Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
◼ Ke ka ntlha yang fa tsela eo 2 Petere 1:19 e kwadilweng ka yone go New World Translation of the Holy Scriptures e farologane le tsela eo e kwadilweng ka yone mo Dibibeleng tse dingwe?
Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana a otlelela kafa lefoko le le tlhotlheleditsweng la Modimo le nang le mosola ka gone: “Mme re na le lefoko la polelelopele le tlhomamisitswe bogolo; leo lo tla bong lo dira sentle fa lo le tlhokomela jaaka e ka bo e le lobone lo lo phatsimang mo lefelong le le lefifi, go fitlha masa a sa le naledi ya masa e tlhatloga, mo dipelong tsa lona.”—2 Petere 1:19, NW.
Ela tlhoko gore polelwana e e reng “go tlo go tsamaye bosa bo sa le naledi ya masa e tlhatloga” e tsentswe fa gare ga diphegelwana. Bontsi jwa dithanolo tsa Bibela ga bo dire seno.
Ka sekai, Dr. James Moffatt o kwala karolo e e kwa tlase ya temana eno jaana: “. . . le phatsima jaaka lobone mo teng ga sebata se se lefifi; go fitlha Masa a sa le naledi ya masa e tlhatloga mo dipelong tsa lona.” Go kwala ka tsela eno go dira gore batho ba akanye gore naledi ya masa e tlhatloga mo teng ga dipelo tsa badumedi, jaaka mo nakong ya fa ba ikutlwa ba phatsimelwa ke mofuta mongwe wa lesedi la semoya.
Lefa go ntse jalo, le eleng mo motlheng wa ga Moshe, go ne go na le ditshupo tsa gore go ne go tla tlhatloga ‘naledi e tswa mo go Jakobe.’ (Dipalō 24:17; bapisa Pesalema 89:34-37.) Jesu o ne a ipolela ka phepafalo gore e ne e le ‘lotsalo lwa ga Dafide, le naledi e e phatsimang ya moso.’—Tshenolō 22:16.
Tlhaloso eno kaga “naledi ya masa,” kana ‘naledi ya moso,’ e dumalana sentle le eo moaposetoloi Petere a neng a bua ka yone. O ne a fetsa go umaka ponatshegelo ya go fetoga ponalo eo a neng a ile a e bona mo dingwageng tse 30 pelenyana ga foo. (Mathaio 16:28–17:9) Ponatshegelo eo e e phatsimang e ne e supa kaga nako eo Jesu a neng a tla ‘tla a le mo bogosing jwa gagwe,’ ka yone kana a galalela a le mo maatleng a Bogosi. Seo Petere a neng a se bone se ne se gatelela kafa lefoko la Modimo le leng mosola ka gone; ka tsela e e tshwanang, Bakeresete gompieno ba tshwanetse go tlhokomela lefoko la polelelopele.
Lemororo dipelo tsa batho ka kakaretso—di ne di le mo lefifing ka nako eo—mme ebile di santse di le mo go lone le jaanong, ga go a tshwanela go nna jalo ka Bakeresete ba boammaaruri. Go ntse jaaka ekete ba na le lobone lo lo phatsimang mo go seo se ka bong se le lefifi, ebong, dipelo tsa bone. Petere o ne a itse gore ka go tlhokomela lefoko le le sedifatsang la Modimo la polelelopele, Bakeresete ba ne ba tla nna ba le podimatseba le go nna mo leseding go fitlha letsatsi le lesha le tlhaba. Eo e tla nna nako ya fa “naledi ya masa,” kana “naledi e e phatsimañ ea moshō,” e tla bo e busa totatota mo Bogosing.
Go kgatlha tota go utlwa seno seo E. W. Bullinger a neng a se kwala kaga 2 Petere 1:19: “Go phepafetse gore fano, go tshwanetse ga nna le masakana, gonne polelelopele ke yone lesedi leo le phatsimang, mme Keresete le go tla ga Gagwe ke Naledi ya Masa le go tlhaba ga Letsatsi. Tota ruri, seno se ka se reye gore re kgothalediwa go tlhokomela lefoko la polelelopele go fitlha Keresete a senolwa mo dipelong tsa rona! Nnyaa; mme re tshwanetse go tsenya lefoko leno la polelelopele mo dipelong tsa rona, go fitlha le diragadiwa fa Keresete a tla—go tlhatloga ga Gagwe yo o bidiwang ‘Naledi ya Moso.’”—Figures of Speech Used in the Bible, 1898.
Ka mo go tshwanetseng he, dithanolo di le dintsinyana tsa Bibela di tsenya masakana mo go 2 Petere 1:19.a New World Translation of the Holy Scriptures e kwadilwe go ya fela kafa Segerika sa ntlhantlha se neng se ntse ka gone. Mme e dirisa diphegelwana go tlhaola polelwana e e reng “go fitlha masa a sa le naledi ya masa e tlhatloga” go tswa mo kgothatsong e e reng lefoko le tlhokomelwe ‘jaaka lobone lo lo phatsimang mo lefelong le le lefifi, mo dipelong tsa lona.’
[Ntlha e e kwa tlase]
a Ka sekai, bona The Twentieth Century New Testament (kgatiso ya 1904), The Emphatic Diaglott (kgatiso ya 1942), Concordant Literal New Testament (1976).