A Baebele e Ile ya Fetolwa?
Nnyaa. Mekwalo ya bogologolo e bontsha gore molaetsa wa Baebele ga o ise o fetoge le fa gone Baebele e ile ya kopololwa makgetlo a le mantsintsi.
A seo se raya gore ga go a dirwa diphoso ka nako ya fa Baebele e ne e kopololwa?
Go tla go fitlha ga jaana, go setse go bonwe mekwalo ya bogologolo ya Baebele e le mentsi thata. Mengwe ya yone ga e tshwane mme seo se bontsha gore go ile ga dirwa diphoso fa e kopololwa. Diphoso tseo ga di kalo ka gonne ga di fetole bokao. Mme go na le diphoso tse dingwe tse di ileng tsa dirwa bogologolo tse go bonalang di ne di dirwa go leka go fetola bokao jwa se Baebele e se rutang. A re tlotle ka di le pedi tsa tsone:
Dibaebele dingwe tsa bogologolo di ranotse 1 Johane 5:7 di re: “kwa legodimong go na le Rara, Lefoko le Moya o o Boitshepo: mme tseno ke selo se le sengwe fela.” Mme mekwalo ya bogologolo e e itsegeng thata ga e na mafoko ano. Mafoko ano a tsentswe dingwaga moragonyana.a Ke ka moo a seyong mo Dibaebeleng tsa gone jaanong.
Leina la Modimo le tlhagelela makgetlo a le mantsi mo mekwalong ya ntlhantlha ya Baebele. Mme Dibaebele tse dintsi di ntshitse leina leo le go tsenya direto tse di jaaka “Morena” kgotsa “Modimo.”
Re ka tlhomamisega jang gore ga go kitla go nna le diphoso tse dingwe gape tse di tlileng go fitlhelwa mo Baebeleng?
Gone jaanong, go na le mekwalo ya bogologolo e le mentsi tota mo e leng gore go motlhofo go bona diphoso go feta pele.b Go bapisa mekwalo eno go re thusa jang go bona gore Baebele e re nang le yone gone jaanong e boammaaruri?
Mokanoki mongwe yo o bidiwang William H. Green o ne a bua jaana ka mafoko a a mo Dikwalong Tsa Sehebera kgotsa Tesetamente e Kgologolo: “Re ka bua re sa kgale mathe ganong gore mekwalo eno ya bogologolo e kopolotswe fela jaaka e ne e ntse.”
Mokanoki mongwe wa Baebele e bong F. F. Bruce o ne a bua jaana ka Mekwalo ya Bokeresete ya Segerika kgotsa Tesetamente e Ntšha: “Go na le bosupi jo bontsi jo bo tshegetsang Tesetamente e Ntšha go na le jo bo tshegetsang dibuka tse dintsi tse di kwadilweng ke batho ba ba tumileng, mme ga go na ope yo o belaelang dibuka tseo.”
Motlotlegi Frederic Kenyon yo o ileng a sekaseka mekwalo ya Baebele e mentsi ya bogologolo a re “motho o kgona go tsaya Baebele a bo a bua a sa kgale mathe ganong gore se a se tshwereng ke Lefoko la Modimo le le sa ntseng le ntse fela jaaka le ne le kwadilwe dingwaga di le dintsi tse di fetileng.”
Ke mabaka afe a mangwe a re nang le one a go tshepa gore Baebele e kopolotswe fela jaaka e ntse?
Bajuda le Bakeresete ba ba neng ba kopolola dipego tsa Baebele, ba ile ba kopolola le dipego tse di umakang diphoso tse di masisi tse batho ba Modimo ba ileng ba dira.c (Dipalo 20:12; 2 Samuele 11:2-4; Bagalatia 2:11-14) Gape ba ile ba kopolola ditemana tse di kgalang botlhokakutlo jwa setšhaba sa Bajuda le go senola dithuto tsa maaka tse batho ba ileng ba di itlhamela. (Hosea 4:2; Malaki 2:8, 9; Mathaio 23:8, 9; 1 Johane 5:21) Seno se bontsha gore ba ne ba ikanya Lefoko la Modimo e bile ba le tseela kwa godimo thata.
E re ka Modimo e le ene a tlhotlheleditseng batho go kwala Baebele, a ga re akanye gore o kgona go tlhomamisa gore ga go na ope yo o tla e fetolang?d (Isaia 40:8; 1 Petere 1:24, 25) Tota e bile Modimo o ne a sa batle gore e thuse fela batho ba bogologolo. (1 Bakorintha 10:11) Baebele ya re: “Dilo tsotlhe tse di neng tsa kwalwa go sa le pele di ne tsa kwalelwa go re laya, gore ka boitshoko jwa rona le ka kgomotso ya Dikwalo re nne le tsholofelo.”—Baroma 15:4.
Jesu le balatedi ba gagwe ba ne ba nopola go tswa mo Dikwalong Tsa Sehebera ka gonne ba ne ba itse gore mafoko a tsone a boammaaruri.—Luke 4:16-21; Ditiro 17:1-3.
a Mafoko ano ga a yo mo Codex Sinaiticus, Codex Alexandrinus, Vatican Manuscript 1209, Vulgate ya Selatine sa bogologolo, Philoxenian-Harclean Syriac Version le mo Syriac Peshitta.
Vatican Manuscript 1209, Vulgate ya Selatine sa bogologolo, Philoxenian-Harclean Syriac Version le mo Syriac Peshitta.
b Ka sekai, go fitlhetswe mekwalo ya bogologolo ya Tesetamente e Ntšha kgotsa Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika di feta 5 000.
c Baebele e umaka diphoso tse baobamedi ba Modimo ba ileng ba di dira. Ya re: “Gonne ga go na motho ope yo o sa leofeng.”—1 Dikgosi 8:46.
d Baebele ya re le fa Modimo a ne a sa bolelele bakwadi ba Baebele gore ba kwale lefoko lengwe le lengwe le a le buang, o ne a ba kaela gore ba kwale eng.—2 Timotheo 3:16, 17; 2 Petere 1:21.