Ditshwantsho Tsa Lefatshe le le Solofeditsweng
Merafe e Phuthegela Kwa Megido
“BABATLISISI ba dumalana ba bo ba ikganetsa ka Aramagedona ya lefatshe,” go begile jalo setlhogo sa saense seo se neng se bua ka gore a ntwa ya nuklea e tla tlisa “mariga a nuklea” a a tsididi thata kana “selemo sa nuklea” se se mogote fela thata.
Gongwe o kile wa bona dikakgelo tse di ntseng jalo tseo di amanyang “Aramagedona” le metlha ya rona e e thata. “Aramagedona” ke eng? O ka nna wa batla go itse, ereka botshelo jwa gago bo kopanyelediwa.
A o ko o lebe fa godimo fa mo setshwantshong se se tserweng go tswa kwa loaping sa Megido. Leno e ne e le lefelo la botlhokwa kwa Iseraeleng wa bogologolo. Moaposetoloi Johane o ne a dirisa leina la lone fa a ne a kwala ka ‘lefelo le le bidiwang Hara-Magedona [Thaba ya Megido] mo puong ya Sehebera,’ kana Aramagedona. (Tshenolō 16:16) Go itse sengwe ka Megido go sedifatsa mafoko ao.
O ka bona koo le leng gone mo mmapeng o o filweng. Le ne le okame ditsela tse pedi tse dikgolo. Dithaba tsa Karamele di ne di sirile tsela ya Bokone—Borwa fa gare ga Egepeto e le kafa borwa le Damaseko kana metse mengwe kafa bokone gaufi le Euferatese. Jalo masole a a neng a tsamaya ka dikara a ne a tshwanelwa ke go tsamaya mo phateng e e kwa tlase e e fa thoko ga Megido, phata e e kafa mojeng mo setshwantshong. Tsela ya Bokone—Borwa e e e ralalang e ne e kgabaganela mo Mokgatšheng wa Jesereela le tsela ya botlhokwa e e fa gare ga Ture le Mokgatšha wa Joredane, kana Samaria le Jerusalema. Ka o ralalwa ke ditsela tseno, Megido o ne o kgona go thibela ba ba fetang foo, mme mokgatšha o o fa pele ga Megido e ne ya nna lefelo la dintwa tsa makgaolakgang.
Ka sekai, e ne e le gone fano koo Moatlhodi Barake a neng a fenya Bakanana kafa tlase ga molaodi wa masole Sisera, yoo a neng a na le dikara tse 900 tsa tshipi tsa ntwa. (Baatlhodi 4:1-3, 12-16; 5:19) Moragonyana, Farwe Neko o ne a etelela masole a a nonofileng a Egepeto le dikara tsa ntwa a tlhatloga ka tsela ya lotshitshi lwa lewatle (ka jalo leina la yone, Via Maris, kana Tsela ya Lewatle) go ya go thusa Baasiria gaufi le Euferatese. Ka mabaka a mangwe, Kgosi Josia wa Juda o ne a dira phetso ya go lwa ntwa ya boditšhabatšhaba le Neko. Mme o ne a tla e lwela kae? Lefa e ne e le dikilometara tse di ka nnang 90 kwa bokone jwa Jerusalema Josia o ne a tlhopha dipoa tse di gaufi le Megido.—2 Ditihalō 35:20-22; Yeremia 46:2.
O ne a itse gore Baegepeto ba ne ba tla feta foo, mme o ka ne a ile a akanya gore o ne a tla fenya, ereka a ne a tla bo a le gaufi le kago ya Iseraele ya phemelo. Jaaka o ka bona, Tell (thaba) Megido e kgolo fela thata. Motse oo wa bogologolo o ne o boitshega. Solomone o ne a thatafatsa Megido ka go aga dithako tse dikgolo le kgoro ya tshireletso.a (1 Dikgosi 9:15) Kafa letlhakoreng la molema la thaba eo, o ka bona mosima o mogolo o o sephara, oo e neng e le one kgoro ya go tsenelela kwa motsweding o o raraaneng wa metsi. Ditepisi tse di mokong di ne di tsenelela kwa gare ga kgogometso e e gabilweng mo lentsweng le le kwa tlase, eo e neng e kgonisa Baiseraele go ga metsi go tswa mo sedibeng fa ba ne ba sireleditswe mo go tlhaselweng. Baithutamarope ba ile ba fitlhela masalela a setale sa dipitse tse di ka nnang 450 fano, a a ka nnang a nako ya puso ya ga Ahabe.—Bapisa 1 Dikgosi 9:19.
Josia o ne a ntshiwa dintho tse di botlhoko, mo ntweng ya makgaolakgang gaufi le Megido, mme o ne a swela mo tseleng fa a boela Jerusalema. (2 Dikgosi 23:28-30) Seno e ka tswa e le sone seo se bakileng ‘selelo kwa molapong wa Megido’ se se umakiwang mo go Sekaria 12:11. Go ise go e kae fela morago ga go fenngwa ga ga Josia, Babelona e ile ya bololetsa masole a yone kwa Juda yo o neng a koafetse.—2 Dikgosi 24:1, 2, 12-14; 2 Ditihalō 36:1-6.
Ka boikitsiso jo bo ntseng jalo, o ka lemoga gore ke ka ntlhayang fa mo go Tshenolō e e neilweng moaposetoloi Johane, Megido e neng e ka dirisiwa fa go bolelelwa pele go phuthegela ga ‘dikgosi tsa lefatshe lotlhe’ “kwa ntweñ ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe.” Ga go lefelo lepe fela mo lefatsheng, eleruri le eseng dipoa tse di okametsweng ke Thaba ya Megido, leo le ka kgonang go tshola merafe yotlhe e e ganetsanang le Modimo. Mme Hara-Magedona, kana Aramagedona, e emela boemo jwa ntwa eo ya makgaolakgang ka tshwanelo.—Tshenolō 16:14, 16; 19:11-21.
Jalo a boradipolotiki le boradikgang ba akanye ka mo go fosagetseng ka Aramagedona jaaka ntwa ya nuklea e e tla senyang kgolokwe yotlhe. O ntse o akantse ka hisitori ya Megido, o ka tlhaloganya kgang eno sentle thata. O ka lemoga gore Aramagedona ke boemo joo merafe e tlogang e tlisiwa mo go jone go tla mo ntweng e kgolo fa Modimo o tla bo o nyeletsa tsamaiso ya jaanong e e boikepo ya dilo, o bulela lefatshe le lesha la tshiamo tsela.—2 Petere 3:11-13.
[Ntlha e e kwa tlase]
a O ka bala kgang e e kgatlhisang ya kgoro ya Megido mo go Tora ya Tebelo ya August 15, 1988, ditsebe 24-6.
[Mmapa mo go tsebeng 17]
(Go bona ditlhaka tsotlhe, leba kgatiso)
Great Sea
Go ya Damaseko
Go ya Ture
Lewatle la Galalea
Ako
Mokoloko wa Dithaba Tsa Karamela
Megido
Via Maris
Jopa
Go ya Egepeto
Bethe-Sheana
Dothane
Samaria
Shekema
Go ya Jerusalema
Noka ya Joredane
Mi 0 10
Km 0 10 20
[Motswedi wa setshwantso]
E theilwe mo mmapeng wa tetlokopi ya Pictorial Archive (Near Eastern History) Est. le Survey of Israel
[Setshwantsho mo go Tsebe 16]
O TLA fitlhela setshwantsho se segolwane sa Megido mo go 1989 Calendar of Jehovah’s Witnesses. Go tla tlotliwa ka ditshwantsho tsa gone tse thataro monongwaga mo ditlhogong tsa Tora ya Tebelo, tseo o ka nnang wa rata go di boloka gammogo le khalendara eo go di dirisa mo isagweng.
[Motswedi wa setshwantsho]
Pictonal Archive (Near Eastern History) Est.
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
SETSHWANTSHO seno se se gabilweng sa Seegepeto se ka go thusa go akanya ka go atamela ga ga Faro Neko fa a ne a atamela go feta Megido, koo a neng a fenya Kgosi Josia gone
[Motshwedi wa setshwntsho]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est