Dira Lenyalo la Gago Tshwaragano ya Bosakhutleng
“Se se kopancweñ ke Modimo, a se se kgaogañwe ke motho.”—MATHAIO 19:6.
1. Ke eng se se dirang gore lenyalo le atlege mo Bakereseteng ba boammaaruri gompieno?
DIKETEKETE di le dintsi tsa batho ba ga Jehofa gompieno di ipelela manyalo a a kgotsofatsang le a a nnelang ruri. Lefa go ntse jalo, go atlega ga one mo go anameng jaana ga go a itlela fela ka kotsi. Manyalo a Bakeresete a atlega fa balekane boobabedi ba (1) tlotla tsela e Modimo a lebang lenyalo ka yone le (2) fa ba leka go tshela go dumelana le melaometheo ya Lefoko la gagwe. E bile, ke Modimo ka boene yo o neng a simolola thulaganyo ya lenyalo. Ke Ene yo ‘ditshika tsotlhe mo lefatsheng di biditsweng ka ene.’ (Baefesia 3:14, 15) E re ka Jehofa e le ene yo o itseng gore go tlhokega eng gore lenyalo le atlege, ke rona ba re solegelwang molemo fa re latela kaelo ya gagwe.—Isaia 48:17.
2. Ke matswela afe a a nnang gone fa go sa dirisiwe melaometheo ya Bibela mo lenyalong?
2 Mo letlhakoreng le lengwe, fa melaometheo ya Bibela e sa dirisiwe go ka felela ka bohutsana jo bogolo mo lenyalong. Bomankge ba bangwe ba dumela gore batho ba le babedi mo go ba bararo ba ba nyalang gompieno kwa United States kgabagare ba tlile go tlhalana. Matshwenyego le go goga bokete mo ‘dipakeng tseno tse di tlhokofatsang’ a ama le Bakeresete. (2 Timotheo 3:1) Mathata a ikonomi le dikgatelelo tsa kwa tirong di ka koafatsa lenyalo lengwe le lengwe fela. Bakeresete ba bangwe le bone ba ne ba swabisiwa thata ke go bona balekane ba bone ba palelwa ke go dirisa melaometheo ya Bibela. “Ke rata Jehofa,” go bolela jalo mosadi mongwe wa Mokeresete, “mme lenyalo la me le ntse le na le mathata mo dingwageng tse 20 tse di fetileng. Monna wa me o pelotshetlha mme ga a batle go fetoga. Ke ikutlwa ke golegilwe.” Banna kana basadi ba le bantsinyana ba Bakeresete ba ile ba ntsha maikutlo a a tshwanang. Matsapa di a tsaya kae? Mme ke eng se se ka sireletsang lenyalo gore le se ka la nna bokoa kana gore le se ka la nna le dikilano?
Lenyalo Le Le Nnelang Ruri
3, 4. (a) Tekanyetso ya Modimo ke efe ka lenyalo? (b) Ke ka ntlha yang fa lenyalo le le nnelang ruri le siame e bile le le mosola?
3 Tota le mo maemong a a siameng tota, lenyalo ke go tshwaragana ga batho ba ba sa itekanelang. (Duteronome 32:5) Ke gone ka moo moaposetoloi Paulo a neng a bolela gore “ba ba nntseñ yalo [ba ba nyalang] ba tla bōna pitlaganō mo nameñ.” (1 Bakorintha 7:28) Maemo a mangwe a a sa laolesegeng a ka nna a baka kgaogano kana tlhalo. (Mathaio 19:9; 1 Bakorintha 7:12-15) Lefa go ntse jalo, mo mabakeng a le mantsi, Bakeresete ba dirisa kgakololo eno ya ga Paulo: “A mosadi a se tlogele monna oa gagwè . . . , gapè a monna a se tlogele mosadi oa gagwè.” (1 Bakorintha 7:10, 11) Eleruri, lenyalo le ne le diretswe go nna kamano e e tla nnelang ruri, ka gonne Jesu Keresete o ne a bolela jaana: “Se se kopancweñ ke Modimo, a se se kgaogañwe ke motho.”—Mathaio 19:6.
4 Fa mongwe a ikutlwa gore o golegetswe mo lenyalong le le senang botsalano kana le le senang lorato, o ka nna a tsaya gore tekanyetso ya ga Jehofa e boima e bile ga e utlwale. Mme ga go a nna jalo. Kamano ya lenyalo e e nnetseng ruri e dira gore banyalani ba ba boifang Modimo ba itshokele mathata a bone le go batla go a rarabolola, go na le gore ba phuaganye ditiro tse ba tshwanetseng go di dira fa ba thulana le mathata. Monna mongwe yo o neng a na le dingwaga tse di fetang 20 a ntse a nyetse o ne a e baya ka tsela eno: “O ka se tile dinako tsa mathata. Ga lo tle go nna lo itumetse ka dinako tsotlhe. Ke yone nako e tshwaragano e leng botlhokwa tota ka yone.” Ke boammaaruri gore, banyalani ba Bakeresete ba ikutlwa ba ikarabelela thata go Jehofa Modimo, yo e leng ene Mosimolodi wa lenyalo.—Bapisa Moreri 5:4.
Botlhogo le go Ineela
5. Ke kgakololo efe e nngwe ya ga Paulo e a e neelang banna le basadi ba ba mo lenyalong?
5 Ka gone, fa mathata a tlhaga, ga se nako ya gore o a tile, mme ke ya gore o batle tsela e e botoka ya go dirisa kgakololo ya Lefoko la Modimo. Ka sekai, akanya mafoko ano a ga Paulo, a a fitlhelwang mo go Baefesia 5:22-25, 28, 29: “Basadi ba lo nyecweñ lo ineeleñ mo banneñ ba e leñ ba lona, yaka e ka bo e le mo go Morèna. Gonne monna ke tlhōgō ea mosadi, yaka Keresete le èna e le tlhōgō ea phuthègō, ka e bile e le èna mmoloki oa mmele ka esi. Me yaka phuthègō e ineetse mo go Keresete, a basadi le bōnè ba nnè yalo mo banneñ ba bōnè mo diloñ cotlhe. Banna, ratañ basadi ba lona, hèla yaka Keresete le èna a ratile phuthègō, me a intshetsa eōna: Banna le bōnè ba chwanetse go rata basadi ba bōnè hèla yalo, yaka e ka bo e le mebele ea bōnè. Eo o ratañ mosadi oa gagwè oa ithata: Gonne ga go e se go ko go nne motho opè eo o kileñ a ila nama ea gagwè, me oa e otla, a e ñomaèle, hèla yaka Keresete le èna o dihèla phuthègō.”
6. Banna ba ba nyetseng ba Bakeresete ba tshwanetse go farologana jang le banna ba lefatshe?
6 Gantsi banna ba dirisa botlhogo jwa bone ka tsela e e sa tshwanelang mme ba gatelela basadi ba bone. (Genesise 3:16) Lefa go ntse jalo, Paulo o ne a rotloetsa banna ba Bakeresete gore ba se ka ba tshwana le banna ba lefatshe, ba nne jaaka Keresete, ba se bakgokgontshi ba ba laolang mosadi mo go sengwe le sengwe sa botshelo jwa gagwe. Eleruri, monna yono e bong Jesu Keresete o ne a ise a ko a nne makgwakgwa kana go gatelela. O ne a tlotla balatedi ba gagwe, a bolela jaana: “Tlañ kwano go nna lotlhe ba lo lapileñ, ba lo imèlwañ, me ke tla lo lapolosa. Ipeleseñ yokwe oa me, lo ithutè ga me; gonne ke bōnolō le boiñōtlō mo peduñ.”—Mathaio 11:28, 29.
7. Monna o ka bontsha jang mosadi wa gagwe tlotlo fa a tshwanelwa ke go dira tiro ya boitshediso?
7 Monna wa Mokeresete o tlotla mosadi wa gagwe jaaka sejana se se seng thata. (1 Petere 3:7) Ka sekai, a re re gongwe mosadi o tlamega go bereka tiro ya boitshediso. Monna o tla akanya ka seno, ka go mo thusa le go mo akanyetsa ka mo go ka kgonegang ka teng. Lebaka le legolo le le dirang gore basadi ba tlhale ke ka go bo banna ba bone ba tlhokomologa bana kana legae. Ka gone, monna wa Mokeresete o leka go mo thusa mo gae ka ditsela tse di botlhokwa tse di tla solegelang lelapa lotlhe molemo.
8. Ke eng se se akarediwang ke gore basadi ba Bakeresete ba bontshe boikokobetso?
8 Fa basadi ba Bakeresete ba bontshiwa tlotlo go nna motlhofo mo go bone gore ba ikokobeletse banna ba bone. Lefa go ntse jalo, seno ga se reye gore ke makgoba a a senang thuso. Modimo o ne wa se ka wa laela gore mosadi a nne lekgoba, mme o ne a laela gore a nne ‘mothusi’ (“mopati,” go ya ka ntlhanyana e e kwa tlase ya NW), a raya sengwe se se tshwanelang monna. (Genesise 2:18) Mo go Malaki 2:14, go buiwa ka mosadi e le “selekane” sa monna. Ka mo go tshwanang, basadi ba ba nyetsweng ba mo metlheng ya Bibela ba ne ba ipelela kgololesego e ntsi. Bibela e bolela jaana mabapi le “mosadi eo o mokgwa o o iphaphileñ”: “Pelo ea monna oa gagwè e mo ikantse.” Eleruri, o ne a neelwa ditiro tse di tshwanang le go laola ba ntlo ya gagwe botlhe, go tlhokomela go rekiwa ga dijo, go buisana ka go reka kana go rekisa matlo le masimo, le e leng go laola kgwebo nngwe e potlana.—Diane 31:10-31.
9. (a) Basadi ba ba boifang Modimo ba mo metlheng ya Bibela ba ne ba bontsha jang gore ba ineela ka boammaaruri? (b) Ke eng se se ka thusang mosadi wa Mokeresete gore a ineele gompieno?
9 Lefa go ntse jalo, mosadi yo o boifang Modimo o ne a tlotla botlhogo jwa monna wa gagwe. Ka sekai, Sara o ne a sa bontshe maitseo fela fa “a utlwa Aberahame, a mmitsa morèna,” mme gape o ne a bontsha gore o ineetse ka bopeloephepa. (1 Petere 3:6; Genesise 18:12) Gape o ne a tlogela legae la gagwe ka go rata le le manobonobo kwa motseng wa Ura e le gore a tle a age mo ditanteng le monna wa gagwe. (Bahebera 11:8, 9) Mme lefa go ntse jalo go ineela go ne go sa reye gore mosadi o ne a ka se kgone go tsaya kgato e e tlhokang boikarabelo fa go tlhokega. Fa Moshe a ne a palelwa ke go tlhwaela molao wa Modimo tsebe o o mabapi le go rupa, mosadi wa gagwe e bong Sipora, o ne a thibela kotsi ya masetlapelo ka go dira ka botlhale pele e diragala. (Ekesodo 4:24-26) Go akarediwa dilo di le dintsi go na le go itumedisa fela monna yo o sa itekanelang. Basadi ba tshwanetse ‘go ineela mo banneng ba bone, jaaka e ka bo e le mo go Morena.’ (Baefesia 5:22) Fa mosadi wa Mokeresete a akanya thata mabapi le kamano ya gagwe le Modimo, seno se tla mo thusa go tlodisa diphoso tse dinnye matlho le ditlhaelo tsa monna wa gagwe, fela jaaka le ene monna a tshwanetse go dira fa a dirisana le ene.
Puisano—Selo sa Konokono mo Lenyalong
10. Puisano e botlhokwa go le kana kang mo lenyalong?
10 Fa mmueledi mongwe wa tlhalo a ne a bodiwa gore ke lebaka lefe le lengwe fela le legolo le le dirang gore banyalani ba kgaogane, o ne a araba jaana: “Fa ba sa kgone go buisana ka boikanyegi, go ntsha megopolo ya bone e e kwa teng, le go tshwarana jaaka ditsala tse di botlhokwatlhokwa.” Ee, puisano ke selo sa konokono mo lenyalong le le nonofileng. Jaaka Bibela e bolela, “kwa go senang puisano ya mo sephiring teng maikaelelo a ke a retelelwe ke go nna le katlego.” (Diane 15:22, NW) Banna le basadi ba tshwanetse go nna ‘ditsala tse di ntshanang se inong,’ ba ipelela botsalano jo bo lorato, le jo bo gaufi mmogo. (Diane 2:17) Lefa go ntse jalo, banyalani ba le bantsi ba fitlhela gore go thata go buisana, mme ka jalo go nne le kgakalo go fitlhela ba sa tlhole ba kgona go itshoka. Kana balekane ba lenyalo ba ka itira e kete ba bontshana maitseonyana, mme ba kgaogane tota mo maikutlong.
11. Monna le mosadi ba ka tokafatsa puisano ya bone jang?
11 Go bonala bothata jo bongwe e le jwa gore banna le basadi gantsi ba na le mefuta e e sa tshwaneng ya go buisana. Go bonala basadi ba le bantsi ba ikutlwa ba gololesegile go tlotla ka maikutlo, fa banna bone go bonala ba rata go tlotla ka dilo tse ba bonang di diragala. Basadi ba rata thata go bontsha bopelotlhomogi le go tshegetsa motho mo maikutlong, fa banna bone ba rata go batla le go neela ditharabololo. Lefa go ntse jalo, balekane bano ba ka kgona go nna le puisano e e molemo fa ba ititeile sehuba gore ba “nnè bonakō go utlwa, le bonya go bua, le bonya go tlala bogale.” (Yakobe 1:19) Mo lebe o bo o mo reetse tota ka kelotlhoko. Dirang gore puisano ya lona e nne e e tswelelang pele lo dirisa dipotso tse di bontshang kamego. (Bapisa 1 Samuele 1:8; Diane 20:5.) Mo boemong jwa go leka go rarabolola bothata ka bonako fa molekane wa gago a go senolela jone, mo reetse ka kelotlhoko fa o ntse o batla tharabololo ya dikgang tseo. Mme lo rapele mmogo ka boikokobetso, lo batla kaelo ya bomodimo.—Pesalema 65:2; Baroma 12:12.
12. Balekane ba Bakeresete ba ka ipha nako ya bone jang ba le babedi?
12 Ka dinako tse dingwe go tshwenyega thata le go goga bokete mo botshelong go bonala go dira gore balekane ba lenyalo ba se ka ba nna le nako kana maatla a go bua ka tsela e e agang. Lefa go ntse jalo, fa Bakeresete ba batla gore lenyalo la bone e nne le le tlotlegang, le go le sireletsa gore le se ka la nna leswe ba tshwanetse go nna ba atamelane thata. Ba tshwanetse go tsaya tshwaragano ya bone e le selo se se tlhokegang thata, e le tlhwatlhwakgolo, e bile ba tshwanetse go e batlela nako gape mongwe le mongwe wa bone o tshwanetse go ipha nako ya go nna le yo mongwe. (Bapisa Bakolosa 4:5.) Mo mabakeng a mangwe go bona tharabololo ya go bona nako ya puisano e e siameng e ka nna fela go tima thelebishene. Fa balekane ba lenyalo ba nna mmogo ka metlha ba nwa tee kana kofi go ka ba thusa go buisana ka maikutlo a bone. Mo dinakong tseo ba ka ‘buisana’ ka dikgang tse di farologaneng tsa lelapa. (Diane 13:10) Mme a bo go le botlhale jang ne go itlwaetsa go buisana ka dilo tse dinnye tse di kgopisang le go tlhoka kutlwisisano pele di tsosa mathata a magolo thata!—Bapisa Mathaio 5:23, 24; Baefesia 4:26.
13. (a) Jesu o ne a bontsha sekao sefe sa go bua ka tshosologo le go ikanyega? (b) Ke ditsela dife tse dingwe tse di ka dirang gore balekane ba lenyalo ba atamelane thata?
13 Monna mongwe o ne a ipolela jaana: “Gantsi go thata tota gore ke ntshe maikutlo a me le go bolelela [mosadi wa me] gore tota ke ikutlwa jang.” Lefa go le jalo, go ntsha mafatlha a gago ke selo sa konokono sa gore lo atamelane thata. Ela tlhoko tsela e Jesu a neng a bua ka tshosologo ka teng e bile a ikanyega mo malokong a setlhopha se se neng se tla nna monyadiwa wa gagwe. O ne a bolela jaana: “Ga ke tlhole ke lo bitsa batlhanka; gonne motlhanka ga a itse se morèna oa gagwè o se dihañ: me ke lo biditse ditsala; gonne dilō cotlhe tse ke di utlwileñ mo go Rrè, ke di lo itsisitse.” (Yohane 15:15) Ka jalo leba molekane wa gago jaaka tsala. Ikanye molekane wa gago ka maikutlo a gago. Leka go ‘bontsha lorato’ ka tsela e e motlhofo, le e e ikanyegang. (Sehela sa Dihela 1:2) Ka dinako tse dingwe go buisana ka tshosologo go ka nna ga lebega go na le bothata, mme fa balekane ka bobedi ba leka ka natla, ba ka fitlhelela go le gontsi thata gore ba dire lenyalo la bone tshwaragano ya bosakhutleng.
Go Dirisana le Dikgotlhang
14, 15. Go omana go ka tilwa jang?
14 Eleruri dikgotlhang tsa mmatota di tla tsoga gangwe le gape. Mme lefa go ntse jalo legae la gago ga le a tshwanela go fetoga ‘ntlo e e tletsetletseng ka dikomano.’ (Diane 17:1) Lo nne kelotlhoko gore lo se ka lwa tlotla dikgang tse di masisi fa bana ba lo reeditse, mme o akanyetse maikutlo a molekane wa gago. Fa Ragele a ne a hutsafalela go bo a sa tshole a bo a kopa Jakobe gore a mo neye bana, o ne a tenega mme a mo araba jaana: “A ke mo boemoñ yoa Modimo o o gu timileñ louñō loa sebopèlō?” (Genesise 30:1, 2) Fa go tsoga mathata mo lelapeng, lwa le bothata, o se ka wa lwa le motho. Fa lo tlotla mo sephiring, tilang “go bua ka kgakgabuèlō” kana go tsena yo mongwe mo ganong go sa tlhokafale.—Diane 12:18.
15 Ke boammaaruri gore, o ka nna wa bo o tlhomamisa thata ka kgopolo ya gago, mme seno se ka bontshiwa kwantle ga “mañadiñadi, le kgakalō, le bogale, le komañ, le go kgala.” (Baefesia 4:31) “Tlotlang mathata a lona lo bua ka lentswe le le tlwaelegileng,” go bolela jalo monna mongwe yo o nyetseng. “Fa mongwe a simolola go buela kwa godimo, kgaotsa go bua. Boela gape morago ga nako e khutshwane. Tswelela pele ka go bua.” Diane 17:14 e neela kgakololo eno e e molemo: “Lesañ go tatalalana lo e se lo ee go lwa.” Lekang go buisana gape fa lo setse lo ritibetse loobabedi.
Nna O Ikanyega mo go Yo Mongwe
16. Ke ka ntlha yang fa boaka e le kgang e e masisi jaana?
16 Bahebera 13:4 e bolela jaana: “A nyalō e tlotlwè mo go botlhe, me a bolaō bo se leshwèhadiwe: gonne Modimo o tla sekisa bagokahadi le baboaka.” Go dira boaka ke go leofela Modimo. Gape bo thuba lenyalo. (Genesise 39:9) Mogakolodi mongwe wa manyalo o kwala jaana: “Fa yo mongwe a ka tshwarwa a dirile boaka, bo itaya lelapa lotlhe jaaka sefefo se segolo, bo thuba malapa, bo fedisa boikanyego le boitlotlo, bo gobatsa bana.” Gape go ka felela ka gore molekane a ithwale kana a tsenwe ke bolwetse jo bo tshelanwang jwa dikobo.
17. Dikeletso tsa boaka di ka tilwa kana go ganwa jang?
17 Batho ba bangwe ba rotloetsa dikeletso tsa boaka ka go amogela kgopolo e e bosula ya lefatshe leno ya tlhakanelodikobo jaaka e bontshiwa mo dibukeng, mo thelebisheneng, le mo dibaesekopong. (Bagalatia 6:8) Lefa go le jalo, babatlisisi ba bolela gore gantsi boaka ga bo bakiwe fela ke go eletsa tlhakanelodikobo mme gape bo bakiwa ke go akanya gore o tlhoka go itshupa gore o santse o le montle kana go eletsa go ratiwa thata. (Bapisa Diane 7:18.) Go sa kgathalesege gore lebaka ke lefe, Mokeresete o tshwanetse go gana go ijesa dijo tsa ditoro ka boitsholo jo bo sa siamang. Tlotla ka maikutlo a gago ka boikanyegi le molekane wa gago. Kopa thuso mo bagolwaneng ba phuthego fa go tlhokega. Go dira jalo go tla go thusa gore o se ka wa wela mo boleong. Mo godimo ga moo, Bakeresete ba tlhoka go nna kelotlhoko fa ba dirisana le maloko a bong bo sele. Go tla bo go sa dumelane le Dikwalo gore e re o nyalane le motho yo mongwe mme o bo o ka eletsa yo mongwe. (Yobe 31:1; Mathaio 5:28) Bakeresete thatathata ba tshwanetse go ikela tlhoko gore ba se ka ba iphitlhela ba gapane maikutlo le badirikabone. Dira gore lo dirisane ka botsalano mme e le ka tsa tiro fela.
18. Gantsi ke eng se se bakang mathata a tlhakanelodikobo mo lenyalong, mme a ka rarabololwa jang?
18 Sengwe se se ka go sireletsang thata ke go amana ka lorato, le go buisana ka tshosologo le molekane wa gago. Babatlisisi ba le bantsi ba bolela gore mathata a tlhakanelodikobo mo lenyalong ga se gantsi a amana le mmele fela mme gantsi a bakwa ke go nna le puisano e e bokoa. Mathata a a tshwanang le ano a nna gone ka sewelo fela fa banyalani ba buisana ka tshosologo ba bo ba neela yo mongwe ditshwanelo tsa gagwe tsa lenyalo jaaka tsela ya go bontsha lorato e seng jaaka boikarabelo.a Tlase ga maemo a a ntseng jalo a a tshwanetseng, botsalano jo bo gaufi thata bo ka nonotsha kamano ya lenyalo.—1 Bakorintha 7:2-5; 10:24.
19. “Sebōhō sa boitekanèlō” ke eng, mme se ka ama lenyalo jang?
19 Lorato ke lone “sebōhō sa boitekanèlō” mo phuthegong ya Bokeresete. Fa banyalani ba ba boifang Modimo ba tlhagolela lorato ba ka ‘itshokelana le go itshwarelana.’ (Bakolosa 3:13, 14) Lorato lo lo laolwang ke melaometheo lo dira gore ba bangwe ba itumele. (1 Bakorintha 13:4-8) Tlhagolela lorato lo lo ntseng jalo. Go tla go thusa go nonotsha kamano ya lenyalo la gago. Dirisa melaometheo ya Bibela mo botshelong jwa gago jwa lenyalo. Fa o dira jalo, lenyalo la gago le tla itshupa fa le tla nna tshwaragano ya bosakhutleng e bile lo tla tlisa kgalalelo le tlotlo go Jehofa Modimo.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Setlhogo se se reng “Puisano—Ga Se Go Bua Fela,” se se leng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya August 1, 1993, se ne sa bontsha kafa banyalani ba ka fenyang mathata a a tshwanang le ano ka teng.
O Ne O Tla Araba Jang?
◻ Ke ka ntlha yang fa lenyalo le tshwanetse go nna kamano e e nnelang ruri?
◻ Ke kgopolo efe e re e neelwang ke Bibela e e mabapi le botlhogo le go ineela?
◻ Banyalani ba ka tokafatsa puisano ya bone jang?
◻ Banyalani ba ka dirisana jang le dikgotlhang ka tsela ya Bokeresete?
◻ Ke eng se se tla thusang go nonotsha kamano ya lenyalo?
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Fa mosadi a tshwanelwa ke go dira tiro ya boitshediso, monna wa gagwe wa Mokeresete ga a ketla a mo letlelela gore a imelwe