Atlegisa Botshelo Jwa Gago!
“Go itumela motho yo o sa tsamayang mo kgakololong ya baikepi . . . Sengwe le sengwe se a se dirang se tla atlega.”—PESALEMA 1:1, 3, NW.
1. (a) Basha ba le bantsi ba lefatshe ba leba katlego jang? (b) Baebele e tlhalosa motho yo o atlegileng jang?
KATLEGO—lefoko leno le kaya eng mo go wena? Lekawana lengwe le ile la re: “Mokgele wa me o mogolo ke go nna le kgwebo e e atlegileng.” Lekgarebe lengwe le ile la re: “Keletso ya me e kgolo ke go nna le lelapa le le itumetseng.” Mme lekgarebe le lengwe lone le ile la re: “Mokgele wa me o mogolo ke go nna le folete e ntle, koloi e ntle . . . Ke akantse ka nna fela.” Bothata ke gore katlego ya boammaaruri ga e lekanyediwe ka madi, kana lelapa, kana le e leng thutego ya maemo e motho a nang nayo. Re bala jaana mo go Pesalema 1:1-3: “Go itumela motho yo o sa tsamayang mo kgakololong ya baikepi . . . O natefelelwa ke molao wa ga Jehofa . . . Sengwe le sengwe se a se dirang se tla atlega.”
2. Katlego ya mmatota e ka bonwa kae, mme tsela e le nosi fela ya go e bona ke efe?
2 Baebele fano e solofetsa sengwe se go seng motho ope yo o ka kgonang go se re abela—katlego ya mmatota! Mme gone ga e bue ka katlego ya tsa madi. Baebele ka boyone e tlhagisa jaana: “Lorato lwa madi ke modi wa mefuta yotlhe ya dilo tse di utlwisang botlhoko.” (1 Timotheo 6:10) Katlego ya mmatota e bonwa ka go itumedisa Modimo—go akaretsa le go latela molao wa ga Jehofa. Seno ke sone fela se se ka leretseng motho katlego le boitumelo jwa mmatota! Gongwe ga o rate kgang ya go laolwa ke molao wa ga Jehofa le go nna o laelwa gore o direng. Le fa go ntse jalo, Jesu o ile a re: “Go itumela ba ba utlwang go tlhoka ga bone ga semoya.” (Mathaio 5:3) E ka ne o a lemoga kana nnyaa, o bopilwe o na le keletso ya dilo tsa semoya—go akaretsa le keletso e e nweleletseng thata ya go batla go itse Modimo le go tlhaloganya maikaelelo a gagwe. Ka gone, o ka nna le boitumelo jwa mmatota fa fela o kgotsofatsa dikeletso tseo le go latela “molao wa ga Jehofa.”
Lebaka La go Bo re Tlhoka Melao ya Modimo
3. Ke eng fa re tshwanetse go itumelela go letla Jehofa a ‘kaela dikgato tsa rona’?
3 Moporofeti Jeremia o ile a kwala jaana: “Jehofa, ke a itse fa tsela ya motho e se mo go ene ka esi; ga goyo mo mothong yo o tsamayang ka dinao go siamisa dikgato tsa gagwe.” (Jeremia 10:23) Go ntse jalo ka batho botlhe, basha le bagolo. Ga se fela gore re tlhoka botlhale, maitemogelo le kitso go kaela dikgato tsa rona; ga re na tshwanelo ya go dira jalo. Mo go Tshenolo 4:11 Baebele ya re: “O a tshwanela, Jehofa, le eleng Modimo wa rona, go amogela kgalalelo le tlotlo le maatla, ka gonne o tlhōdile dilo tsotlhe, mme ka ntlha ya thato ya gago di ne tsa nna gone e bile di ne tsa tlhōlwa.” E re ka Jehofa e le Mmopi wa rona, ke “motswedi wa botshelo.” (Pesalema 36:9) Ka gone, o itse tsela e re ka dirisang botshelo jwa rona ka yone go gaisa motho ope fela yo mongwe. Ka jalo o tlhomile melao, e seng gore a re amoge boitumelo, go na le moo go re thusa go itsholegela molemo. (Isaia 48:17) Fa o ka itlhokomolosa molao wa Modimo ruri ga o kitla o atlega.
4. Ke eng fa basha ba bantsi jaana ba senya botshelo jwa bone?
4 Ka sekai, a o kile wa ipotsa gore ke eng fa basha ba bantsi jaana ba senya botshelo jwa bone ka diokobatsi, boitsholo jo bo botlhaswa le dilo tse dingwe tse di sa siamang? Pesalema 36:1, 2 (NW) e tlhalosa jaana: “Go bua tlolo mo moikeping go mo gare ga pelo ya gagwe; go boifa Modimo ga go yo fa pele ga matlho a gagwe. Gonne o dirile ka go iphora thata mo matlhong a gagwe gore a bone tlolo ya gagwe a bo a e tlhoe.” E re ka basha ba le bantsi ba sa ‘boife Modimo’ ka tsela e e siameng, ba itsietsa ka go dumela gore ga go na matswela ape a a ka tlhagang ka ntlha ya boitshwaro jwa bone jo bo diphatsa. Le fa go ntse jalo, kgabagare ba lebana le molaomotheo ono o o sa fetogeng: “Lefa e le eng se motho o se jalang, seno gape o tla se roba; ka gonne yo o jalang malebang le nama ya gagwe o tla roba go bola mo nameng ya gagwe, mme yo o jalang malebang le moya o tla roba botshelo jo bo sa khutleng mo moyeng.”—Bagalatia 6:7, 8.
‘Go Bala Malatsi’
5, 6. (a) Ke eng fa basha ba tshwanetse ‘go bala malatsi a bone,’ mme go dira jalo go kaya eng? (b) Go ‘gakologelwa Mmopi wa gago’ go kaya eng?
5 O ka atlegisa botshelo jwa gago jang mme wa “roba botshelo jo bo sa khutleng”? Moshe o ile a kwala jaana: “Malatsi a dinyaga tsa rona ke dinyaga di le masome a supa, gongwe e ka nna dinyaga di le masome a a ferang mebedi ka ntlha ya thata . . . Bo ile ka bofefo, mme re fofele koo.” (Pesalema 90:10) Gongwe ga nke o akanya ka loso. Tota e bile basha ba le bantsi ba itshwara jaaka e kete ga ba na go swa. Mme gone Moshe o re lemotsha boammaaruri jo bo botlhoko jwa gore botshelo bo bokhutshwane. Tota e bile ga re tlhomamisege gore a re tla kgona go tshela go fitlha re nna 70 kana 80. “Nako le tiragalo e e sa bonelwang pele” di ka wela le e leng batho ba basha ba ba itekanetseng. (Moreri 9:11, NW) Jalo he, o tla dirisa jang botshelo jo bo botlhokwatlhokwa jo o nang najo? Moshe o ile a rapela jaana: “Re rute go bala malatsi a rona, gore re tle re itseele pelo ya botlhale.”—Pesalema 90:12.
6 Go bala malatsi a gago go kaya eng? Ga go bolele gore o tshwanetse go tshwenyega thata kaga gore o tlile go tshela lobaka lo lokae. Moshe o ne a rapela gore Jehofa a rute batho ba Gagwe kafa ba ka dirisang malatsi a bone a a setseng ka teng ka tsela e e neng e tla bontsha tlotlo mo go Ene. A o bala malatsi a botshelo jwa gago—o leba letsatsi lengwe le lengwe e le selo se se botlhokwa go baka Modimo ka sone? Baebele e kgothatsa basha jaana: “O tlose bohutsana mo pelong ya gago, o bo o tlose bosula mo nameng ya gago: gonne bokau le bonna jo bo tletseng ke boithamako fela. O bo o gakologelwe Mmopi wa gago mo metlheng ya bokau jwa gago.” (Moreri 11:10–12:1) Go gakologelwa Mmopi wa rona ga go bolele fela go se lebale gore o gone. Fa senokwane se ne se kopa Jesu gore, “O nkgopole mogang o tlang mo bogosing jwa gago,” se ne se sa batle fela gore Jesu a gopole leina la sone. Se ne se batla gore Jesu a tseye kgato, a se tsose mo baswing! (Luke 23:42; bapisa Genesise 40:14, 23; Jobe 14:13.) Go gakologelwa Jehofa le gone go akaretsa go tsaya kgato, go dira se se mo itumedisang. A go ka twe o gakologelwa Jehofa?
Tila go Tswela Badirabosula Pelo
7. Ke eng fa basha bangwe ba tlhopha go lebala Mmopi wa bone? Neela sekai.
7 Basha ba le bantsi ba tlhopha go lebala Jehofa ka gonne ba ikutlwa gore go nna Mosupi go beela motho dikgoreletsi tse dintsi. Mokaulengwe mongwe wa kwa Spain o gakologelwa kafa a neng a ikutlwa ka teng fa a sa ntse a le mosha: “Ke ne ke kgatlhegela lefatshe ka gonne boammaaruri bo ne bo bonala bo le thata e bile bo gagametse. Bo ne bo akaretsa go tlhola o dutse, o ithuta, o ya dipokanong, o tsentse thai, mme ke ne ke sa utlwane le dilo tseo.” A ka dinako tse dingwe o ikutlwa o tlolwa ke dilo dingwe ka ntlha ya go bo o direla Modimo? Gongwe o tla gakgamadiwa ke go itse gore mongwe wa bakwadi ba Baebele le ene o kile a bo a ikutlwa jalo. Tsweetswee bula Baebele ya gago mme o bale Pesalema 73.
8. Ke eng fa Asafe a ne a “tswela baipelafatsi pelo”?
8 A re sekaseke pesalema eno ka botlalo. Temana 2 le 3, di a re: “Ka ga me, dinao tsa me di batlile go ya, dikgato tsa me tsa batla go relela. Gonne [“ke ne ka tswela baipelafatsi pelo, fa ke ne ke bona kagiso ya baikepi,” NW].” Go ya ka mafoko a a fa godimo a kgaolo eno, pesalema eno e kwadilwe ke Asafe. E ne e le Molefi wa moletsi wa mmino mme o ne a tshela mo motlheng wa ga Kgosi Dafide. (1 Ditirafalo 25:1, 2; 2 Ditirafalo 29:30) Le mororo a ne a na le tshiamelo e e molemo ya go direla mo tempeleng ya Modimo, o ne a ‘tswa pelo’ ka ntlha ya batho ba ba neng ba ipelafatsa ka boikepo jwa bone. Go ne go bonala dilo di ba tsamaela sentle; go ne go bonala ba tshela ka kagiso le polokesego. Tota e bile, katlego e ba neng ba akanya gore ba na le yone ‘e ne e feta keletso ya pelo.’ (Temana 5, 7) Ba ne ba tle ba bue ka patiko ya bone “ka boikgantsho,” ke gore, ba le boikgogomoso. (Temana 8) ‘Ba ne ba nyunyuetsa magodimo; loleme lwa bone lo ralala lefatshe,’ ba sa amege ka ope—kwa legodimong kana mo lefatsheng.—Temana 9.
9. Basha bangwe ba Bakeresete ba ka nna le maikutlo afe a a tshwanang le a ga Asafe gompieno?
9 Gongwe go ntse jalo le ka balekane ba gago kwa sekolong. O ka tswa o utlwa ba ipelafatsa ka ditiro tsa bone tsa tlhakanelodikobo, diphathi tsa bone tse di modumo le go inaakanya ga bone le bojalwa le diokobatsi. Fa o bapisa botshelo jwa bone jo go tweng ke jwa menate le tsela e tshesane e wena Mokeresete o tshwanetseng go tsamaya ka yone, ka dinako tse dingwe o ka ikutlwa o “tswela baipelafatsi pelo.” (Mathaio 7:13, 14) Asafe ka boene o ile a ba a tlhaeletsa jaana: “Ruri ke ntlafaleditse pelo ya me lefela, ka ba ka tlhapa diatla tsa me mo go se nang molato; gonne ke ntse ke tshwenyega ka letsatsi lotlhe.” (Temana 13, 14) Ee, o ile a simolola go ipotsa gore go thusang go direla Modimo le go tshela botshelo jo bo siameng.
10, 11. (a) Ke eng se se ileng sa dira gore Asafe a fetole maikutlo a gagwe? (b) Badirabosula ba mo “mareleding” ka tsela efe? Neela sekai.
10 Ka lesego, Asafe o ile a se ka a tswelela pele a ikutlwa jalo go ya go ile. Go ise go ye kae o ile a lemoga gore kagisonyana e baikepi ba neng ba akanya gore ba na le yone e ne e le boithamako fela—le teng e le ya nakwana fela! O ile a tlhaeletsa jaana: “Ruri o ba baya mo mareleding; o ba digela mo tshenyegong. Ana ba kile ba senyega jang ka ponyo ya leitlho fela! Ba jegetse ruri ka ditherego.” (Temana 18, 19) Bontsi jwa balekane ba gago le bone ba mo “mareleding.” Go ise go ye kae boitshwaro joo jwa bone jo bo maswe bo tla ba tshwara, gongwe go felela ka go ima go ba neng ba sa go lebelela, go tsenwa ke malwetse a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo le e leng go latlhelwa mo kgolegelong kana go swa! Se se maswe le go feta, Modimo ga a ba beye sebete.—Jakobe 4:4.
11 Mosupi mongwe yo mosha wa kwa Spain o ile a iponela boammaaruri jwa seno. Fa a sa le mosha o ne a tshela ka boitimokanyi, a inaakantse thata le basha ba ba bosula. Go ise go ye kae, o ile a ratana le mongwe wa bone—yo o neng a tshwakgotswe ke diokobatsi. Le mororo ene a ne a tila go ja diokobatsi, o ne a tle a mo rekele diokobatsi. O dumela jaana: “Ke ne ke tle ke mo thuse go itlhaba ka lomao.” Ka lesego, kgaitsadi yono o ne a itharabologelwa mme a boa gape a itekanela semoyeng. Mme gone, a bo a ile a garoga pelo jang ne fa a utlwa gore mokapelo wa gagwe yo o tshwakgotsweng ke diokobatsi o bolailwe ke AIDS. Ee, fela jaaka mopesalema a boletse, batho ba ba bosula ba mo “mareleding.” Ba bangwe ba ka nna ba swa ka tshoganyetso ka ntlha ya botshelo jwa bone jo bo botlhaswa. Ba bangwe bone, fa ba sa fetole ditsela tsa bone, ba tla tloga ba lebana le “Morena Jesu a senolwa go tswa legodimong a na le baengele ba gagwe ba ba maatla mo molelong o o tutumang, jaaka a tlisa pusoloso mo go ba ba sa itseng Modimo le ba ba sa utlweng dikgang tse di molemo kaga Morena wa rona Jesu.”—2 Bathesalonika 1:7, 8.
12. Go ne ga tla jang gore mosha mongwe wa kwa Japane a lemoge gore ga go botlhale go tswela badirabosula pelo?
12 Jalo he, a bo go le boeleele jang ne go tswela batho “ba ba sa itseng Modimo” pelo! Totatota, re tshwanetse go tswela pelo batho ba ba itseng Jehofa le ba ba nang le tsholofelo ya go tshelela ruri. Mokaulengwe mongwe yo mosha wa kwa Japane o ile a lemoga seo. Fa a sa le mosha le ene o ne a batla “kgololesego e ntsinyana.” O tlhalosa jaana: “Ke ne ke akanya gore ke tlolwa ke sengwe. Morago ga foo ke ne ka lemoga gore botshelo jwa me bo ne bo tla nna jang kwantle ga boammaaruri. Ke ne ke bona ke tlile go tshela dingwaga tse 70 kana 80 fela ke bo ke swa. Mme gone Jehofa o re boloketse tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng! Go lemoga seno go ile ga nthusa gore ke anaanele se ke nang le sone.” Le fa go ntse jalo, go nna o ikanyega fa o faraferwe ke batho ba ba sa ikobeleng melao ya Modimo ga go motlhofo. Ke dilo dife tse o ka di dirang gore o fenye dikgatelelo tseo?
Ela Tlhoko ba o Tsalanang le Bone!
13, 14. Ke eng fa go le botlhokwa go tlhopha batho ba o itsalanyang le bone?
13 A re boeleng gape kwa tlhalosong ya motho yo o atlegileng e e kwadilweng mo go Pesalema 1:1-3, (NW): “Go itumela motho yo o sa tsamayang mo kgakololong ya baikepi, yo o sa emang mo tseleng ya baleofi, e bile a sa nna mo setulong sa basotli. Mme o natefelelwa ke molao wa ga Jehofa, o balela molao wa gagwe kwa tlase motshegare le bosigo. Mme ruri o tla nna jaaka setlhare se se jetsweng fa melatswaneng ya metsi, se se ntshang leungo la sone ka paka ya sone se dikala tsa sone tse di nang le makakaba di sa swabeng, mme sengwe le sengwe se a se dirang se tla atlega.”
14 Sa ntlha, ela tlhoko gore batho ba o tsalanang le bone ba na le seabe se segolo. Diane 13:20 ya re: “Tsamaya le batho ba ba botlhale, mme o tlaa nna botlhale, mme monkana wa dieleele o tlaa utlwisiwa botlhoko ke gone.” Seno ga se bolele gore o ile basha ba e seng Basupi ba ga Jehofa, kana go se nne botsalano mo go bone. Baebele e re kgothaletsa go rata baagelani ba rona le gore re “nne le kagiso le batho botlhe.” (Baroma 12:18; Mathaio 22:39) Le fa go ntse jalo, o ka nna wa iphitlhela o ‘tsamaya mo kgakololong’ ya batho ba ba sa ikobeleng melao ya Baebele fa o itsalanya thata le bone.
Melemo ya Mmalo wa Baebele
15. Basha ba ka dira jang gore ba nne le tlhologelelo ya go bala Baebele?
15 Gape mopesalema o ile a ela tlhoko gore motho yo o atlegileng o itumelela go ‘balela molao wa Modimo kwa tlase motshegare le bosigo.’ (Pesalema 1:1, 2) Ke boammaaruri gore, ga go motlhofo go bala Baebele, mme mo go yone “go na le dilo dingwe tse di thata go tlhaloganngwa.” (2 Petere 3:16) Mme gone ga go tlhokege gore mmalo wa Baebele e nne o o lapisang. Go a kgonega gore motho a ka ‘bopa tlhologelelo ya mashi a a sa tswakanngwang’ a Lefoko la Modimo. (1 Petere 2:2) Leka go bala go sekae mo go yone letsatsi le letsatsi. Fa e le gore go na le dintlha tse o sa di tlhaloganyeng, dira dipatlisiso. Morago ga foo, akanya ka se o se badileng. (Pesalema 77:11, 12) Fa e le gore o na le bothata jwa go se kgone go tlhoma mogopolo mo go se o se balang, leka go bala o utlwala ka ‘lentswe le le kwa tlase.’ Fa go ntse go ya, lorato lwa gago lwa mmalo wa Baebele lo tla gola. Kgaitsadi mongwe yo mosha wa kwa Brazil o gakologelwa jaana: “Ka metlha go ne go bonala Jehofa a le kgakala le nna. Mme go setse go fetile dikgwedi di se kae jaanong, ke tokafatsa tsela ya me ya go ithuta le mmalo wa me wa Baebele. Jaanong ke ikutlwa gore botsala jwa me le Jehofa bo nonofile. Jaanong ke mo tsaya e le motho wa mmatota.”
16. Re ka solegelwa molemo jang ke dipokano tsa phuthego?
16 Go nna gone kwa dipokanong tsa phuthego le gone go botlhokwa thata gore o gole semoyeng. Fa o “tlhokomela kafa o reetsang ka gone,” o ka bona kgothatso e kgolo. (Luke 8:18) A ka dinako tse dingwe o ikutlwa o sa natefelelwe ke dipokano? Ipotse jaana, ‘Ke eng se ke se dirang gore dipokano di nnatefelele? A ke reetsa ka kelotlhoko? A ke a baakanyetsa? A ke a akgela?’ Kana e bile, Baebele e re laela gore “re akanyetsaneng go tlhotlheletsa loratong le ditirong tse di molemomogolo, . . . re kgothatsana.” (Bahebera 10:24, 25) Gore o kgone go dira jalo, o tshwanetse go nna le seabe! Ke boammaaruri gore o tshwanetse go baakanyetsa go sa le gale gore o kgone go nna le seabe mo go tsone. Kgaitsadi mongwe yo mosha o dumela jaana: “Ruri go motlhofo tota go nna le seabe mo dipokanong fa o baakanyeditse.”
Go Latela Tsela ya Modimo go Dira Gore Motho a Atlege
17. Motho yo o tlhoafalelang go bala Baebele o tshwana jang le “setlhare se se jetsweng fa melatswaneng ya metsi”?
17 Mopesalema o tswelela pele a tlhalosa motho yo o atlegileng a re o tshwana le “setlhare se se jetsweng fa melatswaneng ya metsi.” Fa a re melatswana ya metsi a ka tswa a ne a bua ka mesele e e neng e dirisiwa go nosetsa ditlhare mo masimong a ditlhare tsa maungo. (Isaia 44:4) Go bala Baebele letsatsi le letsatsi go tshwana le go nna o nosediwa le go lapolosiwa ke motswedi o o ntseng jalo o o sa kgaleng wa metsi. (Jeremia 17:8) Letsatsi le letsatsi o tla nonotshiwa go itshokela diteko le mathata. Fa o sena go ithuta tsela ya ga Jehofa ya go akanya, o tla nna le botlhale jo o bo tlhokang go dira ditshwetso tse di siameng.
18. Ke eng se se ka thusang mosha go atlega mo go direleng Jehofa?
18 Ka dinako tse dingwe go direla Jehofa go ka lebega go le thata. Le fa go ntse jalo o se ka wa ikutlwa gore go thata mo o ka se kang wa go kgona. (Duteronome 30:11) Baebele e go solofetsa gore fa go ntse go ya, ‘sengwe le sengwe se o se dirang se tla atlega’ fa fela maikaelelo a gago a magolo e le go itumedisa Jehofa le go ipedisa pelo ya gagwe! (Diane 27:11) Mme o se lebale gore ga o nosi. O engwe nokeng ke Jehofa le Jesu Keresete. (Mathaio 28:20; Bahebera 13:5) Ba itse dikgatelelo tse o lebanang le tsone mme le ka motlha ba ka se go latlhe. (Pesalema 55:22) Gape o engwe nokeng ke “lesomo lotlhe la bakaulengwe” le ke batsadi ba gago fa e le gore ke batho ba ba boifang Modimo. (1 Petere 2:17) Ka kemonokeng eo le go ititaya sehuba le maiteko a gago, o ka atlega mo botshelong e seng fela gone jaanong, mme le ka bosakhutleng!
Dipotso Tsa Poeletso
◻ Katlego ya mmatota ke eng?
◻ Ke eng fa re tlhoka gore Jehofa a kaele dikgato tsa rona?
◻ Basha ba ka ‘bala malatsi a bone’ jang?
◻ Ke eng fa go se botlhale go tswela badirabosula pelo?
◻ Mmalo wa Baebele wa letsatsi le letsatsi le go nna gone ka metlha mo dipokanong go ka thusa basha jang go atlega mo botshelong?
[Setshwantsho mo go tsebe 20]
Basha ba le bantsi ka gonne ba sa ‘boife Modimo’ ka tsela e e siameng, ba inaakanya le boitshwaro jwa bone jo bo diphatsa
[Setshwantsho mo go tsebe 22]
Gantsi basha ba a lebala gore ba tla roba matswela a ditiro tsa bone
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Dira gore o rate mmalo wa Baebele
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
O tla natefelelwa thata ke dipokano fa o nna le seabe mo go tsone