Leno ke Letsatsi la Poloko!
“Bona! Jaanong ke nako e e amogelesegang segolobogolo. Bona! Jaanong ke letsatsi la poloko.”—2 BAKORINTHA 6:2.
1. Go tlhokega eng gore motho a nne le boemo jo bo molemo mo Modimong le mo go Keresete?
JEHOFA o tlhomile letsatsi le a tlileng go atlhola batho ka lone. (Ditiro 17:31) Fa e le gore re batla go bolokwa mo letsatsing leo, re tshwanetse go dira gore re nne le boemo jo bo molemo mo go ene le mo Moatlhoding wa gagwe yo a mo tlhomileng e bong Jesu Keresete. (Johane 5:22) Boemo jo bo ntseng jalo bo tlhoka gore boitshwaro jwa rona bo dumalane le Lefoko la Modimo le gore re nne le tumelo e e re tlhotlheletsang go thusa batho ba bangwe go nna barutwa ba boammaaruri ba ga Jesu.
2. Ke eng fa batho ba tlhobogane le Modimo?
2 Ka ntlha ya boleo jo re bo ruileng, batho ba tlhobogane le Modimo. (Baroma 5:12; Baefeso 4:17, 18) Ka gone, batho ba re ba rerelang ba ka bona poloko fa fela ba letlana le ene. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa seno sentle fa a ne a kwalela Bakeresete ba Korintha. Mma re sekaseke 2 Bakorintha 5:10–6:10 mme re bone se Paulo a ileng a se bua malebana le katlholo, go letlana le Modimo le poloko.
“Re Nna re Tlhotlheletsa Batho go Dumela”
3. Paulo o ile a nna a ‘tlhotlheletsa batho jang go dumela,’ mme ke eng fa le rona re tshwanetse go dira jalo gompieno?
3 Paulo o ne a amanya katlholo le tiro ya go rera fa a ne a kwala jaana: “Rotlhe re tshwanetse go bonatshiwa fa pele ga setulo sa katlholo sa ga Keresete, gore mongwe le mongwe a tle a bone maduo a gagwe a dilo tse di dirilweng ka mmele, go ya ka dilo tse a nnileng a di dira e le tlwaelo, e ka ne di le molemo kgotsa di bifelesega. Jalo, ka re itse poifo ya Morena, re nna re tlhotlheletsa batho go dumela.” (2 Bakorintha 5:10, 11) Moaposetoloi ‘o ne a nna a tlhotlheletsa batho go dumela’ ka go rera dikgang tse di molemo. Go tweng ka rona? E re ka re lebile kwa bokhutlong jwa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo, re tshwanetse go dira ka natla go tlhotlheletsa ba bangwe go tsaya dikgato tse di tlhokegang gore Jesu a ba atlhole sentle le gore Motswedi wa poloko, Jehofa Modimo, a ba itumelele.
4, 5. (a) Ke eng fa re sa tshwanela go ipelafatsa ka katlego e re e bonang mo tirelong ya ga Jehofa? (b) Paulo o ile a ‘ipelafatsa jang ka ntlha ya Modimo’?
4 Le fa go ntse jalo, fa Modimo a segofatsa bodiredi jwa rona, ga re a tshwanela go ipelafatsa. Kwa Korintha batho bangwe ba ne ba ipelafatsa ka bone ka bobone kana ka banna bangwe, ka go dira jalo ba baka dikgaogano mo phuthegong. (1 Bakorintha 1:10-13; 3:3, 4) Fa Paulo a bua ka seemo seno o ile a re: “Ga re ikhake gape mo go lona, mme re lo naya tlhotlheletso ya go ipelafatsa malebang le rona, e le gore lo tle lo nne le karabo mo go ba ba ipelafatsang ka ponalo ya kafa ntle mme e seng ka pelo. Gonne fa re ne re latlhegetswe ke mogopolo, e ne e le ka ntlha ya Modimo; fa re itekanetse sentle mo mogopolong, ke ka ntlha ya lona.” (2 Bakorintha 5:12, 13) Batho bano ba ba boikgodiso ba ne ba se na sepe le gore go nne le kutlwano mo phuthegong le gore e itekanele sentle mo semoyeng. Ba ne ba batla go ipelafatsa ka dilo tse di amanang le ditebego tsa kafa ntle go na le go thusa badumedikabone go nna le dipelo tse di molemo fa pele ga Modimo. Ka gone, Paulo o ne a kgalemela phuthego mme morago a bo a re: “Yo o ipelafatsang, a a ipelafatse mo go Jehofa.”—2 Bakorintha 10:17.
5 A Paulo ka boene o ne a sa ipelafatse? Bangwe ba ka tswa ba ne ba akanya jalo ka ntlha ya se a neng a se bua malebana le go nna moaposetoloi. Mme gone, o ne a tshwanela go ipelafatsa “ka ntlha ya Modimo.” O ne a ipelafatsa ka maemo a gagwe a go nna moaposetoloi e le gore Bakorintha ba se ka ba tlogela Jehofa. Paulo o ne a dira jalo e le gore ba ke ba boele go Modimo ka gonne baaposetoloi ba maaka ba ne ba ba faposetsa kwa tseleng e e phoso. (2 Bakorintha 11:16-21; 12:11, 12, 19-21; 13:10) Le fa go ntse jalo, e ne e se gore ka metlha Paulo o ne a batla go kgatlha mongwe le mongwe ka katlego ya gagwe.—Diane 21:4.
A Lorato Lwa ga Keresete Lo a Go Patelela?
6. Lorato lwa ga Keresete lo tshwanetse go re ama jang?
6 E re ka Paulo e ne e le moaposetoloi wa boammaaruri, o ne a ruta batho ba bangwe kaga setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo. Se ne sa tlhotlheletsa botshelo jwa ga Paulo thata ka gonne o ile a kwala jaana: “Lorato lo Keresete a nang le lone lo a re patelela, ka gonne seno ke se re se sweditseng, gore motho a le mongwe o ne a swela botlhe; jalo, he, botlhe ba ne ba sule; mme o ne a swela botlhe e le gore ba ba tshelang ba tle ba se ka ba tlhola ba itshelela, mme ba tshelele yo o neng a ba swela a ba a tsosiwa.” (2 Bakorintha 5:14, 15) A bo Jesu a ile a re bontsha lorato lo logolo jang ne ka go re intshetsa botshelo jwa gagwe! Ruri seo e tshwanetse go nna selo se se re tlhotlheletsang mo botshelong jwa rona. Go leboga Jesu ga rona ka go bo a ile a re intshetsa botshelo jwa gagwe go tshwanetse ga re tlhotlheletsa go dira ka tlhoafalo mo go boleleng dikgang tse di molemo tsa poloko e Jehofa a re nayang yone ka Morwawe yo o rategang. (Johane 3:16; bapisa Pesalema 96:2.) A “lorato lo Keresete a nang le lone” lo go tlhotlheletsa go nna le seabe ka tlhoafalo mo tirong ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa?—Mathaio 28:19, 20.
7. ‘Go se itse motho ope kafa nameng’ go kaya eng?
7 Batlodiwa ba dirisa matshelo a bone ka tsela e e supang go leboga se Keresete a ba diretseng sone, mme ka go dira jalo ‘ga ba tlhole ba itshelela, mme ba tshelela ene.’ Paulo o ile a re: “Ka gone go tloga jaanong go ya pele ga re itse motho ope kafa nameng. Le eleng fa re itsile Keresete kafa nameng, eleruri ga re tlhole re mo itse jalo jaanong.” (2 Bakorintha 5:16) Bakeresete ga ba a tshwanela go leba batho ka tsela ya senama, gongwe ba rata Bajuda go feta Baditšhaba kana bahumi go feta bahumanegi. Batlodiwa ‘ga ba itse motho ope kafa nameng,’ ka gonne selo se se botlhokwa ke kamano ya bone ya semoya le badumedikabone. Batho ba ba neng ba ‘itse Keresete kafa nameng’ e ne e se fela batho ba ba neng ba bone Jesu fa a ne a le mo lefatsheng. Tota le fa batho ba ba neng ba solofetse mo go Mesia ba kile ba bo ba leba Keresete go ya ka tsela ya nama, ba ne ba sa tshwanela go tlhola ba dira jalo. O ne a ntshitse mmele wa gagwe go nna thekololo mme jaanong o ne a tsositswe e le moya o o nayang batho botshelo. Batho ba bangwe ba ba tsoseditsweng go ya go tshela kwa legodimong ba ne ba tla tlogela mebele ya bone ya nama ba ise ba ko ba bone Jesu Keresete mo nameng.—1 Bakorintha 15:45, 50; 2 Bakorintha 5:1-5.
8. Batho ba ile ba nna jang “seposengwe le Keresete”?
8 Paulo o ile a oketsa jaana a sa ntse a bua le batlodiwa: “Fa e le gore mongwe o seoposengwe le Keresete, ke tlhōlō e ntšha; dilo tsa bogologolo di fetile, bona! dilo tse disha di nnile gone.” (2 Bakorintha 5:17) Go nna “seoposengwe le Keresete” go kaya go utlwana le ene. (Johane 17:21) Motho o simolola go nna le kamano e e ntseng jalo ka nako ya fa Jehofa a ne a mo gogela mo go Morwawe a bo a tsala motho yoo ka moya o o boitshepo. Ka go bo e le morwa wa Modimo yo o tsetsweng ka moya, o ne a nna “tlhōlō e ntšha” ka tsholofelo ya gore o tla busa le Keresete mo Bogosing jwa selegodimo. (Johane 3:3-8; 6:44; Bagalatia 4:6, 7) Bakeresete bao ba ba tloditsweng ba ile ba newa tshiamelo e kgolo ya tirelo.
“Letlanang le Modimo”
9. Modimo o dirile eng gore batho ba kgone go letlana le ene?
9 A bo Jehofa a ile a direla “tlhōlō e ntšha” molemo o mogolo jang ne! Paulo a re: “Dilo tsotlhe di tswa kwa Modimong, o o neng wa re letlanya le one ka Keresete wa ba wa re naya bodiredi jwa tetlanyo, e leng, gore Modimo o ne wa letlanya lefatshe le one ka Keresete, o sa ba balele ditlolo tsa bone, mme o ne wa re naya lefoko la tetlanyo.” (2 Bakorintha 5:18, 19) Batho ba ile ba tlhobogana le Modimo go tloga fa Adame a ne a leofa. Mme ka lorato Jehofa o ne a tsaya kgato pele go bula tsela ya go boelana le bone ka setlhabelo sa ga Jesu.—Baroma 5:6-12.
10. Jehofa o abetse bomang bodiredi jwa tetlano, mme ba dirile eng gore ba bo dire?
10 Jehofa o abetse batlodiwa bodiredi jono jwa tetlanyo, ka jalo Paulo o ne a ka bua jaana: “Jalo re baemedi ba puso ba ba emetseng Keresete, jaaka e kete Modimo o ne o rapela ka rona. Jaaka baemedi ba ga Keresete re a lopa: ‘Letlanang le Modimo.’” (2 Bakorintha 5:20) Mo metlheng ya bogologolo, baemedi ba ne ba romelwa segolobogolo ka nako ya fa go tsoga bobaba e le gore go bonwe gore a ntwa e ka se ka ya tilwa. (Luke 14:31, 32) E re ka lefatshe leno le le boikepo le tlhobogane le Modimo, o ile a romela baemedi ba gagwe ba batlodiwa go itsise batho dilo tse a batlang ba di dira gore a letlane le bone. E re ka batlodiwa e le baemedi ba ga Keresete, ba lopa jaana: “Letlanang le Modimo.” Topo eno ke tsela ya kutlwelobotlhoko ya go tlhotlheletsa batho go senka go nna le kagiso le Modimo le go amogela poloko e a dirileng gore e nne gone ka Keresete.
11. Ka go dumela mo thekololong, ke bomang ba kgabagare ba bonang boemo jo bo siameng fa pele ga Modimo?
11 Batho botlhe ba ba dumelang mo thekololong ba ka letlana le Modimo. (Johane 3:36) Paulo a re: “[Jesu] yo o neng a sa itse boleo o ne [Jehofa] wa mo dira gore a nne boleo mo boemong jwa rona, e le gore re tle re nne tshiamo ya Modimo ka ene.” (2 Bakorintha 5:21) Jesu yo o neng a itekanetse e ne ya nna tshupelo ya boleo ya bana botlhe ba ga Adame ba ba neng ba gololwa mo boleong jo ba bo ruileng. Ba ne ba nna “tshiamo ya Modimo” ka ntlha ya ga Jesu. Tshiamo eno kana go tsewa ba siame jalo ke Modimo, go newa pele baruaboswa mmogo le Keresete ba ba 144 000. Ka nako ya Puso ya Dingwaga Tse di Sekete, bana ba mo lefatsheng ba Rara wa Bosakhutleng, Jesu Keresete, ba tla tsewa ba siame e le batho ba ba itekanetseng. O tla dira gore ba siame le go itekanela e le gore ba tle ba supe fa ba ikanyega go Modimo le gore ba amogele mpho ya botshelo jo bo sa khutleng.—Isaia 9:6; Tshenolo 14:1; 20:4-6, 11-15.
“Ke Nako e e Amogelesegang Segolobogolo”
12. Ke bodiredi bofe jo bo botlhokwa jo bo dirwang ke baemedi ba ga Jehofa le barongwa ba gagwe?
12 Gore re bolokwe, re tshwanetse go dira dilo tumalanong le mafoko ano a ga Paulo: “Ka re dira mmogo le ene [Jehofa], gape re lo rapela gore lo se ka lwa amogela bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo mme lwa fosa boikaelelo jwa jone. Gonne a re: ‘Ka nako e e amogelesegang ke ne ka go utlwa, le ka letsatsi la poloko ke ne ka go thusa.’ Bona! Jaanong ke nako e e amogelesegang segolobogolo. Bona! Jaanong ke letsatsi la poloko.” (2 Bakorintha 6:1, 2) Baemedi ba ga Jehofa ba batlodiwa le barongwa ba gagwe ba “dinku tse dingwe,” ga ba amogele bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Rre wa bone wa selegodimo ba bo ba fosa boikaelelo jwa jone. (Johane 10:16) Ka boitshwaro jwa bone jo bo siameng le go nna tlhaga mo bodireding mo ‘nakong eno e e amogelesegang,’ ba batla gore Modimo a ba rate e bile ba itsise baagi ba lefatshe gore leno ke “letsatsi la poloko.”
13. Kgangkgolo ya Isaia 49:8 ke eng, mme e ne ya diragadiwa jang la ntlha?
13 Paulo o nopola Isaia 49:8, e e balegang jaana: “Go bua jaana Jehofa, a re: ‘Ke go arabile mo lobakeng lo lo lebosegang le mo letsatsing le e leng la poloko ke go thusitse; mme ke tlaa go dibela, ke go ntsha gore o nne kgolagano ya batho go rudisa lefatshe, le go ba jesa maswa a a swafetseng.’” Boporofeti jono bo ne jwa diragadiwa la ntlha fa Baiseraele ba ne ba gololwa go tswa kwa botshwarong kwa Babilone mme moragonyana ba bo ba boela kwa nagagaeng ya bone e e swafetseng.—Isaia 49:3, 9.
14. Isaia 49:8 e ile ya diragadiwa jang mo kgannyeng ya ga Jesu?
14 Jehofa o ne a diragatsa boporofeti jono jwa ga Isaia go ya pele ka go naya “motlhanka” wa gagwe e bong Jesu go nna ‘lesedi la merafe, gore a nne poloka ya [Modimo] kwa sekhutlong sa lefatshe.’ (Isaia 49:6, 8; bapisa Isaia 42:1-4, 6, 7; Mathaio 12:18-21.) Go bonala ‘lobaka lo lo lebosegang,’ kana “nako e e amogelesegang” e ne e amana le nako ya fa Jesu a ne a le mo lefatsheng. O ile a rapela mme Modimo wa mo ‘araba.’ Go bonala oo e ile ya nna ‘motlha wa poloko’ mo go Jesu ka gonne a ile a tswelela a thokgame mme ka jalo ‘a ikarabelela mo polokong ya bosakhutleng ya botlhe ba ba mo utlwang.’—Bahebera 5:7, 9; Johane 12:27, 28.
15. Ke go tloga leng Baiseraele ba semoya ba ileng ba leka go supa fa ba tshwanelwa ke bopelotlhomogi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo, mme e le ka maikaelelo afe?
15 Paulo o dirisa Isaia 49:8 mo Bakereseteng ba ba tloditsweng, a bo a ba kopa gore ‘ba se ka ba fosa boikaelelo jwa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo’ ka go palelwa ke go dira gore ba bone kamogelo ya gagwe ka “nako e e amogelesegang” le ka “letsatsi la poloko” ya gagwe. Paulo o oketsa jaana: “Bona! Jaanong ke nako e e amogelesegang segolobogolo. Bona! Jaanong ke letsatsi la poloko.” (2 Bakorintha 6:2) Fa e sa le ka Pentekosete ya 33 C.E., Baiseraele ba semoya ba ile ba leka go supa gore ba tshwanelwa ke bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo e le gore “nako e e amogelesegang” e nne “letsatsi la poloko” mo go bone.
‘Go Ikhaka Gore re Badiredi ba Modimo’
16. Paulo o ile a ikhaka e le modiredi wa Modimo mo maemong afe a a gwetlhang?
16 Banna bangwe mo phuthegong ya Korintha ba ne ba sa supe fa ba tshwanelwa ke bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo. Ba ne ba bua maswe ka Paulo ka maikaelelo a gore ba senye maemo a gagwe a boaposetoloi le mororo a ile a tila ‘go ba naya lebaka lepe la go kgopega.’ Ruri o ile a ikhaka e le modiredi wa Modimo “ka go itshokela dilo di le dintsi, ka dipitlagano, ka makgetlo a letlhoko, ka mathata, ka dititeo, ka dikgolegelo, ka dikhuduego, ka ditiro tsa bonatla, ka go sa robale masigo, ka dinako tsa go tlhoka dijo.” (2 Bakorintha 6:3-5) Moragonayana, Paulo o ile a re fa e le gore baganetsi bano ba gagwe ke badiredi, ene ‘ke yo o tlhomologileng bogolo’ ka gonne a ile a boga thata ka ntlha ya go tsenngwa mo dikgolegelong gantsi, go itewa, go tsena mo dikotsing le go tlhoka.—2 Bakorintha 11:23-27.
17. (a) Re ka ikhaka re le badiredi ba Modimo ka go nna le dinonofo dife? (b) “Dibetsa tsa tshiamo” ke dife?
17 Le rona fela jaaka Paulo le bakaulengwe ba gagwe, re ka ikhaka re le badiredi ba Modimo. Jang? “Ka boitsheko,” kana go nna phepa mo boitsholong le ka go tshela go ya ka kitso e e boammaaruri ya Baebele. Re ka ikhaka “ka go itshwara ka bopelotelele,” re itshokela go direlwa bosula le go kgopisiwa le ‘ka go nna pelonomi’ fa re ntse re direla batho ba bangwe dilo tse di molemo. Mo godimo ga moo, re ka ikhaka re le badiredi ba Modimo ka go amogela kaelo ya moya wa gagwe, re supa go nna le “lorato lo lo se nang boitimokanyo,” re bua puo e e boammaaruri le go ikaega ka ene go bona maatla a a re thusang mo bodireding jwa rona. Paulo le ene o ile a supa maemo a gagwe a go nna modiredi “ka dibetsa tsa tshiamo mo seatleng sa moja le mo go sa molema.” Mo dintweng tsa bogologolo, seatla sa moja gantsi se ne se dirisediwa go kgatikanya tšhaka fa sa molema sone se ne se tshola thebe. Fa Paulo a ne a lwa ntwa ya semoya le barutisi ba maaka, o ne a sa dirise dibetsa tse di sa siamang tsa senama—boferefere, loleme lo lo borethe le tsietso. (2 Bakorintha 6:6, 7; 11:12-14; Diane 3:32) O ne a dirisa “dibetsa” tsa tshiamo, kana dilo tse di thusang go tsweletsa kobamelo ya boammaaruri pele. Go tshwanetse ga nna jalo le ka rona.
18. Fa re le badiredi ba Modimo, re tla itshwara jang?
18 Fa re le badiredi ba Modimo, re tla itshwara ka tsela e e tshwanang le ya ga Paulo le badirikaene. Re tla itshwara jaaka Bakeresete e ka ne re a tlotlwa kana re a tlontlololwa. Dipego tse di re senyang leina ga di ne di dira gore re emise tiro ya rona ya go rera e bile ga re ne re ikgogomosa fa go buiwa sentle ka rona. Re tla bua boammaaruri mme re ka nna ra tsewa tsia ka ntlha ya go dira ditiro tse di molemo. Fa re lebane le maemo a a kotsi re tlhasetswe ke baba, re tla ikanya Jehofa. Mme gape re tla amogela tayo ka boitumelo.—2 Bakorintha 6:8, 9.
19. Re ka kgona jang go “humisa ba le bantsi” mo semoyeng?
19 Fa Paulo a konela motlotlo wa gagwe malebana le bodiredi jwa tetlano, o ne a bua ka ene le bakaulengwe ba gagwe a re ke ‘ba ba hutsafetseng mme ka metlha ba ipela, jaaka ba ba humanegileng, mme ba humisa ba le bantsi, jaaka ba ba se nang sepe mme lefa go ntse jalo ba ruile dilo tsotlhe.’ (2 Bakorintha 6:10) Le fa badiredi bano ba ne ba na le mabaka a go hutsafala ka ntlha ya mathata a bone, ba ne ba na le boipelo mo pelong. Ba ne ba humanegile ka tsela ya senama, le fa go ntse jalo ba ne ba ‘humisitse ba le bantsi’ mo semoyeng. Tota e bile, ba ne ba “ruile dilo tsotlhe” ka gonne tumelo ya bone e ne ya ba leretse masego a semoya—tota le tebelelo ya go nna barwa ba Modimo ba selegodimo. E bile e ne e le badiredi ba Bakeresete ba ba tshelang botshelo jo bo monate le jo bo itumedisang. (Ditiro 20:35) Jaaka bone, re ka “humisa ba le bantsi” ka go nna le seabe mo bodireding jwa tetlano gone jaanong—mo letsatsing leno la poloko!
Ikanye Poloko ya ga Jehofa
20. (a) Ke eng se e neng e le keletso e kgolo ya ga Paulo, mme ke eng fa go ne go se na nako ya go diega? (b) Ke eng se se supang gore letsatsi leno le re leng mo go lone ke la poloko?
20 Fa Paulo a ne a kwala lekwalo la gagwe la bobedi go Bakorintha mo e ka nnang ka 55 C.E., tsamaiso ya dilo ya Sejuda e ne e saletswe ke dingwaga di le 15 fela. Moaposetoloi o ne a batla gore Bajuda le Baditšhaba ba letlane le Modimo ka Keresete. Leo e ne e le letsatsi la poloko mme nako e ne e khutshwafetse. Ee, le rona re ntse re le mo nakong e e ntseng jalo ya bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo fa e sa le go tloga ka 1914. Tiro ya go rera ka Bogosi e gone jaanong e ntseng e dirwa e supa gore leno ke letsatsi la poloko.
21. (a) Ke temana efe e e tlhophilweng go nna temana ya ngwaga wa 1999? (b) Re tshwanetse ra dira eng mo letsatsing leno la poloko?
21 Batho ba ditšhaba tsotlhe ba tshwanetse go bolelelwa ka thulaganyo ya Modimo ya poloko ka Jesu Keresete. Ga go na nako ya go diega. Paulo o ile a kwala jaana: “Bona! Jaanong ke letsatsi la poloko.” Mafoko ao a 2 Bakorintha 6:2 e tla bo e le temana ya ngwaga ya 1999 ya Basupi ba ga Jehofa. A bo a tshwanela jang ne ka gonne re lebane le tshenyego e kgolo thata go gaisa ya Jerusalema le tempele ya yone! Gautshwane fela jaana tsamaiso eno yotlhe ya dilo e tla tloga e senngwa, e leng se se tla amang mongwe le mongwe mo lefatsheng. Gone jaanong—e seng ka moso—ke nako ya go tsaya kgato. Fa re dumela gore Jehofa o tla re boloka, fa re mo rata e bile re tsaya botshelo jo bo sa khutleng bo le botlhokwa, ga re ne re fosa maikaelelo a bopelonomi jwa Modimo jo bo sa re tshwanelang. Ka ntlha ya go nna le keletso e kgolo ya go batla go tlotla Jehofa, re tla supa ka mafoko le ka ditiro gore ruri re ititeile sehuba fa re re: “Bona! Jaanong ke nako ya poloko.”
O ne O ka Araba Jang?
◻ Ke eng fa go letlana le Modimo go le botlhokwa thata?
◻ Ke bomang ba e leng baemedi le barongwa ba ba dirang bodiredi jwa tetlano?
◻ Re ka ikhaka jang gore re nne badiredi ba Modimo?
◻ Temana ya ngwaga ya 1999 ya Basupi ba ga Jehofa e na le bokao bofe mo go wena?
[Ditshwantsho mo go tsebe 17]
Jaaka Paulo, a o tlhagafaletse go rera le go thusa batho ba bangwe go letlana le Modimo?
United States
Fora
Côte d’Ivoire
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Mo letsatsing leno la poloko, a o mongwe wa matšhutitšhuti a a letlanang le Jehofa Modimo?