Nametsegang fa Kgololo e Ntse e Atamela
“Ke na nao, go bua Jehofa, go go golola.”—JEREMIA 1:19.
1, 2. Ke ka ntlha yang fa batho ba tlhoka go gololwa?
KGOLOLO! A bo e le lefoko le le gomotsang jang ne! Go gololwa go raya go namolwa, go gololwa mo selong se se bosula, mo boemong jo bo sa itumediseng. Se se akaretsa kgopolo ya go leriwe mo boemong jo bo botoka, jo bo itumedisang le go feta.
2 A bo batho ba tlhoka kgololo e e ntseng jalo thata jang ne mo motlheng ono! Batho gongwe le gongwe ba gateletswe e bile ba kgobilwe marapo ke mathata a a boima—a itsholelo, a loago, a mmele, a tlhaloganyo le a maikutlo. Ba le bantsi ga ba a kgotsofala e bile ba swabisiwa ke tsela e lefatshe le ntseng ka yone mme ba ka rata go fetogela mo sengweng se se botoka.—Isaia 60:2; Mathaio 9:36.
“Dinako Tsa Mathata Tse go Leng Boima go Dirisana le Tsone”
3, 4. Ke ka ntlha yang fa kgololo e tlhokega thata gone jaanong?
3 E re ka go nnile le go boga thata mo lekgolong leno la bo20 la dingwaga go feta le fa e le lefe, kgololo e tlhokega thata go feta le fa e le leng pele. Gompieno, batho ba ba fetang dimilione di le sekete ba mo lehumeng, mme palo eo e oketsega ka dimilione di ka nna 25 ngwaga le ngwaga. Ngwaga nngwe le nngwe go swa bana ba ba ka nnang dimilione di le 13 ka ntlha ya go bolawa ke tlala kana ka mabaka a mangwe a a amanang le lehuma—mo e leng gore ba ba fetang 35 000 ba swa ka letsatsi! Mme batho ba ba tsofetseng ba ba dimilione ba swa ka bonako ka ntlha ya malwetse a a farologaneng.—Luke 21:11; Tshenolo 6:8.
4 Dintwa le dikgotlhang tsa baagimmogo di ile tsa dira gore batho ba boge thata. Buka ya Death by Government e bolela gore dintwa, dikgotlhang tsa setso le tsa bodumedi, le go ganyaolwa ga baagi ke mebuso ya bone di ile tsa “bolaya batho ba ba fetang dimilione di le 203 mo lekgolong leno la dingwaga.” E bolela gape jaana: “Tota palo ya batho ba ba suleng e ka nna dimilione di le 360. Go ntse e kete batho ba ile ba nyelediwa ke Leroborobo le Lentsho la segompieno. Mme tota go ntse jalo, mme ke leroborobo la Maatla, e seng la megare.” Mokwadi Richard Harwood o ne a akgela jaana: “Dintwa tsa ditšhaba tse di nyatsegang tsa makgolokgolo a dingwaga a a fetileng e ne e se sepe fa di bapisiwa le seo.”—Mathaio 24:6, 7; Tshenolo 6:4.
5, 6. Ke eng se se dirang gore motlha wa rona e nne o o ngomolang pelo jaana?
5 Mo godimo ga maemo a a ngomolang pelo a dingwaga tsa bosheng go na le koketsego e kgolo ya bokebekwa jo bo sa laolesegeng, boitsholo jo bo sa siamang le go thubega ga malapa. Motho yo pele e neng e le Mokwaledi wa Thutego kwa United States e bong William Bennett o ne a bolela gore mo dingwageng di le 30, baagi ba United States ba ne ba oketsega ka diperesente di le 41, mme bokebekwa jo bo sa laolesegeng bo ile jwa oketsega ka diperesente di le 560, bana ba ba tsholwang kwantle ga lenyalo ka diperesente di le 400, ditlhalo ka diperesente di le 300 mme palo ya basha ba dingwaga tsa bolesome ba ba ipolayang e ne ya gola ka diperesente di le 200. Porofesa ya Yunibesithi ya Princeton e bong John DiIulio, Jr., o ne a tlhagisa ka ditlhopha tse di ntseng di oketsega tsa “basenyi ba bagolo” tsa basha tse di “bolayang, di tlhaselang, di betelelang, di thukuthang, di thubelang e bile di baka tlhakatlhakano e e masisi mo tikologong. Ga ba boife go nna le letshwao la go tshwarwa, botlhoko jwa go tsenngwa mo kgolegelong, kana go tshwenngwa ke segakolodi.” Mo nageng eo, go bolaya batho ke lebaka la bobedi le le kwa pele la go bo batho ba ba fa gare ga dingwaga tse 15 go ya go 19 ba a swa. Mme bana ba ba oketsegileng ba ba kafa tlase ga dingwaga tse nnè ba swa ka ntlha ya go sotliwa go feta go swa ka ntlha ya bolwetse.
6 Bokebekwa le thubakanyo tse di ntseng jalo ga di fitlhelwe mo setšhabeng se le sengwe fela. Dinaga tse dintsi di bega ka mekgwa e e ntseng jalo. Selo se se dirang gore seno se nnele maswe kwa pele ke koketsego ya go dirisa diokobatsi ka tsela e e seng kafa molaong go go senyang dimilione tsa batho. Lokwalodikgang lwa Sydney Morning Herald lwa Australia lo bolela jaana: “Go rekisa diokobatsi ka tsela e e seng kafa molaong mo lefatsheng lotlhe ke kgwebo ya bobedi go latela kgwebo ya dibetsa e e tsenyang madi a mantsi mo lefatsheng.” Selo se sengwe se se oketsang ke thubakanyo le boitsholo jo bo sa siamang jo bo tletseng jaanong mo thelebisheneng. Mo dinageng di le dintsi, fa ngwana a nna dingwaga di le 18, o setse a bone ditiro tsa thubakanyo di se kana ka sepe ka palo mo thelebisheneng le tsa boitsholo jo bo sa siamang tse dintsintsi. Eo ke tlhotlheletso e e senyang thata, e re ka botho jwa rona bo bopiwa ke se re fepang megopolo ya rona ka sone.—Baroma 12:2; Baefeso 5:3, 4.
7. Boporofeti jwa Baebele bo ile jwa bolelela pele jang ka maemo a a bosula a a leng teng?
7 Boporofeti jwa Baebele bo ile jwa bolelela pele sentle ka tatelano e e boitshegang eno ya ditiragalo mo lekgolong leno la rona la dingwaga. Bo ne jwa bolela gore go tla nna le dintwa mo lefatsheng lotlhe, malwetse, matlhoko, go tlhaela ga dijo le go oketsega ga tlolomolao. (Mathaio 24:7-12; Luke 21:10, 11) Mme fa re akanya ka boporofeti jo bo kwadilweng mo go 2 Timotheo 3:1-5, go tshwana le go reetsa pego ya dikgang tsa letsatsi le letsatsi ka tlhamalalo. Bo tlhalosa motlha wa rona e le ‘metlha ya bofelo’ mme bo tlhalosa gore batho ke ‘baithati, barati ba madi, ba ba sa utlweng batsadi, ba ba sa ikanyegeng ka nitamo, ba ba se nang lorato lwa tlholego, ba ba se nang boikgapo, ba ba bogale jo bo tshabegang, ba ba gogomosiwang ke boikgogomoso, barati ba menate go na le barati ba Modimo.’ Lefatshe le ntse fela jalo gompieno. Jaaka William Bennett a ile a dumela: “Go na le ditshupo di le dintsi thata tsa gore tlhabologo e senyegile thata.” Tota e bile go ile ga bolelwa gore tlhabologo e ile ya fela ka nako ya ntwa ya ntlha ya lefatshe.
8. Ke ka ntlha yang fa Modimo a ile a tlisa Morwalela mo motlheng wa ga Noa, mme seno se tshwana jang le motlha wa rona?
8 Boemo gone jaanong bo maswe go gaisa nako ya pele ga Morwalela wa ga Noa fa “lefatshe le ne le . . . tletse thubakano.” Morago ka nako eo, batho ka kakaretso ba ne ba gana go fetoga mo ditseleng tsa bone tse di maswe. Ka jalo, Modimo o ne a re: “Lefatshe le tletse thubakano ka ntlha ya bone. Bona, ke tlaa ba senya.” Morwalela o ne wa fedisa lefatshe le le tletseng thubakanyo leo.—Genesise 6:11, 13; 7:17-24.
Batho Ba ka Se ka Ba Tlisa Kgololo
9, 10. Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go lebelela gore batho ba tla tlisa kgololo?
9 A maiteko a batho a ka re golola mo maemong a a maswe ano? Lefoko la Modimo le araba jaana: “Lo se ka lwa ikanya dikgosana, le fa e le ngwana wa motho yo go se nang thuso epe mo go ene.” “Ga goyo mo mothong yo o tsamayang ka dinao go siamisa dikgato tsa gagwe.” (Pesalema 146:3; Jeremia 10:23) Diketekete tsa dingwaga tsa hisitori di ile tsa supa gore seo se boammaaruri. Batho ba lekile ditsamaiso tsotlhe tse di leng teng tsa bopolotiki, itsholelo le tsa loago, mme maemo a senyegela pele. Fa batho ba ka bo ba na le tharabololo, seo se ka bo se ile sa bonala gone jaanong. Go na le moo, boammaaruri ke gore ‘motho yo o laolang yo mongwe o mo utlwisa botlhoko fela.’—Moreri 8:9; Diane 29:2; Jeremia 17:5, 6.
10 Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, motho yo pele e neng e le mogakolodi wa tsa pabalesego ya setšhaba kwa United States e bong Zbigniew Brzezinski o ne a bolela jaana: “Tshobokanyo ya tshekatsheko lefa e le efe e e tlhamaletseng ya mekgwa ya lefatshe lotlhe ke gore tlhakatlhakano ya loago, dikhuduego tsa bopolotiki, mathata a tsa itsholelo le dikgotlhang tsa ditšhabatšhaba di ka nna tsa anama le go feta.” O ne a oketsa jaana: “Kotsi e batho ba lebaneng le yone [ke] tlhakatlhakano ya lefatshe lotlhe.” Tshekatsheko ya maemo a lefatshe e botlhokwa le go feta gompieno. Fa kgatiso nngwe ya New Haven kwa Connecticut, e leng Register e akgela malebana le go oketsega ga thubakanyo mo motlheng ono, e ne ya bolela jaana: “Go bonala seemo se setse se sa laolesege mo re sa kgoneng go se emisa.” Nnyaa, go ka se ka ga nna le bokhutlo mo tseleng e lefatshe leno le senyegang ka yone, ka gonne boporofeti jo bo malebana le ‘metlha eno ya bofelo’ bo ile jwa bolela gape jaana: “Batho ba ba bosula le batsietsi ba tlaa nna ba sulafalela pele fela ba tsietsa, ba bile ba tsiediwa.”—2 Timotheo 3:13.
11. Ke ka ntlha yang fa go senyega ga maemo go se kitla go fetolwa ke maiteko a batho?
11 Batho ba ka se ka ba fetola mekgwa eno ka gonne Satane ke “modimo wa lefatshe leno.” (2 Bakorinthe 4:4) Ee, “lefatshe lotlhe le namaletse fa tlase ga yo o bosula.” (1 Johane 5:19; bona gape Johane 14:30.) Baebele e bolela sentle jaana ka metlha ya rona: “A bo go latlhega lefatshe le lewatle; ka diabolo a fologetse kwa go lona, a tletse bogale, ka a itse fa lobaka lwa gagwe lo setse lo le lokhutshwane.” (Tshenolo 12:12) Satane o itse gore puso ya gagwe le lefatshe la gagwe di tla tloga di fela, ka jalo o ntse jaaka “tau e e dumang, a batla yo o ka mo kometsang.”—1 Petere 5:8.
Kgololo e Atametse—Mo go Bomang?
12. Kgololo e atametse mo go bomang?
12 Maemo a a boima thata a a mo lefatsheng ke bosupi jo bo bonalang sentle jwa phetogo e kgolo—ee ruri, kgololo e e seng kana ka sepe—e atametse! Mo go bomang? Kgololo e atametse mo go bao ba tsayang tsia ditshupo tsa tlhagiso le ba ba tsayang kgato e e tshwanetseng. Johane wa Ntlha 2:17 e bontsha gore go tshwanetse ga dirwang: “Lefatshe [tsamaiso ya ga Satane ya dilo] le a feta le thato ya lone; mme yo o dirang go rata ga Modimo o ntse ka bosakhutleng.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.)—Bona gape 2 Petere 3:10-13.
13, 14. Jesu o ne a gatelela jang botlhokwa jwa go nna re lebeletse?
13 Jesu o ne a bolelela pele gore setšhaba se se bosula seno sa gompieno se tla fedisiwa ka nako ya mathata “e e leng gore ga ise e ko e diragale fa e sale ka tshimologo ya lefatshe go fitlha jaanong, nnyaa, le gone e se kitla e diragala gape.” (Mathaio 24:21, NW) Ke ka lebaka leo a ileng a tlhagisa jaana: “Lo itlhokomele, gore e se re kgotsa dipelo tsa lona tsa imelelwa ke go kgora bobe, le go tagwa, le ke ditlhodiego tsa botshelo jono, mme letsatsi leo la lo wela ka tshoganetso jaaka seru; gonne le tlaa wela jalo botlhe ba ba agileng mo lefatsheng lotlhe fela. Lona lebelelang ka metlha yotlhe, lo rapele gore lo kaiwe fa lo tshwanetse go falola mo dilong tse tsotlhe tse di tlaa diralang.”—Luke 21:34-36.
14 Bao ba ‘itlhokomelang’ mme ba ‘nna ba lebeletse’ ba tla batla mo e leng go rata ga Modimo mme ba go dire. (Diane 2:1-5; Baroma 12:2) Bano ke bone ba ba tla ‘tshwanelwang ke go falola’ tshenyego e e tla tlisediwang tsamaiso ya ga Satane mo bogautshwaneng. Mme ba ka tlhatswega pelo ka botlalo gore ba tla gololwa.—Pesalema 34:15; Diane 10:28-30.
Mogolodi yo Mogolo
15, 16. Mogolodi yo mogolo ke mang, mme ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega gore katlholo ya gagwe e tla bo e le e e siameng?
15 Gore batlhanka ba Modimo ba gololwe, Satane le tsamaiso ya gagwe ya dilo ya lefatshe lotlhe e tshwanetse go tlosiwa. Seno se tlhoka motswedi wa kgololo o o maatla a magolo go gaisa a batho. Jehofa Modimo ke ene motswedi oo, Molaodi yo Mogolo, Mmopi mothatayotlhe wa lobopo lo lo gakgamatsang. Ke ene Mogolodi yo mogolo: “Nna e leng nna, ke Jehofa, mme kwa ntle ga me ga go na mmoloki ope.”—Isaia 43:11; Diane 18:10.
16 Jehofa o na le selekanyo se segolo sa maatla, botlhale, tshiamiso le sa lorato lo lo sa tlhaeleng. (Pesalema 147:5; Diane 2:6; Isaia 61:8; 1 Johane 4:8) Ka jalo fa a atlhola, re ka nna ra tlhomamisega gore se a se dirang se siame. Aberahame o ne a botsa jaana: “A Moatlhodi wa lefatshe lotlhe ga a ketla a dira tshiamo?” (Genesise 18:24-33) Paulo o ne a tlhaeletsa jaana: “A go na le tshiamololo mo Modimong? A go ke go se tualo!” (Baroma 9:14) Johane o ne a kwala jaana: “Ee, Morena Modimo, Mothatayotlhe, dikatlholo tsa gago di boammaaruri le tshiamo.”—Tshenolo 16:7.
17. Batlhanka ba ga Jehofa ba ile ba supa jang gore ba ikanya ditsholofetso tsa gagwe mo nakong e e fetileng?
17 Fa Jehofa a solofetsa kgololo, o tla diragatsa seo tota. Joshua o ne a bolela jaana: “Ga se ka ga tlhaela sepe sa se se molemo se Jehofa [a neng] a se buile.” (Jošua 21:45) Solomone o ne a re: “Ga go a tlhaela lefoko lepe la tsholofetso yotlhe ya gagwe e e molemo.” (1 Dikgosi 8:56) Moaposetoloi Paulo o ne a supa gore Aberahame o ne “a se ka a theekela ka go tlhoka go dumela, . . . a ikantse ka botlalo gore se [Modimo] o se mo solofeditseng, o bile o nonofile go se dira.” Sara le ene “[o] kaile [Modimo] one o o mo solofeditseng fa o le boikanngo.”—Baroma 4:20, 21; Bahebere 11:11.
18. Ke ka ntlha yang fa batlhanka ba ga Jehofa gompieno ba ka tlhatswega pelo gore ba tla gololwa?
18 Go farologana le batho, Jehofa a ka ikanngwa ka botlalo, lefoko la gagwe le boammaaruri. “Jehofa wa masomosomo o ikanne, a re: ‘Ruri jaaka ke akantse, go tlaa dirala jalo; le jaaka ke ikaeletse, go tlaa ema fela jalo.’” (Isaia 14:24) Ka jalo fa Baebele e re “Jehofa o itse kafa a ka gololang batho ba boineelo jwa bomodimo mo tekong ka gone, mme a beele batho ba ba sa siamang letsatsi la katlholo gore ba kgaolwe,” re ka tlhatswega pelo ka botlalo gore seno tota se tla diragala. (2 Petere 2:9) Tota le fa batlhanka ba ga Jehofa ba tshosediwa ke go bolawa ke baba ba ba maatla, ba nametsega ka ntlha ya boikutlo jwa gagwe jo bo bonalang mo go se a neng a se solofetsa mongwe wa baporofeti ba gagwe: “Ba tlaa tlhabana nao; mme ga ba ketla ba go fenya; gonne ke na nao, go bua Jehofa, go go golola.”—Jeremia 1:19; Pesalema 33:18, 19; Tito 1:2.
Go Gololwa mo Nakong e e Fetileng
19. Jehofa o ne a golola Lote jang, go tshwana jang le mo motlheng wa rona?
19 Re ka kgothatsega thata ka go akanya ka ditiro dingwe tsa kgololo tsa ga Jehofa mo nakong e e fetileng. Ka sekai, Lote o ne a “le mo pitlaganong e e botlhoko” ka boikepo jwa Sotoma le Gomora. Mme Jehofa o ne a utlwa “selelo” ka ga metse e mebedi eo. Ka nako e e tshwanetseng o ne a roma barongwa gore ba ye go kgothaletsa Lote le lelapa la gagwe gore ba tswe mo lefelong leo ka bonako. Matswela e nnile eng? Jehofa o ne a “golola mosiami Lote,” a “fetola metse ya Sotoma le Gomora molora.” (2 Petere 2:6-8; Genesise 18:20, 21) Le gompieno, Jehofa o utlwa selelo se se malebana le boikepo jo bo maswe jwa lefatshe. Fa barongwa ba gagwe ba motlha wa segompieno ba weditse tiro ya bone e e potlakileng ya go neela bosupi go ya bokgakaleng jo a bo batlang, o tla tsaya kgato kgatlhanong le lefatshe leno mme a bo a golola batlhanka ba gagwe jaaka a ile a golola Lote.—Mathaio 24:14.
20. Tlhalosa tsela e Jehofa a ileng a golola Baiseraele ba bogologolo kwa Egepeto ka yone.
20 Kwa Egepeto wa bogologolo dimilione tsa batho ba Modimo di ne di le mo bokgobeng. Jehofa o ne a bolela jaana ka bone: “Ke utlwile thomeletso ya bone . . . ke a a itse mahutsana a bone; mme ke fologetse go ba golola.” (Ekesodo 3:7, 8) Le fa go ntse jalo, fa Faro a sena go lesa batho ba Modimo gore ba tsamaye, o ne a fetola mogopolo wa gagwe mme a ba latela ka masole a gagwe a a thata. Go ne go bonala Baiseraele ba kgabeletswe mo Lewatleng le Lehibidu. Le fa go ntse jalo, Moshe o ne a bolela jaana: “Se boifeng, emang fela lo bone poloka ya ga Jehofa, e o tlaa e lo direlang gompieno.” (Ekesodo 14:8-14) Jehofa o ne a dira gore Lewatle le Lehibidu le kgaogane, mme Baiseraele ba falola. Faro le masole a gagwe ba ne ba ba sala morago, mme Jehofa o ne a dirisa maatla a gagwe gore “lewatle le ba khurumets[e]; ba nwela jaaka lotwe mo metsing a a thata e kgolo.” Morago ga moo, Moshe o ne a itumelela Jehofa jaana ka pina: “E mang yo o tshwanang nao, o le kgalalelo mo boitshepong, o le poitshego mo dipakong, o dira dikgakgamatso.”—Ekesodo 15:4-12, 19.
21. Batho ba ga Jehofa ba ne ba gololwa jang mo go Baamone, Bamoabe, le Baseire?
21 Mo lekgetlhong le lengwe, ditšhaba tse e leng baba tsa Baamone, Bamoabe le Baseire (Etome) di ne di tshosetsa batho ba ga Jehofa gore di tla ba senya. Jehofa o ne a bolela jaana: “Lo se ka lwa boifa, le gone lo se ka lwa rerega ka ntlha ya bontsi jo bogolo jo [jwa baba]; gonne tlhabano ga se ya lona, ke ya Modimo. . . . Ga go ketla go batlwa gore lo tlhabane; . . . lo ikemiseng lo eme fela, mme lo bone poloka ya ga Jehofa e e nang le lona.” Jehofa o ne a golola batho ba gagwe ka go dira gore ditlhopha tsa masole a baba di tlhakane tlhogo gore di bolaane.—2 Ditirafalo 20:15-23.
22. Jehofa o ne a golola Iseraele jang ka tsela e e gakgamatsang mo go Asiria?
22 Fa Puso ya Lefatshe ya Asiria e tlhasela Jerusalema, Kgosi Senakaribe o ne a sotla Jehofa ka go bolelela batho ba ba mo loboteng a re: “E bomang mo medimong yotlhe ya mafatshe ao [ke a thopileng] e e golotseng lefatshe la yone mo seatleng sa me, fa e tlaa bo ne ne fano Jehofa, a tlaa golola Jerusalema mo seatleng sa me?” A raya batlhanka ba Modimo a re: “A Hesekia a se ka a lo ikantsha Jehofa, ka go re: Ruri Jehofa o tlaa re golola.” Hesekia o ne a rapelela kgololo ka tlhoafalo, “gore magosi otlhe a lefatshe a itse fa o le Jehofa, ee, wena wesi fela.” Jehofa o ne a bolaya masole a Asiria a le 185 000, mme batlhanka ba Modimo ba gololwa. Moragonyana, fa Senakaribe a ntse a obamela modimo wa gagwe wa maaka, barwa ba gagwe ba ne ba mmolaya.—Isaia, dikgaolo 36 le 37.
23. Ke dipotso dife tse di tlhokang go arabiwa malebana le kgololo ya gompieno?
23 Eleruri re ka nametsega fa re bona kafa Jehofa a ileng a golola batho ba gagwe ka tsela e e gakgamatsang mo nakong e e fetileng. Go tweng ka gompieno? Go ise go ye kae batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ba tla nna mo boemong bofe jo bo kotsi jo bo tla tlhokang gore a ba golole ka tsela e e gakgamatsang? Ke ka ntlha yang fa a letile go fitlha jaanong gore a ba golole? Mafoko ano a ga Jesu a tla diragadiwa jang: “E tlaa re dilo tse di simologa go dirala, foo lo lelale, lo tsholetse ditlhogo tsa lona; gonne thekololo ya lona e tlaa bo e atamela”? (Luke 21:28) Mme batlhanka ba Modimo ba ba setseng ba sule ba tla gololwa jang? Setlhogo se se latelang se tla sekaseka dipotso tseno.
Dipotso Tsa Poeletso
◻ Ke ka ntlha yang fa go tlhokega kgololo thata?
◻ Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go lebelela gore batho ba re golole?
◻ Kgololo e atametse mo go bomang?
◻ Ke ka ntlha yang fa re ka tlhatswega pelo gore Jehofa o tla re golola?
◻ Ke dikai dife tsa go gololwa mo nakong e e fetileng tse di kgothatsang?
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Aberahame e ne e le mongwe wa batho ba ba neng ba ikanya Jehofa ka botlalo