Thekololo e e Lekalekanang ya Botlhe
“Hèla yaka Morwa Motho a na a sa tla go dihèlwa, me e le go dihèla, le go ntsha botshelō yoa gagwè go nna thèkololō ea batho ba le bantsi.”—MATHAIO 20:28.
1, 2. (a) Ke ka ntlha yang fa go ka twe thekololo ke mpho e kgolo e Modimo a e neileng batho? (b) Ke molemo ofe oo o nnang gone fa motho a sekaseka thekololo?
THEKOLOLO ke mpho e kgolo go gaisa eo Modimo o e fileng motho. Ka ntlha ya “thèkololō,” re kgona go nna le “boichwarèlō yoa ditlolō tsa rona.” (Baefesia 1:7) Ke sone selo sa konokono sa tsholofelo eo re nang le yone ya botshelo jo bo sa khutleng, go sa kgathalesege gore a ke kwa legodimong kana ke mo lefatsheng la paradaise. (Luke 23:43; Yohane 3:16) Mme ka ntlha ya yone, Bakeresete ba kgona go nna le boemo jo bo phepa le Modimo tota le eleng le gone jaanong.—Tshenolō 7:14, 15.
2 Ka jalo thekololo ga se sengwe seo se sa utlwaleng sentle kana se se sa tlhaloganyesegeng. Ereka e na le motheo wa semolao mo melaometheong ya bomodimo, thekololo e ka re leretse melemo eo eleng ya mmatota, e e bonalang. Dikarolo dingwe tsa thuto eno ya motheo di ka nna tsa bo di le “thata go tlhalogañwa.” (2 Petere 3:16) Mme o tla go fitlhela go le molemo go sekaseka thekololo ka kelotlhoko, ka gonne e bontsha kafa Modimo o bontshitseng setho lorato ka gone. Go tlhaloganya seo se bolelwang ke thekololo go bolela go tlhaloganya karolo ya konokono ‘ya khumo le ya botlhale le ya kitso’ ya Modimo tseo di sa tlhaloganyesegeng.—Baroma 5:8; 11:33.
Dikgang Tseo Di Tlhokang go Rarabololwa
3. Go ne ga tla jang gore thekololo e tlhokafale, mme ke ka ntlha yang fa Modimo o ne o ka se ka wa itshwarela boleo jwa motho motlhofo fela?
3 Boleo jwa motho wa ntlha Adame, yo o neng a tlogelela losika lwa gagwe boswa jo bo sa thuseng sepe jwa botlhoko, bolwetsi, kutlobotlhoko, le ditlhabi ke jone jo bo neng jwa dira gore thekololo e tlhokafale. (Baroma 8:20) Ka ntlha ya go sa itekanelang ga bone goo ba go ruileng, bana botlhe ba ga Adame ke ‘bana ba ba tshwanetsweng ke bogale,’ bao ba tshwanelwang ke loso. (Baefesia 2:3; Duteronome 32:5) Modimo o ne o ka se ka wa letla go itirelwa fela jaaka fa go ratwa mme a bo a itshwarela motho yo o duleng mo taolong ya gagwe. Lefoko la Gagwe le bontsha gore “maduō a boleo ke losho.” (Baroma 6:23) Gore Modimo o tle o itshwarele boleo jwa motho, o ne o tla tshwanelwa ke gore a tlhokomologe ditekanyetso tsa gagwe tsa tshiamo, a koafatse tshiamiso ya gagwe ya semolao! (Yobe 40:8) Lefa go ntse jalo, “tshiamishō le katlholō ke mothèō oa setulō sa [Modimo] sa bogosi.” (Pesalema 89:14) Fela fa a ne a ka fapoga go tswa mo tshiamong ya gagwe, seno se ne se tla rotloetsa fela boganana ebile se ne se tla isa boemo jwa gagwe jaaka Molaodi wa Lobopo kwa tlase.—Bapisa Moreri 8:11.
4. Botsuolodi jwa ga Satane bo ne jwa tsosa dikgang dife?
4 Gape Modimo o ne o tshwanelwa ke gore o rarabolole dikgang tse dingwe tseo di tsositsweng ke botsuolodi jwa ga Satane, dikgang tseo di leng botlhokwa thata go gaisa bothata jo motho a leng mo go jone. Satane o ne a tlatsa leina le le molemo la Modimo leswe ka go latofatsa Jehofa ka gore ke moaki le gore ke mmusaesi yo o setlhogo yo o sa batleng dibopiwa tsa gagwe di nna le kitso le kgololesego. (Genesise 3:1-5) Mo godimo ga moo, ka go lebega a ile a kgoreletsa boikaelelo jwa Modimo jwa go tlatsa lefatshe ka batho bao ba siameng, Satane o ne a dira gore go lebege jaaka ekete Modimo o paletswe. (Genesise 1:28; Isaia 55:10, 11) Gape Satane o ne a nna le bogoma jwa go seba batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo, a bolela gore ba Mo direla fela ka ntlha ya bogagapa. Satane o ne a bua puo ya boikgantsho ya gore, fa batho ba ne ba ka bewa mo maemong a a boima, ga go na ope wa bone yo o neng a ka tswelela a ntse a ikanyega mo Modimong!—Yobe 1:9-11.
5. Ke ka ntlha yang fa Modimo o ne o ka se ka wa itlhokomolosa dikgwetlho tsa ga Satane?
5 Dikgwetlho tseno di ne di ka se ka tsa itlhokomolosiwa. Fa di ne di ka tlogelwa fela di sa rarabololwa, go ikanya mo bobusing jwa Modimo le go bo tshegetsa go ne go tla feleletsa go sa tlhole go le gone. (Diane 14:28) Fa molao le tolamo di wela tlase, a tlhakatlhakano e ne e se kitla e fitlhelwa gongwe le gongwe mo lobopong lotlhe? Ka jalo Modimo o ne o tshwanetse go tlotlomatsa bolaodi jwa gagwe ka ntlha ya gagwe le ka ntlha ya ditsela tsa gagwe tsa tshiamo. O ne a tshwanetse a letla batlhanka ba gagwe bao ba ikanyegang gore ba bontshe boikanyego jwa bone mo go ene jo bo ka se kang jwa kgaupediwa ke sepe. Seno se ne se bolela gore a dirisane le mahutsana a batho bao ba leofileng ka tsela eo e neng e tla dira gore dikgang tse di botlhokwatlhokwa e nne tsone di tlang pele. Moragonyana o ne a bolelela Iseraela jaana: “Ke Nna, e leñ Nna, eo ke phimolañ ditlolō tsa gago ka ntlha ea me.”—Isaia 43:25.
Thekololo: Sebipo
6. Mangwe a mafoko ao a dirisiwang mo Bibeleng ke afe go tlhalosa tsela eo Modimo o e dirisang go golola setho?
6 Mo go Pesalema 92:5, re bala jaana: “Ana ditihō tsa gago di dikgolo yañ, Yehofa! megopolō ea gago e boteñ thata.” Ka jalo go tlhokega gore re dire boiteko jo bogolo gore re tlhaloganye seo Modimo o neng wa se direla setho. (Bapisa Pesalema 36:5, 6.) Se se itumedisang ke gore, Bibela e re thusa go tlhaloganya dilo ka go dirisa mafoko a le mmalwa ao a tlhalosang kana ao a bontshang ditiro tse dikgolo tsa Modimo ka dipono tse di farologaneng. Bibela e bua ka thekololo fa e bua ka theko, tetlanyo, thuanyo, kgololo, le go letlanya. (Pesalema 49:8, NW; Daniele 9:24; Bagalatia 3:13; Bakolosa 1:20; Bahebera 2:17, NW) Mme gongwe polelo eo e tlhalosang kgang eno ka tsela e e botoka go gaisa ke eo e neng e dirisiwa ke Jesu ka boene mo go Mathaio 20:28: “Hèla yaka Morwa Motho a na a sa tla go dihèlwa, me e le go dihèla, le go ntsha botshelō yoa gagwè go nna thèkololō [Segerika, lyʹtron] ea batho ba le bantsi.”
7, 8. (a) Re ithuta eng go tswa mo mafokong a Segerika le Sehebera ao a bolelang thekololo? (b) Bontsha ka moo thekololo e kopanyeletsang go lekalekana ka gone.
7 Thekololo ke eng? Lefoko la Segerika eleng lyʹtron le tswa mo lediring leo le bolelang “go golola.” Le ne le dirisiwa go tlhalosa madi ao a neng a duelwa go golola bagolegwa ba ntwa. Lefa go ntse jalo, mo Dikwalong tsa Sehebera, lefoko leo le bolelang thekololo, koʹpher, le tswa mo lediring leo le bolelang go “bipa” kana go “manega.” Ka sekai, Modimo o ne wa bolelela Noa gore a bipe (ka·pharʹ) araka ka boka. (Genesise 6:14, NW) Ka ntlha ya moo he, go rekolola, kana go letlanya maleo, go bolela go bipa maleo.—Pesalema 65:3.
8 Theological Dictionary of the New Testament e bolela gore koʹpher “ka metlha e bolela selo se se tshwanang,” kana se se lekanang. Ka gone, sebipo (kap·poʹreth) sa araka ya kgolagano se ne se lekana ka sebopego le araka ka boyone. Ka mo go tshwanang, gore maleo a tlosiwe, kana go nne le thekololo, tshiamiso ya Modimo e batla gore ‘moya o tswelwe ke moya o mongwe, leitlho le tswelwe ke leitlho le lengwe, leino le tswelwe ke leino le lengwe, seatla se tswelwe ke seatla se sengwe, lonao lo tswelwe ke lonao lo longwe.’ (Duteronome 19:21) Lefa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe, tshiamiso e ka kgona go diragadiwa fa go ka ntshiwa selo sengwe seo se ka emelang kotlhao e e boima e e neng e tla dirwa. Go tshwantshetsa seno: Ekesodo 21:28-32 e bua ka kgomo eo e tlhabang motho a bo a swa. Fa mong wa kgomo eno a ne a itse ka tsela eo kgomo eno e neng e itshwara ka teng mme a ne a sa tseye dikgato tse di tshwanetseng go thibela kotsi, o ne a ka tshwanelwa ke gore a bipe, kana a duele ka botshelo jwa gagwe a duela botshelo jwa yo o bolailweng! Mme lefa go ntse jalo, go tweng fa e le gore mong wa yone o ne a ka se bewe molato mo go kalo? O ne a tla tlhoka koʹpher, sengwe seo se neng se tla bipa molato wa gagwe. Baatlhodi bao ba tlhophilweng ba ne ba ka mo laela gore a ntshe thekololo, kana tefo, eo e neng e tla direla jaaka tlhotlhwa ya kgololo.
9. Boemo jo bo kopanyeletsang batsalwapele ba Iseraela bo bontsha jang ka moo tlhwatlhwa ya thekololo e batlegang gore e bo e le e e tsepameng ka gone?
9 Lefoko le lengwe la Sehebera leo le amanang le “thekololo” ke pa·dhahʹ, eleng lediri leo totatota le bolelang go “golola.” Dipalō 3:39-51 e bontsha ka moo tlhwatlhwa ya go golola e neng e tshwanetse ya nna e e tsepameng ka gone. Ereka Modimo o ne o golotse batsalwapele ba Baiseraele gore ba se ka ba bolawa ka Tlolaganyo ya 1513 B.C.E, e ne e le ba one. Ka jalo o ne a ka batla gore motsalwapele mongwe le mongwe wa mosimane wa Moiseraele a mo direle kwa tempeleng. Go na le moo, Modimo o ne wa amogela ‘tlhotlhwa ya kgololo’ (pidh·yohmʹ, leina leo le tswang go pa·dhahʹ), a laela jaana: “U ntseèlè Balefi, . . . mo boemoñ yoa batsalwa pele botlhe mo baneñ ba Iseraela.” Mme palo ya bao ba neng ba tla ba emela e ne e tshwanetse ya nna e e tsepameng. Palo ya batho ba lotso lwa Lefi e ne ya tsewa: batho ba senna ba le 22 000. Morago ga moo, palo ya batsalwapele botlhe ba Iseraele: batho ba senna ba le 22 273. E ne e le fela ka gore motho mongwe le mongwe a duelelwe ‘tlhotlhwa ya thekololo’ ya dishekele di le tlhano go neng go tla kgonega gore palo e e oketsegileng ya batsalwapele ba ba 273 e gololwe, gore ba se ka ba dira ditiro tsa mo tempeleng.
Thekololo E E Lekalekanang
10. Ke ka ntlhayang fa ditlhabelo tsa diphologolo di ne di ka se ka tsa lekana go ka bipa maleo a batho?
10 Dintlha tse di fa godimo di bontsha ntlha ya gore thekololo e tshwanetse ya bo e le selo seo se tshwanang le seo se se emelang, kana seo se se bipang. Ditlhabelo tsa diphologolo tseo banna ba tumelo go tloga ka Abele go ya kwa pele ba neng ba di ntsha di ne tota di ka se ka tsa bipa maleo a batho, ereka batho ba ne ba le bagolo mo diphologolong tse di senang tlhaloganyo. (Pesalema 8:4-8) Ka jalo Paulo o ne a ka kwala gore “go retetse rure ha madi a dipōō le a dipodi a ka tlosa dibe.” Ditlhabelo tsa go nna jalo di ne di direla fela jaaka sebipo sa setshwantsho, kana sa tshwantshetso go lebeletswe pele thekololo eo e neng e tla tla.—Bahebera 10:1-4.
11, 12. (a) Ke ka ntlha yang fa go ne go sa tlhokafale gore go swe dimilione tse di diketekete tsa batho gore ba nne setlhabelo sa go bipa boleo jwa batho? (b) Ke mang fela yo o neng a ka direla jaaka “thekololo e e lekanang,” mme loso lwa gagwe lo thusa mo go eng?
11 Thekololo eno eo e neng e tshwantshediwa e ne e tshwanetse ya nna selo seo se neng se tshwana kgo le Adame, ereka kotlhao ya loso eo Modimo o neng wa e dirisa ka tshwanelo mo go Adame e ne ya feleletsa ka gore lotso lotlhe lwa motho lo atlholwe. “Botlhe ba shwa ka Adame,” go rialo 1 Bakorintha 15:22. Ka jalo go ne go sa tlhokafale gore diketekete tsa dimilionemilione tsa batho ba swe loso lwa setlhabelo e le gore ba tle ba lekanye mongwe le mongwe wa losika lwa ga Adame. “Boleo bo tsenye mo lehatshiñ ka motho a le moñwe hèla [ebong Adame], le losho ka boleo.” (Baroma 5:12) Ebile “ereka losho lo tsile ka motho,” go gololwa ga setho le gone go ne go tla tla “ka motho.”—1 Bakorintha 15:21.
12 Motho yo o neng a ka nna thekololo e ne e tshwanetse ya bo e le motho yo o itekanetseng wa nama le madi—yo o lekanang kgo le Adame. (Baroma 5:14) Sebopiwa sa moya kana “Modimo-motho” o ne a se kitla a lekalekanya selekanyo sa tshiamiso. E ne e le motho yo o itekanetseng fela, motho mongwe yo o seng mo kotlhaong ya loso ya ga Adame, yo o neng a ka kgona go ntsha “thekololo e e lekanang,” eo e lekanang sentle le ya ga Adame. (1 Timotheo 2:6, NW)a Ka go ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo ka go ithaopa, ‘Adame yono wa morago’ o ne a ka kgona go duela maduo a boleo jwa “Motho oa pele, eboñ Adame.”—1 Bakorintha 15:45; Baroma 6:23.
13, 14. (a) A Adame le Efa ba solegelwa molemo ke thekololo? Tlhalosa. (b) Thekololo e solegela losika lwa ga Adame molemo jang? Tshwantsha.
13 Lefa go ntse jalo, Adame le Efa bone ga ba solegelwe molemo ke thekololo eno. Molao wa ga Moshe o ne o na le molaomotheo ono: “Lo se ka loa amogèla thèkololō kaga botshelō yoa mmolai oa motho eo o molato oa go shwa.” (Dipalō 35:31) Adame o ne a sa tsiediwa, ka jalo boleo jwa gagwe e ne e le jwa ka bomo, o bo dirile a itse. (1 Timotheo 2:14) Bo ne jwa feleletsa ka gore bana ba gagwe ba bolawe, ka gonne jaanong ba ruile bosaitekanelang jwa gagwe, ka go rialo ba le kafa tlase ga kotlhao ya loso. Ka mo go utlwalang, Adame o ne a tshwanelwa ke go swa, ka gonne jaaka motho yo o itekanetseng, o ne a tlhophile go se utlwe molao wa Modimo ka bomo. Fa Jehofa a ne a ka dirisa thekololo ya gagwe mo go Adame seo se ne se tla bo se le kgatlhanong le melaometheo ya gagwe e e siameng. Lefa go ntse jalo, go duela maduo a boleo jwa ga Adame, go koafatsa kotlhao ya loso eo e leng mo godimo ga bana ba ga Adame! (Baroma 5:16) Kafa molaong, maatla a a senyang a boleo a kgaolwa go tloga fela kwa moding wa one. Morekolodi o ‘utlwela motho mongwe le mongwe loso,’ a sikarela bana botlhe ba ga Adame ditlamorago tsa boleo.—Bahebera 2:9; 2 Bakorintha 5:21; 1 Petere 2:24.
14 Go tshwantshetsa seno: A o ke o akanye ka feketeri nngwe e kgolo e e nang le makgolokgolo a badiri. Manejara wa feketeri yo o sa ikanyegeng o kgona go diga kgwebo; feketeri eo e a tswalwa. Makgolokgolo a batho jaanong a felelwa ke tiro mme ga ba kgone go duela dikoloto tsa bone. Balekane ba bone ba lenyalo, bana ba bone, ee, le bone bao ba ba kolotang botlhe ba a boga ka ntlha ya go sa siama ga monna a le mongwe fela! Mme morago ga moo go tla monna mongwe yo o humileng thata mme o feta a duela molato otlhe wa khampani eo mme a bo a bula feketeri eo gape. Go phimolwa ga sekoloto se le sengwe fela seo go dira gore bahiriwa ba le bantsi, malapa a bone, le batho ba ba ba kolotang, ba gololesege ka botlalo. A mme manejara yole wa pele o nna le seabe sepe mo tswelelopeleng eno e nts̆ha? Nnyaa, o mo kgolegelong mme ka jalo o latlhegetswe ke tiro ya gagwe gotlhelele! Ka mo go tshwanang, go phimolwa ga molato o le mongwe wa ga Adame go leretse dimilione tsa bana ba gagwe melemo e le mentsi—mme eseng Adame.
Ke Mang Yo O Dirang Dithulaganyo tsa Thekololo?
15. Ke mang yo o neng a ka ntshetsa batho thekololo, mme ka ntlha yang?
15 Mopesalema o ne a bolela jaana ka khutsafalo: “Ga go na opè eo o ka rèkololañ ñwana oa ga rragwè ka gopè, leha e le go mo ntshetsa serekololō go se naea Modimo. (Gonne thekololō ea mōea oa bōnè e tōpō e e thata, me e na le go tlhōbōgwa ka bosakhutleñ).” The New English Bible e bolela gore tlhotlhwa ya thekololo “le ka motlha o ne a ka se ka a nna le nonofo ya go e duela.” (Pesalema 49:7, 8) Ka jalo he, ke mang yo o neng a ka re rekolola? Ke Jehofa fela yo o neng a ka rulaganyetsa gore re nne le ‘Kwana e e itekanetseng . . . eo e tlosang boleo jwa lefatshe.’ (Yohane 1:29) Modimo ga o a ka wa romela baengele bangwe gore ba golole batho. O ne a dira setlhabelo se se kwa godimo thata ka go romela Morwawe yo o tsetsweng a le esi, ‘yo o neng a mo rata thata.’—Diane 8:30; Yohane 3:16.
16. (a) Morwa wa Modimo o ne a tsalwa jang jaaka motho yo o itekanetseng? (b) Jesu o ne a ka bidiwa eng ka kgopolo ya semolao?
16 Ka go iketleeletsa ga gagwe go nna le seabe mo thulaganyong ya Modimo, Morwa Modimo o ne a “ikhudula” botho jwa gagwe jwa selegodimo. (Bafilipi 2:7) Jehofa o ne a fetisetsa maatla a botshelo le sebopego sa botho jwa Morwawe wa motsalwapele wa selegodimo mo sebopelong sa lekgarebana leo le neng le bidiwa Maria. Morago ga moo moya o o boitshepo ‘o ne wa tla mo go ene,’ o tlhomamisa gore ngwana yo o golang mo sebopelong sa gagwe o ne a tla nna boitshepo, a sena boleo gotlhelele. (Luke 1:35; 1 Petere 2:22) Jaaka motho, o ne a tla bidiwa Jesu. Mme ka kgopolo ya semolao, o ne a ka bidiwa ‘Adame wa morago,’ ka gonne o ne a lekana kgo le Adame. (1 Bakorintha 15:45, 47) Ka gone Jesu o ne a ka kgona go ithaopa go intsha setlhabelo jaaka “kwanyana e e senañ bogōlè, leha e le selabe,” thekololo eo e rekololang setho se se leofileng.—1 Petere 1:18, 19.
17. (a) Thekololo e isiwa kwa go mang jaaka tuelo, mme ka ntlha yang? (b) Ereka Modimo e le ene yo o ntshang a bo a amogela thekololo, ke ka ntlha yang fa gone a tshwanetse a e dira?
17 Lefa go ntse jalo, thekololo eno e ne e tla isiwa go mang jaaka tuelo? Ka makgolokgolo a dingwaga baruti ba Labodumedi ba ne ba bolela gore e ne e isiwa jaaka tuelo kwa go Satane Diabolo. Boammaaruri ke gore motho o ntse a “bapadicwe mo thateñ” ya boleo mme ka go rialo o kafa tlase ga taolo ya ga Satane. (Baroma 7:14; 1 Yohane 5:19) Lefa go ntse jalo, Jehofa, eseng Satane, “ke èna mmusholosi” wa phoso eo e dirilweng. (1 Bathesalonia 4:6) Ka gone, jaaka fa Pesalema 49:7 e bontsha ka phepafalo, thekololo e duelwa ‘go Modimo.’ Jehofa o dira gore thekololo e nne gone, mme morago ga gore Kwana ya Modimo e ntshiwe setlhabelo, molemo wa thekololo ya gagwe o tshwanetse wa isiwa jaaka tuelo go Modimo. (Bapisa Genesise 22:7, 8, 11-13; Bahebera 11:17.) Seno ga se dire gore thekololo e nne go ananya go go sa thuseng sepe, go eleng ga seomodiro fela, jaaka ekete madi a ne a ntshitswe mo teng ga kgetsana a bo a tsenngwa mo go e nngwe. Thekololo ga e reye thatathata kananyo ya go fapaanya matsogo fela jaaka go ntse jalo le ka kananyo ya semolao. Ka go ganelela mo go reng thekololo e duelwe—tota le eleng le fa seno se raya gore a duele tuelo e kgolo—Jehofa o ne a tiisetsa ka moo a ngaparetseng ka gone melaometheo ya gagwe ya tshiamo ka mo go sa fetogeng.—Yakobe 1:17.
“Go Wedicwe!”
18, 19. Ke ka ntlha yang fa go ne go tlhokafala gore Jesu a boge?
18 Ka dikgakologo tsa 33 C.E., e ne e le nako ya gore thekololo eno e duelwe. Jesu Keresete o ne a tshwerwe ka ditatofatso tsa maaka, a atlholwa jaaka yo o molato, mme a kokotelwa mo koteng ya tlhokofatso. O ne a rapela Modimo ka “selelō se se tona le dikeledi” ka ntlha ya go tsenngwa mo botlhokong jo bo boitshegang le mo ditlhonnyeng tse dikgolo thata. (Bahebera 5:7) A go ne go tlhokega gore Jesu a bo a bogile mo go kanakana? Ee, ka gonne ka go nna a le “boitshèpō, a sena boleo, a sena leshwè, a lomologanye le baleohi,” go ya fela kwa bokhutlong, Jesu o ne a kgona go rarabololela ruri ka tsela e e gakgamatsang kgang e e malebana le bothokgami jwa batlhanka ba Modimo.—Bahebera 7:26.
19 Go boga ga ga Keresete gape go ne go direla go mo itekanedisetsa tirelo ya gagwe jaaka Moperisiti yo Mogolo mo bathong. Ka ntlha ya moo, e ne e se kitla e nna mmusi yo o gagametseng le yo o sa kgathaleleng ope, yo o sa tshwaregeng. “Gonne ereka èna ka esi a bogisegile ka a raèlwa, o nonohile go thusa ba ba raèlwañ.” (Bahebera 2:10, 18; 4:15) Fa a ne a setse a tla tlhokafala, Jesu o ne a ka kgona go goeletsa ka phenyo jaana a re, “Go wedicwe!” (Yohane 19:30) Ga se fela gore o bontshitse kafa a ikanyegang ka gone mme gape o atlegile mo go direng motheo wa gore batho ba bolokwe—le se se botlhokwa thata, go tlotlomadiwa ga bolaodi jwa ga Jehofa!
20, 21. (a) Ke ka ntlha yang fa Keresete a ne a tsosiwa mo baswing? (b) Ke ka ntlha yang fa Jesu Keresete a ne a “rudisiwa mo moeeñ”?
20 Lefa go ntse jalo, thekololo eno e ne e ka dirisiwa ka mokgwa o o ntseng jang mo sethong se se leofileng? Leng? Jang? Dintlha tseno ga di a tlogelwa fela di sa arabiwa. Mo letsatsing la boraro morago ga loso lwa ga Keresete, Jehofa o ne a mo tsosa mo baswing. (Ditihō 3:15; 10:40) Ka tiro eno eo e leng botlhokwatlhokwa, e leng tiragalo eo e neng ya bonwa ke makgolokgolo a basupi bao ba boneng ka matlho, Jehofa ga a ka a duela tiro eo e ikanyegang ya ga Morwawe fela mme o ne a mo neela tshono ya go wetsa tiro ya gagwe ya go golola batho.—Baroma 1:4; 1 Bakorintha 15:3-8.
21 Jesu o ne a “rudisiwa mo moeeñ,” masalela a mmele wa gagwe wa selefatshe a ne a nyelediwa ka tsela nngwe eo e sa tlhalosiweng. (1 Petere 3:18; Pesalema 16:10; Ditihō 2:27) Jaaka sebopiwa sa semoya, Jesu yo jaanong a tsositsweng o ne a ka kgona go boela kwa legodimong ka phenyo. Abo ka lobaka loo go tshwanetse ga bo go ile ga itumelwa jang ne kwa legodimong! (Bapisa Yobe 38:7.) Jesu ga a ka a boela fela gore a tle a amogelwe ka diatla tsoopedi. O ne a tlile go dira tiro e nngwe, go akaretsa le ya go dira gore go kgonege gore lotso longwe le longwe lwa batho lo solegelwe molemo ke thekololo ya gagwe. (Bapisa Yohane 5:17, 20, 21.) Gore o diragaditse seno jang le gore seno se bolelang mo bathong se tla sekasekiwa mo setlhogong se se latelang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Lefoko la Segerika leo le dirisitsweng fano, an·tiʹly·tron, ga le tlhagelele gope go gongwe mo Bibeleng. Le amana le lefoko leo Jesu a neng a le dirisa fa a ne a bua ka thekololo (lyʹtron) mo go Mareko 10:45. Lefa go ntse jalo, The New International Dictionary of New Testament Theology e bontsha gore an·tiʹly·tron ‘e gatelela kgopolo ya go ananya.’ Ka mo go tshwanelang, New World Translation e le tlhalosa e le “thekololo e e lekalekanang.”
Dipotso tsa Poeletso
◻ Ke dikgang dife tseo di neng di le botlhokwa le go feta poloko ya motho?
◻ Go “rekolola” baleofi go bolela eng?
◻ Jesu o ne a tshwanetse a lekana le mang, mme ka ntlha yang?
◻ Ke mang yo o ntshang thekololo, mme ke mang yo o e neelwang jaaka tuelo?
◻ Ke ka ntlha yang fa go ne go tlhokafala gore Keresete a tsosiwe mo baswing jaaka moya?
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Ditlhabelo tsa diphologolo di ne di sa lekana go bipa maleo a batho; di ne di tshwantshetsa setlhabelo se segolwane seo se neng se tla tla