Dithuto go Tswa mo Dikwalong: Sekaria 1:1–14:21
Jehofa O Tlhotlheletsa Moya wa Batho ba Gagwe
KWA bokhutlong jwa 538 B.C.E. kana kwa tshimologong ya 537 B.C.E., kgosi Kurose wa Moperesia o ne a ntsha taolo ya gore Bajuda ba tswe kwa Babelona ba ye Jerusalema go ya go “[aga] ntlo e e mo Yerusalema ea ga Yehofa.” (Esere 1:3) Lefa go ntse jalo, ntlo e ne e ise e agiwe ka 520 B.C.E. Ka gone, Jehofa o ne a tsosa moperofeti Sekaria go dira gammogo le Hagai mo go tlhotlheletseng moya wa batho ba gagwe.
Mafoko a a tlhotlheleditsweng a ga Sekaria a ne a tsenya Bajuda ba ba ikanyegang nonofo ka go ba bontsha gore Jehofa o ne a ba tshegetsa le gore o ne a tla segofatsa tiro ya bone. Buka eno ya Bibela le rona e a re tlhotlheletsa ka go bo e na le boperofeti kaga Mesia le eleng boperofeti jo bongwe jo bo santseng bo diragadiwa mo motlheng wa rona.a E re naya gape le dithuto tse di mosola fela thata.
Jehofa O Segofatsa Batho ba Gagwe
Jehofa o amegile ka batho ba gagwe. Morago ga gore Bajuda ba dumele gore go otlhaiwa ga bone ke Modimo go ne go tshwanetse, Sekaria o bona diponatshegelo tse tharo tseo di neng di bontsha gore O ne a santse a amega ka bone. Mo go ya ntlha, o bona baengele ba palame dipitse. Moengele yo mongwe o tshwenyegile ka go bo merafe e e neng e baketse Bajuda matlhotlhapelo e “mo boiketloñ.” Mo go ya bobedi, Jehofa o ikaeletse go diga “dinaka di le nnè”—mebuso e e neng e phatlaladitse batho ba gagwe. Mme ponatshegelo ya boraro e tlhalosa ka phepafalo go tlhokomela ga ga Jehofa Jerusalema ka lorato le go e sireletsa.—1:1–2:13.
Ga go ope yo o tla kgonang go kgoreletsa batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa. Mo ponatshegelong ya bo-ne, Satane, moganetsi yo mogolo wa batho ba ga Jehofa, o kgalemelwa ka botlalo. (Bapisa Tshenolō 12:10.) Mo go ya botlhano, Sekaria o lemoga gore batho ba Modimo ba tla dira go rata ga gagwe lefa ba ka nna le dikgoreletsi tse di kana ka dithaba. Jang? “Ga se ka thata, leha e le ka nonohō, ha e se ka mōea oa me, go bua Yehofa oa mashomōshomō.”—3:1–4:14.
Batlhanka ba Modimo ‘ba ila se se bosula.’ (Pesalema 97:10, 11) Mo ponatshegelong ya borataro, Modimo o bolela matlhotlhapelo a a tla diragalelang badirabosula bao ba iseng ba otlhaiwe. Mme mo go ya bosupa, seo se emelang boikepo se tseelwa kwa “lehatshiñ ya Shinara,” lefelo la tumelo ya maaka ya Sebabelona. Lefelo leo le se siametse! Ga go na bosula mo gare ga batho ba ga Jehofa, ka go bo ba a bo ila. Go tloga foo Sekaria o bona dikoloi tse nne tsa ntwa tse di gogwang ke dipitse—matsholo a semoya a baengele ba ba romilweng go ya go sireletsa batho ba Modimo ba ba mo lefatsheng.—5:1–6:8.
Diponelopele tsa Seperofeti
Go diragadiwa ga lefoko la ga Jehofa la boperofeti go a kgatlha ebile go nonotsha tumelo. Abo diponelopele tsa seperofeti tsa motlha wa rona tsa ga Sekaria di le boammaaruri jang ne! O tshwanetse go direla Moperesiti yo Mogolo Joshua serwalo se sentle sa bogosi ka selefera le gouta e e ntshitsweng ke Bajuda ba ba tswang botshwarwa. Mo godimo ga moo, “ba ba kwa kgakala [kwa Babelona] ba tla tla ba aga tempela ea ga Yehofa,” le eleng fela jaaka ba bantsi ba ile ba tswa mo go Babelona o Mogolo go tla go thusa mo tirong ya tempele morago ga 1919. Go siamisiwa ga dikgopolo tse di phoso kaga go itima dijo go ne ga gogela kwa go tlhalosiweng ga maemo a a ipedisang a a tla tlelang Jerusalema. Go ne ga bolelelwa pele gore ‘batho ba le some ba merafe yotlhe’ ba tla kopanela le Bajuda mo kobamelong ya boammaaruri. (Bagalatia 6:16; Tshenolō 7:4-10) “Thèla loshalaba, wèna morwadia Yerusalema,” go bua jalo Jehofa. Kgosi ya gagwe e tla e palame eselana mme e tla “bua kagishō le merahe.”—6:9–9:11.
Modimo le Badisa
Balebedi ba na le boikarabelo jo bo boima mme ba tshwanetse go direla ka tlhagafalo. Morago ga go solofetsa gore o tla boloka batho ba gagwe, Jehofa o supa bogale jwa gagwe kgatlhanong le badisa ba ba sa ikanyegeng. “Badisa boo bararo” ba senya letsomane go ya bokgakaleng jwa gore Modimo o bo o robe kgolagano ya one le batho ba one. Jerusalema o tla nna “lencwè ye le imèlañ.” Mme mongwe le mongwe yo o tla e tlhaselang o tla “ntshiwa dinthō tse di botlhoko.” Mme “bagolwane ba Yuda”—bao ba okametseng batho ba Modimo ba ba tlhophilweng—ba tshwanetse go nna “yaka setime sa molelō,” ba tlhagafetse ka mo go tlhomologileng.—9:12–12:14.
Jehofa o tlhoile batsietsi. Mo phuthegong ya Modimo, mongwe le mongwe yo o ganelelang mo go ‘bueng maaka’ o a ‘phololediwa,’ a ganwa jaaka motenegi. Go tla kgaolwa “dintlha di le pedi” mo lefatsheng, fa karolo ya boraro e ntlafadiwa ka molelo. Seo se tshwanang le seno, bontsintsi jwa batho bao ba iphakang gore ke Bakeresete—ba La-Bodumedi—ba setse ba kgaotswe ke Jehofa. Go tloga ka 1919 go ya pele, e nnile fela setlhopha se sennye sa Bakeresete ba ba ikanyegang, ba ba tloditsweng seo se ileng sa bitsa leina la ga Jehofa mme sa ineela go phepafadiwa.—13:1-9.
Batho ba ga Jehofa ba ka ikanya tshireletso ya gagwe. Fa baba ba leka go senya baobamedi ba boammaaruri, Modimo o tla sireletsa batho ba gagwe mme a senye boidiidi jwa ga Satane. Go phatloga ga Thaba ya Diolefa go felela ka gore go nne le mokgatšha wa tshwantshetso oo mo go one batlodiwa ba itemogelelang go sirelediwa ke Bogosi jwa ga Jehofa jwa lobopo lotlhe le puso ya Bomesia ya ga Morwawe. Go tla nna le lesedi mo batlhankeng ba ba ikanyegang ba Modimo mme go nne lefifi mo merafeng. Batho ba tshwanetse go tlhopha: Go obamela Jehofa le batho ba gagwe kana go senngwa ka bosakhutleng.—14:1-21.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go ka bonwa go tlotliwa ga boperofeti jwa ga Sekaria temana ka temana mo bukeng Paradise Restored to Mankind—By Theocracy! e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Lebokoso mo go tsebe 31]
DITEMANA TSE DI TLHATLHOBILWENG TSA BIBELA
○ 1:3—Lefa Bajuda ba ne ba gololwa ka 537 B.C.E. go tswa kwa Babelona, ba ne ba kgothalediwa gape go boelana le Modimo ka go mo utlwa ka moya otlhe le ka go mo obamela. Ba ne ba tla naya bosupi jo bo bonalang jwa go boelana ga bone le ene ka go tsenelela mo tirong ya go tsosolosa go fitlha tempele e wediwa.
○ 2:1-5—Go bonala gore, monna yo mmotlana o ne a lekanya Jerusalema gore a tle a age lebota le le tla e sireletsang go e dikologa. Mme moengele wa Modimo o bontsha gore go gola ga motse ga go a tshwanelwa go thibelwa ka lobota. Ga go ope yo o neng a ka thibela go gola ga Jerusalema goo go neng go tswelela. Jehofa o ne a tla e sireletsa, le eleng fela jaaka a sireletsa masalela a a tloditsweng gompieno ao a tla nnang karolo ya Jerusalema yo Mosha wa selegodimo.—Tshenolō 21:2.
○ 6:11-15—Go rwesiwa ga Moperesiti yo Mogolo Joshua serwalo sa bogosi ga go a ka ga mo dira kgosi ya moperesiti, ka go bo e ne e se wa moralo wa segosi wa ga Dafide. Go na le moo, go ne ga dira Joshua go nna yo o tshwantshetsang Mesia ka seperofeti, yoo boperofeti joo bo amanang le ‘Letlhogela’ bo tla diragadiwang ka botlalo mo go ene. (Sekaria 3:8; Yeremia 23:5) Joshua o ne a thusa mo go wediweng ga tiro ya go tsosolosa tempele kwa Jerusalema. Kgosi ya Moperesiti ya selegodimo, Jesu Keresete, e wetsa tiro ya tempele ya semoya.
○ 11:4-11—Batho ba seka-dinku e ne e le “lecomane ya tlhabō” ka go bo badisa ba ba neng ba le busa ba ne ba le gatelela. Ka thobane e nngwe e e bidiwang “Bontlè” le e nngwe e e bidiwang “Diphaphō,” Sekaria o ne a direla jaaka modisa yo o tshotseng thobane ya go laola letsomane le lore lwa go tshosa dibatana. (Pesalema 23:4) O ne a tshwantshetsa Jesu, yoo a neng a romelwa go nna modisa wa semoya mme o ne a ganwa ke Bajuda. Jaaka Sekaria a ne a roba thobane ya Bontle, Modimo o ne wa tlogela go dirisana sentle le Bajuda, a roba kgolagano ya gagwe le bone, mme jaaka Sekaria a ne a roba thobane ya Diphapho, go senya ga Modimo kgolagano ya Molao le Iseraele go ne ga tlogela Bajuda ba sena kgolagano epe ya bolegodimo le ene. Go sa utlwaneng ga bone mo tumelong go ne ga gogela kwa go senngweng ga Jerusalema ke Baroma ka 70 C.E.
○ 12:11—“Selelō sa Hadadarimona” se ka nna sa bo se supela go lelelwa ga loso lwa ga Kgosi Josia wa Juda. Hadadarimona go lebega e ne e le lefelo lengwe mo mokgatšheng wa Megido, koo a neng a bolaelwa gone mo ntweng ya gagwe le Faro Neko. Loso lwa ga Josia lo ne lwa hutsafalelwa, Jeremia le baopedi ba ne ba lo umaka mo dipineng tsa selelo tsa kgosi.—2 Ditihalō 35:20-25.
[Setshwantsho mo go tsebe 31]
Fela jaaka Sekaria a ne a bolelela pele, batho ba merafe yotlhe jaanong ba kopanela le Iseraela wa semoya