Dinku Tsa ga Jehofa di Tlhoka Tlhokomelo e e Lorato
“Itseng fa Jehofa e le ene Modimo, . . . re batho ba gagwe, le dinku tsa bohulo jwa gagwe.”—PESALEMA 100:3.
1. Jehofa o tshwara batlhanka ba gagwe jang?
JEHOFA ke Modisa yo Mogolo. Fa re le batlhanka ba gagwe, o re leba re le dinku tsa gagwe a bo a re tlhokomela ka lorato. Rraarona wa selegodimo o a re gomotsa le go re lapolosa a bo a re tsamaisa mo “ditseleng tsa tshiamo ka ntlha ya leina la gagwe.” (Pesalema 23:1-4) Modisa yo o Molemo, Jesu Keresete, o re rata fela thata mo a ileng a re swela.—Johane 10:7-15.
2. Batho ba Modimo ba mo boemong bofe?
2 Jaaka batho ba ba tlhokomelwang ka lorato, re ka bua fela jaaka mopesalema: “Direlang Jehofa ka boipelo; tlang fa pele ga sefatlhogo sa gagwe ka go opela. Itseng fa Jehofa e le ene Modimo, ke ene yo o re dirileng, mme re ba gagwe; re batho ba gagwe, le dinku tsa bohulo jwa gagwe.” (Pesalema 100:2, 3) Ee, re a itumela e bile re sireletsegile. Go tshwana jaaka e kete re ne re sireleditswe mo dibataneng tse di bogale re le mo teng ga lesaka la dinku le le ageletsweng ka mabota a a dirilweng ka maje.—Dipalo 32:16; 1 Samuele 24:3; Sefania 2:6.
Badisa ba Dinku ba ba Dirang ka go Rata
3. Bagolwane ba Bakeresete ba ba tlhomilweng ba tshwara letsomane la Modimo jang?
3 Ga go gakgamatse go bo re itumetse re le dinku tsa Modimo! Bagolwane ba ba tlhomilweng ba re eteletse pele. Ga ba ‘itire kgosana,’ ba rena mo go rona, kana ba leka go nna barena ba tumelo ya rona. (Dipalo 16:13; Mathaio 20:25-28; 2 Bakorinthe 1:24; Bahebere 13:7) Go na le moo, ke badisa ba ba lorato ba ba dirisang kgakololo eno ya ga moaposetoloi Petere: “Disang letsomane la Modimo le le mo go lona, lo ntse lo lebela, e seng ka go patelelwa, mme ka pelo e e ratang, ka fa mokgweng wa Modimo; e seng gore lo tle lo bone khumo ka bokhutlo jo bo itumelang; le fa e le ka mokgwa wa go rena mo go ba lo ba tshwaetsweng, fa e se ka go itira dikao mo letsomaneng.” (1 Petere 5:2, 3) Moaposetoloi Paulo o ne a bolelela bagolwanekaene jaana: “Lo itise, lo bo lo dise letsomane lotlhe, le Mowa o o Boitshepo [o] o lo dirileng baokami ba lone, gore lo otle phuthego ya Modimo e o e rekileng ka madi a one.” Mme a bo dinku di itumela jang ne go bo banna bano ba ba tlhomilweng ka moya o o boitshepo ba “di tshwara ka tsela e e lorato”!—Ditiro 20:28-30, bapisa NW.
4. Charles T. Russell o ne a itsiwe a tshwara letsomane ka tsela e e ntseng jang?
4 Jesu o ne a naya phuthego “dineo tse e leng banna,” ba bangwe e le “baruti,” kana badisa, ba ba tshwarang letsomane la ga Jehofa ka tsela e e lorato. (Baefeso 4:8, 11; King James Version) Mongwe wa banna bano e ne e le Charles T. Russell, poresidente ya ntlha ya Mokgatlho wa Watch Tower. O ne a bidiwa Moruti Russell ka ntlha ya ditiro tsa gagwe tse di lorato fa a ne a disa letsomane le le kafa tlase ga Modisa yo Mogolo, Jesu Keresete. Gompieno, bagolwane ba Bakeresete ba tlhophiwa ke Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, mme ba tlhokomela gore ba se dirise mafoko a a jaaka “moruti,” “mogolwane,” kana “morutisi,” e le direto. (Mathaio 23:8-12) Lefa go ntse jalo, bagolwane ba motlha wa segompieno ba dira tiro ya boruti, kana ya bodisa, ba dira seo gore dinku tsa bohulo jwa ga Jehofa di solegelwe molemo.
5. Ke ka ntlha yang fa batho ba ba sa tswang go kopanela ba tshwanetse go tlwaela bagolwane ba ba tlhomilweng mo phuthegong ya Bokeresete?
5 Jaaka badisa, bagolwane ba dira karolo e e botlhokwa gore batho ba ba sa tswang go kopanela ba gatele pele semoyeng. Ka gone, buka e ntšha ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng e bolela jaana mo tsebeng ya 168: “Dira gore o tlwaele bagolwane ba ba tlhomilweng mo phuthegong. Ba na le boitemogelo jo bontsi jwa go dirisa kitso ya Modimo, ka go bo ba ile ba fitlhelwa ba na le dinonofo tsotlhe tsa balebedi tse di mo Baebeleng. (1 Timotheo 3:1-7; Tito 1:5-9) O se ka wa etsaetsega go ya kwa go mongwe wa bone fa o tlhoka go thusiwa semoyeng gore o fenye mokgwa kana tsela e e sa dumalaneng le se Modimo o se tlhokang. O tla fitlhela gore bagolwane ba latela kgakololo eno ya ga Paulo: ‘Nametsang ba ba lapang pelo, pepetletsang ba ba bokoa, lo nne pelotelele mo go botlhe.’—1 Bathesalonika 2:7, 8; 5:14.”
Fa Batho Ba ba Sa Tswang go Kopanela ba Batla go Rera
6. Ke thulaganyo efe e e latelwang fa moithuti wa Baebele a batla go nna mmoledi wa Bogosi?
6 Fa moithuti wa Baebele a se na go nna le kitso e bile e setse e le nakonyana a ya kwa dipokanong, o ka nna a batla go nna mmoledi wa Bogosi, moreri wa mafoko a a molemo. (Mareko 13:10) Fa go le jalo, Mosupi yo a mo rutang Baebele o tshwanetse a buisana le molebedi yo o okamelang, mme ene o tla rulaganya le mongwe wa bagolwane ba ba mo Komiting ya Tirelo ya Phuthego gore a patiwe ke mogolwane yo mongwe go kopana le moithuti le motho yo a mo rutang Baebele. Puisano e tla ikaega ka se se mo bukeng ya Re Rulaganyeditswe go Swetsa Bodihedi jwa Rona, ditsebe 98 le 99. Fa bagolwane bano ba babedi ba bona gore motho yono yo o sa tswang go kopanela o dumela dithuto tsa Baebele tsa motheo e bile o dirisa melaometheo ya Modimo, o tla bolelelwa gore o tshwanela go nna le seabe mo bodireding jwa phatlalatsa.a Fa a bega bodiredi jwa gagwe ka go isa pego ya tirelo ya tshimo, e tla kwalwa mo karateng ya Congregation’s Publisher Record (Pego ya Mmoledi wa Phuthego) e e nang le leina la gagwe. Motho yono yo o sa tswang go kopanela jaanong o ka bega tiro ya gagwe ya go neela bosupi mmogo le dimilione tse dingwe tsa batho tse di ‘bolelang lefoko la Modimo.’ (Ditiro 13:5) Go tla itsisiwe phuthego gore ke mmoledi yo o sa kolobediwang.
7, 8. Mmoledi yo o sa kolobediwang o ka thusiwa jang mo bodireding?
7 Mmoledi yo o sa kolobediwang o tlhoka gore a thusiwe ke bagolwane le Bakeresete ba bangwe ba ba godileng. Ka sekai, motshwari wa Thuto ya Buka ya Phuthego e a kopanelang kwa go yone o tshwanetse a bona gore motho yono o gatela pele semoyeng. Mmoledi yo o sa tswang go simolola o ka nna a bona go le thata go bua sentle mo tirong ya ntlo le ntlo. (Ditiro 20:20) Ka jalo o ka nna a rata go thusiwa, segolobogolo a thusiwa ke mongwe yo a neng a ithuta Baebele le ene mo bukeng ya Kitso. Thuso e e ntseng jalo e e mosola e a tlhokega, ka gonne Jesu Keresete o ne a baakanyetsa barutwa ba gagwe bodiredi.—Mareko 6:7-13; Luke 10:1-22.
8 Fa re batla gore bodiredi jwa rona bo nne le matswela, go botlhokwa gore re baakanyetse sentle go santse go na le nako. Ka gone, baboledi ba babedi ba ka nna ba kopana gore ba boeletse dipuisano tse di akantshitsweng mo dikgatisong tse di tswang kgwedi le kgwedi tsa Tirelo ya Rona ya Bogosi. Fa ba simolola tirelo ya bone ya tshimo, go ka nna ga simolola motho yo o nang le bokgoni go bua mo ntlong ya ntlha kana le mo go ya bobedi. Fa baboledi bano ba babedi ba se na go simolola motlotlo ka botsalano, ba ka neela bosupi mmogo. Go dira mmogo mo bodireding ka dibeke di sekaenyana go ka nna ga dira gore lo nne le maeto a go boela a a molemo tota le gone go ithuta le mongwe Baebele mo gae lo dirisa buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. Mmoledi yo o setseng a na le bokgoni o ka nna a tshwara thuto ka nakwana mme a bo a e neela mmoledi wa Bogosi yo o sa tswang go simolola. A bo baboledi bano ka bobedi ba tla itumela jang ne fa moithuti wa Baebele a bontsha gore o anaanela kitso ya Modimo!
9. Go dirwa dithulaganyo dife fa mmoledi a rata go kolobediwa?
9 Fa mmoledi yo o sa kolobediwang a ntse a gatela pele semoyeng, o ka nna a ineela mo Modimong ka thapelo mme a batla go kolobediwa. (Bapisa Mareko 1:9-11.) O tshwanetse a itsise molebedi yo o okamelang mo phuthegong gore o batla go kolobediwa, mme ene o tla rulaganya le bagolwane gore ba boeletse dipotso tse di mo ditsebeng 175 go ya go 218 mo bukeng ya Re Rulaganyeditswe go Swetsa Bodihedi jwa Rona le mmoledi. Dikarolo tse nnè tse dipotso di kgaogantsweng ka tsone di ka nna tsa dirwa ka makgetlho a mararo, fa go kgonega di dirwe ke bagolwane ba bararo ba ba farologaneng. Fa ba dumalana gore mmoledi yo o sa kolobediwang o tlhaloganya dithuto tsa Baebele sentle e bile o tshwanela ka ditsela tse dingwe, ba tla mmolelela gore o ka nna a kolobediwa. O ‘tshwaelwa’ poloko ka ntlha ya go ineela ga gagwe le kolobetso.—Esekiele 9:4-6.
Go Fitlhelela Dilo Tse di Tlhokegang Tse di Kgethegileng
10. Motho o ka oketsa kitso ya gagwe ya Dikwalo jang fa a se na go fetsa go bala buka ya Kitso le go kolobediwa?
10 Fa motho a se na go fetsa go ithuta Baebele mo bukeng ya Kitso e bile a kolobeditswe, go ka nna ga se ka ga tlhokega gore go ithutiwe le ene ka tsela e e tlwaelegileng mo bukeng ya bobedi, e e jaaka ya Go Utlwana mo Kobamelong ya Modimo o o Osi wa Boammaaruri.b Ke boammaaruri gore motho yo o kolobeditsweng bosheng o tla ithuta mo gontsi fa a ntse a baakanyetsa dipokano tsa Bokeresete le go nna teng kwa go tsone ka metlha. Gape o tla nna le kitso e e oketsegileng fa go nyorelwa ga gagwe boammaaruri go ntse go mo tlhotlheletsa gore a bale le go ithuta dikgatiso tsa Bokeresete a le esi le go tlotla le badumedikaene ka dintlha tsa Dikwalo. Mme go tweng fa go tsoga dilo tse di tlhokegang tse di kgethegileng?
11. (a) Apolose o ne a thusiwa ke Perisila le Akwila jang? (b) Mosha yo o godileng yo o kolobeditsweng bosheng yo o akanyang go nyala o ka thusiwa jang?
11 Tota le ene Apolose, yo o neng “a nonofile mo dikwalong” e bile a ne a ruta ka ga Jesu ka tsela e e tlhamaletseng, o ne a solegelwa molemo fa Bakeresete ba ba nang le maitemogelo e bong Perisila le Akwila “ba mo itseela kwa ga bone, ba mo phuthololela tsela ya Modimo ka kelelelo bogolo.” (Ditiro 18:24-26; bapisa Ditiro 19:1-7.) Ka gone, a re re gongwe mosha yo o setseng a godile yo o sa tswang go kolobediwa o akanya gore a simolole go ratana a bo a nyala. Mokeresete mongwe yo o nang le boitemogelo thata o ka nna a mo thusa go bona tshedimosetso mo ditlhogong tse di mabapi le seno mo dikgatisong tsa Watch Tower. Ka sekai, kgang e e dumalanang le eno e bonala mo bukeng ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo; Karolo 7.c Mmoledi yo o neng a mo ruta Baebele o ka nna a tlotla le motho yono yo o sa tswang go kolobediwa ka kgang eno, le mororo go ka se ka ga ithutiwa ka metlha.
12. Banyalani ba ba sa tswang go kolobediwa ba ba nang le mathata ba ka thusiwa jang?
12 A o ko o akanye ka sekai se sengwe. Gongwe banyalani ba ba sa tswang go kolobediwa ga ba kgone go dirisa melaometheo ya Modimo. Ba ka nna ba buisana le mogolwane mongwe, yo o ka nnang a dirisa maitseboa ka makgetlho a sekaenyana go tlotla le bone mo Dikwalong le go ba tlhokomedisa tshedimosetso e e leng mo dikgatisong tsa Watch Tower. Lefa go ntse jalo, mogolwane o ka se ithute Baebele sesha le banyalani bao ka metlha.
Fa Motho Yo o Sa Tswang go Kolobediwa a Dira Phoso
13. Ke ka ntlha yang fa bagolwane ba phuthego ba tshwanetse go bontsha kutlwelobotlhoko mo mothong yo o sa tswang go kolobediwa yo o dirang phoso mme a ikwatlhaya?
13 Bagolwane ba etsa Modisa yo Mogolo, Jehofa, yo o bolelang jaana: “Nna ka nosi ke tlaa fudisa dinku tsa me, . . . ke tlaa ba ke lere tse di lelekilweng, ke tlaa fapa tse di robegileng, ke thatafatsa tse di botlhoko.” (Esekiele 34:15, 16; Baefeso 5:1) Go dumalana le boikutlo joo, morutwa Juta o ne a rotloetsa gore Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba neng ba na le dipelaelo kana ba wetse mo sebeng ba utlwelwe botlhoko. (Juta 22, 23) E re ka re tshwanetse go lebelela mo gontsi mo Bakereseteng ba ba nang le boitemogelo, eleruri motho yo o sa tswang go kolobediwa—kwanyana fela—yo o dirang phoso mme a bontsha boikwatlhao, o tshwanetse a bontshiwa kutlwelobotlhoko. (Luke 12:48; 15:1-7) Bagolwane, ba ba ‘atlholang ka ga Jehofa fela,’ ka gone ba tlhokomela dinku tseo ka lorato le go di sokolola ka moya o o bonolo.—2 Ditirafalo 19:6; Ditiro 20:28, 29; Bagalatia 6:1.d
14. Ke eng se se tshwanetseng go dirwa fa mmoledi yo o kolobeditsweng bosheng a dira boleo jo bo masisi, mme o ka thusiwa jang?
14 A re re gongwe he, mmoledi yo o sa tswang go kolobediwa o kile a bo a na le bothata jwa go nwa bojalwa mo go feteletseng mme o ne a ntse a tlhapelwa ka lekgetlho le le lengwe fela kana a le mabedi. Kana gongwe o ne a kgona go fenya mokgwa wa go goga motsoko o a neng a ntse a na le one ka lobaka lo lotelele mme a nna a raelesega go goga mo sephiring ka lekgetlho le le lengwe kana a le mabedi. Lefa gone mokaulengwe wa rona yo o sa tswang go kolobediwa a ne a rapetse gore Modimo o mo itshwarele, o tshwanetse a kopa mogolwane gore a mo thuse e le gore a se ka a dira sebe seo ka metlha. (Pesalema 32:1-5; Jakobe 5:14, 15) Fa a bolelela mongwe wa bagolwane phoso ya gagwe, mogolwane yoo o tshwanetse a leka go sokolola motho yo o sa tswang go kolobediwa ka tsela e e bontshang kutlwelobotlhoko. (Pesalema 130:3) Kgakololo ya Dikwalo e ka nna ya bo e lekane go mo thusa gore morago ga moo a tsamaye mo tseleng e e tlhamaletseng. (Bahebere 12:12, 13) Mogolwane yono o ne a tla tlhalosetsa molebedi yo o okamelang mo phuthegong maemo ao e le go tlhomamisa fa go na le sengwe se a ka thusiwang ka sone gape.
15. Mo mabakeng a mangwe, ke eng se se ka nnang sa tlhokega fa motho yo o kolobeditsweng bosheng a leofa?
15 Mo dikgannyeng tse dingwe go ka tlhokega mo gontsi. Fa go na le magatwe, sengwe se se ka tsenyang letsomane mo kotsing, kana go na le mathata a mangwe a a masisi, setlhopha sa bagolwane se tla kopa bagolwane ba babedi gore ba tlhotlhomise kgang eo. Fa bagolwane bano ba bona kgang eno e le masisi thata mo go tlhokegang komiti ya boatlhodi, ba tshwanetse go begela setlhopha sa bagolwane seno. Go tswa foo setlhopha sa bagolwane se tla tlhopha komiti ya boatlhodi gore e thuse motho yo o dirileng phoso. Komiti ya boatlhodi e tshwanetse ya dirisana le ene ka tsela e e lorato. Ba tshwanetse ba leka thata go mo sokolola ka Dikwalo. Fa a dumalana le maiteko a a pelonomi a komiti ya boatlhodi, ke gone ba tla bonang gore a go tla bo go le mosola fa a sa neelwe dikabelo mo seraleng kwa dipokanong tse di tshwarwang kwa Holong ya Bogosi kana gore a letlelelwe go akgela kwa dipokanong.
16. Ke eng se bagolwane ba ka se dirang go thusa motho yo o dirileng phoso?
16 Fa motho yo o dirileng phoso a dumalana le seo, mogolwane a le mongwe fela kana ba le babedi ba ba mo komiting ya boatlhodi ba ka rulaganya gore go nne le maeto a bodisa ka boikaelelo jwa go nonotsha tumelo ya gagwe le go mo dira gore a nne le kanaanelo mo melaong e e siameng ya Modimo. Mongwe le mongwe wa bagolwane o ka nna a dira le ene mo bodireding jwa tshimo kgapetsakgapetsa. Ba ka nna ba buisana le ene go sekae ka Dikwalo, gongwe ba dirisa ditlhogo tse di tshwanetseng tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! mme ba sa simolole thuto ya Baebele ya ka metlha. Fa motho yo o dirileng phoso a tlhokomelwa ka tsela e e ntseng jalo e e lorato, o ka nna a nonotshiwa gore a kgone go lwantsha makoa a nama mo malatsing a a tla latelang.
17. Ke dikgato dife tse di tsewang fa modiraphoso yo o kolobeditsweng a sa ikwatlhae e bile a sa tlogele tsela ya gagwe ya go dira boleo?
17 Gone mme, ga se gore fa motho a kolobeditswe bosheng o na le seipato sa go dira boleo kgapetsa a sa ikwatlhae. (Bahebere 10:26, 27; Juta 4) Fa modiraphoso ope fela yo o kolobeditsweng a sa ikwatlhae le go tlogela tsela ya gagwe ya go dira boleo, o tla ntshiwa mo phuthegong. (1 Bakorinthe 5:6, 11-13; 2 Bathesalonika 2:11, 12; 2 Johane 9-11) Fa go lebega go tlhokega gore go tsewe kgato eno, setlhopha sa bagolwane se tla tlhopha komiti ya boatlhodi. Fa a ntshiwa mo phuthegong, go ka nna ga dirwa kitsiso eno e khutshwane: “ . . . o kgaotswe.”e
Ba Thuseng go ‘Gagamalela Kwa Boitekanelong’
18. Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega gore Bakeresete ba ba sa tswang go kolobediwa mmogo le ba bangwe ba tla nna ba ithuta mo gontsi ka metlha ka ga Jehofa le ka thato ya gagwe?
18 Bontsi jo bogolo jwa batlhanka ba Modimo ba tla sala mo letsomaneng. Gape se se itumedisang ke gore mongwe le mongwe wa rona o tla kgona go nna gaufi thata le Rraarona wa selegodimo ka gonne re tla kgona go ithuta mo gontsi ka ga gagwe le thato ya gagwe ka metlha. (Moreri 3:11; Jakobe 4:8) Diketekete tsa batho tse di neng tsa kolobediwa ka Pentekosete ya 33 C.E. eleruri di ne tsa ithuta dilo di le dintsi. (Ditiro 2:5, 37-41; 4:4) Baditšhaba ba ba neng ba sa rutiwa Dikwalo gotlhelele, ba ne ba ithuta ka tsela e e tshwanang. Ka sekai, go ne go le jalo ka batho ba ba neng ba kolobediwa morago ga puo ya ga Paulo e a e buileng kwa thabeng ya Areopago kwa Athene. (Ditiro 17:33, 34) Le gompieno, batho ba ba sa tswang go kolobediwa ba ka ithuta dilo di le dintsi mme ba tlhoka nako le go thusiwa e le gore ba nonotshe boikaelelo jwa bone jwa go tswelela pele ba dira se se siameng fa pele ga Modimo.—Bagalatia 6:9; 2 Bathesalonika 3:13.
19. Batho ba ba kolobediwang ba ka thusiwa jang go ‘gagamalela kwa boitekanelong’?
19 Ngwaga le ngwaga diketekete tsa batho di a kolobediwa mme di tlhoka go thusiwa e le gore di kgone go ‘gagamalela kwa boitekanelong.’ (Bahebere 6:1-3) O ka nna wa kgona go thusa ba bangwe gore ba apare botho jo bosha le go “tsamaya mo boammaaruring” ka se o se buang, ka go ba tlhomela sekao le ka go ba thusa ka tsela e e mosola mo bodireding. (3 Johane 4; Bakolosa 3:9, 10) Fa o le mmoledi yo o nang le boitemogelo, bagolwane ba ka nna ba go kopa gore o thuse modumedikarona yo o sa tswang go kolobediwa mo tirelong ya tshimo kana go buisana le ene ka dintlha tse di rileng tse di tswang mo Dikwalong ka dibeke di sekae fela e le gore a nonotshe tumelo ya gagwe mo Modimong, a anaanele dipokano tsa Bokeresete thata le tse dingwe fela jalo. Tsela e badisa ba dirisanang ka yone le dinku e tshwana le ya rrabana ka tsela e ba kgothatsang ka yone gape e tshwana le ya mmabana ka tsela e ba leng bonolo ka yone. (1 Bathesalonika 2:7, 8, 11) Lefa go ntse jalo, bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba sekae ga ba kgone go tlhokomela sengwe le sengwe se se tlhokegang mo phuthegong. Rotlhe re tshwana le lelapa le maloko a lone a thusanang. Mongwe le mongwe wa rona o ka dira sengwe gore a thuse baobamedikarona. Wena o ka nna wa kgona go kgothatsa, go gomotsa ba ba tshwenyegileng mo maikutlong, le go ema nokeng ba ba bokoa.—1 Bathesalonika 5:14, 15.
20. Ke eng se o ka se dirang go anamisa kitso ya Modimo le go tlhokomela dinku tsa bohulo jwa ga Jehofa ka lorato?
20 Batho ba tlhoka kitso ya Modimo, mme wena jaaka o le Mosupi wa ga Jehofa, o ka nna le seabe se se itumedisang sa go e anamisa. Dinku tsa ga Jehofa di tlhoka go tlhokomelwa ka lorato, mme o ka nna le seabe se se lorato mo go di thuseng go di naya seno. E kete Jehofa a ka segofatsa bodiredi jwa gago, mme e kete a ka duela maiteko a gago a a tswang mo pelong gore o thuse dinku tsa bohulo jwa gagwe.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Mo nakong eno, motho yono yo o sa tswang go kopanela o ka nna le khopi ya buka ya Re Rulaganyeditswe go Swetsa Bodihedi jwa Rona.
b E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
c E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
d Thulaganyo e e ntseng jalo ya baboledi ba ba sa kolobediwang e kwadilwe mo setlhogong se se reng “Go Thusa Ba Bangwe go Obamela Modimo,” se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa November 15, 1988, ditsebe 15-20.
e Fa go dirilwe tshwetso ya go kgaola mme go na le boikuelo, ga go dirwe kitsiso go fitlha go itsiwe phelelo. Bona ditsebe 147-8 tsa buka ya Re Rulaganyeditswe go Swetsa Bodihedi jwa Rona.
O ne O Tla Araba Jang?
◻ Jehofa o tshwara dinku tsa gagwe jang?
◻ Ke eng se se dirwang fa batho ba ba sa tswang go kopanela ba batla go rera?
◻ Badumedikarona ba ka thusa batho ba ba sa tswang go kolobediwa jang fa go na le thuso e e kgethegileng e ba ka e tlhokang?
◻ Bagolwane ba ka thusa jang batho ba ba dirang phoso mme ba bontsha boikwatlhao?
◻ O ka thusa motho yo o sa tswang go kolobediwa jang gore a ‘gagamalele kwa boitekanelong’?
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Charles T. Russell o ne a itsiwe e le modisa yo o lorato wa letsomane
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Badisa ba ba lorato ba tshwara letsomane la Modimo ka tsela e e bontshang kutlwelobotlhoko