tswa foo boto e ne ya ikuela kwa Kgotlatshekelo ya Bokgaolakgang.
l 316 U.S. 584 (1942).
a 319 U.S. 105 (1943).
b Ka ngwaga wa 1943, dingongorego le boikuelo mo dikgetsing di le 24 tse di amang Basupi ba ga Jehofa di ne tsa isiwa kwa Kgotlatshekelo ya Bokgaolakgang ya United States.
c 319 U.S. 624 (1943).
d 319 U.S. 583 (1943).
e Go simologa ka 1919 go fitlha ka 1988, go ne ga isiwa dingongorego le boikuelo tsa dikgetsi tse di ka tshwarang 138 tse di amang Basupi ba ga Jehofa kwa Kgotlatshekelo ya Bokgaolakgang ya U.S. Di le lekgolo le masome a mararo tsa dikgetsi tseno di ne tsa isiwa ke Basupi ba ga Jehofa; mme tse robedi di ne tsa isiwa ke baba ba bone mo go tsa molao. Kgotlatshekelo ya Bokgaolakgang e ne ya gana go boeletsa dikgetsi di le 67 ka gore, go ya kafa Kgotlatshekelo eno e neng e leba dilo ka gone ka nako eo, go ne go sena dingongorego dipe tse di neng di tsositswe mabapi le molaotheo le molao wa kgaolo. Mo dikgetsing tse 47 tse Kgotlatshekelo e ileng ya di sekaseka, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba se ka ba bonwa molato.
f Jane Monell v. Department of Social Services of the City of New York, 436 U.S. 658 (1978).
[Mafoko a a mo go tsebe 680]
Basupi ba ga Jehofa ba ne ba thibelwa ke puso mo dinageng ka go tlhomagana
[Mafoko a a mo go tsebe 682]
Kgetsi e ne ya tshololwa, mme moruti o ne a tswa mo ntlong ya tshekelo a galefile tota!
[Mafoko a a mo go tsebe 693]
Badiredi bangwe ba ne ba simolola go nna kelotlhoko fa ba tshwere dikgetsi tse di amang Basupi
[Lebokoso mo go tsebe 684]
Kgotlatshekelo ya Bokgaolakgang ya U.S. E A Rerelwa
Fa a ne a eme fa pele ga Kgotlatshekelo ya Bokgaolakgang ya United States e le mogakolodi mo go tsa molao mo kgetsing ya ga “Gobitis,” Joseph F. Rutherford, yo e neng e le leloko la Lekgotla la Babueledi la New York le mookamedi wa Mokgatlho wa Watch Tower, o ne a itebaganya thata le botlhokwa jwa go ineela mo bolaoding jwa ga Jehofa Modimo. O ne a re:
“Basupi ba ga Jehofa ke ba ba neelang bosupi kaga leina la Modimo Mogodimodimo, yo e leng ene fela leina la gagwe e leng JEHOFA. . . .
“Ke lo itsise ntlha ya gore erile mo dingwageng tse di fetang dikete tse thataro tse di fetileng, Jehofa Modimo a solofetsa gore o tla tlhoma puso ya tshiamo ka Mesia. O tla diragatsa tsholofetso eo ka nako ya yone. Fa go sekasekwa ditiragalo tsa motlha ono go lebilwe boperofeti go bonala sentle gore go tla tloga go diragala. . . .
“Modimo ebong Jehofa, ke ene fela motswedi wa botshelo. Ga go na ope gape yo a ka fang botshelo. Kgaolo ya Pennsylvania ga e kake ya fa botshelo. Lefa e le Puso ya Amerika tota. Modimo o dirile molao ono [o o thibelang kobamelo ya ditshwantsho], mme jaaka Paulo a bolela, o tlhometswe go sireletsa batho ba Gagwe mo kobamelong ya medimo ya disetwa. O ka nna wa re, seo ga se sepe. Mme go ne go ntse fela jalo fa Adame a ne a ja leungo le a neng a sa tshwanela go le ja. Ga se apole e Adame a ileng a e ja e e neng e le phoso, mme go na le moo phoso ya gagwe e ne e le go tlola molao wa Modimo. Kgang ke gore a batho ba tla utlwa Modimo kana thulaganyo nngwe ya batho. . . .
“Ke batla go gakolola Kgotlatshekelo eno (lefa gone go sa tlhokege) gore mo kgetsing ya ‘Church v. United States’ Kgotlatshekelo eno e ne ya swetsa ka gore Amerika ke setšhaba sa Bokeresete; mme seo se raya gore Amerika e tshwanetse go ikobela molao wa Modimo. Gape seno se raya gore kafa molaong Kgotlatshekelo eno e ela tlhoko gore molao wa Modimo ke one o mogolo. Mme fa segakolodi sa motho se dumela gore molao wa Modimo o mogolo mme a bo a dira go dumelana le segakolodi sa gagwe, ga go na motho ope yo o nang le thata ya go laola kgotsa ya go kgoreletsa segakolodi sa gagwe. . . .
“Ke kopa tetla ya go tlhalosa seno: gore nako le nako fa thulaganyo ya Kgotlatshekelo eno e simologa motho yo o itsiseng thulaganyo ya kgotlatshekelo o bolela mafoko ano: ‘A Modimo o babalele United States le Kgotlatshekelo eno e e tlotlegang.’ Mme jaanong nna ka re, a Modimo o babalele Kgotlatshekelo eno e e tlotlegang gore e se ka ya dira phoso e e gogelang batho bano ba United States go nna setlhopha se se gatelelang le se se senyang kgololesego e Molaotheo o e nayang batho. Eno ke kgang e e boitshepo mo Moamerikeng mongwe le mongwe yo o ratang Modimo le Lefoko la Gagwe.”
[Lebokoso mo go tsebe 687]
Ditiragalo Tse Di Ileng tsa Dira Gore go Nne le Diphetogo
Ka 1940, mo kgetsing ya “Minersville School District v. Gobitis,” fa Kgotlatshekelo ya Bokgaolakgang ya Amerika e ne e swetsa ka gore bana ba dikolo ba tlotle folaga, baatlhodi ba le robedi mo go ba le robong ba ne ba dumalana. Ke Moatlhodi Stone fela yo o neng a se ka a dumelana le tshwetso eo. Mme dingwaga tse pedi morago ga foo, fa ba ne ba sa dumelane le tshwetso mo kgetsing ya ga “Jones v. Opelika,” baatlhodi ba bangwe gape ba le bararo ba (Black, Douglas, le Murphy) ba ne ba dirisa tshono eo go tlhalosa gore ba dumela gore tshwetso e e tserweng mo kgetsing ya ga “Gobitis” e ne e le phoso ka gore e beile kgololesego ya bodumedi mo maemong a a kwa tlase. Seno se ne se raya gore baatlhodi ba le banè mo go ba ba robong ba ne ba batla gore go fetolwe tshwetso e e neng e tserwe mo kgetsing ya ga “Gobitis.” Baatlhodi ba le babedi mo go ba bangwe ba batlhano ba ba ileng ba se ka ba tsaya tsia thata kgololesego ya bodumedi ba ile ba tlogela tiro. Ba babedi ba basha (Rutledge le Jackson) ba ne ba direla jaaka baatlhodi fa kgetsi e nngwe e amanang le go dumedisa folaga e ne e tsena kwa go Kgotlatshekelo ya Bokgaolakgang. Ka 1943, mo kgetsing ya “West Virginia State Board of Education v. Barnette,” boobabedi ba ne ba dira tshwetso e e dumelelang kgololesego ya bodumedi go na le go patelela go dumedisa folaga. Ka jalo, ka tlhopho ya ba le 6 kgatlhanong le ba le 3, Kgotlatshekelo e ne ya fetola ditshwetso tse di neng di tserwe mo dikgetsing tse tlhano tse di fetileng (“Gobitis,” “Leoles,” “Hering,” “Gabrielli,” le ya ga “Johnson”) tse go ilweng ga ikuelwa mo go tsone mo Kgotlatshekelong eno.
Se se kgatlhang ke gore Moatlhodi Frankfurter o ne a bua jaana fa a ne a bolela lebaka la go bo a sa dumelane mo kgetsing ya ga “Barnette”: “Fela jaaka go ile ga nna ga diragala le mo nakong e e fetileng, Kgotlatshekelo e tla tswelela ka go nna e ntse e fetola tshwetso ya yone. Mme ke dumela gore ga go ise go ko go diragale pele ga dikgetsi tseno tsa Basupi ba ga Jehofa (fa e se go fapoganyana go e seng ga sepe go go ileng ya re kwa morago ga lemogiwa) gore Kgotlatshekelo eno e fetole ditshwetso ka maikaelelo a go fokotsa dithata tsa puso ya temokeratiki.”
[Lebokoso mo go tsebe 688]
“Mokgwa wa Bogologolo wa Boefangele wa Borongwa”
Ka 1943, mo kgetsing ya ga “Murdock v. Pennsylvania,” Kgotlatshekelo ya Bokgaolakgang ya United States e ne ya bolela jaana mo dilong tse dingwe tse e neng ya di bolela:
“Go aba dipampitshana tsa bodumedi ke mokgwa wa bogologolo wa boefangele wa borongwa—o mogologolo fela jaaka hisitori ya go gatisa ka metšhine. O ile wa dirisiwa fela thata ke mekgatlho e mentsi ya bodumedi go tswa fela koo. Mokgwa ono wa go gasa efangele o dirisiwa thata ke mekgatlho e e farologaneng eo batsamaisi ba yone ba dibuka ba isang Efangele kwa malapeng a le diketekete mme ba leka go gapela batho mo tumelong ya bone ka go etela. Go kaya se se fetang go rera fela; go kaya sengwe se se fetang go tsamaisa dibuka tsa bodumedi fela. Go dira dilo tseno ka bobedi. Boikaelelo jwa gone jwa go gasa efangele bo tshwana le jwa pokano ya tsosoloso. Go ya ka Tshetla ya Ntlha tiro eno ya bodumedi e tseelwa kwa godimo thata fela jaaka kobamelo ya dikereke le go rera go tswa mo aletareng. E bolela fa e sireletsa fela jaaka ya bogologolo le e e saleng e ntse e dirisiwa ya bodumedi. Gape le yone e bolela fela jaaka tse dingwe gore e tlhomamisa go gololesega go bua le go anamisa dikgang.”
[Lebokoso mo go tsebe 690]
“Ditshwanelo Tse Di Lekanang go Botlhe”
Mokwadi mongwe wa ditlhogo tsa dikgang wa Mo-Canada, yo ka nako eo a neng a itsege thata, o ne a kwala jaana kafa tlase ga setlhogo se se fa godimo, ka 1953: “Go tshwanetse ga godiwa molelo o mogolo kwa Parliament Hill go keteka tshwetso e e tserweng ke Kgotlatshekelo ya Bokgaolakgang ya Canada mo kgetsing ya ga Saumur [e e neng ya isiwa kwa Kgotlatshekelo eno ke Basupi ba ga Jehofa]; molelo o o tshwanelang tiragalo e kgolo. Ke ditshwetso di sekae fela mo ditsong tsa tsamaiso ya molao ya Canada tse di neng di le botlhokwa go e feta. Kgotlatshekelo eno e solegetse Canada molemo thata go gaisa dikgotlatshekelo di le dintsi. Ga go na kgotlatshekelo epe e e dirileng gore batho ba Canada ba ba tseelang kwa godimo boswa jwa bone jwa kgololesego gore ba leboge thata jaana. . . . Ga go na molelo ope o o lekaneng go ka keteka kgololesego eno.”
[Lebokoso mo go tsebe 694]
Maitlhomo A A Nonofileng A A Lebisitsweng kwa Pusong ya Bo-Nazi
Diphuthego tsotlhe tsa Basupi ba ga Jehofa mo Jeremane di ne tsa romelelwa puso ya Jeremane lekwalo leno le le latelang ka October 7, 1934:
“GO BADIREDI BA PUSO:
“Lefoko la ga Jehofa Modimo, jaaka fa le tlhalosiwa mo Bibeleng E E Boitshepo, ke lone molao o mogolo mo go yotlhe, mme mo go rona ke lone fela le re kaelang ka go bo re ineetse mo Modimong le go bo re le balatedi ba boammaaruri le ba ba ikanyegang ba ga Jesu Keresete.
“Mo ngwageng o o fetileng, le ne la tlola molao wa Modimo la bo la re ganela ka ditshwanelo tsa rona, ka go re kganela re le basupi ba ga Jehofa go kopana mmogo go ithuta Lefoko la Modimo le go mo obamela le go mo direla. Mo Lefokong la gagwe o re laola gore re kopane mmogo ka metlha. (Bahebera 10: 25) Jehofa o re laola jaana: ‘Lo basupi ba me ba gore ke Modimo. Yang lo bolelele batho molaetsa.’ (Isaia 43:10, 12; Isaia 6:9; Mathaio 24:14) Molao wa lona o thulana le molao wa Modimo, mme, ka go latela sekao sa baaposetoloi ba ba ikanyegang, ‘re na le go utlwa Modimo go na le batho,’ mme seno re tlile go se dira. (Ditihō 5:29) Jaanong seno ke go lo itsise gore lefa go ka nna jang re tlile go utlwa ditaolo tsa Modimo, re tlile go kopana mmogo go ithuta Lefoko la gagwe, gape re tlile go mo obamela le go mo direla fela jaaka a laotse. Fa puso ya lona kgotsa badiredi ba lona ba dirisa dikgoka mo go rona ka ntlha ya go bo re utlwa Modimo, he madi a rona a tla lopiwa mo go lona mme ebile lo tla nna molato fa pele ga Modimo Mothatayotlhe.
“Ga re tsene gope mo ditirong tsa sepolotiki, mme go na le moo re ineetse gotlhelele mo bogosing jwa Modimo ka Keresete e le Kgosi. Ga re kitla re gobatsa lefa e le go utlwisa ope botlhoko. Re eletsa go nna ka kagiso le go direla batho botlhe molemo fa re bona tshono ya go dira jalo, ereka puso ya lona le badiredi ba yone ba tsweletse ka go leka go re patelela go tlola molao o mogolo mo go yone yotlhe mo lobopong, re patelesega gore jaanong re lo itsise gore, ka kutlwelobotlhoko ya gagwe, re tla utlwa Jehofa Modimo le go Mo ikanya ka botlalo go re golola mo go bogisiweng le mo babogising botlhe fela.”
[Lebokoso mo go tsebe 697]
Basupi Ba Ba Thibetsweng ba Tlha-losa Boemo Jwa Bone ka Phepafalo
Mokgatlho wa Basupi ba ga Jehofa o ne wa thibelwa kwa Canada ka 1940. Morago ga foo go ne ga nna le ditsheko di le 500. Basupi ba ne ba tla iphemela jang? Ba ne ba bolelela Kgotlatsheke-lo mafoko ano ka tlotlo mme ba nitame:
‘Ga ke na boitshwarelo bope jo nka bo kopang mabapi le dibuka tseno. Di ruta tsela ya go bona botshelo jo bo sa khutleng. Ke dumela tota gore di tlhalosa ka boikaelelo jwa Modimo Mothatayotlhe jwa go tlhoma Bogosi jwa tshiamo mo lefatsheng. Mo go nna, dibuka tseno ke lesego le legolo le nkileng ka le bona. Go ya ka nna e tla bo e le go leofela Mothatayotlhe fa nka senya dibuka tseno, le molaetsa wa Modimo o o mo go tsone, fela jaaka e tla bo e le boleo go tshuba Bibela ka boyone. Motho mongwe le mongwe o tshwanetse go itlhophela go ganwa ke batho kgotsa go ganwa ke Modimo Mothatayotlhe. Nna ka bonna ke eme kafa letlhakoreng la Morena le Bogosi jwa Gagwe, mme ke batla go tlotla leina la Mogodimodimo, le e leng Jehofa, mme fa e le gore ke tla otlhaelwa seo, ba ba nkwatlhayang ba tla ikarabela fa pele ga Modimo.’
[Lebokoso mo go tsebe 698]
Kafa Maloko A Puso ya Canada a Neng A E Leba ka Teng
Fano ke mafoko a a ileng a buiwa ke maloko a House of Commons ya Canada ka 1943 fa ba ne ba kgothaletsa tona ya molao gore e tlogele go thibela Basupi ba ga Jehofa le makgotla a bone a a kwadisitsweng kafa molaong:
“Ga go na bosupi bope jo bo kileng jwa neelwa komiti ke lephata la molao jo bo neng bo bontsha gore e kile ya re ka motlha mongwe basupi ba ga Jehofa ba tshwanelwa ke go thibelwa . . . Ke matlhabisaditlhong mo Nageng ya Canada gore batho ba bo ba bogisediwa tumelo ya bone ka tsela e go ileng ga bogisiwa batho bano ka yone.” “Mo go nna go phepafetse gore ke kilo ya bodumedi e e dirang gore thibelo eno e tswelele pele.”—Mr. Angus MacInnis.
“Bontsi jwa rona re itse sentle gore batho bano ke batho fela ba ba ka se kang ba gobatsa ope, ba ba sa ikaelelang go direla puso phoso epe. . . . Ke ka ntlha yang fa thibelo e ise e tlosiwe? Ga e kake ya bo e le ka ntlha ya go boifa gore mokgatlho ono o ka senya boikaelelo jwa puso ka tsela nngwe, kgotsa ka ntlha ya gore ditiro tsa one di kgatlhanong le dithulaganyo tsa go ipaakanyetsa ntwa. Ga go ise go ke go nne lefa e le bosupinyana bope fela jwa gore go ntse jalo.”—Mr. John G. Diefenbaker.
“Go dira gore motho a ipotse gore a ga se gore gongwe kgato e e tseetsweng Basupi ba ga Jehofa totatota ke ka ntlha ya boikutlo jwa bone ka Maroma Katoliki, go na le gore ke ka ntlha ya boikutlo jwa bone jwa go tsuologa.”—Mr. Victor Quelch.
[Lebokoso mo go tsebe 699]
“Seabe sa Gone mo go Boneng Kgololesego ya Bodumedi”
“Go tla bo go sa tshwanela gore go tshololwe pegonyana eno ya patlisiso ya bothata jo bo nnileng teng gareng ga Puso le Basupi ba ga Jehofa go sa buiwe kafa seo se solegetseng kgololesego ya bodumedi molemo ka teng mo Molaotheong wa rona ka ntlha ya boitshoko jwa bone. Mo dingwageng tsa bosheng ba ile ba dirisa nako e ntsi thata ya dikgotlatshekelo go gaisa setlhopha sepe fela sa bodumedi, mme ba ile ba lejwa ke batho ka kakaretso jaaka dieleele, mme lefa go le jalo ba ne ba emela maikutlo a bone, mme ka ntlha ya se dikgotla tsa Dikgaolo di ne tsa dira ditshwetso di le dintsi tse di ileng tsa dibela le go oketsa kgololesego ya bodumedi e e tlhomamisediwang batho ba Amerika, le go sireletsa le go oketsa dilo tse molao o ba letlang go di dira. Ditsheko tsa bone di le masome a mararo le motso di ile tsa felela di le kwa go Kgotlatshekelo ya Bokgaolakgang mo dingwageng tse tlhano go tloga ka 1938 go fitlha ka 1943, mme ditshwetso tse di ileng tsa tsewa mo go tsone le tsa dikgetsi tse di ileng tsa latela morago di ile tsa nitamisa mekgele ya go bona kgololesego e e bolelwang mo Molaong wa Ditshwanelo ka kakaretso, mme bogolo jang go ile ga kgonwa go sireletsa kgololesego ya bodumedi.”—“Church and State in the United States,” e e kwadilweng ke Anson Phelps Stokes, Bolumo III, 1950, tsebe 546.
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 700, 701]
Ba Itumelela Kgololesego ya Bone ya Bodumedi
Basupi ba ga Jehofa jaanong ba kgona go kopanela kobamelo ya bone ba sa iphitlhe le go bolelela ba bangwe mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo ka kgololesego mo dinageng tse dintsi tse ba neng ba sena kgololesego ya bodumedi kwa go tsone mo nakong e e fetileng.
Quebec, kwa Canada
Ka bo1940, Basupi ba sekae ba ba neng ba le mo Châteauguay ba ne ba tlhaselwa ke segopa sa batho. Ka 1992 Basupi ba ba ka fetang 21 000 ba ne ba kopana ka kgololesego mo kgaolong ya Quebec mo Diholong tsa bone tsa Bogosi
St. Petersburg, kwa Russia
Ka 1992, batho ba le 3 256 ba ne ba tla go kolobediwa mo kopanong ya ntlha ya merafe yotlhe ya Basupi ba ga Jehofa kwa Russia
Palma, kwa Spain
Morago ga fa Basupi ba ga Jehofa ba kwa Spain ba sena go dumelelwa semolao ka 1970, ditlhaka tse dikgolo tse di kwadilweng mo mafelong a ba kopanelang mo go one di ne tsa supa kafa ba neng ba itumetse ka teng go bo ba kgona go kopana fela ka kgololesego
Tartu, kwa Estonia
Basupi ba kwa Estonia ba ile ba leboga thata fa ba ne ba amogela dikgatiso tsa Bibela ba sa kgorelediwe ka 1990
Maputo, kwa Mozambique
Erile ngwaga o ise o fele morago ga gore Basupi ba ga Jehofa ba dumelelwe semolao ka 1991, diphuthego tse di ka fetang 50 tsa Basupi ba ba tlhaga ba ne ba tswelela ka bodihedi jwa bone mo moshateng ono le mo tikologong ya one
Cotonou, kwa Benin
Fa ba ne ba goroga kwa pokanong nngwe ka 1990, batho ba bantsi ba ne ba gakgamadiwa ke go bona lesela le le kwadilweng mafoko a a amogelang Basupi ba ga Jehofa. Ba ne ba lemoga gore go thibelwa ga kobamelo ya bone go tlositswe
Prague, kwa Czechoslovakia
Fa tlase fano ke batho ba sekae ba ba ileng ba direla Jehofa fa puso e ntse e ba thibetse ka lobaka lwa dingwaga tse 40. Ka 1991, ba ne ba itumelela go kopana mmogo mo kopanong ya merafe yotlhe ya Basupi ba ga Jehofa kwa Prague
Luanda, kwa Angola
E ne ya re fa thibelo e tlosiwa ka 1992, batho ba ba ka fetang 50 000 le malapa mangwe ba ne ba amogela Basupi gore ba ithute Bibela le bone
Kiev, kwa Ukraine
Dipokano tsa lefelo leno (gantsi e le tse di tshwarelwang mo diholong tse di hirilweng) di nna le batho ba bantsi, bogolo jang fa esale Basupi ba ga Jehofa ba dumelelwa semolao ka 1991
[Setshwantsho mo go tsebe 679]
Mo dikgetsing di le 138 tse di neng di ama Basupi ba ga Jehofa, go ile ga dirwa boikuelo le dikopo kwa Kgotlatshekelo ya Bokgaolakgang ya U.S. Mo go di le 111 tsa tseno, go simolola ka 1939 go fitlha ka 1963, Hayden Covington (yo o supilweng fano) o ne a direla e le mmueledi
[Setshwantsho mo go tsebe 681]
Maurice Duplessis, tonakgolo ya Quebec, a khubame fa pele ga ga Mokadinale Villeneuve ka bo1930 ebile a mo tsenya palamonwana mo monwaneng e le sesupo sa kutlwano e kgolo gareng ga Kereke le Puso. Kwa Quebec, ke gone thata koo bogolo jang Basupi ba ga Jehofa ba neng ba bogisiwa botlhoko thata teng
[Setshwantsho mo go tsebe 683]
W. K. Jackson, yo e neng e le mongwe wa badiredi ba tsa molao kwa ntlongkgolo ya Mokgatlho, e ne e le leloko la Setlhopha Se Se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa ka dingwaga di le lesome
[Setshwantsho mo go tsebe 685]
Rosco Jones, yo kgetsi ya gagwe e e neng e le mabapi le bodihedi jwa Basupi ba ga Jehofa, o ne a ya gabedi kwa Kgotlatshekelo ya Bokgaolakgang ya U.S.
[Ditshwantsho mo go tsebe 686]
Baatlhodi ba Kgotlatshekelo ya Bokgaolakgang ya U.S., ba le 6 kgatlhanong le ba le 3 mo kgetsing ya ga “Barnette,” ba ne ba gana go patelela go obamelwa ga folaga mme ba ema nokeng go obamela ka kgololesego. Seno se ne sa fetola tshwetso e e neng ya tsewa ke yone Kgotlatshekelo eo mo kgetsing ya ga “Gobitis”
Bana ba ba neng ba akarediwa mo dikgetsing
Lillian le William Gobitas
Marie le Gathie Barnette
[Setshwantsho mo go tsebe 689]
Aimé Boucher, o ne a gololwa ke Kgotlatshekelo ya Bokgaolakgang ya Canada mo molatong wa boepapuso o o neng o pegilwe Basupi ba ga Jehofa
[Ditshwantsho mo go tsebe 691]
Pampitshana eno, e e neng e kwadilwe ka dipuo di le tharo, e ne ya itsise Canada yotlhe kafa Basupi ba ga Jehofa ba neng ba bogisiwa botlhoko ka teng kwa Quebec
[Ditshwantsho mo go tsebe 692]
Go ne ga tlhokega gore Basupi ba ga Jehofa ba rutwe ditsamaiso tsa molao gore ba tle ba kgone go lwa le kganetso e e neng e le kgatlhanong le bodihedi jwa bone; tseno ke dingwe tsa dikgatiso tsa molao tse ba neng ba di dirisa