Etsa Jesu—Ruta ka Lorato
“Ga go ise go ke go nne le motho yo mongwe yo o kileng a bua jaana.”—JOH. 7:46.
1. Batho ba ne ba amiwa jang ke tsela e Jesu a neng a ruta ka yone?
AKANYA fela gore go tshwanetse ga bo go ne go kgatlha jang go utlwa Jesu a ruta! Baebele e re fa lesedi la gore batho ba a neng a kopana le bone ba ne ba amiwa jang ke mafoko a gagwe. Ka sekai, mokwadi wa Efangele e bong Luke o tlhalosa gore batho ba motse wa gagabo Jesu ba ne “ba simolola . . . go gakgamalela mafoko a a ipedisang a a tswang mo molomong wa gagwe.” Mathaio o bega gore batho ba ba neng ba reetsa Jesu fa a ntse a ruta mo Therong ya kwa Thabeng ba ne ba “tshwarwa ke kgakge ka ntlha ya tsela ya gagwe ya go ruta.” Mme Johane ene o bega gore badiredi ba ba neng ba romilwe gore ba ye go tshwara Jesu ba ne ba boa ba sa mo tshwara ba re: “Ga go ise go ke go nne le motho yo mongwe yo o kileng a bua jaana.”—Luke 4:22; Math. 7:28; Joh. 7:46.
2. Jesu o ne a dirisa mekgwa efe fa a ruta?
2 Badiredi bao ba ne ba bua boammaaruri. Ruri Jesu e ne e le Morutisi yo mogolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela. O ne a ruta ka tsela e e motlhofo e bile e utlwala sentle mo go neng go se na ope yo o ka mo ganetsang. O ne a dirisa ditshwantsho le dipotso ka botswerere. O ne a dira gore dithuto tsa gagwe di tshwanele batho ba a neng a bua le bone, le fa e ne e ka tswa e le batho ba maemo a a kwa godimo kgotsa e le ba maemo a a kwa tlase. Dithuto tse a neng a di ruta di ne di le motlhofo go tlhaloganngwa mme di na le bokao jo bogolo. Le fa go ntse jalo, dilo tseno ga se tsone fela tse di neng di dira gore Jesu e nne Morutisi yo mogolo.
Nonofo ya Konokono—Lorato
3. Jaaka morutisi, Jesu o ne a farologana jang le baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa gagwe?
3 Bangwe ba bakwadi le Bafarasai e tshwanetse ya bo e ne e le banna ba ba botlhale ba ba neng ba na le kitso le bokgoni jwa go naya ba bangwe kitso eo. Ke eng se se neng se dira gore tsela e Jesu a neng a ruta ka yone e farologane thata jaana le ya bone? Baeteledipele ba bodumedi ba motlha oo ba ne ba sa rate batho ba maemo a a kwa tlase. Mo boemong jwa moo, ba ne ba ba nyatsa, ba ba tsaya e le “batho ba ba hutsegileng.” (Joh. 7:49) Mme Jesu ene o ne a ba utlwela botlhoko, ka gonne ba ne “ba sotlegile e bile ba gasame jaaka dinku tse di se nang modisa.” (Math. 9:36) O ne a le lorato, a le kutlwelobotlhoko e bile a le pelonomi. Mo godimo ga moo, tota baeteledipele ba bodumedi ba ne ba sa rate Modimo. (Joh. 5:42) Mme Jesu ene o ne a rata Rraagwe e bile a itumelela go dira thato ya gagwe. Baeteledipele ba bodumedi ba ne ba sokamisa mafoko a Modimo gore a tsamaisane le se bone ba se batlang, mme Jesu o ne a rata “lefoko la Modimo”—a le ruta, a le tlhalosa, a le buelela e bile a tshela ka lone. (Luke 11:28) Ee, Keresete o ne a bontsha lorato tota mo go sengwe le sengwe se a neng a se dira; mo go se a neng a se ruta, mo tseleng e a neng a dirisana le batho ka yone le mo tseleng e a neng a ba laya ka yone.
4, 5. (a) Ke eng fa go le botlhokwa go ruta ka lorato? (b) Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore gape re nne le kitso le bokgoni fa re ruta?
4 Go tweng ka rona? E re ka re le balatedi ba ga Keresete, re batla go mo etsa mo bodireding jwa rona le mo botshelong jwa rona. (1 Pet. 2:21) Ka jalo, boikaelelo jwa rona ga se fela go naya batho kitso ya Baebele mme gape re batla go bontsha dinonofo tsa ga Jehofa, bogolo jang lorato lwa gagwe. Le fa re ka tswa re na le kitso e ntsi kgotsa e nnye fela, re na le bokgoni jo bogolo jwa go ruta kgotsa re sa kgone go le kalo, lorato lo re lo bontshang lo tla re thusa thata go fitlhelela dipelo tsa batho ba re ba rerelang. Fa re batla go nna le matswela tota mo tirong ya rona ya go dira barutwa, re tshwanetse go etsa Jesu ka go ruta ka lorato.
5 Gone ke boammaaruri gore fa re batla go nna barutisi ba ba molemo, re tshwanetse go nna le kitso ka kgang e re rutang ka yone e bile re tshwanetse go nna le bokgoni gore re neye ba bangwe kitso eo. Jesu o ne a thusa barutwa ba gagwe gore ba nne le dilo tseo ka bobedi, mme gompieno Jehofa o dirisa phuthego ya gagwe go re thusa gore re nne le tsone. (Bala Isaia 54:13; Luke 12:42.) Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go leka gore fa re ruta re se ka ra dirisa ditlhaloganyo tsa rona fela mme re dirise le dipelo tsa rona. Fa re na le kitso, bokgoni le lorato, re ka bona matswela a a kgotsofatsang tota. Mme re ka bontsha lorato ka ditsela dife fa re ruta? Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba dira seo jang? A re boneng.
Re Tshwanetse go Rata Jehofa
6. Re bua jang ka motho yo re mo ratang?
6 Re rata go bua ka dilo tse re di ratang. Fa re bua ka sengwe se re se ratang tota, re bua ka matlhagatlhaga le ka boitumelo. Re dira jalo bogolo jang fa re bua ka motho yo re mo ratang. Gantsi re tlhagafalela go bolelela ba bangwe se re se itseng ka motho yoo. Re a mmaka, re mo tseela kwa godimo e bile re a mmuelela. Re dira jalo ka gonne re batla gore batho ba bangwe ba rate motho yoo le dinonofo tsa gagwe fela jaaka rona re mo rata.
7. Tsela e Jesu a neng a rata Modimo ka yone e ne ya mo tlhotlheletsa go dira eng?
7 Pele re ka kgothaletsa batho ba bangwe gore ba rate Jehofa, re tshwanetse gore rona ka borona re bo re mo itse e bile re mo rata. Aitsane, kobamelo ya boammaaruri e theilwe mo go rateng Modimo. (Math. 22:36-38) Jesu o ne a re tlhomela sekao se se molemolemo. O ne a rata Jehofa ka pelo ya gagwe yotlhe, ka mogopolo otlhe, ka moya otlhe le ka maatla otlhe a gagwe. Jesu o ne a itse Rraagwe yo o kwa legodimong sentle ka gonne o ne a ntse dingwaga di ka nna dibilione kwa legodimong a na le ene. Go ne ga felela ka eng? Jesu o ne a re: “Ke rata Rara.” (Joh. 14:31) Lorato loo lo ne lo bonala mo go sengwe le sengwe se Jesu a neng a se bua le se a neng a se dira. Lo ne lo mo rotloetsa gore ka metlha a dire dilo tse di itumedisang Modimo. (Joh. 8:29) Lo ne lwa mo tlhotlheletsa gore a kgale baeteledipele ba bodumedi ba ba neng ba ipolela ka boitimokanyi gore ba emela Modimo. Gape lo ne lo mo tlhotlheletsa gore a bue ka ga Jehofa le gore a thuse batho ba bangwe go itse le go rata Modimo.
8. Go rata Modimo go ne ga tlhotlheletsa barutwa ba ga Jesu gore ba dire eng?
8 Barutwa ba ga Jesu ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba rata Jehofa fela jaaka Jesu a ne a mo rata, mme lorato loo lo ne lwa ba tlhotlheletsa gore ba rere dikgang tse di molemo ka bopelokgale le ka tlhoafalo. Ba ne ba tlatsa Jerusalema ka dithuto tsa bone, le fa baeteledipele ba ba maatla ba bodumedi ba ne ba ba ganetsa. Tota barutwa ba ne ba ka se ka ba tlogela go bua ka dilo tse ba neng ba di bone le tse ba neng ba di utlwile. (Dit. 4:20; 5:28) Ba ne ba itse gore Jehofa o ne a na le bone e bile o ne a tla ba segofatsa—mme ruri o ne a ba segofatsa! Tota e bile, pele go wela dingwaga tse 30 morago ga loso lwa ga Jesu, moaposetoloi Paulo o ne a ka kwala gore dikgang tse di molemo di ne di rerilwe “mo popong yotlhe e e kafa tlase ga legodimo.”—Bakol. 1:23.
9. Re ka nonotsha jang lorato lo re ratang Modimo ka lone?
9 Fa re batla go nna barutisi ba ba nang le matswela tota, le rona re tshwanetse go tlhomamisa gore re tswelela pele re nonotsha lorato lo re ratang Modimo ka lone. Re ka dira seo jang? Ka go buisana le Modimo ka metlha ka thapelo. Gape re nonotsha lorato lo re ratang Modimo ka lone ka go ithuta Lefoko la gagwe, ka go bala dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng le ka go ya dipokanong tsa Bokeresete. Fa kitso ya rona ka Modimo e ntse e oketsega, re tla mo rata le go feta pele. Go tswa foo, fa re ntse re bontsha Modimo gore re a mo rata ka mafoko le ka ditiro, ba bangwe ba tla bona seo mme ba ka atamalana le Jehofa.—Bala Pesalema 104:33, 34.
Re Tshwanetse go Rata Se re Se Rutang
10. Motho e nna morutisi yo o molemo fa a dira eng?
10 Motho e nna morutisi yo o molemo fa a rata se a se rutang. O tshwanetse go dumela gore se boammaaruri, se a tlhokega e bile se botlhokwa. Fa morutisi a rata se a se rutang, matlhagatlhaga a gagwe a tla bonala, mme o tla tlhotlheletsa batho ba a ba rutang thata. Kafa letlhakoreng le lengwe, tota fa morutisi a sa rate se a se rutang, a ka lebelela jang gore batho ba a ba rutang ba tseye se ba se utlwang se le botlhokwa? Fa o le morutisi wa Lefoko la Modimo, sekao sa gago se botlhokwa thata. Jesu o ne a re: “Moithuti mongwe le mongwe yo o thapisitsweng sentle o tla tshwana le morutisi wa gagwe.”—Luke 6:40, The New Berkeley Version in Modern English.
11. Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a rata se a neng a se ruta?
11 Jesu o ne a rata se a neng a se ruta. O ne a itse gore o ne a na le sengwe se se botlhokwa se a neng a ka se naya ba bangwe—boammaaruri ka ga Rraagwe yo o kwa legodimong, e leng “mafoko a Modimo” mmogo le “mafoko a botshelo jo bo sa khutleng.” (Joh. 3:34; 6:68) Fela jaaka lesedi le le phatsimang, dithuto tsa boammaaruri tse Jesu a neng a di ruta di ne di senola se se bosula mme di tlotlomatsa se se molemo. Di ne di dira gore batho ba ba ikokobeditseng ba ba neng ba tsieditswe ke baeteledipele ba bodumedi jwa maaka mme ba gateletswe ke Diabolo ba nne le tsholofelo ba bo ba gomotsege. (Dit. 10:38) Lorato lo Jesu a neng a rata boammaaruri ka lone ga lo bonale mo dithutong tsa gagwe fela mme lo bonala le mo go sotlhe se a neng a se dira.
12. Moaposetoloi Paulo o ne a ikutlwa jang ka dikgang tse di molemo?
12 Barutwa ba ga Jesu fela jaaka ene ba ne ba rata dithuto tsa boammaaruri ka ga Jehofa le Keresete e bile ba di tseela kwa godimo mo baganetsi ba neng ba sa kgone go ba kgoba marapo gore ba tlogele go di bolelela ba bangwe. Paulo o ne a kwalela Bakeresete ka ene kwa Roma a re: “Ke na le tlhagafalo ya go bolela dikgang tse di molemo . . . Gonne ga ke tlhabisiwe ditlhong ke dikgang tse di molemo; tota e bile, tsone ke maatla a Modimo a poloko mo go mongwe le mongwe yo o nang le tumelo.” (Bar. 1:15, 16) Paulo o ne a tsaya go bolela boammaaruri e le tshiamelo. O ne a kwala a re: “Nna, . . . ke ne ka newa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jono, gore ke tle ke bolelele ditšhaba dikgang tse di molemo ka ga dikhumo tse di ka se kang tsa tlhaloganngwa tsa ga Keresete.” (Baef. 3:8) O ka kgona go bona ka leitlho la mogopolo kafa Paulo a neng a le matlhagatlhaga ka teng fa a ntse a ruta ba bangwe ka ga Jehofa le maikaelelo a Gagwe.
13. Re na le mabaka afe a go rata dikgang tse di molemo?
13 Dikgang tse di molemo tse di mo Lefokong la Modimo di re thusa gore re itse Mmopi re bo re nne le kamano e e lorato le ene. Dikgang tseo tse di molemo di re naya dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso tsa botlhokwa mo botshelong mme di ka kgona go fetola matshelo a rona, di ka re naya tsholofelo mme tsa re nonotsha fa re lebane le mathata. Mo godimo ga moo, di re bontsha gore re ka bona jang botshelo jo bo sa khutleng, jo bo nang le bokao. Ga go na kitso epe e e tlhwatlhwakgolo kgotsa e e botlhokwa go feta dikgang tse di molemo. Ke mpho ya botlhokwa e re e neilweng, e e re tlisetsang boipelo jo bogolo. Mme re itumela thata fa re naya ba bangwe mpho eo.—Dit. 20:35.
14. Re ka nonotsha jang lorato lo re ratang se re se rutang ka lone?
14 Ke eng se o ka se dirang go nonotsha lorato lo o ratang dikgang tse di molemo ka lone? Fa o ntse o bala Lefoko la Modimo, o tle o ema go se kae o akanya ka se o se balang. Ka sekai, akanya fela o tsamaya le Jesu mo bodireding jwa gagwe jwa mo lefatsheng kgotsa o tsamaya le moaposetoloi Paulo. Akanya fela o le kwa lefatsheng le lesha, mme o bone ka leitlho la mogopolo gore botshelo bo tla bo bo farologane go le kae. Akanya ka masego a o nnileng le one ka gonne o tshela go dumalana le dikgang tse di molemo. Fa o dira gore lorato lo o ratang dikgang tse di molemo ka lone lo nne lo nonofile, batho ba o ba rutang ba tla bona lorato loo. Ka jalo, go a utlwala go bo re tshwanetse go akanya ka kelotlhoko ka se re se ithutileng le go tlhokomela se re se rutang.—Bala 1 Timotheo 4:15, 16.
Re Tshwanetse go Rata Batho
15. Ke ka ntlha yang fa morutisi a tshwanetse go rata baithuti ba gagwe?
15 Morutisi yo o molemo o dira gore baithuti ba gagwe ba ikutlwe ba gololesegile mo ba batlang go tsaya matsapa ka se ba se ithutang e bile ba itumelela go nna le seabe. Morutisi yo o lorato o naya batho ba a ba rutang kitso ka gonne a amega tota ka bone. O dira gore tsela e a rutang ka yone e tsamaisane le se ba tlhokang go se itse le selekanyo se ba tlhaloganyang ka sone. O akanyetsa bokgoni jwa baithuti ba gagwe le maemo a ba leng mo go one. Fa barutisi ba na le lorato lo lo ntseng jalo, baithuti ba tla lo bona, mme go ruta le go ithuta go nna monate.
16. Jesu o ne a bontsha jang gore o rata batho?
16 Jesu o ne a bontsha lorato lo lo ntseng jalo. Tsela e kgolo go gaisa tsotlhe e a bontshitseng lorato ka yone e nnile ka go ntsha botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng gore ba bangwe ba bolokwe. (Joh. 15:13) Fa Jesu a ntse a dira bodiredi jwa gagwe, o ne a tlhokomela batho ka lorato a sa fele pelo, a ba naya dilo tsa nama tse ba di tlhokang mme segolobogolo a ba naya tse ba di tlhokang semoyeng. O ne a sa lebelela gore batho ba tle kwa go ene, mme o ne a tsamaya makgolokgolo a dikilometara ka maoto a ya go ba bolelela dikgang tse di molemo. (Math. 4:23-25; Luke 8:1) O ne a le pelotelele e bile a akanyetsa batho. Fa barutwa ba gagwe ba ne ba tlhoka go gakololwa, o ne a ba gakolola ka lorato. (Mar. 9:33-37) O ne a ba kgothatsa ka go bontsha gore o ne a tshepa gore ba ne ba tla nna bareri ba ba nang le matswela ba dikgang tse di molemo. Ga go na ope yo o kileng a nna morutisi yo o lorato go feta Jesu. Lorato lo a neng a lo bontsha barutwa ba gagwe lo ne lo ba tlhotlheletsa gore le bone ba mo rate ba bo ba boloke ditaelo tsa gagwe.—Bala Johane 14:15.
17. Barutwa ba ga Jesu ba ne ba bontsha jang gore ba rata ba bangwe?
17 Fela jaaka Jesu, barutwa ba gagwe ba ne ba bontsha lorato lo lo boteng mo bathong ba ba neng ba ba rerela. Ba ne ba direla ba bangwe ba ntse ba itshoketse go bogisiwa e bile ba le mo kotsing ya go bolawa, mme ba ne ba atlega mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo. A bo ba ne ba rata batho ba ba neng ba amogela dikgang tse di molemo jang ne! Ruri mafoko ano a a kwadilweng ke moaposetoloi Paulo a ama pelo: “Re ne ra nna bonolo mo gare ga lona, jaaka fa mmè yo o amusang a ngomaela bana ba gagwe. Jalo, e re ka re lo rata ka lorato lwa bopelonomi, re ne ra itumelela thata go lo naya, e seng fela dikgang tse di molemo tsa Modimo, mme gape le meya ya rona, ka gonne lo ne lo ratega mo go rona.”—1 Bathes. 2:7, 8.
18, 19. (a) Ke ka ntlha yang fa re iketleeditse go dirisa dilo tsa rona fa re dira tiro ya go rera? (b) Naya sekai se se bontshang gore batho ba bangwe ba lemoga lorato lo re lo bontshang.
18 Le mo metlheng ya gompieno, Basupi ba ga Jehofa ba rera mo lefatsheng lotlhe ba batla batho ba ba eletsang go itse Modimo le go mo direla. E bile tota, mo dingwageng tse di fetileng tse 17 ka go tlhomagana ga tsone, re ntse re dirisa diura di feta bilione ngwaga le ngwaga mo tirong ya go rera le go dira barutwa—mme re ntse re tsweletse pele ka tiro eo. Re dira jalo ka go rata, le fa tiro ya go rera e tlhoka gore re dirise nako ya rona, maatla a rona le dithoto tsa rona. Fela jaaka Jesu, re tlhaloganya gore Rraarona yo o lorato yo o kwa legodimong o batla gore batho ba bone kitso e e isang kwa botshelong jo bo sa khutleng. (Joh. 17:3; 1 Tim. 2:3, 4) Lorato lo re tlhotlheletsa go thusa batho ba ba dipelo di ikanyegang gore ba itse Jehofa le go mo rata fela jaaka rona.
19 Batho ba bangwe ba lemoga lorato lo re lo bontshang. Ka sekai, kgaitsadi mongwe wa mmulatsela kwa United States o kwala makwalo go gomotsa batho ba ba swetsweng ke batho ba ba ba ratang. Monna mongwe o ne a mo araba ka go mo kwalela a re: “Kwa tshimologong ke ile ka gakgamala gore motho a ka tsaya matsapa a a kana kana a kwalela motho yo a sa mo itseng gotlhelele lekwalo gore a mo thuse go itshokela maemo a a thata. Ke lemoga gore o motho yo o ratang batho e bile o rata Modimo yo o kaelang batho mo botshelong.”
20. Go ruta ka lorato go botlhokwa go le kana kang?
20 Go a tle go twe fa motho a le lorato e bile a le setswerere a ka dira dilo tse dikgolo. Fa re ntse re ruta, re leka go thusa batho ba re ithutang le bone gore ba nne le mogopolo o o itseng Jehofa le pelo e e mo ratang. Ee, fa re batla go nna barutisi ba ba nang le matswela tota, re tshwanetse go nna le lorato lo lo menaganeng gararo—go rata Modimo, go rata boammaaruri, le go rata batho. Fa re ntse re nna le lorato lo lo ntseng jalo e bile re lo bontsha mo bodireding jwa rona, ga re itumelele go aba fela mme re nna le kgotsofalo ya go itse gore re etsa Jesu e bile re itumedisa Jehofa.
O ne O ka Araba Jang?
• Fa re ntse re ruta ba bangwe dikgang tse di molemo, ke eng fa go le botlhokwa . . .
go rata Modimo?
go rata se re se rutang?
go rata batho ba re ba rutang?
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Ke eng se se neng se dira gore tsela e Jesu a neng a ruta ka yone e farologane le ya bakwadi le Bafarasai?
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Gore motho a kgone go ruta sentle o tshwanetse go nna le kitso, bokgoni, mme sa botlhokwa le go feta, lorato