KGAOLO 2
“Tsela le Boammaaruri le Botshelo”
1, 2. Ke eng fa re ka se ka ra kgona go atamela Jehofa ka borona fela, mme ke eng se Jesu Keresete a re diretseng sone mo kgannyeng eno?
A O KILE wa latlhega? O ka tswa o gopola nako ya fa o ne o tsere mosepele o etela tsala ya gago kana mongwe wa losika mme o sa bone tsela. Fa o ntse o le mo tseleng e o sa e itseng, a o ile wa ema mme wa kopa mongwe go go kaela tsela? Akanya fela gore o ne o tla ikutlwa jang fa mo boemong jwa gore motho yoo a go bolelele fela gore o tseye tsela efe, a ne a ka go bontsha bopelonomi mme a bo a re: “Ntshale morago. Ke tla go isa.” A bo seo se ne se tla dira gore o wele makgwafo jang ne!
2 Ka tsela nngwe, re ka re Jesu Keresete le ene o re direla se se tshwanang. Re ka se kgone go bona tsela ya go atamela Modimo ka borona fela. Ka ntlha ya boleo jo batho ba tsalwang ba na le jone le bosaitekanelang, ba “kgaogane le botshelo jo e leng jwa Modimo.” (Baefeso 4:17, 18) Re tlhoka thuso go bona tsela. Jesu, Motlhomasekao wa rona yo o molemo, ga a re neye kgakololo le kaelo fela; o dira se se fetang seo. Jaaka fa re bone mo Kgaolong ya 1, o re laletsa jaana: ‘Tla o nne molatedi wa me.’ (Mareko 10:21) Le fa go ntse jalo, gape o re naya mabaka a a re tlhotlheletsang go amogela taletso eo. Nako nngwe Jesu o ile a re: “Ke nna tsela le boammaaruri le botshelo. Ga go na ope yo o tlang kwa go Rara fa e se ka nna.” (Johane 14:6) A re sekaseke mabaka a go bo Morwa e le ene fela yo re ka atamelang Rara ka ene. Go tswa foo, re tla dirisa one mabaka ao go sekaseka gore Jesu ke ene “tsela le boammaaruri le botshelo” ka tsela efe.
Seabe sa Botlhokwa mo Maikaelelong a ga Jehofa
3. Ke eng fa Jesu e le ene fela yo re ka atamelang Modimo ka ene?
3 Lebaka la pele le la botlhokwa ke gore, re kgona go atamela Modimo ka Jesu ka gonne Jehofa o bone go tshwanela gore a neye Morwawe seabe se se botlhokwa thata.a Rara o mo dirile gore e nne ene wa konokono mo go diragatseng maikaelelo a gagwe otlhe. (2 Bakorintha 1:20; Bakolosa 1:18-20) Gore re tle re tlhaloganye seabe sa botlhokwa se Morwa a nang le sone, re tshwanetse go akanya ka se se ileng sa direga kwa tshimong ya Edene, kwa banyalani ba ntlha mmogo le Satane ba neng ba tsuologela Jehofa teng.—Genesise 2:16, 17; 3:1-6.
4. Botsuolodi jwa kwa Edene bo ne jwa tsosa kgang efe, mme Jehofa o ne a dira eng gore a rarabolole kgang e kgolo e bo e tsositseng?
4 Botsuolodi jwa kwa Edene bo ne jwa tsosa kgang eno e e neng e tla ama dibopiwa tsotlhe: A Jehofa Modimo o busa dibopiwa tsa gagwe ka tsela e e siameng? Jehofa o ne a rarabolola kgang eno e e botlhokwa ka go dira gore morwa yo o itekanetseng wa semoya a tle go tshela mo lefatsheng. Tiro e morwa yono a neng a tlile go e dira e ne e le botlhokwa tota—go ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo go tlotlomatsa bolaodi jwa ga Jehofa le go nna thekololo gore a namole batho. Ka go nna a ikanyega go isa losong, morwa yono o ne a tla dira gore go rarabololwe mathata otlhe a a neng a tsosiwa ke botsuolodi jwa ga Satane. (Bahebera 2:14, 15; 1 Johane 3:8) Mme gone, Jehofa o ne a na le dimilionemilione tsa barwa ba semoya ba ba itekanetseng. (Daniele 7:9, 10) O ne a tlhopha ofe gore a dire kabelo eno e e botlhokwatlhokwa? Jehofa o ne a tlhopha “Morwawe yo o tsetsweng a le esi,” ene yo moragonyana a neng a itsege ka leina, Jesu Keresete.—Johane 3:16.
5, 6. Jehofa o ile a bontsha jang gore o ne a ikanya Morwawe, mme ke eng se se neng sa dira gore a mo ikanye ka tsela eo?
5 A re tshwanetse go gakgamadiwa ke tshwetso e Jehofa a e tsereng? Legoka! Rara o ne a ikanya Morwawe yo o tsetsweng a le esi ka botlalo. Makgolo a dingwaga pele Morwawe a tla mo lefatsheng, Jehofa o ne a bolelela pele gore Morwa yono o ne a tla ikanyega go sa kgathalasege dipogo tsa mefutafuta tse a neng a tla lebana le tsone. (Isaia 53:3-7, 10-12; Ditiro 8:32-35) Akanya fela gore seo se ne se kaya eng. Morwa, fela jaaka dibopiwa tse dingwe tsotlhe tse di botlhale, o ne a na le tshwanelo ya go itlhophela tsela e a batlang go e tsaya. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a ikanya Morwawe thata jaana mo a neng a bolelela pele gore Morwawe o ne a tla ikanyega. Ke eng se se neng se dira gore a mo ikanye thata jalo? Tota re ka re, o ne a dirwa ke kitso. Jehofa o itse Morwawe thata e bile o a itse gore Morwawe o batla go mo itumedisa. (Johane 8:29; 14:31) Morwa o rata Rraagwe mme Jehofa le ene o rata Morwawe fela jalo. (Johane 3:35) Lorato lo Rara le Morwa ba ratanang ka lone lo dira gore ba nne le kutlwano le go tshepana go go tla nnelang ruri.—Bakolosa 3:14.
6 Ka ntlha ya seabe sa botlhokwa se Morwa a nang le sone, tsela e Rara a mo ikanyang ka yone, le lorato lo Rara le Morwa ba ratanang ka lone, go a utlwala go bo re ka kgona go atamela Modimo ka Jesu fela. Le fa go ntse jalo, go na le lebaka le lengwe gape la go bo Morwa e le ene fela yo o ka re atametsang kwa go Rara.
Ke Morwa Fela yo o Itseng Rara ka Botlalo
7, 8. Ke eng fa Jesu a ne a nepile fa a re ga go ope yo o itseng Rraagwe ka botlalo “fa e se Morwa”?
7 Go na le dilo dingwe tse di batlegang pele ga re ka kgona go atamela Jehofa. (Pesalema 15:1-5) Morwa ke ene yo o itseng go feta motho ope fela gore go batlega eng gore re kgone go fitlhelela dilo tse Modimo a di batlang le gore a re amogele. Jesu o ile a re: “Dilo tsotlhe ke di neilwe ke Rre, mme ga go ope yo o itseng Morwa ka botlalo fa e se Rara, le gone ga go ope yo o itseng Rara ka botlalo fa e se Morwa le ope yo Morwa a ratang go mo mo senolela.” (Mathaio 11:27) A re bone gore ke eng fa Jesu a ne a ka bua ka tlhomamo mme a sa feteletse gore, ga go ope yo o itseng Rara ka botlalo “fa e se Morwa.”
8 E re ka Morwa e le “leitibolo la popo yotlhe,” o na le kamano e e molemo le Jehofa e go seng ope yo o nang le yone. (Bakolosa 1:15) Akanya fela ka kamano e e atamalaneng e Rara le Morwa ba nnileng le yone ka dingwagangwaga tse di se nang palo fa ba ne ba sa ntse ba le babedi fela—go tloga ka nako ya tshimologo ya popo go fitlha dibopiwa tse dingwe tsa semoya di nna gone. (Johane 1:3; Bakolosa 1:16, 17) Akanya fela ka tshiamelo e e molemolemo e Morwa a neng a nna le yone fa a ne a na le Rraagwe, a ithuta dikgopolo tsa ga Rraagwe, thato ya gagwe, melao ya gagwe le ditsela tsa gagwe. Ruri ga se go feteletsa dilo fa go twe Jesu o itse Rraagwe go feta motho ope o sele. Tsela e ba atamalaneng ka yone ruri e ile ya thusa Jesu go re senolela ditsela tsa ga Rraagwe go feta kafa motho ope fela a neng a ka dira ka teng.
9, 10. (a) Jesu o ne a re senolela Rraagwe ka ditsela dife? (b) Re tshwanetse go dira eng gore Jehofa a re amogele?
9 Dithuto tsa ga Jesu di ne di bontsha kitso ya gagwe ka tsela e Jehofa a akanyang ka yone le e a ikutlwang ka yone le gore ke eng se a se lebeletseng mo baobameding ba gagwe.b Jesu o ne a re senolela Rraagwe ka tsela e nngwe gape e e sa tshwaneng le epe. O ile a re: “Yo o mponeng o bone le Rara.” (Johane 14:9) Jesu o ile a etsa Rraagwe ka botlalo mo go sengwe le sengwe se a neng a se bua le go se dira. Ka jalo fa re bala ka Jesu mo Baebeleng—mafoko a a maatla le a a ngokang kgatlhego a a a dirisitseng mo dithutong tsa gagwe, kutlwelobotlhoko e e neng ya mo tlhotlheletsa go fodisa batho, le go tlhomoga pelo go go neng ga mo dira gore a lele—re kgona go bona Jehofa ka leitlho la mogopolo a bua le go dira tsone dilo tseo. (Mathaio 7:28, 29; Mareko 1:40-42; Johane 11:32-36) Ditsela tsa ga Rara le thato ya gagwe di senolwa ka botlalo ke mafoko le ditiro tsa Morwa. (Johane 5:19; 8:28; 12:49, 50) Ka gone, gore Jehofa a re amogele, re tshwanetse go sekegela dithuto tsa ga Jesu tsebe le go etsa sekao sa gagwe.—Johane 14:23.
10 Ka go bo Jesu a atamalane thata le Jehofa e bile a mo etsa ka botlalo, ga go gakgamatse go bo Jehofa a tlhomile Morwa go nna ene yo go ka atamelwang Rara ka ene. E re ka jaanong re tlhaloganya gore ke eng fa Jesu e le ene fela yo re ka atamelang Jehofa ka ene, a jaanong re sekaseke bokao jwa mafoko ano a ga Jesu: “Ke nna tsela le boammaaruri le botshelo. Ga go na ope yo o tlang kwa go Rara fa e se ka nna.”—Johane 14:6.
“Ke Nna Tsela”
11. (a) Ke eng fa re ka kgona go nna le kamano le Modimo ka Jesu fela? (b) Mafoko a Johane 14:6 a gatelela jang maemo a a kgethegileng a ga Jesu?
11 Re setse re bone gore re ka se kgone go atamela Modimo kwantle ga go tsena ka Jesu. Akanya fela gore totatota seno se re ama jang. Jesu ke “tsela” ka gonne ke ka ene fela re ka kgonang go nna le kamano ya botsala le Modimo. Ke eng fa go le jalo? Ka go ikanyega go isa losong, Jesu o ne a ntsha botshelo jwa gagwe go nna setlhabelo sa thekololo. (Mathaio 20:28) Kwantle ga thulaganyo eno ya thekololo, go ne go ka se kgonege gore re atamele Modimo. Boleo bo dira gore go nne le legora fa gare ga Modimo le batho ka gonne Jehofa o boitshepo mme ka gone le ka motlha a ka se dumelele boleo. (Isaia 6:3; 59:2) Mme setlhabelo sa ga Jesu se tlositse legora leo; se ne sa bipa, kana sa nna tetlanyo ya maleo a rona. (Bahebera 10:12; 1 Johane 1:7) Fa re amogela thulaganyo eno e Modimo a e dirileng ka Keresete mme re dumela mo go yone, re ka kgona go amogelwa ke Jehofa. Ruri ga go na tsela e nngwe gape e re ka kgonang go “letlana le Modimo” ka yone.—Baroma 5:6-11.
12. Jesu ke “tsela” ka ditsela dife?
12 Jesu ke “tsela” mo kgannyeng ya thapelo. Ke ka Jesu fela re ka kgonang go ya kwa go Jehofa ka thapelo re tlhomamisegile gore dikopo tsa rona tse di tswang pelong di tla arabiwa. (1 Johane 5:13, 14) Jesu ka boene o ile a re: “Fa lo kopa sengwe mo go Rara o tla se lo naya ka leina la me. . . . Kopang mme lo tla amogela, gore boipelo jwa lona bo tle bo tladiwe.” (Johane 16:23, 24) Ka leina la ga Jesu re ka kgona go atamela Jehofa ka thapelo mme ra mmitsa “Rraarona.” (Mathaio 6:9) Jesu ke “tsela” ka tsela e nngwe gape—ka go tlhoma sekao. Jaaka go boletswe pelenyana, Jesu o ne a etsa Rraagwe ka botlalo. Ka gone, sekao sa ga Jesu se re bontsha tsela e e siameng ya go tshela e le gore re itumedise Jehofa. Ka jalo, gore re kgone go atamela Jehofa, re tshwanetse go gata mo dikgatong tsa ga Jesu.—1 Petere 2:21.
“Ke nna . . . Boammaaruri”
13, 14. (a) Jesu o ne a le boammaaruri ka tsela efe mo go se a se buang? (b) Gore Jesu a nne “boammaaruri” o ne a tshwanelwa ke go dira eng, mme ka ntlha yang?
13 Ka metlha Jesu o ne a bua boammaaruri ka lefoko la boporofeti la ga Rraagwe. (Johane 8:40, 45, 46) Le ka motlha ga go a ka ga fitlhelwa tsietso mo molomong wa ga Jesu. (1 Petere 2:22) Tota le baganetsi ba gagwe ba ne ba dumela gore o ne a ruta “tsela ya Modimo tumalanong le boammaaruri.” (Mareko 12:13, 14) Le fa go ntse jalo, fa Jesu a ne a re “ke nna . . . boammaaruri,” o ne a sa bolele fela gore o ne a itsise boammaaruri fa a bua, fa a rera le fa a ruta. Go ne go akaretsa se se fetang go bua boammaaruri fela.
14 Gopola gore makgolo a dingwaga pelenyana Jehofa o ile a tlhotlheletsa bakwadi ba Baebele go kwala dipolelelopele di le dintsi kaga Mesia kana Keresete. Dipolelelopele tseno di ne di porofeta dintlha kaga botshelo jwa gagwe, bodiredi le loso lwa gagwe. Mo godimo ga moo, Molao wa ga Moshe o ne o na le dilo tse e leng moriti wa dilo tse di lebisang kwa go Mesia. (Bahebera 10:1) A Jesu o ne a tla itshupa a ikanyega go isa losong, ka go dira jalo a diragatsa dilo tsotlhe tse di porofetilweng ka ene? Ke ka tsela eo fela Jehofa a neng a tla tlotlomadiwa gore ke Modimo wa boporofeti jwa boammaaruri. Boikarabelo joo jo bogolo bo ne bo le mo magetleng a ga Jesu. Ka tsela e a neng a tshela ka yone—sengwe le sengwe se a se buileng le sengwe le sengwe se a se dirileng—Jesu o ne a diragatsa dilo tsa boporofeti tse e neng e le moriti wa dilo tse di tlang. (2 Bakorintha 1:20) Jesu e ne e le “boammaaruri” ka tsela eo. Go ne go ntse jaaka e kete boammaaruri jwa lefoko la ga Jehofa la boporofeti bo diragala mo go tleng ga gagwe.—Johane 1:17; Bakolosa 2:16, 17.
“Ke Nna . . . Botshelo”
15. Go kaya eng go bontsha tumelo mo go Morwa, mme go dira jalo go ka felela ka eng?
15 Jesu ke “botshelo,” ka gonne ke ka ene fela re kgonang go amogela botshelo—ke gore, “botshelo jwa mmatota.” (1 Timotheo 6:19 ) Baebele ya re: “Yo o supang tumelo mo go Morwa o na le botshelo jo bo sa khutleng; yo o sa utlweng Morwa ga a kitla a bona botshelo, mme bogale jwa Modimo bo ntse mo go ene.” (Johane 3:36) Go kaya eng go bontsha tumelo mo go Morwa Modimo? Go bolela go dumela ka botlalo gore re ka se kgone go bona botshelo kwantle ga gagwe. Mo godimo ga moo, go bolela gore re bontsha tumelo ka ditiro, re tswelela re ithuta mo go Jesu, le go dira bojotlhe go latela dithuto le sekao sa gagwe. (Jakobe 2:26) Ka gone, go bontsha tumelo mo go Morwa Modimo go dira gore motho a bone botshelo jo bo sa khutleng—botshelo jwa bosasweng kwa legodimong mo go ba “letsomanyane” la Bakeresete ba ba tloditsweng le botshelo jo bo itekanetseng mo paradaiseng ya mo lefatsheng mo go ba “boidiidi jo bogolo” jwa “dinku tse dingwe.”—Luke 12:32; 23:43; Tshenolo 7:9-17; Johane 10:16.
16, 17. (a) Jesu o tla nna “botshelo” jang le e leng mo bathong ba ba suleng? (b) Ke eng se re ka tlhomamisegang ka sone?
16 Go tweng ka ba ba setseng ba sule? Jesu ke “botshelo” le mo go bone. Pele fela ga Jesu a tsosa tsala ya gagwe e bong Lasaro mo baswing, o ne a raya Maratha, kgaitsadie Lasaro a re: “Ke nna tsogo le botshelo. Yo o supang tumelo mo go nna, le mororo aa swa, o tla tshela.” (Johane 11:25) Jehofa o neile Morwawe “dilotlolo tsa loso le tsa Hadese,” a mo naya maatla a go tsosa baswi. (Tshenolo 1:17, 18) Ka dilotlolo tseo, Jesu yo o galaleditsweng o tla lotlolola dikgoro tsa Hadese mme ka go dira jalo a golola batho botlhe ba ba ntseng ba tswaletswe mo lebitleng le le tlwaelegileng la batho.—Johane 5:28, 29.
17 “Ke nna tsela le boammaaruri le botshelo”—ka mafoko ano, Jesu o ne a sobokanya boikaelelo jwa botshelo le bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng. Mafoko ao a na le bokao jo bogolo mo go rona gompieno. Gopola gore morago ga go bua mafoko ao, Jesu o ile a re: “Ga go na ope yo o tlang kwa go Rara fa e se ka nna.” (Johane 14:6) Mafoko ano a ga Jesu a sa ntse a tshwanela thata gompieno fela jaaka ka nako ya fa a ne a a bua. Ka gone, re ka dumela ka botlalo gore fa re latela Jesu, le ka motlha re ka se ka ra latlhega. Ke ene fela yo o tla re bontshang tsela ya go ya “kwa go Rara.”
O Tla Arabela Jang?
18. Go nna balatedi ba boammaaruri ba ga Jesu go akaretsa eng?
18 Fa re akanya ka seabe sa botlhokwa se Jesu a nang le sone le kitso e kgolo e a nang le yone ka Rara, re na le lebaka le le utlwalang la go latela Morwa. Jaaka fa re bone mo kgaolong e e fetileng, re tshwanetse go bontsha ka ditiro, e seng ka mafoko kana maikutlo fela gore re balatedi ba boammaaruri ba ga Jesu. Go nna balatedi ba ga Keresete go akaretsa go dira gore botshelo jwa rona bo dumalane le dithuto le sekao sa gagwe. (Johane 13:15) Buka eno ya go ithuta e gone jaanong o e balang e tla go thusa go dira jalo.
19, 20. Buka eno ya go ithuta e na le eng se se ka go thusang go nna molatedi wa ga Keresete?
19 Mo dikgaolong tse di latelang, re tla ithuta ka kelotlhoko ka botshelo le bodiredi jwa ga Jesu. Dikgaolo tseno di kgaogantswe ka dikarolo tse tharo. Sa ntlha, re tla tlotla ka tshobokanyo ya dinonofo tsa gagwe le tsela e a neng a dira dilo ka yone. Sa bobedi, re tla sekaseka sekao sa gagwe se se molemo sa go rera le go ruta ka tlhagafalo. Sa boraro, re tla tlotla ka tsela e a ileng a bontsha lorato ka yone. Go simolola ka Kgaolo ya 3, go na le lebokoso la go ithuta la setlhogo se se reng, “O ka Latela Jesu Jang?” Dikwalo le dipotso tse di mo lebokosong leo di diretswe go re thusa go tlhatlhanya gore re ka etsa Jesu jang ka mafoko le ka ditiro.
20 Ka thuso ya ga Jehofa Modimo, ga o tlhoke go latlhega o ikutlwa o se na kamano le ene ka ntlha ya boleo jo re tsalwang re na le jone. Jehofa o ile a re bontsha lorato lo logolo ka go romela Morwawe go tla go re bontsha tsela ya go nna le kamano e e molemo le Modimo. (1 Johane 4:9, 10) E kete o ka tlhotlheletsega, ee wa ikutlwa o tshwanelwa ke go tsibogela lorato loo lo logolo ka go amogela taletso eno e e reng: “Nna molatedi wa me.”—Johane 1:43.
a Seabe sa Morwa se botlhokwa thata jaana mo Baebele e mmitsang ka maina le direto di le dintsi ka tsela ya boporofeti.—Bona lebokoso le le mo tsebeng ya 23.
b Ka sekai, bona mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 10:29-31; 18:12-14, 21-35; 22:36-40.