Kagiso—O ka Dirang Gore o Nne le Yone?
RE TSHELA mo lefatsheng le le tletseng mathata, ke ka moo re tshwanetseng go leka ka natla go nna le kagiso. Le fa gone re kgona go nna le kagiso, ga se ga ntsi e nnelang ruri. Baebele e ka re thusa jang gore re nne le kagiso ya mmatota? Re ka thusa batho ba bangwe jang gore ba nne le yone?
RE TSHWANETSE GO DIRANG GORE RE NNE LE KAGISO YA MMATOTA?
Re ka nna le kagiso ya mmatota fa fela re ikutlwa re sireletsegile e bile re ritibetse maikutlo. Gape re tshwanetse go nna le kamano e e molemo le batho ba bangwe. Mme selo sa botlhokwa se se ka re thusang go nna le kagiso ya mmatota ke go nna le kamano e e molemo le Modimo. Re ka dira seo jang?
Fa re ikobela ditaelo le melaometheo ya ga Jehofa, re bontsha gore re a mo tshepa le gore re batla go nna le kamano e e molemo le ene. (Jer. 17:7, 8; Jak. 2:22, 23) O tla atamalana le rona e bile o tla re naya kagiso ya mogopolo. Isaia 32:17 ya re: “Mme tiro ya tshiamo ya boammaaruri e tla nna kagiso; le tirelo ya tshiamo ya boammaaruri, e nne tidimalo le polokesego ka bosakhutleng.” Re ka kgona go nna le kagiso ya mmatota fa re ikobela Jehofa go tswa pelong.—Isa. 48:18, 19.
Gape moya o o boitshepo o o tswang kwa go Rraarona yo o kwa legodimong o ka re thusa go nna le kagiso e e nnelang ruri.—Dit. 9:31.
MOYA O O BOITSHEPO O RE THUSA GORE RE NNE LE KAGISO
Moaposetoloi Paulo a re kagiso ke nngwe ya dinonofo tse “moya” o di tlhagisang. (Bagal. 5:22, 23) E re ka moya o o boitshepo o re thusa gore re nne le kagiso ya mmatota, re tshwanetse go ikobela kaelo ya one. A re bone ditsela tse pedi tse moya o o boitshepo o ka re thusang ka tsone go nna le kagiso.
Sa ntlha, fa re bala Lefoko la Modimo ka metlha re kgona go nna le kagiso. (Pes. 1:2, 3) Fa re tlhatlhanya ka dilo tse di mo Baebeleng, moya o o boitshepo o re thusa go tlhaloganya tsela e Modimo a akanyang ka yone. Ka sekai, re kgona go bona gore ke eng fa a na le kagiso le gore ke eng e le botlhokwa mo go ene. Fa re dirisa dilo tse re di ithutileng mo Lefokong la Modimo, le rona re nna le kagiso mo botshelong jwa rona.—Dia. 3:1, 2.
Sa bobedi, re tshwanetse go rapelela moya o o boitshepo. (Luke 11:13) Jehofa o re solofetsa gore fa re kopa thuso ya gagwe, “kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa [rona] le maatla a [rona] a mogopolo ka Keresete Jesu.” (Bafil. 4:6, 7) Fa re rapelela moya o o boitshepo ka metlha, Modimo o tla re naya kagiso ya mogopolo e a e nayang fela batho ba ba batlang go nna le kamano le ene.—Bar. 15:13.
Batho ba bangwe ba ile ba dirisa jang kgakololo eno ya Dikwalo le go dira diphetogo tse di neng tsa ba thusa gore ba nne le kagiso ya mogopolo, ba nne le kagiso le Jehofa, le batho ba bangwe?
SE SE BA THUSITSENG GO NNA LE KAGISO YA MMATOTA
Gompieno mo phuthegong ya Bokeresete go na le batho ba ba neng ba le “bogale” mme gone jaanong ba akanyetsa ba bangwe, ba pelotelele, ba pelonomi e bile ba dirisana le batho ba bangwe sentle.a (Dia. 29:22) Ela tlhoko sekai sa mokaulengwe mongwe le kgaitsadi mongwe bao ba ileng ba fenya bothata jwa go nna bogale mme ba kgona go dirisana le ba bangwe ka kagiso.
Tsela e e sa siamang e David a neng a itshwara ka yone e ile ya tlhotlheletsa tsela e a neng a bua ka yone. Pele e nna Mosupi, o ne a tshwayatshwaya ba bangwe phoso e bile a dirisa mafoko a a kgobang fa a bua le ba lelapa la gagwe. O ne a bona botlhokwa jwa go fetola tsela e a neng a tshela ka yone le go dirisana le ba bangwe ka kagiso. Ke eng se se mo thusitseng go dira jalo? A re: “Ke ne ka simolola go dirisa melaometheo ya Baebele, mme seo sa dira gore re tlotlane mo lelapeng.”
Tsela e Rachel a godisitsweng ka yone e ile ya ama tsela e a neng a itshwara ka yone. A re: “Le gone jaanong ke sa ntse ke lwantshana le maikutlo a go galefa ka gonne ke goletse mo lelapeng la batho ba ba neng ba galefa motlhofo.” Ke eng se se mo thusitseng gore a dirisane le batho ka kagiso? A re: “Ke ne ke nna ke rapela Jehofa ke mo kopa gore a nthuse.”
Tseno ke dikai tse pedi fela tse di re bontshang gore fa re dirisa melaometheo ya Baebele e bile re kopa Modimo gore a neye moya wa gagwe, re ka kgona go nna le kagiso. Le fa gone re tshela mo lefatsheng le le se nang kagiso, re ka kgona go nna le yone mme e tla re thusa gore re utlwane le ba malapa a rona le Bakeresete ba bangwe. Le fa go ntse jalo, Jehofa o re kgothaletsa gore re ‘agisane le batho botlhe.’ (Bar. 12:18) A mme go a kgonega? Go ka nna le melemo efe fa re dira kagiso le batho?
AGISANA LE BA BANGWE
Fa re le mo bodireding, re naya batho tshono ya gore le bone ba solegelwe molemo ke molaetsa wa Bogosi Jwa Modimo. (Isa. 9:6, 7; Math. 24:14) Mme se se itumedisang ke gore batho ba le bantsi ba ile ba o amogela. Seno se ile sa ba thusa gore ba se ka ba tlhola ba kgobiwa marapo ke dilo tse di diragalang mo lefatsheng gone jaanong. Go na le moo, ba na le tsholofelo ka isagwe e bile ba ‘senka kagiso, le go e latelela.’—Pes. 34:14.
Mme gone, ga se batho botlhe ba ba amogelang dikgang tseno tsa Bogosi. (Joh. 3:19) Le fa go ntse jalo, re ba rerela molaetsa ono ka tsela e e bontshang kagiso le tlotlo. Ka go dira jalo, re latela taelo e e mo go Mathaio 10:11-13, e e reng: “Fa lo tsena mo ntlong, dumedisang ba ntlo eo; mme fa ntlo eo e tshwanetse, a kagiso e lo e e eleletsang e nne mo go yone; mme fa e sa tshwanela, a kagiso e e tswang mo go lona e boele mo go lona.” Fa re reetsa taelo eno ya ga Jesu, re tla sala re na le kagiso ya mogopolo le tsholofelo ya gore ba tla reetsa molaetsa wa rona mo nakong e e tlang.
Gape re bontsha gore re na le kagiso fa re dirisana le badiredipuso ka tsela e e bontshang tlotlo, le ba tota ba leng kgatlhanong le tiro ya rona. Ka sekai, Puso nngwe kwa Afrika e ne ya gana go re naya tetla ya go aga Diholo tsa Bogosi. Gore kgang eno e rarabololwe ka kagiso, mokaulengwe mongwe yo o kileng a nna morongwa kwa nageng eo ya Afrika o ile a kopiwa go ya go bua le Mokomishinara yo Mogolo wa naga eo kwa London, Engelane. O ne a ile go mo bolelela ka tiro e Basupi ba ga Jehofa ba e dirang kwa nageng eo. Go ile ga nna le diphelelo dife?
“Fa ke tsena koo, ke ile ka amogelwa ke mmê yo ke ileng ka lemoga ka moaparo wa gagwe gore o tswa mo morafeng mongwe wa puo e ke e itseng. Ke ile ka mo dumedisa ka puo ya gagwe. O ne a mpotsa jaana a gakgametse, ‘Re ka go thusa ka eng?’ Ke ne ka mo araba ka maitseo ke tlhalosa gore ke tlile go bona Mokomishinara yo Mogolo. O ne a mo founela a bo a tla go mpona mme re ne ra dumedisana ka puo ya gagwe ya kwa Afrika. Morago ga moo, o ne a ntheetsa fa ke ne ke mo tlhalosetsa ka tiro e Basupi ba neng ba e dira kwa nageng eo.”
Mokaulengwe o ile a mo tlhalosetsa ka tlotlo, mme seo se ile sa dira gore mokomishinara a tlogele dikgopolo tse di sa siamang tse a neng a na le tsone ka Basupi. Nako nngwe morago ga moo, puso eo ya kwa Afrika e ile ya tlosa dithibelo tseo mme ya letla Basupi go aga Diholo tsa Bogosi. Bakaulengwe ba ile ba itumelela gore dilo di ile tsa rarabololwa ka kagiso! Eleruri go dirisana le ba bangwe ka tlotlo go dira gore go nne le diphelelo tse di molemo, go akaretsa kagiso.
ITUMELELE GO NNA LE KAGISO KA BOSAKHUTLENG
Gompieno Basupi ba ga Jehofa ba dirisana ka kagiso. Fa le wena o leka go nna le yone, o tla dira gore kagiso eno e oketsege. Mme sa botlhokwa le go feta, Jehofa o tla go amogela e bile o tla nna le kagiso ya mmatota le e nnelang ruri mo lefatsheng le lesha la Modimo.—2 Pet. 3:13, 14.
a Mo setlhogong sengwe sa mo isagweng se se buang ka dinonofo tse moya o o boitshepo o di tlhagisang, re tla sekaseka nonofo ya bopelonomi.