Ngwaga mo ‘Lefatsheng le le Molemo’
KA 1908 go ne ga ribololwa sengwe se se kgatlhang kwa lefelong le le umakiwang mo Baebeleng la Gesere, le le neng le le kwa ntlheng ya dipoa tse di kwa bophirima jwa Jerusalema: e ne e le letlapanakwalelo, le go neng go dumelwa gore ke la lekgolo la bo10 la dingwaga B.C.E. Mo go lone, go ne go kwadilwe se se diragalang ka ngwaga wa temo le ditiro tsa teng ka tsela e go tsewang gore e motlhofo, ka mokwalo wa Sehebera sa bogologolo. Letlapanakwalelo leno moragonyana le ne la bidiwa Khalendara ya Gesere.
Letlapanakwalelo leo le na le leina: Abija. Le fa baithutamarope ba sa dumalane botlhe, bontsi jwa bone ba tsaya gore le kwadilwe ke mosimane wa sekolo jaaka leboko.a A o ka rata go bona dipaka tse di farologaneng jaaka di tlhalosiwa ke mosimane yo o neng a tshela ka nako eo? Ka go dira jalo o ka nna wa gakologelwa ditiragalo dingwe tsa Baebele.
Dikgwedi Tse Pedi Tsa go Kgobokanya
Mokwadi wa khalendara eno ya bogologolo o ne a simolola ka go kgobokanya. Le fa go ne go kwadilwe pele mo khalendareng eno, o kgona go bona gore ke ka ntlha yang fa Baiseraele ba ne ba tsaya go kgobokanya e le karolo ya bofelo ya ngwaga wa temo. Kgwedi ya Ethanime (e morago e neng ya bidiwa Tishri) e tsamaisana le September/October mo khalendareng ya rona gompieno. E re ka ka nako eno tiro e ntsi ya go roba e a bo e setse e dirilwe, e ne e le nako e e monate e Abija yo mmotlana a ka tswang a ne a na le seabe mo go yone. Akanya fela ka fa a ka tswang a ne a itumela ka teng fa a thusa rraagwe go dira leobo le e neng e tlile go nna legae la bone ka lobaka lwa beke fa ba ne ba leboga Jehofa ba itumetse ka ntlha ya thobo e ba e boneng mo masimong a bone!—Duteronome 16:13-15.
Mo e ka nnang ka nako eno, motlhware o ne o setse o batla o siametse gore lelapa la ga Abija le o robe ka go phophotha dikala tsa ditlhare, e leng tiro e e ka tswang e ne e le bokete gore Abija yo mmotlana a ka e dira, mme e le e a neng a ka itumelela go lebelela batho ba e dira. (Duteronome 24:20) Go tswa foo ba ne ba sela motlhware mme ba o isa kwa tshilong go dira leokwane. Le lelapa le ne le kgona go itirela leokwane ka tsela e e motlhofo—ka go tsenya motlhware o o phothilweng kana o o phatlogileng mo metsing ba bo ba ga mafura a a kokobalang fa godimo ga metsi. Leokwane leno le ne le sa dirisiwe fela mo dijong. Le ne le dirisiwa le mo diponeng e bile le tshasiwa mo dinthong, tse di tshwanang le tse di neng di ka tswa mosimanyana yo o tshwanang le Abija fa a tshameka.
Dikgwedi Tse Pedi Tsa go Jala
Fa dipula tsa ntlha di ne di simolola, Abija o ka tswa a ne a itumelela go utlwa marothodi a pula a a tsiditsana mo letlalong la gagwe. Gongwe rraagwe o ne a mmolelela kafa pula e leng botlhokwa ka teng mo lefatsheng. (Duteronome 11:14) Mmu, o o fisitsweng dikgwedikgwedi ke letsatsi, o ne o tla nna bonolo mme o siamele go lengwa. Molemi wa bogologolo o ne a tsamaisa mogoma wa legong ka tsela e e matsetseleko, gongwe e le o o nang le tshipi kwa ntlheng, fa diphologolo di o goga. Maikaelelo a gagwe ke go dira mesele e e tlhamaletseng mo mmung. Lefatshe le ne le somarelwa, ka jalo balemi ba Baiseraele ba ne ba lema mo ditshingwaneng, go akaretsa le mo mekgokoloseng. Mme mo mekgokoloseng ba ne ba ka tshwanelwa ke go dirisa megoma e mennye e e tshwarwang ka matsogo.
Fa mmu o o bonolo o setse o lemilwe, go ne go jalwa korong le barele. Tiragalo e e latelang mo khalendareng ya Gesere ke ya dikgwedi tse pedi tsa go jala. Mojadi o ka nna a tsenya peo mo memenong ya diaparo tsa gagwe a bo a e gasamisa ka go isa letsogo kwa le kwa.
Dikgwedi Tse Pedi Tsa go Jala Morago ga Nako
“Lefatshe le le molemo” le ne le se ke le tlhoka go tlhoga dijo. (Duteronome 3:25) Ka December, pula e ne e na thata mme naga e talafala. E ne e le nako ya go jala dinawa tse di jaaka letlhodi le ditloo, mmogo le merogo e mengwe. (Amose 7:1, 2) Mo letlapanakwalelong Abija o ne a bitsa seno a re ke “mafulo a dikgakologo” kana go ya ka thanolo e nngwe, “go jala morago,” nako ya letlepu la dijo tse di monate e go neng go apewa merogo e mentsi e e neng e lemilwe ka nako eno.
Fa go ne go simolola go thuthafala ka paka ya serame, setlhare sa thamane se ne se thunya se tswa dithunya tse di tshweu le tse pinki, mme seo e ne e le letshwao la dikgakologo. Seno se ne se direga fela fa go simolola go thuthafala go le gonnye ka January.—Jeremia 1:11, 12.
Kgwedi ya go Sega Leloba
Go tswa foo Abija o umaka leloba. Seno se ka nna sa go gopotsa tiragalo nngwe e e diragetseng dingwagangwaga pele ga motlha wa ga Abija kwa ntlheng e e kwa botlhaba jwa dithaba tsa Judea. Kwa motseng wa Jeriko, Rahabe o ne a fitlhile ditlhola tse pedi “mo gare ga lotlhaka lwa leloba le a neng a le tlhomaganyeditswe” le le neng le beilwe mo godimo ga borulelo gore le ome. (Joshua 2:6) Leloba e ne e le karolo e kgolo ya botshelo jwa Baiseraele. Gore leloba le nne kgobati, le ne le tshwanetse go bola pele. Seno se ne se direga ka bonya fa le beilwe mo monyong kana ka bonako fa le tsenngwa mo molatswaneng. Fa kgobati eno ya leloba e setse e siame e ne e dirisiwa go dira dikhai, tse di neng di dirisiwa go dira diseile, ditente le diaparo. Gape leloba le ne le dirisiwa go dira megala ya dipone.
Batho bangwe ga ba dumalane le ntlha ya gore leloba le ne le lengwa kwa Gesere, kwa go neng go se na metsi a mantsi teng. Ba bangwe ba re leloba le ne le lengwa fela kwa bokhutlong jwa ngwaga. Ke sone se bangwe ba dumelang gore mo Khalendareng ya Gesere, lefoko “leloba” le ne le raya “tlhaga” ya furu.
Kgwedi e le Nngwe ya go Roba Barele
Ngwaga le ngwaga, morago ga kgwedi ya go sega leloba, Abija o ne a ela tlhoko ditlhaka tsa barele, e leng sejalo se go tswa foo a se umakang mo khalendareng. Kgwedi ya teng ka Sehebera ke Abibe, e e rayang “Ditlhaka Tse Ditala” gongwe seno se kaya nako ya fa ditlhaka di budule mme di ise di nne thata. Jehofa o ne a re: “A go bolokwe kgwedi ya Abibe, mme o ketekele Jehofa . . . tlolaganyo.” (Duteronome 16:1) Abibe (e moragonyana e neng ya bidiwa Nisane) e tsamaisana le dikarolo tsa dikgwedi tsa March le April mo khalendareng ya segompieno. Nako ya go butswa ga barele e ka tswa e le yone e e dirisitsweng go tsaya tshwetso ya gore kgwedi eno e simologa leng. Le gompieno, Bajuda ba Bakaraite ba ela tlhoko go butswa ga barele gore ba bone gore ba tla simolola leng ngwaga o mosha. Mabutswapele a barele a ne a tshwanetse gore a fokisiwe fa pele ga ga Jehofa mo letsatsing la bolesome le borataro la Abibe.—Lefitiko 23:10, 11.
Barele e ne e le botlhokwa thata mo botshelong jwa Baiseraele ba bantsi. Barele e ne e le tlhwatlhwa e kwa tlase fa e bapisiwa le korong mme gantsi bahumanegi ba ne ba e dirisa go dira senkgwe.—Esekiele 4:12.
Kgwedi e le Nngwe ya Thobo Le ya Go Lekanya
Fa o akanya ka motlha wa ga Abija, o ka akanya fela gore a ka tswa a ne a bona maru a phatlalala ka makuku letsatsi lengwe—mo go neng go tla bo go bontsha gore pula e tla tsaya nako e telele e sa ne. Dijalo tsa lefatshe le le molemo jaanong di ne di tla nosediwa ke monyo. (Genesise 27:28; Sekarea 8:12) Balemi ba Baiseraele ba ne ba itse gore dijalo tse dintsi tse di robilweng ka nako e go leng letsatsi thata ka yone mo ngwageng di ne di tlhoka phefo go fitlha ka nako ya mokete wa Pentekosete. Phefo e e tsididi, e e bongola e e tswang kwa bokone e ka tswa e ne e thusa dijalo tsa dijo tsa ditlhaka tse di neng di gola, mme e ne e senya ditlhare tsa maungo fa di setse di thuntse. Phefo e e mogote, e e seng bongola e e tswang kwa borwa e ne e thusa gore dithunya di thunye mme di budule mmudula.—Diane 25:23; Sefela sa Difela 4:16.
Jehofa, Mong wa maemo a bosa, o ne a dirile thulaganyo e e berekang sentle ya tsela e ditshedi di dirisanang ka yone le tikologo ya tsone. Mo motlheng wa ga Abija, Iseraele ruri e ne e le “lefatshe la korong le barele le mefine le difeige le digaranata, lefatshe la metlhware ya leokwane le tswina ya dinotshe.” (Duteronome 8:8) Rraagwemogolo Abija o ka tswa a ne a mmoleletse ka nako e e tlhomologileng e go neng go na le thobo e ntsi thata mo pusong ya ga Kgosi Solomone yo o botlhale—mo go neng go bontsha tota gore Jehofa o ne a ba segofatsa.—Dikgosi 4:20.
Fa khalendara e sena go umaka nako ya thobo, e na le lefoko le bangwe ba tsayang gore le kaya go “lekanya.” Seo se ka tswa se kaya go lekanya thobo gore go newe beng ba tshimo le badiri sengwe kana le e leng go e ntsha e le lekgetho. Le fa go ntse jalo, bakanoki ba bangwe ba tlhaloganya lefoko la Sehebera le kaya “go keteka” mme ba tsaya gore lefoko leno le kaya Moletlo wa Dibeke, o o neng o le ka kgwedi ya Sifane (May/June).—Ekesodo 34:22.
Dikgwedi Tse Pedi Tsa go Kgetla Matlhare
Go tswa foo Abija o ne a kwala ka dikgwedi tse pedi tsa go tlhokomela mofine. Gongwe a ka tswa a ile a thusa go kgaola matlhare a mantsi a ditlhare tsa mofine gore morara o kgone go bona letsatsi. (Isaia 18:5) Go tswa foo go ne go latela nako ya go kgetla morara, nako e basha ba nako eo ba neng ba e rata thata. Morara wa ntlha o ne o le monate thata! Abija o ka tswa a ne a utlwile ka ditlhola tse 12 tse di neng di rometswe ke Moshe kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng. Ba ne ba ya ka nako e go neng go kgetlwa mabutswapele a morara gore ba bone gore lefatshe leo le ne le le molemo go le kae. Ka nako eo, lesitlha le le lengwe la morara le ne le le legolo thata mo go neng go tlhokega gore le tsholwe ke banna le babedi!—Dipalo 13:20, 23.
Kgwedi e le Nngwe ya Leungo la Letlhabula
Tiragalo ya bofelo mo khalendareng ya ga Abija e ne e amana le leungo la letlhabula. Kwa dinageng tsa Botlhabagare tsa bogologolo, selemo e ne e le karolo ya ngwaga wa temo e e neng e amana thata le maungo. Morago ga motlha wa ga Abija, Jehofa o ne a dirisa polelwana e e reng “seroto sa maungo a letlhabula” go kaya gore ‘bokhutlo bo gorogile mo bathong ba gagwe ba Iseraele,’ a dirisa mafoko “maungo a letlhabula” le “bokhutlo” ka Sehebera. (Amose 8:2) Seno se ne se tshwanetse go gakolola Baiseraele ba ba sa ikanyegeng gore bokhutlo bo ne bo gorogile mme katlholo ya ga Jehofa e ne e tla. Difeige e ka tswa e le one maungo a letlhabula a Abija a neng a bua ka one. Difeige tsa letlhabula di ka dirwa dikuku tse di kgobilweng gore di jewe kana e le molemo o o tshasiwang mo ditlhagaleng.—2 Dikgosi 20:7.
Khalendara ya Gesere le Wena
Abija yo mmotlana o ka tswa a ne a tlwaetse mekgwa ya temo ya mo nageng ya gabone. Baiseraele mo metlheng eo ba ne ba dira ditiro tsa mo polasing. Le fa o sa tlwaelana le ditiro tsa temo, ditlhaloso tse di mo letlapanakwalelong leno la Gesere di ka go thusa gore o tlhaloganye mmalo wa gago wa Baebele botoka.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Lenaane le le mo Khalendareng ya Gesere le dikgwedi tse ka tlwaelo di latelwang mo Baebeleng ga di tsamaisane ka botlalo. Gape, ditiro dingwe tsa temo di ne di dirwa ka dinako tse di farologaneng mo mafelong a a farologaneng a Lefatshe le le Solofeditsweng.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 11]
KAFA KHALENDARA YA GESERE E KA TSWANG E NE E KWADILWE KA TENG:
“Dikgwedi tsa thobo ya mofine le ya motlhware;
dikgwedi tsa go jala;
dikgwedi tsa mafulo a dikgakologo;
kgwedi ya go goga leloba;
kgwedi ya go roba barele;
kgwedi ya go roba korong le go lekanya;
dikgwedi tsa go poma;
kgwedi ya leungo la selemo.”
[E saenilwe:] Abijahb
[Ntlha e e kwa tlase]
b Go ya ka buka ya Textbook of Syrian Semitic Inscriptions, Volume 1, e e kwadilweng ke John C. L. Gibson, 1971.
[Motswedi wa Setshwantsho]
Archaeological Museum of Istanbul
[Tšhate/Ditshwantsho mo go tsebe 9]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
NISANE (ABIBE)
March—April
IYYAR (SIFE)
April—May
SIFANE
May—June
TAMUSE
June—July
AB
July—August
ELULE
August—September
TISHRI (ETHANIME)
September—October
HESHVAN (BULE)
October—November
KISELEFE
November—December
TEBETHE
December—January
SHEBATE
January—February
ADARE
February—March
VEADAR
March
[Motswedi wa Setshwantsho]
Molemi: Garo Nalbandian
[Setshwantsho mo go tsebe 8]
Go epolola kwa Gesere
[Motswedi wa Setshwantsho]
© 2003 BiblePlaces.com
[Ditshwantsho mo go tsebe 10]
Setlhare sa thamane
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Sejalo sa leloba
[Motswedi wa Setshwantsho]
Dr. David Darom
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Barele
[Motswedi wa Setshwantsho]
U.S. Department of Agriculture