Ba ne ba Dira Thato ya ga Jehofa
Morweetsana yo o Neng a Bua ka Bopelokgale
MO LEKGOLONG la bolesome la dingwaga B.C.E., Baiseraele le Basiria ba ne ba sa utlwane. Ba ne ba lwa kgapetsakgapetsa mo e leng gore fa go ne go feta dingwaga tse tharo go sena thubakanyo, e ne ya nna kgang e e kwalwang mo hisitoring.—1 Dikgosi 22:1.
Batho ba ba neng ba tshosetsa thata mo metlheng eo e ne e le digongwana tsa Basiria tse di neng di tlela go thopa, dingwe tsa tsone di bopilwe ka makgolokgolo a masole. Batlhabani bano ba ne ba tle ba tlhasele le go thopa Baiseraele, ba gapa batho ba le bantsi e bile ba ba dira makgoba—le bana tota.
Nako nngwe fa ba ne ba tlhasetse jalo, ba ne ba kgaoganya “morweetsana” mongwe ka tsela e e botlhoko le lelapa la gagabo le le boifang Modimo. (2 Dikgosi 5:2) O ne a isiwa kwa Siria, a feta a patelediwa go nna le batho ba gongwe a neng a bona ba tshabega e bile ba sa tlwaelega—setšhaba se se neng se obamela letsatsi, ngwedi, dinaledi, ditlhare, dimela, le maje tota. A bo ba ne ba farologane jang ne le ba lelapa la gagabo le ditsala, ba ba neng ba obamela Modimo o o osi wa boammaaruri, Jehofa! Lefa go ntse jalo, tota le mo tikologong eno e e seng ya gagabo, mosetsana yono o ne a bontsha bopelokgale jo bo tlhomologileng malebana le go obamela Jehofa. Ka ntlha ya seo, o ne a fetola botshelo jwa modiredimogolo mongwe wa maemo a a kwa godimo yo o neng a direla kgosi ya Siria. A re boneng gore o dirile seo jang.
Bopelokgale Jwa go Bua
Morweetsana yo ga a buiwe ka leina mo pegong ya Baebele. O ne a nna lelata la mosadi wa ga Naamane, molaodi wa ntwa yo o seganka yo o neng a direla Kgosi Benehatate II. (2 Dikgosi 5:1) Lefa Naamane a ne a tlotlwa thata, o ne a na le bolwetse jo bo sa rategeng jwa lepero.
Gongwe maitseo a mantle a morweetsana yono a ne a dira gore mosadi wa ga Naamane a mmulele mafatlha. Mosadi yono o ka tswa a ne a botsa mosetsana jaana, ‘Balepero ba dirwa jang kwa Iseraele?’ Mosetsanyana yono wa Moiseraele o ne a sa tlhabiwe ke ditlhong go bolela jaana ka bopelokgale: “A bo morena wa me a ka bo a le kwa go moperofeti yo o kwa Samaria! O ne a tlaa fola mo leperong la gagwe.”—2 Dikgosi 5:3.
Mafoko a mosetsana yo ga a ka a tlhokomologiwa fela jaaka ditoro tsa bongwana. Go na le moo, a ne a begelwa Kgosi Benehatate, yo o neng a romela Naamane le ba bangwe mo loetong lwa dikilometara di le 150 go ya kwa Samaria ba batla moporofeti yono.—2 Dikgosi 5:4, 5.
Naamane o a Fodisiwa
Naamane le banna ba gagwe ba ne ba ya kwa go Kgosi Jehorame wa Iseraele, ba isa lokwalo lwa itlhaloso lo tswa kwa go Benehatate le mpho ya madi a mantsi. E le mo go sa gakgamatseng, Kgosi Jehorame yo o obamelang namane o ne a sa bontshe tumelo mo moporofeting wa Modimo jaaka mosetsana wa lelata. Go na le moo, o ne a akanya gore Naamane o ne a tlile go ba rumola. Fa moporofeti wa Modimo Elisha a utlwa ka letshogo la ga Jehorame, gone fela foo o ne a romela molaetsa a kopa gore kgosi e romele Naamane kwa ntlong ya gagwe.—2 Dikgosi 5:6-8.
Fa Naamane a goroga kwa ntlong ya ga Elisha, moporofeti o ne a romela morongwa yo o neng a mo raya a re: “Ya o tlhape gasupa mo Joretane, mme nama ya gago e tlaa ba e boela mo go wena, o tlaa ntlafala.” (2 Dikgosi 5:9, 10) Naamane o ne a tenega. E re ka a ne a solofetse go direlwa kgakgamatso e e neng e tla dirwa gore e bonwe ke batho botlhe, o ne a botsa jaana: “Abana le Farepare, dinoka tsa Damaseko, a ga di molemo bogolo go metsi otlhe a Iseraele? A ga ke kake ka tlhapa mo go tsone ka ntlafala?” Naamane o ne a tswa mo ntlong ya ga Elisha a tletse bogale. Mme fa batlhanka ba ga Naamane ba ne ba mmontsha mabaka, kgabagare o ne a dumela. Fa a sena go tlhapa gasupa mo Nokeng ya Joretane, “nama ya gagwe [e ne] ya bowa, ya tshwana le nama ya ngwanyana fela, a ntlafetse.”—2 Dikgosi 5:11-14.
Fa Naamane a boela kwa go Elisha o ne a re: “Bona, jaana ke a itse fa go se na Modimo ope mo lefatsheng lotlhe, fa e se mo Iseraele.” Naamane o ne a ikana gore o ne a se “ketla a tlhola a isetsa medimo epe [e] sele tshupelo e e fisiwang le fa e le tlhabelo, fa e se Jehofa fela.”—2 Dikgosi 5:15-17.
Se re se Ithutang
Naamane o ka bo a sa ya kwa go moporofeti Elisha fa mosetsanyana wa lelata a ne a sa bua ka bopelokgale. Gompieno basha ba le bantsi ba dira fela jalo. Kwa sekolong, ba ka nna ba bo ba tsena le baithuti ba ba sa kgatlhegeleng go direla Modimo. Lefa go ntse jalo, ba bua ka se ba se dumelang. Bangwe ba bone ba simolola go dira jalo ba santse ba le bannye fela thata ka dingwaga.
Akanya ka Alexandra, mosetsana wa dingwaga tse tlhano kwa Australia. Fa a ne a simolola sekolo, mmaagwe o ne a dumalana nako le morutabana gore a ye go mo tlhalosetsa se Basupi ba ga Jehofa ba se dumelang. Mme mmaagwe Alexandra o ne a gakgamala. “Ke setse ke itse dingwe tsa dilo tse lo di dumelang, mmogo le se Alexandra a tla se dirang le se a se kitlang a se dira mo sekolong,” morutabana o ne a rialo. Mmaagwe Alexandra o ne a gakgametse, ka gonne go ne go sena ngwana ope yo mongwe wa Mosupi kwa sekolong seo. “Alexandra o re boleletse,” morutabana a tlhalosa. Ee, mosetsanyana yono o ne a setse a buisane le morutabana wa gagwe ka botlhale.
Basha ba ba ntseng jalo ba bua ka bopelokgale. Ka jalo ba dira go dumalana le Pesalema 148:12, 13: “Makau a na le basetsana; banna bagolo le banyana; a ba bake leina la ga Jehofa; gonne leina la gagwe ke lone losi le le goletsegileng; kgalalelo ya gagwe e godimo ga lefatshe le legodimo.”