Kgosi Nngwe E Tlhapatsa Lefelo Le Le Boitshepo la ga Jehofa
“Me batho ba ba itseñ Modimo oa bōnè ba tla nna thata, ba tla diha ditihō tse dikgolo.”—DANIELE 11:32.
1, 2. Ke ntwa efe e e gakgamatsang e e ileng ya tshwaya hisitori ya motho ka dingwaga tse di fetang 2 000?
GO NA le dikgosi tse pedi tse di lwang tse di mo kgogakgoganong e e mašetla di lwela go laola. Go tsena e nngwe mo pusong, mme go bo go latela e nngwe, ka gonne di lwa lobaka lwa dingwaga di feta dikete tse pedi. Mo motlheng wa rona kgogakgogano eo e amile bontsi jwa batho ba ba mo lefatsheng mme e lekile bothokgami jwa batho ba Modimo. E felela ka tiragalo e e neng e sa lebelelwa ke epe ya dipuso tseno tse pedi. Hisitori eno e e kgatlhang e e kwadilweng e ise e diragale e ne ya senolelwa moperofeti wa bogologolo ebong Daniele.—Daniele, dikgaolo 10 go ya go 12.
2 Boperofeti jono bo amana le letlhoo le le ntseng le tswelela pele fa gare ga kgosi ya botsheka le kgosi ya borwa mme le ne la tlhalosiwa ka botlalo mo bukeng ya “Your Will Be Done on Earth.”a Mo bukeng eo go ne ga bontshiwa gore kgosi ya botsheka e simolotse e le Siria, ntlheng ya botsheka ya Iseraele. Morago, marapo a ne a tsewa ke Roma. Kwa tshimologong, kgosi ya borwa e ne e le Egepeto.
Kgotlhang mo Motlheng wa Bokhutlo
3. Go ya ka moengele, boperofeti kaga kgosi ya botsheka le kgosi ya borwa bo ne bo tla tlhaloganngwa leng, le gone jang?
3 Moengele yo o neng a senolela Daniele dilo tseno o ne a re: “Me wèna, Daniela, cwalèla mahoko, u kanèlè lokwalō, go ea go hitlha hèla kwa motlheñ oa bokhutlō: batho bantsi ba tla taboga tabogèla kwa le kwa, me kicō e tla totahala.” (Daniele 12:4) Ee, boperofeti jono bo amana le nako ya bokhutlo—lobaka lwa nako lo lo simolotseng ka 1914. Ka nako eo e e ka sekang ya lebalwa, batho ba le bantsi ba ne ba tla “tabogèla kwa le kwa” mo Dikwalong tse di Boitshepo, mme ka thuso ya moya o o boitshepo, kitso ya boammaaruri, go akaretsa go tlhaloganngwa ga boperofeti jwa Bibela, e ne e tla ntsifala. (Diane 4:18) Fa re ntse re tsenela kwa teng mo nakong eo, go ile ga tlhalosiwa dintlha tse di oketsegileng tsa boperofeti jwa ga Daniele. Ka jalo, re tshwanetse ra tlhaloganya jang boperofeti kaga kgosi ya botsheka le kgosi ya borwa ka 1993, dingwaga di le 35 jaanong fa e sa le go gatisiwa “Your Will Be Done on Earth”?
4, 5. (a) Ngwaga wa 1914 o bonwa fa kae mo boperofeting jwa ga Daniele malebana le kgosi ya botsheka le kgosi ya borwa? (b) Go ya ka moengele, go ne go tla diragala eng ka 1914?
4 Tshimologo ya motlha wa bokhutlo ka 1914 e ne ya tshwaiwa ke ntwa ya ntlha ya lefatshe le ke matshwenyego a mangwe a lefatshe a Jesu a a boleletseng pele. (Mathaio 24:3, 7, 8) A re ka kgona go supa gore ngwaga oo ke ofe mo boperofeting jwa ga Daniele? Ee. Tshimologo ya motlha wa bokhutlo ke ‘lobaka lo lo laotsweng’ lo lo umakilweng mo go Daniele 11:29. (Bona “Your Will Be Done on Earth,” ditsebe 269-70.) E ne e le nako e e neng e setse e tlhomilwe ke Jehofa mo motlheng wa ga Daniele, e re ka e ne ya tla kwa bokhutlong jwa dingwaga tse 2 520 tse di tshwailweng ke ditiragalo tsa botlhokwa tsa Daniele kgaolo 4.
5 Dingwaga tseo tse 2 520, go tloga ka nako ya fa go senngwa Jerusalema ka 607 B.C.E. Daniele a santse a le mosha go ya go fitlha ka 1914 C.E., di ne di bidiwa “metlha [e e tlhomilweng, NW] ea Badichaba.” (Luke 21:24) Go ne go tla nna le ditiragalo dife tsa bopolotiki fa e khutla? Moengele mongwe o ne a senolela Daniele seno. Moengele yono o ne a re: “Mo lobakeñ lo lo laocweñ [kgosi ya botsheka] o tla boea, a ea kwa borwa, me mo motlheñ oa moragō ga go ketla go nna yaka mo motlheñ oa pele.”—Daniele 11:29.
Kgosi E A Fenngwa mo Ntweng
6. Ka 1914, kgosi ya botsheka e ne e le mang, kgosi ya borwa yone e le mang?
6 Ka 1914 seabe sa go nna kgosi ya botsheka se ne se tserwe ke Jeremane, e e neng e eteletswe pele ke Kaiser Wilhelm. (“Kaiser,” e tswa mo seretong sa Seroma sa “Kaesare.”) Ntwa e e neng ya simologa kwa Yuropa e ne e le e nngwe ya dithulano tsa kgosi ya botsheka le kgosi ya borwa. Seabe sa kgosi eno e e umakilweng morago, ya borwa, se ne jaanong se tserwe ke Boritane, e e ileng ya gapa Egepeto fela go ise go ye kae, kwa kgosi ya borwa e neng e busa teng kwa tshimologong. Fa ntwa e ntse e tswelela pele, Boritane o ne a tla go thusiwa ke koloni ya yone ya pele, eleng United States of America. Kgosi ya borwa e ne ya nna Mmuso wa Lefatshe wa Maesemane le Maamerika, mmusomogolo o o maatla go e gaisa yotlhe mo hisitoring.
7, 8. (a) Ka ntwa ya ntlha ya lefatshe, dilo di ne tsa se ka tsa felela go tshwana le ‘motlha wa pele’ ka tsela efe? (b) Ntwa ya ntlha ya lefatshe e ne ya felela jang, mme lefa go ntse jalo go ya ka boperofeti, kgosi ya botsheka e ne ya itshwara jang?
7 Mo dintweng dingwe pele ga foo fa gare ga dikgosi tseno tse pedi, Mmusomogolo wa Roma, o e neng e le one kgosi ya botsheka o ne o ile wa fenya gantsi. Jaanong, ‘motlha wa morago o ne o sa tshwane le motlha wa pele.’ Ka ntlha yang? Ka gonne kgosi ya botsheka e ne ya fenngwa mo ntweng. Lebaka lengwe e ne e le gore “dishepa tsa Kitima” di ne di tlhasetse kgosi ya botsheka. (Daniele 11:30) Dishepa tseno e ne e le eng? Mo motlheng wa ga Daniele, Kitima e ne e le Kupero, mme kwa tshimologong ya ntwa ya ntlha ya lefatshe, Kupero e ne ya tsewa ke Boritane a e laola. Mo godimo ga moo, go ya ka The Zondervan Pictorial Encyclopedia of the Bible, leina Kitima “le akaretsa dinaga tsa Bophirima ka kakaretso, mme segolobogolo dinaga tsa Bophirima tse di dirisang lewatle thata.” New International Version e ranotse mafoko a a reng “dishepa tsa Kitima” jaaka “dishepa tsa dinaga tsa lotshitshi lo lo kafa bophirima.” Mo ntweng ya ntlha ya lefatshe, dishepa tsa Kitima di ne tsa itshupa e le dishepa tsa Boritane, kafa lotshitshing lo lo kafa bophirima lwa Yuropa. Morago Dikepe tsa Ntwa tsa Boritane di ne tsa nonotshiwa ke dishepa go tswa kwa kontinenteng e e kwa bophirima ya Amerika Bokone.
8 Ka ntlha ya tlhaselo eno, kgosi ya botsheka e ne ya ‘hutsafala’ mme ya dumela ka go ikgolola gore e fentswe ka 1918. Mme lefa go ntse jalo, o ne a sa fetsa. “O tla boea, me o tla galehèla kgōlaganō e e itshèpileñ, me o tla diha se o se ratañ: o tla boea hè, me a tlhōkōmèla bōnè ba ba latlhileñ kgōlaganō e e itshepileñ.” (Daniele 11:30) Moengele o ne a perofeta jalo, mme go ne ga nna fela jalo.
Kgosi E Dira Se E Se Ratang
9. Ke eng se se neng sa diragala pele Adolf Hitler a tsena mo pusong, mme o ne a ‘dira se a se ratang’ jang?
9 Morago ga ntwa, ka 1918, Ditsala tse di neng di fentse di ne tsa otlhaya Jeremane ka tumelano ya kagiso, e go bonalang e ne e diretswe go dira gore batho ba Jeremane ba nne ba bolawa ke tlala go ya go ile. Seo se ne sa felela ka gore, morago ga dingwaga di le mmalwa a kgaratlha mo mathateng a a boitshegang, Jeremane a bo a setse a itsetsepetse mo Adolf Hitler a neng a ka simolola go busa. O ne a simolola go nna ene a busang gotlhe ka 1933 mme ya re ka bonakonyana fela a simolola go tlhasela mo go setlhogo “kgōlaganō e e itshèpileñ,” e e neng e emelwa ke bomonnaa Jesu Keresete ba ba tloditsweng. Ka go dira jalo, o ne a dira se a se ratang kgatlhanong le Bakeresete bano ba ba ikanyegang, a bogisa bontsi jwa bone setlhogo thata.
10. E re ka a ne a batla go engwa nokeng, Hitler o ne a itsalanya le bomang mme go ne ga felela ka eng?
10 Hitler o ne a atlega mo go tsa ikonomi le mo go agisaneng le dinaga tse dingwe, fano le gone a dira se a se ratang. Mo dingwageng di sekae, o ne a dira gore Jeremane e nne naga e e nonofileng tota, a thusiwa go dira jalo ke “bōnè ba ba latlhileñ kgōlaganō e e itshepileñ.” E ne e le bomang bano? Go bonala sentle gore, e ne e le baeteledipele ba Labokeresete, ba ba neng ba bolela gore ba mo kgolaganong le Modimo ntswa ba sa le ba tlogetse go nna barutwa ba ga Jesu Keresete. Hitler o ne a atlega fa a laletsa “bōnè ba ba latlhileñ kgōlaganō e e itshepileñ” gore ba tle go mo ema nokeng. Mopapa kwa Roma o ne a dira tumelano le ene, mme Kereke ya Roma Katoliki, mmogo le dikereke tsa Porotesetanta kwa Jeremane, di ne tsa ema Hitler nokeng mo dingwageng tsotlhe tse 12 tsa puso ya gagwe e e boifisang.
11. Kgosi ya botsheka e ne ya “tlhapatsa helō ga boitshèpō” jang ya ba ya “tlosa chupèlō e e hisiwañ ea ka metlha eotlhe” jang?
11 Hitler o ne a atlega mo e leng gore o ne a ya ntweng, jaaka moengele a ne a boleletse pele ka boammaaruri. “Me dibolaō di tla nna ntlheñ ea gagwè, me ba tla tlhapatsa helō ga boitshèpō, eboñ kagō ea tlhabanèlō, me ba tla tlosa chupèlō e e hisiwañ ea ka metlha eotlhe.” (Daniele 11:31a) Kwa Iseraele wa bogologolo, lefelo le le boitshepo e ne e le karolo ya tempele e e kwa Jerusalema. Lefa go ntse jalo, fa Bajuda ba ne ba gana Jesu, Jehofa o ne a ba gana le tempele ya bone. (Mathaio 23:37–24:2) Fa esale ka lekgolo la ntlha la dingwaga, tempele ya ga Jehofa tota e ntse e le ya semoya, boitshepo jwa maitshepo a yone bo le kwa magodimong mme mo lefatsheng go na le lelwapa la semoya le mo go lone go direlang batlodiwa ba e leng bomonnaa Jesu, Moperesiti Yo Mogolo. Go tloga ka bo1930, boidiidi jo bogolo bo ntse bo direla mmogo le masalela a a tloditsweng; ka jalo, ga twe ba direla ‘mo tempeleng ya Modimo.’ (Tshenolō 7:9, 15; 11:1, 2; Bahebera 9:11, 12, 24) Lelwapa la selefatshe la tempele le ne la tlhapadiwa ka go bogisa masalela a a tloditsweng ka bosetlhogo mmogo le ditsala tsa bone mo dinageng tse kgosi ya botsheka e neng e busa kwa go tsone. Pogiso e ne e le setlhogo mo eleng gore tshupelo e e fisiwang ya ka metlha yotlhe—tshupelo ya phatlalatsa ya go baka leina la ga Jehofa—e ne ya tlosiwa. (Bahebera 13:15) Go ntse go le jalo, hisitori e bontsha gore le mororo ba ne ba bogisiwa botlhoko, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba ikanyegang, mmogo le “dinku di sele,” ba ne ba tswelela pele ba rera ka go iphitlha.—Yohane 10:16.
“Makgapha”
12, 13. “Makgapha” e ne e le eng, mme—go ya kafa motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale a bonetseng dilo pele ka gone—a ne a boa a tlhomiwa leng gape le gone jang?
12 Fa ntwa ya lefatshe ya bobedi e ntse e tsamaela go fela, go ne ga direga se sengwe gape. “Ba tla tlhōma makgapha a a shwahatsañ.” (Daniele 11:31b) “Makgapha” ano, a Jesu le ene a a umakileng, a ne a setse a itsewe e le Lekgotla la Kgolagano ya Merafe, sebatana se se bohibidu jo bo letlhololo se Tshenolō e bolelang gore se ne sa ya mo moleteng. (Mathaio 24:15; Tshenolō 17:8; bona Light, Buka ya Bobedi, tsebe 94.) Se ne sa dira jalo fa go simologa Ntwa ya Lefatshe II. Lefa go ntse jalo, kwa Kopanong ya Puso ya Modimo ya Lefatshe le Lesha ya Basupi ba ga Jehofa ka 1942, Nathan H. Knorr, poresidente wa boraro wa Watch Tower Bible and Tract Society, o ne a tlhalosa boperofeti jwa Tshenolō 17 mme a tlhagisa ka gore sebatana se ne se tla tswa gape mo moleteng.
13 Hisitori e ne ya tlhomamisa gore mafoko a gagwe a boammaaruri. Fa gare ga August le October 1944, kwa Dumbarton Oaks kwa United States, go ne ga simololwa go dirwa lokwalo lwa ditshwanelo lwa se se neng se tla bidiwa Lekgotla la Merafe E E Kopaneng. Lokwalo lono lo ne lwa amogelwa ke merafe e le 51, go akaretsa le se pele e neng e le Soviet Union, mme fa le simolola go dira ka October 24, 1945, totatota Lekgotla la Kgolagano ya Merafe le le neng le sa tlhole le dira le ne le tswa mo moleteng.
14. Kgosi ya botsheka e ne ya fetoga leng le gone jang?
14 Jeremane e ne e nnile mmaba o mogolo wa kgosi ya borwa mo dintweng tseo ka bobedi. Morago ga Ntwa ya Lefatshe II, karolo nngwe ya Jeremane e ne ya ipaya mo setlhopheng se sengwe ya nna tsala ya kgosi ya borwa. Mme lefa go ntse jalo karolo e nngwe ya Jeremane jaanong e ne ya itsalanya le mmusomogolo o mongwe o o nonofileng. Lekoko la dinaga tsa Bokomonise, le jaanong le neng le akaretsa karolo ya Jeremane, le ne la ema kgatlhanong le dijammogo tsa puso ya Maesemane le Maamerika, mme kgotlhang eno fa gare ga dikgosi tseno tse pedi e ne ya fetoga Ntwa ya Molomo.—Bona “Your Will Be Done on Earth,” ditsebe 264-84.
Kgosi le Kgolagano
15. Ke bomang ba ba ‘ikepang kgatlhanong le kgolagano,’ mme ba ile ba nna le kamano efe le kgosi ya botsheka?
15 Jaanong moengele a re: “Ba ba ikèpañ kaga kgōlaganō, o tla ba timetsa ka mahoko a a borethe.” (Daniele 11:32a) Ke bomang bano ba ba ikepang kgatlhanong le kgolagano? Fano le gone, e ka nna baeteledipele ba Labokeresete fela, ba ba iphakang gore ke Bakeresete mme ba leswefatsa lone leina la Bokeresete ka ditiro tsa bone. Mo ntweng ya bobedi ya lefatshe, “Puso ya Soviet e ne ya leka go dira gore Dikereke di e thuse ka dithoto le ka go e ema nokeng fela go sireletsa naga eo.” (Religion in the Soviet Union, e e kwadilweng ke Walter Kolarz) Morago ga ntwa, baeteledipele ba dikereke ba ne ba leka go tsweledisa botsala joo le mororo puso e jaanong e neng e le kgosi ya botsheka e ne e sa dumele mo Modimong.b Ka jalo, Labokeresete o ne a nna karolo ya lefatshe leno go feta nako epe pele—botenegi jo bo makgapha fa pele ga matlho a ga Jehofa.—Yohane 17:14; Yakobe 4:4.
16, 17. Ke bomang ‘ba ba botlhale,’ mme go ile ga direga eng ka bone kafa tlase ga puso ya kgosi ya botsheka?
16 Lefa go ntse jalo, go tweng ka Bakeresete ba boammaaruri? “Me batho ba ba itseñ Modimo oa bōnè ba tla nna thata, ba tla diha ditihō tse dikgolo. Me ba ba botlhale mo bathuñ ba tla ruta batho bantsi: leha go nntse yalo ba tla wa ka chaka le ka kgabo ea molelō, ka bochwarō, le ka go thopiwa ka malatsi a le mantsi.” (Daniele 11:32b, 33) Bakeresete ba ba neng ba tshela ka nako ya fa go busa kgosi ya botsheka, le mororo ka tshwanelo ba ‘utlwa babusi ba bagolo,’ ga ba ise ba ko ba nne karolo ya lefatshe leno. (Baroma 13:1; Yohane 18:36) Le mororo ba etse tlhoko gore ba neela Kaesare dilo tse e leng tsa ga Kaesare, gape ba neela “Modimo tse e leñ tsa Modimo.” (Mathaio 22:21) Bothokgami jwa bone bo ne jwa lekiwa ka ntlha ya lone lebaka leno.—2 Timotheo 3:12.
17 Ga felela ka eng? Ba ne ba ‘nna thata’ ba bo ba ‘wa.’ Ba ne ba wa ka gonne ba ne ba bogisiwa mme ba boga mo go botlhoko, ba bangwe ba bo ba bolawa. Mme ba ne ba nna thata ka gonne, ka kakaretso, ba ne ba nna ba ikanyega. Ee, ba ne ba fenya lefatshe, fela jaaka Jesu a fentse lefatshe. (Yohane 16:33) Mo godimo ga moo, ba ne ba se ka ba emisa go rera, le fa ba ne ba iphitlhela ba le mo kgolegelong kana mo kampeng ya pogisetso. Ka go dira jalo, ba ne ba ‘ruta batho ba bantsi.’ Lefa Basupi ba ga Jehofa ba kwa dinageng di le dintsi tse di neng di busiwa ke kgosi ya botsheka ba ne ba bogisiwa, palo ya bone e ne ya oketsega. Go ile ga nna le karolo e e ntseng e oketsegela pele ya “boidiidi yo bogolo” mo dinageng tseo, ka ntlha ya go ikanyega ga “ba ba botlhale.”—Tshenolō 7:9-14.
18. Masalela a a tloditsweng a a neng a nna mo dinageng tse di laolwang ke kgosi ya botsheka a ile a newa “thusonyana” efe?
18 Moengele o ne a bolelela pele jaana kaga go bogisiwa ga batho ba Modimo: “Me yana e tla re ba wa, ba tla thusiwa ka thusōnyana.” (Daniele 11:34a) Seno se ne sa direga jang? Selo sa ntlha, go fenya ga kgosi ya borwa mo ntweng ya lefatshe ya bobedi go ne ga felela ka gore Bakeresete ba ba neng ba tshela mo dinageng tse di laolwang ke kgosi ya botsheka ba gololesege. (Bapisa Tshenolō 12:15, 16.) Go tswa foo, ba ba neng ba bogisiwa ke kgosi e e ileng ya latela ya botsheka ba ne ba gololesega gangwe le gape, mme fa Ntwa ya Molomo e ntse e fela, baeteledipele ba le bantsi ba ne ba simolola go lemoga gore Bakeresete ba ba ikanyegang ga ba kotsi ka gope mme ka jalo ba ba letlelela kafa molaong.c Mo godimo ga moo, thuso e kgolo e ne ya tla ka go oketsega ga boidiidi jo bogolo, jwa ba ba ileng ba tsibogela go rera ka boikanyegi ga batlodiwa ba bo ba ba thusa, jaaka fa go tlhalositswe mo go Mathaio 25:34-40.
Go Itshekisiwa ga Batho ba Modimo
19. (a) Bangwe ba ne ba “ikōpanya nabō ka mahoko a a borethe” jang? (b) Polelwana “go ea go hitlha mo lobakeñ loa bokhutlō” e kaya eng? (Bona ntlhanyana e e kwa tlase.)
19 Mo bathong ba ba neng ba kgatlhegela go direla Modimo mo nakong eno ga se botlhe ba ba neng ba na le maitlhomo a mantle. Moengele o ne a tlhagisa jaana: “Batho ba le bantsi ba tla ikōpanya nabō ka mahoko a a borethe. Me bañwe ba bōnè ba ba botlhale ba tla wa, gore ba itshekisiwè, le gore ba nnè bantlè, le go ba shweuhatsa, go ea go hitlha mo lobakeñ loa bokhutlō: gonne go sa nntse go le ga lobaka lo lo laocweñ.”d (Daniele 11:34b, 35) Bangwe ba ne ba kgatlhegela boammaaruri mme lefa go ntse jalo ba sa iketleetsa go ineela ka botlalo go direla Modimo. Ba bangwe ba go neng go lebega ba amogela mafoko a a molemo tota e ne e le ditlhodi tsa babusi. Pego e e tswang kwa nageng nngwe e balega jaana: “Bangwe ba batho bano ba ba bosula e ne e le Makomonise a a ipoletseng a a neng a kukunetse mo phuthegong ya Morena, ba lebega ba tlhagafetse, ba bo ba newa maemo a a kwa godimo mo tirelong.”
20. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a letla Bakeresete bangwe ba ba ikanyegang gore ba ‘we’ ka ntlha ya baitimokanyi ba ba ileng ba kukunela mo teng?
20 Batho bano ba ba neng ba kukunetse mo teng ba ne ba dira gore bangwe ba ba ikanyegang ba tsene mo diatleng tsa babusi. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a letla gore dilo tse di ntseng jalo di direge? Gore ba itshekisiwe, ba nne bantle. Fela jaaka Jesu a ne a “ithuta kutlō ka dilō tse o di bogileñ,” fela jalo meyasebele eno e e ikanyegang e ne ya ithuta go itshoka ka go lekiwa tumelo. (Bahebera 5:8; Yakobe 1:2, 3; bapisa Malaki 3:3.) Ka jalo ba a ‘itshekisiwa, ba dirwa bantle, ba a sweufadiwa.’ Batho ba ba ntseng jalo ba ba ikanyegang ba tla itumela thata fa motlha o o tlhomilweng o fitlha wa gore ba duelelwe go itshoka ga bone. Seno se tla lemogiwa fa re tlhalosa boperofeti jo bongwe jwa ga Daniele.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., mme ya gololwa ka Seesemane ka 1958 kwa Kopanong ya Meraferafe ya Basupi ba ga Jehofa ya “Thato ya Modimo.”
b World Press Review ya November 1992 e ne e na le setlhogo se se neng se tswa go The Toronto Star se se neng se re: “Mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng, baagi ba kwa Russia ba ile ba bona dilo tse dintsi tse ba neng ba tsieditswe ka tsone mo hisitoring kaga gore naga ya bone e ka se tlhaselwe di phutlhama fela di sa direga. Mme go senolwa ga ntlha ya gore kereke e dirisana le lekoko la bokomonise go ne ga ba tshosa fela thata.”
d “Go ea go hitlha mo lobakeñ loa bokhutlō” go ka kaya “mo lobakeng lwa bokhutlo.” Lefoko le le ranotsweng fano jaaka “go ea go hitlha” le bonala mo temaneng ya Searamaika ya Daniele 7:25 mme koo le kaya “ka nako ya” kana “ka lobaka lwa.” Lefoko leno le na le bokao jo bo tshwanang mo ditemaneng tsa Sehebera tsa 2 Dikgosi 9:22, Yobe 20:5, le Baatlhodi 3:26. Lefa go ntse jalo, mo dithanolong di le dintsi tsa Daniele 11:35, le ranolwa go nna “go ya go fitlha,” mme fa e le gore le tshwanetse go tlhaloganngwa jalo, he “nakō ea bokhutlō” fano e tshwanetse ya bo e le nako ya bokhutlo jwa go itshoka ga batho ba Modimo.—Bapisa “Your Will Be Done on Earth,” tsebe 286.
A O A Gakologelwa?
◻ Ke ka ntlha yang fa gompieno re ka solofela go tlhaloganya boperofeti jwa ga Daniele botoka?
◻ Kgosi ya botsheka e ne ya ‘galefela kgolagano ya ba ya dira se e se ratang’ jang?
◻ Setlhopha sa motlhanka se ne sa bonela pele jang gore “makgapha” a ne a tla boa a tlhaga gape?
◻ Masalela a a tloditsweng a ne a ‘wa, a nna thata, a ba a bona thusonyana’ jang?
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Fa go busa Hitler, kgosi ya botsheka e ne ya rarabologelwa fa e sena go fenngwa ka 1918 ke kgosi ya borwa
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Baeteledipele ba Labokeresete ba ne ba leka go dira botsala le kgosi ya botsheka
[Motswedi wa Setshwantsho]
Zoran/Sipa Press