Dingwaga Tse di Fetang 50 ke Ntse ke ‘Kgabaganyetsa ka Kwa’
JAAKA GO BOLETSE EMMANUEL PATERAKIS
Moaposetoloi Paulo o ne a lalediwa jaana ka tsela e e sa tlwaelegang makgolo a le 19 a dingwaga a a fetileng: “Kgabaganyetsa kwano Maketonia, o tle go re thusa.” Paulo o ne a amogela tshono eno e ntšha ya go ‘rera Mafoko a a Molemo’ ka boitumelo. (Ditiro 16:9, 10) Le mororo taletso e ke e amogetseng e se ya bogologolo jalo, go setse go fetile dingwaga tse 50 fa ke sale ke dumela go “kgabaganyetsa” kwa ditshimong tse disha ke dumalana le Isaia 6:8, e e reng: “Ke fano, roma nna.” Maeto a me a mantsi a ne a dira gore ke bidiwe Perpetual Tourist (Mojanala wa Bosakhutleng), lefa go ntse jalo tiro ya me e ne e sa tshwane gotlhelele le ya mojanala. Ka makgetlho a mantsi e ne e re fa ke goroga kwa hoteleng, ke ne ke khubama ka mangole mme ke leboga Jehofa go bo a ntshireleditse mo mathateng.
KE NE ka tsholwa ka January 16, 1916, kwa Hierápetra, kwa Crete, ke tsholelwa mo lelapeng le le ratang kereke ya Orthodox thata. Go tloga fela ke santse ke le lesea, Mmè o ne a tsamaya le nna le bokgaitsadiake ba le bararo kwa kerekeng ka Sontaga. Rre ene o ne a bona go le botoka gore a sale a ipalela Baebele kwa gae. Ke ne ke rata rre thata—monna yo o tshepegang, yo o molemo, le yo o itshwarelang—ke ne ka hutsafala thata fa a ne a tlhokafala fa ke na le dingwaga di le robongwe.
Ke gakologelwa gore fa ke na le dingwaga di le tlhano ke ne ka bala temana nngwe kwa sekolong e e neng e re: “Sengwe le sengwe se re se bonang se bolela gore Modimo o teng.” Ke ne ke tlhatswegile pelo thata ka seno fa ke ntse ke gola. Ke gone ka moo, fa ke ne ke na le dingwaga di le 11 ke neng ka tlhopha go kwala tlhamo e setlhogo sa yone e neng e le sa Pesalema 104:24: “Jehofa, ana ditiro tsa gago di methalethale jang! O di dirile ka botlhale tsotlhe fela; lefatshe le tletse dikhumo tsa gago.” Dilo tse di gakgamatsang tsa tlholego di ne di nkgatlha thata, tota le dilo tse dinnye jaaka dipeonyana tse di nang le diphukanyana tse di dirang gore di kgone go fokiwa ke phefo di tswa mo go bommaatso. Lobaka lwa beke fa ke sena go isa tlhamo ya me, morutabana o ne a e balela tlelase yotlhe, mme morago o ne a e balela sekolo sotlhe. Ka nako eo, barutabana ba ne ba lwa le dikgopolo tsa Bokomonise e bile ba ne ba itumela thata fa ke ne ke buelela kgang ya gore Modimo o teng. Tota nna ke ne ke itumelela fela go ipolela gore ke dumela mo Mmoping.
Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Me
Ke santse ke gakologelwa sentle fa ke ne ke kopana la ntlha le Basupi ba ga Jehofa kwa tshimologong ya bo1930. Emmanuel Lionoudakis o ne a sa bolo go rera mo ditoropong le mo metseng yotlhe ya Crete. Ke ne ka tsaya dibukana di le mmalwa mo go ene, mme ke ne ka kgatlhegela thata e e neng e na le setlhogo se se reng, Where Are the Dead? Ke ne ke boifa loso fela thata mo ke neng ke sa kgone go tsena mo kamoreng e rre a tlhokafaletseng mo go yone. Fa ke ntse ke bala bukana eno gangwe le gape mme ke ithuta se se rutiwang ke Baebele ka boemo jwa baswi, ke ne ka utlwa poifo e e leriwang ke tumelabotlhodi eo e nyelela.
Gangwe ka ngwaga fa go le selemo, Basupi ba ne ba tla mo toropong ya rona mme ba ne ba ntlisetsa dibuka tse di oketsegileng gore ke di bale. Ke ne ka nna ka tlhaloganya Dikwalo botoka ka bonya ka bonya, mme ke ne ke ntse ke ya kwa Kerekeng ya Orthodox. Lefa go ntse jalo, buka ya Deliverance, e ne ya dira gore ke fetoge tota. E ne ya supa ka phepafalo kafa mokgatlho wa ga Jehofa le wa ga Satane e farologanang ka teng. Go tloga fano, ke ne ka simolola go ithuta ka metlha Baebele le dibuka dipe fela tsa Mokgatlho wa Watch Tower tse ke neng ke ka di bona. Ke ne ke ithutela mo sephiring bosigo gonne Basupi ba ga Jehofa ba ne ba thibetswe kwa Gerika. Lefa go ntse jalo, ke ne ke le tlhaga thata ka se ke neng ke se ithuta mo ke neng ke sa kgone go ithiba go se bolelela mongwe le mongwe. Mapodise a ne a simolola go nkela tlhoko ka bonako fela, ba nketela ka diura tse di farologaneng motshegare le bosigo ba senka dibuka.
Ke ne ka ya kwa dipokanong la ntlha ka 1936, bokgakala jwa dikilometara di le 120 kwa Iráklion. Ke ne ke itumeletse thata go kopana le Basupi. Bontsi jwa bone e ne e se ba maemo a a kwa godimo, e le balemi mme ba ne ba nthusa gore ke tlhatswege pelo gore seno ke boammaaruri. Ke ne ka ineela mo go Jehofa gone fela foo.
Ga ke kitla ke lebala nako ya fa ke ne ke kolobediwa. Bosigo bongwe ka 1938, nna le batho bangwe ba babedi ba ke neng ke ithuta Baebele le bone re ne ra tsewa ke Mokaulengwe Lionoudakis go le lefifi tota ra ya kwa lotshitshing. Fa a sena go rapela o ne a re tsenya mo metsing.
Fa re Ne re Tshwerwe
Go ne ga diragala dilo tse dintsi tota ka lekgetlho la ntlha ke ile go rera. Ke ne ka kopana le tsala nngwe ya me ya bogologolo e ke neng ke tsena sekolo le yone e e neng e le moruti, mme re ne ra tlotla monate tota. Lefa go ntse jalo, morago ga foo o ne a tlhalosa gore o ne a tshwanetse go ntshwara go ya kafa bishopo a laetseng ka teng. Segopa sa batho se ne sa kokoana kafa ntle fa re ntse re le mo ofising ya ga ratoropo re letile mapodise a a tswang kwa motseng mongwe o o fa gaufi. Ka jalo, ke ne ka tsaya Tesetamente e Ntšha ya Segerika e e neng e le mo ofising mme ka simolola go naya puo e e neng e thailwe mo go Mathaio kgaolo 24. Kwa tshimologong, batho ba ne ba sa batle go reetsa, mme lefa go ntse jalo moruti o ne a tsereganya. O ne a re: “Mo leseng a bue. O tshotse Baebele ya rona.” Ke ne ka kgona go bua ka lobaka lwa ura le sephatlo. Ka jalo, letsatsi la me la ntlha mo bodireding e ne ya nna gape le ke neng ka neela puo ya me ya ntlha ya phatlalatsa ka lone. E re ka mapodise a ne a ise a tle fa ke fetsa, ratoropo le moruti ba ne ba swetsa gore ke tshabisiwe ke setlhopha sa banna ke ntshetswe kwa ntle ga toropo. Fa ke fitlha fa sekhutlong sa ntlha sa mmila ke ne ka tshwanela go siana thata gore ke se ka ka ngatiwa ke maje a ba neng ba nkolopa ka one.
Mo letsatsing le le latelang ke ne ka tshwarwa ke mapodise a mabedi a na le bishopo fa ke le kwa tirong. Fa ke le kwa seteisheneng sa mapodise, ke ne ka kgona go ba neela bosupi jo bo tswang mo Baebeleng, mme e re ka Baebele ya me e ne e sena setempe sa ga bishopo jaaka molao o ne o laola, ke ne ka pegwa molato wa go sokolola batho le go anamisa dibuka tse di sa letlelelweng ke molao. Ke ne ka gololwa gore ke letele tsheko.
Ke ne ka sekisiwa kgwedi morago ga foo. Fa ke ipuelela ke ne ka bolela gore se ke neng ke se dira e ne e le go obamela taolo ya ga Keresete ya go rera. (Mathaio 28:19, 20) Moatlhodi o ne a araba jaana a sotla: “Ngwanaka, Motho yo o ntshitseng taolo eo o ne a bapolwa. Ka go tlhoka lesego, ga ke na thata ya go go otlhaya ka tsela e e tshwanang.” Lefa go ntse jalo, moitsemolao mongwe yo mmotlana yo ke neng ke sa mo itse o ne a ema ka dinao go mpuelela, a bolela gore e re ka go tletse Bokomonise le bolatolamodimo jo bontsi jaana, kgotlatshekelo e ne e tshwanetse go itumelela go bo go na le makau a a neng a ikemiseditse go buelela Lefoko la Modimo. O ne a nkatamela a bo a nkakgolela mabaka a ke neng ke a kwadile ke ipuelela ka one, a a neng a le mo faeleng ya me. E re ka a ne a kgatlhilwe ke gore ke mmotlana, o ne a re o tla mpuelela mahala fela. Go na le gore ke atlholelwe katlholo e e kwa tlasetlase ya dikgwedi tse tharo, ke ne ka tsenngwa fela malatsi a le lesome mo kgolegelong mme ka duela di-drachma di le 300. Kganetso e e ntseng jalo e ne e dira fela gore tshwetso ya me ya go direla Jehofa e nonofe ke bo ke buelele boammaaruri ke nonofile.
Mo lekgetlhong le lengwe fa ke ne ke tshwerwe, moatlhodi o ne a lemoga kafa ke neng ke kgona go nopola Baebele motlhofo ka teng. O ne a kopa bishopo gore a tswe mo ofising, a bo a re: “O dirile tiro ya gago. Ke tla sala ke mmona.” Go tloga foo, o ne a ntsha Baebele ya gagwe mme ra fetsa thapama yotlhe re bua ka Bogosi jwa Modimo. Ditiragalo tse di ntseng jalo, di ne di nkgothatsa gore ke tswelele pele lefa go na le mathata.
Go Atlholelwa Loso
Ke ne ka bilediwa bosole ka 1940 mme ka kwala lekwalo le le tlhalosang lebaka la go bo ke gana go tsena mo go jone. Ke ne ka tshwarwa malatsi a le mabedi morago ga foo mme ka itewa botlhoko ke mapodise. Morago ga foo, ke ne ka romelwa kwa ntweng kwa Albania, koo ke neng ka sekisiwa kwa kgotlatshekelong ya sesole teng gonne ke ne ke gana go lwa. Badiredibagolo ba bosole ba ne ba mpolelela gore ba ne ba sa kgatlhegele go itse gore a ke phoso kana ga ke phoso mme se ba neng ba tshwenyegile ka sone e le sekao se ke tla se tlhomelang masole a mangwe. Ke ne ka atlholelwa loso, mme phoso nngwe e e leng teng mo molaong, e ne ya dira gore ke atlholelwe dingwaga di le lesome ke berekisiwa thata. Ke ne ka fetsa dikgwedi di le mmalwa tse di neng tsa latela ke le mo kgolegelong ya sesole kwa Gerika mo maemong a a maswe thata, a a mpaketseng malwetse a a santseng a ntshwere le jaanong.
Lefa go ntse jalo, kgolegelo ga e a ka ya nthibela go rera. Legoka! Go ne go le motlhofo go simolola metlotlo gonne ba le bantsi ba ne ba gakgamala gore motho yo e seng lesole o ne a batla eng mo kgolegelong ya bosole. Mengwe ya metlotlo eno e ne ya dira gore ke ithute Baebele le lekawana lengwe kwa kgolegelong. Ke ne ka kopana le monna yono gape dingwaga tse 38 moragonyana kwa kopanong. O ne a amogetse boammaaruri mme a direla jaaka molebedi wa phuthego kwa setlhaketlhakeng sa Lefkás.
Fa masole a ga Hitler a ne a tlhasela Yugoslavia ka 1941, re ne ra isiwa kwa borwa kwa kgolegelong ya Preveza. Fa re ntse re tsamaya jalo, re ne ra tlhaselwa ke Bajeremane ka difofane ba re thuntsha mme rona magolegwa re ne ra timiwa dijo. Fa senkgwenyana se ke neng ke se tshotse se fela, ke ne ka rapela Modimo jaana: “Fa e le gore ke thato ya gago gore ke swe ke tlala fa o sena go mphalotsa gore ke se ka ka bolawa jaaka ke ne ke atlhotswe, a thato ya gago e diragale.”
Mo letsatsing le le latelang, modiredi mongwe yo mogolo o ne a ntseela fa thoko fa a sena go bitsa maina a rona, mme e rile fa a sena go itse gore ke tswa kae, le gore batsadi ba me e ne e le bomang, le lebaka la go bo ke ne ke tshwerwe, o ne a nthaya a re ke mo sale morago. O ne a ntseela kwa ntlobojelong ya badiredibagolo kwa toropong, a nkisa fa tafoleng e e neng e na le senkgwe, tšhisi le nama ya nku a bo a nthaya a re ke je. Mme ke ne ka mo tlhalosetsa gore segakolodi sa me ga se ka ke sa ntetla gore ke je gonne go ne go na le magolegwa a mangwe a le 60 a a neng a se na dijo. Modiredimogolo yono o ne a araba jaana: “Ke ka se kgone go fepa mongwe le mongwe! Rraago o ne a le pelotshweu thata mo go rre. Motho yo ke tshwanetseng go mo thusa ke wena e seng batho ba bangwe.” “Fa go ntse jalo ke tla boela kwa morago,” ke ne ka araba jalo. O ne a akanya ka lobakanyana a bo a nnaya kgetse e tona gore ke tsenye dijo tse dintsi kafa ke ka kgonang ka teng.
Fa ke tsena kwa kgolegelong ke ne ka baya kgetse eo fa fatshe ka bo ke re: “Banna, ke tsa lona.” Mo maitsiboeng a letsatsi le le fetileng go ne go diragetse gore ke pegiwe molato wa gore ke nna ke dirileng gore magolegwa a mangwe a bo a ne a le mo diphatseng tseno gonne ke ne ke sa kopanele le bone mo go rapeleng Lekgarebane Maria. Lefa go ntse jalo, Mokomonise mongwe o ne a mpuelela. Jaanong fa a bona dijo, o ne a raya ba bangwe a re: “O kae ‘Lekgarebane Maria’ wa lona? Lo rile re tlile go swa ka ntlha ya monna yono, mme jaanong ke ene a re tlisetsang dijo.” Morago ga foo a bo a nthaya a re: “Emmanuel! Tla o rapele.”
Ka bonako fela morago ga foo, badisakgolegelo ba ne ba tswa ba tshaba fa masole a Bajeremane a ntse a atamela mme seo se ne sa dira gore batshwarwa ba gololesege. Ke ne ka ya kwa Patras gore ke kgone go bona Basupi ba bangwe pele ke fetela kwa Athens kwa bokhutlong jwa May 1941. Fa ke le koo ke ne ka kgona go bona diaparo le ditlhako le go tlhapa ka lekgetlho la ntlha mo lobakeng lo lo fetang lwa ngwaga. Go fitlha Bajeremane ba tsamaya, ba ne ba tlhola ba nkemisa kgapetsa fa ke ntse ke rera, mme ba ne ba se ka ba ntshwara. Mongwe wa bone o ne a re: “Kwa Jeremane re thuntsha Basupi ba ga Jehofa. Mme fano re eletsa e kete baba botlhe ba rona e ka bo e le Basupi!”
Ditiro Tsa Morago ga Ntwa
Jaaka e kete dintwa tse di lolweng kwa Gerika di ne di sa lekana, go ne ga tsoga ntwa ya semorafe go tloga ka 1946 go fitlha ka 1949, e bolaya diketekete tsa batho. Bakaulengwe ba ne ba tshwanetse go nna ba nonofile ka nako e motho a neng a ka tshwarelwa fela go ya kwa dipokanong. Bakaulengwe ba le mmalwa ba ne ba bolaelwa go boloka bothokgami ga bone. Lefa go ntse jaana, batho ba le bantsi ba ne ba tsaya kgato ka molaetsa wa Bogosi mme re ne re kolobetsa motho a le mongwe kana ba babedi beke le beke. Go tloga ka 1947 ke ne ka direla kwa diofising tsa Mokgatlho kwa Athens motshegare mme bosigo ke etela diphuthego jaaka molebedi yo o etang.
Ka 1948 ke ne ka itumelela go lalediwa go ya kwa Sekolong sa Baebele sa Watchtower sa Gileate, kwa United States. Mme go ne go na le mathata. Ke ne ke ka se kgone go bona paseporoto gonne ke kile ka sekisiwa le go atlholwa. Lefa go ntse jalo, mongwe wa ba ke neng ke ithuta Baebele le bone e ne e le tsala ya mojenerale mongwe. Ke leboga moithuti yono gonne ke ne ka bona paseporoto mo dibekeng di le mmalwa fela. Mme ke ne ka tshwenyega thata fa ke ne ke tshwarwa ke tsamaisa Tora ya Tebelo go setse lobakanyana fela gore ke tsamaye. Lepodise le ne la nkisa kwa mookameding wa State Security Police kwa Athens. Ke ne ka gakgamala thata go fitlhela e le mongwe wa baagelani ba me! Lepodise le ne la mmolelela gore ke tshwaretswe eng la bo le mo naya dimakasine. Moagelani yono wa me o ne a tsaya dimakasine tsa Tora ya Tebelo mo tesekeng ya gagwe a bo a nthaya a re: “Ga ke na makasine wa bosheng. A nka itseela khopi?” A bo ke ne ka ikutlwa ke ritibala jang ne fa ke bona ditiro tsa ga Jehofa mo dikgannyeng tse di ntseng jalo!
Tlelase ya bo16 ya Gileate ya 1950 e ne e nonotsha tota. Fa ke e fetsa ke ne ka romelwa kwa Cyprus, koo ke neng ka lemoga ka bonako fela gore baruti ba ne ba ganetsa fela jaaka kwa Gerika. Gantsi, re ne re tlhola re kopana le boidiidi jwa batho ba ba gagamaletseng bodumedi ba gakaditswe ke baruti ba Orthodox. Ka 1953 ba ne ba se ka ba ntšhafatsa tetla ya me ya go nna kwa Cyprus, mme ke ne ka romelwa kwa Istanbul, kwa Turkey. Koo le gone ke ne ka se ka ka nna sebaka. Mathata a sepolotiki fa gare ga Turkey le Gerika a ne a dira gore le mororo ke ne ke atlega mo tirong ya go rera, ke tloge ke ye kwa kabelong e nngwe—Egepeto.
Fa ke ntse ke le kwa kgolegelong, ke ne ke tle ke gakologelwe Pesalema 55:6, 7. Mo go yone Dafite o ne a eletsa go siela kwa sekakeng. Ke ne ke sa akanye gore letsatsi lengwe ke gone kwa ke neng ke tla bo ke le teng. Ka 1954, fa ke ne ke wetsa loeto lo lo lapisang lo lo tsayang malatsi ka terena le mokoro mo Nile, ke ne ka goroga kwa ke neng ke ya teng—Khartoum, kwa Sudan. Se ke neng ke se batla fela, e ne e le go tlhapa le go robala. Lefa go ntse jalo, ke ne ka lebala gore e ne e le motshegare. Metsi a a neng a tshetswe mo tankeng e e mo godimo ga ntlo a ne a ntshuba letlalo, a dira gore ke rwale hutshe ka dikgwedi di le dintsi go fitlha letlalo la tlhogo ya me le fola.
Gantsi ke ne ke ikutlwa e kete ke latlhegile, ke le nosi mo gare ga Sahara, bokgakala jwa dikilometara di le sekete le makgolo a le marataro go tswa kwa phuthegong e e fa gaufi, lefa go ntse jalo, Jehofa o ne a ntshegetsa a bo a nnaya nonofo ya go tswelela pele. Gantsi ke ne ke kgothadiwa ke batho ba ke sa lebelelang gore ba ka dira jalo. Letsatsi lengwe ke ne ka kopana le motsamaisi wa Musiamo wa Khartoum. E ne e le motho yo o amogelang dikgopolo tsa batho ba bangwe, mme re ne ra tlotla monate. Fa a sena go itse gore ke Mogerika, o ne a nkopa gore ke ye kwa musiamong mme ke ranole mekwalo mengwe e e kwadilweng mo dipapetleng dingwe tse di betlilweng tse di fitlhetsweng kwa kerekeng nngwe e e neng e agilwe mo lekgolong la borataro la dingwaga. Morago ga go fetsa diura di le tlhano mo kamoreng e e ka kwa tlase e e hupetsang mowa, ke ne ka bona poleitenyana e e kwadilweng leina la ga Jehofa, ka Theterakeramatone. Akanya fela gore ke ne ka itumela jang! Kwa Yuropa go motlhofo go bona leina la Modimo mo dikerekeng, mme ga go a tlwaelega tota go le bona mo garegare ga Sahara!
Morago ga kopano ya ditšhaba tsotlhe ka 1958, ke ne ka romelwa jaaka molebedi wa makala ke etela bakaulengwe mo dinageng le mo ditshimong di le 26 kwa Botlhabagare le Botlhaba jo bo Gaufi le go dikologa Mediterranean. Gantsi ke ne ke sa itse gore ke tlile go tswa jang mo boemong bongwe jo bo bokete, lefa go ntse jalo Jehofa o ne a nkgolola ka metlha.
Ke ne ke tlhola ke kgatlhiwa thata ke kafa phuthego ya ga Jehofa e neng e tlhokomela Basupi ba ba leng mo dinageng dingwe tse di kwa thokothoko ka teng. Ka nako nngwe ke ne ka kopana le mokaulengwe mongwe wa Moindia yo a neng a dira kwa go neng go gogwa oli teng. Go lebega e ne e le ene Mosupi fela mo nageng eo. Mo rakeng ya gagwe go ne go na le dibuka ka dipuo di le 18 tse a neng a di neela badirikaene. Tota le fano, koo go neng go sa letliwe ditumelo tsotlhe tse di tswang kwa dinageng di sele teng, mokaulengwe wa rona ga a ka a lebala boikarabelo jwa gagwe jwa go rera mafoko a a molemo. Badirikaene ba ne ba kgatlhiwa thata ke go bona moemedi wa bodumedi jwa gagwe a rometswe go tla go mo etela.
Ka 1959 ke ne ka etela kwa Spain le Portugal. Tsotlhe di ne di busiwa ke bakgokgontshi ba dipolotiki ka nako eo, e bile tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne e thibetswe. Mo kgweding e le nngwe ke ne ka kgona go tshwara dipokano tse di fetang lekgolo, ke kgothaletsa bakaulengwe gore ba se ka ba lapa fa ba na le mathata.
Fa ke Sa Tlhole ke le Nosi
Ke ne ke na le dingwaga tse di fetang 20 ke direla Jehofa ka nako e e tletseng ke sa nyala, mme ka bonako fela ke ne ka utlwa ke lapisitswe ke maeto a a sa feleng ke sena kwa ke nnang teng. Ke ka nako e ke neng ka kopana le Annie Bianucci, yo e neng e le mmulatsela yo o kgethegileng kwa Tunisia. Re ne ra nyalana ka 1963. Tsela e a neng a rata Jehofa le boammaaruri ka yone, tsela e a neng a ineetse mo bodireding ka yone fa di kopana le matsetseleko a gagwe mo go ruteng le kitso ya gagwe ya dipuo, di ne tsa itshupa e le lesego tota mo bodireding jwa rona le mo tirong ya go potologa kwa bokone le bophirima jwa Afrika le kwa Italy.
Ka August 1965, nna le mosadi wa me re ne ra romelwa kwa Dakar, kwa Senegal, koo ke neng ka bona tshiamelo ya go rulaganya ofisi ya lekala ya lefelo leo. Senegal e ne e le naga e e neng e itsiwe thata gore e letla bodumedi, kwa ntle ga pelaelo e le ka ntlha ya poresidente wa yone, Leopold Senghor, yo e neng e le mongwe wa baeteledipele ba sekae ba Naga ba mo Afrika yo o neng a kwalela Poresidente Banda wa Malawi a buelela Basupi ba ga Jehofa fa ba ne ba bogisiwa ka tsela e e botlhoko kwa Malawi ka bo1970.
Masego a Mantsi a ga Jehofa
Ka 1951, fa ke ne ke tloga kwa Gileate ke ya kwa Cyprus, ke ne ke tsamaya ka disutukeisi di le supa. Fa ke ne ke ya kwa Turkey di ne di fokotsegile, di le tlhano. Mme e re ka ke ne ke tsamaya thata, ke ne ka tlwaela go tsamaya ka morwalo o o lekanyeditsweng wa dikilogerama di le 20, o o neng o na le difaele tsa me le motšhine wa me “o monnyennye” wa go tlanya. Letsatsi lengwe ke ne ka raya Mokaulengwe Knorr, yo e neng e le poresidente ya Mokgatlho wa Watch Tower ka nako eo ka re: “O ntshireletsa gore ke se ka ka rata dikhumo. O dira gore ke tshele fela ka dilwana tsa dikilogerama di le 20, mme ke tshela sentle fela.” Ga ke ise ke ikutlwe ke tlhoka sepe gonne ke ne ke sena dilo tse dintsi.
Bothata jwa me jo bogolo e ne e le go tswa le go tsena mo dinageng. Letsatsi lengwe, kwa nageng nngwe e tiro e neng e thibetswe kwa go yone, modiredimogolo wa tsa dithoto kwa molelwaneng o ne a simolola go phuruphutsha difaele tsa me. Seno se ne se ka tsenya Basupi ba naga eo mo kotsing, ka jalo, ke ne ka ntsha lekwalo le ke neng ke le kwaletswe ke mosadi wa me mo baking mme ka raya modiredimogolo yono ka re: “Ke bona gore o rata go bala makwalo. A o ka rata go bala lekwalo leno le le tswang kwa mosading wa me, le le seyong mo difaeleng?” O ne a tlhajwa ke ditlhong, ke fa a kopa maitshwarelo a bo a mphetisa.
Nna le mosadi wa me re sale re ntse re direla jaaka barongwa kwa Nice kwa borwa jwa Fora fa e sale go tloga ka 1982. Ga ke tlhole ke kgona go dira ka natla jaaka ke ne ke dira pele ka ntlha ya bokoa jwa mmele. Lefa go ntse jalo, seo ga se reye gore boipelo jwa rona bo fokotsegile. Re bone gore ‘tiro ya rona ga e a nna ya lefela.’ (1 Bakorinthe 15:58) Ke itumelela go bona bontsintsi jwa batho ba ke neng ka nna le tshiamelo ya go ithuta le bone fa dingwaga di ntse di feta mmogo le ba ba fetang 40 ba lelapa la gaetsho ba ba direlang Jehofa ka boikanyegi.
Tota ruri ga ke ikwatlhaele tsela e ke ileng ka intsha setlhabelo ka yone ka go bo ke ile ka ‘kgabaganyetsa ka kwa.’ Tota e bile, ga go na ditsela dipe tse re ka intshang setlhabelo ka tsone tse di ka fetang se Jehofa le Morwawe, Keresete Jesu ba se re diretseng. Mme fa ke leba kwa morago, dingwaga di le 60 fa ke sale ke itse boammaaruri, ruri ke ka bolela gore Jehofa o ntshegofaditse fela thata. Go ntse fela jaaka Diane 10:22 e bolela, “tshegofatso ya ga Jehofa e a humisa.”
Kwa ntle ga pelaelo “bopelonomi jwa [ga Jehofa] jwa lorato bo molemo bogolo go botshelo.” (Pesalema 63:3) Jaaka mathata a botsofe a ntse a oketsega, gantsi fa ke rapela ke bolela mafoko ano a mopesalema yo o tlhotlheleditsweng: “Jehofa, ke ikantse mo go wena, a ke se tlhajwe ke ditlhong gope. Gonne o tsholofelo ya me, Jehofa, Modimo; o sa le o nna boikanyo jwa me le mo bokaung jwa me. Modimo o sa le wa nna wa nthuta le mo bokaung jwa me, ke ntse ke bolela ditiro tsa gago tse di gakgamatsang, nako e sa le eno. Ee, le gone, e tlaa re ke tsofetse ke thuntse tlhogo, Modimo, o se ka wa ntlogela.”—Pesalema 71:1, 5, 17, 18.
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Nna le mosadi wa me Annie gompieno