Go Itshoka go Tlisa Kgatelopele
JAAKA GO BOLETSE JOSÉ MAGLOVSKY
Fa mapodisi a ne a ntshwara ka letsogo, ke ne ka lebelela gore rre o kae. Lefa go ntse jalo, ke ne ke sa itse gore ba ne ba setse ba mo isitse kwa seteishaneng sa mapodisi. Fa ke fitlha gone koo, mapodisi a ne a tsaya dibuka tsotlhe tsa rona go akaretsa le Dibaebele tsa rona mme ba di baya fa fatshe. Fa Rre a bona seno, o ne a botsa a re: “A lo baya le Dibaebele mo fatshe?” Molaodi wa mapodisi o ne a kopa maitshwarelo, mme a sela Dibaebele a di baya mo tafoleng.
KE ENG se se neng sa dira gore re iphitlhele re le mo seteishaneng sa mapodisi? Re ne re dirile eng? A re ne re le mo seteishaneng sa mapodisi a a sa dumeleng mo Modimong mo ba neng ba tsaya le Dibaebele tsa rona tota? Gore re arabe dipotso tseno, re tla tshwanela gore re boele morago kwa ka 1925, pele ga ke tsholwa.
Mo go one ngwaga oo, rre e bong Estefano Maglovsky, le mmè, Juliana, ba ne ba fuduga kwa nageng e pele e neng e le Yugoslavia ba fudugela kwa Brazil, koo ba ileng ba nna mo São Paulo. Lefa Rre e ne e le Moporotesetanta mme Mmè e le Mokatoliki, ba ne ba sa kgaoganngwe ke bodumedi. E bile tota, go ile ga diragala selo sengwe dingwaga tse di lesome moragonyana se se ileng sa ba kopanya ka bodumedi. Rangwane o ne a tlisetsa Rre bukana ya mebalabala ya Se-Hungary e e neng e bua kaga boemo jwa baswi. O ne a filwe bukana eo jaaka mpho, mme o ne a kopa Rre gore a e bale le go mmolelela gore o akanya eng kaga se se kwadilweng mo go yone, segolobogolo karolo e e buang ka “dihele.” Rre o ne a nna bosigo jotlhe a bala bukana eo ka go e boeletsa, mme fa rangwane a tla ka letsatsi le le latelang go tla go mmotsa gore o akanya eng, Rre o ne a araba ka phepafalo fela a re: “Seno ke boammaaruri!”
Ditshimologo Tsa Ntlha
E re ka bukana eno e ne e kwadilwe ke Basupi ba ga Jehofa, ba ne ba tsamaya mmogo go ya go ba senka gore ba tle ba ithute mo go oketsegileng kaga se ba se dumelang le dithuto tsa bone. Fa kgabagare ba ne ba kopana le bone, maloko a le mmalwa a lelapa la rona a ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi. Go ne ga simololwa thuto ya ka metlha ya Baebele ka Se-Hungary ka one ngwaga oo wa 1935, e kwa go yone go neng ga tla batho ba ba ka nnang robedi, mme go tswa ka nako eo re ile ra nna le dithuto tsa Baebele tsa ka metlha mo legaeng la rona.
Rre o ne a kolobediwa ka 1937, morago ga dingwaga tse pedi a ithuta Baebele, mme o ne a nna Mosupi wa ga Jehofa yo o tlhagafetseng, a dira mo tirong ya go rera ka ntlo le ntlo mme a direla gape jaaka motlhanka yo o tlhophilweng le motshwari wa thuto. O ne a thusa mo go tlhomeng phuthego ya ntlha mo São Paulo, mo karolong ya Vila Mariana. Moragonyana phuthego e ne ya fudusiwa mo bogareng jwa toropokgolo mme ya itsiwe jaaka Phuthego ya Bogare. Morago ga dingwaga tse di lesome go ne ga tlhongwa phuthego ya bobedi, mo kgaolong ya Ypiranga, mme Rre o ne a tlhomiwa jaaka motlhanka wa phuthego koo. Ka 1954 phuthego ya boraro e ne ya tlhongwa mo kgaolong ya Moinho Velho, koo a neng a direla gape jaaka motlhanka wa phuthego.
Ka bonako fela fa setlhopha seno se sena go ikemela ka bosone, o ne a simolola go thusa setlhopha se se gautshwane mo São Bernardo do Campo. Go ile ga nna le koketsego e kgolo ka ntlha ya go bo Jehofa a ile a segofatsa maiteko a ditlhophana tseno tsa Basupi mo dingwageng tse di fetileng, mo e leng gore ka 1994, go ne go na le baboledi ba ba fetang 70 000 mo diphuthegong tse 760 mo toropong e kgolo eno ya São Paulo. Mme ka maswabi, Rre ga a ka a kgona go bona koketsego eno. O ne a tlhokafala ka 1958 a na le dingwaga tse 57.
Go Kgaratlhela go Latela Sekao sa ga Rre
Nonofo e e tlhomologileng ya ga rre, fela jaaka ya Bakeresete ba bangwe ba ba godileng sentle, e ne e le go tshola baeng. (Bona 3 Johane 1, 5-8.) Ka jalo, re ne ra nna sego go amogela Antonio Andrade le mosadi wa gagwe le morwaawe, ba ba neng ba fudugela Brazil ba tswa kwa United States ba tla le Mokaulengwe le Kgaitsadi Yuille jaaka baeng ka 1936. Gape ba ba ileng ba nna baeng mo legaeng la rona e ne ya nna baalogi ba babedi ba Sekolo sa Watchtower sa Baebele sa Gileate, e bong Harry Black le Dillard Leathco, bao e neng e le barongwa ba ntlha go romelwa kwa Brazil ka 1945. Ba le bantsi ba ne ba ba latela. Bakaulengwe le bokgaitsadi bano ba ne ba nna ba kgothatsa mongwe le mongwe mo lelapeng la rona. Mme ka go bo ke ne ke anaanela seno e bile ke batla gore se solegele lelapa la me molemo, ke ne ka leka go latela sekao sa ga rre sa go nna le nonofo ya Bokeresete ya go tshola baeng.
Jaaka morwa wa maitibolo, le mororo ke ne ke na le dingwaga di le robonngwe fela fa Rre a ne a ithuta boammaaruri ka 1935, ke ne ka simolola go tsamaya le ene mo ditirong tsa gagwe tsa puso ya Modimo. Rotlhe re ne ra ya le ene kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi e e mo ntlokgolo ya Basupi mo São Paulo mo Eça de Queiroz Street, Number 141. Ka ntlha ya thuto le thapiso tsa ga Rre ke ne ka tlhagafalela go direla Jehofa, mme ka 1940 ke ne ka ineela mo go Jehofa mme ka tshwantshetsa seno ka go kolobediwa mo metsing a Noka e jaanong e kgotletsweng ya Tietê, e e elelang mo bogareng jwa São Paulo.
Ka bonako fela ke ne ka ithuta gore go nna mmoledi wa ka metlha wa mafoko a a molemo go rayang, ke jala le go nosetsa molaetsa wa boammaaruri mo go ba bangwe e bile ke ba tshwarela dithuto tsa magae tsa Baebele. Mme jaanong, jaaka ke bona diketekete tsa Basupi ba ga Jehofa ba ba kolobeditsweng mo Brazil, ke itumela thata go itse gore ke ile ka dirisiwa ke Ene go thusa ba le bantsi go itse boammaaruri kana go dira gore ba bo anaanele thata.
Mongwe wa ba ke ileng ka ba thusa ke Joaquim Melo, yo ke neng ka kopana le ene mo tirelong ya ka ntlo le ntlo. Ke ne ke bua le banna ba bangwe ba bararo ba ba neng ba ntheeditse mme ba sena kgatlhego epe. Mme ke ile ka lemoga gore go ne go na le lekawana lengwe le le neng le ikatameditse mo go rona mme le reeditse ka tlhoafalo. Fa ke sena go lemoga gore o a kgatlhega, ke ne ka lebisa tlhokomelo ya me kwa go ene mme fa ke sena go bua le ene sentle ka bosupi, ke ne ka mo laletsa go tla Thutong ya Buka ya Phuthego. Ga a ka a tla thutong eo mme gone o ne a tla kwa Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo mme morago ga moo a nna teng kwa dipokanong tsotlhe ka metlha. O ne a tswelela sentle, a kolobediwa, a bo a direla ka dingwaga di le mmalwa le mosadi wa gagwe jaaka modiredi yo o etang.
Yo mongwe ke Arnaldo Orsi, yo ke neng ka kopana le ene kwa ke neng ke bereka teng. Ke ne ke tlhola ke neela modirikanna mongwe bosupi mme ke ile ka ela tlhoko gore ka metlha go ne go na le monna mongwe wa ditedu yo o neng a nna a reeditse, ka jalo ke ne ka simolola go buisana le ene ka tlhamalalo. O ne a tswa mo lelapeng la Bakatoliki ba ba tlhoafetseng, mme o ne a botsa dipotso tse dintsi kaga dilo tse di tshwanang le go goga, go lebelela difilimi tsa batho ba ba sa aparang, le go tshameka motshameko wa go itshireletsa wa judo. Ke ne ka mmontsha seo Baebele e se bolelang ka ga gone, mme ka boitumelo, o ne a mpitsa mo letsatsing le le latelang gore ke tle go bona jaaka a roba peipe ya gagwe le setshubi le sefapaano sa gagwe, mme gape a senya difilimi tsa gagwe tsa batho ba ba sa aparang, a bo a beola ditedu tsa gagwe. O ne a fetoga mo nakong e khutshwane fela! O ne a tlogela gape le go tshameka motshameko wa judo mme a kopa gore ke ithute Baebele le ene letsatsi lengwe le lengwe. Lefa rragwe le mosadi wa gagwe ba ne ba mo ganetsa, o ne a tswelela sentle mo semoyeng a thusiwa ke bakaulengwe ba ba neng ba nna gaufi le ene. O ne a kolobediwa mo nakong e khutshwane, mme gone jaanong ke mogolwane wa phuthego. Mosadi wa gagwe le bana ba gagwe le bone ba ne ba amogela boammaaruri.
Go Nna le Seabe mo Tirelong ya Bogosi
Fa ke le dingwaga tse 14, ke ne ka simolola go bereka mo femeng ya diphasalatso, moo ke ileng ka ithuta go taka matshwao teng. Seno se ne sa ntsholegela molemo thata, ka gonne go ne ga feta dingwaga di le mmalwa e le nna fela mokaulengwe yo o neng a dirisiwa go kwala dipolakate le matshwao a a mo mmileng a a neng a itsise ka ga dipuo tsa phatlalatsa le dikopano tse dikgolo tsa Basupi ba ga Jehofa mo São Paulo. Ke ne ka nna le tshiamelo ya go direla jaaka molebedi wa Lephata la Matshwao a dikopano mo e ka nnang ka dingwaga di le 30. Gantsi ke ne ke baya malatsi a me a boikhutso gore ke tle ke bereke kwa kopanong, ka nako e nngwe ke robala le mo holong ya kopano gore ke tle ke kwale matshwao ka nako.
Gape ke ne ka nna le tshono ya go dirisa koloi ya modumo ya Mokgatlho, e e neng e dirisiwa thata ka nako eo. Re ne re tle re beye dikgatiso tsa rona tsa Baebele mo setlhomong, mme fa koloi ya modumo e ntse e gasa molaetsa wa rona o o gatisitsweng, re ne re buisana le batho ba ba neng ba tswa mo matlong a bone go tla go bona gore go diragalang. Selo se sengwe se re neng re se dirisa go itsise mafoko a a molemo a Bogosi, e ne e le keremofomo e potlana, mme ke santse ke na le direkoto tse di neng di buelela dikgatiso tsa Mokgatlho. Re ne ra kgona go aba dibuka tse dintsi tsa Baebele ka ntlha ya seo.
Mo dinakong tseo, Kereke ya Katoliki e ne e tlhola e nna le mekoloko e meleele mo mebileng ya São Paulo, mme gantsi go ne go nna le banna fa pele ga one gore ba thibose batho mo tseleng. Ka Sontaga mongwe, nna le Rre re ne re neela batho Tora ya Tebelo le Tsogang! mo mmileng fa go ne go tlhaga mokoloko o moleele. Rre o ne a rwele hutshe ya gagwe, jaaka e ne e le tlwaelo ya gagwe. Monna mongwe yo o neng a tsamaya fa pele ga mokoloko o ne a goeletsa jaana: “Rola hutshe ya gago! A ga o bone gore mokoloko o etla?” Fa ba ne ba bona gore Rre ga a role hutshe ya gagwe, go ne ga tla banna ba bantsi mme ba ne ba re kgarameletsa mo fensetereng ya lebenkele mme ba dira khuduego. Lepodisi le ne la bona seno, mme le ne la tla go bona gore go diragalang. Mongwe wa banna bao o ne a le tshwara ka letsogo, a re o bua le lone. Lepodisi le ne la betsa letsogo la monna yoo mme la mo laela le re: “Tlogela diaparo tsa me!” Morago ga foo le ne la botsa gore go diragalang. Mongwe wa banna bao o ne a tlhalosa gore Rre o ne a gana go rolela mokoloko hutshe ya gagwe mme a oketsa ka gore: “Nna ke moaposetoloi wa Moroma Katoliki.” Karabo e a neng a sa e lebelela e ne e le: “O a re o Moroma? Jalo, he, boela kwa Roma! Mono ke Brazil.” Mme a bo a retologela mo go rona a botsa jaana: “Ke mang yo o tlileng pele fano?” Fa Rre a sena go bolela gore e ne e le rona, lepodisi le ne la koba banna bao, mme la re re tswelele ka tiro ya rona. O ne a ema fa thoko ga rona go fitlhela mokoloko otlhe o feta—mme Rre o ne a nna a rwele hutshe ya gagwe!
Ditiragalo tse di ntseng jalo di ne di sa tlwaelega. Mme fa di ne di direga, go ne go re kgothatsa go itse gore go ne go na le batho ba ba batlang gore le batho ba ba nyadiwang ba direlwe dilo ka tshiamo mme ba sa ineele mo Kerekeng ya Katoliki.
Mo lekgetlhong le lengwe, ke ne ka kopana le mosha mongwe yo o neng a kgatlhega mme a nkopa gore ke boe ka beke e e latelang. Fa ke ne ke boela kwa go ene o ne a nkamogela sentle mme a nkopa gore ke tsene. Ke ne ka gakgamalela go iphitlhela ke dikologilwe ke segopa sa basha se se neng se nkgoba mme se leka go nkgalefisa! Maemo a ne a nna maswe, mme ke ne ka lemoga gore ba tla tloga ba ntlhasela. Ke ne ka bolelela mosha yo o neng a rile ke tsene gore fa sengwe se ka ntiragalela, o ne a tla ikarabela le gore ba lelapa la gaetsho ba a itse kwa ke leng gone. Ke ne ka ba kopa gore ba ntlogele ke tsamaye, mme ba ne ba dumela. Lefa go ntse jalo, pele ke tsamaya, ke ne ka ba bolelela gore fa mongwe wa bone a rata go buisana le nna re le nosi fela, ke tla nna teng. Moragonyana ke ne ka utlwa gore e ne e le setlhopha sa segopa se se neng se le ditsala tsa moruti wa lefelo leo, yo a neng a ba tlhotlheleditse go dira jalo. Ke ne ka itumela go tswa mo diatleng tsa bone.
Mo tshimologong, koketsego e ne e le bonya mo Brazil e bile e lebega e kete e ne e se kitla e tsamaya e nna teng. Re ne re le mo masimologong a go “jala” mme re na le nako e nnye fela ya go “tlhagolela” le go “roba” maungo a ditiro tsa rona. Re ne re nna re gakologetswe se moaposetoloi Paulo a neng a se kwala: “Nna ka jala, Apolose a nosa; mme Modimo wa ungwisa. Jalo yo o jalang e be e se sepe, le fa e le yo o nosang; fa e se Modimo fela o o ungwisang.” (1 Bakorinthe 3:6, 7) Re ne ra ikutlwa gore nako ya koketsego e re neng re sa bolo go e letela e ne e gorogile fa baalogi ba ntlha ba babedi ba Gileate ba ne ba goroga ka 1945.
Go Nna Pelokgale le Fa re Ganediwa
Lefa go ntse jalo, koketsego eno ga ya ka ya tla kwantle ga gore re bogisiwe, segolobogolo fa Ntwa ya Lefatshe II e sena go simolola kwa Yuropa. Re ne re bogisiwa ka tlhamalalo ka gonne batho ba le bantsi le puso ba ne ba sa tlhaloganye boemo jwa rona jwa boitlhaodi. Ka nako ngwe ka 1940, fa re ne re santse re dira tiro ya mmila ka dipolakate mo bogareng jwa São Paulo, lepodisi lengwe le ne la tla go tswa kwa morago ga me mme la phamola dipolakate, la ntshwara ka letsogo le nkisa seteishaneng sa mapodisi. Ke ne ka gadimela kwa morago ke batla rre, mme ga ke a ka ka mmona. Ke ne ke sa itse gore ene le bakaulengwe le bokgaitsadi ba bangwe, go akaretsa le Mokaulengwe Yuille, yo o neng a tlhokomela tiro mo Brazil, ba ne ba setse ba isitswe kwa seteishaneng sa mapodisi. Jaaka ke tlhalositse mo serapeng se se simololang, ke ne ka kopana gape le Rre gone koo.
E re ka ke ne ke santse ke le yo mmotlana, ba ne ba ka se ntswalele mme go ise go ye kae fela ke ne ka isiwa gae ke lepodisi mme la nneela mmè. Bokgaitsadi le bone ba ne ba gololwa maitseboa one ao. Moragonyana mapodisi a ne a golola bakaulengwe botlhe, ba ka nna lesome, kwantle fela ga Mokaulengwe Yuille. Lefa go ntse jalo, bakaulengwe ba ne ba gatelela gore: “Fa re sa tsamaye rotlhe ga go na ope yo o tsamayang.” Mapodisi a ne a gakala, ka jalo ba ne ba nna bosigo joo mmogo mo kamoreng e e tsididi e e didilweng ka semente fa fatshe. Ba ne ba gololwa botlhe ka letsatsi le le neng la latela. Bakaulengwe ba ne ba tshwarwa ka makgetlho a le mmalwa ka ntlha ya go rera ka dipolakate. Matshwao ano a ne a itsise kaga puo ya phatlalatsa gape le ka bukana e e neng e na le setlhogo se se neng se re Fascism or Freedom, mme babusi bangwe ba ne ba go tsaya gore re ne re ema Bo-Fascist nokeng, mme seno se ne sa dira gore ba se ka ba re tlhaloganya sentle.
Go gatelelwa go dira tiro ya bosole le gone go ne ga bakela bakaulengwe ba bantsi ba basha mathata. Ke ne ka nna wa ntlha mo Brazil go isiwa kwa kgolegelong ka ntlha ya kgang eno ka 1948. Balaodi ba ne ba sa itse gore tota ba ka dirang ka nna. Ke ne ka isiwa kwa dikamoreng tsa masole kwa Caçapava mme ka dira tiro ya go jala le go tlhokomela merogo mo tshingwaneng le go phepafatsa kamore e baofisiri ba neng ba tshameka motshameko wa go lwa ka disabole mo go yone. Ke ne ka nna le ditshono tse dintsi tsa go neela bosupi le go abela banna bao dikgatiso. Moofisiri yo o neng a ba eteletse pele o ne a nna wa ntlha go amogela khopi ya buka ya Mokgatlho ya Children. Morago, ke ne ka abelwa gore ke rute masole a a ka nnang 30 kana 40 a a neng a sa kgone go itshidila mebele a le fela mo dikamoreng tsa bone dithuto ka tsa bodumedi. Kgabagare, ke ne ka sekisiwa mme ka gololwa morago ga dikgwedi di le some mo kgolegelong. Ke leboga Jehofa go bo a ile a nnaya maatla a go emelana le go tshosediwa, go ganediwa le go sotliwa ke bangwe ba banna bao.
Mothusi yo o Boikanngo le yo o Tshepegang
Ke ne ka nyala Barbara ka June 2, 1951, mme fa e sale ka nako eo o ile a nna molekane yo o boikanngo le yo o tshepegang mo go ruteng le go godiseng bana ba rona mo “kwatlhaong le mo taong ya Morena.” (Baefeso 6:4) Ba le banè mo baneng ba rona ba batlhano ba direla Jehofa ka boitumelo mo dikarolong tse di farologaneng. Mme re solofetse gore re tloga re nnela ruri le bone mo boammaaruring le go nna le seabe kgatelopeleng ya phuthego le tiro e e ntseng e dirwa. Ba lelapa la rona botlhe ba ba mo setshwantshong se se mono ke batlhanka ba ba ineetseng ba ga Jehofa fa e se fela yo o mmotlana mo go bone, e bong leseanyana le le harilweng. Ba le banè ke bagolwane mme ba le babedi gape ke babulatsela ba ka metlha, se se bontshang boammaaruri jwa Diane 17:6: “Bana ba bana ke serwalo sa tlhogo sa bagolo, mme kgalalelo ya bana ke borraabo.”
Mme jaanong, jaaka ke na le dingwaga tse 68, boitekanelo jwa me bo koafetse. Ka 1991 ke ne ka dirwa karo ya triple-bypass mme moragonyana ya angioplasty. Lefa go ntse jalo, ke itumela go bo ke kgona go tswelela ke direla jaaka molebedi yo o okamelang mo phuthegong ya São Bernardo do Campo, ke latela dikgato tsa ga rre yo a neng a nna gareng ga batho ba ntlha go simolola tiro mono. Tota kokomana ya rona ke e e tlhomologileng thata, e re ka e na le tshiamelo ya go nna le seabe mo tirong e e se kitlang e tlhola e boelediwa ya go itsise kaga go tlhongwa ga Bogosi jwa Bomesia jwa ga Jehofa. Ka jalo, le ka motlha a re se ka ra lebala mafoko a ga Paulo go Timotheo a a reng: “Mme wena, . . . o dire tiro ya motsamaisa Mafoko a a Molemo, o swetse tirelo ya gago.”—2 Timotheo 4:5.
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Batsadi ba me, Estefano le Juliana Maglovsky
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
José le Barbara le ba lelapa la bone la batlhanka ba ba ineetseng ba ga Jehofa