Jehofa O Itshwarela ka Botlalo
“A moikepi a latlhè tsela ea gagwè, le motho eo o sa siamañ kgopolō tsa gagwè; a a boèlè kwa go Yehofa, . . . gonne o tla ichwarèla ka botlalō.”—ISAIA 55:7.
1. Batho ba ba itshwarelwang ke Jehofa jaanong ba segofadiwa ka eng?
JEHOFA o itshwarela badiraphoso ba ba ikwatlhayang mme jaanong o dira gore ba kgone go nna le kagiso ya mogopolo mo paradaiseng ya semoya. Go ntse jalo ka gonne ba dira dilo tse di tlhokegang tseno: “Batlañ Yehofa a sa nntse a ka boñwa; mmitseñ a sa nntse a le gauhi. A moikepi a latlhè tsela ea gagwè, le motho eo o sa siamañ kgopolō tsa gagwè; a a boèlè kwa go Yehofa, me o tla mo utlwèla botlhoko; le kwa Modimoñ oa rona, gonne o tla ichwarèla ka botlalō.”—Isaia 55:6, 7.
2. (a) ‘Go batla Jehofa’ le ‘go boela kwa go ene,’ jaaka fa go umakiwa mo go Isaia 55:6, 7, go bolelang? (b) Ke ka ntlha yang fa Bajuda ba ba neng ba tshwerwe kwa Babelona ba ne ba tlhoka go boela kwa go Jehofa, mme go ne ga diregang ka bangwe ba bone?
2 Gore moikepi a ‘batle Jehofa’ a bo a mmitse ka tsela eo a e amogelang o tshwanetse a tlogela tsela ya gagwe e e phoso le mogopolo mongwe le mongwe wa gagwe wa go utlwisa ba bangwe botlhoko. Lebaka la go bo modiraphoso a tshwanetse a ‘boela kwa go Jehofa’ le bontsha gore o ne a tlogela Modimo, yo a kileng a bo a na le kamano e e kitlaneng thata le ene pele. Go ne go ntse jalo ka baagi ba Juda, bao ba neng ba felela ba isitswe botshwarwa kwa Babelona ka ntlha ya go sa ikanyegeng ga bone mo Modimong. Batshwarwa bao ba Bajuda ba ne ba tshwanetse ba boela mo go Jehofa ka go ikwatlhaela ditiro tsa bone tse di sa siamang tseo di neng tsa dira gore ba felele ba le mo botshwarong jwa Babelona le gore legae la bone le felele le kgakgabetse fela ka dingwaga di le 70 jaaka go ne ga bolelelwa pele. Ka 537 B.C.E., lefatshe leo le ne la nniwa gape ke masalela a Bajuda bao ba neng ba boifa Modimo bao ba neng ba gololwa go tswa mo Babelona ka molao o o neng o ntshitswe ke puso. (Esere 1:1-8; Daniele 9:1-4) Go tsosolosiwa goo go ne go le molemo thata mo e leng gore naga eo ya Juda e ne ya bapisiwa le Paradaise ya Edene.—Esekiele 36:33-36.
3. Masalela a Iseraele wa semoya a ile a diragalelwa jang ke se se tshwanang le se se neng sa diragalela batshwarwa ba ba boifang Modimo bao ba neng ba boela kwa Juda?
3 Baiseraele ba semoya ba ile ba diragalelwa ke selo se se tshwanang le seo se neng sa diragalela Bajuda ba ba boifang Modimo bao ba neng ba boela kwa Juda morago ga go nna batshwarwa kwa Babelona. (Bagalatia 6:16) Masalela a Iseraele wa semoya a ne a fetola tsela ya bone le megopolo ya bone morago fela ga Ntwa ya Lefatshe I. Ngwaga wa 1919 o ne o tshwaya bokhutlo jwa go golegwa ga bone gore ba se ka ba amogelwa ke Modimo ka mo go feletseng fa ba ne ba golegilwe ke Babelona O Mogolo, mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka. Ka gonne ba ne ba ikwatlhaela maleo ao a neng a amana le go boifa motho le go sa direng sepe mo tirong ya ga Jehofa, o ne a ba golola mo go Babelona O Mogolo, a ba busetsa gape kwa boemong jwa bone jo bo tshwanetseng jwa semoya, mme a boela a simolola go ba dirisa mo go rereng molaetsa wa Bogosi. Fa e sale go tloga ka nako eo paradaise ya semoya e ne ya simolola go nna gone mo bathong ba Modimo, e le go tlotla leina la gagwe le le boitshepo. (Isaia 55:8-13) Ka jalo he, mo sekaing sa bogologolo le seo se tsamaisanang le sone sa segompieno, re na le bosupi jo bo bonalang sentle jwa gore motho o bona masego fa a itshwarelwa ke Modimo le gore eleruri Jehofa o itshwarela batho ba ba ikwatlhaileng a ba itshwarela ka botlalo.
4. Batlhanka bangwe ba ga Jehofa ba na le poifo efe?
4 Ka gone batlhanka ba ga Jehofa ba gompieno ba ka solofela gore o a itshwarela. Lefa go ntse jalo, bangwe ba bone ba kgobiwa marapo ke diphoso dingwe tsa mo nakong e e fetileng, ebile ba fekeediwa ke maikutlo a go ipona molato. Ga ba ipone ba tshwanelwa ke go nna mo paradaiseng eno ya semoya. Tota ebile, bangwe ba boifa gore ba dirile boleo jo bo sa itshwarelweng ebile ga ba kitla ba tsamaya ba itshwarelwa ke Jehofa. A go ka tswa go ntse jalo?
Maleo Mangwe Ga A Itshwarelwe
5. Ke ka ntlha yang fa go ka bolelwa gore maleo mangwe ga se a a ka itshwarelwang?
5 Maleo mangwe ga a itshwarelwe. Jesu Keresete o ne a bolela jaana: “Batho ba tla ichwarèlwa dibe cotlhe le tlhapaco; me tlhapaco e e tlhapatsañ Mōea ga e ketla e ichwarèlwa.” (Mathaio 12:31) Ka jalo he, go tlhapatsa moya o o boitshepo wa Modimo, kana maatla a a dirang, ga go kitla go itshwarelwa. Moaposetoloi Paulo o ne a bua ka mofuta ono wa boleo fa a ne a kwala jaana: “Gonne kaga bōnè ba ba kileñ ba bōnesiwa, . . . Me ha ba tlogile ba tenèga; bauō, go reteletse rure go ba shahaletsa gapè kwa boikwatlhaoñ: ka ba ipapolèla Morwa Modimo sesha, me ba mo tlhabisa ditlhoñ mo ponatshegoñ.”—Bahebera 6:4-6.
6. Go ka bowa jang gore a boleo ke jo bo itshwarelwang kana nnyaa?
6 Ke Modimo fela yo o itseng fa e le gore motho o dirile boleo jo bo sa itshwarelweng. Lefa go ntse jalo, Paulo o ne a re sedimosetsa ntlha eno fa a ne a kwala jaana: “Gonne ha re leoha ka boomo re sena go amogèla kicō ea boamarure, ga go tlhole go na le setlhabèlèlō sepè sa dibe, Ha e se tebèlèlō e e boitshègañ ea tshekishō.” (Bahebera 10:26, 27) Motho yo o dirang ka boomo o dira a ntse a itse, kana o “dira maratwaepelo ka botlhogoethata ebile gantsi e le ka tsela e e sa siamang.” (Webster’s New Collegiate Dictionary) Mongwe le mongwe yo o tswelelang ka mokgwa wa go dira boleo ka boomo le ka botlhogoethata morago ga gore a itse boammaaruri ga a itshwarelwe. Ka gone, ga se boleo ka bojone fela jaaka e se boemo jwa pelo, selekanyo seo a ileng a dira selo seo ka boomo ka sone, tseo di tlhomamisang gore a boleo joo bo a itshwarelwa kana nnyaa. Kafa letlhakoreng le lengwe, e ka tswa molato o le fa kae fa Mokeresete yo o dirang phoso a tshwentswe thata ke phoso e a e dirileng? Lebaka la go bo a amega thata ka gone gongwe le bontsha gore, totatota, ga a dira boleo jo bo sa itshwarelweng.
Maleo a Bone E Ne E Se Ao A Itshwarelwang
7. Ke ka ntlha yang fa re ka bolela gore bangwe ba baganetsi ba ga Jesu ba bodumedi ba ne ba dira boleo jo bo sa itshwarelweng?
7 Baeteledipele bangwe ba bodumedi ba Bajuda ba ba neng ba ganetsa Jesu ba ne ba dira boleo jwa ka boomo, mme ka ntlha ya moo e le jo bo sa itshwarelweng. Le mororo ba ne ba bona moya o o boitshepo wa Modimo o dira ka Jesu jaaka fa a ne a dira molemo ebile a dira dikgakgamatso, baruti bao ba ne ba bolela gore o bona thata eno go tswa mo go Belesebube, kana Satane Diabolo. Ba leofile ba ntse ba itse sentle tsela eo e ka se kang ya ganediwa eo moya wa Modimo o dirang ka yone. Ka gone, ba ne ba dira boleo jo bo ka se kang jwa itshwarelwa, ka gonne Jesu o ne a bolela jaana: “Leha e le mañ eo o tla buañ lehoko ye le nyatsañ Mōea o o Boitshèpō, ga a ketla a go ichwarèlwa, leha e le mo lehatshiñ yeno, leha e le mo go ye le tlañ.”—Mathaio 12:22-32.
8. Ke ka ntlha yang fa boleo jwa ga Judase Isekariota e ne e le jo bo sa itshwarelweng?
8 Boleo jwa ga Judase Isekariota le jone e ne e le jo bo sa itshwarelweng. Go oka ga gagwe Jesu e ne e le setlhoa sa tsela ya boitimokanyi le go sa ikanyege go a neng a go dira ka boomo, ka go rata. Ka sekai, fa Judase a ne a bona Maria a tlotsa Jesu ka lookwane lo lo tlhwatlhwakgolo, o ne a botsa jaana: “Ana setlōlō se se ne se sa rekisediweñ sa bōna dipondo di le mashomè mararo, me ga abèlwa bahumanegi?” Moaposetoloi Johane o ne a oketsa jaana: “[Judase] mo o go buile, e señ ka go bo a gopotse bahumanegi; me e le ka go bo a le legodu; me ereka a chotse kgetsana ea madi, a itsèele mo go tseñwañ mo go eōna.” Ka bonakonyana fela morago ga moo, Judase o ne a oka Jesu ka dikgapetlana tsa selefera di le 30. (Yohane 12:1-6; Mathaio 26:6-16) Ke boammaaruri gore, Judase o ne a ikutlwa a le molato a bo a ipolaya. (Mathaio 27:1-5) Mme ga a a ka a itshwarelwa, ka gonne tsela ya gagwe ya bogagapa eo a neng a e dira ka go rata, ebile e le ka boomo le tiro ya gagwe ya boferefere di ne di bontsha gore o leofetse moya o o boitshepo. Abo go tshwanela jang ne gore Jesu a bo a tshwanelwa ke go bitsa Judase a re ke “ñwana oa tatlhègō”!—Yohane 17:12; Mareko 3:29; 14:21.
Maleo A Bone A Ne A Itshwarelwa
9. Ke ka ntlha yang fa Modimo o ne wa itshwarela maleo a ga Dafide malebana le Bathesheba?
9 Maleo a ka boomo a farologane thata fela le diphoso tsa batho ba ba itshwarelwang ke Modimo. Ka sekai tsaya Kgosi Dafide wa Iseraele. O ne a dira boaka le Bathesheba, mosadi wa ga Uria, mme moragonyana a dira gore Joabe a rulaganye dilo ka tsela ya gore Uria a bolawe kwa ntweng. (2 Samuele 11:1-27) Ke ka ntlha yang fa Modimo o ne wa bontsha Dafide boutlwelobotlhoko? Thatathata e ne e le ka ntlha ya kgolagano ya Bogosi mme gape e ne e le ka ntlha ya boutlwelobotlhoko jwa ga Dafide ka boene le ka ntlha ya go ikotlhaya ga mmatota ga gagwe.—1 Samuele 24:4-7; 2 Samuele 7:12; 12:13.
10. Le mororo Petere a ne a leofa ka tsela e e masisi, ke ka ntlha yang fa Modimo a ne a mo itshwarela?
10 Gape a o ke o akanye ka moaposetoloi Petere. O ne a leofa ka tsela e e masisi ka go itatola Jesu kgapetsakgapetsa. Ke ka ntlha yang fa Modimo o ne wa itshwarela Petere? Go farologana le Judase Isekariota, Petere o ne a ikanyega mo go direleng ga gagwe Modimo le Keresete. Boleo jwa moaposetoloi yono e ne e le ka ntlha ya bokoa jwa nama, ebile o ne a ikwatlhaile eletota mme “a lela mo go botlhoko.”—Mathaio 26:69-75.
11. O ne o ka tlhalosa jang “boikwatlhao,” mme motho o tshwanetse a dirang fa a ikwatlhaile ka mmatota?
11 Dikai tse di fa godimo tseno di bontsha gore tota le batho ba ba dirang boleo jo bo masisi ba ka kgona go itshwarelwa ke Jehofa Modimo. Mme e le gore motho a itshwarelwe o tshwanetse a bo a na le boikutlo bofe? Go tlhokega boikwatlhao jwa mmatota gore Mokeresete yo o dirileng phoso a kgone go itshwarelwa ke Modimo. Go ikwatlhaya go bolela “go tlogela go leofa ka ntlha ya go utlwisiwa botlhoko ke diphoso tse o di dirileng mo nakong e e fetileng” kana “motho a ikutlwa a swaba kana a utlwisitswe botlhoko ke seo a se dirileng kana seo a se kileng a se dira.” (Webster’s Third New International Dictionary) Motho yo o ikwatlhaileng eletota o tla bontsha go ikwatlhaela kgobo epe fela, kutlobotlhoko, kana mathata ao boleo jwa gagwe bo a lerileng mo leineng la ga Jehofa le phuthego ya gagwe. Modiraphoso yo o ikwatlhaileng gape o tla bontsha leungo le le tshwanetseng eleng go dira ditiro tse di tshwanelang boikwatlhao. (Mathaio 3:8; Ditihō 26:20) Ka sekai, fa a tsieditse mongwe, o tla tsaya dikgato tse di tshwanetseng go duela ditshenyegelo. (Luke 19:8) Mokeresete yono yo o ikwatlhaileng o na le mabaka a a utlwalang a Dikwalo a go solofela gore Jehofa o tla mo itshwarela ka botlalo. Mabaka ao ke afe?
Mabaka a go Solofela Gore Modimo O Tla Itshwarela
12. Pesalema 25:11 e bontsha gore motho yo o ikwatlhaileng a ka rapelela gore a itshwarelwe ka ntlha ya eng?
12 Modiraphoso yo o ikwatlhaileng a ka rapela ka tsholofelo gore o tla itshwarelwa ka ntlha ya leina la ga Jehofa. Dafide o ne a kopa jaana: “Ka ntlha ea leina ya gago, Yehofa, u tlo u ichwarèlè boikèpō yoa me, gonne bo bogolo.” (Pesalema 25:11) Thapelo e e ntseng jalo, e patagane le go ikwatlhaela kgobo epe fela e modiraphoso a e lerileng mo leineng la Modimo, le yone e tshwanetse ya direla jaaka selo se se go thibelang go dira bosula mo isagweng.
13. Thapelo e na le seabe sefe mo goreng motho a itshwarelwe ke Modimo?
13 Jehofa Modimo o araba dithapelo tse di tswang mo dipelong tsa batlhanka ba gagwe ba ba dirang phoso mme ba ikwatlhaya. Ka sekai, Jehofa ga a a ka a itlhokomolosa Dafide fela ka boomo fa a ne a rapela go tswa pelong morago ga go lemoga kafa maleo a gagwe malebana le Bathesheba a neng a le magolo ka gone. Tota ebile, mafoko a ga Dafide mo go Pesalema 51 a supa ditsela tse dintsintsi tseo motho yo o ikuelang ka tlhoafalo a ka ikutlwang ka tsone. O ne a kopa jaana: “Nkutlwèla botlhoko Modimo, kaha bopelonomiñ yoa gago yoa loratō; kaha bontsiñ yoa mautlwèlō botlhoko a gago, u phimolè ditlolō tsa me. Ntlhapisetsa rure mo boikepoñ yoa me, u nntlahatsè mo boleuñ yoa me. Ditlhabèlō tsa Modimo ke mōea o o phatlogileñ: pelo e e phatlogileñ, e e ñomogileñ, ga u ketla u e nyatsa, Modimo.”—Pesalema 51:1, 2, 17.
14. Dikwalo di tlhomamisa jang gore Modimo o itshwarela bao ba dumelang mo setlhabelong sa thekololo sa ga Jesu?
14 Modimo o itshwarela bao ba dumelang mo setlhabelong sa ga Jesu sa thekololo. Paulo o ne a kwala jaana: “Eo re nañ le thèkololō ea rona mo go èna ka madi a gagwè, eboñ boichwarèlō yoa ditlolō tsa rona.” (Baefesia 1:7) Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana, a bolela se se tshwanang: “Banyana ba me, dilō tse kea di lo kwalèla, gore lo tlè lo se ka loa leoha. Me ha motho moñwe a leoha re na le Mueledi kwa go Rara, eboñ mosiami Yesu Keresete: Me ke èna seletlanyō se se ntshedicweñ dibe tsa rona: me e be e se sa tsa rona cosi hèla, me le gōna e le sa tsa lehatshe yeotlhe.”—1 Yohane 2:1, 2.
15. Gore moleofi yo o ikwatlhaileng a tswelele a ipelela boutlwelobotlhoko jwa Modimo o tshwanetse a dirang?
15 Boutlwelobotlhoko jwa ga Jehofa bo neela modiraphoso yo o ikwatlhayang lebaka la go bo a ka solofela gore a ka itshwarelwa. Nehemia o ne a bolela jaana: “U Modimo o o maichwarèlō; u pelo chweu, u tletse bopelotlhomogi, u bonya go galeha, me u letlōtlō ya boutlwèlō botlhoko.” (Nehemia 9:17; bapisa Ekesodo 34:6, 7.) Gone ke boammaaruri gore, moleofi o tshwanetse a leka go boloka molao wa Modimo gore a tswelele a ipelela go utlwelwa botlhoko ke Modimo. Jaaka fa mopesalema a ne a bolela, “A mautlwèlō botlhoko a manana a gago a tlè mo go nna, gore ke tshelè: gonne molaō oa gago ke mo go nyesañ monate. Mautlwèlō botlhoko a manana a gago a magolo, Yehofa; ntsitsibosa kaha dikatlholoñ tsa gago.”—Pesalema 119:77, 156.
16. Lebaka la go bo Jehofa a akanyetsa gore re batho ba ba leofileng le re gomotsa ka eng?
16 Lebaka la go bo Jehofa a akanyetsa gore re leofile le lone le neela modiraphoso yo o ikwatlhayang kgomotso le lebaka la go rapela a na le tsholofelo ya gore Modimo o tla mo itshwarela. (Pesalema 51:5; Baroma 5:12) Mopesalema Dafide o ne a tlhomamisa ka tsela e e gomotsang fa a ne a bolela jaana: “[Jehofa Modimo] ga aa re dihèla kaha maleoñ a rona, leha e le go re duèla kaha maikepoñ a rona. Gonne yaka legodimo le nntse le le kwa godimo, godimo ga lehatshe, boutlwèlō botlhoko yoa gagwè mo go ba ba mmoihañ, bo nntse bogolo yalo. Yaka botlhabatsatsi bo le kgakala le bophirimatsatsi, le èna o re tloseditse ditlolō tsa rona bokgakala yo bo kalo. Yaka rra bana a tla a utlwèle bana ba gagwè botlhoko, Yehofa le èna o tlhomogèla ba ba mmoihañ pelo yalo. Gonne o itse popègō ea rona, o gakologecwe ha re le lorole hèla.” (Pesalema 103:10-14) Ee, ebile Rraarona wa selegodimo o boutlwelobotlhoko ebile o pelonomi bogolo go batsadi ba batho.
17. Pego ya tirelo eo motho a e diretseng Modimo ka boikanyegi mo nakong e e fetileng e amana jang le go itshwarelwa ga gagwe?
17 Moleofi yo o ikwatlhaileng a ka rapelela gore a itshwarelwe a na le tsholofelo ya gore Jehofa ga a kitla a itlhokomolosa pego ya tirelo ya gagwe e e fetileng e a e dirileng ka boikanyego. Nehemia o ne a sa kope gore boleo jwa gagwe bo itshwarelwe, mme o ne a bolela jaana: “Modimo oa me, u tlo u nkgakologèlwè ka molemō.” (Nehemia 13:31) Mokeresete yo o ikwatlhaileng a ka kgona go bona kgomotso mo mafokong a a reng: “Modimo ga o tshiamololō ea go re, o ka lebala tihō ea lona, le go rata leina ya ōna mo lo go bonyweñ.”—Bahebera 6:10.
Thuso go Tswa mo Banneng Ba Bagolwane
18. Ke eng se se tshwanetseng sa dirwa fa boleo jwa Mokeresete bo mo lwatsa semoyeng?
18 Mme go tweng fa Mokeresete a ikutlwa a sa tshwanelwe ke go nna mo paradaiseng eno ya semoya kana a sa kgone go rapela ka gonne boleo jwa gagwe bo mo dirile gore a lwale semoyeng? “A a bitsè bagolwane ba phuthègō; me a ba rapèlè ha go èna, ba mo tlotsè loukwane mo ineñ ya Morèna,” go ne ga kwala jalo morutwa Jakobe. “Me thapèlō ea tumèlō e tla boloka èna eo o bobolañ, me Morèna o tla mo kakatlolola; me ha a leohile, o tla go ichwarèlwa.” Ee, bagolwane ba phuthego ba ka kgona go rapela ka tsela e e nang le matswela ba rapela le modumedi mmogo le bone yo o ikwatlhaileng ba bo ba mo rapelela ka tsholofelo ya go mmusetsa gore a itekanele sentle gape semoyeng.—Yakobe 5:14-16.
19. Fa motho a kgaotswe o tshwanetse a dirang gore a itshwarelwe a bo a busediwe?
19 Tota le eleng lefa komiti ya katlholelo e kgaola moleofi yo o sa ikwatlhaeng, seo ga se bolele gore o dirile boleo jo bo sa itshwarelweng. Lefa go ntse jalo e le gore a tle a itshwarelwe o tshwanetse a utlwa melao ya Modimo ka boikokobetso, a tlhagisa maungo a a tshwanelang boikwatlhao, mme a kwalele bagolwane lekwalo la go kopa go busediwa. Morago ga gore mogokafadi a kgaolwe mo phuthegong ya Korintha wa bogologolo, Paulo o ne a kwala jaana: “Mo go eo o nntseñ yalo, pecō e, e o e dihecweñ ke bontsi, e lekanye; Me yalo, bogolo lo ka mo ichwarèla lo mo gomotsa, e se re kgotsa eo o nntseñ yalo a ba a nyèlèdiwa ke bogolo yoa bohutsana. Ke gōna, kea lo rapèla gore lo mo tlhōmamisetsè go mo rata ga lona.”—2 Bakorintha 2:6-8; 1 Bakorintha 5:1-13.
Modimo O A Nonotsha
20, 21. Ke eng se se ka nnang sa thusa motho yo o tlhobaediwang ke gore gongwe o dirile boleo jo bo ka se kang jwa itshwarelwa?
20 Fa mabaka a a tshwanang le go sa itekanelang sentle mo mmeleng kana go tshwenyega mo maikutlong go dira gore motho a nne a tlhobaela kaga gore o dirile boleo jo bo sa itshwarelweng, go ikhutsa ka mo go lekaneng le go robala ka mo go lekaneng go ka thusa. Lefa go ntse jalo, segolobogolo o tshwanetse wa gakologelwa mafoko ano a ga Petere: “Lo nntse lo latlhèla tlhobaèlō eotlhe ea lona mo go ōna [Modimo], ka oa lo babalèla.” Mme le ka motlha o se ka wa ba wa tsamaya wa letla Satane a go kgoba marapo, ka gonne Petere o ne a oketsa jaana: “Lo nnè lo ikgapè, lo nnè tishō: mmaba oa lona, diabolo, o potologa yaka tau e e dumañ, a batla eo o ka mo kometsañ: Lo èmalanè naè lo nitame mo tumeloñ ea lona, lo nntse lo itse ha cōna dipogishō tseuō di dihalèla bakauleñwe ba lona ba ba mo lehatshiñ. Me Modimo oa tshegōhaco eotlhe, . . . e tla re lo sena go nna lo boga botlhoko ka lobakanyana, ōna ka osi o tla lo diha boitekanèlō, o lo tiise, o lo thatahatse.”—1 Petere 5:6-10.
21Ka jalo fa o ikwatlhaile tota mme o ne o ntse o boifa gore o dirile boleo jo bo sa itshwarelweng, gakologelwa gore ditsela tsa Modimo di botlhale, di tshiamo, ebile di lorato. Ka gone, mo rapele ka tumelo. Nna o ntse o amogela dijo tsa semoya tseo a di abang ka “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale.” (Mathaio 24:45-47) Kopanela le badumedi mmogo le wena mme o nne le seabe ka metlha mo bodiheding jwa Bokeresete. Seno se tla nonotsha tumelo ya gago mme se tla go dira gore o se ka wa boifa gore Modimo a ka tswa a sa go itshwarela boleo jwa gago.
22. Ke eng se se latelang seo re tlileng go se sekaseka?
22 Bao ba leng mo paradaiseng ya semoya ba ka kgotsofadiwa ke go itse gore Jehofa o itshwarela ka botlalo. Lefa go ntse jalo, matshelo a bone a dula a ntse a lekwa gompieno. Gongwe ba tshwenyegile thata mo maikutlong gonne mongwe yo ba mo ratang a tlhokafetse kana gonne tsala nngwe e e rategang e lwala thata. Jaaka fa re tla bona, mo maemong ano le a mangwe, Jehofa o thusa batho ba gagwe a bo a ba kaela ka moya wa gagwe o o boitshepo.
O Araba Jang?
◻ Go na le bosupi bofe jo bo bontshang gore Jehofa ‘o itshwarela ka botlalo’?
◻ Ke boleo bofe jo go senang boitshwarelo mo go jone?
◻ Maleo a motho a itshwarelwa ka mabaka afe?
◻ Ke ka ntlha yang fa badiraphoso ba ba ikwatlhaileng ba ka solofela gore Modimo o tla ba itshwarela?
◻ Ke thuso efe eo badiraphoso ba ba ikwatlhaileng ba ka e bonang?
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
A o a itse gore ke ka ntlha yang fa Dafide le Petere ba ne ba itshwarelwa mme Judase Isekariota ene a ne a sa itshwarelwa?
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Thuso ya bagolwane ba phuthego e ka thusa Mokeresete thata semoyeng