Tshimologo ya Keresemose ya Motlha wa Segompieno
MO DIDIKADIKENG tsa batho mo lefatsheng lotlhe, Keresemose ke lobaka lwa boitumelo jo bogolo mo ngwageng. Ke nako ya go ja dijo tse dintsintsi, nako ya go gopola dingwao dingwe tse di sa bolong go nna teng le ya go kopana ga malapa. Gape malatsi a boikhutso a Keresemose ke nako ya gore ditsala le ba losika ba itumelele go abelana dikarata le dimpho.
Le fa go ntse jalo, dingwaga di le 150 fela tse di fetileng, Keresemose e ne e le letsatsi la boikhutso le le farologaneng thata. Mo bukeng ya gagwe ya The Battle for Christmas, porofesa wa hisitori e bong Stephen Nissenbaum o kwala jaana: “Keresemose . . . e ne e le nako ya botagwa nako ya fa melao e e neng e laola tsela e batho ba itshwarang ka yone e neng e lebalwa go sekae gore go nne le ‘boitumelo’ jo bo feteletseng, mofuta wa Moletlo wa December.”
Tlhaloso eno e ka nna ya tshwenya batho ba ba lebang Keresemose ka tshisimogo e kgolo. Ke ka ntlha yang fa motho a ka batla go itshepolola letsatsi leno la boikhutso le e tshwanetseng ya nna la go keteka botsalo jwa Morwa Modimo? Karabo e ka nna ya go gakgamatsa.
Motheo O o Sa Siamang
Go tloga ka nako e e neng e tlhomiwa ka yone mo lekgolong la bonè la dingwaga, Keresemose e sa le e ntse e na le mathata. Ka sekai, go ne go na le kgang ya letsatsi la botsalo la ga Jesu. E re ka Baebele e sa tlhalose letsatsi kana kgwedi ya botsalo jwa ga Keresete, go ile ga akantshiwa matlha a a farologaneng. Mo lekgolong la boraro la dingwaga, setlhopha sengwe sa baithutabomodimo ba Baegepeto ba ne ba baya letlha la May 20, fa ba bangwe bone ba ne ba rata matlha a a kwa pelenyana a a jaaka March 28, April 2, kana April 19. Mo lekgolong la bo18 la dingwaga, go tsholwa ga ga Jesu go ne go setse go amanngwa le kgwedi nngwe le nngwe ya ngwaga! Ka jalo he, December 25 e ne ya tlhophiwa jang kgabagare?
Bontsi jwa bakanoki ba dumalana gore December 25 e ne ya tlhomiwa ke Kereke ya Katoliki gore e nne letsatsi la botsalo lwa ga Jesu. Ka ntlha yang? The New Encyclopædia Britannica e bolela jaana: “Gongwe lebaka le legolo ke gore Bakeresete ba bogologolo ba ne ba batla gore letlha leo le dumalane le la moletlo wa boheitane la Roma le le tshwayang ‘letsatsi la botsalo la letsatsi le le sa fenngweng.’” Mme ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba ba neng ba bogisiwa thata ke baheitane mo nakong e e fetang makgolo a mabedi a dingwaga le sephatlo ka tshoganyetso fela, ba bo ba ineela mo babogising ba bone?
Go Senyega go a Simololwa
Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa Timotheo gore “batho ba ba boikepo le maferefere” ba tla kukunela mo phuthegong ya Bokeresete mme ba bo ba timetsa ba le bantsi. (2 Timotheo 3:13) Botenegi jo bogolo jono bo ne jwa simologa fa baaposetoloi ba sena go swa. (Ditiro 20:29, 30) Morago ga se go tweng ke go sokologa ga ga Constantine mo lekgolong la bonè la dingwaga, baheitane ba le bantsi ba ne ba thologela mo mofuteng wa Bokeresete o o neng o le teng ka nako eo. Ka matswela afe? Buka ya Early Christianity and Paganism e bolela jaana: “Go ne go setse setlhopha se sennye thata sa badumedi ba ba tlhoafetseng tota fa gare ga boidiidi jo bogolo jwa ba ba ipolelang gore ke Bakeresete.”
A bo mafoko a ga Paulo a ile a itshupa a le boammaaruri jang ne! Go ne go ntse jaaka e kete Bokeresete jwa boammaaruri bo ne bo komediwa ke tshenyego ya boheitane. Mme ga go na gope koo tshenyego eno e neng e bonala sentle teng go feta mo go ketekweng ga malatsi a boikhutso.
Totatota, mokete o le mongwe fela o Bakeresete ba laetsweng go o keteka ke Sejo sa Maitseboa sa Morena. (1 Bakorintha 11:23-26) Ka ntlha ya mekgwa ya kobamelo ya medimo ya disetwa e e neng e amana le meletlo ya Baroma, Bakeresete ba bogologolo ba ne ba sa nne le seabe mo go yone. Ke ka ntlha ya seno baheitane ba lekgolo la boraro la dingwaga ba ileng ba kgala Bakeresete ba bolela jaana: “Ga lo ye kwa dipontshong; ga lo itshwenye ka ditshupetso tsa ditšhaba; lo gana mekete ya setšhaba mme lo ila dikgaisano tse di boitshepo.” Baheitane ka fa letlhakoreng le lengwe, ba ne ba ikgantsha jaana: “Rona re obamela medimo ka boitumelo, ka mekete, dipina le metshameko.”
Mo e ka nnang mo bogareng jwa lekgolo la bonè la dingwaga, go ngongorega go ne ga kokobala. Jang? Jaaka fa Bakeresete ba le bantsi ba e seng bone ba ne ba kukunela mo teng ga letsomane, megopolo ya botenegi e ne ya nna mentsi. Seno se ne sa dira gore go ineelwe mo Baromeng. Fa buka ya The Paganism in Our Christianity e akgela ka seno, e bolela jaana: “E ne e le boikaelelo jo bo tlhomameng jwa Bakeresete go fetola meletlo ya boheitane e batho ba e ratisitsweng ke ngwao mme ba dira gore e nne le bokao jwa Bokeresete.” Ee, botenegi jo bogolo bo ne bo setse bo senya. Gonne ba go tweng ke Bakeresete ba ne ba iketleeleditse go amogela meletlo ya boheitane, seno se ne sa dira gore e amogelwe ke setšhaba. Go ise go ye kae, Bakeresete ba ne ba simolola go nna le meletlo e mentsi mo ngwageng fela jaaka baheitane. Ga go gakgamatse go bo Keresemose e ne ya nna kwa pelepele mo meletlong eno.
Letsatsi la Boikhutso la Ditšhabatšhaba
Fa mofuta o o itsegeng thata wa Bokeresete o anamela go ya kwa Yuropa, Keresemose le yone e ne ya anama fela jalo. Kereke ya Katoliki e ne ya amogela mogopolo wa gore go a tshwanela go tswelela pele go dirwa moletlo wa boitumelo e le go tlotla letsatsi la botsalo la ga Jesu. Tumalanong le seo, ka 567 C.E., Council of Tours “e ne ya bolela gore malatsi a le 12 go tloga ka Keresemose go fitlha ka Epiphany ke nako e e boitshepo le ya meletlo.”—The Catholic Encyclopedia for School and Home.
Go ise go ye kae Keresemose e ne ya amogela dipopego tse dintsi go tswa mo meletlong ya thobo e e seng ya bodumedi ya kwa Yuropa bokone. Go tlhapelwa e ne ya nna sone selo se se tlwaelegileng go na le gore go nne le bomodimo jaaka fa batho ba ba tlhapetsweng ba ikgotsofatsa ka go ja bobe le go nwa bobe. Go na le gore kereke e kgale boitshwaro jo bo sa siamang jono e ne ya bo amogela. (Bapisa Baroma 13:13; 1 Petere 4:3.) Ka 601 C.E., Mopapa Gregory I o ne a kwalela Mellitus, morongwa wa gagwe kwa Engelane, a mmolelela gore “a se ka a emisa meletlo e e ntseng jalo ya boheitane, mme a e fetole gore e dumalane le mekgwa ya Kereke, a e fetole fela gore e se ka ya tlhola e nna ya boheitane mme e nne ya Bokeresete.” Go bega jalo Arthur Weigall, yo o kileng ya bo e le motlhatlhobimogolo wa dilo tsa bogologolo tsa puso ya Egepeto.
Mo Metlheng ya Bogare, batho ba ba ratang diphetogo ba ne ba akanya gore ba tshwanetse go kgala tsela eno ya go feteletsa dilo. Ba ne ba ntsha melawana e mentsi e e kgatlhanong le “go sa dirisiwe sentle ga mekete ya Keresemose.” Dr. Penne Restad, mo bukeng ya gagwe ya Christmas in America—A History, o bolela jaana: “Baruti bangwe ba ne ba gatelela gore batho ba ba sa itekanelang ba tlhoka nako ya gore ba itlogelele le go feteletsa dilo, fa fela go ne go dirwa ka leina la Bokeresete.” Seno se ne se oketsa fela tlhakatlhakano e e leng teng. Le fa go ntse jalo, go ne go ntse go tshwana fela ka gonne dingwao tsa boheitane di ne di setse di tseneletse thata jaana mo Keresemoseng mo e leng gore bontsi jwa batho ba ne ba sa batle go di tlogela. Mokwadi mongwe e bong Tristram Coffin o tlhalosa jaana: “Batho ka kakaretso [ba ne] ba dira fela se [ba neng] ba tlwaetse go se dira mme ba sa itshwenye ka se se buiwang ke batho ba ba amegileng ka boitsholo.”
Ka nako ya fa Bayuropa ba simolola go nna kwa ntlheng ya Hemisifere ya Bophirima, Keresemose e ne e setse e le letsatsi la boikhutso le le tumileng. Le fa go ntse jalo, Keresemose e ne e sa amogelwe kwa dinageng tsa kolone. Balweladiphetogo ba Baitshekisi ba ne ba leba mokete ono e le wa boheitane mme ba ne ba o thibela kwa Massachusetts mo bogareng jwa 1659 le 1681.
Fa thibelo e sena go tlosiwa, go ketekiwa ga Keresemose go ne ga oketsega mo dinageng tsotlhe tsa kolone, segolobogolo kwa ntlheng ya borwa jwa New England. Le fa go ntse jalo, fa re leba hisitori ya letsatsi leno la boikhutso, ga go gakgamatse go bo bangwe ba ne ba amegile ka go ja monate go na le go tlotla Morwa Modimo. Tlwaelo nngwe ya Keresemose e e neng e tsosa tlhakatlhakano e kgolo thata e ne e le ya tlhapelo e e feteletseng. Ditlhopha tsa makawana di ne di tle di tsene mo magaeng a bahumi mme ba bo ba batla dijo le dino tsa mahala ka dikgoka. Fa mong wa ntlo a gana, gantsi o ne a rogakiwa mme gantsi ntlo ya gagwe e ne e senngwa.
Porofesa Nissenbaum o bolela gore, maemo a ne a nna maswe le go feta ka bo1820 mo e leng gore “tlhakatlhakano ya Keresemose” e ne ya nna “setshosetsi se se kotsi thata mo setšhabeng.” Mo ditoropongkgolo tse di jaaka New York le Philadelphia, beng ba naga ba ba humileng ba ne ba simolola go hira balebeledi gore ba lebelele matlo a bone. E bile go bolelwa gore New York City e ne ya rulaganya mapodise a yone a ntlha a porofeshenale ka ntlha ya dikhuduego dingwe tse di maswe thata tse di neng di le gone ka nako ya Keresemose ka 1827/28!
Go Fetolwa ga Keresemose
Lekgolo la bo19 la dingwaga le ne la leretse batho diphetogo tse dikgolo thata. Batho, dilo le dikgang di ne tsa simolola go tsamaya ka bonako thata fa thulaganyo ya ditsela le diporo e simologa. Diphetogo tsa madirelo di ne tsa dira gore go nne le ditiro tse dintsintsi mme le difeketeri di ne tsa dira dilwana tse dintsi tse di rekisiwang. Go nna gone ga madirelo gape go ne ga simolola mathata a mantsi, a kgabagare a neng a ama tsela e Keresemose e neng e ketekiwa ka yone.
Batho ga ba bolo go nna ba dirisa malatsi a boikhutso e le tsela ya go nonotsha dikamano tsa lelapa mme go ntse jalo le ka Keresemose. Ka go tsosolosa dingwe tsa dingwao tsa bogologolo tsa Keresemose, barotloetsi ba yone ba ne ba atlega go fetola Keresemose nako e e tlhaga ya mekete gore e nne letsatsi la boikhutso la lelapa.
Eleruri, kwa bofelong jwa lekgolo la bo19 la dingwaga, Keresemose e ne e setse e lebiwa e le selo se se tla rarabololang mathata a botshelo jwa segompieno jwa Seamerika. “Mo malatsing otlhe a boikhutso,” go bolela jalo Dr. Restad, “Keresemose e ne e le sedirisiwa se se tshwanelang sentle go rotloetsa bodumedi le maikutlo a bodumedi mo lelapeng le go baakanya go tlhoka tekatekano le ditlhaelo tsa lefatshe.” O oketsa jaana: “Go abelana dimpho, sesupo sengwe sa lorato, tota le go dumedisa ka botsalano ka nako ya letsatsi la boikhutso le go kgabisa le go itumelela setlhare se se tala se se tlhomilweng mo kamoreng e go amogelwang baeng mo go yone kana moragonyana se le mo holong e go tshwarelwang sekolo sa Sontaga mo go yone, go ne go kitlanya setlhopha sengwe le sengwe sa lelapa mongwe go yo mongwe, mo kerekeng le mo setšhabeng.”
Ka tsela e e tshwanang, ba le bantsi ba keteka Keresemose gompieno e le tsela ya go tlhomamisa go ratana ga bone le go thusa go boloka kutlwano ya lelapa. Gone mme, se se sa tshwanelang go itlhokomolosiwa ke dilo tsa yone tsa semoya. Dimilione tsa batho di keteka Keresemose go tlotla letsatsi la botsalo jwa ga Jesu. Ba ka nna ba ya kwa ditirelong tse di kgethegileng tsa kereke, ba pega Ditshwantsho Tsa Botsalo, kana ba dira dithapelo tsa go leboga Jesu ka boene. Mme Modimo o leba jang kgang eno? A o amogela dilo tseno? Sekaseka se Baebele e se bolelang.
“Rata Boammaaruri le Kagiso”
Fa Jesu a ne a sa ntse a le mo lefatsheng, o ne a bolelela balatedi ba gagwe jaana: “Modimo ke Moya, mme ba ba o obamelang ba tshwanetse go obamela ka moya le ka boammaaruri.” (Johane 4:24) Jesu o ne a tshela tumalanong le mafoko ao. O ne a bua boammaaruri ka metlha. O ne a etsa Rraagwe “Jehofa, . . . Modimo wa boammaaruri” ka tsela e e itekanetseng.—Pesalema 31:5; Johane 14:9.
Ka ditsebe tsa Baebele, Jehofa o ile a phepafatsa gore o ila ditsela tsotlhe tsa tsietso. (Pesalema 5:6) Ka ntlha ya seno, a ga go tshegise gore go bo go na le dikarolo tse dintsi jaana tse di amanang le Keresemose tse e leng tsa maaka? Ka sekai, akanya ka kinane ya Santa Claus. A o kile wa leka go tlhalosetsa ngwana wa gago lebaka la go bo Santa a rata go tsena ka sentshamosi go na le gore a tsene ka lebati, jaaka go dumelwa mo dinageng di le dintsi? Mme Santa o etela jang magae a le dimilione mo bosigong bo le bongwe fela? Go tweng ka phologolo ya naga e e fofang? Fa ngwana a lemoga gore o ile a tsiediwa kaga gore a dumele gore Santa ke motho wa mmatota, a ga go dire gore a se ka a ikanya batsadi ba gagwe?
The Catholic Encyclopedia e tlhalosa jaana ka phepafalo: “Dingwao tsa boheitane . . . di gogetswe kwa Keresemoseng.” Ke ka ntlha yang he fa Kereke ya Katoliki le dikereke tse dingwe tsa Labokeresete di tswelela pele go rotloetsa letsatsi la boikhutso le dingwao tsa lone di sa tsweng mo Bokereseteng? A seo ga se supe go mpampetsa dithuto tsa boheitane?
Fa Jesu a ne a sa ntse a le mo lefatsheng ga a ka a kgothaletsa batho go mo obamela. Jesu ka boene o ne a bolela jaana: “Jehofa Modimo wa gago ke ene yo o tshwanetseng go mo obamela, e bile ke ene a le esi yo o tshwanetseng go mo direla tirelo e e boitshepo.” (Mathaio 4:10) Ka mo go tshwanang, fa Jesu a sena go galalediwa kwa legodimong, moengele mongwe o ne a bolelela moaposetoloi Johane gore a “obamele Modimo,” a supa gore ga go na sepe se se fetogileng mo kgannyeng eno. (Tshenolo 19:10) Seno se dira gore go bodiwe potso e e reng, A Jesu o ne a tla amogela tlotlo eno yotlhe ya go mo obamela e a e fiwang, e sa fiwe Rraagwe, ka nako ya Keresemose?
Ka mo go phepafetseng, dintlha tse di malebana le Keresemose ya segompieno ga di kgatlhise thata. Ke letsatsi la boikhutso le le itlhometsweng le go nang le bosupi jo bontsi jwa dilo tse di sa siamang tse di diragetseng mo nakong e fetileng ka lone. Ka jalo he, ka segakolodi se se phepa, dimilione tsa Bakeresete ba ile ba swetsa gore ba se ka ba keteka Keresemose. Ka sekai, mosha mongwe yo o bidiwang Ryan o bolela jaana malebana le Keresemose: “Batho ba gakatsega jaana ka ntlha ya malatsinyana a sekae fela mo ngwageng fa lelapa le kopana mme botlhe ba itumetse. Mme ke eng se se kgethegileng jaana ka seo? Batsadi ba me ba nnaya dimpho ngwaga otlhe!” Mosha yo mongwe wa dingwaga tse 12 o bolela jaana: “Ga ke ikutlwe ke tingwa sepe. Ke amogela dimpho mo ngwageng otlhe, e seng fela ka letsatsi le le lengwe le le kgethegileng fa batho ba akanya gore ba tshwanetse go reka dimpho.”
Moporofeti Sakaria o ne a kgothaletsa Baiseraelekaene gore ‘ba rate boammaaruri le kagiso.’ (Sakaria 8:19) Fa le rona jaaka Sakaria le banna ba bangwe ba bogologolo ba ba ikanyegang re ‘rata boammaaruri’ a ga re a tshwanela go tila mekete epe fela ya bodumedi jwa maaka e e tlontlololang “Modimo o o tshelang le wa boammaaruri,” e bong Jehofa?—1 Bathesalonika 1:9.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
“Ga ke ikutlwe ke tingwa sepe. Ke amogela dimpho mo ngwageng otlhe”