KGAOLO 11
Thuso e e Tswang Kwa Baengeleng ba Modimo
BATHO bangwe ba re ba dumela fela se ba se bonang. Mme seo ke boeleele. Go na le dilo tse dintsi tse di leng teng tse re iseng re di bone ka matlho a rona. A o ka umaka e le nngwe?—
Go tweng ka moya o re o hemang? A re kgona go o tshwara?— Tsholetsa seatla sa gago mme o budulele moya mo go sone. A o utlwile sengwe?—Ee, mme gone ga o kgone go bona moya oo, ga ke re?—
Re setse re buile ka batho ba moya, ba re sa kgoneng go ba bona. Re ithutile gore ba bangwe ba siame mme ba bangwe ga ba a siama. Bua maina mangwe a batho ba ba siameng ba moya ba re sa kgoneng go ba bona.— Ke Jehofa Modimo, Jesu, le baengele ba bangwe ba ba siameng. A gape go na le baengele ba ba bosula?— Baebele ya re ba teng. Mpolelele gore o ithutile eng ka bone.—
Selo se re se itseng ke gore baengele ba ba molemo le ba ba bosula ba nonofile go re feta. Morutisi yo Mogolo o ne a itse go le gontsi ka baengele. E ne e le ka gonne e ne e le moengele pele ga a tsholwa e le lesea mo lefatsheng. O ne a nna le baengele ba bangwe kwa legodimong. O ne a itse ba le bantsintsi. A baengele bano botlhe ba na le maina?—
Re ithutile gore Modimo o ne a raya dinaledi maina. Re ka dumela gore le baengele botlhe ba na le maina. E bile re itse gore ba kgona go buisana ka gonne Baebele e bua ka ‘puo ya baengele.’ (1 Bakorintha 13:1) O akanya gore baengele ba bua ka eng? A ba bua ka rona mo lefatsheng?—
Re itse gore baengele ba ga Satane, madimona, ba leka go dira gore re se ka ra utlwa Jehofa. Ba tshwanetse ba bo ba bua kafa ba ka dirang seno ka teng. Ba batla gore re tshwane le bone gore le rona Jehofa a se ka a re rata. Mme go tweng ka baengele ba ba ikanyegang ba Modimo? A o akanya gore le bone ba bua ka rona?— Ee, ba bua ka rona. Ba batla go re thusa. Tla ke go bolelele kafa bangwe ba baengele ba Modimo ba neng ba thusa ka teng batho ba ba ratang Jehofa le ba ba mo direlang.
Ka sekai, go ne go na le monna mongwe yo o neng a bidiwa Daniele, yo o neng a nna kwa Babelona. Batho ba le bantsi koo ba ne ba sa rate Jehofa. Batho ba ne ba dira molao wa go otlhaya batho ba ba neng ba rapela Jehofa Modimo. Mme Daniele ga a ka a tlogela go rapela Jehofa. A o itse gore ke eng se ba neng ba se dira Daniele?—
Batho ba ba bosula bano ba ne ba dira gore Daniele a latlhelwe mo mongobong wa ditau. Daniele o ne a le esi koo le ditau tse di tshwerweng ke tlala. A o itse gore go ne ga diragalang koo?— Daniele a re: “Modimo wa me o ne a romela moengele wa gagwe mme a tswala molomo wa ditau.” O ne a sa gobala! Baengele ba kgona go direla batho ba ba direlang Jehofa dilo tse di gakgamatsang.—Daniele 6:18-22.
Gape go na le nako e Petere a neng a le mo kgolegelong ka yone. O tla gakologelwa gore Petere e ne e le tsala ya Morutisi yo Mogolo, Jesu Keresete. Batho bangwe ba ne ba sa rate fa Petere a ne a ba bolelela gore Jesu ke Morwa Modimo. Ka jalo ba ne ba tsenya Petere mo kgolegelong. Masole a ne a disitse Petere gore a se ka a tshaba. A go ne go na le mongwe yo o neng a ka mo thusa?—
Petere o ne a robetse fa gare ga badisa ba babedi, e bile matsogo a gagwe a ne a bofilwe ka dikeetane. Mme Baebele ya re: ‘Bona! Moengele wa ga Jehofa o ne a tla, mme lesedi le ne la phatsima mo ntlong ya kgolegelo. Moengele o ne a tshwara Petere mo letlhakoreng, a mo tsosa a re, “Tsoga ka bonako!”’
Dikeetane tsa ga Petere di ne tsa wa mo diatleng tsa gagwe! Mme moengele o ne a mo raya a re: ‘Apara, o rwale bompaatšhane ba gago mme o ntshale morago.’ Badisa ba ne ba sa kgone go ba thibela ka gonne Petere o ne a thusiwa ke moengele. Ba ne ba fitlha mo setswalong sa tshipi, mme go ne ga diragala selo se se sa tlwaelegang. Setswalo se ne sa ipula! Moengele o ne a golotse Petere gore a kgone go tswelela a rera.—Ditiro 12:3-11.
A le rona baengele ba Modimo ba ka re thusa?— Ee, ba ka re thusa. A seno se raya gore ba ka se re tlogele ra utlwa botlhoko?— Nnyaa, baengele ga ba re thibele gore re se ka ra utlwa botlhoko fa re dira dilo tsa boeleele. Mme le fa re sa dire dilo tsa boeleele, re sa ntse re ka utlwa botlhoko. Baengele ga ba a laelwa gore ba thibele gore seno se se ka sa direga. Go na le moo, Modimo o ba neile tiro e e kgethegileng gore ba e dire.
Baebele e bua ka moengele yo o bolelelang batho gongwe le gongwe gore ba obamele Modimo. (Tshenolo 14:6, 7) Moengele yoo o ba bolelela seo jang? A o goa a le kwa legodimong gore mongwe le mongwe a mo utlwe?— Nnyaa, go na le moo, balatedi ba ga Jesu mo lefatsheng ba bua le batho ba bangwe ka Modimo, mme ba kaelwa ke baengele mo tirong ya bone. Baengele ba dira gore batho ba ba batlang go itse ka Modimo ba kgone go utlwa. Re ka dira tiro eo ya go rera, mme baengele ba tla re thusa.
Mme go tweng fa batho ba ba sa rateng Modimo ba re bakela mathata? Go tweng fa ba re tsenya mo dikgolegelong? A baengele ba tla re golola?— Ba ka kgona. Mme ga ba dire jalo ka metlha.
Molatedi wa ga Jesu, e bong Paulo o kile a nna mo kgolegelong. O ne a ntse mo mokorong ka nako ya sefefo se se maswe. Mme baengele ga ba a ka ba mo golola ka yone nako eo. Ka gonne go ne go na le batho ba bangwe ba ba neng ba tlhoka go utlwa ka Modimo. Moengele o ne a re: “Se boife, Paulo. O tshwanetse go ema fa pele ga ga Kaesara.” Paulo o ne a isiwa kwa mmusing wa lefatshe e bong Kaesara gore Paulo a tle a mo rerele. Ka metlha baengele ba ne ba itse kwa Paulo a leng teng mme ba ne ba mo thusa. Le rona ba ka re thusa fa re direla Modimo tota.—Ditiro 27:23-25.
Go na le tiro e nngwe e kgolo e baengele ba tla e dirang, mme ba tla e dira mo bogautshwaneng. Nako ya gore Modimo a fedise batho ba ba bosula e atametse thata. Botlhe ba ba sa obameleng Modimo wa boammaaruri ba tla senngwa. Batho ba ba reng ga ba dumele mo baengeleng ka gonne ba sa ba bone, ba tla lemoga gore ba phoso.—2 Bathesalonika 1:6-8.
Seno se rayang mo go rona?— Fa re le kafa letlhakoreng la batlhanka ba Modimo, ba tla re thusa. A mme re kafa letlhakoreng la bone?— Re kafa letlhakoreng la bone fa re direla Jehofa. Mme fa re direla Jehofa, re tla bolelela batho ba bangwe gore le bone ba mo direle.
Go ithuta go le gontsi ka tsela e baengele ba amang matshelo a batho ka yone, bala Pesalema 34:7; Mathaio 4:11; 18:10; Luke 22:43; le Ditiro 8:26-31.