O se Ka wa Tlogela!
“A re se lapeng mo go direng molemo; gonne re tlaa roba mo motlheng o e leng one, fa re sa ngodiege.”—BAGALATIA 6:9.
1, 2. (a) Tau e tsoma ka ditsela dife? (b) Diabolo o rata go tlhasela bomang segolobogolo?
TAU e tsoma ka ditsela tse di farologaneng. Ka dinako tse dingwe e lalela diphologolo tse e di tsomang fa megobeng kana mo ditselaneng tse di ratang go tsamaya ka tsone. Buka ya Portraits in the Wild, e tlhalosa gore mme ka dinako tse dingwe, se tau e se dirang fela ke “go sola boemo molemo—ka sekai, fa e ka bona petsana ya naga e robetse.”
2 Moaposetoloi Petere o tlhalosa gore “mmaba wa [rona], diabolo, o potologa jaaka tau e e dumang, a batla yo o ka mo kometsang.” (1 Petere 5:8) E re ka Satane a itse gore nako e e mo saletseng e khutshwane, o gatelela batho le eleng go feta pele go ba kgoreletsa gore ba se ka ba direla Jehofa. Lefa go ntse jalo, ‘tau eno e e dumang’ e batla go tlhasela batlhanka ba ga Jehofa segolobogolo. (Tshenolo 12:12, 17) Mekgwa e a tsomang ka yone e tshwana le mekgwa ya phologolo e a tshwanang le yone. Jang?
3, 4. (a) Satane o dirisa mekgwa efe go tlhasela batlhanka ba ga Jehofa? (b) E re ka tseno e le “dipaka tse di tlhokofatsang,” go tsoga dipotso dife?
3 Ka dinako tse dingwe Satane o leka go lalela—pogiso kana kganetso e ka yone a ikaeletseng go fedisa bothokgami jwa rona gore re tlogele go direla Jehofa. (2 Timotheo 3:12) Lefa go ntse jalo, fela jaaka tau, ka dinako tse dingwe Diabolo o sola boemo molemo fela. O emela gore re kgobege marapo kana re lape, go tswa foo o leka go dirisa boikutlo jwa rona jwa go kgobega marapo go dira gore re tlogele. Ga re a tshwanela go iteseletsa gore a re tshware motlhofo!
4 Lefa go ntse jalo, re tshela mo nakong e e bokete go di feta tsotlhe tsa hisitori ya motho. Mo ‘dipakeng tseno tse di tlhokofatsang,’ ba le bantsi ba rona ba ka ikutlwa ba kgobegile marapo kana ba tshwenyegile mo maikutlong gangwe le gape. (2 Timotheo 3:1) Ka jalo, re ka tila jang gore re se ka ra lapa mo Diabolo a ka kgonang go re tlhasela motlhofo? Ee, re ka utlwa jang kgakololo ya ga moaposetoloi Paulo e e tlhotlheleditsweng: “A re se lapeng mo go direng molemo; gonne re tlaa roba mo motlheng o e leng one, fa re sa ngodiege”?—Bagalatia 6:9.
Fa ba Bangwe ba re Swabisa
5. Ke eng se se neng sa lapisa Dafite, mme o ne a se ka a dira eng?
5 Mo metlheng ya Baebele, tota le batlhanka ba ba neng ba ikanyega thata ba ga Jehofa ba ka tswa ba ne ba a tle ba ikutlwe ba tshwenyegile mo maikutlong. Mopesalema Dafite o ne a kwala jaana: “Ke lapile ka go duma ga me; ka masigo otlhe ke kolobetsa bolao jwa me; ke kolobetsa phate ya me ka dikeledi tsa me. Leitlho la me le a fela ka ntlha ya bohutsana.” Ke eng fa Dafite a ne a ikutlwa jalo? “Ka ntlha ya baganetsi botlhe ba me,” o ne a tlhalosa jalo. Ditiro tse di utlwisang botlhoko tsa ba bangwe di ne tsa dira gore Dafite a utlwe botlhoko thata mo pelong mo e leng gore dikeledi tsa gagwe di ne di itshologela fela. Lefa go ntse jalo, Dafite ga a ka a tlogela Jehofa ka ntlha ya se batho ba bangwe ba neng ba se mo dirile.—Pesalema 6:6-9.
6. (a) Mafoko kana ditiro tsa batho ba bangwe di ka re ama jang? (b) Batho ba bangwe ba dira jang gore Diabolo a ba tlhasele motlhofo?
6 Ka tsela e e tshwanang, mafoko kana ditiro tsa batho ba bangwe di ka nna tsa dira gore re lapisiwe ke go utlwa botlhoko thata mo pelong. “Go na le go bua ka kgakgabuelo jaaka ditlhabo tsa putlela,” ga rialo Diane 12:18. Fa motho yo o buang ka kgakgabuelo e le mokaulengwe kana kgaitsadi wa Mokeresete, ‘botlhoko jwa go tlhabiwa’ bo ka boitshega. Gantsi se motho a ka se dirang ke go kgopisega, gongwe a bo a mo tshwara ka pelo. Go nna jalo segolobogolo fa re akanya gore ga re a tshwarwa sentle kana ka tshiamo. Re ka nna ra fitlhela go le thata go buisana le yo o re foseditseng; re ka nna ra ba ra mo tila ka boomo fela. Bangwe ba ile ba bo ba tlogela mme ba emisa go ya kwa dipokanong tsa Bokeresete ka gonne ba tshwere ba bangwe ka pelo. Ka maswabi, ka go dira jalo ba “naya diabolo sebaka” sa gore a sole boemo molemo mme a ba tlhasele motlhofo.—Baefeso 4:27.
7. (a) Re ka tila jang go thusa Diabolo gore a re tlhasele fa ba bangwe ba re swabisa kana ba re utlwisa botlhoko? (b) Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go tshwara motho ka pelo?
7 Re ka tila jang go thusa Diabolo gore a re tlhasele fa ba bangwe ba re swabisa kana ba re utlwisa botlhoko? Re tshwanetse ra leka go tila go tshwara ka pelo. Go na le moo, re tshwanetse go tsaya kgato pele go agisana kana go rarabolola kgang ka bonako jo bo kgonegang. (Baefeso 4:26) Bakolosa 3:13 e re rotloetsa jaana: “Lo . . . itshwarelane, fa motho mongwe a na le ngongorego ka ga yo mongwe.” Go itshwarela go ka tshwanela segolobogolo fa motho yo o go utlwisitseng botlhoko a dumela phoso ya gagwe e bile a ikwatlhaya tota. (Bapisa Pesalema 32:3-5 le Diane 28:13.) Lefa go ntse jalo, re ka thusiwa ke go gakologelwa gore go itshwarela ga se go mpampetsa kana go nyenyafatsa diphoso tse ba bangwe ba di dirileng. Go itshwarela go kaya go tlogela go tshwara motho ka pelo. Go tshwara motho ka pelo ke morwalo o o bokete. Re ka nna re akantse fela ka gone, mme seo sa dira gore re se ka ra itumela. Go ka nna ga ba ga ama botsogo jwa rona. Go fapaana le seo, go itshwarela, fa go tlhokega, go solegela rona molemo. E kete re ka dira fela jaaka Dafite ra se ka ra tlogela Jehofa ka ntlha ya dilo tse batho ba bangwe ba re di teileng kana tse ba re di dirileng!
Fa re Dira Diphoso
8. (a) Ke ka ntlha yang fa batho bangwe segolobogolo ba ikutlwa ba le molato ka dinako tse dingwe? (b) Go na le kotsi efe ya gore re ka fekeediwa ke go ipona molato ra ba ra itlhoboga?
8 Jakobe 3:2 ya re: “Gonne re tle re kgopise rotlhe mo dilong di le dintsi.” Fa re dira jalo, ke ga tlholego fela gore re ikutlwe re le molato. (Pesalema 38:3-8) Re ka ikutlwa re le molato thata segolobogolo fa e le gore re lwantsha bokoa bongwe jwa nama mme re nna re boela morago gangwe le gape.a Mokeresete mongwe yo o neng a tshwere bothata jalo o ne a tlhalosa jaana: “Ke ne ke sa batle go tswelela pele ke tshela, ka gonne ke ne ke sa itse gore a ke dirile boleo jo bo sa itshwarelweng kana nnyaa. Ke ne ke akanya gore gongwe go botoka gore ke se ka ka dira ka natla mo tirelong ya ga Jehofa ka gonne gongwe ga go tlhole go na le tsholofelo epe ka nna.” Fa re ipona molato thata mo e leng gore re a itlhoboga, re fa Diabolo sebaka—mme a ka nna a se sola molemo ka bonako! (2 Bakorinthe 2:5-7, 11) Se se tlhokegang e ka nna go leba go ipona molato ka tsela e e lekanetseng.
9. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ikanya boutlwelobotlhoko jwa Modimo?
9 Fa re leofa go a tshwanela gore re ikutlwe re le molato ka selekanyo se se rileng. Lefa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe Mokeresete o tswelela pele a ikutlwa a le molato ka gonne a akanya gore le ka motlha a ka se ka a tshwanelwa ke go utlwelwa botlhoko ke Modimo. Mme kana, Baebele e re tlhomamisetsa jaana ka lorato: “Fa re ipolela dibe tsa rona, one o boikanngo le tshiamo ya go re itshwarela dibe tsa rona, le go re tlhapisa mo tshiamololong yotlhe.” (1 Johane 1:9) A go na le lebaka lepe le le utlwalang la go dumela gore Modimo o ka se ka wa re direla jalo? Gakologelwa, Jehofa o bolela mo Lefokong la gagwe gore o “iketleeditse go itshwarela.” (Pesalema 86:5; 130:3, 4) E re ka a ka se ka a bua maaka, o tla dira jaaka Lefoko la gagwe le solofetsa, fa fela re ya kwa go ene ka pelo e e ikwatlhayang.—Tito 1:2.
10. Tora ya Tebelo nngwe ya bogologolo e ne ya kwala kgothatso efe e e itumedisang malebana le go lwantsha bokoa jwa nama?
10 O tshwanetse go dira eng fa e le gore o lwantsha bokoa bongwe mme o bo o boela kwa morago? O se ka wa tlogela! Go boela morago tota ga go phimole kgatelopele e o setseng o e dirile. Tokololo ya February 15, 1954, (ka Seesemane) ya makasine ono e ne ya neela kgothatso eno e e itumedisang: “Re [ka nna ra] iphitlhela re kgopiwa e bile re wa gantsi ka ntlha ya mokgwa mongwe o o bosula o o tseneletseng thata mo tseleng e re neng re tshela ka yone pele go feta jaaka re ne re lemogile. . . . O se ka wa itlhoboga. O se ka wa swetsa ka gore o dirile boleo jo bo ka se kang jwa itshwarelwa. Satane o batla gore o akanye fela jalo. Lone lebaka la go bo o utlwile botlhoko e bile o itenegetse le supa gore ga o a ya kgakala thata. Le ka motlha o se ka wa itsapa go boela kwa Modimong ka boikokobetso le ka tlhoafalo o kopa gore a go itshwarele a bo a go phepafatse le go go thusa. Ya kwa go ene jaaka ngwana a ya kwa go rraagwe fa a le mo mathateng, go sa kgathalesege gore o ya kwa go ene ga kae ka bokoa bo le bongwe fela, mme Jehofa o tla go thusa ka kutlwelobotlhoko ka ntlha ya bopelonomi jwa gagwe jo bo sa re tshwanelang, mme fa o bua go tswa pelong, o tla go thusa gore o nne le segakolodi se se phepa.”
Fa re Ikutlwa Gore ga re Dire se se Lekaneng
11. (a) Re tshwanetse ra ikutlwa jang ka go nna le seabe mo tirong ya go rera ka Bogosi? (b) Bakeresete bangwe ba lwa le maikutlo afe malebana le go nna le seabe mo bodireding?
11 Tiro ya go rera ka Bogosi e na le seabe sa botlhokwa mo botshelong jwa Mokeresete, mme go nna le seabe mo go yone go a itumedisa. (Pesalema 40:8) Lefa go ntse jalo, Bakeresete bangwe ba ikutlwa ba le molato thata ka gonne ba sa kgone go dira mo go oketsegileng mo bodireding. Go ikutlwa re le molato jalo go ka nna ga ba ga dira gore re felelwe ke boitumelo re bo re tlogela re akanya gore Jehofa o tsaya gore ga re ke re dira mo go lekaneng. Ela tlhoko maikutlo a bangwe ba lwang le one.
“A o itse gore go humanega go tlhoka motho nako e ntsi jang?” go ne ga kwala jalo kgaitsadi mongwe wa Mokeresete yo ene le monna wa gagwe ba godisang bana ba le bararo. “Ke tshwanetse go somarela gongwe le gongwe fa ke ka kgonang teng. Seo se raya gore ke senye nako ke batla mo dishopong tse di rekisang dilwana tse di dirisitsweng, mo dishelofong tsa dilwana tse di mo seiling, kana e bile ke roka diaparo. Gape ke senya ura kana tse pedi beke le beke ke baakanya dipampitshana [tse di rekang dijo ka madi a a kwa tlase]—ke di segolola, ke di baya, ke bo ke reka ka tsone. Ka dinako tse dingwe ke ikutlwa ke le molato tota fa ke dira dilo tseno, ke akanya gore nkabo ke senya nako eo ke le mo tirelong ya tshimo.”
“Ke ne ke akanya gore ke tshwanetse ka bo ke sa rate Jehofa ka mo go lekaneng,” go ne ga tlhalosa jalo kgaitsadi mongwe yo o nang le bana ba le bane le monna yo o sa dumeleng. “Ka jalo ke ne ka tshwara phage ka mangana ke leka go direla Jehofa. Ke ne ke leka ka thata tota, mme ke ne ke sa ikutlwe ke dira mo go lekaneng. Ke gore ke ne ke ikutlwa ke sena mosola gotlhelele, ka jalo ke ne ke sa bone gore Jehofa a ka tsamaya a amogela tiro e ke mo e direlang jang.”
Mokeresete mongwe yo o neng a fitlhela go tlhokega gore a tlogele tirelo ya nako e e tletseng o ne a re: “Ke ne ke sa kgone go itshokela kgopolo ya gore ke ne ke palelwa ke go direla Jehofa ka nako e e tletseng jaaka ke ne ke solofeditse. Ke ne ke swabile fela thata! Jaanong ke a lela fa ke gakologelwa kgang eo.”
12. Ke eng fa Bakeresete bangwe ba ikutlwa ba le molato thata fa ba sa kgone go dira mo go oketsegileng mo bodireding?
12 Ke ga tlholego fela go batla go direla Jehofa ka botlalo ka mo re ka kgonang ka gone. (Pesalema 86:12) Lefa go ntse jalo, ke ka ntlha yang fa bangwe ba ikutlwa ba le molato thata ka gonne ba sa kgone go dira mo go oketsegileng? Mo go ba bangwe, go lebega seno se bakiwa ke go ikutlwa ba sena mosola fela, gongwe e le ka ntlha ya go diragalelwa ke dilo dingwe tse di sa itumediseng mo botshelong. Ka dinako tse dingwe, go ikutlwa re le molato go sa tlhokege go ka bakwa ke go akanya gore Jehofa o lebeletse gore re dire dilo dingwe tse re ka se kang ra di kgona. “Ke ne ke ntse ke dumela gore fa o sa ikutlwe o lapile, o tshwanetse wa bo o sa dire mo go lekaneng,” go ne ga rialo Mokeresete mongwe. Ka ntlha ya seo, o ne a ipeela mekgele e e kwa godimo mo go feteletseng—mme a bo a ikutlwa a le molato le go feta fa a sa kgone go e fitlhelela.
13. Jehofa o lebeletse eng mo go rona?
13 Jehofa o lebeletse eng mo go rona? Fa e bewa motlhofo fela, Jehofa o lebeletse gore re mo direle ka pelo yotlhe, re dira se maemo a rona a re letlang gore re se dire. (Bakolosa 3:23) Lefa go ntse jalo, go ka tswa go na le pharologanyo e kgolo fa gare ga se re ka ratang go se dira le se tota re kgonang go se dira. Re ka nna ra bo re kgorelediwa ke dilo tse di tshwanang le bogodi, botsogo, maikatlapelo a mmele wa gago o nang le one, kana maikarabelo a lelapa. Lefa go ntse jalo, fa re dira gotlhe mo re ka go kgonang, re ka ikutlwa re tlhomamisa gore tirelo ya rona go Jehofa e dirwa ka moya otlhe—ka moya otlhe go lekana fela le ya mongwe yo botsogo jwa gagwe le maemo a mangwe a mo letlang gore a nne mo bodireding jwa nako e e tletseng.—Mathaio 13:18-23.
14. Ke eng se o ka se dirang fa o tlhoka thuso ya go bona gore ke eng se tota o ka kgonang go se dira?
14 O ka bona jang he gore ke eng se tota o ka kgonang go se dira? O ka nna wa rata go tlotla ka kgang eno le tsala e e godileng, e o e ikanyang ya Mokeresete, e ka tswa e le mogolwane kana kgaitsadi yo o nang le boitemogelo, yo o itseng dilo tse o kgonang go di dira, tse o sa kgoneng go di dira, le maikarabelo a gago a lelapa. (Diane 15:22) Gakologelwa gore mo matlhong a Modimo, selekanyo se o leng botlhokwa ka sone jaaka motho ga se kalwe ka gore o dira go le kana kang mo bodireding jwa tshimo. Batlhanka ba ga Jehofa botlhe ba tlhwatlhwakgolo mo go ene. (Hagai 2:7; Malaki 3:16, 17) O ka nna wa bo o dira tiro ya go rera go feta ba bangwe kana kwa tlase ga bone, mme fa fela o dira bojotlhe jo o ka bo kgonang, Jehofa o a itumela, mme ga o tlhoke go ikutlwa o le molato.—Bagalatia 6:4.
Fa go Batliwa mo Gontsi mo go Rona
15. Go tlhokwa dilo tse dintsi mo bagolwaneng ba phuthego ka ditsela dife?
15 “Le fa e le mang yo o neilweng segolo, go tlaa lopiwa segolo mo go ene,” go ne ga rialo Jesu. (Luke 12:48) Eleruri go ‘lopiwa se segolo’ mo go bao e leng bagolwane ba phuthego. Fela jaaka Paulo ba dira ka natla ba direla phuthego. (2 Bakorinthe 12:15) Ba tshwanetse go baakanyetsa dipuo, go dira maeto a bodisa, le go tshwara dikgetsi tsa katlholelo—ba dira tsotlhe tseo mme ba sa tlhokomologe malapa a bone. (1 Timotheo 3:4, 5) Bagolwane ba bangwe gape ba tshwaregile ka go thusa go aga Diholo tsa Bogosi, ba mo Dikomiting tsa Puisano le Dikokelo, gape ba ithaopa kwa dikopanong tse di potlana le tse di kgolo. Banna bano ba ba berekang ka thata, ba ba ineetseng ba ka tila jang go lapisiwa ke maikarabelo a mantsi jaana?
16. (a) Jethero o ne a neela Moshe tharabololo efe e e mosola? (b) Ke nonofo efe e e tla thusang mogolwane gore a abele ba bangwe maikarabelo a a tshwanetseng?
16 Fa Moshe, monna yo o ikokobeditseng, a ne a itapisa ka go tlhokomela mathata a batho ba bangwe, mogwagadiagwe e bong Jethero, o ne a mo neela tharabololo e e mosola: gore a neele banna ba bangwe ba ba tshwanelegang maikarabelo a mangwe. (Ekesodo 18:17-26; Dipalo 12:3) Diane 11:2 ya re: “Botlhale bo nna le yo o ikgobalatsang.” Go ikgobalatsa go kaya go lemoga kafa o tlhaelang ka gone le go dumela gore o a tlhaela. Monna yo o ikgobalatsang ga a okaoke go neela ba bangwe tiro, le gone ga a boife gore gongwe ka tsela nngwe ga a tlhole a laola fa a neela banna ba bangwe ba ba tshwanelegang maikarabelo a a ba tshwanelang.b (Dipalo 11:16, 17, 26-29) Go na le moo, o iketleeditse go ba thusa gore ba gatele pele.—1 Timotheo 4:15.
17. (a) Maloko a phuthego a ka thusa go dira morwalo wa bagolwane motlhofo jang? (b) Basadi ba bagolwane ba itima dilo dingwe jang, mme re ka ba bontsha jang gore re anaanela seo?
17 Maloko a phuthego a ka dira go le gontsi gore tiro ya bagolwane e nne motlhofo. E re ka ba bangwe ba tlhaloganya gore bagolwane le bone ba na le malapa a bone a ba tshwanetseng go a tlhokomela, ga ba ne ba batla gore bagolwane ba ba fe nako le tlhokomelo mo go feteletseng. Le gone ga ba ne ba nyatsa tsela e basadi ba ba nyetsweng ke bagolwane ba itimang dilo dingwe ka go rata ka gone fa ba letla gore phuthego le yone e tseye nako ya banna ba bone. Mmè mongwe wa bana ba bararo yo monna wa gagwe a direlang jaaka mogolwane o ne a tlhalosa jaana: “Selo se ke sekeng ke ngongorega ka sone ke tiro e e oketsegileng ya mo ntlung e ke tshwanetseng go e dira gore monna wa me a kgone go direla jaaka mogolwane. Ke a itse gore Jehofa o segofatsa lelapa la rona thata ka gonne a direla, le gone ga ke ngongoregele seo a se dirang. Lefa go ntse jalo, totatota, gantsi ke tshwanelwa ke go bereka thata mo tshingwaneng le go otlhaya bana go feta jaaka ke ne nka dira, e le ka gonne monna wa me a tshwaregile.” Ka maswabi, kgaitsadi yo o ne a fitlhela gore bangwe mo boemong jwa gore ba tlhaloganye gore o na le tiro e e oketsegileng, ba ne ba dira dikakgelo tse di sa bontsheng kutlwelobotlhoko tse di jaaka, “Ke eng o sa bule tsela?” (Diane 12:18) A bo go le botoka thata jang ne go akgola ba bangwe ka se ba se dirang go na le go ba tshwaya diphoso ka ntlha ya se ba sa kgoneng go se dira!—Diane 16:24; 25:11.
Ka Gonne Bokhutlo ga bo Ise bo Tle
18, 19. (a) Ke ka ntlha yang fa eno e se nako ya go tlogela lobelo lo lo isang botshelong jo bo sa khutleng? (b) Moaposetoloi Paulo o ne a neela Bakeresete ba kwa Jerusalema kgakololo efe e e tshwanelang?
18 Fa motabogi a itse gore o gaufi le go wetsa lobelo lo lotelele, ga a tlogele. Mmele wa gagwe o ka tswa o setse o ikutlwetse—o lapile, o gotetse thata, e bile o feletswe ke metsi—mme fa a setse a le gaufi le bokhutlo jalo ga se nako ya gore a tlogele go taboga. Ka tsela e e tshwanang, jaaka Bakeresete re mo lobelong re tabogela mokgele o e leng botshelo, mme re gaufi thata le fa lobelo lo felelang teng. Eno ga se nako ya gore re tlogele go taboga!—Bapisa le 1 Bakorinthe 9:24; Bafilipi 2:16; 3:13, 14.
19 Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba lebana le boemo jo bo tshwanang le jo. Mo e ka nnang ka 61 C.E., moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba kwa Jerusalema. Nako e ne e fela—“losika” lo lo boikepo, tsamaiso ya Bajuta ya dilo ya botenegi, e ne e tloga e “feta.” Bakeresete ba kwa Jerusalema ke bone bao segolobogolo ba neng ba tshwanetse go nna ba thantse e bile ba ikanyega; ba ne ba tla tlhoka go tshaba mo motseng fa ba ne ba bona o dikaganyeditswe ke masole a thibeletse foo. (Luke 21:20-24, 32) Ka jalo kgakololo eno ya ga Paulo e e tlhotlheleditsweng e ne e tshwanela tota: ‘Lo se ka lwa lapa, lwa ngodiega mo meweng ya lona.’ (Bahebere 12:3) Fano moaposetoloi Paulo o ne a dirisa madiri a mabedi a a itlhalosang sentle: “go lapa” (kaʹmno) le “go ngodiega” (e·klyʹo·mai). Go ya ka mokanoki mongwe wa Baebele, mafoko ano a Segerika a ne a “dirisiwa ke Aristotle fa a bua ka batabogi ba ba iketlang ba bo ba wela fa fatshe fa ba sena go feta dipale tsa fa lobelo lo felelang teng. Batho ba ba neng ba bala [lokwalo lwa ga Paulo] ba ne ba santse ba le mo lobelong. Ga ba a tshwanela go tlogela pele ga nako. Ga ba a tshwanela gore ba itetle gore ba idibale ba bo ba wele fa fatshe ka ntlha ya letsapa. Fano le gone go tlhokega go itshokela mathata.”
20. Ke ka ntlha yang fa kgakololo ya ga Paulo e re tshwanela gompieno?
20 A bo kgakololo ya ga Paulo e re tshwanela jang ne gompieno! Ka ntlha ya mathata a a oketsegang, ka dinako tse dingwe re ka ikutlwa jaaka motabogi yo o lapileng yo maoto a gagwe a setseng a le gaufi le go phutlhama. Mme e re ka re setse re le gaufi jaana le bofelo, ga re a tshwanela go tlogela! (2 Ditirafalo 29:11) Seo ke sone tota se Mmaba wa rona, “tau e e dumang,” a batlang re se dira. Se se itumedisang ke gore, Jehofa o dirile dithulaganyo tse di nayang “yo o lapileng maatla.” (Isaia 40:29, NW) Setlhogo se se latelang se tla tlhalosa gore dithulaganyo tseno ke eng le gore re ka di dirisa jang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Ka sekai, ba bangwe ba ka nna ba leka ka thata go laola bothata bongwe jo bogolo jo ba nang le jone mo bothong jwa bone, jaaka go tenega ka bonako, kana ba leka ka thata go fenya bothata jwa go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo.—Bona Tsogang!, ya May 22, 1988, (ka Seesemane) ditsebe 19-21; November 8, 1981, ditsebe 16-20, e gatisitswe ke Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania; le Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo, ditsebe 198-211, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
b Bona setlhogo se se reng “Bagolwane—Abelang Ba Bangwe Ditiro!” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa October 15, 1992, ditsebe 20-3.
Karabo ya Gago ya Reng?
◻ Re ka tila jang go tlogela fa ba bangwe ba re swabisa kana ba re utlwisa botlhoko?
◻ Re ka leba go ipona molato ka tsela e e lekalekaneng jang gore re se ka ra tlogela?
◻ Jehofa o lebeletse gore re dire eng?
◻ Boikokobetso bo ka thusa bagolwane ba phuthego jang gore ba se ka ba lapa?
◻ Ke ka ntlha yang fa kgakololo ya ga Paulo e e mo go Bahebere 12:3 e re tshwanetse jaana gompieno?