Lebaka la Go Bo Botshelo jwa Mongongoregi Bo sa Itumedise
BOIPELO bo ne bo setse bo fetogile boitlhobogo mo dibekeng di sekae fela. Tsela e Baiseraele ba neng ba itumela ka yone kwa tshimologong fa ba sena go bona kgololesego go tswa mo bokgobeng kwa Egepeto e ne e fetogile go tlhola ba ngongoregetse dijo kwantle ga mabaka. Mo kgweding ya bobedi fa ba sena go tloga kwa Egepeto, morafe ono o o neng o rata go ngongorega o ne wa bolela fa go le botoka go tshela botshelo jwa bokgoba go na le go tshela botshelo jo bo bokete mo nageng. Mo dikgweding tse di neng tsa latela, moya ono wa go ngongorega o ne wa koafatsa boikaelelo jwa bone jwa gore ba tla obamela Jehofa mme gape jwa senya tebelelo ya losika loo ya go tsena mo Lefatsheng Le Le Solofeditsweng.—Ekesodo 16:1-3; Dipalō 14:26-30.
Ke boammaaruri gore go ngongorega, ga go fitlhelwe fela mo losikeng lo le longwe kana mo mofuteng o le mongwe fela wa batho. Ke ofe wa rona yo o se kang a ngongorega ka tiro, dijo, maemo a bosa, bana, baagisani, kgotsa ditlhwatlhwa tsa dilo? Go bonala bosaitekanelang jwa batho e le jone jo bo dirang gore ba rate go ngongorega.—Baroma 5:12; Yakobe 3:2.
Ke ka ntlha yang fa re ngongorega bonolo fela thata jaana? Ka gongwe re ikutlwa re kgobegile marapo, re swabile, kana re lwala. Go ngongorega e ka nna tsela nngwe ya go supa fa re tlaletswe, kana e ka nna ya nna tsela nngwe ya go bolela jaana: “Nka dira tiro botoka go na le ba bangwe!” Ka dinako tse dingwe go ngongorega go bakiwa ke go sa utlwane ga batho ka ntlha ya go farologana ga botho jwa bone. Gone mme, go ka nna ga tswa go na le dilo tseo di go nayang lebaka le le utlwalang la go ngongorega.
Go sa kgathalesege seo se go bakang, jaaka sekai se se fetileng sa Baiseraele se bontsha, fa o letla go ngongorega gore go tswelele pele go ka gobatsa. Motho a ka fetoga motho yo o tlholang a ngongoregetse ruri, tota le eleng go ngunanguna a ngongoregela tsela eo Jehofa a dirang dilo ka yone. Ke ka ntlha yang fa seo se le kotsi jaana? Mme dingongorego tse di utlwalang di ka rarabololwa jang?
Dingongorego Tse Di Utlwalang
Fa selo se se go dirang gore o ngongorege e se se se masisi go le kalo, potso ya ntlha eo re tshwanetseng go e ipotsa ke, A nka se kgone go se bipa ka lorato? Ke boammaaruri gore go ka nna ga nna le lebaka le le utlwalang la go ngongorega ka mongwe, gongwe le eleng ka modumedi ka rona. A ka nna a tswa a ile a re tshwara ka tsela e e seng ya bopelonomi kana e e sa siamang. Lefa go ntse jalo, a go ngongorega o bolelela ba bangwe ka tsela eno e e sa siamang eo a go tshwereng ka yone go tla tokafatsa dilo? Bibela e re kgothaletsa go dira eng? Bakolosa 3:13 ya re: “Lo iphapaanyanè moñwe le eo moñwe, lo ichwarèlanè, ha motho moñwe a na le ñōñōrègō kaga eo moñwe; hèla yaka Morèna a lo ichwaretse, le lona le dihè hèla yalo.” Ka gone, le eleng lefa o ka tswa o na le lebaka la go ngongorega, Dikwalo di kgothaletsa go nna le boikutlo jwa go itshwarela go na le go nna le moya wa go ngongorega.—Mathaio 18:21, 22.
Go tweng fa kgang e le masisi mo o ka se kang wa e tlodisa matlho? Go ka nna ga nna le lebaka le le utlwalang la gore o bolele ngongorego ya gago. Ka nako ya fa “selelo sa ngongorego” se ne se fitlha kwa go Jehofa malebana le Sodoma le Gomora, o ile a tsaya dikgato tse di maleba le go fedisa seemo se se neng se le maswemaswe sa metse eo ya boitsholo jo bo maswe. (Genesise 18:20, 21, NW) Ngongorego e nngwe e e utlwalang e ne ya tlhaga ka bonakonyana fela morago ga Pentekosete ya 33 C.E. Ka nako ya fa dijo di ne di abelwa batlholagadi ba ba neng ba tlhoka, basadi ba ba buang Sehebera ba ne ba tlamelwa go feta ba bangwe. Go bonala gore seno se ile sa dira gore batlholagadi ba ba buang Segerika ba supe fa ba sa itumelele seno. Kgabagare, ngongorego eno e ne ya fitlha mo ditsebeng tsa baaposetoloi, mme ka bonako fela ba ne ba rulaganya setlhopha sa banna ba ba nang le boikarabelo go rarabolola bothata jono.—Ditihō 6:1-6.
Ka tsela e e tshwanang bagolwane ba ba tlhophilweng ba Bakeresete gompieno ba tshwanetse gore ba se ka ba diega fa ba tshwanelwa ke go tsaya dikgato tse di tlhokegang fa ba bolelelwa ka dilo dingwe tse di masisi. Diane 21:13 e bolela jaana: “Leha e le mañ eo o tsibèlañ go [ngongorega] ga mohumanegi ditsèbè tsa gagwè, le èna o tla [ngongorega], me ga a ketla a utlwiwa.” Go na le gore ba itlhokomolose ngongorego e e utlwalang, bagolwane ba tshwanetse go reetsa ka kutlwelobotlhoko. Kafa letlhakoreng le lengwe, rona ba bangwe re ka dirisana mmogo le bagolwane ka go bolelela bagolwane dingongorego tse di masisi ka tlhamalalo, go na le go tlhola re di boleletse mongwe le mongwe yo o tla re reetsang.
Lefa go le jalo, ka phepafalo fela ba le bantsi ba rona ba tla dumalana le gore go na le dinako tseo bosaitekanelang jwa batho bo dirang gore re ngongorege go sa tlhokege. Fa re ka sekaseka ka tlhoafalo tsela e Baiseraele ba ileng ba itshwara ka yone fa ba ne ba le mo nageng go tla re thusa go bona bodiphatsa jwa go letla go tshela re ngunanguna gore go fetoge go nna moya wa go tlhola re ngongorega.
Tsela E Modimo A Lebang Bangongoregi ka Yone
Go ngunanguna ga Baiseraele ka dijo go re senolela dikotsi tse pedi tseo di ka lerweng ke go ngongorega. Ya ntlha, go ngongorega go a tshwaetsana. Pego e bolela gore “phuthègō eotlhe ea bana ba Iseraela ea ñōñōrègèla Moshe le Arone mo nageñ.” (Ekesodo 16:2) Go ka nna ga tswa go simolotse ba le mmalwa fela go ngongoregela gore dijo di a tlhaela, mme ka bonakonyana fela mongwe le mongwe a bo a setse a ngongorega.
Ya bobedi, gantsi mongongoregi o godisa bothata. Mo kgannyeng eno ya Baiseraele, ba ne ba bolela gore go ne go ka nna botoka fa ba ka bo ba le kwa Egepeto, koo ba neng ba ka kgona go ja borotho jo bontsi le nama ka tsela e ba neng ba ka rata ka yone. Ba ne ba ngongoregela gore ba ile ba lerwe mo nageng fela gore ba tle go bolawa ke tlala.—Ekesodo 16:3.
A seemo sa Baiseraele bao eleruri se ne se le maswe go le kalo? Go ka nna ga direga gore dijo tsa bone di ne di simolola go ngotlega, lefa go le jalo Jehofa o ne a setse a bonetse bothata jono pele mme ka nako e e tshwanetseng o ne a ba tlamela ka mana go kgotsofatsa dilo tsa senama tseo ba neng ba di tlhoka. Dingongorego tsa bone tseo di neng di feteletsa dilo di ne di supa gore ga ba ikanye Modimo. Ka nako ya fa ba ne ba le kwa Egepeto ba ne ba ngongorega ka tshwanelo ka ntlha ya maemo a a makgwakgwa a ba neng ba tshelela mo go one. (Ekesodo 2:23) Mme ka nako ya fa Jehofa a ne a sena go ba golola mo bokgobeng, ba ne ba simolola go ngongoregela dijo. Seno e ne e le go ngunanguna ka mabaka a a sa utlwaleng. “Diñōñōrègō tsa lona ga se kaga rona, ha e se kaga Yehofa hèla,” Moshe o ne a ba tlhagisa jalo.—Ekesodo 16:8.
Moya ono wa Baiseraele wa go ngongorega o ne wa nna wa itshupa gangwe le gape. Mo lobakeng lwa ngwaga fela ba ne ba setse ba ngongoregela mana. (Dipalō 11:4-6) Ka bonakonyana fela moragonyana ga moo pego e e sa itumediseng ka ditlhodi tse 10 mo go tse 12 tsa Iseraele e ne ya dira gore go tsoge selelo kaga dikotsi tseo ba neng ba akanya gore di tla ba tlela ka nako ya fa ba gapa Lefatshe Le Le Solofeditsweng. Batho ba ile ba bolela le eleng jaana ba re: “A bo Modimo o ka bo o mmile ra shwèla mo lehatshiñ ya Egepeto! kgotsa Modimo o ka bo o mmile ra shwèla mo nageñ e!” (Dipalō 14:2) Abo e ne e le go tlhoka tebogo jang ne! Ga go gakgamatse go bo Jehofa a ne a bolelela Moshe jaana: “Batho ba, ba tla nnyatsa go lele go le kaee? ba tla gana go dumèla mo go nna go lele go le kaee?” (Dipalō 14:11) Bangongoregi ba ba senang tebogo bao ba ile ba atlholwa ka gore ba tla sasanka mo nageng dingwaga di le 40 go fitlha losika loo lwa bone lo swa lotlhe.
Moaposetoloi Paulo o re gakolola ka sekai seno sa bone. O tlhagisa Bakeresete ka ene gore ba se ka le ka motlha ba bo ba tshwana le Baiseraele bao ba ileng ba fetoga bangongoregi, mo go neng ga felela ka gore ba swele mo nageng. (1 Bakorintha 10:10, 11) Ka phepafalo, go ngunanguna kwantle ga mabaka a a utlwalang le go nna le moya wa go ngongorega go ka gobatsa tumelo ya rona mme ga gogela kwa goreng re se ka ra itumedisa Jehofa.
Go ntse go le jalo, Jehofa o pelotelele le batlhanka ba gagwe bao ba ka ngongoregang ka dinako tse dingwe e le fela ka ntlha ya maemo a a kgobang marapo. Ka nako ya fa Elija a ne a tshabela kwa Thabeng ya Horeba ka ntlha ya go tshaba go bogisiwa ke Mohumagadi Jesebele yo o boikepo, o ne a tlhatswegile pelo gore tiro ya gagwe jaaka moperofeti e ne e setse e fedile. O ne ka phoso a akanya gore e ne e le ene fela moobamedi wa ga Jehofa yo o neng a setse mo nageng eo. E le gore a ke a nonotshe tumelo ya ga Elija, sa ntlha Modimo o ne wa mo direla sesupo go supa maatla a Gagwe a bomodimo. Morago ga moo moperofeti o ne a bolelelwa gore go ne go santse go na le batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa mo Iseraele ba le 7 000 le gore o ne a santse a saletswe ke tiro e kgolo go e dira. Go ne ga felela ka gore Elija a lebale dingongorego tsa gagwe mme a tswelele pele a le matlhagatlhaga gape. (1 Dikgosi 19:4, 10-12, 15-18) Jaaka fa bagolwane ba Bakeresete ba ntse ba leka go sekaseka dilo ka botlhale, ka tsela e e tshwanang ba ka buisana le maloko a a ikanyegang ka tsela e e gomotsang, ba ba thusa go lemoga seabe seo ba nang le sone mo go direng gore maikaelelo a Modimo a diragadiwe.—1 Bathesalonia 5:14.
Go Fenya Moya wa go Ngongorega
Moya wa go ngongorega o ka fenngwa jang? Ee, bao ba filweng bosupi jwa gore motsoko o kotsi mo mebeleng ya bone ba na le selo se se ba tlhotlheletsang tota gore ba o tlogele. Ka tsela e e tshwanang, go tlhaloganya lebaka la go bo moya wa go ngongorega o le kotsi go ka re tlhotlheletsa gore re latlhe tlwaelo epe fela ya go ngongorega.
Ke dilo dife tse di molemo tse di bonwang ke bao ba fenyang moya wa go ngongorega? Selo se se botlhokwa thata se se molemo se se ka ipelelwang ke ba ba tilang go ngongorega ke gore ba ka kgona go leba dilo ka tsela ya Dikwalo le ka tsela e e tshwanetseng. Ke ka sewelo motho yo o ratang go ngongorega a ka lebang bothata go ya ka tsela eo Jehofa a lebang dilo ka yone. Baiseraele ba bangongoregi ba ne ba lebetse gore Jehofa Modimo o ne a ba golotse mo bokgobeng le gore o ne a kgaoganya metsi a Lewatle le Lehibidu ka kgakgamatso gore ba kgabaganye. Tsela ya bone e e sa siamang ya go akanya e ne ya ba foufatsa gore ba se ka ba lemoga maatla a Modimo mme e ne ya ba amoga boitumelo. Ka ntlha ya seno, ba ne ba se ka ba tlhola ba ikanya Jehofa.
Mo godimo ga moo, motho yo o nnang fa fatshe a sekaseka seo se bakang mathata a gagwe o kgona go tlhaloganya mabaka fa e le gore diphoso tsa gagwe ka namana ke tsone tseo di bakileng mathata a gagwe. Go go kake ga nna bonolo go boeletsa phoso e e tshwanang gape. Jeremia o ne a tlhagisa Baiseraele ka ene gore ba se ka ba ngongorega ka ntlha ya mathata a a neng a ba tlhagela fa Jerusalema e sena go senngwa. Go boga gono ga bone e ne e le ka ntlha ya maleo ao ba neng ba a dirile ka bobone, mme ebile ke sone selo seo ba neng ba tshwanelwa ke go se tlhaloganya e le gore ba ke ba kgone go sokologa mme ba boele go Jehofa. (Dikhutsahalō 3:39, 40) Ka tsela e e tshwanang, morutwa Jude o ne a kgala “batho ba ba sa reñ Modimo sepè,” ba ba neng ba gana ditsela tsa ga Jehofa mme e le “bañōñōregi . . . ba ba tsamaeañ kaha dithatoñ tsa bōnè.”—Yude 3, 4, 16.
Fela jaaka Kgosi Solomone yo o botlhale a kile a bolela, “pelo e e nntseñ mokete ke kalahō e e molemō: me mōwa o o phatlogileñ o omeletsa marapō.” (Diane 17:22) Moya wa go ngongorega o gobatsa maikutlo a rona ebile o re amoga boitumelo. O supa fa re na le tlwaelo ya go tsaya sengwe le sengwe se se diragalang gore se tla nna bosula, go na le go tsaya sengwe le sengwe se se diragalang gore se tla nna molemo. Lefa go le jalo bao ba lekang go akanya le go bua ka dilo tseo di ‘bolelwang ka molemo’ ba nna le pelo e e itumetseng, selo seo se ba dirang gore ba ikutlwe botoka.—Bafilipi 4:8.
Kwantle ga pelaelo re tla tshela botshelo jo bo itumedisang fa re ka ela tlhoko dinonofo tse di molemo tsa batho go na le go ela tlhoko makoa a bone. Re tla tokafalelwa ke dilo fa re leka go itebaganya le maemo a a gwetlhang go na le go ngongorega ka dilo tseo re ileng ra palelwa mo go tsone. Tota le eleng diteko di ka nna tsa re dira gore re itumele fa re di leba e le dilo tseo di ka re nayang tshono e ntle ya go nonotsha tumelo ya rona le go nonotsha boitshoko jwa rona.—Yakobe 1:2, 3.
Gape go botlhokwa go gakologelwa gore fa re ngongorega, ga se fela gore re a ikgobatsa rona ka borona. Ka go tlhola re ngongoregetse ruri, re ka nna ra koafatsa tumelo ya ba bangwe. Pego e e sa itumediseng ya ditlhodi tse some tsa Baiseraele e ile ya dira gore setšhaba sotlhe se lebe go gapiwa ga Lefatshe Le Le Solofeditsweng e le selo seo se ka se kang sa kgonega. (Dipalō 13:25–14:4) Mo lekgetlong le lengwe, Moshe o ne a hutsafala thata ka ntlha ya dingongorego tse di sa kgaotseng tsa batho mo a ileng a kopa Jehofa gore bogolo a swe. (Dipalō 11:4, 13-15) Kafa letlhakoreng le lengwe, fa re bua dilo ka tsela e e agelelang, re ka kgona go nonotsha tumelo ya ba bangwe mme ra dira gore ba tswelele ba itumetse.—Ditihō 14:21, 22.
Le mororo re ka nna ra raelesega go ngongorega ka badirimmogo le rona, ditsala tsa rona, ba malapa a rona, kgotsa le eleng bagolwane ba phuthego, Jehofa o batla gore batho ba gagwe ba ‘ratane ka lorato lo lo tukang.’ Lorato lo lo ntseng jalo lo re tlhotlheletsa gore re bipe diphoso tsa ba bangwe go na le gore re papametse diphoso tsa bone. (1 Petere 4:8) Se se itumedisang ke gore, Jehofa o gakologelwa gore re lorole fela ebile ga a tlhokomele diphoso tsa rona. (Pesalema 103:13, 14; 130:3) Fa rotlhe re ne re ka leka go etsa sekao sa gagwe, kwantle ga pelaelo re ne re se kitla re nnela go ngongorega bobe.
Ka nako ya fa batho ba busediwa mo boitekanelong, ga go na ope wa rona yo o tla nnang le lebaka la go ngongorega ka botshelo jwa gagwe. Go fitlha nako eo e fitlha, re tshwanetse go ganana le dithaelo tsa gore re ngongorege ka ba bangwe kana maemo ape ao re rakanang le one ao a gwetlhang. Go bontsha gore re ikanya Jehofa le gore eleruri re rata badumedi ka rona, a re direng “dilō cotlhe ka mo go senañ diñōñōrègō.” (Bafilipi 2:14) Seno se tla itumedisa Jehofa mme se tla re solegela molemo thata. E le gore dilo di ke di re tsamaele sentle rona ka borona le ba bangwe, a re se ka ra lebala gore botshelo jwa go tlhola re ngongoregetse ruri ga se jo bo itumedisang.
[Setshwantsho mo go tsebe 20]
Tota le eleng go fepiwa ka kgakgamatso ke Modimo ka mana go ne go tsosa ngongorego