Re Bonye Mesia”!
“Ea re pele [Anderea] a ea a bōna Simone, monnawè, me a mo raea, a re, Re bonye Mesia—ke go re, Keresete, ha go phuthololwa.”—YOHANE 1:41.
1. Johane Mokolobetsi o ne a supa eng kaga Jesu wa Nasaretha, mme Anderea o ne a dira tshwetso efe kaga gagwe?
ANDEREA o ne a keleka monna wa Mojuda yo o bidiwang Jesu wa Nasaretha ka lobaka lo loleele. O ne a sa lebege jaaka kgosi, kana monna yo o botlhale, kana Rabi. O ne a sena mekgabo ya segosi, kana moriri o moputswa, kana diatla tse di boleta le letlalo le lentle. Jesu o ne a le mosha—a ka nna dingwaga di le 30—a na le diatla tse di omeletseng le letlalo le lerokwa la motho a dira ka diatla. Ka jalo gongwe Anderea ga a ka a gakgamalela go utlwa gore e ne e le mmetli. Lefa go ntse jalo, Johane Mokolobetsi o ne a bua jaana ka monna yono: “Bōnañ, Kwana oa Modimo!” E ne erile go le maabane, Johane a bua sengwe se se gakgamatsang thata a re: ‘Yo ke Morwa Modimo.’ A seno se ne se ka tswa se le boammaaruri? Ka letsatsi leo Anderea o ne a nna lobakanyana a reeditse Jesu. Ga re itse gore Jesu o ne a reng; mme gone re itse gore mafoko a gagwe a ne a fetola botshelo jwa ga Anderea. O ne a itlhaganelela go ya go batla monnawe, Simone, a bo a tlhaeletsa a re, “Re bonye Mesia”!—Yohane 1:34-41.
2. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go tlhatlhoba bosupi jwa gore a Jesu e ne e le ene Mesia yo o solofeditsweng?
2 Moragonyana Anderea le Simone (yo Jesu a neng a mmitsa Petere) ba ne ba nna baaposetoloi ba ga Jesu. Morago ga dingwaga tse di fetang tse pedi Petere a ntse a le morutwa wa gagwe, o ne a raya Jesu a re: “U Keresete [Mesia], Morwa Modimo o o tshedileñ.” (Mathaio 16:16) E ne ya re kwa bofelong baaposetoloi le barutwa ba ba ikanyegang ba supa gore ba iketleeditse go swela se ba neng ba se dumela. Gompieno, batho ba ba ikanyegang ba le dimilione ba ineetse ka tsela e e ntseng jalo. Mme lefa go ntse jalo ba ineetse ka ntlha ya bosupi bofe? Kana gone, bosupi ke jone bo lereng pharologanyo fa gare ga tumelo le go dumela fela mo go senang motheo. (Bona Bahebera 11:1.) Ka jalo a re tlhatlhobeng dintlha di le tharo tsa bosupi jwa konokono tse di supang gore eleruri Jesu e ne e le Mesia.
Tlhatlhamano ya Losika lwa Borremogoloagwe Jesu
3. Lokwalo lwa Efangele ya ga Mathaio le lwa ga Luke lo bolela eng kaga losika lwa ga Jesu?
3 Tlhatlhamano ya losika lwa borremogoloagwe Jesu ke bosupi jwa ntlha jo Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika di bo neelang go tshegetsa ntlha ya go nna Mesia ga gagwe. Bibela e ne ya bolelela pele gore Mesia o ne a tla tswa mo losikeng lwa ga Kgosi Dafide. (Pesalema 132:11, 12; Isaia 11:1, 10) Efangele ya ga Mathaio e simolola jaana: “Lokwalō loa losika loa ga Yesu Keresete, morwa Dafide, morwa Aberahame.” Mathaio o tshegetsa mafoko ano a bopelokgale ka go bolela ditshika tsa ga Jesu ka losika lwa ga rraagwe yo o mo godisitseng, Josefa. (Mathaio 1:1-16) Efangele ya ga Luke e bolela losika lwa ga Jesu ka mmaagwe wa tlholego, Marea, go feta ka Dafide le Aberahame go ya kwa go Adame. (Luke 3:23-38)a Ka jalo bakwadi ba Efangele ba neela bosupi ka botlalo jwa seo ba se bolelang gore Jesu o ne a tla nna mo setulong sa bogosi sa ga Dafide, ka tsela ya semolao le ka tsela ya tlholego.
4, 5. (a) A batho ba motlha o Jesu a neng a tshela ka one ba ne ba ganetsa gore e ne e le setlogolwana sa ga Dafide, mme ke ka ntlha yang fa seno se le botlhokwa? (b) Dibuka tse dingwe kwa ntle ga Bibela di tshegetsa losika lwa ga Jesu jang?
4 Lefa e le ene moganetsi yo o tletseng dipelaelo tota yo o ganetsang gore Jesu e ne e le Mesia ga a kake a ganetsa maiphako a ga Jesu a gore ke morwa Dafide. Ka ntlha yang? Go na le mabaka a le mabedi. La ntlha, maiphako ao a ne a boaboelediwa gantsintsi kwa Jerusalema dingwaga di le masomesome pele motse o senngwa ka 70 C.E. (Bapisa Mathaio 21:9; Ditihō 4:27; 5:27, 28.) Fa e ne e le gore maiphako ao e ne e le a maaka, mongwe fela wa baganetsi ba ga Jesu—ebile o ne a na le ba le bantsi—o kabo a ile a supa gore Jesu e ne e le moaki ka go tlhola losika lwa gagwe mo direkotong tsa masika kwa mabolokelong a tsone a botlhe.b Mme lefa go ntse jalo hisitori ga e na rekoto ya ope yo a neng a ganetsa gore Jesu ke wa losika lwa ga Kgosi Dafide. Go bonala gore maiphako ano a ne a ka se ka a ganediwa. Kwantle ga pelaelo Mathaio le Luke ba ne ba tsaya maina a a supang losika lwa gagwe ka tlhamalalo go tswa mo direkotong tsa botlhe.
5 Sa bobedi, dibuka tse dingwe kwantle ga Bibela di tlhomamisa se se amogelwang ke ba le bantsi kaga losika lwa ga Jesu. Ka sekai, Talmud e bega gore Rabi mongwe wa lekgolo la bone la dingwaga o ne a gwetlha Marea, mmaagwe Jesu, ka go mo tlhapatsa, ka gore o ne a ‘akafala le babetli’; mme lefa go ntse jalo sone serapa seo se konela ka go re “e ne e le setlogolwana sa dikgosana le babusi.” Sekai sa pelenyana ga foo ke sa rahisitori wa lekgolo la bobedi la dingwaga ebong Hegesippus. O ne a bega gore ka nako ya fa Kesara wa Roma ebong Domitian a ne a batla go fedisa ditlogolwana dipe tsa ga Dafide, baba bangwe ba Bakeresete ba pele ba ne ba latofatsa ditlogolwana tsa ga Juda, monnawe Jesu kafa go mmaagwe, “ba re ke ba losika lwa ga Dafide.” Fa e le gore Juda o ne a itsege e le setlogolwana sa ga Dafide, a Jesu ene o ne a sa itsege jalo? Ga go belaetse!—Bagalatia 1:19; Jude 1.
Boperofeti Jo Bo Bolelang Kaga Mesia
6. Boperofeti jo bo bolelang kaga Mesia bo bontsi go le kana kang mo Dikwalong tsa Sehebera?
6 Bosupi jo bongwe jwa gore Jesu e ne e le Mesia ke boperofeti jo bo diragaditsweng. Go na le boperofeti bo le bontsi jo bo lebisitseng kwa go Mesia mo Dikwalong tsa Sehebera. Mo bukeng ya gagwe ya The Life and Times of Jesus the Messiah, Alfred Edersheim o ne a tshwaya dirapa di le 456 mo Dikwalong tsa Sehebera tseo borabi ba bogologolo ba neng ba di leba e le tse di bolelang kaga bomesia. Lefa go ntse jalo, borabi bao ba ne ba na le megopolo e le mentsi e e phoso kaga Mesia; dirapa di le dintsi tse ba neng ba bua ka tsone ga di bolele ka mesia le eseng. Lefa go ntse jalo, bobotlana go na le boperofeti bo le bontsi jo bo bontshang fa Jesu e le Mesia.—Bapisa Tshenolō 19:10.
7. Bongwe jwa boperofeti jo Jesu a bo diragaditseng ka nako e khutshwane ya fa a ne a le mo lefatsheng ke bofe?
7 Jo bongwe ke jo: motse o a neng a tla tsalelwa kwa go one (Mika 5:2; Luke 2:4-11); matlhotlhapelo ao a ileng a direga fa go bolawa masea a le mantsintsi morago ga botsalo jwa gagwe (Yeremia 31:15; Mathaio 2:16-18); o ne a tla bidiwa gore a tswe mo Egepeto (Hosea 11:1; Mathaio 2:15); babusi ba merafe ba ne ba tla nna seoposengwe ba leka go mmolaya (Pesalema 2:1, 2; Ditihō 4:25-28); go okiwa ga gagwe ka dikgapetlana tse 30 tsa selefera (Sekaria 11:12; Mathaio 26:15); le yone tsela e a suleng ka yone.—Pesalema 22:16, bona ntlhanyana e e kwa tlase go NW; Yohane 19:18, 23; 20:25, 27.c
Go Tla Ga Gagwe Go Ne ga Perofesiwa
8. (a) Ke boperofeti bofe jo bo supang gore Mesia o ne a tla goroga leng? (b) Ke dintlha dife tse pedi tse di tshwanetseng tsa itsiwe gore boperofeti jono bo tlhaloganngwe?
8 A re tlhatlhobeng boperofeti bo le bongwe fela fela. Mo go Daniele 9:25, Bajuda ba ne ba bolelelwa gore Mesia o ne a tla tla leng. E balega jaana: “Ke gōna itse, u lemogè, go re, go [simolola ka, NW] go cwa ga taolō ea go shahatsa le go aga Yerusalema go ea go hitlha mo go eo o tlodicweñ eboñ kgōsana, e tla nna diweke di shupa: le diweke di mashomè marataro le bobedi.” Boperofeti jono fa bo balwa la ntlha bo ka lebega bo le bofitlha. Mme lefa go ntse jalo ka kakaretso, bo batla gore re bone dintlha tse pedi fela: nako e go simololwang go bala ka yone le lobaka lwa nako. Go tshwantshetsa seno, fa o ne o na le mmapa o o neng o supa gore go na le dikhumo tse di epetsweng “sekgala sa metshe e le 50 kwa botlhaba jwa sediba se se mo parakeng e e mo toropong,” o ka nna wa fitlhela dikaelo tseno di tlhakanya tlhogo—bogolo jang fa o ne o sa itse gore sediba seo se ne se le kwa kae, kana gore ‘motshe’ o ne o le boleele bo kae. A o ne o ka se ka wa batla dintlha tseo tse pedi gore o kgone go bona kwa dikhumo di leng teng? Ebu, boperofeti jwa ga Daniele bo ntse fela jalo, kwantle ga gore re batla go itse nako e bo simolotseng ka yone le boleele jwa lobaka lo lo latelang morago ga foo.
9, 10. (a) Dibeke tse 69 di balwa go tloga ka nako efe? (b) Dibeke tse 69 di ne di le boleele jo bo kae, mme re itse seno jang?
9 La ntlha, re tlhoka go itse gore re simolola fa kae, letlha leo ka lone ‘go neng ga tswa taolo ya go shafatsa le go aga Jerusalema.’ Morago ga foo, re tlhoka go itse lobaka lwa go tloga ka nako eo, gore tota dibeke tseno tse 69 (7 a kopantswe le 62) di ne di le boleele jo bo kae. Ga go na epe ya dintlha tseno eo go leng boima go e bona. Nehemia o re bolelela ka phepafalo fela gore lefoko la gore go agiwe lebota go dikologa Jerusalema, gore kgabagare e nne motse o o tsosolositsweng, le ne la tswa “ka ñwaga oa mashomè mabedi oa ga Aretaserese kgosi.” (Nehemia 2:1, 5, 7, 8) Seo se dira gore nako e re simololang go bala ka yone e nne 455 B.C.E.d
10 Jaanong fa e le ka dibeke tseno tse 69, a e ne e ka nna dibeke tsa mmatota tsa malatsi a le supa? Nnyaa, ka gonne Mesia ga a ka a bonala lobakanyana lo lo fetang ngwaga fela morago ga 455 B.C.E. Ka jalo baithuti ba le bantsi ba Bibela le dithanolo di le dintsi (go akaretsa le Tanakh ya Sejuda mo ntlhanyaneng e e kwa tlase ya temana eno) di dumalana gore tseno ke dibeke “tsa dingwaga.” Kgopolo eno ya ‘beke ya dingwaga,’ kana modikologo wa dingwaga tse supa, e ne e tlwaelegile mo Bajudeng ba bogologolo. Fela jaaka ba ne ba tlotla letsatsi la sabata ka letsatsi lengwe le lengwe la bosupa, ba ne ba tlotla ngwaga wa sabata ngwaga mongwe le mongwe wa bosupa. (Ekesodo 20:8-11; 23:10, 11) Ka jalo dibeke tse 69 tsa dingwaga di ne di ka lekana le dingwaga tse 7 di ntsifaditswe ga 69, kana dingwaga di le 483. Jaanong re saletswe fela ke go bala. Fa re bala dingwaga tse 483 go tswa mo go 455 B.C.E., re fitlha mo ngwageng wa 29 C.E.—one ngwaga o Jesu a kolobeditsweng ka one mme a nna ma·shiʹach ebong Mesia!—Bona “Seventy Weeks,” go Insight on the Scriptures, Bolumo 2, tsebe 899.
11. Re ka araba jang batho ba ba reng eno ke tsela ya segompieno fela ya go tlhalosa boperofeti jwa ga Daniele?
11 Bangwe ba ka nna ba ganetsa ka gore eno ke tsela ya segompieno fela ya go tlhalosa boperofeti gore bo dumalane le hisitori. Fa go ntse jalo, ke ka ntlha yang fa batho ba motlha wa ga Jesu ba ne ba lebeletse gore Mesia a bonale ka nako eo? Rahisitori wa Mokeresete ebong Luke, borahisitori ba Baroma ebong Tacitus le Suetonius, rahisitori wa Mojuda ebong Josephus, le motlhalefi wa Mojuda ebong Philo botlhe ba ne ba tshela mo e ka nnang ka yone nako eo mme ba supa gore go ne go lebeletswe sengwe se se ntseng jalo. (Luke 3:15) Baithuti bangwe gompieno ba tatalalela gore se se neng se dira gore Bajuda ba tlhoafalele ba bo ba lebelele Mesia mo malatsing ao e ne e le kgatelelo ya Roma. Lefa go ntse jalo, ke ka ntlha yang fa Bajuda ba ne ba lebeletse Mesia ka nako eo go na le go mo lebelela ka nako ya fa ba ne ba bogisiwa setlhogo ke Bagerika makgolo a dingwaga pele ga foo? Ke ka ntlha yang fa Tacitus a ne a bolela gore “boperofeti jo bo fitlhegileng” ke jone jo bo neng jwa dira gore Bajuda ba lebelele gore babusi ba ba nonofileng ba tswe mo Judea mme ba “nne le mmuso wa lefatshe lotlhe”? Abba Hillel Silver, mo bukeng ya gagwe ya A History of Messianic Speculation in Israel, o dumalana gore “Mesia o ne a lebeletswe mo e ka nnang ka kwatara ya bobedi ya lekgolo la ntlha la dingwaga C.E.,” eseng ka ntlha ya go bogisiwa ke Baroma, mme e le ka ntlha ya “tsela eo go neng go tlwaelegile go bala dingwaga ka yone ka nako eo,” eo bontlhanngwe jwa yone bo neng bo tserwe mo bukeng ya Daniele.
O Tlhalositswe ke Melaetsa E E Tswang kwa Legodimong Gore Ke Mang
12. Jehofa o ne a tlhalosa jang gore Jesu ke Mesia?
12 Mofuta wa boraro wa bosupi jwa gore Jesu ke Mesia ke bosupi jwa Modimo ka boone. Go ya ka Luke 3:21, 22, fa Jesu a sena go kolobediwa, o ne a tlodiwa ka maatla a a boitshepo le a a nonofileng go a feta otlhe a a mo lobopong, moya o o boitshepo wa ga Jehofa Modimo ka boene. Jehofa o ne a bolela ka lentswe la gagwe ka boene gore o amogetse Morwawe, Jesu. Ka makgetlo a mangwe gape a le mabedi, Jehofa o ne a bua ka tlhamalalo le Jesu, ene a le kwa legodimong, ka go rialo a supa gore O a mo amogela: lekgetlo le lengwe ke fa a ne a bua fa pele ga baaposetoloi ba ga Jesu ba bararo, mme lekgetlo le lengwe ke la fa a bua fa pele ga boidiidi jwa batho ba ba neng ba lebeletse. (Mathaio 17:1-5; Yohane 12:28, 29) Mo godimo ga moo, go ne ga romelwa baengele go tswa kwa legodimong go tla go tlhomamisa boemo jwa ga Jesu jaaka Keresete, kana Mesia.—Luke 2:10, 11.
13, 14. Jehofa o ne a bontsha jang gore o amogela Jesu jaaka Mesia?
13 Jehofa o ne a bontsha gore o amogela motlodiwa wa gagwe ka go mo fa nonofo ya gore a dire ditiro tse dikgolo. Ka sekai, Jesu o ne a bolela boperofeti jo bo neng bo bolela hisitori e ise e direge—jo bongwe bo lebisitse le mo motlheng wa rona.e Gape o ne a dira dikgakgamatso, jaaka go neela boidiidi jwa batho ba ba tshwerweng ke tlala dijo le go fodisa balwetsi. Ebile o ne a tsosa baswi. A balatedi ba gagwe ba ne ba itlhamela dipolelo tsa ditiro tseno tse dikgolo morago ga se tota se neng se diragetse? Ebu, Jesu o ne a dira dikgakgamatso tsa gagwe di le dintsi fa pele ga batho ba mo lebeletse, ka dinako tse dingwe a lebeletswe ke batho ba le diketekete ka nako e le nngwe fela. Le bone baba ba ga Jesu tota ba ne ba ka se ka ba ganetsa gore ruri o ne a dirile dilo tseno. (Mareko 6:2; Yohane 11:47) Mo godimo ga moo, fa e le gore balatedi ba ga Jesu ba ne ba sekametse mo go itlhameleng dipego tse di ntseng jalo, ke ka ntlha yang fa ba ne ba ka bua boammaaruri jaana fa go tla mo go boleleng diphoso tsa bone? Totatota, a ba ne ba ka iketleetsa go swela tumelo e e theilweng mo ditlhamaneng fela tseo ba neng ba di itlhametse ka bobone? Nnyaa. Dikgakgamatso tsa ga Jesu ke dintlha tsa boammaaruri tsa hisitori.
14 Bosupi jwa Modimo jwa gore Jesu ke Mesia bo ne jwa se ka jwa ema foo. Modimo o ne a tlhomamisa gore bosupi jwa gore Jesu ke Mesia bo kwalwe ka moya o o boitshepo mme bo nne karolo ya buka e e ranolwang thata ebile e gasiwa thata go di gaisa tsotlhe mo hisitoring yotlhe.
Ke Ka Ntlha Yang Fa Bajuda Ba Ile Ba Se Ka Ba Amogela Jesu?
15. (a) Bosupi jo bo tlhalosang fa Jesu e le Mesia bo bontsi go le kana kang? (b) Ke dilo dife tse Bajuda ba neng ba di lebeletse tseo di ileng tsa dira gore ba le bantsi ba bone ba gane Jesu jaaka Mesia?
15 Jalo he, dikarolo tse tharo tseno tsa bosupi di akaretsa dintlha di le makgolokgolo tota tseo di bontshang fa Jesu e le Mesia. A seo ga se a lekana? Akanya fela o re o dira kopo ya lokwalo lwa go kgweetsa kana lwa go reka o bo o bolelelwa gore dintlha tse tharo tsa itlhaloso di ne di sa lekana—go twe o tshwanetse wa tla ka di le makgolokgolo. Abo seo se ne se tla bo se sa utlwale jang ne! Kwantle ga pelaelo, he, Jesu o tlhalositswe ka mo go lekaneng mo Bibeleng. Lefa go ntse jalo, ke ka ntlha yang fa batho ba le bantsi ba gaabo Jesu ka boene ba ne ba ganetsa bosupi jono jotlhe jwa gore e ne e le ene Mesia? Ka gonne bosupi, lefa bo le botlhokwa jaana gore go nne le tumelo ya boammaaruri, ga se gore bo tlhomamisa gore go tla nna le tumelo. Ka maswabi, batho ba le bantsi ba dumela se ba batlang go se dumela, lefa go na le bosupi bo se kana ka sepe. Fa e le ka Mesia, bontsi jwa Bajuda ba ne ba na le megopolo e e tlhomameng ka seo ba neng ba se batla. Ba ne ba batla mesia wa bopolotiki, yo o neng a tla fedisa kgatelelo ya Baroma mme a busetse Iseraele kwa kgalalelong e e tshwanang le ya metlha ya ga Solomone ka dilo tse di bonalang. He, ba ne ba ka amogela jang morwa yono wa maemo a a kwa tlase wa mmetli, Monasaretha yono yo o neng a sa kgatlhegele dipolotiki kana dikhumo ka gope? Ebile tota, o ne a ka nna Mesia jang a sena go boga a bo a swa loso lwa matlhabisaditlhong mo koteng e a neng a bogisediwa mo go yone?
16. Ke ka ntlha yang fa balatedi ba ga Jesu ba ne ba tshwanela go fetola seo bone ba neng ba se solofetse ka Mesia?
16 Barutwa ba ga Jesu ka boene ba ne ba utlwisiwa botlhoko ke loso lwa gagwe. Morago ga tsogo ya gagwe e e itumedisang, go bonala gore ba ne ba solofetse gore o ne a tla ‘busetsa Iseraele bogosi’ ka yone nako eo. (Ditihō 1:6) Mme lefa go ntse jalo ga ba a ka ba gana fa Jesu e le Mesia fela ka gonne tsholofelo eno e ba neng ba na nayo e ne e sa diragadiwa. Ba ne ba nna le tumelo mo go ene e thailwe mo bosuping jo bo lekaneng jo ba neng ba na le jone, mme tsela eo ba neng ba tlhaloganya dilo ka yone e ne ya simolola go gola ka iketlo; masaitseweng a ne a simolola go apoga. Ba ne ba simolola go bona gore Mesia o ne a ka se ka a diragatsa boperofeti jotlhe jo bo neng bo boletswe kaga gagwe ka nako e khutshwane eo a neng a e nna mo lefatsheng e le motho. Kana gone, boperofeti bongwe bo ne bo boletse gore o tla tla ka boikokobetso, a pagame eselana ya esele, fa jo bongwe jone bo ne bo bolela ka ene a tla ka kgalalelo a le mo marung! Bo ne bo ka nna boammaaruri jang ka bobedi jwa jone? Go bonala gore o ne a tla tshwanelwa ke go tla gape la bobedi.—Daniele 7:13; Sekaria 9:9.
Lebaka la Go Bo Mesia A Ne A Tshwanetse go Swa
17. Boperofeti jwa ga Daniele bo ne jwa tlhalosa ka phepafalo jang gore Mesia o ne a tla tshwanelwa ke gore a swe, mme o ne a tla bo a swela eng?
17 Mo godimo ga moo, boperofeti jo bo neng bo bolela kaga Mesia bo ne bo bontsha ka phepafalo gore Mesia o ne a tshwanetse go swa. Ka sekai, jone boperofeti jo bo neng jwa bolelela pele gore Mesia o ne a tla goroga leng bo ne jwa bolelela pele jaana mo temaneng e e latelang: “E tla re diweke tse di mashomè a marataro le bobedi [tseo di neng di latela tse supa] di sena go heta, eo o tlodicweñ [“Mesia,” NW] o tla kgaolwa.” (Daniele 9:26) Lefoko la Sehebera ka·rathʹ le le dirisitsweng fano go kaya go “kgaolwa” ke lone leo le dirisediwang go kaya go otlhaelwa loso kafa tlase ga Molao wa ga Moshe. Kwantle ga pelaelo Mesia o ne a tshwanetse go swa. Ka ntlha yang? Temana 24 e re neela karabo: “Go khutlisa maleo, le go dihèla boikèpō tetlanyō, le go tsenya tshiamō e e sa khutleñ.” Bajuda ba ne ba itse sentle gore ditlolo di ne di ka letlanngwa fela ka go ntsha setlhabelo, go swa.—Lefitiko 17:11; bapisa Bahebera 9:22.
18. (a) Isaia kgaolo 53 e bontsha jang gore Mesia o tshwanetse gore a boge a bo a swe? (b) Boperofeti jono bo bolela mafoko afe a go lebegang a ganetsana?
18 Isaia kgaolo 53 e bua kaga Mesia e le Motlhanka yo o kgethegileng wa ga Jehofa yo o neng a tla tshwanelwa ke gore a boge a bo a swe go bipa dibe tsa batho ba bangwe. Temana 5 ya re: “O na a ntshediwa ditlolō tsa rona matsañkō, a tekètèlwa maikèpō a rona.” Boperofeti jone joo, fa bo sena go re bolelela gore Mesia yono o tshwanetse go swa jaaka “chupèlèlō ea boleo,” bo senola gore Ene yono o “tla lelehatsa malatsi a gagwè, le go kgatlhèga ga Yehofa go tla kōkōtlègèla mo seatleñ sa gagwè.” (Temana 10) A mafoko ao ga a ganetsane? Mesia o ne a ka swa jang, go tswa foo a bo a “lelehatsa malatsi a gagwè”? O ne a ka isiwa jang setlhabelo e bo e re go tswa foo a bo a dira gore ‘go kgatlhega ga ga Jehofa go kokotlegele’? Gone tota, o ne a ka swa jang mme a nna a ntse a sule a sa diragatsa boperofeti jo bo botlhokwa go gaisa kaga gagwe, jwa gore o ne a tla busa ka bosakhutleng mo lefatsheng jaaka Kgosi a bo a tlise kagiso le boitumelo mo lefatsheng lotlhe?—Isaia 9:6, 7.
19. Tsogo ya ga Jesu e dumalanya jang boperofeti jo go lebegang bo ganetsana kaga Mesia?
19 Mafoko ano a a lebegang a ganetsana a ne a rarabololwa ke kgakgamatso e le nngwe fela e e akabatsang. Jesu o ne a tsosiwa. Bajuda ba ba dipelo di ikanyegang ba le makgolokgolo ba ne ba iponela ka matlho tiragalo eno ya mmatota e e kgatlhang. (1 Bakorintha 15:6) Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana moragonyana: “Éna [Jesu Keresete], o rile a sena go isetsa rure setlhabèlèlō sa dibe se le señwe hèla, a dula kaha lecogoñ ye legolo ya Modimo; Go nna a lebèlèla go tsamaea baba ba gagwè ba dihwa sebeèō sa dinaō tsa gagwè.” (Bahebera 10:10, 12, 13) Ee, e ne e tla re labofelo Jesu a tlhomiwe go nna Kgosi le go dira kgatlhanong le baba ba ga Rraagwe, Jehofa, fa a sena go tsosediwa mo botshelong jwa selegodimo, le fa a sena go “lebèlèla” ka lobakanyana. Fa a dira seabe sa gagwe sa go nna Kgosi ya selegodimo, Jesu ebong Mesia o ama botshelo jwa mongwe le mongwe yo o tshelang gone jaanong. Ka tsela efe? Setlhogo sa rona se se latelang se tla tlhalosa.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Fa Luke 3:23 e re: “Yosefe, morwa Heli,” go bonala gore e raya “morwa” ka tsela ya gore e le “mogwe,” ka gonne Heli e ne e le rraagwe Marea wa tlholego.—Insight on the Scriptures, Bolumo 1, tsebe 913-17.
b Rahisitori wa Mojuda ebong Josephus, ka go neela tlhatlhamano ya losika lwa borraagwemogolo, o dira gore go bonale ka phepafalo gore direkoto tse di ntseng jalo di ne di le teng pele ga 70 C.E. Go bonala gore direkoto tseno di ne tsa senngwa fa motse wa Jerusalema o ne o senngwa, seo se bo se dira gore go se ka ga kgonega gore maiphako ape a morago ga foo a Bomesia a nne le bosupi.
c Bona Insight on the Scriptures, Bolumo 2, tsebe 387.
d Go na le bosupi jo bo nonofileng go tswa mo dibukeng tsa kwa dinageng tsa bogologolo tsa Gerika, Babelona, le Peresia jo bo supang gore ngwaga wa ntlha wa fa go ne go busa Aretaserese e ne e le 474 B.C.E. Bona Insight on the Scriptures, Bolumo 2, ditsebe 614-16, 900.
e Mo boperofeting bongwe jo bo ntseng jalo, o ne a bolelela pele gore bomesia ba e seng bone ba ne ba tla tsoga mo motlheng wa gagwe go ya pele. (Mathaio 24:23-26) Bona setlhogo se se tlileng pele ga seno.
O Ne O Ka Araba Jang?
◻ Ke ka ntlha yang fa go tlhokega go tlhatlhoba bosupi jwa gore a Jesu ke ene Mesia yo o neng a solofeditswe?
◻ Losika lwa borremogoloagwe Jesu lo tshegetsa jang gore ke Mesia?
◻ Boperofeti jwa Bibela bo thusa jang go supa gore Jesu e ne e le Mesia?
◻ Jehofa ka boene o ne a tlhomamisa ka ditsela dife gore Jesu ke Mesia?
◻ Ke ka ntlha yang fa Bajuda ba le bantsi jaana ba ile ba ganetsa gore Jesu ke Mesia, mme ke ka ntlha yang fa mabaka ano a ne a sa utlwale?
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Nngwe le nngwe ya dikgakgamatso tsa ga Jesu tse dintsi e neela bosupi jo bo oketsegileng jwa gore ke Mesia