Solegelwa Molemo Ke go Nna O se Mo Lenyalong
“A yo o ka go tsholang a go tshole.”—MATH. 19:12.
1, 2. (a) Jesu, Paulo le ba bangwe ba ne ba leba jang go nna o se mo lenyalong? (b) Ke eng fa bangwe ba ka nna ba se tseye go nna o se mo lenyalong e le mpho?
GA GO pelaelo gore lenyalo ke nngwe ya dimpho tse di molemolemo tse Modimo a di neileng batho. (Dia. 19:14) Mme gone, Bakeresete ba bantsi ba ba seng mo lenyalong le bone ba ipelela botshelo jo bo itumedisang le jo bo kgotsofatsang. Harold, mokaulengwe yo o nang le dingwaga di le 95 yo o iseng a ko a nyale a re: “Le fa ke itumelela go nna le batho ba bangwe le go ba bontsha botsalano, ga nke ke jewa ke bodutu fa ke le nosi. Ke akanya gore ruri go ka twe ke na le mpho ya go nna ke se mo lenyalong.”
2 Gone ke boammaaruri, Jesu Keresete le moaposetoloi Paulo ba ne ba re go nna o se mo lenyalong ke mpho e e tswang kwa Modimong fela jaaka lenyalo le lone e le mpho e e tswang kwa Modimong. (Bala Mathaio 19:11, 12; 1 Bakorintha 7:7.) Le fa go ntse jalo, boammaaruri ke gore ga se mongwe le mongwe yo o seng mo lenyalong yo o itlhophetseng gore a nne jalo. Ka dinako dingwe maemo a dira gore go nne thata go bona molekane yo o tshwanetseng. Kgotsa morago ga dingwaga motho a le mo lenyalong, a ka iphitlhela a le nosi ka gonne a tlhokafaletswe ke molekane kgotsa ba tlhalane. Ka jalo, ke ka tsela efe go nna o se mo lenyalong e ka nnang mpho? Mme Bakeresete ba ba seng mo lenyalong ba ka solegelwa molemo jang ke go nna ba se mo lenyalong?
Mpho E e Sa Tshwaneng le Epe
3. Gantsi Bakeresete ba ba seng mo lenyalong ba ipelela melemo efe?
3 Gantsi motho yo o seng mo lenyalong o na le nako e ntsi le kgololesego e kgolwane go feta e motho yo o leng mo lenyalong a nang le yone. (1 Bakor. 7:32-35) Tseno ke dingwe tsa dilo tse di ka thusang motho gore a kgone go oketsa bodiredi jwa gagwe, go pitlologa mo tseleng e a bontshang ba bangwe lorato ka yone le go atamalana le Jehofa. Ka jalo, Bakeresete ba le mmalwa ba lemogile gore go nna o se mo lenyalong go ka nna le melemo e e rileng, mme ba dirile tshwetso ya ‘go go tshola,’ gongwe ka nakwana. Gongwe kwa tshimologong bangwe ba ne ba sa ikaelela go nna ba se mo lenyalong, le fa go ntse jalo fa maemo a bone a fetoga ba ile ba akanya thata ka boemo jwa bone le go rapela ka jone mme ba lemoga gore Jehofa a ka ba thusa gore le bone ba itumelele boemo jo ba leng mo go jone. Ka jalo, ba ne ba amogela boemo joo mme ba nna ba se mo lenyalong.—1 Bakor. 7:37, 38.
4. Ke eng fa Bakeresete ba ba seng mo lenyalong ba ka ikutlwa ba tshwanelegela go direla Modimo ka botlalo?
4 Bakeresete ba ba seng mo lenyalong ba a itse gore ga go tlhokege gore ba nne mo lenyalong gore Jehofa le phuthego ya gagwe ba ba amogele le go ba anaanela. Lorato lwa Modimo lo fitlhelela mongwe le mongwe wa rona. (Math. 10:29-31) Ga go ope kgotsa sepe se se ka re kgaoganyang le lorato lwa Modimo. (Bar. 8:38, 39) Go sa kgathalesege gore re mo lenyalong kgotsa ga re mo go lone, re na le mabaka a a utlwalang a go ikutlwa re tshwanelegela go direla Modimo ka botlalo.
5. Ke eng se motho a ka se dirang gore a solegelwe molemo ka botlalo ke go nna a se mo lenyalong?
5 Le fa go ntse jalo, fela jaaka go ntse ka dimpho tse di jaaka go opela kgotsa bokgoni jwa diatleletiki, o tshwanetse go dira ka natla gore o kgone go bona melemo ya mpho eno ya go nna o se mo lenyalong. Ka jalo, Bakeresete ba ba seng mo lenyalong gompieno—e ka tswa e le bakaulengwe kgotsa bokgaitsadi, ba ba sa ntseng ba le basha kgotsa ba ba godileng, ba ba itlhophetseng go nna ba se mo lenyalong kgotsa ba ba seng mo go lone ka ntlha ya maemo—ba ka solegelwa molemo jang ke mpho eno? Mma re sekasekeng dikai dingwe tse di kgothatsang tsa phuthego ya Bakeresete ba bogologolo mme re boneng gore re ka ithuta eng mo go tsone.
Go Nna O se Mo Lenyalong Fa o Sa Ntse o le Mosha
6, 7. (a) Bomorwadia Filipo ba makgarebane ba ne ba amogela tshiamelo efe fa ba ntse ba direla Modimo? (b) Timotheo o ne a dirisa jang dingwaga tsa fa a ne a se mo lenyalong ka tsela e e molemo, mme o ne a segofadiwa jang ka ntlha ya boikemisetso jwa gagwe jwa go direla Modimo a sa ntse a le mosha?
6 Filipo wa moefangele o ne a na le bana ba le banè ba basetsana ba makgarebane ba ba neng ba tlhagafaletse tiro ya boefangele fela jaaka rraabone. (Dit. 21:8, 9) Go porofeta e ne e le nngwe ya dimpho tsa moya o o boitshepo tsa go dira dikgakgamatso, mme makgarebane ano a ne a dirisa mpho eo go diragatsa boporofeti jo bo mo go Joele 2:28, 29.
7 Timotheo e ne e le lekawana le le neng la dirisa sentle mpho ya lone ya go nna le sa nyala. Mmaagwe e bong Yunise le nkokoagwe e bong Loise ba ne ba mo ruta “mekwalo e e boitshepo” go tswa boseeng. (2 Tim. 1:5; 3:14, 15) Mme go ka direga gore ba ile ba nna Bakeresete fa Paulo a ne a etetse motse wa bone wa Lisetera lekgetlho la ntlha mo e ka nnang ka 47 C.E. Dingwaga di le pedi moragonyana fa Paulo a ne a ba etela lekgetlho la bobedi, gongwe Timotheo o ne a tloga a tshwara dingwaga tse 20 kgotsa a setse a di fetile. Le fa a ne a ka tswa a le monnye ka dingwaga e bile a le mosha mo boammaaruring, o ne a “bolelwa ka molemo” ke bagolwane ba Bakeresete ba kwa Lisetera le ba kwa motseng o o gaufi wa Ikonio. (Dit. 16:1, 2) Ka jalo, Paulo o ne a kopa Timotheo gore a tsamaye le ene fa a ntse a etela diphuthego. (1 Tim. 1:18; 4:14) Tota ga re a tlhomamisega gore a Timotheo ga a ka a nyala. Mme gone re a itse gore fa a ne a sa ntse a le mosha, o ne a amogela kopo ya ga Paulo ka boitumelo, mme o ne a fetsa dingwaga di le dintsi a itumelela go direla e le morongwa le molebedi yo o sa nyalang.—Bafil. 2:20-22.
8. Ke eng se se thusitseng Johane Mareko gore a latelele mekgele ya semoya, mme o ne a bona masego afe ka go dira jalo?
8 Fa Johane Mareko a sa ntse a le mosha, le ene o ne a dirisa dingwaga tsa gagwe tsa fa a sa nyala ka tsela e e molemo. Ene le mmaagwe e bong Maria, mmogo le ntsalae e bong Barenabase, e ne e le maloko a bogologolo a phuthego ya kwa Jerusalema. Lelapa la gaabo Mareko le ka tswa le ne le tshela botshelo jwa manobonobo e re ka legae la bone le ne le le kwa toropong e bile ba na le motlhanka. (Dit. 12:12, 13) Le fa go ntse jalo, fa Mareko e sa ntse e le lekawana ga a ka a tshela botshelo jwa go ikgotsofatsa kgotsa jwa boithati, tota le fa a ne a tswa mo lelapeng le le nang le sengwe le sengwe e bile ga a ka a batla go tshela botshelo jwa go iketla. Go tsalana ga gagwe le baaposetoloi a sa ntse a le mosha go ka tswa go dirile gore a kgatlhegele tirelo eno ya borongwa. Ka jalo, o ne a tsamaya le Paulo le Barenabase mo loetong lwa bone lwa ntlha lwa borongwa mme a direla ka tlhoafalo e le motlhokomedi wa bone. (Dit. 13:5) Moragonyana o ne a tsamaya le Barenabase, mme tota le morago ga foo, o ne a sa ntse a direla le Petere kwa Babelona. (Dit. 15:39; 1 Pet. 5:13) Ga re itse gore Mareko o ne a nna a sa nyala ka lobaka lo lo kae. Mme o ne a itirela leina le le molemo thata e le mongwe yo o neng a direla ba bangwe ka go rata e bile a dira go le gontsi mo tirong ya Modimo.
9, 10. Gompieno basha ba Bakeresete ba ba seng mo lenyalong ba na le ditshono dife tsa go atolosa bodiredi jwa bone? Naya sekai.
9 Le gompieno basha ba le bantsi mo phuthegong ba itumelela go dirisa dingwaga tsa bone tsa fa ba se mo lenyalong go oketsa seabe sa bone mo tirelong ya Modimo. Fela jaaka Mareko le Timotheo, ba tlhaloganya gore go nna o se mo lenyalong go go letla “go direla Morena ka metlha yotlhe kwantle ga go iteega tsebe.” (1 Bakor. 7:35) Seno ke sengwe se se molemo tota. Ba bulegetswe ke ditshono tse dintsi—bobulatsela, go direla kwa go nang le tlhokego e kgolwane ya bareri ba Bogosi gone, go ithuta puo e sele, go thusa mo dikagong tsa Diholo tsa Bogosi le makala, go ya kwa Sekolong sa Thapiso sa Bodiredi le go direla kwa legaeng la Bethele. Fa e le gore o sa ntse o le mosha e bile ga o mo lenyalong, a o dirisa ditshono tseno ka botlalo?
10 Mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Mark o ne a nna mmulatsela pele a tshwara dingwaga di le 20, o ne a ya kwa Sekolong sa Thapiso sa Bodiredi mme o ile a direla mo dikabelong tse di farologaneng go ralala lefatshe. Fa a akanya ka dingwaga di le 25 tse a di feditseng mo tirelong ya nako e e tletseng a re: “Ke lekile go kgothatsa botlhe mo phuthegong, go rera le bone mo bodireding, go ba direla maeto a bodisa, go ba laletsa dijo kwa legaeng la me, tota le go rulaganya dikokoano tse di ka ba nonotshang semoyeng. Dilo tseno tsotlhe di dirile gore ke itumele thata.” Fela jaaka re bona mo go se Mark a se buileng, sengwe se se thusang motho gore a itumelele botshelo ke go aba, mme fa motho a dirisa bontsi jwa nako ya gagwe mo tirelong e e boitshepo o nna le ditshono di le dintsi tsa go abela ba bangwe. (Dit. 20:35) Gompieno basha ba na le mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena, go sa kgathalasege gore o batla go dira eng, o na le bokgoni bofe kgotsa o diragaletswe ke eng mo botshelong.—1 Bakor. 15:58.
11. Melemo mengwe ya go se itlhaganelele lenyalo ke efe?
11 Le fa basha ba le bantsi ba eletsa gore kgabagare ba tsene mo lenyalong, go na le mabaka a a utlwalang a gore ba se ka ba itlhaganelela lenyalo. Paulo o rotloetsa basha gore ba eme, gongwe go fitlha ba feta “nako ya bosha” e leng nako e ka yone keletso ya tlhakanelodikobo e leng maatla thata. (1 Bakor. 7:36) Go tsaya lobaka gore o ikitse sentle mme o nne le maitemogelo a a tlhokegang mo botshelong gore o kgone go tlhopha molekane yo o tshwanetseng. Go dira maikano a lenyalo ke tshwetso e e masisi, e e tshwanetseng go nnela ruri.—Mor. 5:2-5.
Go Nna O se Mo Lenyalong Moragonyana mo Botshelong
12. (a) Motlholagadi yo o bidiwang Ana o ne a lebana jang le boemo jwa gagwe jo bo fetogileng? (b) O ne a nna le tshiamelo efe?
12 Ana yo o umakilweng mo Efangeleng ya ga Luke, o tshwanetse a bo a ile a hutsafala thata fa monna wa gagwe a tlhokafala go sa lebelelwa morago ga dingwaga di le supa fela ba nyalane. Ga re itse gore a ba ne ba na le bana kgotsa gore a o ne a akanyetsa go nyalwa gape. Le fa go ntse jalo, Baebele ya re fa Ana a ne a le dingwaga di le 84, e ne e sa ntse e le motlholagadi. Go tswa mo go se se tlhalosiwang mo Baebeleng, re ka swetsa ka gore Ana o ne a dirisa boemo jwa gagwe jo bo fetogileng gore a atamalane le Jehofa. O ne “a se ke a tlhokega mo tempeleng le ka motlha, a dira tirelo e e boitshepo bosigo le motshegare ka go itima dijo le mekokotlelo.” (Luke 2:36, 37) Ka jalo, dilo tsa semoya e ne e le tsone dilo tsa botlhokwa mo botshelong jwa gagwe. Ruri seo se ne se mo tlhoka boikemisetso le go dira ka natla, mme gone o ne a segofadiwa fela thata ka ntlha ya seo. O ne a nna le tshiamelo ya go bona lesea Jesu mme a neela ba bangwe bosupi ka ga kgololo e Mesia a neng a tla tloga a e lere.—Luke 2:38.
13. (a) Ke eng se se bontshang gore Dorekase o ne a direla ka tlhoafalo mo phuthegong? (b) Dorekase o ne a duelwa jang ka ntlha ya bomolemo le bopelonomi jwa gagwe?
13 Mosadi mongwe yo o bidiwang Dorekase kgotsa Tabitha, o ne a nna kwa Jopa, boemakepe jwa bogologolo jo bo kwa bokonebophirima jwa Jerusalema. O tshwanetse a bo a ne a sa nyalwa ka nako eo ka gonne Baebele ga e bue sepe ka monna wa gagwe. Dorekase “o ne a tota mo ditirong tse di molemo le dimpho tsa kutlwelobotlhoko.” Go bonala a ne a dira diaparo tse dintsi, a di direla batlholagadi le batho ba bangwe ba ba tlhokang, mme seo se ne sa dira gore ba mo rate thata. Ka jalo, fa a ne a lwala ka tshoganyetso a bo a tlhokafala, phuthego yotlhe e ne ya roma gore Petere a bidiwe mme ya mo kokotlela gore a tsose kgaitsadiabone yo o rategang. Fa dikgang tsa go tsosiwa ga gagwe mo baswing di ntse di anama go ralala Jopa, batho ba le bantsi ba ne ba nna badumedi. (Dit. 9:36-42) Dorekase le ene a kwa tswa a nnile le seabe mo go thuseng bangwe ba bone ka bopelonomi jwa gagwe jo bogolo.
14. Ke eng se se tlhotlheletsang Bakeresete ba ba seng mo lenyalong gore ba atamalane le Jehofa?
14 Fela jaaka Ana le Dorekase, gompieno batho ba le bantsi mo phuthegong ba iphitlhela ba se mo lenyalong moragonyana mo botshelong. Bangwe ba ka tswa ba sa bona molekane yo o tshwanetseng. Ba bangwe bone ba tlhalane kgotsa ba tlhokafaletswe ke molekane. E re ka Bakeresete ba ba seng mo lenyalong ba se na molekane wa lenyalo yo ba ka mmulelang mafatlha, gantsi ba ithuta go ikaega ka Jehofa. (Dia. 16:3) Silvia, kgaitsadi mongwe yo o sa nyalwang yo o nang le dingwaga di feta 38 a direla kwa legaeng la Bethele o tsaya seno e le tshegofatso. A re: “Ka dinako tse dingwe ke a tle ke ikutlwe ke imetswe. Ke ipotsa gore, ‘Tota ke mang yo o ka nkgothatsang?’” Mme o oketsa ka go re: “Go tshepa gore Jehofa o itse se ke se tlhokang go feta kafa nna ke itseng ka gone, go nthusa gore ke atamalane le ene. Mme gantsi ke bona kgothatso, ka dinako dingwe e tswa kwa ke neng ke sa lebelela gone.” Nako nngwe le nngwe fa re atamalana le Jehofa, ka metlha o re amogela ka bopelonomi le ka lorato.
15. Bakeresete ba ba seng mo lenyalong ba ka “pitlologa” jang mo tseleng e ba bontshang ba bangwe lorato ka yone?
15 Go se nne mo lenyalong go naya motho tshono e e kgethegileng ya go ‘pitlologa’ mo loratong. (Bala 2 Bakorintha 6:11-13.) Kgaitsadi mongwe yo o seng mo lenyalong e bong Jolene, yo o feditseng dingwaga di le 34 tse di fetileng a le mo tirelong ya nako e e tletseng a re: “Ke lekile ka natla go dira botsala le batho ba mefuta yotlhe, e seng fela le batho ba ba lekanang le nna ka dingwaga. Go nna o se mo lenyalong ke tshono e e molemolemo ya go direla Jehofa, go thusa ba lelapa, bakaulengwe le bokgaitsadi, mmogo le baagelani ba gago. Fa dingwaga di ntse di ya ke itumelela go bo ke se mo lenyalong le go feta.” Batsofe, balwetse, batsadi ba ba godisang bana ba le bosi, basha le ba bangwe mo phuthegong ruri ba anaanela go bo batho ba ba seng mo lenyalong ba ba ema nokeng ka bopelotshweu. Eleruri ka metlha fa re bontsha ba bangwe lorato, re ikutlwa re kgotsofetse. A le wena o ka “pitlologa” mo tseleng e o bontshang ba bangwe lorato ka yone?
Go Nna O se Mo Lenyalong Botshelo Jotlhe
16. (a) Ke eng fa Jesu a sa ka a nyala? (b) Paulo o ne a dirisa jang seemo sa gagwe sa go se nne mo lenyalong ka tsela e e molemo?
16 Jesu ga a ka a nyala; o ne a tshwanetse go ipaakanyetsa bodiredi jwa gagwe le go bo dira. O ne a nna a le mo loetong, a bereka go tswa ka makuku go fitlha bosigogare, mme kgabagare a ntsha botshelo jwa gagwe go nna setlhabelo. O ne a kgona go dira dilo tseno tsotlhe gonne a ne a se mo lenyalong. Moaposetoloi Paulo o ne a tsaya mesepele e meleele ya dikilometara di le diketekete mme a lebana le mathata a magolo fa a ntse a le mo bodireding. (2 Bakor. 11:23-27) Le fa gongwe Paulo a ne a kile a nyala, o ne a tlhopha go nna a sa nyala fa a sena go tlhomiwa go nna moaposetoloi. (1 Bakor. 7:7; 9:5) Jesu le Paulo ba ne ba kgothaletsa ba bangwe gore fa go kgonega, ba etse sekao sa bone e le gore ba kgone go tsweletsa bodiredi pele. Le fa go ntse jalo, ga ba a ka ba tlhoma molao wa gore badiredi ga ba a tshwanela go tsena mo lenyalong.—1 Tim. 4:1-3.
17. Gompieno bangwe ba ile ba latela jang sekao sa ga Jesu le sa ga Paulo, mme ke eng fa re ka tlhomamisega gore Jehofa o anaanela batho ba ba intshang setlhabelo ka tsela eo?
17 Gompieno le gone go na le bangwe ba ba ileng ba tlhopha go nna ba se mo lenyalong gore ba kgone go tsweletsa pele bodiredi jwa bone. Harold yo o umakilweng pelenyana o itumeletse dingwaga tse di fetang 56 tse a di feditseng a direla kwa Bethele. A re: “Fa ke sena go wetsa dingwaga di le lesome kwa Bethele, ke ne ke lemogile gore banyalani ba le bantsi ba ne ba tlogela Bethele ka ntlha ya bolwetse kgotsa ba tlhoka go tlhokomela batsadi ba bone ba ba tsofetseng. Batsadi ba me boobabedi ba ne ba tlhokafetse. Mme gone ke ne ke rata Bethele thata jaana mo ke neng ke sa batle go senya tshiamelo eo ka go nyala.” Dingwaga di le dintsi tse di fetileng, Margaret yo le ene a sa bolong go bulatsela o ne a re: “Ke nnile le ditshono di le dintsi tsa go nyalwa mme ga ke a ka ka batla go nyalwa. Go na le moo, e re ka ke ne ke sa nyalwa, ke ne ka dirisa kgololesego eo go nna ke tshwaregile mo bodireding, mme seno se ne sa dira gore ke nne le boitumelo jo bogolo.” Ruri Jehofa ga a kitla a lebala ope fela yo ka bopelotshweu a intshang setlhabelo ka ntlha ya kobamelo ya boammaaruri.—Bala Isaia 56:4, 5.
Kgotsofalela Seemo se o Leng mo go Sone
18. Ba bangwe ba ka kgothatsa le go ema Bakeresete ba ba seng mo lenyalong nokeng jang?
18 Bakeresete botlhe ba ba seng mo lenyalong ba ba lekang ka natla go direla Jehofa ba tshwanelwa ke gore re ba akgole le go ba kgothatsa go tswa pelong. Re ba rata botlhe ka ntlha ya dinonofo tsa bone tse di molemo le seabe sa botlhokwa se ba nang le sone mo phuthegong. Ga ba kitla ba jewa ke bodutu le ka motlha fa re ikemisetsa go nna ‘bomorwarraabone le bomorwadiarraabone le bommaabone le bana’ ba bone ba semoya.—Bala Mareko 10:28-30.
19. O ka dira eng gore o solegelwe molemo ke go nna o se mo lenyalong?
19 Go sa kgathalesege gore ga o mo lenyalong gonne o tlhophile go nna o se mo go lone kgotsa e le ka ntlha ya maemo, e kete dikao tseno tse di mo Dikwalong le tsa motlha wa rona di ka go tlhomamisetsa gore o ka kgona go nna le botshelo jo bo itumedisang le jo bo kgotsofatsang. Gongwe dimpho dingwe ke tse o neng o di lebeletse ka tlhoafalo fa tse dingwe e le tse o neng o sa di lebelela gotlhelele. Tse dingwe o ka nna wa di anaanela ka yone nako eo, fa tse dingwe o ka di anaanela fa nako e ntse e ya. Mme gone, go ikaegile ka gore o leba dilo jang. Ka jalo, o ka dira eng gore o solegelwe molemo ke go nna o se mo lenyalong? Atamalana le Jehofa mme o nne le mo gontsi go go dira mo tirong ya Modimo o bo o pitlologe mo tseleng e o bontshang ba bangwe lorato ka yone. Fela jaaka go ntse ka lenyalo, go nna o se mo lenyalong le gone go ka go solegela molemo fa o go leba ka tsela e Modimo a go lebang ka yone mme o dirise mpho eno ka tsela e e molemo.
A o A Gakologelwa?
• Go nna o se mo lenyalong e ka nna mpho ka ditsela dife?
• Go nna o se mo lenyalong e ka nna tshegofatso jang fa o sa ntse o le mosha?
• Bakeresete ba ba seng mo lenyalong ba na le ditshono dife tsa go atamalana le Jehofa le go pitlologa mo tseleng e ba bontshang ba bangwe lorato ka yone?
[Ditshwantsho mo go tsebe 18]
A o dirisa sentle ditshono tse o nang le tsone fa o ntse o direla Modimo?