Jehofa—Thata ya Rona
“Jah Jehofa ke thata ya me le sefela sa me.”—ISAIA 12:2, NW.
1. (a) Ke ka ntlhayang fa Basupi ba ga Jehofa ba farologane jaana? (b) Isaia 12:2 e tlhalosa jang se Jehofa a se diretseng batho ba gagwe?
AO NNA gone mo dipokanong mo Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa? Koo o fitlhela go na le batho ba ba farologaneng thatathata le ba bangwe! Batho bano ke bomang, mme ke ka ntlhayang fa ba farologane? Re batho ba Modimo ka sebele, mme re farologane ka go bo re sikere leina je le gaisang maina otlhe—ebong la Mmopi yo o galalelang wa dikgakgamatso tsotlhe tse di mo lobopong lo lo re dikologileng. Leina la gagwe le mo go rona. Ke mo leineng ja gagwe go bo ka boitumelo re kopanye mmogo go ja dijo tse di monatenate tsa semoya tseo a di baakanyetsang “mo lobakeñ lo e leñ lōna” ka phuthego ya gagwe. (Luke 12:42) Jaaka Basupi ba ga Jehofa, re goletsa leina ja gagwe je le senang bolekanngo ka mafoko a Isaia kgaolo 12, temana 2 ka boitumelo, e e balegang ka go re: “Bōnañ, Modimo ke poloka ea me, ke tla ikanya hèla, ga nketla ke boiha: gonne [Jah] Yehofa ke thata ea me, le sehela sa me: me o dihegile poloka ea me.” Modimo wa rona o re falodisitse mo ditekong di le dintsi. Jaanong poloko ya rona ya bofelofelo e a atamela! Mme seo e le ka thata ya ga Jah Jehofa!
2. (a) Tlhaloso ‘Jah Jehofa’ e tlhaga ga kae mo Bibeleng, mme kae? (b) Ke ditlhaloso dife tse dingwe tse di dirisiwang kwantle ga “thata” go Isaia 12:2, mme ke ka ntlhayang fa le tsone di tshwanela?
2 Tlhaloso eno “Jah Jehofa,” e e leng go bitsa leina la Modimo gabedi, e fitlhelwa gabedi fela mo Bibeleng, fano le mo go Isaia 26:4. Le eleng baranodi ba King James Version ba ne ba bona fa go tshwanela go kwala ka go re: “MORENA JEHOFA.” Go ya ka mokwalo o o kwa tlase go New World Translation Reference Bible, mareo a mangwe a go re: “thata” go Isaia 12:2 ke “sehela” le “pako.” Abo go le boammaaruri jang ne gore Jah Jehofa mothatayotlhe, yo o neelang baobamedi ba gagwe nonofo e kgolo, o tshwanelwa ke gore re mo opelele difela tsa rona tsa pako!—Isaia 40:28-31.
3. (a) Jah Jehofa o butse tsela ya eng, mme mo motheong wa eng? (b) Mafoko a ga Paulo go Baroma 11:33-36 a dira jang mo Basuping ba ga Jehofa?
3 Thata ya ga Jehofa e lekalekanngwa le botlhale jwa gagwe, tshiamiso, le lorato. Fa Jah Jehofa a ntse a dirisa dinonofo tseno tsa bomodimo, o ile a dira gore setho se se dumelang se bone tsela ya poloko mo motheong wa setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu. Malebana le seno, moaposetoloi Paulo o ne a khutsa ka go re: “A boteñ yoa khumō, le yoa botlhale, le yoa kicō ea Modimo! dikatlholō tsa ōna ga di hopholesege yañ, le ditsela tsa ōna ga di tlhotlhomisege yañ! Gonne mañ eo o itsileñ mogopolō oa Morèna? kgotsa mañ eo o kileñ a nna mogakolodi oa gagwè? Kgotsa mañ eo o simologileñ a mo naea pele, me o tla ba a go bosediwa gapè? Gonne dilō cotlhe di cwa mo go èna, di nntse ka èna, di nnetse èna. A kgalalèlō e nnè go èna ka metlha e e sa khutleñ. Amen.” (Baroma 11:33-36) Ka gone, a bo go tshwanela jang ne gore re itshwarelele thata ka Jah Jehofa le go bolela ka tsholofelo ya rona e e feletseng le ikanyo ya rona mo go ene jaaka Modimo wa rona le mothatayotlhe le Morena wa Lobopo Lotlhe!—Bapisa Bahebera 3:14.
4. (a) Ke ka ntlhayang fa moperofeti Isaia a ne a na le lebaka le le utlwalang la go bolela a re, “ke tla ikanya hèla, ga nketla ke boiha”? (b) Ke ka ntlhayang fa batho ba ga Jehofa ba na le lebaka le le utlwalang la go ikanya mo go Jah Jehofa mo lekgolong leno la dingwaga la bo-20?
4 Isaia o ne a na le lebaka je le utlwalang ja go bolela a re, “Ke tla ikanya hèla, ga nketla ke boiha.” Moragonyana moperofeti yono o ne a iponela kafa Modimo a lereng poloko ka gone. O ne a iponela ka matlho fa Jehofa a ne a diragatsa lefoko la Gagwe ka go nyenyefatsa Asiria le kgosi ya gagwe e e ikgantshang, Senakeribe. Mo bosigong bo le bongwe, masole a Asiria a le 185 000 a ne a bolawa ke moengele a le mongwefela yo o neng a rometswe ke Modimo wa rona wa mothatayotlhe, Jehofa! Poloko eo e e molemolemo e ne ya nna gone ka go bo Kgosi Hesekia le Juda yotlhe ba ne ba ikanya gotlhelele mo go Jah Jehofa. (Isaia 37:6, 7, 21, 36-38) Mo lekgolong leno la bo-20 la dingwaga, Jehofa gape o ile a golola batho ba gagwe mo dikgatelelong, mo dithibelong, mo dipogisong, le mo dikampeng tsa pogisetso. Fela jaaka Baasiria bao ba motlha wa ga Isaia ba ba ikgantshang, mmusi wa Nazi ebong Adolf Hitler o ne a tsogologela Basupi ba ga Jehofa, mo ebileng mo nakong nngwe a neng a goeletsa a re: “Ditsuanyane tse di tla nyelediwa mo Jeremane!” Mme e ne ya nna Hitler le Ba-Nazi ba gagwe ba ba neng ba nyelediwa. Mme gone jaanong setlhopha se se botlana sa Basupi ba Jeremane seo se ileng sa ikanya mo go Jehofa se ile sa gola gore se nne ba ba fetang 121 200!—Pesalema 27:1, 2; Baroma 8:31, 37.
5. Mafoko a Isaia 12:3-5 a dira jang mo bathong ba ba ikanyang Modimo gompieno?
5 Gongwe le gongwe kwa pogiso e tsogang teng, batho ba ba ikantseng mo go Jehofa baa tlhagafadiwa le go tiisiwa ke go nwa metsi a a fang botshelo a boammaaruri. Go ntse fela jaaka moperofeti wa Modimo a ne a bua go Isaia 12:3-5: “Ke gōna ka mouō lo tla gañ metse ka boitumèlō mo didibeñ tsa polokō. Me lo tla bua mo letsatsiñ yeuō, lo re, Ntshetsañ Yehofa malebogō, bitsañ leina ya gagwè, kakanyañ ditihōtihō tsa gagwè mo dichabeñ, umakeñ, go re, leina ya gagwè le goletsegile. Ōpèlèlañ Yehofa; gonne o dihile dilō tse di gaisañ; mo, a go itsiwè mo lehatshiñ yeotlhe.” Ekete re ka tswelela re ntse re nwa thata boammaaruri jwa Bogosi mme ka tebogo ra goletsa leina la Morena wa rona wa Lobopo Lotlhe, Jehofa. Ka go ikanya gotlhelele mo go Jehofa, a re ‘rereng lefoko, re tlhoafaleng go le lobaka le go se lobaka.’ (2 Timotheo 4:2) Go sa kgathalesege gore baganetsi ba ka dirang, Jah Jehofa ka lorato o tla re tsamaisa mo tseleng ya poloko!
“Motse oa Merahe e e Boitshègañ”
6, 7. (a) Tumalanong le Isaia 25:1, ke ka ntlhayang fa baobamedi ba ga Jehofa ba tshwanetse go mo galaletsa? (b) Isaia 25:2, 3 e tlhalosa motse mongwe jang? (c) Moperofeti o ka ne a lebisitse motseng ofe, mme ka ntlhayang?
6 A jaanong re lebeng go Isaia kgaolo 25. Mo temaneng 1 re bala jaana: “Yehofa, u Modimo oa me; ke tla gu godisa, ke tla baka leina ya gago, gonne u dihile dilō tse di gakgamatsañ, eboñ dikgakololō tsa bogologolo, mo boikañoñ le mo [tshepegong].” Baobamedi ba ba ikantseng Jehofa baa mo galaletsa ka ntlha ya ditiro tse di gakgamatsang tseo a di dirileng gareng ga bone. Mme Isaia jaanong o baya mafoko ka go sele, a bua a re ka Jehofa: “Gonne u dihile motse gore o nnè mokoa hèla; le gore motse o o thekeledicweñ o nnè marope hèla; ntlo ea kgosi ea baeñ, gore e se nne motse oa sepè; ga o ketla o tlhōla o agiwa gopè. . . . motse oa merahe e e boitshègañ o tla gu boiha [Jehofa].”—Isaia 25:2, 3.
7 Motse ono o o boitshegang o o sa umakiwang ka leina o ke ofe? Isaia o ka nna a bo a ne a lebisitse go Ara, motse-mogolo wa Moaba, o ka metlha e neng e le mmaba wa batho ba Modimo. Mme fano kgang ka kakaretso e lebega e ka tshwanela karolo e nngwe ya phuthego ya ga Satane botoka—mmaba o mogolo Babelona. Fa lobaka lo sena go fitlha, Babelona o ne a tla tlhasela Juda le Jerusalema, a senye ntlo ya ga Jehofa ya kobamelo, mme batho ba ba falotseng a ba ise botshwaro. Isaia o tsopola kgosi ya Babelona e ikgantsha e re: “U tla tlhatlogèla kwa legodimoñ, u tla goleletsa setulō sa gago sa bogosi godimo ga dinaledi tsa Modimo; u tla dula mo thabeñ ea bophuthègèlō, . . . u tla chwana le Mogodimodimo.” Mme Jehofa o ne a tla tlhagisa Kuruse wa Peresia go diga Babelona le go tsosolosetsa batho ba Modimo lefatsheng la bone. Jaaka go ne ga bolelelwa pele, lefelo le Babelona wa bogologolo a neng a le go lone le ne la seka la tlogelwa ka sepe fela fa e se “mokoa hèla” le “marope hèla.”—Isaia 14:12-14; 13:17-22.
8, 9. (a) Ke Babelona ofe o mongwe o baobamedi ba ga Jehofa ba tshwanetseng go tlhabantshana nae, mme o ile a nna gone jang? (b) Isaia o mo tlhalosa jang, mme ke ka ntlhayang fa lereo leo le tshwanela?
8 Lefa go ntse jalo, dingwaga tse di ka fetang 2 500 morago ga go fenngwa ga Babelona, baobamedi ba ga Jehofa ba santse ba lwantshanya le Babelona o mongwe—“BABELONA O MOGOLO, MMA DIAKA, LE MMA MAKGAPHA A LEHATSHE.” (Tshenolō 17:5) Ke mmuso wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka. O ne a tlholega ka bokhutshwanyane fela morago ga motlha wa Morwalela wa ga Noa, fa Nimerode a ne a aga Babelona wa pele, yo o neng a nna botsalelo jwa bodumedi jwa maaka, jo bo makgaoganyane. Morago ga Bokeresete bo sena go tlhongwa ke Jesu le baaposetoloi ba gagwe, batenegi ba ne ba kgotlela boammaaruri jwa Bibela ka go lere “dithutō tsa badimo” tsa boheitane tsa Babelona, mme tsamaiso ya sedumedi ya La-Bodumedi e ne ya thaega. (1 Timotheo 4:1) Bokeresete jono jwa maitirelo bo ile jwa nna karolo ya kono-kono ya “Babelona o Mogolo,” o o anameng le lefatshe lotlhe go ya le merafe yotlhe ya setho. Isaia o mo tlhalosa jaaka “motse oa merahe e e boitshègañ.”
9 Mo e ka nnang go feta dikete tse nne tsa dingwaga, go tloga nakong ya go thaega ga Babelona wa pele go fitlhelela jaanong, babusaesi ba ba setlhogo ba ile ba dirisa baruti ba ba boitshegang jaaka didirisiwa tsa bone mo go gateleleng le go laoleng batho ba ba tlwaelesegileng. Ka jalo, ‘motho o nnile le thata mo go yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.’ (Moreri 8:9) Jesu o ne a utlwela batho botlhoko ka “ba gasagasame, yaka dinku tse di senañ modisa” ba dirilwe jalo ke badisa ba maaka ba bodumedi. Gompieno, setlhopha se se mokgobo go di feta tsotlhe se bidiwa “monna oa boleo,” yo o bopilweng ka baruti ba La-Bodumedi ba ba ikgodisang, bao ba ileng ba etelela pele mo go ganetseng le mo go bogiseng Basupi ba ga Jehofa.—Mathaio 9:36; 2 Bathesalonia 2:3, 4.
10. (a) Tumalanong le Isaia 25:3, “motse oa merahe e e boitshègañ” o ile wa patelesega go galaletsa Jehofa jang, gammogo le gone go mmoifa? (b) Go Isaia 25:4, 5, Isaia o bua jang kaga Jehofa, mabapi le “motlhoki” le “ba ba boitshègañ”?
10 Ka ngwaga wa 1919 Jehofa o ne a golola batho ba gagwe ba boammaaruri go tswa taolong ya “Babelona o mogolo.” “Motse oa merahe e e boitshègañ” oo o ne wa patelesega go galaletsa Jehofa ka gore go ne ga tlhokafala gore o lemoge ka pelo e e botlhoko “dilō tse di gakgamatsañ” tseo a ileng a di dira ka go tsosolosetsa baobamedi ba gagwe go tlhagafala thatathata mo tirong. Bora-bodumedi ba maaka ba patelesega go boifa Jehofa, le bone, ka ntlha ya go lebelela se se santseng se ba emetse kwa pele. Mo makgolokgolong a dingwaga a a fetileng, baruti ba ba boitshegang ba ile ba itlotlomatsa godimo ga maloko a a tlwaelegileng a kereke. Mme jaanong Isaia o bua ka Jehofa, a re: “Gonne u nu u nntse u le helō ha go thata ga bahumanegi, helō ha go thata ga motlhoki mo pitlaganoñ ea gagwè, botshabèlō mo macubucubuñ, moruti mo mogotiñ, motlhañ leratla ya ba ba boitshègañ le nnañ yaka ha macubucubu a itaaka ha lorakoñ. Yaka mogote mo heloñ ha go omeletseñ u tla kokobetsa modumō oa baeñ; pina ea ba ba boitshègañ e tla ñōtlèlwa tlhatshe, yaka mogote ha leru le diga chuti.”—Isaia 25:4, 5.
Ga go Pina ya Boipelo mo “Babelona”!
11. Ke ka ntlhayang fa go sena pina ya boipelo mo sebakeng sotlhe sa “Babelona o mogolo,” mme seno se ne sa bontshiwa jang mo kokoanong ya ditumelo tsotlhe e e neng e le kwa Assisi, Italy?
11 Seo ruri, ke seemo se se leng gone gompieno mo sebakeng sotlhe sa “Babelona o mogolo.” Ga go na pina epe ya boipelo e e fitlhelwang gone. Baeteledipele ba gagwe ba bodumedi ba tlhakanye tlhogo gore ke medimo efe e ba tshwanetseng go e obamela. Seno se ne sa supelwa ka phepafalo kwa kokoanong ya ditumelo tse di kopaneng kwa Assisi, Italy, ka October 27, 1986. Koo, go tsamaisana le Ngwaga wa Kagiso wa Meraferafe ya Merafe e e Kopaneng, Mopapa John Paul II o ne a phutha baeteledipele ba ditumelo tse dikgolo tsa “Babelona o mogolo.” Botlhe ba ne ba rapelela kagiso, baitlami bangwe ba Mabuda ba rapela mo e ka nnang boleele jwa dioura di le 12 mo letsatsing le le lengwe. Mme ke mang yo ba neng ba mo rapela? A e ne e le Maria? Kana a e ne e le Tharo-nngwe e e boitshepo ya La-Bodumedi? Kana tharo-nngwe ya Mahindu? Kana diketekete tsa medimo ya Mabuda? Kana Allah? Kana a phologotswana e go tweng phokoje e Bashinto ba e obamelang? Kana a merapelo e e neng e amogelesega segolo e ne e le ya Mo-India wa Moamerika wa morafe wa Ma-Crow? Go ne ga begiwa gore o a ‘tsabakela ka serwalo sa tlhogo se se tlotlometseng,’ fa a ntse a tshuba paipi ya kagiso a bo a ngunangunela dithapelo tsa gagwe mo “mosing o o neng o tlhatlogela godimo jaaka leswalo mo phefong.”
12. Ke mafoko afe a Mika le Isaia ao badumedi bao ba neng ba sa tsamaisane nao?
12 Go na le sengwe se se tlhomamisegang: Ga go ope wa bora-bodumedi bao, go tswa go Dalai Lama wa Mabuda go ya go “Motlotlomadi” Methodius wa Greek Orthodox Church, yo o tsamaisanyang le mafoko a Bibela a a go Mika 4:5 a a reng: “Me rona re tla sepela ka leina ya ga Yehofa Modimo oa rona, ka bosakhutleñ le ka bosaeenkae.” Ga ba tsamaisanye le boammaaruri jwa mafoko a a tlhotlheleditsweng a ga Isaia go kgaolo 42, ditemana 5 le 8: “Go bua yana Modimo, Yehofa, èna eo o tlhodileñ magodimo, a a phutholola; eo o ritibaditseñ lehatshe le se se tlhogañ mo go yeōna; eo o naeañ batho ba ba mo go yeōna go hèma, le ba ba tsamaeañ mo go yeōna mōea: a re, Ke Nna Yehofa; ke yeōna leina ya me: me kgalalèlō ea me ga nketla ke e naea o sele, leha e le pakō ea me dichwanchō tse di setilweñ.”
13. Ke eng se tota se neng sa diragala kwa Assisi, mme seno se ne sa kgalwa jang ke Jesu fa a ne a santse a le mo lefatsheng?
13 Kwa Assisi, meletlo ya go ikgalaletsa, kaparo e e tlhomologileng, le dithapelo tse di boaboelediwang e ne e le tsela ya go itshupa phatlalatsa. Seo ke sone se Morwa Jehofa ebong Jesu a neng a se nyatsa fa a ne a le mono lefatsheng. O ne a bua jaana ka baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa gagwe: “Ditihō cotlhe tsa bōnè ba di diha gore di bōnwè ke batho,” mme o ne a ba lebanya mafoko ka tlhamalalo, a re: “A bo go latlhèga lona bakwadi le Bafarisai, baitimokanyi! gonne lo cwaletse batho bogosi yoa legodimo: gonne, go le lona ga lo tsene, le ba ba reñ baa tsèna, ga lo ba leseletse go tsèna.” (Mathaio 23:5, 13; bona gape Mathaio 6:1-8.) Ga se go itshupa ga kafa ntle kana lefelo la kobamelo tseo Modimo a di lebang, ke fela jaaka Jesu a rile: “Modimo ke Mōea; me ba ba o ōbamèlañ ba na le go o ōbamèla ka mōea le ka boamarure.”—Yohane 4:21, 24.
Motswedi wa Boammaaruri wa Kagiso
14. (a) Ke ka ntlhayang fa dithapelo tsa ditumelo tsa lefatshe tsa go rapelela kagiso e le tsa boitimokanyo? (b) Ke katlholo efe ya bomodimo eo e lebagantsweng le bodumedi jwa La-Bodumedi?
14 Fa re lebelela tlhakatlhakano e e mo ditumelong tsa lefatshe, a go na le mongwe yo o ka nnang seeleele mo a ka nnang a akanya gore dithapelo tsa baeteledipele ba bodumedi di ka nna tsa tlisa kagiso mo lefatsheng? Ba feditse makgolokgolo a dingwaga ba ntse ba rapela ka tsela ya boitimokanyi, mme e ntse e le bone ba tlhakanela ka botlalo mo dintweng tsa merafe, mo Botlhabaneding, le mo dipogisong tse di setlhogo. Moperofeti wa ga Jehofa o ne a botsa a re: “A Moethiopia o ka iphetola letlalō, leha e le nkwè dichubaba tsa eōna? hoñ le lona lo ka diha molemō, lona ba lo lemetseñ go diha boshula.” (Yeremia 13:23) Jaaka karolo e e kwa pelepele ya “Babelona o Mogolo,”—mmuso wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka—bodumedi jwa La-Bodumedi segolo bogolo bo ile jwa lekanngwa mo dilekanyong tsa bomodimo mme a fitlhelwa a tlhaela thatathata. O atlhotswe!—Yeremia 2:34, 35, 37; 5:29-31; Daniele 5:27.
15. Jehofa o tla tlisa jang kagiso ya go ya go ile, mme bao ba ikanyang mo go ene ba dira jang gore go nne kagiso?
15 Jehofa, ebong “Modimo oa kagishō,” o tla tlisa kagiso ya go ya go ile ka go senya ba ba nang le molato wa madi le ka go tlatsa lefatshe ka batho bao ruriruri ba ratang boammaaruri le tshiamo. (Bafilipi 4:9) Go ya ka Kgosi Dafide, ke bapelonomi bao ba ‘ikanyang mo go Jehofa le go dira molemo’ ba ba tla ‘ruang lefatshe’ mme ‘ba tla inatehisa mo letlotlong la kagiso.’ (Pesalema 37:3, 11) Bao ba ‘ikanyang Jehofa ka metlha le go dira molemo’ ba tlhotlheletsa kagiso ka tsela eo e ka se kgonweng ke ba ba rapelang dithapelo tse di tobekanyeng tsa medimo e e tlhakatlhakanyeng, medimo ya disetwa, le ditshwantsho.—Pesalema 115:2-8; Isaia 44:14-20.
16. Ke modiro ofe o Jehofa a o baakanyetsang bapelonomi bao ba phuthilweng go tswa ‘motseng wa merafe e e boitshegang’?
16 Abo go na le pharologanyo jang ne magareng ga dithapelo le ditsholofelo tsa batho ba Modimo ka sebele le tsa ba ba tshegetsang “Babelona o mogolo”! Abo re lemoga jang ne gore ‘pina ya ba ba boitshegang e ngotlelwa tlase’! (Isaia 25:5) Mme fa a bua ka bapelonomi bao ba phuthiwang go tswa ‘motseng wa merahe e e boitshegang,’ Isaia o tswelela pele ka go re: “Yehofa oa mashomōshomō o tla baakanyetsa dichaba cotlhe modihō oa dilō tse di nonneñ, modihō oa mayalwa a mafine a a itshekileñ, . . . a a tlhōtlhegileñ sentlèntlè.” (Isaia 25:6) Mokete wa semoya o gompieno o jewang ke bao ba tlileng go obamela Jehofa ruri ke o o kgorisang ka tsela e e itumedisang, ke modiro eleruri! Dipelo tsa rona di fiwa nonofo ya go itshoka mme boipelo jwa rona bo bontsi fa re ntse re direla Jehofa ka tlhagafalo re lebeletse pele boshafatsong jwa dilo le moketeng wa dilo tse di molemo tse Jehofa a di solofeditseng mo lefatsheng je lesha.—Pesalema 104:1, 14, 15; Mathaio 19:28.
17. Ke ‘dilo dife tse di gakgamatsang’ tse Jehofa a tla di diragatsang, mme a tlisa boipelo bofe?
17 Bogautshwanyaneng jaana, Jah Jehofa o tla akofa a dira “dilō tse di gakgamatsañ” ka go tlosa eseng fela “Babelona o mogolo” mme gape le “sesirō” sa katlholo seo se apesitseng setho ka ntlha ya boleo jwa ga Adame. (Isaia 25:7) Ee, mo motheong wa setlhabelo sa ga Jesu, Modimo wa rona o tla diragatsa polelelo pele e e go Isaia 25:8: “O komeditse losho ka bosakhutleñ; Yehofa Modimo o tla phimola dikeledi mo matlhoñ aotlhe; le eōna kgōbō ea batho ba gagwè o tla e tlosa mo lehatshiñ yeotlhe hèla; gonne Yehofa o le boletse.” Abo go tla itumedisa jang ne go bona boleo jwa ga Adame le loso di tlositswe mme go amogelwa baratiwa jaaka ba tla bo ba boa go tswa botshwarong jwa loso! Abo go itumedisa jang ne go itse gore basupi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba ile ba neela karabo e e feletseng go Mokgobi yo mogolo, Satane Diabolo! (Diane 27:11) Ga go ope yo o tla tlholang a ba kgoba ka go bo ba tla bo ba ile ba fenya ka ntlha ya bothokgami jwa bone. “Mo boikañoñ le mo boamarureñ,” Jehofa ka boene o tla bo a ile a diragatsa dilo tse di boleletsweng pele—“dikgakololō tsa bogologolo” tsa gagwe. Lefatshe lotlhe jaanong le tla bo le fetogile paradaise ya tshiamo, e e tletseng ka batho ba ba tshiamo. Ruri seo ke tebelelo e e molemolemo!
18. Go sa kgathalesege dikgatelelo, ke eng se re ititeileng sehuba gore re tla se dira, e le tumalanong le Isaia 25:9?
18 Go ikanya Jehofa ga rona ka metlha yotlhe mo metlheng eno e e lefifi go tla nna le tuelo ya gone ya mmannete. Go sa kgathalesege gore ke dikgatelelo dife tse re tshwanetseng go di tlhabantsha letsatsi le letsatsi mo matshelong a rona—e ka ne e le ka go tlamela malapa a rona, ka go tshwarelela mo melaong-metheo ya Bibela kwa sekolong, kana mo go neeleng bosupi mo tshimong e e boima—a ka metlha yotlhe re ikanyeng mo go Jehofa. Go boloka ga rona kamano e e kitlaneng le Jehofa jaaka ‘Moutlwi wa thapelo’ go tla re tlhomamisetsa poloko. (Pesalema 65:2) Ka gone, a re ititeeng sehuba gore re tla nna fela gareng ga bao ba reng, go ya ka mafoko a Isaia 25:9: “Bōnañ, Modimo oa rona, ko ōna o; re nntse re o lebeletse, o tla re boloka; eo, ke èna Yehofa; re nntse re mo lebeletse; re tla itumèla re ipela mo polokeñ ea gagwè.”
Dipotso tsa Poeletso
◻ Jah Jehofa ke nonofo ya rona le thata jang?
◻ “Motse oa merahe e e boitshègañ” ke eng?
◻ “Motse oa merahe e e boitshègañ” o ile wa patelesega jang go galaletsa Jehofa, gammogo le go mmoifa?
◻ Ke eng se se bontshang gore ga go na pina epe ya boipelo mo go “Babelona o mogolo”?
◻ Ke ‘dilo dife tse di gakgamatsang’ tse Jehofa a tla akofang a di direla batho ba gagwe?