Tlotlang Batho ba Mefuta Yotlhe
“Tlotlañ batho botlhe. . . . Boihañ Modimo. Tlotlañ kgosi.”—1 PETERE 2:17.
1. (a) Ke bomang gape kwantle ga Modimo le Keresete bao ba tlotliwang ka tshwanelo? (b) Batho ba tshwanetse go bontshiwa tlotlo mo dikarolong dife go ya ka 1 Petere 2:17?
RE LEMOGILE gore re tshwanetse go tlotla Jehofa Modimo le Jesu Keresete. Seo ke selo se se siameng, se se botlhale, le se se lorato se re tshwanetseng go se dira. Lefa go le jalo, Lefoko la Modimo gape le bontsha gore re tshwanetse go tlotla batho ba bangwe. “Tlotlañ batho botlhe,” re bolelelwa jalo. (1 Petere 2:17) Ereka temana eno e konela ka taolo e e reng, “Tlotlañ kgosi,” seno se kaya gore re tshwanetse go tlotla batho bao ba tshwanelang go tlotliwa ka ntlha ya maemo a bone. Ka gone, re tshwanetse go tlotla bomang? Palo ya bao ba tshwanelwang ke tlotlo e ka akaretsa batho ba bantsi go feta jaaka bangwe ba ka akanya. Re ka nna ra re go na le dikarolo di le nnè tseo re tshwanetseng go tlotla batho ba bangwe mo go tsone.
Tlotla Babusi Ba Dipolotiki
2. Re itse jang gore “kgosi” e e umakiwang mo go 1 Petere 2:17 ke kgosi nngwe le nngwe ya motho kana mmusi?
2 Karolo ya ntlha mo go tseno e amana le babusi ba lefatshe. Re tshwanetse go tlotla babusi ba dipolotiki. Ke ka ntlha yang fa re bolela gore fa Petere a ne a re: “Tlotlañ kgosi,” o ne a akantse ka babusi ba dipolotiki? Gonne o bua ka boemo jo bo ka kwa ntle ga phuthego ya Bokeresete. O ne a fetsa go bolela jaana: “Lo ineèlè mo taoleloñ ñwe le ñwe ea motho ka ntlha ea Morèna: leha e le mo kgosiñ, ka e le tlhōgō; Leha e le mo balaodisiweñ, ka ba romilwe ke eōna.” Tlhokomela gape gore Petere o tshwantsha Modimo le “kgosi,” a bolela jaana: “Boihañ Modimo. Tlotlañ kgosi.” (1 Petere 2:13, 14) Ka jalo “kgosi” eo Petere a re kgothaletsang go e tlotla ke dikgosi tsa batho le babusi ba dipolotiki.
3. “Babusi ba bagolo” ke bomang, mme ba tshwanelwa ke eng?
3 Moaposetoloi Paulo o laela jaana ka tsela e e tshwanang: “A motho moñwe le moñwe a ineèlè mo go utlweñ babusi ba bagolo.” “Babusi ba bagolo” bano ga se Jehofa Modimo kana Jesu Keresete, mme ke babusi ba dipolotiki, balaodi ba puso. Paulo o tswelela go bolela jaana a akantse ka bone: “Naeañ botlhe chwanèlō ea bōnè: . . . tlotlō ba ba chwanetseñ go tlotlwa.” Ee, batho ba ba ntseng jalo bao Modimo o ba letlileng go nna le taolo ya sepolotiki ba tshwanetse go tlotliwa.—Baroma 13:1, 7.
4. (a) Babusi ba dipolotiki ba ka tlotliwa jang? (b) Moaposetoloi Paulo o ne a tlhoma sekao sefe mo go tlotleng babusi?
4 Re ka tlotla babusi ba dipolotiki jang? Tsela nngwe ke ka go ba tlotla ka tlotlo e e boteng. (Bapisa 1 Petere 3:15.) Lemororo e ka tswa e le batho ba ba boikepo ba tshwanetse go tlotliwa ka ntlha ya maemo a bone. Raditiragalo wa Moroma Tacitus o ne a tlhalosa Mmusi Felise jaaka monna yo a neng a “akanya gore a ka dira tiro nngwe le nngwe fela e e bosula kwantle ga go otlhaiwa.” Lefa go le jalo Paulo o ne a simolola go ipuelela fa pele ga ga Felise ka mafoko a tlotlo. Ka mo go tshwanang, Paulo o ne a bolelela Kgosi Herode Ageripa II ka tlotlo a re, “ke ipona ha ke le segō, kgosi Ageripa, ka ke na le go ikarabèla ha pele ga gago,” lemororo Paulo a ne a itse gore Ageripa o ne a tsere motho yo o atamalaneng thata nae ka losika go nna mosadi wa gagwe. Ka mo go tshwanang, Paulo o ne a tlotla Mmusi Feseto, a mmitsa, “Motlotlegi,” le eleng lefa Feseto e ne e le moobamedi wa medimo ya disetwa.—Ditihō 24:10; 26:2, 3, 24, 25.
5. Balaodi ba dipuso ba ka tlotliwa ka tsela efe e nngwe gape, mme Basupi ba ga Jehofa ba tlhoma sekao se se molemo jang mo go direng seno?
5 Moaposetoloi Paulo o ne a supa tsela e nngwe e re tlotlang baokamedi ba puso ka yone fa a ne a kwala ka go neela balaodi ba puso se se ba tshwanetseng. O ne a bolela gore “lekgèthō le nèwè ba ba chwanetseñ lekgèthō; le sehuba ba ba chwanetseñ sehuba.” (Baroma 13:7) Basupi ba ga Jehofa ba ntsha dilo tse di tshwanetseng tseo go sa kgathalesege gore ba nna mo nageng efe mo lefatsheng. Pampiri ya dikgang ya kwa Italy La Stampa e ne ya akgela jaana: “Ke baagi ba ba ikanyegang go gaisa botlhe bao mongwe le mongwe a ka eletsang go nna nabo: ka go bo ga ba tile go duela makgetho kana go senka ditsela tsa go se obamele melao eo e ba kgoreletsang gore ba bone poelo nngwe.” Mme The Post ya Palm Beach, Florida, U.S.A., e ne ya akgela jaana ka Basupi ba ga Jehofa: “Ba duela makgetho a bone. Ke bangwe ba baagi ba ba ikanyegang tota mo Repaboliking.”
Tlotla Bathapi
6. Moaposetoloi Paulo le moaposetoloi Petere ba bolela gore ke mang gape yo a tshwanelang go tlotliwa?
6 Lefelo la bobedi leo re tshwanetseng go supa tlotlo kwa go lone ke kwa re dirang gone. Moaposetoloi Paulo mmogo le Petere ba gatelela botlhokwa jwa gore Bakeresete ba tlotle bao ba ba okametseng kwa tirong. Paulo o ne a kwala jaana: “Botlhe ba e leñ batlhanka ba ba mo yokweñ, a ba kaeè beñ ba bōnè go chwanèlwa ke tlotlō eotlhe, gore leina ya Modimo le se ka ya tlhapadiwa, le thutō. Le ba ba nañ le beñ ba ba dumèlañ, a ba se tlhoke go ba tlotla, ka go bo e le ba ga bōnè mo tumeloñ; me bogolo a ba ba dihèlè.” Mme Petere o ne a bolela jaana: “Lona batlhanka, lo nnè kutlō mo go beñ ba lona ka poihō eotlhe; e señ mo go ba ba molemō le ba ba bonōlō hèla, e leñ le mo go ba ba logala hèla.”—1 Timotheo 6:1, 2; 1 Petere 2:18; Baefesia 6:5; Bakolosa 3:22, 23.
7. (a) Kgakololo ya Bibela ya gore “batlhanka” ba tlotle “beñ” sentle e ka dirisiwa jang gompieno? (b) Bathapiwa ba Bakeresete bao ba thapilweng ke Bakeresete ba bangwe ba tshwanetse go nna kelotlhoko go tlhokomela eng?
7 Gone mme, go nna le batlhanka ga go a tlalatlala gompieno. Mme melaometheo e e neng e laola Bakeresete mo ditirisanong tsa motlhanka le mong wa gagwe e a dira mo bathaping le mo go ba ba thapilweng. Ka gone, bathapiwa ba Bakeresete ba tshwanela go tlotla le eleng mothapi yo o sa kgotsofadiweng ke sepe. Mme go tweng fa go diragala gore mothapi e bo e le modumedi ka wena? Go na le gore o lebelele gore o tla go akanyetsa ka tsela e e kgethegileng kana a go rata bobe ka ntlha ya kamano eo, mothapiwa o tshwanetse a direla mothapi wa Mokeresete ka iketleetso le go feta, a se ka ka tsela epe fela a tsaya gore o tla tlhaloganya.
Tlotlo mo Lelapeng
8, 9. (a) Bana ba tshwanetse go tlotla bomang? (b) Ke ka ntlha yang fa bana ba tshwanetse go supa tlotlo, mme ba tshwanetse go e supa jang?
8 Lefelo la boraro leo tlotlo e tlhokegang mo go lone ke mo lelapeng. Ka sekai, bana ba tshwanetse go tlotla batsadi ba bone. Seno se ne se sa batliwe fela ke Molao o o neng o filwe Moshe mme ba ne ba tshwanetse go dira jalo jaaka Bakeresete. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Bana, utlwañ batsadi ba lona mo Moreneñ: gonne mo, go siame. Tlotla rrago le mmago.”—Baefesia 6:1, 2; Ekesodo 20:12.
9 Ke ka ntlha yang fa bana ba tshwanetse go tlotla batsadi ba bone? Ba tshwanetse go ba tlotla ka ntlha ya taolo e Modimo o e neileng batsadi ba bone gape le ka ntlha ya seo ba se ba diretseng, ba ba tshotse le go ba tlamela le go ba godisa go tswa fela bonyaneng go ya kwa pele. Bana ba tshwanetse go tlotla batsadi ba bone jang? Ba tshwanetse go dira seno segolobogolo ka go latela ditaolo tsa bone le ka go ba ikobela. (Diane 23:22, 25, 26; Bakolosa 3:20) Go tlotla jalo go ka nna ga batla gore bana ba ba godileng ba thuse batsadi ba bone ba ba godileng le borraabone le bommaabonemogolo ka mo go oketsegileng mo nameng le mo semoyeng. Seno se batla gore se lekalekanngwe sentle ka botlhale le maikarabelo a mangwe, jaaka go tlhokomela bana ba e leng ba gago le go nna le seabe ka botlalo mo bokopanong jwa Bokeresete le mo bodiheding jwa tshimo.—Baefesia 5:15-17; 1 Timotheo 5:8; 1 Yohane 3:17.
10. Basadi ba ba nyetsweng ba tshwanetse go tlotla bomang, mme ba ka dira seno ka ditsela dife?
10 Lefa go le jalo bana ga se bone fela ba ba tshwanetseng go tlotla ba bangwe mo lelapeng. Basadi ba ba nyetsweng ba tshwanetse go tlotla banna ba bone. Moaposetoloi Paulo o ne a bolela gape gore “mosadi a ipōnè, gore a boihè monna oa gagwè.” (Baefesia 5:33; 1 Petere 3:1, 2) Go ‘boifa’ banna ba bone eleruri go kopanyeletsa go ba tlotla. Sara o ne a tlotla monna wa gagwe Aberahame fa a ne a mmitsa “morèna.” (1 Petere 3:6) Ka jalo basadi ba lo nyetsweng etsang Sara. Tlotlang banna ba lona ka go amogela ditshwetso tsa bone le go dira gore di atlege. Lo tla bo lo tlotla banna ba lona fa lo dira bojotlhe go ba thusa go rwala mekgweleo ya bone go na le go e oketsa.
11. Mabapi le go supa tlotlo, banna ba ba nyetseng ba na le boikarabelo bofe, mme ka ntlha yang?
11 Go tweng ka banna ba ba nyetseng? Ba laelwa jaana mo Lefokong la Modimo: “Hèla yalo le lona banna ba lo nyetseñ, lo agè le basadi ba lona kaha kicoñ, ka go naea mosadi tlotlō, yaka e le seyana se se señ thata, ka lo bile lo le barui mmōgō nabō ba tshegōhaco ea botshelō; gore merapèlō ea lona e tle e se ka ea kgoreletsèga.” (1 Petere 3:7) Seo eleruri se tshwanetse go dira monna mongwe le mongwe yo o nyetseng gore a akanye. Go ntse jaaka ekete mosadi o ne a kwadilwe thekete e e reng “O tlhwatlhwakgolo. O thubega bonolo. Mo tshware sentle! Mo tlotle!” Ka jalo a banna ba ba nyetseng ba gakologelwe gore fa ba sa tlotle basadi ba bone ka go ba akanyetsa, ba tla senya kamano ya bone le Jehofa Modimo, ka go bo dithapelo tsa bone di tla kgoreletsega. Eleruri, go molemo tota gore maloko a lelapa a tlotlane.
Mo Phuthegong
12. (a) Ke mang yo a nang le boikarabelo jwa go supa tlotlo mo phuthegong? (b) Jesu o ne a bontsha jang gore go siame go amogela tlotlo fa o e newa?
12 Boikarabelo jo bongwe ke jwa gore mongwe le mongwe mo phuthegong ya Bokeresete o tshwanetse o supa tlotlo. Re gakololwa jaana: “Mo tlotloñ, a moñwe a beè eo moñwe kwa pele.” (Baroma 12:10) Jesu o ne a bontsha mo go sengwe sa ditshwantsho tsa gagwe gore go siame go amogela tlotlo. O ne a bolela gore fa re laleditswe kwa moletlong, re tshwanetse go nna mo mannong a a kwa tlase, ka go bo yo o re laleditseng o tla re kopa go ya kwa mmanong a a kwa godimo mme re tla tlotliwa ke baeng botlhe ba bangwe. (Luke 14:10) Jaanong, ereka rotlhe re itumelela go tlotliwa, a ga re a tshwanela go batla go direla ba bangwe se se tshwanang mme ra tlotlana? Re ka dira seno jang?
13. Re ka bontsha ba bangwe ba ba mo phuthegong tlotlo ka ditsela dife tse dingwe?
13 Go supa fa o itumelela tiro e e dirilweng sentle go tshwana le go tlotla. Ka jalo re ka tlotlana ka go akgolana, gongwe ka ntlha ya puo kana kakgelo e motho a e neetseng mo phuthegong. Mo godimo ga moo, re ka tlotlana ka go nna le mogopolo o o ikokobeditseng mo bokgaitsading le mo bakaulengweng ba rona ba Bakeresete re ba tlotla ka tlotlo e e boteng. (1 Petere 5:5) Ka gone re bontsha gore re ba tsaya jaaka batlhanka ka rona ba ba tlotlegang ba ga Jehofa Modimo.
14. (a) Bakaulengwe ba ba mo phuthegong ba ka bontsha bokgaitsadi tlotlo jang? (b) Ke eng se se bontshang gore go aba dimpho ke tsela nngwe ya go supa tlotlo?
14 Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola Timotheo yo mmotlana gore a tseye bokgaitsadi ba bagolwane ba Bakeresete jaaka bommaagwe le ba babotlana jaaka bokgaitsadie, “ka boitshèkō yotlhe.” Ee, bakaulengwe ba tlotla bokgaitsadi ba bone fa ba tlhokomela gore ba se nne botsalano ka tsela e e feteletseng, kana ba supa fa ba ba tlwaetse thata. Paulo o ne a tswelela pele go kwala jaana: “Tlotla basadi ba ba batlhōlagadi ba e leñ batlhōlagadi rure.” Tsela e nngwe eo motlholagadi yo o tlhokang a bontshiwang tlotlo ka yone ke ka go mo thusa ka dilo tse di bonalang. Mme gore a kgone go bona seno, o tshwanetse go bo a “bolèlwa sentlè ka ditihō tse di molemō.” (1 Timotheo 5:2-10) Luke o ne a kwala jaana kaga batho ba setlhaketlhake sa Melita mabapi le go ntsha dimpho tsa dilo tse di bonalang: “Ba ne ba re tlotla ka ditlotlō di le dintsi; me e rile re tsamaea, ba re tsenyetsa mo shepeñ dilō tse re di tlhōkañ.” (Ditihō 28:10) Ka gone ba bangwe ba ka bontshiwa tlotlo ka go ba naya dimpho tsa dilo tse di bonalang.
15. (a) Ke bomang bao re nang le boikarabelo jo bo kgethegileng jwa go ba tlotla? (b) Re ka tlotla bao ba eteletseng pele ka tsela efe e nngwe?
15 Paulo o kwala jaana a tswelela ka lokwalo lwa gagwe lo a neng a lo kwalela Timotheo: “Bagolwane ba ba laolañ sentlè a ba kaiwè go chwanèla tlotlō sebedi, bogolo ba ba dihañ mo lehokuñ le mo go ruteñ.” (1 Timotheo 5:17) Re ka tlotla bagolwane kana balebedi ka ditsela dife? Paulo o ne a bolela jaana: “Nnañ baetsi ba me, yaka le nna ke le moetsi oa ga Keresete.” (1 Bakorintha 11:1) Fa re reetsa mafoko a ga Paulo a go mo etsa, re a mo tlotla. Seno se tla dira le mo go bao ba re etelelang pele gompieno. Re tla bo re ba tlotla ka go ba etsa ka go latela sekao sa bone.
16. Bao ba eteletseng pele ba ka bontshiwa tlotlo ka ditsela dife gape tse di oketsegileng?
16 Tsela e nngwe gape ya go tlotla balebedi ke ka go reetsa kgothatso eno: “Utlwañ ba ba lo laolañ, me lo ba ineèlè: gonne ba disitse meōea ea lona, yaka ba ba tla ikarabèlañ; gore ba tlè ba dihè yalo ka boitumèlō, e señ ka bohutsana: gonne mo go ka bo go sena thushō mo go lona.” (Bahebera 13:17) Re tlotla ba ba re etelelang pele ka go dira go ya kafa ba re laelang ka gone le ka go ba ikobela ka tsela e e tshwanang le eo bana ba tlotlang batsadi ba bone ka yone ka go dira go ya ka ditaolo tsa bone. Gape jaaka Paulo le ditsala tsa gagwe ba ne ba tlotliwa ka go newa dimpho tsa dilo tse di bonalang ke baagi ba ba pelonomi ba Melita, bontsi jwa baemedi ba ba etang ba Mokgatlho ba ile ba nna ba tlotliwa ka tsela eno nako le nako. Mme, legale, ga ba a tshwanela le ka motlha go kopa dilo tseno kana ba bua fela ba sa tlhamalale gore ba ne ba ka itumelela go di newa kana gore ba a di tlhoka.
17. Bao ba nang le tshiamelo ya go okamela ba na le boikarabelo bofe jwa go supa tlotlo?
17 Kafa letlhakoreng le lengwe, botlhe bao ba okametseng mo phuthegong eno ya bolegodimo—e ka tswa e le mo phuthegong ya mo lefelong la lona, mo potologong kana mo kgaolong jaaka balebedi ba ba etang, mo go lengwe la makala a Mokgatlho wa Watch Tower, kana mo lelapeng—ba na le boikarabelo jwa go tlotla bao ba ba okametseng. Seno se batla gore ba nne kutlwelobotlhoko mmogo le go akanyetsa. Ba tshwanetse ba nna motlhofo go atamelwa ka dinako tsotlhe, ba na le dipelo le megopolo e e ikokobeditseng, fela jaaka Jesu Keresete a ne a bolela gore o ntse ka gone.—Mathaio 11:29, 30.
Ithuteng go Tlotlana
18. (a) Ke eng seo se ka re kgoreletsang go tlotla ba ba tshwanelwang ke tlotlo? (b) Ke ka ntlha yang fa go ka se ka ga dirwa seipato sa go nna le mogopolo o o sa siamang le o o tshwayatshwayang diphoso?
18 Rotlhe re tlhoka go ithuta ka natla go tlotlana, gonne go na le sekgoreletsi sengwe se se nonofileng se se re kgoreletsang go dira seo. Sekgoreletsi seo, kana selo seo se re thibelang seo, ke pelo ya rona e e sa itekanelang. ‘Go akanya ga pelo ya motho go bosula go tswa bokaung jwa gagwe,’ go bolela jalo Bibela. (Genesise 8:21) Sengwe sa dilo tse batho ba ratang go di dira seo se ka nnang sa kgoreletsa go tlotlana e ka nna kgopolo e e sa siamang, e e tshwayatshwayang ba bangwe diphoso. Rotlhe re batho ba ba bokoa ba ba sa itekanelang, bao ba tlhokang boutlwelobotlhoko jwa ga Jehofa le bopelonomi jwa gagwe jo bo sa re tshwanelang. (Baroma 3:23, 24) Fa re lemoga seno a re nneng kelotlhoko gore re se ka ra tlhokomela thata makoa a bakaulengwe ba rona kana ra akanyetsa maswe seo bakaulengwe ba rona ba se dirang.
19. Ke eng se se tla re thusang go lwa kgatlhanong le boikutlo jo bo sa siamang?
19 Molemo o o alafang mekgwa eo e e sa siamang ke lorato le boikgapo. Re tshwanetse go nna bopelotlhomogi, re ikanyege, re nne le boikutlo jo bo siameng ka bakaulengwe ba rona, re ela tlhoko dinonofo tsa bone tse di molemo. Fa go na le sengwe seo re sa se tlhaloganyeng, a ka metlha re se ka ra akanyetsa bakaulengwe ba rona bosula mme re reetseng kgakololo eno ya ga Petere: “Me bogolo go dilō cotlhe, a go ratana ga lona go tukè; gonne loratō lo tlo lo bipe bontsi yoa dibe.” (1 Petere 4:8) Re tshwanetse go nna le lorato lwa mofuta oo fa re batla go tlotla bakaulengwe ba rona ka tsela e e tshwanetseng.
20, 21. (a) Mokgwa o mongwe o o ka nnang wa kgoreletsa go tlotla ba bangwe ke ofe? (b) Ke eng seo se tla re thusang go lwa kgatlhanong le mokgwa ono?
20 Mokgwa o mongwe o o ka nnang wa re kgoreletsa go tlotla ba bangwe ke go kgopikgopisega fela, kana go amegaamega fela go sa tlhokege. Go amegaamega fela go na le fa go dirang gone. Bataki ba tshwanelwa ke go amega ka medumo kana mebala jaaka e le karolo ya tiro ya bone. Mme go amegaamega fela go sa tlhokege, kana go kgopikgopisega fela, fa re dirisana le ba bangwe ke tsela e nngwe ya go nna bogagapa e e re dirang gore re se nne le kagiso le go re thibela go tlotla ba bangwe.
21 Mafoko a a mo go Moreri 7:9 a re naya kgakololo e e molemo eno kaga seno: “U se ka ua potlaka mo moeeñ oa gago go nna bogale: gonne bogale bo nna mo sehubeñ sa dieleele.” Ka jalo go amegaamega fela go sa tlhokege kana go kgopisega ka bonako go supa boeleele le go se akanye, mmogo le go tlhoka lorato. Re tshwanetse go nna re itisitse tota, gore dilo tse di phoso tse re sekametseng go di dira, jaaka go nna le boikutlo jo bo phoso, kana go tshwayatshwaya diphoso, kana go kgopisega fela go sa tlhokege go se ka ga re kgoreletsa go tlotla botlhe ba re tshwanetseng go ba tlotla.
22. Boikarabelo jwa rona jwa go bontsha tlotlo bo ka sobokanngwa jang?
22 Ka boammaaruri re na le mabaka a mantsi a go tlotla ba bangwe. Mme jaaka re bone, go na le ditsela tse dintsi tota tseo re ka supang tlotlo e e ntseng jalo ka tsone. Re tshwanetse go nna re itisitse ka metlha gore bogagapa bope fela kana boikutlo bongwe jo bo sa siamang bo se re kgoreletse go supa tlotlo. Thatathata, re tshwanetse go ela tlhoko go tlotla ba ba mo lelapeng, banna le basadi ba tlotlane le bana ba tlotle batsadi ba bone. Mme mo phuthegong re na le boikarabelo jwa go tlotla badumedi ba bangwe, segolobogolo bao ba dirang ka natla ba ba re okametseng. Mo dikarolong tseno tsotlhe, re tla solegelwa molemo fa re ka tlotla ka tshwanelo bao ba umakilweng fa godimo, fela jaaka Jesu a ne a bolela jaana: “Go aba, go lesegō bogolo go go amogèla.”—Ditihō 20:35.
O Ne O Ka Araba Jang?
◻ Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tlotla balaodi ba puso mme re ka dira seo jang?
◻ Ke kgakololo efe ya Bibela e e ka dirisediwang kamano ya mothapi le mothapiwa?
◻ Tlotlo e ka supiwa jang mo teng ga lelapa?
◻ Ke tlotlo efe e e kgethegileng e e ka supiwang mo phuthegong, mme ka ntlha yang?
◻ Makoa a batho a go palelwa ke go tlotla ba bangwe a ka fenngwa jang?