A o Tla Solegelwa Molemo ke Bopelonomi jo Bo Sa Tshwanelang?
“FA KE ntse ke ithuta ka mo go oketsegileng ka ditekanyetso tsa Modimo mo Bibeleng, ke ne ke ntse ke ikutlwa ke sa tshwanelwe ke go amogelwa ke ene le go segofadiwa ke ene,” go ne ga bua jalo Frank. Go kgatlhegela ga gagwe Bibela go ne go ile ga tsosiwa fa a ne a le mo kgolegelong ka melato mengwe ya diokobatsi. O ne a bala sekaelo sa buka Boamarure jo bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng,a o ne a tlhomamisega gore seo e neng e se bua e ne e le boammaaruri, mme, morago ga go gololwa mo kgolegelong, o ne a ikopanya le Basupi ba ga Jehofa go ithuta mo go oketsegileng ka Bibela.
Ke ka ntlhayang fa go ithuta ga gagwe Bibela go ne go mo dira gore a ikutlwe a sa tshwanelege? Ka gonne mokgwa wa botshelo jwa gagwe jo bo fetileng o ne o le kgatlhanong le melaometheo e mentsi ya Modimo. Go sa dirise diokobatsi sentle, go sa dirise tagi sentle, le mekgwa e mengwe e e farologaneng e e senyang go ne go mo sentse tota mo e leng gore lepodisi lengwe ka nako nngwe le ne la mo raya la re: “Tswee-tswee a o ko o mpolelele aterese ya legae la gago? Ke batla go itse fela koo ke tla isang setopo sa gago gone!”
Seo se neng sa mo dira gore a ikutlwe a sa tshwanela le eleng go feta, e ne e le gore lefa a ne a ntse a leka ka thata, o ne a fitlhela go le bokete tota go fenya mekgwa eno e e maswe. Ka sekai, go tshwarwa ga gagwe ke tagi e e senyang go ne go batla go mo fekeetsa. “Ke ne ke palelwa kgapetsa kgapetsa mme ke ne ke tshwenyega mo tlhaloganyong thata,” o ne a bua jalo. “Ke ne ke setse ke itlhoboga, ke ikutlwa gore ga nkake ka tlhola ke kgonega.”
Bangwe ba ka tswa ba ile ba seka ba tshela botshelo jo bo tshwanang le jwa ga Frank. Mme lefa go ntse jalo ba ka tswa, ba na le maikutlo a a boteng a go ikutlwa ba tlhaela. Seno e ka nna ka gonne ba ipeetse ditekanyetso tse di kwa godimo thata fa ba ntse ba leka go tshelela seo ba akanyang gore Modimo o se batla mo go bone. Fa ba palelwa, ba ikutlwa ba le molato. “Go ipona molato go ka tshwenya tota,” go tlhalosa jalo Dr. Claire Weekes mo bukeng ya gagwe Self-Help for Your Nerves, “segolo bogolo mo go bao ba lekang go ipeela ditekanyetso tse di kwa godimo.” Mokeresete a ka dirang fa a na le boikutlo jo bo ntseng jalo jwa go ikutlwa a sa tshwanelege?
Anaanela Bopelonomi jo bo sa Tshwanelang
“Sengwe se se neng sa nthusa thata,” go ne ga bua jalo Frank, “e ne e le go lemoga seo Bibela e se buang mo go Bahebera 4:15, 16.” Mo go yone moaposetoloi Paulo o re gakolola gore Jesu ke mothusi yo o amegang ka rona yo a kgonang go ‘re tlhomogela pelo ka makoa a rona,’ le yoo a re dirang gore re “bōnè tshegōhaco e e tla re thusañ mo motlheñ o go tlhōkwañ ka ōna.”
A ga o batle sekopololo sa go fenya maikutlo ao a go ikutlwa o sa tshwanelege? Ke seno: Gakologelwa gore Jehofa Modimo le Jesu Keresete ba itse gore re bokoa ka ntlha ya bosaitekanelang jwa rona joo re bo ruileng. Ba tlhaloganya gore ga re kake ra fitlhelela ditlhokafalo tsa tshiamo ka botlalo. (Pesalema 51:5; Baroma 3:23; 5:12, 18; Yakobe 3:2) Ka gone ga ba a lebelela go feta seo re ka kgonang go se dira. Ba leba dilo tse di molemo tse re di dirang, eseng makoa a rona. Mopesalema o ne a botsa jaana: “Yehofa, ha u ka bo u nu u lotolotsa maikèpō, go ka bo go èma mañ, Yehofa?” (Pesalema 130:3) O ka lemoga gore ga go ope wa rona yo a neng a ka kgona. Lefa go ntse jalo, Jehofa ka bopelonomi o re naya boemo jo bo phepa go sa kgathalesege basaitekanelang jwa rona, ka setlhabelo sa ga Jesu Keresete sa thekololo. (1 Yohane 2:2; 4:9, 10) Re kgona go bona “boichwarèlō yoa ditlolo tsa rona”—mme ka gone re thusiwa go fenya maikutlo ape fela a go ikutlwa re sa tshwanelege—“kaha dikhumoñ tsa tshegōhaco ea ōna.”—Baefesia 1:7.
Leba seno ka tsela eno. Batho ba ba ratang ditshwantsho tsa bataki ba tla tsaya matsapa a magolo go baakanya ditshwantsho tseo di senyegileng kana dilo dingwe tsa botaki. Ka sekai, fa mongwe a sena go thuntsha ka tlhobotswana setshwantsho se se takilweng ke Leonardo da Vinci seo se jang dimilione di le 20 tsa diponto (mo e ka nnang diranta di le dimilione di le 84) kwa National Gallery ya kwa Lontone, kwa Ennyelane ga go ope yo o ileng a akantsha gore setshwantsho seo se latlhiwe ka se ne se senyegile. Ba ne ba simolola ka bonako fela go tsosolosa setshwantsho seo se se dingwaga di le 487. Ka ntlhayang? Ka go bo se ne se le tlhwatlhwakgolo tota mo matlhong a batho ba ba ratang botaki.
A wena ga o tlhwatlhwakgolo go feta setshwantsho fela seo se thadilweng ka tšhoko le mosidi. Mo matlhong a Modimo eleruri o jalo—lefa o ka bo o senyegile jang ka ntlha ya boleo jo o bo ruileng. (Pesalema 72:12-14; Mathaio 20:28) Jehofa Modimo, Mmopi yo o setswerere wa losika lwa motho, o tla dira seo se tlhokegang gore botlhe ba losika loo, bao ba arabelang mo tlhokomelong ya gagwe e e lorato ba busediwe boitekanelong gape.—Bapisa Ditihō 3:21; Baroma 8:20-22.
Arabela mo Bopelonoming jo bo sa Tshwanelang
Latela sekao sa ga moaposetoloi Paulo. O ne a leboga bopelonomi jwa Modimo thata ka go bo o ne o mo itshwaretse maleo a gagwe ka boutlwelobotlhoko le eleng go nna a tswelela a mo tshegetsa mo ntweng ya gagwe ya go fenya makoa a gagwe a a neng a ntse a tlhagelela. (Baroma 7:15-25; 1 Bakorintha 15:9, 10) Paulo o ne a siamisa tsela ya gagwe ya botshelo mme gape a ‘baya mmele wa gagwe mo taolong, a o dira lekgoba’ gore a tle a nne mo tseleng e e amogelwang ke Modimo. (1 Bakorintha 9:27) Ga a ka a letla mmele wa gagwe, ka ditshekamelo tsa one tsa boleo le tsa boikutlo, gore o mo dire lekgoba la one.
Amogela bopelonomi jwa Modimo joo bo sa tshwanelang, mme a go thuse gore o ikwatlhae. (Baroma 2:4; 2 Bakorintha 6:1) Fa diphoso tsa bogologolo di go tshwenya, di baakanye mme o dumele fa Jehofa a go tlhomamisetsa gore o go itshwaretse. (Isaia 1:16-18; Ditihō 2:38) Fa makoa a a ntseng a tla kgapetsa kgapetsa a go tshwenya, nna o ntse o lwa le one. Rapelela thuso ya ga Jehofa ka tlhoafalo gore o a fenye fa ka nako e e tshwanang o ntse o ipaya mo bopelonoming jwa gagwe. (Pesalema 55:22) Fa a bua ka boitemogelo joo eleng jwa gagwe, Frank o re gakolola jaana: “Fa motho ka nako nngwe a palelwa ke go lwa kgatlhanong le mokgwa mongwe o o maswe, ga aa tshwanela go tsaya gore o paletswe labofelo mme, go na le moo, a a go lebe jaaka go palelwa fela ka nakwana.” Fa bangwe ba oketsa mathata a gago ka go batla go le gontsi go feta ka moo o ka kgonang ka gone, gakologelwa gore o leka go itumedisa Modimo, eseng batho.—Bagalatia 1:10.
Mo ntweng ya gago ya go dira se se molemo, itise kgatlhanong le “ditiro tsa tsietso” tsa ga Satane, tseo di ka bidiwang “maano a a boikepo a ga Diabolo.” (Baefesia 6:11, Reference Bible, mokwalo o o kwa tlase; Today’s English Version) Tlhokomela “maano a a boikepo” a mabedi ao a tla a dirisang go leka go go dira gore o seka wa solegelwa molemo ke bopelonomi jo bo sa tshwanelang.
“Maano a a Boikepo” a ga Satane
Diabolo o dirisa go ikutlwa o se sepe go leka go go tlosa mo Modimong. Satane ke motswedi wa boleo joo tota e leng jone jo bo go sentseng. Jaanong a ka nna a leka go rotloetsa boikutlo jwa gore ga o sepe mo matlhong a Modimo, jaaka Biledade a ne a leka go dira jalo ka Jobe. (Yobe 25:4-6; Yohane 8:44) Abo go na le dintwa di le dintsi thata jang ne tseo di ileng tsa fenngwa ka gonne masole a ne a tsenye mo ntweng a setse a kgobegile marapo! Ka jalo, se letlelele Satane go go kgoba marapo. (Baefesia 6:10-13) Go itse maano a ga Satane go tshwanetse ga re tlhotlheletsa go lwa thata go dira se se molemo.—2 Bakorintha 2:11.
Fa ka nako nngwe o utlwisitswe botlhoko ke go palelwa ga mofuta ope fela, tlhomamisa gore ga o ‘hutsafale go feta selekanyo.’ (2 Bakorintha 2:7) Dr. Claire Weekes o ne a akgela jaana ka maikutlo a batho bao ba neng ba letlelela go palelwa ga nako e e fetileng go ba imela: “Go letla go ikutlwa molato ka dilo tsa nako e e fetileng go kgaupetsa sepe fela seo o ka se dirang jaanong ke go senya botshelo.”—Bona Ditihō 3:19.
Fa re ne re ka fitlhelela ditlhokafalo tsa Modimo ka botlalo, o tla bo a tshwanetse go nna pelonomi mo go rona mme a re neye tshegofatso eo a e re solofeditseng. Mme Jehofa Modimo le Jesu Keresete ba re bontsha bopelonomi jo bo “sa tshwanelang.” A Greek-English Lexicon of the New Testament, ya ga J. H. Thayer, e tlhalosa bokao jwa lefoko leo le dirisitsweng ke moaposetoloi Paulo go tlhalosa nonofo eno ya Modimo jaana: “Lefoko [khaʹris] le na le kgopolo ya bopelonomi joo bo neelwang mongwe yoo bo sa mo tshwanelang.” Ga go ditiro dipe tsa rona tseo di ka dirang gore re segofadiwe ke Modimo. Ke fela jaaka Paulo a bo bitsa bopelonomi jo bo sa tshwanelang. Fa ka tlhoafalo o dira sotlhe se o ka se kgonang go diragatsa se o tshwanetseng go se direla Modimo, itumelele go dira jalo. Jehofa ga a batle go le gontsi mo go wena.
Lefa go ntse jalo, tlhokomela “maano a a boikepo” a mangwe gape a ga Satane. O tsietsa batho gore ba akanye gore ba ka dirisa bopelonomi jwa Modimo jo bo sa tshwanelang, ba tsaya gore o tla ba utlwela botlhoko. Jehofa ka lorato o re itshwarela makoa a rona, mme seo ga se reye gore re tshwanetse go emisa go lwa le one. Paulo o ne a tlhalosa ka bao ba ‘gatakileng Morwa Modimo ka dinao, . . . mme ba rumola Moya wa bopelonomi jo bo sa tshwanelang ba o utlwisa botlhoko.’ (Bahebera 10:29) Bano ga ba a ka ba tlotla melaometheo ya tshiamo mme ba ile ba tlontlolola melao ya Modimo, ba dira gore ba seka ba tlhola ba tsosolosiwa. Morwarraagwe Jesu Jude, yo a neng a bona kotsi eo e neng e tlisiwa ke bao ba tsieditsweng ke Satane, o ne a kwala jaana: “Gonne go na le batho bañwe ba ba kukunetseñ mo teñ [ga phuthego], . . . batho ba ba sa reñ Modimo sepè, ba hetola tshegōhaco ea Modimo oa rona bopèpè.”—Yude 4.
Satane a ka nna a tsietsa bao gore ba akanye gore ba ka dira dilo tse di sa siamang fela ka boomo mme morago ba bo ba kopa Modimo go itshwarela maleo a bone. Mme Jehofa ga a kitla a itshwarela maleo a ba ba tlolang melao ya gagwe ka boomo. O ‘tletse bopelonomi le lorato’ mo go bao ba lekang go mo direla ka moo ba ka kgonang ka gone go sa kgathalesege bosaitekanelang jwa bone. ‘Me ga a kitla a golola ope yo o molato a sa mo otlhae’ ka nako ya gone.—Ekesodo 34:6, 7.
O ka Solegelwa Molemo ke Bopelonomi jwa Modimo jo bo sa Tshwanelang
Go a gomotsa go itse gore Jehofa Modimo ga a lebe fela gore o motho yo o sa itekanelang yo o mo boemong jo bo senyegileng. O itse ka moo o ka nnang ka gone fa maatla a a tsosolosang a setlhabelo sa ga Jesu se se rekololang a dira ka botlalo mo go wena. Ka gone, rapela Jehofa ka tsholofelo, jaaka Mopesalema a ne a dira. “Nkutlwèla botlhoko Modimo,” go ne ga bua jalo Dafide, “kaha bopelonomiñ yoa gago yoa loratō: kaha bontsiñ yoa mautlwèlō botlhoko a gago, u phimolè ditlolō tsa me. Ntlhapisetsa rure mo boikepoñ yoa me, u nntlahatsè mo boleuñ yoa me. Gonne ke ipolèla ditlolō tsa me: le boleo yoa me bo ntutse pele ka galè. Shubèla dibe tsa me sehatlhōgō sa gago; u bo u phimolè maikèpō a me aotlhe hèla. . . . Pelo e e phatlogileñ, e e ñomogileñ, ga u ketla u e nyatsa, Modimo.”—Pesalema 51:1-3, 9, 17.
O ka nna wa bo o ntse o gakologelwa ditlolo tsa gago le go palelwa ga gago ka metlha. Ka dinako dingwe o ka nna wa ikutlwa jaaka morwa wa sesenyi yo a neng a tlhalosiwa ke Jesu. Fa lekawana leno le boela gae morago ga go senya boswa jwa gagwe kwa mafatsheng a seeng, o ne a tlhaeletsa rraagwe a re: “Ga ke tlhole ke chwanèla go bidiwa morwao”! (Luke 15:21) Lefa go ntse jalo, lekawana leo le ne le na le boikutlo jo bo siameng. Ga a ka a gana bopelonomi jwa ga rraagwe kana a leka go bo dirisa ka mo go sa tshwanelang. Ka jalo rraagwe ka lorato o ne a mo amogela gape mo ntlong ya gagwe. (Luke 15:20-24) Jehofa o itumelela go dira se se tshwanang gompieno ka batho ba ba boleo bao ka tlhoafalo ba lekang go dira go rata ga gagwe.—Pesalema 103:8-14; Isaia 55:7.
Frank ga a ka a letla maikutlo a go ikutlwa a se sepe go mo fekeetsa. O ne a arabela bopelonomi jwa Modimo jo bo sa tshwanelang, mme jaanong o direla jaaka motlhanka wa bodihedi mo phuthegong ya Basupi ba ga Jehofa. “Ke ipela eleruri jaanong,” o bua jalo, “fa ke akanya ka seo Jehofa Modimo le Jesu Keresete ba se re diretseng le seo ba santseng ba tla se re direla!”
[Ntlha e e kwa tlase]
a E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.