A o Ema Bolaodi Jwa ga Jehofa Nokeng?
“Buang mo ditšhabeng lo re: ‘Jehofa e setse e le kgosi.’”—PESALEMA 96:10.
1, 2. (a) Ke tiragalo efe ya botlhokwa thata e e diragetseng mo e ka nnang ka October 29 C.E.? (b) Tiragalo eo e ne e kaya eng mo go Jesu?
MO E ka nnang ka October 29 C.E. go ne ga direga tiragalo ya botlhokwa thata, e e iseng e tsamaye e diragale mo lefatsheng. Mokwadi wa Efangele Mathaio, a re: “Fa Jesu a sena go kolobediwa ka yone nako eo a tlhatloga a tswa mo metsing; mme, bona! magodimo a bulega, mme [Johane Mokolobetsi] a bona moya wa Modimo o tla mo go [Jesu] o fologa jaaka lephoi. Bona! Gape, ga nna lentswe le tswa kwa magodimong le le neng le re: ‘Yono ke Morwaake, moratwa, yo ke mo amogetseng.’” Tiragalo eno ke nngwe ya ditiragalo di se kae tse bakwadi botlhe ba banè ba Diefangele ba kwadileng ka tsone.—Mathaio 3:16, 17; Mareko 1:9-11; Luke 3:21, 22; Johane 1:32-34.
2 Go tshololelwa ga moya o o boitshepo mo go Jesu go ne go bontsha gore ke Motlodiwa, e leng lefoko le le rayang Mesia kgotsa Keresete. (Johane 1:33) Kgabagare, “losika” lo lo solofeditsweng lo ne lo tlile! Yo o neng a eme fa pele ga ga Johane Mokolobetsi e ne e le yo serethe sa gagwe se neng se tlile go gobadiwa ke Satane le yo o neng a tlile go gobatsa tlhogo ya mmaba yo mogolo wa ga Jehofa le bolaodi jwa Gagwe. (Genesise 3:15) Go simolola ka nako eo go ya pele, Jesu o ne a itse sentle gore o ne a tshwanetse go diragatsa maikaelelo a ga Jehofa a a malebana le bolaodi jwa Gagwe le Bogosi jwa Gagwe.
3. Jesu o ne a ipaakanyetsa jang tiro e a neng a tlile go e dira go ema bolaodi jwa ga Jehofa nokeng?
3 E le gore Jesu a ipaakanyetse tiro e a neng a e neilwe, “ka a tletse moya o o boitshepo, [o ne] a tloga kwa Joredane, mme a gogelwa kwa le kwa ke moya mo nageng.” (Luke 4:1; Mareko 1:12) Fa Jesu a le koo ka malatsi a le 40, o ne a nna le nako e e lekaneng ya go tlhatlhanya thata ka kgang ya bolaodi e e tsositsweng ke Satane le ka se ene a neng a tshwanetse go se dira go ema bolaodi jwa ga Jehofa nokeng. Kgang eo e ama dibopiwa tsotlhe tse di botlhale—tse di kwa legodimong le tse di mo lefatsheng. Ka jalo re tshwanetse go sekaseka tsela e Jesu a neng a ikanyega ka yone mme re bone se le rona re tshwanetseng go se dira go bontsha gore re ema bolaodi jwa ga Jehofa nokeng.—Jobe 1:6-12; 2:2-6.
Kgang ya Bolaodi e a Tsoga
4. Satane o ne a dira eng se se neng sa tsosa kgang ya bolaodi?
4 Satane o ne a bone ditiragalo tsotlhe tse di sa tswang go umakiwa. Ka bonako fela o ne a tlhasela “losika” lwa konokono lwa “mosadi” wa Modimo. (Genesise 3:15) Satane o ne a raela Jesu ka makgetlho a le mararo, a batla gore Jesu a dire se se neng se lebega se mo siametse go na le gore a dire se Rraagwe a neng a batla gore a se dire. Thaelo ya boraro ke yone e tota e neng ya tsosa kgang ya bolaodi. Fa Satane a ne a bontsha Jesu “magosi otlhe a lefatshe le kgalalelo ya one,” o ne a mo raya ka mabela a re: “Dilo tseno tsotlhe ke tla di go naya fa o ka wela fa fatshe mme wa nkobamela.” Ka gonne Jesu a ne a itse sentle gore eleruri Diabolo o ne a laola “magosi otlhe a lefatshe,” o ne a mo tlhalosetsa sentle gore ene o eme fa kae mo kgannyeng ya bolaodi, ka go mo araba a re: “Tsamaya, Satane! Gonne go kwadilwe ga twe, ‘Jehofa Modimo wa gago ke ene yo o tshwanetseng go mo obamela, e bile ke ene a le esi yo o tshwanetseng go mo direla tirelo e e boitshepo.’”—Mathaio 4:8-10.
5. Ke tiro efe e e thata e Jesu a neng a tshwanetse go e dira?
5 Tsela e Jesu a neng a tshela ka yone e ne e bontsha sentle gore selo sa botlhokwa thata mo go ene e ne e le go ema bolaodi jwa ga Jehofa nokeng. Jesu o ne a itse sentle gore o ne a tshwanetse go ikanyega go ya losong fa a ne a tla bo a bolawa ke Satane—mo go neng go boleletswe pele e le go gobatsa serethe sa “losika” lwa mosadi—gore a bontshe gore Modimo o na le tshwanelo ya go nna molaodi. (Mathaio 16:21; 17:12) Gape o ne a tshwanetse go tlhalosa kgang ya gore Jehofa o tla dirisa Bogosi jwa gagwe go fenya Satane wa setsuolodi le go tlisa kagiso le thulaganyo mo popong yotlhe. (Mathaio 6:9, 10) Jesu o ne a kgona jang go dira tiro eno e e thata?
“Bogosi Jwa Modimo bo Atametse”
6. Jesu o ne a itsise jang gore Modimo o ne a tlile go dirisa Bogosi go “senya ditiro tsa ga Diabolo”?
6 Sa ntlha, “Jesu [o ne] a tsena mo Galalea, a rera dikgang tse di molemo tsa Modimo a re: ‘Nako e e tlhomilweng e diragaditswe, mme bogosi jwa Modimo bo atametse.’” (Mareko 1:14, 15) Tota e bile, o ne a re: “Ke tshwanetse go bolela dikgang tse di molemo tsa bogosi jwa Modimo, ka gonne ke ne ka romelwa ka ntlha ya seno.” (Luke 4:18-21, 43) Jesu o ne a tsamaya boleele le bophara jwa naga, “a rera e bile a bolela dikgang tse di molemo tsa bogosi jwa Modimo.” (Luke 8:1) Gape Jesu o ne a dira ditiro tse dintsi tsa maatla—a fepa boidiidi jwa batho, a didimatsa difefo, a fodisa balwetse, e bile a tsosa baswi. Fa Jesu a ne a dira dikgakgamatso tseno, o ne a bontsha gore Modimo a ka dirolola tshenyo yotlhe le pogo tse di nnileng teng ka ntlha ya botsuolodi jwa kwa Edene, mme ka go dira jalo a “senya ditiro tsa ga Diabolo.”—1 Johane 3:8.
7. Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe gore ba dire eng, mme matswela e ne ya nna afe?
7 Jesu o ne a phutha setlhopha sa balatedi ba ba ikanyegang mme a ba thapisa go dira tiro ya go bolela dikgang tse di molemo tsa Bogosi e le gore dikgang tseno di rerwe ka botlalo. Sa ntlha, o ne a laela baaposetoloi ba gagwe ba ba 12 mme “a ba romela go ya go rera bogosi jwa Modimo.” (Luke 9:1, 2) Go tswa foo o ne a romela ba bangwe ba le 70 gore ba bolele molaetsa ono: “Bogosi jwa Modimo bo lo atametse.” (Luke 10:1, 8, 9) Fa barutwa bano ba ne ba boa mme ba begela Jesu kafa ba atlegileng ka teng fa ba ne ba dira tiro ya go rera ka Bogosi, o ne a re: “Ke ne ka simolola go bona Satane a setse a ole jaaka logadima go tswa kwa legodimong.”—Luke 10:17, 18.
8. Tsela e Jesu a neng a tshela ka yone e ne e bontsha eng?
8 Jesu o ne a dira bojotlhe go rera ka Bogosi, mme o ne a dirisa sebaka sengwe le sengwe go dira jalo. O ne a dira ka natla, bosigo le motshegare e bile a itima menate e e tlwaelegileng ya botshelo. O ne a re: “Diphokoje di na le mengobo le dinonyane tsa legodimo di na le dintlhaga, mme Morwa motho ga a na gope kwa a ka latsang tlhogo ya gagwe gone.” (Luke 9:58; Mareko 6:31; Johane 4:31-34) Pelenyana fela ga Jesu a swa, o ne a raya Ponto Pilato ka bopelokgale a re: “Ke tletse sone seo mo lefatsheng, gore ke supe ka ga boammaaruri.” (Johane 18:37) Botshelo jotlhe jwa ga Jesu bo ne bo bontsha gore o ne a sa tlela fela go tla go nna morutisi yo mogolo kana go nna modiri wa dikgakgamatso kana go nna Mmoloki yo o intshang setlhabelo, mme o ne a tletse go tla go tlotlomatsa bolaodi jwa ga Jehofa le go supela gore Modimo o na le bokgoni jwa go diragatsa thato ya Gagwe a dirisa Bogosi joo.—Johane 14:6.
“Go Diragaditswe!”
9. Kgabagare Satane o ne a atlega jang go gobatsa serethe sa “losika” lwa mosadi wa Modimo?
9 Mmaba, Satane Diabolo ga a ka a itumelela dilo tsotlhe tse Jesu a neng a di direla Bogosi. Satane o lekile gantsintsi go bolaya “losika” lwa mosadi wa Modimo, a dirisa karolo e e mo lefatsheng ya dipolotiki le ya bodumedi ya “losika” lwa gagwe. Satane le mephato ya gagwe ga ba bolo go batla go bolaya Jesu go simolola ka nako e a neng a tsholwa ka yone go ya kwa bokhutlong jwa botshelo jwa gagwe jwa mo lefatsheng. Kgabagare, ka dikgakologo tsa 33 C.E., nako e ne e gorogile ya gore Morwa motho a newe Mmaba gore Mmaba yono a mo gobatse mo seretheng. (Mathaio 20:18, 19; Luke 18:31-33) Dipego tsa Efangele di bontsha sentle kafa batho—Judase Isekariota, baperesiti ba bagolo, bakwadi, Bafarasai le Baroma—ba neng ba dirisiwa ke Satane ka teng gore ba bone Jesu molato mme ba mmolaye botlhoko mo koteng ya tlhokofatso.—Ditiro 2:22, 23.
10. Ke eng sa botlhokwa thata se Jesu a se fitlheletseng ka go swela mo koteng ya tlhokofatso?
10 Ke eng se se tlang mo mogopolong wa gago fa o akanya ka Jesu a le mo koteng ya tlhokofatso a swa loso lo lo botlhoko le lo lo ngomolang pelo? Gongwe o gakologelwa setlhabelo sa thekololo se Jesu a neng a se ntshetsa baleofi ka bopelotshweu. (Mathaio 20:28; Johane 15:13) O ka tswa o jesiwa kgakge ke lorato lo logolo lo Jehofa a lo bontshitseng ka go dira gore setlhabelo seo se nne teng. (Johane 3:16) Gongwe o ikutlwa jaaka modiredi wa masole a Roma yo o neng a tlhotlheletsega go re: “Eleruri yono e ne e le Morwa Modimo.” (Mathaio 27:54) Tota go a utlwala go bo re ikutlwa jalo. Mme gape, gakologelwa gore mafoko a ga Jesu a bofelo a le mo koteng ya tlhokofatso e ne e le ano: “Go diragaditswe!” (Johane 19:30) Ke eng se se neng se diragaditswe? Le fa Jesu a fitlheletse dilo di le dintsi ka botshelo jwa gagwe le ka loso lwa gagwe, a selo sa konokono se a neng a se tletse mo lefatsheng e ne e se go rarabolola kgang ya bolaodi jwa ga Jehofa? E bile a go ne go sa bolelelwa pele gore jaaka e le ene “losika,” o ne a tla lekwa botlhoko thata ke Satane e le gore a tlose kgobo yotlhe mo leineng la ga Jehofa? (Isaia 53:3-7) Ano e ne e le maikarabelo a a boima, mme le fa go ntse jalo, Jesu o a diragaditse ka botlalo. Ruri o ne a weditse tiro e kgolo!
11. Jesu o tla dira eng go diragatsa ka botlalo boporofeti jo bo boletsweng kwa Edene?
11 Ka gonne Jesu a ne a ikanyega, o ne a tsosiwa, e se motho, mme e le “moya o o nayang botshelo.” (1 Bakorintha 15:45; 1 Petere 3:18) Jehofa o ne a solofetsa Morwawe yo o galaleditsweng jaana: “Nna kafa seatleng sa me sa moja go fitlha ke baya baba ba gago gore e nne sebeo sa dinao tsa gago.” (Pesalema 110:1) “Baba” bano ba akaretsa molatofadiwa yo mogolo, e bong Satane, le botlhe ba e leng karolo ya “losika” lwa gagwe. E re ka Jesu Keresete e le Kgosi ya Bogosi jwa ga Jehofa jwa ga Mesia, o tla etelela pele go senya ditsuolodi tsotlhe, kwa lefelong la moya le mo lefatsheng. (Tshenolo 12:7-9; 19:11-16; 20:1-3, 10) Mme go tswa foo boporofeti jo bo mo go Genesise 3:15 bo tla diragadiwa ka botlalo mmogo le thapelo e Jesu a neng a ruta balatedi ba gagwe gore ba e rapele: “A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.”—Mathaio 6:10; Bafilipi 2:8-11.
O re Tlogeletse Sekao
12, 13. (a) Gompieno batho ba arabela jang fa ba utlwa dikgang tse di molemo tsa Bogosi? (b) Re tshwanetse go ipotsa dipotso dife fa re batla go latela dikgato tsa ga Keresete?
12 Gompieno, dikgang tse di molemo tsa Bogosi di a rerwa mo dinageng tse dintsi, fela jaaka Jesu a ne a boletse. (Mathaio 24:14) Ka ntlha ya seo, batho ba bantsintsi ba ineetse mo Modimong. Ba itumelela masego a a tla tlisiwang ke Bogosi. Ba lebile pele go tshelela ruri ka kagiso le polokesego mo lefatsheng la paradaise, mme ka boipelo ba bolelela ba bangwe ka tsholofelo e ba nang le yone. (Pesalema 37:11; 2 Petere 3:13) A o mongwe wa baboledi bano ba Bogosi? Fa go ntse jalo re a go akgola. Mme go na le se sengwe gape se mongwe le mongwe wa rona a tshwanetseng go se akanyetsa.
13 Moaposetoloi Petere o ne a re: “Keresete o ne a boga ka ntlha ya lona, a lo tlogelela sekao gore lo latele dikgato tsa gagwe gaufiufi.” (1 Petere 2:21) Ela tlhoko gore fano, Petere o umaka go boga ga ga Jesu, e seng tlhoafalo e a neng a na le yone mo tirong ya go rera kana bokgoni jo a neng a na le jone jwa go ruta. E re ka Petere e ne e le mosupi yo o iponetseng ka matlho, o ne a itse sentle gore Jesu o ne a ikemiseditse go boga go le kana kang gore a ineele mo bolaoding jwa ga Jehofa le go supa gore Satane ke moaki. Ka jalo, re ka latela dikgato tsa ga Jesu jang? Re tshwanetse go ipotsa jaana: ‘Ke ikemiseditse go boga go le kana kang gore ke eme bolaodi jwa ga Jehofa nokeng le go bo tlotla? A tsela e ke tshelang ka yone le e ke dirang bodiredi jwa me ka yone e bontsha gore ke eme bolaodi jwa ga Jehofa nokeng e bile ke tshwenyegile thata ka jone?’—Bakolosa 3:17.
14, 15. (a) Jesu o ne a itshwara jang fa a ne a newa dikakantsho tse e seng tsone, mme ka ntlha yang? (b) Re tshwanetse go nna re akantse ka kgang efe? (Akaretsa dintlha tse di mo lebokoseng le le reng, “Ema mo Letlhakoreng la ga Jehofa.”)
14 Letsatsi le letsatsi re lebana le diteko le go dira ditshwetso tse dikgolo le tse dinnye. Ke eng se se tla re thusang? Ka sekai, re tla dirang fa re lebane le thaelo ya gore re dire sengwe se se tla senyang boemo jwa rona jo bontle jwa Bokeresete? Jesu o ne a reng fa Petere a ne a mo raya a re a ikutlwele botlhoko? O ne a re: “Mpota kafa morago, Satane! . . . Ga o akanye dikakanyo tsa Modimo, mme tsa batho.” (Mathaio 16:21-23) Fa re bulegelwa ke sebaka sa gore re nne le madi a mantsi kana re tlhatlosiwe maemo kwa tirong mme seo se ama kobamelo ya rona, a re dira jaaka Jesu a ne a dira? Fa Jesu a ne a lemoga gore ba ba neng ba bone dikgakgamatso tsa gagwe “ba ne ba tloga ba tla go mo tshwara go mo dira kgosi,” o ne a tswa fa go bone ka bonako.—Johane 6:15.
15 Ke eng fa Jesu a ne a arabela a nitame jaana mo lekgetlhong leno le mo go a mangwe? Ke ka gonne o ne a lemoga gore go ne go amega sengwe se se botlhokwa go feta pabalesego ya gagwe. O ne a batla go dira thato ya ga Rraagwe le go tlotlomatsa bolaodi jwa ga Jehofa le fa go ne go ka nna jang. (Mathaio 26:50-54) Ka jalo, fa re sa nne re akantse ka kgang ya bolaodi jwa ga Jehofa ka dinako tsotlhe jaaka Jesu, re ka tsena mo kotsing ya go ineela kgotsa go palelwa ke go dira se se siameng. Jang? Ka gonne re ka ineela motlhofo mo maanong a ga Satane, yo e leng mankge fa go tliwa mo kgannyeng ya go dira gore selo se se phoso se lebege se siame, fela jaaka a ne a dira fa a ne a raela Efa.—2 Bakorintha 11:14; 1 Timotheo 2:14.
16. Mokgele wa rona e tshwanetse go nna ofe fa re thusa ba bangwe?
16 Mo bodireding jwa rona, re leka go bua le batho ka dilo tse ba tshwenyegileng ka tsone le go ba bontsha dikarabo tse di tswang mo Baebeleng. Eno ke tsela e e molemo ya go dira gore batho ba kgatlhegele go ithuta Baebele. Le fa go ntse jalo, mokgele wa rona ga se fela go thusa batho gore ba itse se Baebele e se buang kana ba itse ka masego a Bogosi jwa Modimo bo tla a tlisang. Re tshwanetse go ba thusa go tlhaloganya kgangkgolo ya bolaodi. A ba iketleeleditse go nna Bakeresete ba boammaaruri, go tsaya ‘kota ya bone ya tlhokofatso’ le go boga ka ntlha ya Bogosi? (Mareko 8:34) A ba ikemiseditse go kopanela le ba ba emang bolaodi jwa ga Jehofa nokeng mme ka go dira jalo ba supa gore Satane ke moaki e bile o senya batho maina? (Diane 27:11) Re na le tshiamelo ya go ithusa le go thusa ba bangwe go nna mo letlhakoreng la bolaodi jwa ga Jehofa.—1 Timotheo 4:16.
Fa Modimo a Nna “Dilo Tsotlhe mo go Mongwe le Mongwe”
17, 18. Ke nako efe e e itumedisang thata e re ka lebang pele kwa go yone fa re bontsha gore re eme bolaodi jwa ga Jehofa nokeng?
17 Fa re ntse re dira bojotlhe gone jaanong go bontsha ka boitshwaro jwa rona le ka bodiredi jwa rona gore re ema bolaodi jwa ga Jehofa nokeng, re ka leba pele kwa nakong e Jesu Keresete a tla bong a “neela Modimo wa gagwe le Rraagwe bogosi.” Seno se tla direga leng? Moaposetoloi Paulo o a tlhalosa: “Fa a sena go nyeletsa puso yotlhe le bolaodi jotlhe le maatla. Gonne o tshwanetse go busa e le kgosi go fitlha Modimo a sena go baya baba botlhe kafa tlase ga dinao tsa gagwe. . . . Go tswa foo Morwa ka boene le ene o tla ipaya mo taolong ya Ene yo o neng a baya dilo tsotlhe mo taolong ya gagwe, gore Modimo a nne dilo tsotlhe mo go mongwe le mongwe.”—1 Bakorintha 15:24, 25, 28.
18 Ruri e tla nna nako e e itumedisang thata fa Modimo a nna “dilo tsotlhe mo go mongwe le mongwe”! Bogosi bo tla bo bo diragaditse boikaelelo jwa jone. Botlhe ba ba ganetsang bolaodi jwa ga Jehofa ba tla bo ba fedisitswe. Go tla bo go na le kagiso le thulaganyo mo lobopong lotlhe gape. Go ya ka mafoko a ga mopesalema, popo yotlhe e tla opela jaana: “Nayang Jehofa kgalalelo ya leina la gagwe . . . Buang mo ditšhabeng lo re: ‘Jehofa e setse e le kgosi.’”—Pesalema 96:8, 10.
O ka Araba Jang?
• Jesu o ne a dira jang gore kgang ya bolaodi jwa Modimo e nne ya botlhokwa thata mo botshelong jwa gagwe?
• Ke eng sa konokono se Jesu a se fitlheletseng ka bodiredi jwa gagwe le ka loso lwa gagwe?
• Re ka latela sekao sa ga Jesu ka ditsela dife go bontsha gore re ema bolaodi jwa ga Jehofa nokeng?
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 29]
EMA MO LETLHAKORENG LA GA JEHOFA
Jaaka bakaulengwe ba kwa Korea le ba mo mafelong a mangwe ba itse, fa Bakeresete ba lebane le diteko tse di boima, ba ka thusiwa ke go nna ba gakologetswe sentle lebaka la go bo ba welwa ke diteko tse di ntseng jalo.
Mosupi mongwe wa ga Jehofa yo o neng a tsentswe mo kgolegelong mo pusong ya maloba ya Soviet, o ne a re: “Se se neng se re thusa go itshoka, ke go tlhaloganya kgangkgolo e e tsositsweng kwa tshimong ya Edene—kgang ya gore a Modimo o na le tshwanelo ya go busa. . . . Re ne re itse gore re bulegetswe ke sebaka sa go ema mo letlhakoreng la bolaodi jwa ga Jehofa. . . . Seno se ne sa re nonotsha mme sa dira gore re kgone go tswelela re ikanyega.”
Mosupi yo mongwe o ne a tlhalosa se se neng sa mo thusa ene le Basupi ba bangwe kwa kampeng ya pogisetso. O ne a re: “Jehofa o ne a re nonotsha. Le fa re ne re le mo maemong a a thata, re ne re thantse semoyeng. Ka metlha re ne re nonotshana ka go kgothatsana gore re ne re eme mo letlhakoreng la ga Jehofa mo kgannyeng ya bolaodi jwa lobopo.”
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Jesu o ne a tlotlomatsa jang bolaodi jwa ga Jehofa fa a ne a lekwa ke Satane?
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
Loso lwa ga Jesu lo ne lwa fitlhelela eng?