Jehofa ke Molaodi wa Rona!
“Re na le go utlwa Modimo bogolo go batho.”—DITIHŌ 5:29.
1, 2. Ke boemo bofe jwa baaposetoloi joo batho ba ga Jehofa ba bo tsayang fa batho ba ba patelela gore ba dire sengwe se se kgatlhanong le go rata ga Modimo?
JEHOFA MODIMO o ne a letlile gore banna ba le 12 ba isiwe fa pele ga lekgotla le legolo. Ngwaga e ne e le wa 33 C.E., mme kgotla eo e ne e le Sanehederine ya Bajuda. Bao ba neng ba sekisiwa e ne e le baaposetoloi ba ga Jesu Keresete. Reetsa! “Re lo laile thata, ra re, Lo se ka loa ruta mo ineñ ye,” go ne ga bua jalo moperesiti yo mogolo, “me bōnañ, lo tladitse Yerusalema ka thutō ea lona.” Fa a araba, Petere le baaposetoloi ba bangwe ba ne ba bua jaana: “Re na le go utlwa Modimo bogolo go batho.” (Ditihō 5:27-29) Totatota, ba ne ba re: “Jehofa ke Molaodi wa rona!”
2 Ee, Jehofa ke Molaodi wa balatedi ba boammaaruri ba ga Jesu. Seo se bontshiwa ka phepafalo mo bukeng ya Bibela ya Ditihō tsa Baaposetoloi, e e kwadilweng kwa Roma mo e ka nnang ka 61 C.E. ke “Luke, ñaka e e ratègañ.” (Bakolosa 4:14) Jaaka baaposetoloi, batho ba ga Jehofa gompieno ba reetsa Molaodi wa bone wa selegodimo fa dilo tseo batho ba di batlang mo go bone di sa dumalane le go rata ga gagwe. Ke eng gape seo re ka se ithutang go tswa mo go Ditihō? (Fa o dira thuto ya gago ya namana, re akantsha gore o bale dikarolo tsa buka tseo di supisitsweng ka mokwalo o mokima.)
Jesu o Roma Basupi
3. Fa balatedi ba ga Jesu ba ne ba “kolobediwa ka mōea,” ba ne ba amegile thata ka eng?
3 Baaposetoloi ba ne ba ka emela Modimo ba nitame ka gonne ba ne ba nonotshitswe mo semoyeng. Keresete o ne a swela mo mokgorong ka go bogisiwa, mme ba ne ba itse gore o ne a setse a tsositswe. (1:1-5) Jesu o ne a “ipōntsha a tshedile” mme a ba ruta boammaaruri jwa Bogosi a le mo mmeleng wa motho mo malatsing otlhe a le 40. O ne a bolelela barutwa ba gagwe go leta mo Jerusalema gore ba kolobediwe ka “Mōea o o Boitshèpō.” Go rera e ne e tla nna selo se se kwa godimo seo ba neng ba tla amega ka sone, jaaka go ntse jalo ka Basupi ba ga Jehofa gompieno.—Luke 24:27, 49; Yohane 20:19–21:24.
4. Go ne go tla diragala eng fa balatedi ba ga Jesu ba ne ba amogela moya o o boitshepo?
4 Ka ba ne ba ise ba kolobediwe ka moya o o boitshepo, baaposetoloi ka phoso ba ne ba akanya gore puso ya selefatshe ya Roma e ne e tlile go fedisiwa fa ba ne ba mmotsa jaana: “Morèna, a u bosetsa Iseraela bogosi ka baka lono?” (1:6-8) Totatota, Jesu o ne a re nnyaa, ka go bo ‘e ne e se ga bone go itse metlha kgotsa dipaka.’ ‘Mme fa moya o o boitshepo o ne o tla mo go bone,’ o ne o tla ba naya nonofo ya go neela bosupi kaga Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo, eseng jwa mo lefatsheng. Ba ne ba tla rera mo Jerusalema, Judea, le Samaria, “le go ea hèla kwa sekhutloñ sa lehatshe.” Ka thuso ya moya, Basupi ba ga Jehofa ba dira tiro e e ntseng jalo mo selekanyong se se akaretsang kgolokwe yotlhe mo malatsing ano a bokhutlo.
5. Jesu o ne a tla tla jang ka tsela e e tshwanang le eo a neng a tsamaile ka yone?
5 Jesu o ne a sa tswa go ba naya thomo eo ya go rera mo lefatsheng ka bophara fa a ne a simolola go tlhatlogela kwa legodimong. Go tlhatloga goo go ne ga simolola ka go tlhatlogela kwa godimo a tloga mo barutweng ba gagwe, mme morago Jesu o ne a tsena koo Molaodi wa gagwe wa selegodimo a neng a nna gone mme a tsena mo lefelong la semoya. (1:9-11) Morago ga gore Jesu a siriwe ke leru gore baaposetoloi ba gagwe ba seka ba mmona, o ne a tswa mo mmeleng wa senama. Baengele ba babedi ba ne ba tlhagelela mme ba re o “tla tla yalo hèla.” Mme go ne ga nna jalo. Barutwa ba ga Jesu ke bone fela bao ba neng ba mmona fa a tsamaya, fela jaaka e le Basupi ba ga Jehofa fela bao ba lemogang fa a boile mme a sa bonale.
Jehofa O A Itlhophela
6. Go ne ga tlhophiwa jang yo o neng a tla tsaya sebaka sa ga Judase Isekariota?
6 Go ise go ye kae baaposetoloi ba ne ba boetse mo Jerusalema. (1:12-26) Fa ba le kwa ntlwaneng e e kwa godimo, (gongwe mo legaeng la ga mmaagwe Mareko, ebong Maria), barutwa ba ba 11 ba ba ikanyegang ba ganelela mo thapelong ba na le bomorwarraagwe Jesu ba ga mmaagwe, le barutwa ba gagwe, le mmaagwe, Maria. (Mareko 6:3; Yakobe 1:1) Mme ke mang yo a neng a tla amogela ‘tiro ya tebelo’ ya ga Judase? (Pesalema 109:8) Go ne go na le barutwa ba ba ka nnang 120 fa Modimo o ne o tlhopha monna yo a neng a tla tsaya sebaka sa ga Judase yo a neng a oka Jesu, mme a busetsa palo ya baaposetoloi go nna 12 gape. Go ne go tshwanetse gore go tlhophiwe mongwe yo o neng a nnile morutwa mo nakong ya bodihedi jwa ga Jesu mme a ile a bona ka matlho go tsoga ga gagwe. Gape, monna yoo o ne a tshwanetse go dumela fa Jehofa e le Molaodi wa gagwe. Morago ga thapelo, go ne ga laolwa Mathaiase le Josefe Baresabase ka bola. Modimo o ne wa dira gore bola joo bo supe Mathaiase.—Diane 16:33.
7. (a) Judase o ne a rekile ‘tshimo ka madi a boikepo’ jang? (b) Judase o ne a swa jang?
7 Judase Isekariota eleruri o ne a sa amogela Jehofa jaaka Molaodi wa gagwe. Ka go bo, o ne a okile Morwa Modimo ka dipapetlana tsa selefera di le 30! Judase o ne a busetsa madi ao kwa baperesiting ba bagolo, mme Petere o ne a bolela gore mooki yoo o ne a “bapala sebata sa naga ka tuèlō ea boikèpō.” Jang? Ee, o ne a ba naya madi le lebaka la go reka “Naga ea madi a motho,” jaaka e ne e bidiwa. E supiwa fa e le naga e e kafa letlhakoreng le le kafa borwa la Mokgatšha wa Hinome. Ka go bo kamano ya gagwe le Molaodi wa selegodimo e ne e senyegile, Judase o ne a ya go “ipeta.” (Mathaio 27:3-10) Gongwe mogala kana kala eo ya setlhare e ne ya kgaoga, mo eleng gore o ne a ‘wa tlhogo e le kwa tlase, a phatloga mala’ fa a ne a wela mo majeng a a makgawekgawe. A go se nne ope wa rona yo o nnang mokaulengwe yo eseng ene!
Ba Tladiwa ka Moya O O Boitshepo!
8. Barutwa ba ga Jesu ba ne ba kolobediwa ka moya o o boitshepo leng, mme seo se ne sa felela ka eng?
8 Go tweng ka tsholofetso ya go kolobediwa ka moya o o boitshepo? E ne ya diragala ka Pentekosete 33 C.E., malatsi a le lesome morago ga go tlhatloga ga ga Jesu. (2:1-4) Abo kolobetso eo e ne e le tiragalo e e kgatlhisang jang ne! Akanya fela gore go ne go ntse jang? Barutwa ba ka nna 120 ba ne ba le kwa kamoreng e e kwa godingwana fa ‘ka tshoganetso go tswa modumo kwa legodimong, ekete wa sefefo se segolo se se tsubutlang, me wa tlala ka ntlo.’ E ne e se phefo, mme o ne o utlwala jaaka yone. Diteme “ekete tsa molelō” di ne tsa nna mo go mongwe le mongwe wa barutwa le baaposetoloi. “Me botlhe ba tladiwa Mōea o o Boitshèpō, me ba simolola go bua ka dipuō di sele.” Fa ba ne ba kolobediwa jalo, ba ne ba tsalwa gape ka moya o o boitshepo, ba tlodiwa, mme ba kanelwa e le ba ba tla bonang boswa jwa semoya.—Yohane 3:3, 5; 2 Bakorintha 1:21, 22; 1 Yohane 2:20.
9. Barutwa ba ba tletseng moya bao ba ne ba bua ka eng?
9 Tiragalo eno e ne ya ama Bajuda le basolokologela Bojudeng ba ba mo Jerusalema bao ba neng ba ‘tswa mo merafeng yotlhe kafa tlase ga legodimo.’ (2:5-13) Ba ne ba botsa jaana, ba gakgametse: “Me re utlwa yañ moñwe le moñwe a bua ka puō ea ga rona, e re tsalecweñ mo go eōna?” E ka tswa e ne e le dipuo tse di jaaka tsa mafelo a Media (kwa botlhaba jwa Judea), Feregia (kwa Asia Minor), le kwa Roma (kwa Yuropa). Jaaka barutwa ba ne ba bua ka dipuo tse di farologaneng “ba bua ditihō tse dikgolo tsa Modimo,” ba le bantsi bao ba neng ba reeditse ba ne ba gakgamala, mme basotli ba ne ba akantsha gore ba ne ba tagilwe.
Petere o Naya Bosupi jo bo Tshikinyang Maikutlo
10. Tiragalo ya Pentekosete 33 C.E. e ne ya diragatsa boperofeti bofe, mme a seno se na le setshwani sa sone gompieno?
10 Petere o ne a simolola go neela bosupi ka go bontsha gore go ne go sale moso thata ka nako ya borobonngwe gore ope a ka bo a tagilwe. (2:14-21) Go na le moo, tiragalo eno e ne e le go diragadiwa ga tsholofetso ya Modimo ya go tshololela batho ba gagwe moya o o boitshepo. Modimo o ne wa tlhotlheletsa Petere go bua ka nako ya rona ka go oketsa ka mafoko ano “mo metlheñ ea bohèlō” “ba tla perofesa.” (Yoele 2:28-32) Jehofa o ne a tla dira dikgakgamatso kwa legodimong le ditshupo mo lefatsheng pele ga letsatsi leo la gagwe le legolo, mme go tla bolokiwa fela ba ba bitsang leina la gagwe ka tumelo. Go tshololelwa moya go go tshwanang ga batlodiwa go ile ga ba thusa go “perofesa” ka maatla a magolo mme ebile e le ka botswerere.
11. Malebana le Jesu, Bajuda ba ne ba dira eng, mme Modimo o ne wa dira eng?
11 Morago Petere o ne a supa gore Mesia ke mang. (2:22-28) Modimo o ne wa tlhomamisa Bomesia jwa ga Jesu ka go mo kgonisa gore a dire ditiro tse di nonofileng, ditshupo, le dikgakgamatso. (Bahebera 2:3, 4) Mme Bajuda ba ne ba mo kokotela mo mokgorong “ka diatla tsa batho ba ba ipheherileñ mo molaoñ,” ebong Baroma bao ba neng ba sa obamele molao wa Modimo. Jesu o ne a “ntshicwe galè ke boikaèlèlō le kitsecopele ea Modimo” ka gore seno e ne e le go rata ga Modimo. Lefa go ntse jalo, Modimo o ne wa tsosa Jesu mo baswing, mme wa dira gore mmele wa gagwe wa motho o seka wa bola.—Pesalema 16:8-11.
12. Dafide o ne a bonela pele eng, mme go bolokiwa go ikaegile ka eng?
12 Boperofeti jwa ga Mesia bo ne jwa gatelelwa go ya pele fa bosupi jwa ga Petere bo ntse bo tswelela. (2:29-36) O ne a bolela gore Dafide o ne a bonela pele go tsosiwa ga morwa yo mogolo mo go botlhe, Mesia Jesu. Go tswa kwa lefelong le le kwa godimo kafa letsogong la moja la Modimo kwa legodimong, Jesu o ne a tsholotse moya o o boitshepo o a neng a o amogetse go tswa mo go Rraagwe. (Pesalema 110:1) Bareetsi ba ga Petere ‘ba ne ba bona ba ba ba utlwa’ go dira ga one ka go bona diteme tse di jaaka tsa molelo mo godimo ga ditlhogo tsa baaposetoloi le go ba utlwa ba bua ka diteme di sele. O ne a bontsha gape gore go bolokiwa go ne go ikaegile ka go amogela Jesu jaaka Morena le Mesia.—Baroma 10:9; Bafilipi 2:9-11.
Jehofa O A Ba Oketsa
13. (a) Gore ba kolobediwe ka tshwanelo, ke eng seo Bajuda le basokologela Bojudeng ba neng ba tshwanetse go se dira? (b) Go ne ga kolobediwa ba bakae, mme seo se ne sa felela jang mo Jerusalema?
13 Abo mafoko a ga Petere a ne a nna le matswela jang ne! (2:37-42) Bareetsi ba gagwe ba ne ba tlhabega mo pelong ka go bo ba ne ba dumalane le go bolawa ga ga Mesia. Ka gone o ne a ba kgothatsa jaana: “Ikwatlhaeeñ, me a moñwe le moñwe oa lona a kolobelediwè boichwarèlō yoa dibe tsa lona mo ineñ ya ga Yesu Keresete; me lo tla amogèla nèō ea Mōea o o Boitshèpō.” Bajuda le basokologela Bojudeng ba ne ba dumela gore Jehofa ke Modimo wa bone le gore ba ne ba tlhoka moya wa gagwe. Jaanong ba ne ba tshwanetse gore ba ikwatlhae mme ba amogele Jesu jaaka Mesia gore ba tle ba kolobediwe mo leineng (ba amogela gore o tshwanetse go tsaya boemo joo kana tiro eo) la Rara, le la Morwa, le la moya o o boitshepo. (Mathaio 28:19, 20) Fa Petere a ne a neela Bajuda bao le basokologela Bojudeng bao bosupi, o ne a dirisa sekopololo sa gagwe sa ntlha sa semoya seo Jesu a neng a se mo neile go bula kgoro ya kitso le tshono ya gore Bajuda ba ba dumelang ba tsene mo Bogosing jwa selegodimo. (Mathaio 16:19) Mo letsatsing leo le le losi fela, go ne ga kolobediwa ba le 3 000! Akanya o bona basupi ba ga Jehofa ba bontsi jo bo kalo ba rera mo tshimong e nnye eo ya Jerusalema!
14. Ke ka ntlhayang ebile ke ka tsela efe badumedi ba neng ba ‘nna le dilo tsotlhe’?
14 Bontsi jwa bao ba neng ba tswa kwa mafelong a a kgakala ba ne ba tlhoka dilo dingwe gore ba nne lobaka lo loleele mme ba ne ba na le keletso ya go ithuta go le gontsi ka tumelo ya bone e ntšha le go rerela ba bangwe. Ka jalo barutwa bao ba pele ba ga Jesu ba ne ba thusana ka lorato, le eleng fela jaaka Basupi ba ga Jehofa ba dira gompieno. (2:43-47) Badumedi ba ne ba “tlhakanèla dilō cotlhe,” ka nakwana. Bangwe ba ne ba rekisa dithoto tsa bone, mme madi ao a ne a fiwa bape fela bao ba neng ba tlhoka. Seno se ne sa dira gore phuthego e simolole sentle jaaka ‘Morena a ne a ba oketsa ka go tlhomagana ga malatsi, ka ba ba bolokwang.’
Phodiso le Phelelo ya Yone
15. Go ne ga diragala eng fa Petere le Johane ba ne ba tsena kwa tempeleng, mme batho ba ne ba itshwara jang?
15 Jehofa o ne a tshegetsa balatedi ba ga Jesu ka “dichupō.” (3:1-10) Ka gone, fa Petere le Johane ba ne ba tsena mo tempeleng ka 3:00 p.m. ka go bo e ne e le oura ya thapelo ya ditlhabelo tsa maitseboa, monna mongwe yo o neng a tshotswe a golafetse, o ne a le gaufi le Kgoro ya Bontle a kopa ‘dineo.’ “Selefera le gouda ga ke na nacō,” Petere o ne a bua jalo, “me se ke nañ nashō, shōna kea se gu naea. Ka re, Mo ineñ ya ga Yesu Keresete oa Nasaretha, tsamaea ka dinaō.” Monna yoo o ne a fola ka ponyo ya leitlho! Mme fa a tsena mo tempeleng “a tlolaka, a baka Modimo,” batho ba ne ba ‘tseana.’ Gongwe bangwe ba ne ba gakologelwa mafoko ano: ‘Setlhotsa se tla tlola jaaka kwalata.’—Isaia 35:6.
16. Baaposetoloi ba ne ba kgona go fodisa monna yoo wa segole jang?
16 Batho ba ba gakgametseng bao ba kokoanela fa mathuding a ga Solomone, eleng lefelo le le nang le borulelo le le kafa letlhakoreng le le kwa botlhaba jwa tempele. Ke gone koo Petere a neng a naya bosupi gone. (3:11-18) O ne a bontsha gore Modimo o ne o neile baaposetoloi maatla a go fodisa monna yo a neng a golafetse ka Motlhanka wa Gagwe yo o galaleditsweng, Jesu. (Isaia 52:13–53:12) Bajuda ba ne ba itatotse “Moitshepi le Mosiami” yoo; lefa go le jalo Jehofa o ne a mo tsositse mo baswing. Lemororo batho le babusi ba bone ba ne ba sa itse gore ba ne ba bolaya Mesia, Modimo ka gone o ne wa diragatsa boperofeti jwa mafoko ano a a reng: “Eo o tlodicweñ o tla kgaolwa.”—Daniele 9:26.
17. (a) Bajuda ba ne ba tshwanetse go tsaya kgato efe? (b) Go ile ga nna ga diragala eng fa esale ‘Keresete a romiwa’ mo motlheng wa rona?
17 Petere o ne a bontsha seo Bajuda ba neng ba tshwanetse go se dira ka ntlha ya tsela eo ba neng ba tshwara Mesia ka yone. (3:19-26) Ba ne ba tlhoka gore ba ‘ikwatlhae’ kana ba ikutlwe ba swabile ka ntlha ya maleo a bone, mme ba “shokologè,” kana ba fetoge, ka go tsaya tsela e sele. Fa ba ne ba dumela mo go Jesu jaaka Mesia, ba amogela thekololo, ba ne ba tla lapolosiwa ke Jehofa jaaka bao ba itshwaretsweng maleo. (Baroma 5:6-11) Bajuda ba ne ba gakololwa gore e ne e le barwa ba kgolagano eo Modimo o neng o e dirile le borraabonemogologolwane, fa a ne a bolelela Aberahame jaana: “Me dichaba cotlhe tsa lehatshe di tla segōhala ka losika loa gago.” Ka jalo Modimo o ne wa roma Motlhanka wa gagwe wa Mesia go golola Bajuda ba ba ikwatlhaileng. Se se kgatlhisang ke gore fa esale a ‘roma Keresete’ ka maatla a Bogosi jwa selegodimo ka 1914, go ile ga nna le boammaaruri jo bo lapolosang joo bo tsosolosang le thulaganyo ya bolegodimo fa gare ga Basupi ba ga Jehofa.—Genesise 12:3; 18:18; 22:18.
Ba Ne Ba Sa Dumele go Ema!
18. “Lencwè” leo le neng la ganwa ke “baagi” ba Bajuda e ne e le mang, mme go bolokiwa go ne go ka bonwa ka mang fela?
18 Ka ba ne ba galefisitswe ke gore Petere le Johane ba ne ba bua ka go tsosiwa mo baswing ga ga Jesu, baperesiti ba bagolo, moeteledipele wa tempele, le Basadukai ba ne ba ba tsenya mo kgolegelong. (4:1-12) Basadukai ba ne ba sa dumele mo tsogong ya baswi, mme bontsi jwa ba bangwe bo ne jwa dumela, palo ya banna ba le bosi fela e ne e le 5 000. Fa ba botsolotsiwa fa pele ga kgotlakgolo ya kwa Jerusalema, Petere o ne a bolela gore monna wa segole o ne a fodisitswe ka “leina ya ga Yesu Keresete oa Nasaretha,” yo ba neng ba mmapotse mme Modimo o mo tsositse. “Lencwè” leno le ne le gannwe ke “baagi” ba Bajuda mme le ne le dirilwe “tlhōgō ea kgōkgōchō.” (Pesalema 118:22) “Me,” Petere o ne a bua jaana, “ga go [na] poloko mo go ōpè o sele.”
19. Fa ba ne ba laelwa gore ba tlogele go rera, baaposetoloi ba ne ba araba jang?
19 Ba ne ba leka go emisa puo e e ntseng jalo. (4:13-22) Ka monna yo o fodisitsweng a ne a le teng foo, ba ne ba sa kgone gore ba ka ganetsa “tihō e e gakgamatsañ” eo, lefa go le jalo Petere le Johane ba ne ba laelwa gore ba “se ka ba bua gopè, leha [e] le go ruta mo ineñ ya ga Yesu.” Ba ne ba araba jang? “Rona, ga re na sepè ha e se go bua hèla dilō tse re di bonyeñ, le tse re di utlwileñ.” Ba ne ba reetsa Jehofa jaaka Molaodi wa bone!
Dithapelo tsa Bone Di Ne Tsa Arabiwa!
20. Barutwa ba ne ba rapelela eng, mme go ne ga felela jang?
20 Jaaka Basupi ba ga Jehofa ba rapela kwa dipokanong tsa bone, barutwa le bone ba ne ba rapela fa baaposetoloi ba ba golotsweng ba ne ba ba bolelela seo se neng se ba diragaletse. (4:23-31) Go ne ga lemogiwa gore babusi ebong Herode Antipase le Ponto Pilatwe, mmogo le Baditšhaba ba Baroma le batho ba Iseraele, ba ne ba phuthegile mmogo ba le kgatlhanong le Mesia. (Pesalema 2:1, 2; Luke 23:1-12) Fa a araba thapelo ya bone, Jehofa o ne a tlatsa barutwa ka moya o o boitshepo, gore ba bue lefoko la Modimo ka bopelokgale. Molaodi wa bone o ne a sa kopiwe gore a khutlise pogiso mme gore a ba kgonise go rera ka bopelokgale lefa e ntse e le gone.
21. Barenabase e ne e le mang, mme o ne a na le dinonofo dife?
21 Badumedi ba ne ba tswelela ba na le dilo tse di tshwanang, mme go se ope yo o tlhokang. (4:32-37) Mongwe yo a neng a ntsha moneelo e ne e le Molefi Josefa wa Kupero. Baaposetoloi ba ne ba mo naya sefane sa Barenabase, se se rayang “Morwa kgomoco,” go lebega e le ka gonne a ne a thusa thata ebile a le lorato. Eleruri rotlhe re batla go nna batho ba mofuta o o ntseng jalo.—Ditihō 11:22-24.
Baaki Ba A Senolwa
22, 23. Ananiase le Safira ba ne ba dirile boleo bofe, mme re ka solegelwa molemo jang ke seo se ba diragaletseng?
22 Lefa go ntse jalo, Ananiase le mosadi wa gagwe, Safira, ba ne ba lesa go leba Jehofa jaaka Molaodi wa bone. (5:1-11) Ba ne ba rekisa tshimo mme ba fitlha madi a mangwe mme ba dira jaaka ekete ba file baaposetoloi madi otlhe. Kitso eo ba neng ba e fiwa ke moya o o boitshepo e ne ya kgonisa Petere gore a bone boitimokanyi jwa bone, joo bo neng jwa felela ka loso lwa bone. Abo seo e ne e le tlhagiso jang ne go bape fela bao Satane a lekang go ba raela gore ba tsietse!—Diane 3:32; 6:16-19.
23 Morago ga tiragalo eno, go ne go se ope yo a neng a na le mekgwa e e maswe yo a neng a nna le sebete sa go nna mongwe wa barutwa. Bangwe ba ne ba fetoga badumedi. (5:12-16) Mo godimo ga moo, jaaka balwetsi le bao ba neng ba tshwenngwa ke meya e e bosula ba ne ba dumela mo maatleng a Modimo, ‘ba ne ba fodisiwa botlhe.’
Utlwa Modimo Go Na le Batho
24, 25. Ke ka ntlhayang fa baeteledipele ba Bajuda ba ne ba bogisa baaposetoloi, mme batho ba ba ikanyegang bano ba ne ba beela batlhanka botlhe ba ga Jehofa sekao sefe?
24 Moperesiti yo mogolo le Basadukai jaanong ba ne ba leka go thibela kgolo eno e e gakgamatsang ka go tsenya baaposetoloi botlhe mo kgolegelong. (5:17-25) Mme moengele wa Modimo o ne a ba golola mo go jone bosigo joo. Mme fa letsatsi le tlhaba ba ne ba ruta mo tempeleng! Pogiso ga e kake ya emisa batlhanka ba ga Jehofa.
25 Lefa go le jalo, ba ne ba gatelelwa mme baaposetoloi ba ne ba isiwa fa pele ga Sanehederine. (5:26-42) Lefa go ntse jalo, fa ba ne ba laelwa gore ba tlogele go ruta, ba ne ba re: “Re na le go utlwa Modimo bogolo go batho.” Seno se ne sa tlhomela barutwa ba ga Jesu sengwe seo ba tshwanetseng go se latela, seo se latelwang ke Basupi ba ga Jehofa gompieno. Morago ga tlhagiso e e neng e tswa mo moruting wa Molao Gamaliele, baeteledipele ba ne ba betsa baaposetoloi, ba ba laela go tlogela go rera mme ba ba golola.
26. Bodihedi jwa baaposetoloi bo tshwana jang le jwa Basupi ba ga Jehofa ba gompieno?
26 Baaposetoloi ba ne ba itumelela go bo ba ne ba tlontlololwa ka ntlha ya leina la ga Jesu. “Me ka malatsi aotlhe, mo tempeleñ le mo ma ga bōnè, ba se ka ba bakèle go ruta, le go rèra.” Ee, e ne e le badihedi ba ba neng ba rera ka ntlo le ntlo. Go ntse fela jalo ka Basupi ba Modimo ba motlha wa segompieno, bao le bone ba amogetseng moya wa gagwe ka gonne ba mo reetsa ba bile ba re, “Jehofa ke Molaodi wa rona!”
O Ne O Ka Araba Jang?
◻ Ke thomo efe eo balatedi ba ga Jesu ba nako e e fetileng le ba gompieno ba tshwanetseng go e diragatsa?
◻ Go ne ga diragala eng ka letsatsi la Pentekosete 33 C.E.?
◻ Petere o ne a dirisa sekopololo sa ntlha sa semoya seo a se neetsweng ke Jesu leng mme jang?
◻ Re ka ithuta eng go tswa mo go se se diragaletseng Ananiase le Safira?
◻ Fa ba ne ba laelwa gore ba emise go rera, baaposetoloi ba ne ba tlhomela Basupi botlhe ba ga Jehofa sekao sefe?