‘Kgatlhanong le Kitso—E E Bidiwang Kitso Mme E Se Yone’
BOAMMAARURI bo botlhokwa go le kana kang mo go wena? A o tshwenngwa ke go bo maaka a ile a fetola, le eleng go fitlha, boammaaruri ka Mmopi wa legodimo le lefatshe? Seno se ne se tshwenya Irenaeus thata, mongwe yo a bolelwang fa e ne e le Mokeresete wa lekgolo la bobedi la dingwaga la Motlha ono wa rona o o Tlwaelegileng. O ne a leka go senola diphoso tse di kotsi tsa Ba-Gnostic ebong mofuta mongwe wa botenegi jwa Bokeresete. Moaposetoloi Paulo o ne a kile a tlhagisa Timotheo pelenyana ga foo gore a gane “e e bidiwañ kicō, me e se eōna.”—1 Timotheo 6:20, 21.
Irenaeus o ne a bua kgatlhanong le dithuto tse di phoso tseo ka bopelokgale. Ka sekai, tlhokomela se a neng a se bua mo ketapeleng ya dibuka tsa gagwe tse di bidiwang “Go Ganetsa le Go Tlosa Kitso E E Bidiwang Kitso mme E Se Yone.” O ne a kwala jaana: “Banna bangwe ba ba ganang boammaaruri ba tlisa dikgannyana tsa maaka le ditlhamane tse e seng tsa sepe, tseo di bakang dikganetsano, jaaka moaposetoloi a buile [1 Timotheo 1:3, 4], go na le go dira tiro ya Modimo ba aga tumelo. Ka mafoko a bone a ba a rulagantseng ka bonokwane ba timetsa ditlhaloganyo tsa ba ba senang boitemogelo, mme ba a ba tshwara, ba leswefatsa mafoko a Morena, mme ebile ke batlhalosi ba ba boikepo ba se se neng se builwe sentle.”
Ba-Gnostic (go tswa mo lefokong la Segerika gnoʹsis, le le rayang “kitso”) ba ne ba bolela gore ba na le kitso e ntsi e ba e senoletsweng ka sephiri mme ba ipelafatsa ka gore bone e ne e le ba ba “siamisang diphoso tsa baaposetoloi.” Bo-Gnostic bo ne bo tlhakantse botenegi jwa Bokeresete le botlhalefi, go akanyetsa dilo, le masaitseweng a seheitane. Irenaeus o ne a sa batle go nna le seabe mo go sepe sa tseno. Go na le moo, o ne a lwa ntwa kgatlhanong le dithuto tseno tsa balatolamodimo botshelo jwa gagwe jotlhe. Ga go belaetse gore o ne a itse gore o tshwanetse go dirisa tlhagiso eno ya ga moaposetoloi Paulo e e reng: “Lo itisè e se be kgotsa go bo go le moñwe eo o lo thopañ ka botlhayana yo e leñ yoa gagwè le ka tsieco e e ithamakañ, kaha melaōaneñ ea batho, le kaha ditlhakeñ tsa kicō ea lehatshe, me e señ kaha mokgweñ oa ga Keresete.”—Bakolosa 2:8; 1 Timotheo 4:7.
Botshelo Jwa Pele le Bodihedi
Go itsiwe go le gonnye thata ka botshelo jwa pele le hisitori ya botho ya ga Irenaeus. Go akanngwa ka kakaretso fela gore e ne e le moagi wa Asia Minor, a tshotswe fa gare ga 120 C.E. le 140 C.E. kwa motseng wa Semerena kana gaufi le one. Irenaeus ka boene o bolela gore o ne a tlwaelane thata le Polycarp, yo e neng e le molebedi wa phuthego ya Semerena fa a santse a le mosha.
Go lebega Irenaeus a ne a nna tsala le Florinus fa a santse a ithuta a kaelwa ke Polycarp. Polycarp o ne a tsweledisa se se dirilweng ke baaposetoloi. O ne a tlhalosa tshedimosetso e e mo Dikwalong ka botlalo mme a akantsha thata gore go kgomarelwe dithuto tsa ga Jesu Keresete le baaposetoloi ba Gagwe. Lefa go ntse jalo, go sa kgathalesege katiso eno e e molemo ya Dikwalo, moragonyana Florinus o ne a inaakanya le dithuto tsa ga Valentinus, moeteledipele yo mogolo wa mokgatlho wa Ba-Gnostic!
Irenaeus o ne a batla gore tsala eno ya gagwe Florinus eo a neng a kopanela le yone pele e boele gape mo thutong e e utlwalang ya Dikwalo mme e falodiwe mo thutong ya ga Valentinus. Ka gone, Irenaeus o ne a tlhotlheletsega go kwalela Florinus lekwalo a re: “Dithuto tseno, Florinus, . . . ga se tse di utlwalang; dithuto tseno ga di dumalane le kereke, mme di dira gore ba ba di latelang ba tlhoke tlotlo tota; . . . dithuto tseno ga se tse re di neetsweng ke bagolwane ba ba neng ba le pele ga rona, bao ba neng ba tlwaelane thata le baaposetoloi, mme ga se tse ba di re neileng.”
Fa a leka go gakolola Florinus ka katiso e e molemo e ba e amogetseng mo go Polycarp yo o neng a tlhomologile, Irenaeus o ne a tswelela jaana: “Ke gakologelwa ditiragalo tsa nako eo sentle . . . mo ke kgonang go bolela le eleng lefelo le Polycarp yo o segofaditsweng a neng a tlhola a nna mo go lone a bua . . . Gape o ne a tlhola a bua kafa a neng a tlhola a bua le Johane ka gone, le ba bangwe ba ba neng ba bone Morena; abo gape a ne a tlhola a boeletsa mafoko a bone jang ne.”
Florinus o ne a gakololwa gore Polycarp o ne a ruta seo a neng a se utlwile ka “basupi bangwe ba ba boneng ka matlho ba Lefoko la botshelo, [mme o ne a] bua dilo tseo tsotlhe a di nyalanya le Dikwalo. Dilo tsotlhe tseno, Modimo o ne o di nneile ka boutlwelobotlhoko jwa one, mme ke ne ka di utlwa, ka di kwala, mme eseng mo pampiring, mme mo pelong; mme ke nna ke ntse ke gakologelwa dilo tseno ka tlhomamo fela mo kakanyong ya me ka boutlwelobotlhoko jwa Modimo. Mme [kaga thuto ya ga Valentinus] ke kgona go naya bosupi mo matlhong a Modimo gore fa mogolwane yo o segofaditsweng le moaposetoloi [Polycarp] a ne a utlwile sengwe se se ntseng jalo, o ne a tla lela a ithiba ditsebe . . . O ne a tla sia ka lobelo a tloga fa lefelong leo a tla bong a ntse kana a eme fa go lone fa a utlwa mafoko a a ntseng jalo.”
Ga go begiwe sepe gore Florinus o ne a araba lokwalo loo lo lo amang maikutlo le le le nonofileng leo la ga Irenaeus. Mme mafoko a ga Irenaeus a senola gore o ne a amega tota ka tsala ya gagwe e a neng a e rata thata e e neng e tlogetse tsela ya boammaaruri mme e ineetse mo boteneging.—Bapisa 2 Bathesalonia 2:3, 7-12.
Ga go itsiwe gore Irenaeus o ne a fudugela leng kwa Gaul (kwa Fora). O ne a direla jaaka molebedi mo phuthegong ya Lyons ka ngwaga wa 177 C.E. Go begwa gore bodihedi jwa gagwe bo ne bo na le maungo a mantsi. Ebile tota, raditiragalo Gregory of Tours o ne a bega gore Irenaeus o ne a kgona go sokololela Lyons yotlhe mo Bokereseteng mo nakong e khutshwane. Ga go belaetse gore seno e ne e le go feteletsa dilo.
Kgatlhanong le Dithuto tsa Maaka
Dikwalo tse dikgolo tsa ga Irenaeus, “Go Ganetsa le Go Tlosa Kitso E E Bidiwang Kitso mme E Se Yone,” di ne di itsege thata ka leina le le reng “Kgatlhanong le Dithuto tsa Maaka.” Di kgaogantswe ka dibuka di le tlhano. Tse pedi tsa ntlha di na le tlhaloso e e kgalang ditumelo tsa makoko a a farologaneng a balatolamodimo, segolobogolo dithuto tsa maaka tsa ga Valentinus. Mo dibukeng tse di setseng tse tharo, Irenaeus o leka go naya “mabaka go tswa mo Dikwalong.”
Mo ketapeleng ya buka ya gagwe ya boraro eleng “Kgatlhanong le Dithuto tsa Maaka,” Irenaeus o kwala jaana: “Ka gone gakologelwang seo ke se boletseng mo dibukeng tse pedi tse di fetileng; mme lo tla bona karabo e e tletseng kgatlhanong le balatolamodimo ka seno se ke oketsang ka sone, mme lo tla kgona go emelana le bone ka boikanyegi le ka bopelokgale lo emela tumelo e e leng yone fela ya boammaaruri le e e nayang botshelo, eo Kereke e e amogetseng mo baaposetoloing mme e e naya bana ba yone. Gonne Morena wa botlhe o neile baaposetoloi ba gagwe maatla a boefangele, mme re ithutile boammaaruri ka bone, ke gore, thuto ya Morwa Modimo—jaaka Morena a ne a ba raya a re, ‘Yo o lo utlwang o utlwa nna, le yo o lo kgobang o kgoba nna, le yo o nthomileng.’”
Lemororo Irenaeus a ne a dumela gore e ne e se setswerere mo go kwaleng, o ne a ikemiseditse go senola dikarolo tsotlhe tsa “dithuto tse di boikepo” tsa Ba-Gnostic. O tsopola a bo a akgela ka dikwalo di le dintsi mme o naya mabaka ka botswerere kgatlhanong le “baruti ba e señ bōnè” le “dithutō tse di senyañ.” (2 Petere 2:1-3) Go lebega gore Irenaeus o ne a nna le bothata jwa go kopanya dikwalo tsa gagwe sentle ka thulaganyo ka mo go kgotsofatsang. Ka ntlhayang? Ka gonne o ne a kwadile dikwalo di le dintsi thata.
Irenaeus o ne a kgona go senola dilo tse di makgapa tseno morago ga go tsaya matsapa a magolo le go ithuta thata. Puo e telele ya gagwe a baya mabaka e re naya letlotlo le legolo la tshedimosetso ka metswedi le dithuto tsa Ba-Gnostic. Dikwalo tsa ga Irenaeus gape ke buka ya ditshupiso e e botlhokwa tota ya dipono tse dingwe tsa Dikwalo tse di neng di kgomaretswe ke ba go neng go bolelwa gore ba kgomaretse Lefoko la Modimo kwa bokhutlong jwa lekgolo la bobedi la dingwaga C.E.
Irenaeus o gatelela go dumela mo “Modimong o le mongwe, Rara Mogodimodimo, yo o dirileng legodimo, le lefatshe, le mawatle, le tsotlhe tse di mo go tsone, le mo go Keresete Jesu fela, morwa Modimo, yo a neng a dirwa nama gore re bolokwe.” Ba-Gnostic ba ne ba sa dumele dintlha tseno!
Fa a bua ka Gnostic Docetism (thuto ya gore Keresete ga a ise a ko a tle mo sebopegong sa motho), Irenaeus o ne a kwala jaana: “Keresete o tshwanetse ya bo e ne e le motho jaaka rona, gore a kgone go re golola mo boleong le go re dira boitekanelo. Fela jaaka loso le boleo di tlile mo lefatsheng ka motho, ka jalo di ne di ka kgona go tlosiwa gore re bone molemo ka motho a le mongwe fela; lemororo gone e se ka mongwe yo e leng setlogolwana sa ga Adame, se le sone se tlhokang go gololwa, mme ka Adame wa bobedi, yo a tshotsweng a le kwa godimo ga motho, rremogologolwane yo mosha wa lotso lwa rona.” (1 Bakorintha 15:45) Kafa letlhakoreng le lengwe, Ba-Gnostic e ne e le Bomadumelagotlhe, ba dumela gore dilo tsa semoya di ne di le molemo mme dilo tsotlhe tse dingwe tse di tshwaregang le nama di ne di le boikepo. Ka gone moo, ba ne ba gana go dumela mo mothong ebong Jesu Keresete.
Ka ba ne ba re nama yotlhe e boikepo, Ba-Gnostic ba ne ba le kgatlhanong le lenyalo le go tshola bana, ba bolela gore di simolotswe ke Satane. Ba ne ba bile ba re noga ya kwa Edena e ne e na le botlhale jwa bomodimo! Pono eno ya felela ka gore mokgwa wa bone wa go tshela e nne wa go feteletsa dilo, ba itima dilo tse dintsi kana ba ineela gotlhelele mo dilong tsa nama. Ba bolela gore poloko e tla fela ka masaitseweng a Bo-Gnostic, kana ka go ikitse bowena, mme ba ne ba sena nako le boammaaruri jwa Lefoko la Modimo.
Go farologana le seo, mabaka a ga Irenaeus a ne a akaretsa go dumela Millennium mme ebile a supa gore o ne a tlhaloganya tebelelo ya botshelo jwa isagwe jo bo nang le kagiso mo lefatsheng. O ne a leka go kopanya makoko a a neng a oketsega a motlha wa gagwe ka go tlotlomatsa Lefoko le le maatla la Modimo. Mme o gakologelwa ka go akanya ga gagwe ka phepafalo, temogo e e tsepameng, le go atlhola dilo sentle.
Lemororo bangwe ba bolela gore Irenaeus (yo a tlhokafetseng mo e ka nnang ka 200 C.E.) o ne a bolela dithuto tsa boammaaruri tsa tumelo ya Bokeresete, go tshwanetse go gakologelwa gore motlha oo wa gagwe e ne e le wa phetogo le wa go tsenelela ga botenegi jo bo neng bo boleletswe pele. Ka dinako tse dingwe mabaka a gagwe gaa nonofa ebile a a ikganetsa. Lefa go ntse jalo, re tseela kwa godimo bosupi jwa banna ba ba neng ba buelela Lefoko le le kwadilweng ka tlhotlheletso la Modimo jalo ka bopelokgale go na le go buelela dingwao tsa batho.