Medi ya Bolatolamodimo
RE TSHELA mo polaneteng e e tletseng dikotsi; seno se bonala letsatsi le letsatsi fa o okomela ditlhogo tsa pampiri ya dikgang. Boitlhobogo jwa lefatshe la rona bo dirile gore batho ba bantsi ba belaele gore Modimo o teng. Bangwe ba ba bolelang gore ke balatolamodimo e bile ba latola gore o teng. A go ntse jalo ka wena?
Go dumela kgotsa go sa dumele mo Modimong go ka ama dilo tse o di lebeletseng mo isagweng. Kwantle ga Modimo, botshelo jwa lotso lwa motho bo mo taolong ya motho ka mo go feletseng—seo se kgobang marapo fa re ela tlhoko tshenyo e motho a kgonang go e dira. Fa e le gore o dumela gore Modimo o teng, he, go raya gore o dumela gore go na le lebaka la go bo botshelo bo le teng mo polaneteng eno—sengwe se se santseng se tla diragala.
Le mororo batho ba ba latolang gore Modimo o teng ba ne ba se bantsi thata mo hisitoring, bolatolamodimo bo ile jwa anama thata mo makgolong a bosheng a dingwaga. A o itse gore ke ka ntlha yang?
Go Lemoga Medi
Setlhare se setelele se a kgatlha fa o se leba. Lefa go ntse jalo, leitlho le bona matlhare, dikala le thito fela. Medi—e e leng motswedi wa botshelo jwa setlhare—e fitlhegile mo mmung.
Go a tshwana le ka bolatolamodimo. Jaaka setlhare se se goletseng kwa godimo, go latola gore Modimo o teng go ile ga anama thata mo lekgolong la bo19 la dingwaga. A botshelo le lobopo di ka nna teng kwantle ga Motlhodi yo o nang le maatla a a fetang a motho? A go obamela Mmopi yo o ntseng jalo ke go senya nako? Dikarabo tsa borafilosofi ba maemo a a kwa godimo ba motlha ono di ne di nonofile e bile di phepafetse. “Ga re tlhoke bodumedi fela jaaka re sa tlhole re tlhoka molao wa boitsholo,” go ne ga bolela Friedrich Nietzsche. “Bodumedi ke selo se se loriwang ke mogopolo wa motho,” go ne ga gatelela jalo Ludwig Feuerbach. Karl Marx, yo mekwalo ya gagwe e neng e tlile go tlhotlheletsa batho thata mo masomeng a dingwaga a a neng a tla latela, o ne a bua jaana ka bopelokgale: “Ke batla gore mogopolo wa motho o gololesege ka mo go oketsegileng mo kgolegong ya bodumedi.”
Ba bantsi ba ne ba kgatlhegile. Lefa go ntse jalo, se ba neng ba se bona e ne e le fela matlhare, dikala, le thito ya bolatolamodimo. Medi e ne e eme sentle e bile e ne e setse e tlhoga pele lekgolo la bo19 la dingwaga le simologa. Se se gakgamatsang ke gore ditumelo tsa Labokeresete di ne tsa rotloetsa go anama ga bolatolamodimo mo motlheng wa segompieno! Ba dirile seno jang? Mekgatlho eno ya bodumedi, e ne ya swabisa batho le go tsosa kganetso e kgolo, ka ntlha ya bosula jwa yone.
Peo E A Jalwa
Mo Metlheng ya Bogare, Kereke ya Katoliki e ne ya gatelela maloko a yone. “Ditlhopha tsa baruti di ne di lebega di palelwa ke go naya batho dilo tsa semoya tse ba di tlhokang,” go akgela jalo The Encyclopedia Americana. “Baruti ba maemo a a kwa godimo, segolobogolo bobishopo, ba ne ba tsewa go tswa mo bathong ba maemo a a kwa godimo ka jalo ba ne ba leba tiro ya bone e le e e ba tlotlomatsang le go ba naya taolo.”
Bangwe, ba ba tshwanang le John Calvin le Martin Luther, ba ne ba leka go fetola kereke. Lefa go ntse jalo, mekgwa ya bone e ne e sa tshwane le ya ga Keresete ka metlha; go sa batle go itshokela ba bangwe le tshololo ya madi di ne tsa dirwa thata mo motlheng wa Phetogo E Kgolo. (Bapisa Mathaio 26:52.) Ba ne ba e tlhasela ka bogale tota mo e leng gore makgolo a dingwaga a le mararo moragonyana, Thomas Jefferson, poresidente wa boraro wa United States, o ne a kwala jaana: “Motho yo o sa dumeleng mo Modimong gotlhelele o ka itshwarela botoka go na le go o tlhapatsa ka ditiro tse di maswe thata tsa ga Calvin.”a
Ka phepafalo, Phetogo E Kgolo ga e a ka ya tsosolosa kobamelo e e itshekileng. Mme e ne ya fokotsa taolo ya Kereke ya Katoliki. Vatican e ne e sa tlhole e laola tumelo ya batho ba bodumedi joo ka botlalo. Ba bantsi ba ne ba tsena mo makokong a a neng a sa tswa go tlhomiwa a Boporotesetanta. Ba bangwe, ka go swabisiwa ke bodumedi ba ne ba obamela mogopolo wa motho. Mongwe le mongwe o ne a ikakanyetsa dilo ka boene, mme seno se ne sa dira gore go nne le dikgopolo tse di farologaneng ka Modimo.
Boikutlo jwa go Belaela Bo A Gola
Ka lekgolo la bo18 la dingwaga, go dumalana le mabaka go ne go tsewa jaaka molemo o o ka alafang mathata a lefatshe. Rafilosofi wa Mojeremane, Immanuel Kant, o ne a bolela gore kgatelopele ya motho e ne e kgorelediwa ke go kaelwa ke dipolotiki le bodumedi. O ne a kopa jaana: “Ititeye sehuba o batle go itse! Nna pelokgale go dirisa botlhale jwa gago!”
Boikutlo jo, bo ne bo aname mo motlheng wa Tshedifalelo e gape e neng e itsiwe jaaka Motlha wa Tirisomabaka. O ne wa fitlha le mo lekgolong la bo18 la dingwaga, mme go batla kitso go ne go tletse thata mo lobakeng lono. “Ba ba neng ba ntse ba belaela ba ne ba simolola go dumela sengwe le sengwe,” go bolela buka ya Milestones of History. “Dilo tse di neng di dumelwa le go dirwa mo ngwaong bogologolo di ne di belaelwa.”
‘Selo se go neng go dumelwa mo go sone bogologolo sa ngwao’ se se neng sa tlhatlhobiwa e ne e le bodumedi. “Batho ba ne ba fetola kgopolo ya bone ka bodumedi,” go bolela buka ya The Universal History of the World. “Ba ne ba sa tlhole ba kgotsofadiwa ke go solofediwa gore ba tlile go bona tuelo kwa legodimong; ba ne ba batla botshelo jo bo botoka mo lefatsheng. Ba ne ba simolola go sa dumele gore go na le maatla mangwe a a kwa godimo ga motho.” Tota, borafilosofi ba bantsi ba ba buelelang Tshedifalelo ba ne ba ila bodumedi. Segolobogolo ba ne ba tshwaya phoso baeteledipele ba ba ratang go laola ba Kereke ya Katoliki gore ga ba rute batho sepe.
Ka ntlha ya go sa kgotsofadiwe ke bodumedi, bontsi jwa borafilosofi ba ne ba latela bodumedi jwa tlholego; ba ne ba dumela mo Modimong mme ba bolela gore ga a na sepe le batho.b Ba sekae ba bone ba ne ba nna balatolamodimo ba sa iphitlhe, jaaka rafilosofi Paul Henri Thiry Holbach, yo o neng a bolela gore bodumedi ke “bone bo bakang dikgaogano, go tlhoka tlhaloganyo le bokebekwa.” Fa dingwaga di ntse di feta, ba bantsi ba ne ba fedisiwa pelo ke Labokeresete mme ba dumalana le mogopolo wa ga Holbach.
A bo go ne go gakgamatsa jang ne gore Labokeresete o ne a rotloeditse go anama ga bolatolamodimo! “Dikereke di tsweleditse pele bolatolamodimo,” go kwala jalo Michael J. Buckley, porofesa wa thutobomodimo. “Digakolodi tsa batho ba Bophirima di ile tsa kgopisiwa le go tenwa ke ditumelo tse di nang le melao e e tshwanang. Dikereke le makoko di ne di tlhakatlhakantse Yuropa, di laotse gore batho ba ganyaolwe, tsa batla gore bodumedi bo supe boganana kgotsa bo fetoge fela thata, tsa leka go koba kgotsa go thankgola babusi mo maemong a bone.”
Bolatolamodimo Bo Amogelwa le go Tlotlomadiwa Fela Thata
Ka lekgolo la bo19 la dingwaga, go latola gore Modimo o teng go ne go buiwa fela phatlalatsa e bile go anama. Borafilosofi le borasaense ba ne ba sa tshwenngwe ke go bolela dikgopolo tsa bone ka bopelokgale. “Mmaba wa rona ke Modimo,” go ne ga bolela molatolamodimo mongwe phatlalatsa. “Go ila Modimo ke tshimologo ya botlhale. Gore batho ba kgone go gatela pele tota, ba tshwanetse ba dira seno mo motheong wa bolatolamodimo.”
Lefa go ntse jalo phetogo e e bofitlha eno e ne ya diragala mo lekgolong la bo20 la dingwaga. Go latola Modimo go ne ga kokobela; mofuta o o farologaneng wa bolatolamodimo o ne wa anama, o ama le ba ba ipolelang gore ba dumela mo Modimong.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Makoko a Boporotesetanta a a neng a nna teng ka ntlha ya Phetogo E Kgolo a ne a boloka dithuto tse dintsi tse di sa tsweng mo dikwalong. Bona Awake! ditokololo tsa August 22, 1989, ditsebe 16-20 le September 8, 1989, ditsebe 23-7.
b Batho ba bodumedi jwa tlholego ba ne ba bolela gore Modimo fela jaaka modiri wa tshupanako, o ne a tlhola dilo a bo a di tlhokomologa, a sa tshwenyege ka tsone. Go ya ka buka The Modern Heritage batho ba bodumedi jwa tlholego “ba ne ba dumela gore bolatolamodimo e ne e le phoso e e dirilweng ke batho ka boitlhobogo mme gore thulaganyo ya bolaodi jwa Kereke ya Katoliki le go gagamala le go gatelela ga dithuto tsa yone di ne di le maswe thata.”
[Setshwantsho mo go tsebe 3]
Karl Marx
[Setshwantsho mo go tsebe 3]
Ludwig Feuerbach
[Setshwantsho mo go tsebe 3]
Friedrich Nietzsche
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 2]
COVER: Earth: By permission of the British Library; Nietzsche: Copyright British Museum (see also page 3); Calvin: Musée Historique de la Réformation, Genève (Photo F. Martin); Marx: U.S. National Archives photo (see also page 3); Planets, instruments, crusaders, locomotive: The Complete Encyclopedia of Illustration/J. G. Heck; Feuerbach: The Bettmann Archive (see also page 3)