Babelona o Mogolo—O Ole Ebile o Atlhotswe
“BABELONA o mogolo o ole, o ole, o o dihileñ gore merahe eotlhe e nosiwè boyalwa yoa bogale yo bo cosicweñ ke kgokahalō ea gagwè.” “Babelona o mogolo o ole, o ole, me o hetogile boagō yoa badimo, le boicwalèlō yoa mōea moñwe le moñwe o o mashwè, le boicwalèlō yoa nōnyane ñwe le ñwe e e mashwè le e e ilwañ.”—Tshenolō 14:8; 18:2.
A polelelopele e e gakgamatsang eleruri! “Babelona o mogolo o ole.” Polelo eno ya tshwantshetso e ile ya kgatlha baithuti ba Bibela ka makgolokgolo a dingwaga. Ke ka ntlhayang fa e tshwanetse go go kgatlha le wena? Ka gonne, go ya ka polelelopele ya Bibela, bokhutlo jwa Babelona o Mogolo bo tla tloga bo ama batho botlhe. Jaaka re bone mo ditokololong tsa makasine ono tsa April 1 le April 15, seaka seno se se tlhotlheletsang se supiwa ka phepafalo fela gore ke mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka wa ga Satane.a
Mme o ole ka tsela efe? Le gone leng?
Babelona O Ole mme ga A Senngwa
Go bona bokao jo bo tletseng jwa go wa ga Babelona o Mogolo, re tshwanetse go tlhaloganya seo se neng sa diragala fa Babelona wa bogologolo a ne a wa ka 539 B.C.E. Ka nako eo batho ba Modimo, ebong Baiseraele, ba ne ba setse ba nnile ditshwarwa ka dingwaga tse di ka nnang 70. Jaanong ba ne ba lebeletse go gololwa tumalanong le mafoko a baperofeti ba bone. (Yeremia 25:11, 12; 29:10) Abo ba ne ba tshwanetse ba bo ba ne ba itumela jang ne fa Kurose wa Moperesia a ne a diga Babelona mme a golola Bajuda go ka boela kwa motseng wa bone o o boitshepo, Jerusalema!—Isaia 45:1-4.
Lefa go ntse jalo, lefa Babelona a ne a sa tlhole a na le maatla mo Bajudeng, seo se ne se sa kae bokhutlo jwa Babelona wa bogologolo. Mmaditiragalo Joan Oates o kwadile jaana mo bukeng ya gagwe Babylon: “Kurose o ne a tsena mo Babelona ka phenyo, a thibela go gapiwa ga dithoto mme a tlhoma kgosi ya Moperesia, a tlogela makgotla a bodumedi le tsamaiso ya bomorafe a sa a tshwenya. . . . Eleruri fa go lebelelwa matshelo a baagi ba Babelona go lebega a ne a fetoga go le gonnye fela kafa tlase ga puso ya Baperesia. Mekgwa ya bodumedi e ne ya tsholwa e nntse jaaka e ne e ntse le ditiro tsa kgwebo di ne tsa atlega.” Ka jalo, lefa a ne a ole, Babelona o ne a tswelela pele a ntse a dira, mme go na le phetogo e le nngwe fela e kgolo—batho ba Modimo, Iseraele, ba ne ba golotswe. Ba ne ba boela kwa Jerusalema go tsosolosa kobamelo ya boammaaruri koo.
Mo e ka nnang ka 331 B.C.E. fa ramasole wa Mogerika Alexander the Great a ne a tsena mo Babelona, o ne a amogelwa sentle ke baagi ba koo. O ne a swetsa ka gore o ne a batla go e fetola go nna mošate wa gagwe wa kafa botlhaba, mme o ne a swa pele a ka diragatsa keletso eo ya gagwe. Seno se bontsha gore Babelona o ne a santse a atlega thata ka nako eo ya moragonyana.
Ka jalo, go wa ga Babelona ka 539 B.C.E. go ne go sa reye gore o ne o sa tlhole o le gone. O ne wa tswelela pele o ntse o dira ka makgolokgolo a dingwaga. Seno se ne se ile sa bonala jang mo tiragatsong ya segompieno ya dipolelelopele tse di kopanyeletsang Babelona o Mogolo?
Go wa ga Babelona o Mogolo
Go tshwana le go wa ga Babelona o Mogolo wa tshwantshetso, mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka. Mo karolong ya ntlha ya lekgolo la rona la bo-20 la dingwaga pele ga 1919, Baithuti ba Bibela, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itsege ka nako eo, ba ne ba tshwanelwa ke gore ba gololwe mo botshwarong jwa semoya jwa dikgopolo le ditiro tsa bodumedi jwa maaka. Lefa ba ne ba gana dithuto tsa maaka tse di jaaka Tharo-nngwe le go sa sweng ga moya wa motho, ba ne ba santse ba leswefaditswe ke ditiro dingwe tsa Sebabelona. Ba bantsi ba ne ba na le mokgwa wa boikutlo jwa gore ba siame. Bangwe ba ne ba tseela dibopiwa dingwe kwa godimo, ba tseneletse mo kobamelong ya go obamela motho eo e neng e neelwa Charles T. Russell, mookamedi wa ntlha wa Watch Tower Bible and Tract Society. Kwantle ga go nna le motheo ope fela wa Dikwalo, ba ne ba tlotla malatsi a botsalo le Keresemose. Ba ne ba santse ba tseela sefapaano kwa godimo mo dikakanyong tsa bone. Ba bangwe ba ne ba apara le eleng setshwantsho sa sefapaano le korone, fa ba bangwe ba ne ba batla tlotlo ya La-Bodumedi. Go tswa foo, ka 1917, ka bokhutshwane fela morago ga loso lwa ga Russell, go ne ga simololwa go dirwa diphetogo tsa botlhokwa.
Mo go one ngwaga oo, Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa gatisa buka eo e neng e bua ka Tshenolō ya setlhogo se se reng The Finished Mystery. Buka eno e ne e senola baruti ba La-Bodumedi, go akareletsa le go kopanela ga bone mo Ntweng e Kgolo eo e neng e lowa mo Yuropa. Bangwe ba baruti ba Baporotesetanta kwa Canada, eleng karolo e e emelang Babelona o Mogolo, ba ne ba tsaya ditsopolo tseno ba di isa kwa ditsaleng tsa bone tsa bopolotiki mo pusong ya Canada mme ba bolela gore Baithuti ba Bibela ba epa puso. Ka February 12, 1918, Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa thibelwa ka molao mo Canada.
Baruti mo United States le bone ga baa ka ba diega go latela sekao sa bakaulengwe ba bone ba Canada. Mo lobakeng lwa malatsi fela, dikgatiso tsa Watch Tower Bible di ne tsa gapiwa mo Los Angeles, kwa California, kwa U.S.A. Go tswa foo, ka May 1918, go ne ga ntshiwa makwalo a go tshwarwa ga ga J. F. Rutherford, mookamedi yo mosha wa Mokgatlho wa Watch Tower, le balekane ba gagwe ba bangwe ba le supa ba Watch Tower. Ka June, ka bofefo jo bo gakgamatsang, banna bano ba Bakeresete ba ne ba tlisiwa fa pele ga kgotla-tshekelo mme ba atlholwa. Ba le supa ba ne ba atlholelwa dingwaga tse 20 mo kgolegelong, mme a le mongwe dingwaga di le 10. Baruti ba ne ba itshwara jang? Martin Marty o bua jaana mo bukeng ya gagwe Modern American Religion: The Irony of It All: “Baruti ba ne ba tlhasela Ba-Russell [bao moragonyana jaana ba itsiweng jaaka Basupi ba ga Jehofa] mme ba itumela fa ba ne ba utlwa gore baeteledipele ba Basupi ba ga Jehofa ba ba neng ba tshwerwe ba ne ba tlile go atlholelwa dingwaga di le masome a mabedi mo kgolegelong.” Baemedi bao ba Babelona o Mogolo ba ne ba tshega. Ba ne ba lebala gore ga twe o se tshege yo o oleng.
Ka jalo, ka 1918, botshwarwa jwa tshwantshetso jwa kwa Babelona bo ne gape jwa fetoga go tsenngwa mo kgolegelong ka mmatota mo bathong bangwe ba ga Jehofa. Lekhubu la go bogisiwa ga Baithuti ba Bibela le ne le raletse United States, Canada le dinaga tse dingwe. Baruti ba ba tletseng bomorafe ba ne ba rulaganya digopa tsa batho go ba leleka mo ditoropong. Baithuti ba Bibela ba ne ba tshasiwa sekonotere le go tsenngwa diphuka ba ba ba bediwa ka dithobane. Go ne ga dirwa rekoto e e tlhabisang ditlhong ya go tlhoka tshiamo kgatlhanong le setlhopha seo se sennye sa Bakeresete ba ba tlhoafetseng.b
Go tswa foo, ka 1919, dilo di ne tsa fetoga ka mo go sa lebelelwang. Ntwa e Kgolo e ne e khutlile ka 1918. Go ne ga dirwa boikuelo jwa gore dikatlholo tseo di neng di dirilwe kgatlhanong le baeteledipele ba Mokgatlho wa Watch Tower di ne di sa dirwa kafa tshiamong. Rutherford le ditsala tsa gagwe ba ne ba gololwa mo kgolegelong eleng seo se ileng sa sulafatsa baba ba bone ba bodumedi. Jaaka Marty a bolela: “Go ne go sena boitumelo bope mo malokong a dikereke tse di tlhomilweng.” Kgabagare, balatofadiwa botlhe ba ne ba gololwa. Moatlhodi wa Mokatoliki yo a neng a sokamisa katlholo ebong Martin T. Manton, yoo moragonyana a neng a dirwa “mogale kafa mokgweng wa ga St. Gregory the Great” ke Mopapa Pius XI, o ne a ile a gana gore Basupi ba ba robedi bao ba duelelwe go letela tsheko ka kwantle mme ka gone a dira gore ba nne mo kgolegelong ka dikgwedi di le robong ka mo go sa tshwanelang. O ne a supa mekgwa ya gagwe moragonyana fa ka 1939, a ne a romelwa kwa kgolegelong ka go bo a ne a tsaya pipa-molomo!
Fa ba gololwa mo kgolegelong ka 1919, Rutherford le ditsala tsa gagwe ba ne ba boela kwa ntlo-kgolong ya Mokgatlho wa Watch Tower kwa Brooklyn. Go tswa foo ba ne ba simolola go rulaganyetsa tiro e kgolo eo lefatshe le neng le ise le ko le e bone ya go rera ka Bogosi. Baithuti ba Bibela ba ne ba kgaotse dikgole tsa go boifa motho mme jaanong ba bona ka phepafalo seemo sa bone malebana le bodumedi jotlhe jwa maaka. Babelona o Mogolo e ne e le mmaba wa bone yo o sa ineeleng mme o ne a tshwanetse go senolwa gore o ole. Kobamelo ya boammaaruri e ne e tshwanetse go tsosolosiwa mo merafeng.
Bakeresete ba ba pelokgale bao ba ne ba nonotsha bodihedi jwa bone jwa ntlo le ntlo. Ba ne ba tsamaya phatlalatsa, mo mebileng ba senola bodumedi jwa maaka ka dipapetla tsa phatlalatso tse di neng di bua jaana: “Bodumedi ke Serai le Maano a Boferefere” le, “Direla Modimo le Kgosi Keresete.” Bodumedi jwa maaka bo ne bo ntse bo tswelela pele go atlega le go dira, fela jaaka bo ne jwa dira kwa Babelona wa bogologolo, mme mo Basuping ba ga Jehofa, Babelona o Mogolo o ne a ole ka 1919. Ba ne ba golotswe mo botshwarong jwa Babelona!
Go Fokotsega ga Tlhotlheletso ya Babelona
Jaanong, dingwaga di le 70 moragonyana, re kgona go bona gore tlhotlheletso ya Babelona o Mogolo e fokotsegile mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe. Ka boammaaruri, go santse go lebega ekete bodumedi mo United States bo santse bo atlega, koo karolo nngwe ya baagi ba ba laolwang ke maikutlo thata ba santseng ba tsiediwa ke baefangele ba TV le baithuta-tlhaloganyo ba bodumedi. Lefa go le jalo, le eleng bangwe ba batsietsi bano ba ba ratang madi ba ile ba senolwa moragonyana jaana mme ba tlhabisiwa ditlhong. Go lebega ekete bodumedi bo santse bo atlega kwa Repaboliking ya Korea, koo dikereke tsa La-Bodumedi di itlhakatlhakantseng thata le dipolotiki. Go bonala gore Babelona o Mogolo le fa a “ole,” o santse a dira.
Lefa go ntse jalo, ditumelo tse di rulagantsweng di ile tsa latlhegelwa ke maloko mo dinageng tse di jaaka Jeremane, Denmark, Sweden, le Boritane morago ga dintwa tsa lefatshe. Le eleng dinaga tsa Bokatoliki tse di jaaka Italy, Spain, le Fora di ile tsa itemogela go tlogelwa ga ditiro tsa dingwao tsa Katoliki tsa boipolelo le go kopanela Misa. Dipalo tsa bao ba ithutelang boruti di ile tsa wela kwa tlase fela thata. Mme lebaka fela la gore mopapa wa gone jaanong a bo a bona go tlhokega gore a etele lefatshe lotlhe go gaisa mopapa ope fela mo hisitoring ke sesupo sa gore kereke eo e mo kotsing.
Mo godimo ga moo, fa esale go tloga ka 1917 dinaga tse dintsi tsa bojammogo di ile tsa abela bodumedi karolo e nnye fela mme tsa fedisa tlhotlheletso ya jone ya pele mo bopolotiking. Mo selekanyong sa lefatshe, bodumedi bo santse bo baka letlhoo le tshololo ya madi mo eleng gore batho ba bantsi ba ba akanyang sentle ba tlogela bodumedi, ekane e le jwa Bophirima kana jwa Botlhaba. Ee, metsi a tshwantshetso ao Babelona o Mogolo a ntseng mo go one, eleng batho ba a ba laolang, a a kgala. Babelona o Mogolo o a atlholwa, mme go bolawa ga gagwe go gaufi.—Tshenolō 16:12; 17:1, 15.
Babelona—Lebaka la go bo a Atlholwa
Jehofa o na le mabaka afe a go atlhola mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka? Eleruri, bangwe ba ka nna ba akanya gore o tshwanetse go tsaya tsia dikolo, dikokelo, ditiro tsa bomorafe tseo ditumelo tse dintsi di ileng tsa di tshegetsa. Mme a tseo di ka lekana le katlholo eo Jehofa a e lekanyeditseng ditumelo tsa lefatshe? A re ko re tlhatlhobeng katlholo eo le rekoto ya bodumedi ka bokhutshwane.c
“Me ga tla moñwe wa baengele ba shupa ba ba chotseñ megocana e shupa, me a nthaea, a re, Tla kwano, ke tla gu shupetsa tshekishō ea seaka se segolo se se dutseñ mo metsiñ a mantsi; Se dikgosi tsa lehatshe di gokahetseñ nashō, le ba ba agileñ mo lehatshiñ ba ne ba tagisiwa ke boyalwa yoa kgokahalō ea shōna.” (Tshenolō 17:1, 2) Jaaka re setse re bontshitse ka phepafalo mo tokololong ya rona ya April 1, le ya April 15, tsa 1989, go ikopanya ga bodumedi ka mo go sa siamang le babusi ba merafe, “dikgosi tsa lehatshe,” mo go ileng ga gobatsa batho go ralala hisitori, go ka nna ga tshwantshanngwa le boitsholo jwa seaka seo se batlang go ikgotsofatsa ka go gokafala. Mme go bonwa molato go a tswelela.
“Me ka bōna mosadi ha a tagilwe ke madi a baitshepi, le ke madi a bashupi ba ga Yesu.” “Me ga hitlhèlwa madi a baperofeti, le a baitshepi mo go ōna, le a botlhe ba ba bolailweñ mo lehatshiñ.” (Tshenolō 17:6; 18:24) Babelona o Mogolo o tshwanetse go bewa molato wa madi ka ntlha ya go bolaya ga gagwe Bakeresete ba boammaaruri go kgabaganya makgolo a dingwaga, go kopanyeletsa le palonyana ya bao ba neng ba leka go ranolela Bibela mo dipuong tsa batho ba ba tlwaelegileng, le ba bantsi ba ba neng ba leka go nna le Bibela ba bile ba e bala. Molato wa Babelona o Mogolo wa madi o kopanyeletsa gape le go bolawa ga Bakeresete ba boammaaruri bosheng jaana mo dikgolegelong le mo dikampeng tsa pogisetso, e le kafa tlase ga Bo-Nazi, Bo-Fascist, kana dipuso dipe fela tsa bobusaesi. Tlhokomela gore molato oo ke wa “botlhe ba ba bolailweñ mo lehatshiñ,” bao ba kopanyeletsang makgolokgolo a dimilione mo lefatsheng lotlhe a bao ba swetseng mo dintweng le mo ditlhabanong tsa boipusolosetso tseo di ntseng di lowa ke batho bao ba iphakang gore ke ba bodumedi go ralala hisitori.—Bapisa Mathaio 23:34-36; 2 Timotheo 3:5.
Go atlhola ga Modimo Babelona o Mogolo go akareletsa karolo e nngwe gape ya molato wa gagwe. Katlholo eo ke eno: “Merahe eotlhe e ne e tsiediwa ke boloi yoa gago.” (Tshenolō 18:23) Ka mo go kgatlhisang, “boloi” ka Segerika ke phar·ma·kiʹa, eo “segolo bogolo e supang go dirisiwa ga melemo, diokobatsi, botlhodi; morago ga tseo, go jesa botlhole, le boloi.”d Ka tlhaloganyo ya semoya, bodumedi jwa maaka bo jesitse merafe botlhole ka go ba tsietsa gore ba dumele mo medimong ya maaka le dithuto tsa maaka tseo di tlosang tlhokomelo ya bone mo go Jehofa le mo kganetsanong ya gagwe ya bolaodi jwa lobopo. Ka dithuto tsa jone tse di phoso tsa go sa sweng ga moya wa motho, bodumedi jwa maaka gape bo thaile motheo wa mofuta mongwe le mongwe wa tirisa-badimo le boloi, bo tlhotlheletsa poifo ya go tshaba baswi le go obamela baswi. Modimo eleruri o tshwanetse go atlhola Babelona o Mogolo. Fela jaaka Johane a ne a kwala: “Dibe tsa gagwè di ile go hitlha le kwa legodimoñ, me Modimo o gakologecwe maikèpō a gagwè.”—Tshenolō 18:5.
Re Tshwanetse go Dira Eng?
Fa re tlhokomela boemo jwa go wa ga Babelona o Mogolo le boemo jwa go atlholwa ga gagwe, ke eng seo barati ba ba tlhoafetseng ba boammaaruri ba tshwanetseng go se dira jaanong? Polelelopele ya ga Isaia e e neng e amana le Babelona wa bogologolo e dira ka mo go nonofileng mo bodumeding jwa maaka gompieno: “Tsamaeañ, tsamaeañ lo cwè gōna, lo se ka loa ama sepè se se itshekologileñ; tlogañ, lo cwè mo gare ga gōna; lo nnè bantlè, lona ba lo rweleñ diyana tsa ga Yehofa.” (Isaia 52:11) Pitso eno e e potlakileng e tshwana fela le eno e e mo go Tshenolō 18:4: “Me ka utlwa lencwe ye leñwe ye le cwañ legodimoñ, le re, Cwañ mo go èna [Babelona o Mogolo], lona batho ba me, gore lo se tlhakanele naè dibe tsa gagwè, le gore lo se bone dipecō tsa gagwè.”
Ee, ke nako ya gore re kgaole dikgolagano tsotlhe le bodumedi jwa maaka. Mme fa re tswa mo go Babelona o Mogolo, re tshwanetse go ya kae? Kwa kobamelong ya ga Jehofa ya boammaaruri mme re kopanele le basupi ba gagwe. Go setse go na le dimilione tse di tswang mo merafeng yotlhe ya lefatshe tseo di tlhatlogelang kwa ‘thabeng ya ntlo ya ga Jehofa’ ya tshwantshetso. Le wena o lalediwa gore o ithute Bibela le Basupi ba ga Jehofa mme o kopanela mo kobamelong eno ya boammaaruri.—Isaia 2:2-4; 43:10-12.
Jaanong go sala potso eno, Fa e le gore Babelona o Mogolo o ole ebile o atlhotswe, ke eng seo se latelang mo thulaganyong ya bomodimo? Ke eng seo se tlileng go diragalela mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka wa ga Satane? Tokololo ya rona e e latelang, ya May 15, e tla araba dipotso tseno ka boperofeti jwa Bibela.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Babelona o Mogolo ga a kake a tshwantshetsa bopolotiki le kgwebo e kgolo, ka go bo di bontshiwa di lelela go wa ga gagwe. (Tshenolō 18:9-11) Karolo e nngwe gape fela e kgolo ya tsamaiso ya lefatshe la ga Satane ke bodumedi. Kgolagano ya gagwe le tirisa-badimo e tlhomamisa go supiwa ga gagwe jaaka bodumedi.—Tshenolō 18:23.
b Go bona dintlha tse di oketsegileng tsa pogiso eno, bona 1975 Yearbook of Jehovah’s Witnesses, ditsebe 94-119.
c Go bona tlhatlhobo e e oketsegileng ka kgang eno, bona kgatiso Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse! ditsebe 235-71, e e gatisitsweng ka 1988 ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
d Expository Dictionary of New Testament Words ya ga W. E. Vine. Bolumo IV, ditsebe 51-2.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Lemororo Babelona a ne a wa ka 539 B.C.E., o ne a tswelela go dira jaaka motsemogolo ka makgolokgolo a dingwaga