O Eme o Tiile Kgatlhanong le Maano a a Boferefere a ga Satane
“Aparañ diaparō tsa phemèlō cotlhe tsa Modimo, gore lo tlè lo itse go ganèla le maanō a boherehere [Segerika, “togakanyo”] a diabolo.”—BAEFESIA 6:11.
1. Ke bosupi bofe jwa gore Satane o gone jo ho kaiwang ke dithaelo tsa gagwe mo go Jesu?
A TOTA ruri Satane o gone? Batho bangwe ba ganela gore mo Bibeleng fa go twe, “Satane” go a bo go lebisitswe fela mo bosuleng jo bo mo teng ga motho. Ba ganela gore o teng jaaka sebopiwa. Mme ke eng seo Dikwalo di se re bolelelang? Dipolelo tsa Efangele tsa Mathaio le Luke di bontsha gore Keresete Jesu o ne a raelwa gararo ka tlhamalalo ke Satane, mme mo dipakeng tseno tsotlhe Jesu o ne a mo gana, a dirisa Dikwalo. Ke ka ntlhayang fa Jesu a ne a mo araba ka Dikwalo tsa Sehebera? Ke ka go bo Satane o ne a tla kwa go ene ka go dirisa Dikwalo tseo ka tsela e e sa tshwanelang gore a tle a dire gore a leofe mme a palelwe ke go dira jaaka Morwa Modimo, ebong Losika lo lo solofeditsweng.—Mathaio 4:1-11; Luke 4:1-13.
2. Re itse jang gore Jesu ga a ka a ikakanyetsa ditiragalo tseno fela tsa fa a ne a thulane le Satane?
2 Ka phepafalo, Jesu, jaaka motho yo o itekanetseng, o ne a seka a ikgopolela ditiragalo tseno fela. (Bahebera 4:15; 7:26) o ne a thulana le ene yo o tlhotlheleditseng noga kwa Edena, mokaulengwe wa gagwe wa pele wa moengele yo o ileng a tsuologa dingwaga tse dintsintsi bogologolo mme jaanong maikaelelo a gagwe e le go kgaupetsa tiragatso ya Genesise 3:15. Satane o ne a batla go senya bothokgami jwa losika lo lo solofeditsweng. Ka go tlhalefela ditogamaano tsa gagwe, Jesu o ne a gana Moraedi gotlhelele. Satane o ne a itshwara jang? “Me e rile diabolo a sena go shwetsa thaèlō eotlhe, a mo tlogèla ka lobaka.” Ka phepafalo, Jesu o ne a seka a itlogela! Ka go bo Satane a ne a swabile, o ne a mo tlogela, “Me bōnañ, baengele ba tla ba mo [Jesu] dihèla.”—Luke 4:13; Mathaio 4:11.
3. Ke eng se raditiragalo mongwe a se bolelang kaga ka moo go leng botlhokwa ka gone mo Bokereseteng gore Satane o teng?
3 Ka mo go utlwalang, raditiragalo mongwe o akgela jaana: “Go latola go nna gone le seabe se segolo se Diabolo a nang le sone mo Bokereseteng ke go tlhabantshana le thuto ya baaposetoloi le ditiragalo tsa go nna gone ga thuto ya motheo ya Bokeresete. Ereka jaana go tlhalosa Bokeresete ka mafoko mangwe kwantle ga ana mri go sena bokao bope, ke mo go lemotshegang sentle ka phepafalo gore ga go tsamaelane ka gope go dumela mo Bokereseteng ntswa go latolwa go nna gone ga ga Diabolo. Fa e le gore Diabolo ga a yo, seo se raya gore Bokeresete bo ile jwa nna phoso fela thata mo ntlheng ya konokono go tswa fela kwa tshimologong ya jone.”a Mafoko ao a dira gore motho mongwe le mongwe mo lefatsheng gompieno a lebagane le kgwetlho. A o lemoga go nna gone ga mmaba yo o sa bonaleng yo o ikaeletseng go lwantshanya le bolaodi jwa Modimo le go gapa boineelo jwa batho?
Yoo Satane Tota-tota e Leng Ene
4. Sebopiwa sa semoya se se itekanetseng se ne sa fetoga Satane jang?
4 Satane ke sebopiwa se se nonofileng sa semoya, yo pelepele a neng a bopilwe ke Modimo jaaka moengele, morwawe wa semoya, yo o neng a kgona go nna gone mo dikokoanong tsa ga Jehofa tsa selegodimo. (Yobe 1:6) Lefa go ntse jalo, Satane o ne a dirisa kgololesego ya gagwe go ganetsa Modimo; mme ka maretshwa a gagwe o ne a dira gore Efa mme, ka go mo dirisa, a dire gore Adame a seka a utlwa mme a swe. (2 Bakorintha 11:3) Ka jalo, o ne a nna Satane, mo go rayang “Mmaba”—motsuolodi, ledimona, mmolai wa batho, le moaki. (Yohane 8:44) Abo mafoko a ga Paulo a tshwanela jang ne a go re: “Satane le èna o tla a ichwantshe le moengele oa lesedi,” fa tota-tota ene e le ‘kgosana ya lefatshe je le lefifi je’! (2 Bakorintha 6:14; 11:14; Baefesia 6:12) Ka go raela baengele ba bangwe gore ba dire botsuolodi, o ne a ba ntsha mo leseding la Modimo go ya mo lefifing la gagwe. O ne a nna “kgōsana ea badimo.” Jesu gape o ne a mmitsa “kgōsana ea lehatshe yeno.” Ka phepafalo, gore a tle a nne mmusi, o tshwanetse gore a bo a le gone jaaka motho wa semoya yo o bopilweng.—Mathaio 9:34; 12:24-28; Yohane 16:11.
5. Satane o bidiwa ka ditsela dife tse di tlhaolesegileng mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika?
5 Lemororo Satane a umakiwa ka sewelo fela mo Dikwalong tsa Sehebera, o senolwa ka botlalo mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika—mo e leng gore re bona leina Satane le tlhaga ga 36 mme lefoko Diabolo, le tlhaga ga 33. (Bona Comprehensive Concordance of the New World Translation of the Holy Scriptures.) Mme gape o bidiwa ka maina a mangwe le direto tse dingwe. Tse pedi mo go tseno di ne tsa dirisiwa ke Johane mo go Tshenolō 12:9: “Me kgōgèla e kgolo, nōga ea bogologolo ea pirigañwa, eōna e e bidiwañ Diabolo le Satane, motsietsi oa lehatshe yeotlhe.”—Bona gape Mathaio 12:24-27; 2 Bakorintha 6:14, 15.
6. Lefoko “Diabolo” le kaya eng?
6 Fano mo go Tshenolō go bonala lefoko la Segerika di·aʹbo·los, leo le ranoletsweng ka gore “Diabolo.” Le tota-tota le rayang “mopateletsi, molatofatsi yo o maaka, mosebi,” go ya ka radikitso wa Mogerika J. H. Thayer. (Bapisa 1 Timotheo 3:11; 2 Timotheo 3:3, Kingdom Interlinear.) W. E. Vine o tlhalosa Diabolo jaaka “mmaba yo o peloetlhoi wa Modimo le motho.”b
7. Ke ka ntlhayang fa Satane a ka itebaganya thata-thata le batho ba ga Jehofa?
7 Mmaba yo mogolo gaa nna fela. (1 Petere 5:8) Gongwe ke sone se go nang le seane se se reng: “Diabolo o fa diatla tse di botshwakga tiro.” Maikaelelo a gagwe a magolo ke go fenya Bakeresete ba mmannete. (2 Timotheo 3:12) Mme o ka tlhoma mogopolo wa gagwe mo bathong ba ga Jehofa ka lebaka le lengwe fela le le motlhofo—o setse a gapile lefatshe 10tlhe le le mo thateng ya gagwe! (1 Yohane 5:19) Lefatshe la gompieno ke lefatshe la ga Satane. Ke mmusi wa lone le modimo, e ka ne batho ba lemoga jalo kana nnyaa. (Yohane 12:31; 2 Bakorintha 4:4) Ka ntlha ya se, o tla dirisa togamaano nngwe le nngwe kana maretshwa mangwe kana dikakantshiso tsa go dira gore a bodise batho ba ga Jehofa, e ka ne e le motho ka bongwe kana ba le mmogo. A ko re tlhatlhobeng dingwe tsa ditsela tseo a dirang ka tsone.—Mareko 4:14, 15; Luke 8:12.
Togamaano e e Maretshwa ya ga Satane
8. Ke dilo dife tse Satane a ka di dirisang go re tlhabantsha?
8 Satane o ile a nna le nako e telele-telele ya go ithuta tlhaloganyo ya motho, go nna le kitso e e boteng kaga sebopego sa motho le bogole jwa gagwe jo a tsetsweng ka jone le jo a bo bapetseng. O itse go dirisa makoa a rona le boeleele. Mme jaanong, go ka nna jang fa e le gore mmaba wa gago o itse makoa a gago mme wena o sa kgone go a lemoga? Go raya gore o tla bo o sa siamela go iphemela, ereka jaana o sa lemoge diphatlha tse di mo diaparong tsa gago tsa phemelo tsa semoya. (1 Bakorintha 10:12; Bahebera 12:12, 13) Abo mafoko a mmoki wa kwa Scotland a tshwanela jang ne: ‘Ekete maatla mangwe a ne a ka re fa nonofo ya go ipona jaaka ba bangwe ba re bona! Ruri go ne go tla re golola mo diphosong tsa boeleele di le dintsi.’
9. Ke phelelo efe e e sa itumediseng e e ka nnang gone fa re ka palelwa ke go itlhatlhoba le go dira phetogo?
9 A re ikemiseditse go ipona jaaka fa ba bangwe ba re bona—segolo bogolo ka tsela eo Modimo kana Satane ba re lebang ka yone? Seo se batla boitlhatlhobo jo bo peloephepa le go ikanoka le go ikemisetsa go fetoga. Go itsietsa go motlhofo thata. (Yakobe 1:23, 24) Abo fa gongwe re sa ipone phoso jang ne mme re siamisa tsela eo re dirang dilo ka yone! (Bapisa 1 Samuele 15:13-15, 20, 21, 24.) Mme ebile a bo go le motlhofo jang go ithaya o re, “Mme kana, ga go na motho ope yo o itekanetseng!” Ke sone se Diabolo a se itseng seo, mme o dirisa bosaitekanelang jwa rona ka tsela e e sa tshwanelang. (2 Samuele 11:2-27) A bo go tla bo go hutsafatsa jang ne gore motho a fitlhe dingwageng tsa bogare mme ka tsela eo a ileng a dirisana ka botlhogoethata le ba bangwe ka yone ka go sa ba kgathalele, kana ka go sa ba bontshe bopelonomi, a ileng a nna motho yo o senang ditsala; kana a tla go lemoga gore gaa dira lefa e le sepe go itumedis a ba bangwe. Ka bonokwane gongwe Satane o dirisitse tsela e e bogagapa ya botshelo jwa rona gore a re foufatse. Re ile ra palelwa ke go nna le mogopolo wa nnete wa ga Keresete ka botlalo—ebong lorato, bopelotlhomogi, le bopelonomi.—1 Yohane 4:8, 11, 20.
10. Ke dipotso dife tse re ka di ipotsang, mme ka ntlhayang?
10 Ka jalo, gore re tle re ganane le Satane, re tshwanetse go itlhatlhoba. A o na le bokoa bongwe joo Satane a tla bo dirisang kana a bo dirisang ka tsela e e sa tshwanelang gone jaanong jaana? A o na le bothata jwa boikgodiso? A ka metlha o batla gore o di goge kwa pele? A boikgogomoso ke tlhotlheletso e e iphitlhileng mo go wena? A lefufa, bohula, kana lorato lwa madi ke dilo tseo di senyang botho jwa gago? A o motho yo o kgopisegang ka bofefo? A o motho yo o peloethata le yo o nyatsang ba bangwe? A o motho yo o pelwana fa o fiwa dikakantsho dingwe kana fa o fiwa dithuso? A o a ngala le eleng go gana kgakololo? Fa re ikitse sentle re ka baakanya mathata a a ntseng jalo, fa fela e le gore re boikokobetso. Fa go sa nna jalo, re ipaya mo kotsing ya go tlhaselwa ke Satane.—1 Timotheo 3:6, 7; Bahebera 12:7, 11; 1 Petere 5:6-8.
11. Ke tsela efe e e bonokwane eo Satane a ka nnang a leka ka yone go koafatsa bomoya jwa rona?
11 Satane gape o ka koafatsa bomoya jwa rona ka tsela e e maretshwa, e e bonokwane. Gongwe re kgopisiwa ke tsela eo dilo di dirwang ka yone mo phuthegong kana mo tsamaisong. Gantsi rea bo re sena mabaka a a lekaneng, mme re itlhaganelela go dirisa megopolo ya rona. Fa kamano ya rona le Jehofa e le bokoa, he seo se raya gore re gaufi thata le go nna le megopolo e e kgatlhanong le boammaaruri le dipelaelo. Bangwe ba ka nna ba senka tsela ya go iphalotsa mo maikarabelong ao a tsamaelanang le boammaaruri. Go tswa foo Satane o tsenya bosaikanyegeng le bollllom6 mo dipelong tsa bone. Ka bonakonyana fela ba fetoga batenegi, mme Satane a bo a itumela.—Luke 22:3-6; Yohane 13:2, 27; 2 Yohane 9-11.
12. (a) Bangwe ba ile ba kgwaraladiwa dipelo jang ke Satane? (b) Satane o tsenya batho ba le bantsi jang mo serung sa boitsholo jo bo sa siamang?
12 Ba bangwe Satane gaa ba kgwaralatse dipelo fela gore ba dire maleo a a masisi a gore ba tshwanelwe ke gore ba kgaolwe mme ebile ba felela ba bua maaka le go dira tsietso gore ba leke go fora bagolwane ba phuthego. Fela jaaka Ananiase le Safira, ba akanya gore ba ka fora baengele le moya o o boitshepo wa Modimo. (Ditihō 5:1-10) Diketekete tsa batho mo dingwageng tsa bosheng ba ile ba wela mo serung sa ga Satane sa boitsholo jo bo sa siamang. Diabolo o itse kafa dikgotelo tsa batho tsa kafa dikobong di nonofileng ka teng, mme ka tsamaiso ya gagwe ya lefatshe, o tlotlomatsa, a bo a sokamisa, le go faposa tiro ya tlhakanelo-dikobo. (Dipalō 25:1-3) Bakeresete ba ba sa nyalang kana ba ba sa nyalwang ba ka nna ba raelesega go dira boaka kana go dira ditiro tse dingwe tse di sa siamang tsa kafa dikobong. (Diane 7:6-23) Fa Bakeresete ba ba nyetseng ba leseletsa megopolo ya bone le dipelo go itaola, ba ka nna ba wela motlhofo fela mo boitshwarong jwa bolalome, ba sa ikanyege mo molekaneng yo ba ikanneng gore ba tla tshela le ene ka boikanyego.—1 Bakorintha 6:18; 7:1-5; Bahebera 13:4.
13. (a) Thelebishene e ka laola go akanya ga rona jang? (b) Re ka ganetsana jang le tlhotlheletso e e ntseng jalo?
13 Re tshela mo lefatsheng leo go aka, boferefere, bogale jo bo feteletseng di tletsetletseng mo go lone. Satane o dirisa dikanamiso tsa dikgang go gasa-gasa megopolo ya gagwe e e leswafetseng. Metshameko ya thelebishene e supa kaga batho bao ba tshelang ka tsietso mme ba lebega ba kgatlha. Fa re dumelela mogopolo oo go re ama, ka bonakonyana re ka akofa ra leseletsa maleo a “mabotlana,” go bulela a “magolo” phatlha. Dikakantsho tsa bonokwane tsa ga Satane ka motlhofo fela di ka bodisa go akanya ga rona. Re ka gana jang tlhotlheletso e e ntseng jalo? Paulo o ne a ntsha kgakololo e e reng, “10 se ka loa naea diabolo sebaka.” Seo gape se raya go dis a gore ke bomang bao o ba dumelelang go tsena mo ntlung ya gago ka thelebishene. A ga re a tshwanela go bifela go tsenelelwa ke batho ba ba ratang dintwa, ba ba boitsholo jo bo sa siamang, ba ba dipuo di botlha bao ba kgotlelang bonno jwa rona?—Baefesia 4:23-32.
Re ka Ganela Jang le Satane Mme ra Nna re Ntse re Ikanyega go Modimo?
14. Ke boitlhomo bofe jo bo menaganeng sebedi jo bo tlhokafalang e le gore re tle re ganetse Satane, mme sena se tlhokang?
14 Ereka re na le mmaba yo mogolo thata yo o nonofileng, yo o fetang motho ka nonofo, mme a le kgatlhanong le rona dibopiwa tsa batho tse di sa itekanelang, re ka boloka bothokgami jwa rona jang? Sephiri se fitlhelwa mo mafokong a ga Jakobe a a reng: “Ke gōna ka re, lo ineèleñ mo Modimoñ; me tlhabanañ le diabolo, me o tla lo tshaba.” (Yakobe 4:7) Tlhokomela gore kgakololo ya ga Jakobe e menagane sebedi. Fa re ntse re tlhabana le Diabolo le thato ya gagwe, re tshwanetse ra ineela mo thatong ya Modimo. Se se kopanyeletsa gore re rate thato ya Modimo le go ila ya ga Satane. (Baroma 12:9) Ka jalo, Jakobe o bolela jaana, “Atamèlañ Modimoñ, me o tla lo atamèla. Itloseñ leshwè mo diatleñ, baleohi ke lona; lo intlahatsè dipelo, lona ba lo maikutlō mabedi.” (Yakobe 4:8) Ee, mo go ganetsaneng ga rona le Satane, ga go na sebaka sepe sa gore re nne pelo pedi le maikutlo mabedi. Re ka seke re beye bothokgami jwa rona mo kotsing ka go atamela gautshwane thata thata le kgoro ya molelwane wa boikepo. Re tshwanetse ra ‘ila se se bosula gotlhelele.’—Pesalema 97:10.
15. Ke ka ntlhayang fa “diaparō tsa phemèlō cotlhe tsa Modimo” di tlhokafala? Tshwantsha.
15 Kgakololo e e tlhomologileng ya go ganetsa Satane e fitlhelwa go Baefesia kgaolo 6. Paulo a re re ka ganetsa jang “togomaano,” “merero,” kana “matlhale” a ga Satane? (Baefesia 6:11, Phillips, New International Versioñ, The Jerusalem Bible) O ntsha kgakololo e e reng, “Aparañ diaparō tsa phemèlō cotlhe tsa Modimo.” Tlhaloso eno e e reng ‘diaparo tsotlhe’ e raya gore go se nne le boikutlo bope jwa go latlhelela mo Bokereseteng, fela jaaka le lone lesole la Roma le ne le ka seke le latlhelele dilo fela fa le nt se le ipaakanyetsa tlhabano. Lesole le ne le tla diragalelwa ke eng fa le ne le ka ikapesa diaparo tsotlhe tsa phemelo mme la seka la tsaya thebe le tlhoro ya phemelo? o ka nna a bo a ile a akanya are, ‘Tota thebe eo e kgolo thata, mme le tlhoro e bokete. Bokete jwa tsone ke jo bo boitshegang, mme tota-tota ga ke di tlhoke.’ A ko o akanye fela ka sone seo—lesole la Moroma le ya go tlhabana kwantle ga didirisiwa tse dikgolo tsa gagwe tsa go iphemela.—Baefesia 6:16, 17.
16. (a) Re tshwanetse go latela sekao sa ga Jesu jang mo go diriseng “chaka” ya rona? (b) Re ka nna re itisitse jang kgatlhanong le “mecwi eotlhe e e molelō” ya ga Satane, mme go ka felela ka eng?
16 Akanya gape ka lesole le le senang tšhaka. “Chaka ea Mōea” ke seiphemelo se se molemo, mme e dirisiwa go fatoganya dibetsa tseo Satane a tlhaselang Mokeresete ka tsone. “Chaka” ya rona e tshwanetse ya nna e baakantswe sentle ka metlha yotlhe. Go tla nna fela jalo fa re sa tlhokomologe thuto ya rona ya mbela ya botho le ya lelapa. Mme thata-thata, ‘tšhaka eno . . . Lefoko la Modimo’ ke sedirisiwa sa rona sa go tlhasela. Jesu o ne a se dirisa ka ditsela tsoopedi. (Mathaio 4:6, 7, 10; 22:41-46) Mme le rona re tshwanetse. Re tshwanetse go tswelela re ntse re lootsa tumelo ya rona ya boammaaruri. Re ka se tshegetse bomoya jwa rona ka seo fela re se ithutileng mo dikgweding tsa rona tsa ntlha di sekae kana dingwaga mo boammaaruring. Fa re ile ra palelwa ke go shafatsa ditshika tsa megopolo ya rona, pono ya rona ya semoya e tla nna letobo. Tlhagafalo ya rona mo kobamelong ya boammaaruri ya ga Jehofa e tla ngotlega. Re tla reketla semoyeng. Re tla bo re sa tlhole re kgona go fenya ditlhaselo tsa balosika, ditsala, bommata, le batenegi ba ba ka nnang ba sotla dilo tse re di dumelang. Mme Modimo o tla re falotsa mo go Diabolo le mo ‘metswing yotlhe e e molelo’ ya gagwe fa re nna re apere “diaparō tsa phemèlō cotlhe tsa Modimo.”—Isaia 35:3, 4.
17, 18. Ke mang yo re lwang le ene, mme re ka fenya jang?
17 Ee, Paulo o ne a gatelela kaga kotsi e e gone mo ntweng ya Mokeresete fa a ne a kwala are: “Gonne ga re lwe le nama le madi, me re lwa le magōsana, le bathata, le babusi ba lehatshe ye le lehihi ye, le mashomōshomō a meōea ea boikèpō mo mannoñ a selegodimo.” (Baefesia 6:12) Ke jang rona bathonyana fela re ka ganelang mme ra fenya mo ntweng e e ntseng jalo e e sa lekalekaneng? Paulo o boelela ntlha ya gagwe ka go re: “Ke gōna, lo tseeñ dibolaō cotlhe tsa Modimo, gore lo itse go èma mo motlheñ oa boshula, le go re, lo sena go diha gotlhe, lo bo lo nntse lo eme.” (Baefesia 6:13) Tlhaloso ya konokono fano ke: “lo sena go diha gotlhe.” Seno gape se dira gore go se nne le sebaka sepe sa Bokeresete jwa go nna pelopedi kana jwa go iteega tsebe.—1 Yohane 2:15-17.
18 Ka jalo, a re emeng re tiile mo boammaaruring, re rata tshiamo ya ga Jehofa, re rera mafoko a a molemo a kagiso, re tshwareletse thata mo tumelong e e nonofileng mo polokong eo Jehofa a e neelang ka Keresete Jesu, re ntse re ikaegile ka Lefoko la Modimo jaaka seitsetsepelo sa rona. (Baefesia 6:14-17) Gakologelwa gore, Modimo o a re babalela mme o tla re thusa go fenya mo ditekong le mo dmhobaelong tse d re tlelang mo tsamasong ya dilo ya ga Satane. Ekete rotlhe re ka reetsa tlhagiso e e reng: “Lo nnè lo ikgapè, lo nnè tishō: mmaba oa lona, diabolo, o potologa yaka tau e e dumaii, a batla eo o ka mo kometsaii.” Ee, “lo èmalanè naè lo nitame mo tumeloii ea lona.”—1 Petere 5:6-9.
19. (a) Ke paakanyetso efe e nngwe gape e e tlhokafalang e re tshwanetseng go e dirisa gore re ganetse Satane? (b) Ke eng se kgabagare se tla diragalelang Satane?
19 A re se lebaleng se Paulo a neng a oketsa ka sone jaaka se se botlhokwa mo ‘diaparong tsa phemelo.’ Are: “Lo nntse lo rapèla ka metlha eotlhe mo Moeeñ, ka thapèlō eotlhe le kokotlèlō, lo nntse lo nnetse gōna ka bocwèlèlō pele yotlhe, lo nntse lo kokotlèlèla baitshepi botlhe.” (Baefesia 6:18) Mmaba wa rona yo o sa bonaleng o nonofile thata mo eleng gore re tlhoka “thapèlō eotlhe le kokotlèlō.” Abo dithapelo tsa rona ‘di tshwanetse go nna tsa mmatota, ebile di tshwanetse go farologana jang ne! Go ikaega ga rona gotlhelele mo go Jehofa go botlhokwa fa e le gore re tla fenya ntwa ya rona le go nna re ntse re thokgame. Ke gone fela foo a tla re fang ‘nonofo e e leng kgolo thata’ eo e tla re kgonisang go ganetsanya le Mmaba wa rona yo o sa iponeng tsapa. Abo go gomotsa jang ne go itse gore Mmaba wa rona yo mogolo o tla akofa a tsenngwa mo moleteng o o senang bolekeletso mme e re labofelo a nyelele gotlhelele!—2 Bakorintha 4:7; Tshenolō 20:1-3, 10.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Satan—The Early Christian Tradition, ka Jeffrey Burton Russell, tsebe 25.
b An Expository Dictionary of New Testament Words.
A O ka Araba?
◻ Re itse jang gore Satane ke motho wa mmatota?
◻ Ke ka ntlhayang ta maina le direto tse dingwe tsa ga Satane di tshwanela?
◻ Ke boitlhatlhobo bote jo bo ka re thusang go tenya ditlhaselo tse di bonokwane tsa ga Satane?
◻ Ke kgakololo ete e e tla re thusang go tenya Satane, mme ka ntlhayang?
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Tsela e nngwe e re ka ganetsang tlhotlheletso ya ga Satane gore re nne batho ba ba pelontle, ba ba thusang, le ba ba lorato
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Re tshwanetse go itisa gore re seka ra nna jaaka Ananiase le Safira, ba ba neng ba ineela mo go Satane
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Gore re fenye metswi ya ga Satane, re ka se tlogele seaparo sepe sa phemelo ya semoya re sa se apara