Re Tshwanetse go Dirang Gore re Bolokwe?
MONNA mongwe o kile a botsa Jesu jaana: “Morena, ba ba bolokwang a ba ba botlana?” Jesu o ne a araba jang? A o ne a re: ‘Nkamogele fela jaaka Morena le Mmoloki wa gago, mme o tla bolokwa’? Nnyaa! Jesu o ne a bolela jaana: “Ganelang go tsena ka kgoro e e pitlaganyeng; gonne ke a lo raya, bantsi ba tlaa batla go tsena, mme ba tlaa retelelwa.”—Luke 13:23, 24.
A Jesu o ne a palelwa ke go araba potso ya monna yoo? Nnyaa, monna yono ga a ka a botsa gore go ne go tla nna thata go le kana kang gore motho a bolokwe; o ne a botsa gore a palo e tla bo e le potlana. Ka jalo Jesu o ne a bontsha fela gore batho ba sekae go na le jaaka motho a ka lebelela ba ne ba tla dira ka natla e le gore ba amogele masego ano a a molemolemo.
Babadi bangwe ba ka nna ba gana ba re: ‘Seo ga se sone se ke se boleletsweng.’ Ba ka nna ba umaka Johane 3:16, e e bolelang jaana: “Gonne Modimo o ratile lefatshe thata, mo o neng wa ntsha Morwa one yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a nyelela, mme a bone botshelo jo bo sa khutleng.” (King James Version) Lefa go ntse jalo, re araba jaana: ‘Ke eng he, se re tshwanetseng go se dumela? A ke gore Jesu tota o kile a tshela? Ke boammaaruri. A ke gore ke Morwa Modimo? Go ntse jalo! Mme e re ka Baebele e bitsa Jesu “Moruti” le “Morena,” a ga re a tshwanela go dumela le se a neng a se ruta, go mo utlwa le go mo latela?’—Johane 13:13; Mathaio 16:16.
Go Latela Jesu
Aha, go tsoga bothata fano! Batho ba le bantsi ba ba neng ba bolelelwa gore ba “bolokilwe” go bonala ba se na boikaelelo jo bo kalo jwa go latela Jesu kana go mo utlwa. Tota e bile, moruti mongwe wa Porotesetanta o ne a kwala jaana: “Ke boammaaruri gore re tshwanetse ra tswelela pele re dumela mo go Keresete. Mme go bolela gore re patelesega go tswelela pele re dumela, kana gore kwantle ga pelaelo re tla tswelela pele re dumela, ga go tshegediwe ka gope ke Baebele.”
Se se farologaneng le seo, Baebele e kwadilwe mekgwa ya boitsholo jo bo sa siamang e e dirwang thata ke batho ba bangwe ba ba akanyang gore ba “bolokilwe.” E laetse Bakeresete jaana malebana le motho yo o neng a tswelela pele mo ditseleng tse di ntseng jalo: “Tlosang motho yo o bosula mo gare ga lona.” Eleruri Modimo o ka se batle batho ba ba bosula ba leswefatsa phuthego ya gagwe ya Bokeresete!—1 Bakorinthe 5:11-13.
Go bolela eng he, go latela Jesu, mme re ka dira seo jang? Ebu, ke eng se Jesu a neng a se dira? A o ne a dira boitsholo jo bo sa siamang? A o ne a le moakafadi? A e ne e le letagwa? A e ne e le moaki? A o ne a sa ikanyege mo kgwebong? Tota nnyaa! O ka nna wa botsa jaana: ‘A mme ke tshwanetse go tlogela go dira dilo tseo tsotlhe mo botshelong jwa me?’ Go bona karabo, bona Baefeso 4:17 go ya go 5:5. Ga e bolele gore Modimo o tla re amogela fela go sa kgathalesege se re se dirang. Go na le moo, e re bolelela gore re farologane le batho ba lefatshe ba ba “[feletsweng] ke maikutlo . . . Mme lona ga lo a ka lwa ithuta Keresete jalo . . . Ka ga mokgwa wa botshelo jwa lona jwa gale, lo apole motho wa bogologolo . . . Yo o utswileng a a se tlhole a utswa . . . Mme boaka, le maswe otlhe, le fa e le boiphetlho, go se ka ga ba ga umakwa mo go lona, jaaka go tshwanetse baitshepi . . . Gonne mo lo a itse ka tlhomamo, fa go se seaka, le fa e le motho yo o maswe, le fa e le moiphetlhi, yo e leng moobamedi wa medimo ya disetwa, yo o ka nnang le boswa bope mo bogosing jwa ga Keresete le Modimo.”
A re a bo re latela Jesu fa bogolo re sa leke fela gore re tshele go dumalana le sekao sa gagwe? A ga re a tshwanela go dira ka natla gore matshelo a rona a tshwane thata le botshelo jwa ga Keresete? Potso eo e e botlhokwa e sekasekiwa sewelo, fa e le gore tota e sekasekiwa ke batho ba ba bolelang jaaka pampitshana nngwe ya bodumedi e bolela: “Tla kwa go Keresete gone jaanong—fela jaaka o ntse.”
Mongwe wa barutwa ba ga Jesu o ne a tlhagisa gore banna ba ba bosula ba ne “ba fetola tshegofatso ya Modimo wa rona bopepe, ba itatola yo e leng ene Mong wa rona le Morena wa rona yo o esi, e bong Jesu Keresete.” (Juta 4) Tota e bile, re ka fetola boutlwelobotlhoko jwa Modimo go nna “bopepe” jang? Re ne re ka dira jalo fa re tsaya fela gore setlhabelo sa ga Keresete se akaretsa maleo a a dirilweng ka boomo a re batlang go tswelela pele re a dira go na le maleo a re ka a dirang ka go bo motho a sa itekanela a re lekang go a tlogela. Eleruri re ka se batle go dumalana le mongwe wa bareri ba ba itsegeng thata kwa Amerika, yo o neng a bolela gore ga go tlhokege gore o “fetole botshelo jwa gago, o tlogele mekgwa ya gago, kana o sokologe.”—Farologanya le Ditiro 17:30; Baroma 3:25; Jakobe 5:19, 20.
Tumelo e Tlhotlheletsa Motho go Tsaya Kgato
Batho ba le bantsi ba boleletswe gore “go dumela mo go Jesu” go dirwa gangwe fela le gore ga go tlhokege gore tumelo ya rona e bo e nonofile gore e re tlhotlheletse go nna kutlo. Mme Baebele ga e dumalane le seo. Jesu ga a ka a bolela gore batho ba ba simololang tsela ya Bokeresete ba bolokilwe. Go na le moo, o ne a re: “Yo o itshokelang bokhutlong, ene o tlaa bolokwa.” (Mathaio 10:22) Baebele e tshwantsha tsela ya rona ya Bokeresete le lobelo, fa poloko e le mokgele wa lone kwa bokhutlong. Mme e rotloetsa jaana: “Sianang fela jalo, gore lo tle lo amogele.”—1 Bakorinthe 9:24.
Ka gone, “go amogela Keresete” go feta fela go amogela masego a setlhabelo se segolo thata sa ga Jesu se a se ntshitseng. Go nna kutlo go a tlhokega. Moaposetoloi Petere o bolela gore katlholo e simolola “mo ntlong ya Modimo,” mme o oketsa jaana: “Mme fa e simolola pele mo go rona, ana bofelelo jwa ba ba sa utlweng lefoko la Modimo e tlaa nna eng?” (1 Petere 4:17, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Ka jalo re tshwanetse go dira se se fetang go utlwa fela le go dumela. Baebele e bolela gore re tshwanetse ‘go nna badiri ba lefoko, e seng bautlwi fela, re iphora fela.’—Jakobe 1:22.
Melaetsa ya ga Jesu
Buka ya Baebele ya Tshenolo e kwadilwe melaetsa e e tswang kwa go Jesu, e Johane a neng a e isa kwa diphuthegong tse supa tsa Bakeresete ba bogologolo. (Tshenolo 1:1, 4) A Jesu o ne a bolela gore seo se ne se lekane, e re ka batho ba ba neng ba le mo diphuthegong tseno ba ne ba setse ba mo “amogetse”? Nnyaa. O ne a baka ditiro tsa bone, letsapa la bone le bopelotelele jwa bone a bo a bolela ka lorato lwa bone, tumelo le bodiredi jwa bone. Mme o ne a bolela gore Diabolo o ne a tla ba leka le gore ba ne ba tla duelwa “mongwe le mongwe wa [bone] ka fa ditirong tsa [bone].”—Tshenolo 2:2, 10, 19, 23.
Ka gone, Jesu o ne a tlhalosa ka go ineela mo gogolo mo go fetang mo batho ba le bantsi ba neng ba go tlhaloganya fa ba ne ba bolelelwa gore go bolokwa ga bone e ne e le “tiro e e feditsweng” ka bonako fela fa ba se na go mo “amogela” kwa pokanong ya bodumedi. Jesu o ne a bolela jaana: “Fa motho le fa e le mang a rata go ntshala morago, a a iitatole, mme a a tseye mokgoro wa gagwe a itse go ntshala morago. Gonne le fa e le mang yo o ratang a ka bo a boloka botshelo jwa gagwe, bo tlaa mo latlhegela; mme yo o latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe, ka ntlha ya me, o tlaa bo bona.”—Mathaio 16:24, 25.
Gore re iitatole? Re latele Jesu ka dinako tsotlhe? Seo se ne se tla tlhoka boiteko. Se ne se tla fetola matshelo a rona. Lefa go ntse jalo, a tota Jesu o ne a bolela gore bangwe ba rona re ne re ka nna ra ‘latlhegelwa ke matshelo a rona’—gore re mo swele? Ee, o nna le mofuta oo wa tumelo fela fa o itse dilo tse di tlotlometseng tse o ka di itseng ka go ithuta Lefoko la Modimo. Go ne ga lemosega mo letsatsing le Setefane a neng a kgobotlediwa ka maje ke baeteledipele ba bodumedi ba ba neng ba tseega maikutlo ba ba neng “ba retelelwa ke go emelelana le botlhale le Mowa o o buang ka one.” (Ditiro 6:8-12; 7:57-60) Mme makgolokgolo a Basupi ba ga Jehofa ao a neng a swa kwa dikampeng tsa pogisetso tsa Bonasi a bontshitse tumelo eo mo motlheng wa rona, go na le gore ba tlole se digakolodi tsa bone tse di katisitsweng ka Baebele di neng di se ba bolelela.a
Tlhoafalo ya Bokeresete
Re tshwanetse ra nitama mo tumelong ya rona ya Bokeresete ka gonne Baebele e bolela gore re ka nna ra wa, e le selo se se farologaneng le se re ka nnang ra se utlwa mo dikerekeng tse dingwe kana mo mananeong a bodumedi a thelebishene. Baebele e bolela ka Bakeresete ba ba neng ba tlogela “tsela e e siameng.” (2 Petere 2:1, 15) Ka gone re tlhoka gore re ‘itirele poloko ka rosi, ka poifo le ka thoromo.’—Bafilipi 2:12; 2 Petere 2:20.
A ke yone tsela e Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga, e leng batho ba tota ba neng ba utlwa Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ruta, ba neng ba tlhaloganya kgang eno ka yone? Ee. Ba ne ba itse gore ba ne ba tshwanetse go dira sengwe. Jesu o ne bolela jaana: “Ke gone tsamayang, lo dire merafe yotlhe barutwa, . . . lo ba rute go tlhokomela dilo tsotlhe tse ke di lo laoletseng.”—Mathaio 28:19, 20.
Dibekenyana morago ga gore Jesu a bolele seo, batho ba le 3 000 ba ne ba kolobediwa mo letsatsing le le lengwe fela. Palo ya batho ba ba neng ba dumela e ne ya oketsega ka bofefo go fitlha kwa go 5 000. Batho ba ba neng ba dumela ba ne ba ruta ba bangwe. Fa ba ne ba gasama le naga ka ntlha ya pogiso, seno se ne sa thusa gore ba anamise molaetsa wa bone. Baebele e bolela gore e ne e se baeteledipele ba sekaenyana fela mme “ba ba faletseng ba [ne ba] tsamayatsamaya, ba eta ba rera lefoko.” Dingwaga di ka nna 30 morago ga moo, moaposetoloi Paulo o ne a kwala gore mafoko a a molemo a “[reretswe] lobopo lotlhe tlase ga legodimo.”—Ditiro 2:41; 4:4; 8:4; Bakolosa 1:23.
Paulo o ne a sa sokolole batho, jaaka bareri ba bangwe ba thelebishene ba dira, fa ba ntse ba re: ‘Amogela Jesu gone jaanong, mme o tla bolokwa ka bosakhutleng.’ Le gone o ne a sa itshepe jaaka moruti mongwe wa Moamerika yo o neng a kwala jaana: “Fa ke ne ke le mosimane wa mo dingwageng tsa bolesome, . . . ke ne ke setse ke bolokilwe.” Dingwaga tse di fetang 20 fa Jesu a se na go tlhopha Paulo ka namana gore a ise molaetsa wa Bokeresete kwa bathong ba ditšhaba, moaposetoloi yono yo o neng a dira ka natla o ne a kwala jaana: “Ke ikgoba mmele, ke o baya mo taolong, e se re kgotsa ka mokgwa mongwe, e tlaa re ke sena go rerela ba bangwe Mafoko a a Molemo, nna ka nosi ka tla ka ganwa.”—1 Bakorinthe 9:27; Ditiro 9:5, 6, 15.
Poloko ke mpho ya mahala e e tswang kwa Modimong. E ka se bonwe fela. Lefa go ntse jalo e tlhoka gore rona re dire boiteko bongwe. Fa mongwe a go neela mpho e e tlhwatlhwakgolo thata mme o bo o sa e tseye gore o tsamaye le yone e le go bontsha kanaanelo, tsela e o sa bontsheng tebogo ka yone e ka nna ya tlhotlheletsa motho yo o go e neileng gore a e neele motho o sele. Ebu, madi a ga Jesu Keresete a a nayang botshelo a tlhwatlhwakgolo go le kana kang? Ke mpho ya mahala, mme re tshwanetse ra bontsha kanaanelo e kgolo ka one.
Bakeresete ba boammaaruri ba mo boemong jwa go bolokwa ka tsela ya gore ba mo boemong jo bo amogelwang ke Modimo. Poloko ya bone e tlhomame e le setlhopha. Ba tshwanetse ba fitlhelela dilo tse Modimo a di tlhokang mo mothong ka bongwe. Lefa go ntse jalo, re ka nna ra palelwa, ka gonne Jesu o ne a bolela jaana: “Fa motho a sa nne mo go nna, o latlhelwa kwa ntle jaaka kala, mme e omelele.”—Johane 15:6.
‘Lefoko la Modimo le a Tshela’
Puisano e go neng ga buiwa ka yone kwa tshimologong ya setlhogo se se simololang e ne ya buiwa mo e ka nnang dingwaga di le 60 tse di fetileng. Johnny o sa ntse a dumela gore poloko e tla ka Jesu Keresete fela, mme o lemoga gore re tshwanetse ra dira ka natla gore re e fitlhelele. O sa ntse a tlhatswegile pelo gore Baebele e tlhalosa fela ka motswedi o le mongwe fela wa mmatota o batho ba solofetseng mo go one le gore re tshwanetse go ithuta buka eo e e molemolemo, e re tlhotlheletse, mme e re rotloetse go nna le lorato, tumelo, bopelonomi, kutlo le boitshoko. O godisitse bana ba gagwe gore le bone ba dumele dilo tse di tshwanang, mme jaanong o itumelela go bona le bone ba godisa bana ba bone ka tsela e e tshwanang. O eletsa e kete mongwe le mongwe a ka bo a na le mofuta oo wa tumelo, mme o dira sengwe le sengwe se a ka se kgonang gore a e tsenye mo dipelong le mo megopolong ya ba bangwe.
Moaposetoloi Paulo o ne a tlhotlhelediwa go kwala gore “lefoko la Modimo le tshedile, le tlhaga.” (Bahebere 4:12) Le ka fetola matshelo a batho. Le ka go rotloetsa gore o dire ditiro tse di bontshang lorato lo lo tswang mo pelong, le tumelo le go nna kutlo. Mme o tshwanetse wa dira se se fetang fela go “amogela” mo tlhaloganyong se Baebele e se bolelang. Ithute yone mme o letle pelo ya gago gore e rotloediwe ke yone. Letla botlhale jwa yone bo go kaele. Basupi ba ga Jehofa ba ba dirang ka go rata ba ba ka nnang 5 000 000 mo dinageng tse di fetang 230 ba ithuta Baebele le batho mahala mo magaeng a bone. Kwalela bagatisi ba makasine ono gore o bone se o ka se ithutang mo thutong e e ntseng jalo. Tumelo le go nonofa semoyeng tse o tla nnang le tsone di tla go itumedisa!
[Ntlha e e kwa tlase]
a Dr. Christine E. King o ne a bega jaana mo bukeng ya gagwe ya The Nazi State and the New Religions: Five Case Studies in Non-Conformity: “Mosupi a le mongwe fela mo Basuping [ba ga Jehofa] ba le babedi ba Bajeremane o ne a le mo kgolegelong, mme a le mongwe mo Basuping ba le banè o ne a swa.”
[Lebokoso mo go tsebe 7]
Ke ka Ntlha Yang fa o “Ganela Tumelo”?
Buka ya Baebele ya Juta e kwaletswe “ba ba biditsweng . . . , ba boloketswe Jesu Keresete.” A e bolela gore poloko ya bone e ne e tlhomame ka gonne ba ne ba ‘amogetse Jesu’? Nnyaa, Juta o ne a bolelela Bakeresete bao go “ganelela tumelo.” O ne a ba neela mabaka a mararo a go dira jalo. Sa ntlha, Modimo o ne a “golola tšhaba nngwe mo lefatsheng la Egepeto,” mme moragonyana ba le bantsi ba bone ba ne ba wa mo tumelong. Sa bobedi, tota le baengele ba ne ba tsuologa mme ba nna badimona. Sa boraro, Modimo o ne a senya Sotoma le Gomora ka ntlha ya boitsholo jo bo maswe jwa kafa dikobong jo batho ba neng ba bo dira kwa metseng eo. Juta o re neela dipego tseno tsa Baebele e le “sekao se se tlhagisang.” (NW) Ee, tota le batho ba ba dumelang e bile “ba boloketswe Jesu Keresete” ba tshwanetse go nna kelotlhoko gore ba se ka ba wa mo tumelong ya boammaaruri.—Juta 1-7.
[Lebokoso mo go tsebe 8]
Ke Efe ya Tsone e e Siameng?
Baebele e bolela jaana: “Motho o siamisiwa ka tumelo, kwa ntle ga ditiro tsa molao.” Gape e bolela jaana: “Motho [o] siamisiwa ka ditiro, e seng ka tumelo e le yosi.” Ke efe ya tsone e e siameng? A re bolelwa re siame ka tumelo kana ka ditiro?—Baroma 3:28; Jakobe 2:24.
Karabo e e tshwanang e e mo Baebeleng ke ya gore tsotlhe di siame.
Ka makgolokgolo a dingwaga Molao o Modimo a neng a o neela baobamedi ba Bajuta a dirisa Moshe o ne o tlhoka gore ba ntshe ditlhabelo le ditshupelo tse di rileng, gore ba boloke malatsi a meletlo, le go dumalana le dijo tse di tlhokegang le go tshegetsa dilo tse dingwe tse di tlhokegang. “Ditiro tsa molao” tseo kana “ditiro” fela, di ne di sa tlhole di le botlhokwa fa Jesu a se na go ntsha setlhabelo se se itekanetseng.—Baroma 10:4.
Mme lebaka la go bo ditiro tseno tse di neng tsa dirwa ka fa tlase ga Molao wa ga Moshe di ne tsa emisediwa ke setlhabelo se segolo thata sa ga Jesu go ne go sa reye gore re ka itlhokomolosa ditaelo tsa Baebele. E bolela jaana: “Madi a ga Keresete . . . a tla tlhapisa digakolodi tsa rona go le kana kang mo ditirong tse di suleng [tsa bogologolo] gore re direle Modimo o o tshedileng tirelo e e boitshepo?”—Bahebere 9:14, NW.
Re “direl[a] Modimo o o tshedileng tirelo e e boitshepo” jang? Mo godimo ga dilo tse dingwe, Baebele e re bolelela gore re lwe le ditiro tsa nama, re gane boitshwaro jo bo sa siamang jwa lefatshe le go tila diru tsa lone. E bolela jaana: “Tlhabana ntwa e e molemo ya tumelo,” re latlheng “boleo jo bo bofefo go re rareetsa,” mme “re sianeng ka bopelotelele tshiano e re e beilweng pele, re ntse re lebile kwa go Jesu, mosimolodi le mowetsi wa tumelo ya rona.” Mme Baebele e re rotloetsa gore re se ka ‘ra lapa, ra ngodiega mo meweng ya rona.’—1 Timotheo 6:12; Bahebere 12:1-3; Bagalatia 5:19-21.
Ga re bone poloko ka go dira dilo tseno, ka gonne ga go na motho ope yo o ka dirang mo go lekaneng gore a tshwanele masego ao a a molemolemo. Lefa go ntse jalo, mpho eno e e molemolemo e ka se re tshwanele fa re palelwa ke go bontsha lorato le go nna kutlo ka go dira dilo tse Baebele e bolelang gore Modimo le Keresete ba batla re di dira. Go bolela ga rona gore re latela Jesu go tla tlhaelela kgakala fa re sa bontshe tumelo ya rona ka ditiro, ka gonne Baebele e bolela sentle jaana: “Tumelo, fa e se na ditiro e be e sule ka e yosi.”—Jakobe 2:17.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Ithute Baebele, e bo e go rotloetse