Sejo sa Morena sa Maitseboa se Kaya Eng mo go Wena?
“Le fa e le mang yo o jang senkgwe kgotsa yo o nwang senwelo sa Morena a sa tshwanela o tla nna le molato mabapi le mmele wa Morena le madi.”—1 BAKORINTHA 11:27.
1. Ke tiragalo efe ya botlhokwa go di gaisa tsotlhe e e rulaganyeditsweng go tshwarwa ka ngwaga wa 2003, mme e simologile jang?
TIRAGALO ya botlhokwa go di gaisa tsotlhe e e rulaganyeditsweng go nna ka ngwaga wa 2003 e tla tshwarwa fa letsatsi le sena go phirima ka April 16. Ka nako eo Basupi ba ga Jehofa ba tla kopana go keteka Segopotso sa loso lwa ga Jesu Keresete. Fela jaaka go bontshitswe mo setlhogong se se fetileng, Jesu o ne a tlhoma mokete ono, o gape o bidiwang Sejo sa Morena sa Maitseboa, fa ene le baaposetoloi ba gagwe ba sena go keteka Tlolaganyo ka Nisane 14, 33 C.E. Ditshwantshetso tsa Segopotso e leng senkgwe se se sa bedisiwang le beine e khibidu, di tshwantshetsa mmele wa ga Keresete o o se nang boleo le madi a gagwe a a tsholotsweng—setlhabelo se e leng sone fela se ka rekololang batho mo boleong le mo losong tse ba di ruileng.—Baroma 5:12; 6:23.
2. Go kwadilwe tlhagiso efe mo go 1 Bakorintha 11:27?
2 Ba ba jang ditshwantshetso tsa Segopotso ba tshwanetse go dira jalo ba tshwanela. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa seo fa a ne a kwalela Bakeresete ba kwa Korintha wa bogologolo, kwa Sejo sa Morena sa Maitseboa se neng se sa ketekwe ka tsela e e tshwanetseng teng. (1 Bakorintha 11:20-22) Paulo o ne a kwala jaana: “Le fa e le mang yo o jang senkgwe kgotsa yo o nwang senwelo sa Morena a sa tshwanela o tla nna le molato mabapi le mmele wa Morena le madi.” (1 Bakorintha 11:27) Mafoko ao a kayang?
Bangwe Ba ne Ba ja Ba sa Tshwanela
3. Bakeresete ba le bantsi kwa Korintha ba ne ba itshwara jang kwa meketeng ya Sejo sa Morena sa Maitseboa?
3 Bakeresete ba le bantsi ba kwa Korintha ba ne ba a ja kwa Segopotsong ba sa tshwanela. Go ne go na le dikgaogano mo gare ga bone, mme ka lobakanyana lo lo rileng, bangwe ba ne ba tla ka dijo tsa bone tsa maitseboa ba bo ba di ja pele ga pokano kgotsa e ntse e tsweletse, gantsi ba a ja le go nwa go feta selekanyo. Ba ne ba sa tsiboga mo tlhaloganyong le fa e le semoyeng. Seno se ne sa dira gore ba nne le “molato mabapi le mmele wa Morena le madi.” Ba ba neng ba sa ja dijo tsa maitseboa ba ne ba tshwerwe ke tlala mme ka jalo ba iteega tsebe. Ee, ba le bantsi ba ne ba ja ba se na tlotlo e bile ba sa lemoge ka botlalo kafa tiragalo eno e leng masisi ka teng. Ke gone ka moo ba neng ba itlisetsa katlholo!—1 Bakorintha 11:27-34.
4, 5. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore batho ba ba tlholang ba ja ditshwantshetso tsa Segopotso ba itlhatlhobe?
4 Fa Segopotso se ntse se atamela ngwaga le ngwaga, go botlhokwa gore batho ba ba tlholang ba ja ditshwantshetso ba itlhatlhobe. Ba tshwanetse gore ba bo ba itekanetse sentle semoyeng gore ba kgone go kopanela ka tsela e e tshwanetseng mo sejong seno sa kabalano. Motho ope yo o sa tlotleng setlhabelo sa ga Jesu, tota le yo o se nyatsang, a ka nna mo kotsing ya gore a ‘kgaolwe mo bathong ba Modimo,’ fela jaaka go ne go direga ka Moiseraele yo o neng a ja sejo sa kabalano a itshekologile.—Lefitiko 7:20; Bahebera 10:28-31.
5 Paulo o ne a tshwantsha Segopotso le sejo sa kabalano kwa Iseraele wa bogologolo. O ne a bua ka batho ba ba nnang le seabe mo go Keresete a bo a re: “Ga lo ka ke lwa nwa senwelo sa ga Jehofa le senwelo sa madimona; ga lo ka ke lwa ja mo ‘tafoleng ya ga Jehofa’ le mo tafoleng ya madimona.” (1 Bakorintha 10:16-21) Fa motho yo o a tleng a je ditshwantshetso tsa Segopotso a dira boleo jo bo masisi, o tshwanetse a ipolela mo go Jehofa mme a batle thuso ya semoya ya banna ba bagolwane ba phuthego. (Diane 28:13; Jakobe 5:13-16) Fa a ikwatlhaya tota mme a bontsha maungo a boikwatlhao, o tla bo a sa je a sa tshwanela.—Luke 3:8.
Go Nna Teng Jaaka Babogedi ba ba Bontshang Tlotlo
6. Modimo o neile bomang tshiamelo ya go ja Sejo sa Morena sa Maitseboa?
6 A batho ba gone jaanong ba dirang se se molemo ba se direla masalela a bomonnawe Keresete ba ba 144 000 ba tshwanetse go ja Sejo sa Morena sa Maitseboa? (Mathaio 25:31-40; Tshenolo 14:1) Nnyaa. Modimo o neile tshiamelo eno batho ba a ba tloditseng ka moya o o boitshepo go nna “baruaboswammogo le Keresete.” (Baroma 8:14-18; 1 Johane 2:20) Mme boemo jwa batho ba ba nang le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise mo pusong ya Bogosi ke bofe? (Luke 23:43; Tshenolo 21:3, 4) E re ka e se baruaboswammogo le Jesu ba ba nang le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong, ba nna teng kwa Segopotsong e le babogedi ba ba bontshang tlotlo.—Baroma 6:3-5.
7. Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba itse jang gore ba tshwanetse go ja ditshwantshetso tsa Segopotso?
7 Bakeresete ba boammaaruri mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ne ba tloditswe ka moya o o boitshepo. Ba le bantsi ba bone ba ne ba kgona go dirisa e le nngwe kgotsa di le mmalwa tsa dimpho tsa kgakgamatso tsa moya, tse di jaaka go bua ka diteme. Ka jalo, go ne go ka se ka ga nna thata gore batho bano ba itse gore ba tloditswe ka moya le gore ba tshwanetse go ja ditshwantshetso tsa Segopotso. Le fa go ntse jalo, mo motlheng wa rona, motho a ka itse seno ka mafoko a a tlhotlheleditsweng a a jaaka ano: “Botlhe ba ba gogwang ke moya wa Modimo, bano ke bana ba Modimo. Gonne lo ne lwa se ka lwa amogela moya wa botlhanka o o bakang poifo gape, mme lo ne lwa amogela moya wa go tsholwa jaaka bana, moya o re goang ka one re re: ‘Aba, Rara!’”—Baroma 8:14, 15.
8. Ke bomang ba ba emelwang ke “korong” le “mefero” tse di umakilweng mo go Mathaio kgaolo 13?
8 Fa makgolo a dingwaga a ntse a feta, batlodiwa ba boammaaruri ba ne ba gola jaaka “korong” mo tshimong ya “mefero,” e leng Bakeresete ba maaka. (Mathaio 13:24-30, 36-43) Fa e sale ka bo1870 “korong” e ne ya bonala thata, mme dingwaga di le mmalwa moragonyana balebedi ba ba tloditsweng ba Bakeresete ba ne ba bolelelwa jaana: “Bagolwane . . . ba tshwanetse go tlhalosetsa batho ba ba nnang teng [mo Segopotsong] dilo tseno tse di batlegang—(1) go dumela mo mading [a ga Keresete]; le (2) go ineela mo Moreneng le mo tirelong ya gagwe, le go fitlha losong. Go tswa foo ba tshwanetse go laletsa botlhe ba ba ikutlwang jalo le ba ba ineetseng ka tsela e e ntseng jalo gore ba kopanele mo go ketekeng loso lwa Morena.”—Studies in the Scriptures, Bolumo VI, The New Creation, tsebe 473.a
Go Batla “Dinku Tse Dingwe”
9. Ka 1935 go ile ga tlhalosiwa sentle jang gore ba “boidiidi jo bogolo” ke bomang, mme seno se ile sa ama jang bangwe ba ba neng ba a ja ditshwantshetso tsa Segopotso?
9 Fa nako e ntse e tsamaya, phuthego ya ga Jehofa e ne ya simolola go tlhoma mogopolo le mo bathong ba bangwe ba e seng balatedi ba ga Keresete ba ba tloditsweng. Go ne ga nna le phetogo e kgolo mo kgannyeng eno mo magareng a bo1930. Pele ga moo, batho ba Modimo ba ne ba tsaya “boidiidi jo bogolo” jo go buiwang ka jone mo go Tshenolo 7:9 e le setlhopha sa bobedi sa semoya se se tla nnang mmogo le batlodiwa ba ba 144 000 ba ba tsositsweng kwa legodimong—e le baetsana kgotsa bapati ba monyadwi wa ga Keresete. (Pesalema 45:14, 15; Tshenolo 7:4; 21:2, 9) Mme ka May 31, 1935, mo puong e e neng e beilwe kwa kopanong ya Basupi ba ga Jehofa kwa Washington, D.C., U.S.A., go ne ga tlhalosiwa go dirisiwa Dikwalo gore “boidiidi jo bogolo” (“matshwititshwiti,” King James Version) bo kaya ba “dinku tse dingwe” ba ba tshelang mo metlheng ya bofelo. (Johane 10:16) Morago ga kopano eo, bangwe ba pele ba neng ba ja ditshwantshetso tsa Segopotso ba ne ba emisa go ja ka gonne ba ne ba lemoga gore ba na le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng, e seng ya go tshela kwa legodimong.
10. O ka tlhalosa jang tsholofelo le maikarabelo a ba “dinku tse dingwe” ba motlha wa segompieno ba nang le one?
10 Segolobogolo fa e sa le go simolola ka 1935 go ntse go batlwa batho ba e tla nnang “dinku tse dingwe,” ba ba dumelang mo thekololong, ba ineela mo Modimong mme ba ema nokeng “letsomanyane” la ba ba tloditsweng mo tirong ya go rera ka Bogosi. (Luke 12:32) Batho bano ba dinku tse dingwe ba na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng, mme ka ditsela tsotlhe tse dingwe ba tshwana le masalela a motlha wa gompieno a baruaboswa ba Bogosi. Fela jaaka baagi ba batswakwa ba Iseraele wa bogologolo ba ne ba obamela Jehofa e bile ba ikobela Molao, ba dinku tse dingwe ba amogela maikarabelo a go nna Bakeresete, jaaka go rera dikgang tse di molemo mmogo le Iseraele wa semoya. (Bagalatia 6:16) Le fa go ntse jalo, fela jaaka go ne go se na motswakwa ope yo o neng a ka nna kgosi kgotsa moperesiti wa Iseraele, ga go na ope wa ba dinku tse dingwe yo o ka busang mo Bogosing jwa kwa legodimong kgotsa yo o ka nnang moperesiti.—Duteronome 17:15.
11. Letlha le motho a kolobeditsweng ka lone le ka amana jang le tsholofelo ya gagwe?
11 Ka bo1930 go ne ga phepafala gore ka kakaretso batho ba setlhopha se se yang legodimong ba ne ba setse ba tlhophilwe. Jaanong e setse e le masomesome a dingwaga go batliwa ba dinku tse dingwe, ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng. Fa motlodiwa mongwe a sa ikanyege, go ka direga gore go tlhophiwe mongwe wa ba dinku tse dingwe yo o sa bolong go direla Modimo ka boikanyego gore a mo emisetse, gore palo ya 144 000 e felele.
Lebaka La go Bo ba Bangwe Ba na Le Dikgopolo Tse di Phoso
12. Motho o tshwanetse go emisa go ja ditshwantshetso tsa Segopotso fa go rileng, le gone ka ntlha yang?
12 Bakeresete ba batlodiwa ba tlhomamisegile tota gore ba na le pitso ya go ya legodimong. Mme go tweng fa e le gore bangwe ba ba se nang pitso eno ba ntse ba ja ditshwantshetso tsa Segopotso? Jaanong ka gonne ba itse gore ga ba ise ba ko ba nne le pitso ya go ya legodimong, digakolodi tsa bone di tshwanetse go ba tlhotlheletsa gore ba emise go ja. Modimo a ka se amogele ope yo o itirang e kete o bileditswe go ya go nna kgosi le moperesiti kwa legodimong fa motho yoo a itse gore tota ga a bilediwa seo. (Baroma 9:16; Tshenolo 20:6) Jehofa o ne a bolaya Kora wa Molefi ka gonne a ne a ipagololela mogodu ka go batla boperesiti jo bo neng bo neilwe ba lelapa la ga Arone. (Ekesodo 28:1; Dipalo 16:4-11, 31-35) Fa go direga gore Mokeresete mongwe a lemoge gore o ntse a ja ditshwantshetso tsa Segopotso a sa tshwanela, o tshwanetse go emisa go ja mme a rapele Jehofa ka boikokobetso gore a mo itshwarele.—Pesalema 19:13.
13, 14. Ke eng se se ka dirang gore bangwe ba akanye ka tsela e e phoso gore ba na le pitso ya go ya legodimong?
13 Ke eng se se ka dirang gore bangwe ba akanye ka tsela e e phoso gore ba na le pitso ya go ya legodimong? Go tlhokafalelwa ke molekane wa lenyalo kgotsa go diragalelwa ke masetlapelo mangwe go ka nna ga dira gore ba se ka ba tlhola ba kgatlhegela go tshela mo lefatsheng. Kgotsa ba ka nna ba rata gore mo nakong e e tlang ba nne mo lefelong le le tshwanang le tsala ya bone e kgolo e e ipolelang gore ke Mokeresete yo o tloditsweng. Mme gone, Modimo ga a naya ope kabelo ya go kgothaletsa ba bangwe gore ba ye legodimong. E bile ga a tlotse baruaboswa ba Bogosi ka go dira gore ba utlwe mantswe a a nang le melaetsa e e ba tlhomamisetsang seo.
14 Kgopolo e e maaka ya bodumedi ya gore batho botlhe ba ba siameng ba ya legodimong e ka nna ya dira gore bangwe ba akanye gore ba na le pitso ya go ya legodimong. Ka jalo, re tshwanetse go itlhokomela gore re se ka ra tlhotlhelediwa ke dikgopolo tsa maaka tse re neng re na le tsone pele kgotsa ke dilo tse dingwe. Ka sekai, bangwe ba ka nna ba ipotsa jaana: ‘A ke dirisa melemo e e amang maikutlo a me? A ke na le go tseega maikutlo mo nka dirang phoso?’
15, 16. Ke ka ntlha yang fa bangwe ba ka swetsa ka tsela e e phoso gore ke batlodiwa?
15 Bangwe ba ka nna ba ipotsa jaana: ‘A ke batla go tlotlomala? A ke rata maemo gone jaanong kgotsa ke rata maemo a go nna moruaboswa mmogo le Keresete mo isagweng?’ Fa baruaboswa ba Bogosi ba ne ba tlhophiwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga, ga se botlhe ba ba neng ba na le maikarabelo mo phuthegong. Gape batho ba ba nang le pitso ya go ya kwa legodimong ga ba itlotlomatse e bile ga ba ikgantshe ka gore ba tloditswe. Ba bontsha boikokobetso jo bo lebeletsweng mo bathong ba ba nang le “mogopolo wa ga Keresete.”—1 Bakorintha 2:16.
16 Bangwe ba ka tswa ba ile ba swetsa ka gore ba na le pitso ya go ya kwa legodimong ka gonne ba setse ba na le kitso e ntsi ya Baebele. Mme go tlodiwa ka moya ga go dire gore motho a tlhaloganye dilo ka tsela e e fetang e e tlwaelegileng, ka gonne Paulo o ne a tshwanelwa ke go ruta le go gakolola batlodiwa bangwe. (1 Bakorintha 3:1-3; Bahebera 5:11-14) Modimo o na le thulaganyo e a e dirisang go naya batho ba gagwe botlhe dijo tsa semoya. (Mathaio 24:45-47) Ka jalo ga go na ope yo o tshwanetseng go akanya gore go nna Mokeresete yo o tloditsweng go dira gore a nne le botlhale jo bo fetang jwa ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng. Fa motho a na le botswerere jwa go araba dipotso tsa Dikwalo, go rera, kgotsa go neela dipuo tsa Baebele, seo ga se reye gore o tloditswe ka moya. Bakeresete ba ba solofetseng go tshela mo lefatsheng le bone ba na le bokgoni mo dintlheng tseno.
17. Go tlodiwa ka moya go ikaegile ka eng le ka mang?
17 Fa modumedi a botsa kaga pitso ya go ya legodimong, mogolwane kgotsa Mokeresete yo mongwe yo o godileng a ka tlotla le ene ka kgang eno. Le fa go ntse jalo, ga go na ope yo o ka direlang yo mongwe tshwetso mo go seno. Motho yo tota a nang le pitso eno ga a tlhoke go botsa ba bangwe gore a o na le tsholofelo e e ntseng jalo. Batlodiwa ba “tshotswe sesha, e seng ka peo ya tsalo e e senyegang, mme ka e e sa senyegeng, ka lefoko la Modimo yo o tshelang le yo o nnetseng ruri.” (1 Petere 1:23) Modimo o dirisa moya wa gagwe le Lefoko la gagwe go jala “peo” e e dirang gore motho a nne “popo e ntšha,” a na le tsholofelo ya go ya legodimong. (2 Bakorintha 5:17) Mme Jehofa ke ene a tlhophang. Go tlodiwa “go ikaegile, e seng ka yo o eletsang kgotsa ka yo o sianang, mme ka Modimo.” (Baroma 9:16) Ka jalo motho a ka tlhomamisega jang gore o na le pitso ya go ya legodimong?
Se se Dirang Gore ba Tlhomamisege
18. Moya wa Modimo o supela jang moya wa batlodiwa?
18 Go supelwa ke moya wa Modimo go tlhomamisetsa Bakeresete ba ba tloditsweng gore ba tla tshela kwa legodimong. Paulo o ne a kwala jaana: “Lo ne lwa amogela moya wa go tsholwa jaaka bana, moya o re goang ka one re re: ‘Aba, Rara!’ Moya ka boone o supela moya wa rona gore re bana ba Modimo. Jaanong, fa re le bana, gape re baruaboswa: baruaboswa eleruri ba Modimo, mme re baruaboswammogo le Keresete, fa fela re boga mmogo le ene gore gape re galalediwe mmogo le ene.” (Baroma 8:15-17) Ka ntlha ya tlhotlheletso ya moya o o boitshepo, boikutlo jwa batlodiwa bo dira gore ba lemoge gore Dikwalo di bua ka bone fa di bua ka bana ba ga Jehofa ba semoya. (1 Johane 3:2) Moya wa Modimo o dira gore ba ikutlwe e le barwa ba gagwe mme o ba naya tsholofelo e e tlhomologileng. (Bagalatia 4:6, 7) Ee, go tshelela ruri mo lefatsheng e le batho ba ba itekanetseng ba na le ba malapa a bone le ditsala go ne go tla nna monate, mme eo ga se tsholofelo e ba e neilweng ke Modimo. Ka moya wa gagwe, Modimo o dirile gore ba nne le tsholofelo e e nonofileng ya go ya legodimong mo e leng gore ba iketleeleditse go tlogela sotlhe se ba se ratang se se mo lefatsheng le go itumelela botshelo mo lefatsheng.—2 Bakorintha 5:1-5, 8; 2 Petere 1:13, 14.
19. Kgolagano e ntšha e ama jang botshelo jwa Mokeresete yo o tloditsweng?
19 Bakeresete ba ba tloditsweng ba tlhomamisegile ka tsholofelo ya bone ya go ya legodimong, le go bo ba tsentswe mo kgolaganong e ntšha. Jesu o ne a bua ka gone fa a ne a tlhoma Segopotso, a re: “Senwelo seno se kaya kgolagano e ntšha ka ntlha ya madi a me, a a tla tshololelwang lona.” (Luke 22:20) Batho ba ba nang le seabe mo kgolaganong e ntšha ke Modimo le batlodiwa. (Jeremia 31:31-34; Bahebera 12:22-24) Jesu ke moletlanyi. E re ka kgolagano e ntšha e ne ya nna teng ka ntlha ya madi a ga Keresete a a tsholotsweng, ga ya ka ya tlhopha batho mo Bajudeng fela, mme e ne ya tlhopha batho le mo ditšhabeng gore e nne batho ba ba tla bidiwang ka leina la ga Jehofa, le gore ba nne karolo ya “losika” lwa ga Aborahame. (Bagalatia 3:26-29; Ditiro 15:14) “Kgolagano [eno] ya bosakhutleng” e dira gore Baiseraele botlhe ba semoya ba kgone go tsosiwa gore ba ye go tshela kwa legodimong ba sa swe.—Bahebera 13:20.
20. Batlodiwa ba tsenngwa mo kgolaganong efe le Keresete?
20 Batlodiwa ba tlhomamisega ka tsholofelo ya bone. Ba tsentswe mo kgolaganong e nngwe gape, kgolagano ya Bogosi. Fa Jesu a ne a bua ka go nna le seabe ga bone le Keresete, o ne a re: “Ke lona ba lo ileng lwa ngaparagana le nna mo ditekong tsa me; mme ke dira kgolagano le lona, fela jaaka Rre a dirile kgolagano le nna, ya bogosi.” (Luke 22:28-30) Kgolagano eno ya ga Keresete le dikgosi tse di tla busang le ene e tla nna e ntse e dira ka bosakhutleng.—Tshenolo 22:5.
Paka ya Segopotso —Nako e e Itumedisang
21. Paka ya Segopotso e ka re solegela molemo thata jang?
21 Go na le dilo tse dintsi tse di itumedisang ka paka ya Segopotso. Re ka solegelwa molemo ke mmalo wa Baebele o o rulaganyeditsweng go balwa ka nako eno. Gape ke nako e e molemo ya go rapela, go tlhatlhanya ka botshelo jwa ga Jesu fa a ne a le mo lefatsheng le loso lwa gagwe, le ya gore re nne le seabe mo tirong ya go rera ka Bogosi. (Pesalema 77:12; Bafilipi 4:6, 7) Mokete ono ka boone o re gakolola ka lorato lo Modimo le Keresete ba lo re bontshitseng ka setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu. (Mathaio 20:28; Johane 3:16) Thulaganyo eno e re naya tsholofelo e bile e a re gomotsa mme e tshwanetse ya nonotsha boikemisetso jwa rona jwa go batla go latela tsela e Keresete a neng a e latela. (Ekesodo 34:6; Bahebera 12:3) Gape Segopotso se tshwanetse go re nonotsha gore re tshelele boineelo jwa rona jaaka batlhanka ba Modimo le gore re nne balatedi ba ba ikanyegang ba Morwawe yo o rategang.
22. Mpho e kgolo go di gaisa tsotlhe e Modimo a e neileng batho ke efe, mme re ka bontsha jang gore re a e anaanela?
22 A bo Jehofa a re naya dimpho tse di molemo jang ne! (Jakobe 1:17) Re kaelwa ke Lefoko la gagwe, re thusiwa ke moya wa gagwe, mme re solofetse go tshelela ruri. Mpho e kgolo go di gaisa tsotlhe tse Modimo a re neileng tsone ke setlhabelo se Jesu a se ntsheditseng maleo a batlodiwa, le a batho botlhe ba bangwe ba ba nang le tumelo. (1 Johane 2:1, 2) Ka gone loso lwa ga Jesu lo botlhokwa go le kana kang mo go wena? A o tla nna mongwe wa ba ba bontshang gore ba a lo anaanela ka go kopana mmogo fa letsatsi le sena go phirima ka April 16, 2003, ba tlile go keteka Sejo sa Morena sa Maitseboa?
[Ntlha e e kwa tlase]
a E e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa mme jaanong e sa tlhole e le gone.
O ka Araba Jang?
• Ke bomang ba ba tshwanetseng go ja ditshwantshetso tsa Segopotso?
• Ke eng fa ba “dinku tse dingwe” ba nna teng kwa Sejong sa Morena sa Maitseboa e le babogedi fela ba ba bontshang tlotlo?
• Bakeresete ba ba tloditsweng ba itse jang gore ba tshwanetse go ja senkgwe le go nwa beine kwa Segopotsong sa loso lwa ga Keresete?
• Paka ya Segopotso ke nako e e molemo ya go dira eng?
[Kerafa/Ditshwantsho mo go tsebe 18]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
Palo Ya ba Ba Nnileng Teng Kwa Segopotsong
KA DIMILIONE
15 597 746
15
14
13 147 201
13
12
11
10
9
8
7
6
5
4 925 643
4
3
2
1
878 303
63 146
1935 1955 1975 1995 2002
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
A o tla nna teng kwa Sejong sa Morena sa Maitseboa monongwaga?
[Ditshwantsho mo go tsebe 21]
Paka ya Segopotso ke nako e e molemo ya go dira mmalo o o oketsegileng wa Baebele le go nna le seabe mo tirong ya go rera ka Bogosi