Letsatsi le le ‘Tukang Jaaka Leiso la Boubelo’
“Motlha o etla, o tuka jaaka leiso la boubelo.”—MALAKI 4:1.
1. Ke dipotso dife tse di tsogang go dumalana le Malaki 4:1?
MO METLHENG eno ya bofelo, go itumela batho ba Jehofa a itlhophetseng maina a bone gore a a kwale mo lokwalong lwa gagwe lwa segopodiso. Mme re ka reng ka batho ba ba palelwang ke go tshwanela tshiamelo eo? Go sa kgathalesege gore ke babusi kana ke batho fela, ba tla amiwa ke seo jang fa ba nyatsa baboledi ba Bogosi jwa Modimo le molaetsa wa bone? Malaki o bolela ka letsatsi le batho ba ikarabelang ka lone. Re bala jaana mo go kgaolo 4, mo temaneng ya 1: “‘Gonne motlha o etla, o tuka jaaka leiso la boubelo; botlhe ba ba bokaka, le botlhe ba ba dirang boikepo ba tlaa nna dirine; motlha o o tlang o tlaa ba laila,’ go bua Jehofa wa masomosomo, ‘ga o ketla o ba tlogelela le fa e le motswe kgotsa kala.’”
2. Ke tlhaloso efe ya setshwantsho ya katlholo ya ga Jehofa e e neetsweng mo go Esekiele?
2 Baperofeti ba bangwe le bone ba bapisa go atlhola ditšhaba ga ga Jehofa le mogote o o babolang wa leiso la boubelo. A bo Esekiele 22:19-22 e lebisa ka phepafalo jang ne kwa katlholong ya Modimo fa a tla bo a atlhola makoko a Labokeresete wa botenegi! E balega jaana: “Ke gone ka moo, go bua Morena Modimo, a re: ‘E re ka lo fetogile manyelo lotlhe, ke gone bonang, ke tlaa lo kokoanyetsa . . . Jaaka go tle go kokoanyediwe selefera, le kgotlho, le tshipi, le lotwe, le boleke mo leisong la leubelo, go tla go ubelelwa molelo mo go tsone, gore di tlhapolosiwe; ke tlaa lo kokoanya jalo mo bogaleng jwa me, le mo tšararegong ya me, ke tlaa lo baya teng, ke lo tlhapolosa. Ee, ke tlaa lo kokoanya, ke lo ubela ka molelo wa bogale jwa me, mme lo tlaa tlhapolosiwa mo gare ga teng. Jaaka selefera se tle se tlhapolosiwe mo leisong la leubelo, le lona lo tlaa tlhapolosiwa jalo mo gare ga teng, mme lo tlaa itse fa nna Jehofa, ke lo goromeleditse tšararego ya me.’”
3, 4. (a) Ke eng se baruti ba ileng ba se bolela sa boitimokanyi? (b) Bodumedi bo na le rekoto efe e e bosula?
3 A bo ruri e le setshwantsho se se maatla jang ne! Baruti ba ba ikgogonang mo go diriseng leina la ga Jehofa, tota le e leng go tlhapatsa leina leo le le boitshepo, ba tshwanetse go lebana le letsatsi leo la katlholo. Ba bolela ka boikgogomoso gore bone le ditsala tsa bone tsa sepolotiki ba tla tlhoma Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng, kana gongwe ba dire gore lefatshe le tshwanele go nna lefelo la Bogosi.
4 Labokeresete wa botenegi o inaakantse le babusi ba sepolotiki mo go lweng dintwa tse di tsitsibanyang mmele. Hisitori e bega ka Botlhabanelatumelo jwa mo metlheng ya bogare, Kgotlatshekelo e e Kgatlhanong le Boikeodi ya Spain e e neng e pateletsa batho gore ba sokologe, Ntwa ya Dingwaga Tse Masome Mararo e e neng ya senya Yuropa mo lekgolong la bo17 la dingwaga le Ntwa ya Selegae ya Spain e e neng ya lowa ka bo1930, e e neng e lwelwa gore Bokatoliki bo nne le maemo a a siameng kwa Spain. Dintwa tse pedi tsa lefatshe tsa mo lekgolong la rona la dingwaga di ne tsa tlisa tshololo ya madi e kgolo thata, fa Bakatoliki le Baporotesetanta ba ne ba lwa ba gololesegile, ba bolaya badumedikabone ba sa ba tlhaole mmogo le batho ba bodumedi bo sele. Bosheng thata jaana, go ne go ntse go na le dipolaano tsa Bakatoliki le Baporotesetanta kwa Ireland, gareng ga makoko a sedumedi kwa India, le gareng ga ditlhopha tsa bodumedi tsa naga e pele e neng e le Yugoslavia. Gape bodumedi bo ile jwa bolaela diketekete tsa basupi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa tumelo ya bone.—Tshenolo 6:9, 10.
5. Bodumedi jwa maaka bo emetswe ke katlholo efe?
5 Re ka iketleetsa go anaanela katlholo e e siameng ya ga Jehofa e e ntseng e atamela mo go Babilone o Mogolo e leng mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, mmogo le batshegetsi ba one ruri ke e e tshwanetseng. Katlholo eno e tlhalositswe mo go Tshenolo 18:21, 24: “Moengele mongwe yo o thata a tsaya lentswe, e kete lolwala lo logolo, a lo thabuetsa mo lewatleng, a re: ‘Babilone, motse o mogolo o tlaa piriganngwa jalo ka piriganyo e kgolo, mme ga o ketla o tlhola o bonwa gope. Mme ga fitlhelwa madi a baperofeti, le a baitshepi mo go one, le a botlhe ba ba bolailweng mo lefatsheng.’”
6. (a) Ke bomang ba ba tshwanetseng go nna dirine, mme ka ntlha yang? (b) Ke eng se se tlhomamisediwang batho ba ba boifang Jehofa?
6 Fa nako e ntse e ya, baba botlhe ba tshiamo, mmogo le ba ba ba reetsang, “ba tlaa nna dirine.” Letsatsi la ga Jehofa le tla ba fisa jaaka leiso la boubelo. “Ga o ketla o ba tlogelela le fa e le motswe kgotsa kala.” Mo letsatsing leo la go ikarabelela, bana ba bannye, kana dikala, ba tla atlholwa ka tshiamo go ya ka se Jehofa a se sekasekileng mo metsweng ya bone e bong batsadi, ba ba neng ba tlhokometse bana bano. Batsadi ba ba bosula ba ka se nne le dikokomana tse di tla tsweledisang ditsela tsa bone tse di bosula. Mme ba ba dumelang mo ditsholofetsong tsa Bogosi jwa Modimo ga ba kitla ba reketlisiwa gope. Ka gone Bahebere 12:28, 29 e rotloetsa jaana: “A re nneng le tshegofatso e re ka dirang tiro e e kgatlhang Modimo ka yone, ka tshisimogo le poifo; gonne Modimo wa rona ke molelo o o lailang.”
A Jehofa ke Modimo o o Setlhogo?
7. Lorato lwa ga Jehofa lo tsena mo katlholong ya gagwe jang?
7 A seno se kaya gore Jehofa ke Modimo o o setlhogo, o o sa itshwareleng? Nnyaa! Mo go 1 Johane 4:8, moaposetoloi o bolela boammaaruri jwa motheo jaana: “Modimo o lorato.” Go tswa foo, mo temaneng ya 16 o gatelela jaana, a re: “Modimo o lorato; yo o nnetseng ruri mo loratong, o nnetse ruri mo Modimong, le Modimo o nnetse ruri mo go ene.” Jehofa o ikaelela go phepafatsa lefatshe leno le le tletseng boikepo ka go bo a rata batho. Modimo wa rona o o lorato le o o kutlwelobotlhoko o bolela jaana: “Jaaka ke tshedile, . . . ga ke na kgatlhego epe mo losong lwa moikepi; fa e se go re moikepi a sokologe mo tseleng ya gagwe, mme a tshele. Sokologang, sokologang mo ditseleng tsa lona tse di bosula; gonne lo ratelang go swa?”—Esekiele 33:11.
8. Johane o ne a gatelela lorato jang, mo godimo ga moo o ne a itshupa jang gape gore ke Morwa Tumo ya Maru?
8 Gantsi Johane o bolela ka a·gaʹpe, lorato lo lo laolwang ke melaometheo, go feta bakwadi ba bangwe ba bararo ba Efangele ba kopane, mo godimo ga moo mo go Mareko 3:17, Johane ka boene o tlhalositswe jaaka ‘Morwa tumo ya maru.’ Jehofa o ne a tlhotlheletsa Morwa yono wa Tumo ya Maru go kwala melaetsa ya apokalipise ya buka ya bofelo ya Baebele, Tshenolo, eo e bontshang fa Jehofa e le Modimo o o tshiamiso. Buka eno e tletse mafoko a katlholo, jaaka ‘segatisetso se segolo sa bogale jwa Modimo,’ “bogale jwa Modimo jwa megotšana e supa mo lefatsheng,” le “bogale jwa . . . Modimo Mothatayotlhe.”—Tshenolo 14:19; 16:1; 19:15.
9. Ke mafoko afe a Jesu a neng a a bolela mabapi le dikatlholo tsa ga Jehofa, mme boperofeti jwa gagwe bo ne jwa diragadiwa jang?
9 Morena wa rona Jesu Keresete, yo e leng “setshwano sa Modimo o o sa bonweng,” o ne a bolela dikatlholo tsa ga Jehofa ka bopelokgale fa a ne a santse a le mo lefatsheng. (Bakolosa 1:15) Ka sekai, go na le ditatlhego di le supa tsa Mathaio kgaolo 23 tse di neng tsa bolelelwa pele kgatlhanong le baitimokanyi ba bodumedi ba motlha wa gagwe. O ne a konela katlholo eo ya polao ka mafoko ano: “Jerusalema we! Jerusalema we! Yo o bolayang baperofeti, a kgobotletse ba ba romilweng kwa go ene! Ke ratile gantsintsi jang go phutha bana ba gago, fela jaaka koko e tle e phuthe mamphorwana a yone mo diphukeng tsa yone, mme lo ganne! Bonang, ntlo ya lona lo e tlogeletswe e ropefetse fela.” Dingwaga di le 37 moragonyana, katlholo eo e ne ya dirwa ke masole a Roma a a neng a le kafa tlase ga Mogenerala Titus. E ne e le letsatsi le le boitshegang, e le polelelopele ya se se tla itshupang e le letsatsi le le boitshegang thata le batho ba iseng ba ko ba le bone—letsatsi la ga Jehofa, le le tla tlogang le tlhagoga.
“Letsatsi” le a Phatsima
10. “Letsatsi la tshiamo” le tla itumedisa batho ba Modimo jang?
10 Jehofa o itsise gore go tla nna le batho ba ba tla falolang letsatsi la gagwe. O bolela ka bone mo go Malaki 4:2: “Lona lo boifang leina la me, letsatsi la tshiamo le tlaa lo tlhabela, ka phodiso mo diphukeng tsa lone.” Letsatsi leo la tshiamo ga se ope fela fa e se Jesu Keresete ka boene. Ke ‘lesedi la semoya la lefatshe.’ (Johane 8:12) O phatsima jang? O tlhaba ka phodiso mo diphukeng tsa gagwe—sa ntlha o fodisa semoyeng, mo re ka go itumelelang gompieno, mme go tswa foo, re bo re go itumelela mo lefatsheng le lesha le le tlang, go fodisiwa ga batho ba ditšhaba tsotlhe mo mmeleng. (Mathaio 4:23; Tshenolo 22:1, 2) Fela jaaka Malaki a ne a bolela ka tshwantshetso, batho ba ba fodisitsweng ba tla “tswela kwa ntle, [ba] kalapa jaaka dinamane tsa lesaka” tse di sa tswang go bolola mo lesakeng. A bo batho ba ba tsositsweng ba tla itumela jang ne ba ba lebeletseng go tsogela mo boitekanelong jwa batho!
11, 12. (a) Ke diphelelo dife tse di emetseng baikepi? (b) Batho ba Modimo ba “gataka baikepi” jang?
11 Lefa go ntse jalo, re ka reng ka batho ba ba bosula? Re bala jaana mo go Malaki 4:3: “‘Lo tlaa gataka baikepi; gonne ba tlaa nna melora fa tlase ga dinao tsa lona mo motlheng o ke dirang selo se ka one,’ go bua Jehofa wa masomosomo.” Motlhabani wa rona e bong Modimo o tla bo a setse a phepafaditse lefatshe ka go nyeletsa baba bao ba ba kgokgontshang, fa a tla bo a ntse a sireleditse ba ba mo ratang. Satane le badimona ba gagwe ba tla bo ba tswaletswe.—Pesalema 145:20; Tshenolo 20:1-3.
12 Batho ba Modimo ga ba nne le seabe mo go bolayeng baikepi. He, ke ka tsela efe e ba tla bong ba “gataka baikepi” ka yone? Ba dira seno ka tsela ya tshwantshetso, e leng ya go nna le seabe mo moketeng o mogolo wa phenyo. Ekesodo 15:1-21 e tlhalosa mokete o o ntseng jalo. O ne wa dirwa morago ga go bolawa ga Faro le mephato ya gagwe mo Lewatleng le Lehibidu. Go tlosiwa ga “ba ba boitshegang” go tla latelwa ke moletlo wa phenyo e e amanang le tsholofetso eno ya Modimo, e le go diragatsa Isaia 25:3-9: “O komeditse loso ka bosakhutleng; Morena Modimo o tlaa phimola dikeledi mo matlhong otlhe; le yone kgobo ya batho ba gagwe o tlaa e tlosa mo lefatsheng lotlhe fela; gonne Jehofa o le boletse. Go tlaa buiwa mo letsatsing leo, go twe: ‘Bonang Modimo wa rona ke one o . . . ke ene Jehofa; re ntse re mo lebeletse; re tlaa itumela re ipela mo polokeng ya gagwe.’” Go itumela ga bone ga se ga go batla go ipusolosetsa kana ga bogagapa, mme ke go kgana ka boitumelo ga go bona leina la ga Jehofa le itshepisiwa le lefatshe le phepafadiwa gore batho ba ba utlwanang ba nne ka kagiso mo go lone.
Thulaganyo e Kgolo ya Thuto
13. Ke thuto efe e e tla rutiwang mo ‘lefatsheng le lesha’?
13 Mo go Malaki 4:4, Bajuta ba ne ba tlhagisiwa gore ba ‘gakologelwe molao wa ga Moshe.’ Ka jalo gompieno re tlhoka go latela “molao wa ga Keresete,” jaaka go umakilwe mo go Bagalatia 6:2. Batho ba ba tla falolang Haremagetone kwantle ga pelaelo ba tla neelwa ditaelo tse di oketsegileng tse di theilweng mo go one, mme ditaelo tseno di ka nna tsa kwalwa mo “dikwalong” tsa Tshenolo 20:12 tse di tla bulwang ka motlha wa tsogo. A bo e tla nna letsatsi le legolo jang ne fa baswi ba ba tsositsweng ba rutiwa go latela mofuta wa botshelo wa “lefatshe le leša”!—Tshenolo 21:1.
14, 15. (a) Elija wa motlha wa segompieno o tlhaolwa jang? (b) Setlhopha sa Elija se diragatsa boikarabelo bofe?
14 Tiro eo e tla bo e le ya go oketsa thuto e Jehofa a neng a bolela ka yone, jaaka go kwadilwe mo go Malaki 4:5: “Bonang, ke tlaa roma Elija moperofeti kwa go lona pele, motlha o mogolo le o o boitshegang wa ga Jehofa o ise o tle.” Elija wa motlha wa segompieno ke mang? Jaaka go bontshitswe mo go Mathaio 16:27, 28, Jesu o ne a bolela jaana fa a ne a bolela ka go “tla mo bogosing jwa gagwe”: “Morwa Motho o tlaa tla ka kgalalelo ya ga Rraagwe, a na le baengele ba gagwe; e dira gone o tlaa duelang mongwe le mongwe ka fa ditirong tsa gagwe.” Malatsi a le marataro moragonyana, fa a ne a na le Petere, Jakobe le Johane kwa thabeng, “[o ne] a ya a fetoga ponalo fa pele ga bone; sefatlhogo sa gagwe sa phatsima jaaka letsatsi, le diaparo tsa gagwe tsa nna ditshweu jaaka lesedi.” A o ne a le esi fela mo ponatshegelong eno? Nnyaa, ka gonne “[go ne] ga bonala kwa go bone Moše le Elija, ba bua mmogo nae.”—Mathaio 17:2, 3.
15 Seno se ne se ka tswa se kaya eng? Se ne se supela go Jesu jaaka Moshe yo Mogolo yo go perofetilweng ka ene ka motlha wa go tla ga gagwe go tla go atlhola. (Duteronome 18:18, 19; Ditiro 3:19-23) He, o ne a tla amanngwa le Elija wa motlha wa segompieno e le gore a tle a fitlhelele tiro e e botlhokwa, ya go rera mafoko ano a a molemo a Bogosi mo lefatsheng lotlhe pele ga letsatsi le legolo le le le boitshegang la ga Jehofa le tlhasela. Malaki 4:6 e bolela jaana fa e tlhalosa tiro ya ga “Elija” yono: “Mme o tlaa sokololela pelo ya borrabana mo baneng ba bone, le pelo ya bana kwa go borraabo; e se re kgotsa ka tla, mme ka itaya lefatshe ka phutso.” Ka gone “Elija” o tlhaolwa e le setlhopha sa motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale sa Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba mo lefatsheng, se Morena, Jesu, a se abetseng go laola dilo tsotlhe tsa Gagwe. Seno se akaretsa go neela ba ntlo ya gagwe ya tumelo “dijo ka dipaka tse e leng tsone” tse di tlhokegang.—Mathaio 24:45, 46.
16. Ke diphelelo dife tse di itumedisang tse di ileng tsa tlela setlhopha sa Elija?
16 Gompieno mo lefatsheng lotlhe re ka bona diphelelo tse di itumedisang tsa thulaganyo eo ya go aba dijo. Makasine wa Tora ya Tebelo, o tokololo nngwe le nngwe ya one e gatisiwang di le 16 100 000 ka dipuo di le 120, di le 97 tsa tsone di gatisiwa gabedi mo kgweding, o aname le lefatshe ka “mafoko a a Molemo a, a bogosi.” (Mathaio 24:14) Dikgatiso tse dingwe tse di gatisitsweng ka dipuo di le dintsi di dirisiwa mo dikarolong tse di farologaneng tsa tiro ya go rera le ya go ruta ya Basupi ba ga Jehofa. Setlhopha sa Elija, motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale, se ntshitse matlho dinameng gore se abele batho botlhe “bao ba amegileng ka seo ba se tlhokang semoyeng” dijo di le dintsi. (Mathaio 5:3, NW) Mo godimo ga moo, batho ba ba amogelang tsholofelo eno ya Bogosi ba bo ba tsaya kgato ba tla nna le kutlwano ya lefatshe lotlhe e e molemolemo. E tla amogelwa ke boidiidi jo bogolo “e le ba morafe mongwe le mongwe, le ba ditso tsotlhe, le batho, le dipuo.” (Tshenolo 7:9) Fa tiro eno e sena go wediwa go fitlha mo Jehofa a batlang teng, go tswa foo bofelo bo tla tla mo letsatsing la gagwe le legolo le le le boitshegang.
17. Letsatsi la ga Jehofa le le boitshegang le simolola go tla leng?
17 Letsatsi leo le le boitshegang le tla simologa leng ka tshoganetso? Moaposetoloi Paulo o araba jaana: “Letsatsi la Morena le tlaa tla fela jaaka legodu bosigo. E tle e re ba ntse ba re [gongwe ka tsela e e sa tshwaneng le epe]: ‘Kagiso le thagamo,’ foo tshenyego ya tshoganetso e ba wele, jaaka pelegi e tle e tlele mosadi yo o moimana; mme ga ba ketla ba falola gope.”—1 Bathesalonika 5:2, 3.
18, 19. (a) “Kagiso le thagamo” e bolelwa jang? (b) Batho ba ga Jehofa ba tla bona tapologo leng?
18 Ke bomang mo boperofeting jono ba go tweng “ba”? Ke baeteledipele ba sepolotiki ba ba bolelang gore ba ka aga thulaganyo e ntšha e e utlwanang ka lefatshe leno le le kgaoganeng le le tletseng bothubaki. Didirisiwa tsa bone tse dikgolo, Lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba le Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, di paletswe ke go dira seno. Fela jaaka moperofeti wa ga Jehofa a ne a bolelela pele, jaanong ba setse “ba re, ‘Kagiso, kagiso;’ le mororo go se na kagiso.”—Jeremia 6:14; 8:11; 14:13-16.
19 Fa go ntse go le jalo, batho ba ga Jehofa ba itshokela dikgatelelo le dipogiso tsa lefatshe leno le le sa reng sepe ka Modimo. Mme go ise go ye kae, jaaka go boletswe mo go 2 Bathesalonika 1:7, 8, ba tla bona tapologo “mo motlheng wa tshenolo ya Morena Jesu fa a tla a tswa legodimong, a na le baengele ba thata ya gagwe, a le mo molelong o o tutumang, a itefetsa mo go ba ba sa itseng Modimo, le mo go ba ba sa ineeleng go utlwa Mafoko a a Molemo a Morena wa rona Jesu.”
20. (a) Ke eng se Sefania le Habakuke ba se perofesang ka letsatsi le le ‘tukang jaaka leiso la boubelo’? (b) Boperofeti jono bo re neela kgakololo le kgothatso efe?
20 Seno se gaufi go le kana kang? Bontsi jwa rona re ile ra leta ka nako e telele. Lefa go ntse jalo, dipalo tse dikgolo tsa batho ba ba pelonomi ba ba tla falolang ba araba pitso e e fitlhelwang mo go Sefania 2:2, 3: “Batlang Jehofa . . . batlang tshiamo, batlang kgobalalo; e ka tla ya re gongwe lwa sujwa mo letsatsing la bogale jwa ga Jehofa.” Go tswa foo, Sefania 3:8 e tshotse kgothatso eno: “‘Ke gone, ntetang,’ go bua Jehofa, ‘go tsamaya letsatsi le fitlha le ke tlaa nanogelang thopo ka lone; gonne boikaelelo jwa me ke go phutha merafe, gore ke kokoanye magosi, go tla ke gorometsa tšhakgalo ya me mo go one, e bong bogale jwa me jotlhe jo bo fisang; gonne lefatshe lotlhe le tlaa lailwa ke molelo wa lefufa la me.’” Bofelo bo gaufi! Jehofa o itse letsatsi leo le nako mme ga a kitla a fetola thulaganyo ya gagwe. A re ko re itshokeng ka bopelotelele. “Gonne ponatshegelo e sa ntse e na le lobaka lo lo laotsweng, mme e be e itlhaganelela bokhutlo, ga e ketla e aka; le fa e ko e diega, lo e lete; gonne ruri e tlaa tla, ga e ketla e diega.” (Habakuke 2:3) Letsatsi la ga Jehofa le le boitshegang le gaufi go feta le e leng pele. Gakologelwang, letsatsi leo ga le ne le diega!
Ka Tsela ya Poeletso:
◻ Babusi mmogo le babusiwa ba tla amega jang mo letsatsing le le boitshegang la ga Jehofa?
◻ Jehofa ke Modimo wa mofuta ofe?
◻ Ke mofuta ofe wa thuto o o tla rutwang batho ba Modimo?
◻ Baperofeti ba Modimo ba re rotloetsa jang jaaka bofelo bo atamela?
[Setshwantsho mo go tsebe 21]
Ka nako ya Kgotlatshekelo e e Kgatlhanong le Boikeodi ya Spain batho ba le bantsi ba ne ba patelediwa go sokologela mo Bokatoliking
[Motswedi wa Setshwantsho]
The Complete Encyclopedia of Illustration/J. G. Heck