Kgaolo ya Masomeamararo
“Gomotsang Batho ba Me”
1. Tsela nngwe e Jehofa a re gomotsang ka yone ke efe?
JEHOFA ke ‘Modimo yo o fang kgomotso.’ Tsela nngwe e a re gomotsang ka yone ke ka ditsholofetso tse a dirileng gore di kwalwe mo Lefokong la gagwe. (Baroma 15:4, 5) Ka sekai, fa o swetswe ke mongwe yo o mo ratang, ke eng se se neng se ka go gomotsa go feta tebelelo ya gore motho yo o mo ratang yoo o tla tsosiwa mo lefatsheng la Modimo le lesha? (Johane 5:28, 29) Mme go tweng ka tsholofetso ya ga Jehofa ya gore mo bogautshwaneng o tla fedisa boikepo mme a fetole lefatshe leno paradaise? A ga go gomotse go nna le tebelelo ya go falolela mo Paradaiseng eo e e tlang o bo o sa swe le ka motlha ope?—Pesalema 37:9-11, 29; Tshenolo 21:3-5.
2. Ke ka ntlha yang fa re ka ikanya ditsholofetso tsa Modimo?
2 A ruri re ka ikanya ditsholofetso tsa Modimo? Ee, ruri! Modiri wa ditsholofetso tseo o ikanyega ka botlalo. O na le bokgoni e bile o na le keletso ya go diragatsa lefoko la gagwe. (Isaia 55:10, 11) Seno se ne sa bontshiwa ka tsela e e gakgamatsang malebana le mafoko a Jehofa a a buileng a dirisa moporofeti Isaia a gore o ne a tla busetsa kobamelo ya boammaaruri mo Jerusalema. A re tlhatlhobeng boporofeti joo, jaaka bo fitlhelwa mo go Isaia kgaolo 40, ka gonne fa re dira jalo re ka nonotsha tumelo ya rona mo go Jehofa, Modiragatsi wa ditsholofetso.
Tsholofetso e e Gomotsang
3, 4. (a) Isaia o kwala mafoko afe a kgomotso a batho ba Modimo ba tla a tlhokang mo nakong e e tlang? (b) Ke ka ntlha yang fa banni ba Juda le ba Jerusalema ba tla isiwa botshwarwa kwa Babelona, mme ba tla nna batlhanka ka lobaka lo lo kana kang?
3 Mo lekgolong la borobedi la dingwaga B.C.E., moporofeti Isaia o kwala mafoko a kgomotso a batho ba ga Jehofa ba tla a tlhokang mo nakong e e tlang. Fela fa Isaia a se na go bolelela Kgosi Hesekia ka tshenyo e e tlang ya Jerusalema le go tseelwa ga batho ba Bajuda kwa Babelona, o bolela mafoko a ga Jehofa a a solofetsang tsosoloso: “‘Gomotsang, gomotsang batho ba me,’ go bua Modimo wa lona. ‘Buang le pelo ya Jerusalema mme lo tlhaeletse kwa go ene gore tirelo ya gagwe ya sesole e diragaditswe, gore tlolo ya gagwe e dueletswe. Gonne o amogetse selekanyo se se tletseng sa maleo a gagwe otlhe mo seatleng sa ga Jehofa.’”—Isaia 40:1, 2.
4 Lefoko le le reng “Gomotsang,” le le simololang Isaia kgaolo 40, le tlhalosa sentle molaetsa wa lesedi le tsholofelo o o mo bukeng yotlhe ya Isaia. Banni ba Juda le Jerusalema ba tla isiwa botshwarwa kwa Babelona ka 607 B.C.E. ka gonne ba fetogile batlhanogi. Mme batshwarwa bao ba Bajuda ga ba ne ba direla Bababelona ka bosakhutleng. Nnyaa, ba tla nna batlhanka fela go fitlha fa phoso ya bone “e dueletswe.” Seo se tla tsaya lobaka lo lo kae? Go ya ka moporofeti Jeremia, dingwaga di le 70. (Jeremia 25:11, 12) Morago ga moo, Jehofa o tla etelela masalela a a ikwatlhayang pele go tswa Babelona go boela gape kwa Jerusalema. Ka ngwaga wa bo70 wa go swafadiwa ga Juda, a bo go tla bo go gomotsa batshwarwa jang ne go lemoga gore nako ya kgololo ya bone e ba e solofeditsweng e atametse!—Daniele 9:1, 2.
5, 6. (a) Ke ka ntlha yang fa mosepele o motelele wa go tswa kwa Babelona go ya kwa Jerusalema o se kitla o kgoreletsa go diragadiwa ga tsholofetso ya Modimo? (b) Go busediwa ga Bajuda kwa nagagaeng ya bone go tla ama ditšhaba tse dingwe jang?
5 Mosepele wa go tswa Babelona go ya Jerusalema o ka nna dikilometara di le 800 go ya go 1 600, go ikaegile ka tsela e e tserweng. A mosepele o motelele ono o tla kgoreletsa tsholofetso ya Modimo gore e se ka ya diragadiwa? Le e seng! Isaia o kwala jaana: “Reetsang! Mongwe o tlhaeletsa a le kwa nageng: ‘Bulang tsela ya ga Jehofa! Tlhamalatsang tsela e kgolo ya Modimo wa rona e e ralalang lebala le le sekaka. A mokgatšha mongwe le mongwe o tsholediwe, le thaba nngwe le nngwe le thota nngwe le nngwe di kokobediwe. Mme lefatshe le le nang le ditotoma le nne lefatshe le le sebatla, le mmu o o makgwakgwa o nne lebala la mokgatšha. Ruri kgalalelo ya ga Jehofa e tla senolwa, mme nama yotlhe e tla e bona mmogo, gonne molomo wa ga Jehofa o go buile.’”—Isaia 40:3-5.
6 Pele ba tsaya mosepele, gantsi babusi ba kwa Botlhaba ba ne ba romela banna go ya go baakanya tsela ka go tlosa matlapa a magolo le e leng go aga marogo le go diga dithotana. Mo Bajudeng ba ba boang, go tla nna jaaka e kete Modimo ka boene o kwa pele, o tlosa dikgoreletsi dipe fela. Kana e bile, bano ke batho ba leina la ga Jehofa, mme go diragatsa tsholofetso ya gagwe ya gore o tla ba busetsa kwa nagagaeng ya bone go tla dira gore kgalalelo ya gagwe e bonale mo ditšhabeng tsotlhe. Di rata kana di sa rate, ditšhaba tseo di tla patelesega go bona gore Jehofa ke Modiragatsi wa ditsholofetso tsa gagwe.
7, 8. (a) Mafoko a Isaia 40:3 a ne a diragadiwa jang mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E.? (b) Boporofeti jwa ga Isaia bo ne jwa diragadiwa jang ka tsela e kgolwane ka 1919?
7 Go tsosolosiwa mo lekgolong la borataro la dingwaga B.C.E. e ne e se gone fela go diragatsang boporofeti jono. Bo ne jwa diragadiwa gape mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. Johane Mokolobetsi e ne e le lentswe la mongwe a “tlhaeletsa a le kwa nageng,” go diragatsa Isaia 40:3. (Luke 3:1-6) Johane o ne a tlhotlhelediwa go tlhalosa fa mafoko a ga Isaia a lebisitse mo go ene. (Johane 1:19-23) Johane o ne a simolola ka 29 C.E. go baakanyetsa Jesu Keresete tsela.a Polelo e Johane a neng a e bua go sa le pele e ne ya rotloetsa batho gore ba lebelele Mesia yo o solofeditsweng gore le bone ba tle ba mo reetse mme ba mo latele. (Luke 1:13-17, 76) Jehofa o ne a tla dirisa Jesu go etelela batho ba ba ikwatlhayang pele go ya kgololesegong e e ka newang ke Bogosi jwa Modimo fela—go gololwa mo botshwarweng jwa boleo le loso. (Johane 1:29; 8:32) Mafoko a ga Isaia a ne a diragadiwa ka tsela e kgolwane fa masalela a Iseraele wa semoya a gololwa mo Babelona o Mogolo ka 1919 le fa ba ne ba busediwa mo kobamelong ya boammaaruri.
8 Le fa go ntse jalo, go tweng ka ba ba lebeletseng go solegelwa molemo ke go diragadiwa ga ntlha ga tsholofetso eo—batshwarwa ba Bajuda ba ba kwa Babelona? A ruri ba ka ikanya tsholofetso ya ga Jehofa ya gore o tla ba busetsa kwa nagagaeng ya bone e ba e ratang? Ee ruri! Jaanong Isaia o dirisa mafoko a a utlwalang sentle le ditshwantsho go tswa mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi go fa mabaka a a utlwalang a go bo ba ka tshepa ka botlalo gore Jehofa o tla diragatsa lefoko la gagwe.
Modimo yo Lefoko la Gagwe le Nnelang Ruri
9, 10. Isaia o farologanya jang lebaka la go bo botshelo jwa motho e le jwa nakwana le go bo “lefoko” la Modimo le nnela ruri?
9 Sa ntlha, lefoko la Ene yo o solofetsang tsosoloso le nnela ruri. Isaia o kwala jaana: “Reetsa! Mongwe a re: ‘Tlhaeletsa!’ Mme yo mongwe a re: ‘Ke tla tlhaeletsa ke reng?’ ‘Nama yotlhe ke bojang jo botala, le bopelonomi jotlhe jwa bone bo tshwana le sethunya sa naga. Bojang jo botala bo omeletse, sethunya se swabile, ka gonne moya wa ga Jehofa o fokile mo go sone. Eleruri batho ke bojang jo botala. Bojang jo botala bo omeletse, sethunya se swabile; mme fa e le lefoko la Modimo wa rona, le tla nna ka bosakhutleng.’”—Isaia 40:6-8.
10 Baiseraele ba itse sentle gore bojang ga bo nnele ruri. Ka paka ya fa go se na pula, mogote o mogolo wa letsatsi o bo fetola gore bo se tlhole bo le botala mme bo nne borokwa ka go omelela. Botshelo jwa motho bo tshwana le bojang ka ditsela dingwe—ga bo nnele ruri le eseng. (Pesalema 103:15, 16; Jakobe 1:10, 11) Isaia o farologanya lebaka la go bo botshelo jwa motho e le jwa nakwana le lebaka la go bo “lefoko” la Modimo kana boikaelelo jwa gagwe jo a bo buileng bo nnela ruri. Ee, “lefoko la Modimo wa rona” le nnela ruri. Fa Modimo a bua, ga go na sepe se se ka phimolang mafoko a gagwe kana sa a thibela gore a se ka a diragadiwa.—Joshua 23:14.
11. Ke ka ntlha yang fa re ka tshepa Jehofa gore o tla diragatsa ditsholofetso tse di mo Lefokong la gagwe le le kwadilweng?
11 Gompieno re na le maikaelelo a ga Jehofa a kwadilwe mo Baebeleng. Baebele e ile ya tlhaselwa botlhoko mo makgolong a dingwaga a a ntseng a feta, mme baranodi ba ba pelokgale le batho ba bangwe ba ile ba tsenya matshelo a bone mo kotsing gore ba e boloke. Le fa go ntse jalo maiteko a bone ga se one fela a dirileng gore e falole. Jehofa ke ene a tshwanetseng go tlotlomalediwa go bo e falotse, ene yo e leng “Modimo yo o tshelang le yo o nnetseng ruri” le Mmoloki wa Lefoko la Gagwe. (1 Petere 1:23-25) Akanya ka seno: E re ka Jehofa a bolokile Lefoko la gagwe le le kwadilweng, a re ka se mo tshepe gore o tla diragatsa ditsholofetso tse di mo go lone?
Modimo yo o Nonofileng yo o Tlhokomelang Dinku Tsa Gagwe Ka go Di Neneketsa
12, 13. (a) Ke eng fa tsholofetso ya tsosoloso e ka ikanngwa? (b) Batshwarwa ba Bajuda ba na le dikgang dife tse di molemo, mme ke ka ntlha yang fa ba ka nna le tsholofelo?
12 Isaia o naya lebaka la bobedi la go bo tsholofetso ya tsosoloso e ka ikanngwa. Ene yo o dirang tsholofetso eno ke Modimo yo o nonofileng yo o tlhokomelang batho ba gagwe ka go ba neneketsa. Isaia o tswelela pele jaana: “Tlhatlogela le eleng kwa thabeng e e kwa godimo, wena mosadi yo o tlisetsang Siona dikgang tse di molemo. Tsholetsa lentswe la gago ka maatla, wena mosadi yo o tlisetsang Jerusalema dikgang tse di molemo. Le tsholetse. O se ka wa boifa. Raya metse ya Juda o re: ‘Modimo wa lona ke yo.’ Bona! Morena Molaodimogolo Jehofa o tla tla jaaka yo o nonofileng [“tota le ka maatla,” ntlhanyana e e kwa tlase mo go NW], le lebogo la gagwe le tla bo le busa mo boemong jwa gagwe. Bona! Maduo a gagwe a na le ene, le tuelo e a e duelang e fa pele ga gagwe. O tla disa motlhape wa gagwe jaaka modisa. O tla phutha dikwanyana mmogo ka lebogo la gagwe; mme o tla di tshola mo sehubeng sa gagwe. Tse di amusang o tla di etelela pele ka tlhoko.”—Isaia 40:9-11.
13 Mo metlheng ya Baebele go ne go tlwaelegile gore basadi ba itumelele diphenyo, ba goa kana ba opela dikgang tse di molemo tsa dintwa tse di fentsweng kana tsa kgololesego e e tlang. (1 Samuele 18:6, 7; Pesalema 68:11) Isaia o bolela ka tsela ya boporofeti gore batshwarwa ba Bajuda ba na le dikgang tse di molemo, dikgang tse di ka goiwang ka go tlhoka poifo, le eleng go tswa kwa godimo ga dithaba—Jehofa o tla etelela batho ba gagwe pele go boela kwa Jerusalema e ba e ratang! Ba ka nna le tsholofelo, ka gonne Jehofa o tla tla “tota le ka maatla.” Ka jalo, ga go na sepe se se ka mo thibelang go diragatsa tsholofetso ya gagwe.
14. (a) Isaia o tshwantsha jang tsela e e neneketsang e Jehofa a tla etelelang batho ba gagwe pele ka yone? (b) Ke sekai sefe se se bontshang kafa badisa ba tlhokomelang dinku tsa bone ka go di neneketsa ka teng? (Bona lebokoso le le mo go tsebe 405.)
14 Le fa go ntse jalo Modimo yo o nonofileng yono gape o bonolo. Isaia o tlhalosa ka lorato kafa Jehofa a tla etelelang batho ba gagwe pele ka teng go boela kwa nagagaeng ya bone. Jehofa o tshwana le modisa yo o lorato yo o phuthang dikwanyana tsa gagwe a bo a di tshola mo “sehubeng” sa gagwe. Fano lefoko ‘sehuba’ go lebega le lebisa go lemeno le le fa godimo la seaparo. Ke lone le badisa ba a tleng ba tsenye dikwanyana tse di sa tswang go tsalwa mo go lone tse di sa kgoneng go tsamaya ka lobelo lwa letsomane lotlhe. (2 Samuele 12:3) Tlhaloso e e kgatlhang eo ya botshelo jwa bodisa kwantle ga pelaelo e tlhomamisetsa batho ba ga Jehofa ba ba ileng botshwarwa gore o amegile ka lorato ka bone. Ruri Modimo yo o nonofileng jalo mme a le bonolo a ka ikanngwa gore o tla diragatsa se a se ba solofeditseng!
15. (a) Ke leng fa Jehofa a ne a tla “tota le ka maatla,” mme ‘lebogo le le busang mo boemong jwa gagwe’ ke mang? (b) Ke dikgang dife tse di molemo tse di tshwanetseng tsa bolelwa ka go tlhoka poifo?
15 Mafoko a ga Isaia a na le bokao jo bontsi jwa boporofeti mo motlheng wa rona. Ka 1914, Jehofa o ne a tla “tota le ka maatla” mme a tlhoma Bogosi jwa gagwe kwa magodimong. ‘Lebogo le le busang mo boemong jwa gagwe’ ke Morwawe, Jesu Keresete, yo Jehofa a mo tlhomileng mo setulong sa gagwe sa bogosi sa selegodimo. Ka 1919, Jehofa o ne a golola batlhanka ba gagwe ba ba tloditsweng ba ba mo lefatsheng mo bokgobeng jwa Babelona o Mogolo mme a busetsa ka tsela e e feletseng kobamelo e e itshekileng ya Modimo yo o tshelang wa boammaaruri. Tseno ke dikgang tse di molemo tse di tshwanetseng tsa bolelwa ka go tlhoka poifo, jaaka e kete ka go goa go tswa kwa godimo ga dithaba gore polelo eno e utlwiwe kgakala. Ka gone he, a re tsholetseng mantswe a rona mme re bolelele ba bangwe ka bopelokgale gore Jehofa Modimo o buseditse kobamelo ya gagwe e e itshekileng mo lefatsheng leno!
16. Jehofa o etelela batho ba gagwe pele jang gompieno, mme ka jalo o tlhoma sekao sefe?
16 Mafoko a Isaia 40:10, 11 a ka re solegela molemo ka tsela e nngwe gape gompieno. Go a gomotsa go bona tsela e Jehofa a etelelang batho ba gagwe pele ka yone ka go ba neneketsa. Fela jaaka modisa a tlhaloganya dilo tse di tlhokwang ke dinku ka go farologana ga tsone—go akaretsa le dikwanyana tse di sa kgoneng go tsamaya ka mosepele wa letsomane lotlhe—Jehofa o tlhaloganya makoa a motlhanka mongwe le mongwe wa gagwe yo o ikanyegang. Mo godimo ga moo, Jehofa, jaaka Modisa yo o neneketsang, o tlhomela badisa ba Bakeresete sekao. Bagolwane ba tshwanetse ba neneketsa letsomane, ba etsa kamego e e lorato e e bontshitsweng ke Jehofa ka boene. Ka metlha ba tshwanetse ba nna ba gopotse tsela e Jehofa a ikutlwang ka yone ka leloko lengwe le lengwe la letsomane ‘le a neng a le reka ka madi a Morwawe.’—Ditiro 20:28.
O Maatla Otlhe, o Botlhale ka Gotlhe
17, 18. (a) Ke ka ntlha yang fa Bajuda ba ba ileng botshwarwa ba ka tshepa tsholofetso ya gore go tla nna le tsosoloso? (b) Isaia o botsa dipotso dife tse di gakgamatsang?
17 Batshwarwa ba Bajuda ba ka nna le tshepo mo tsholofetsong ya tsosoloso ka gonne Modimo o maatla otlhe e bile o botlhale ka gotlhe. Isaia a re: “Ke mang yo o lekantseng metsi mo legofing fela la seatla sa gagwe, mme a lekanya magodimo ka paralatso ya seatla fela mme a tsenya lorole lwa lefatshe mo selekanyong, kgotsa a lekanya dithaba ka selekanyi, le dithota ka sekale? Ke mang yo o lekantseng moya wa ga Jehofa, mme ke mang yo o ka dirang gore a itse sengwe jaaka motho yo o mo gakololang? O ne a gakololana le mang gore a dire gore a tlhaloganye, kgotsa ke mang yo o mo rutang tselana ya tshiamiso, kgotsa yo o mo rutang kitso, kgotsa yo o dirang gore a itse tsela ya go tlhaloganya ga mmatota?”—Isaia 40:12-14.
18 Tseno ke dipotso tse di gakgamatsang tse Bajuda ba ba ileng botshwarwa ba tshwanetseng ba akanya ka tsone. A batho fela ba ka fetola tsela ya mawatle a a maatla? Nnyaa ruri! Le fa go ntse jalo, mo go Jehofa, mawatle a a bipileng lefatshe a ntse jaaka lerothodi la metsi mo seatleng sa gagwe.b A batho ba e seng ba sepe ba ka lekanya magodimo a magolo a a tletseng dinaledi kana bokete jwa dithaba le dithota tsa lefatshe? Nnyaa. Le fa go ntse jalo, Jehofa o lekanya magodimo motlhofo fela jaaka motho a ka lekanya selo ka paralatso ya seatla—sekgala se se fa gare ga bofelelo jwa monwana wa kgonotswe le bofelelo jwa monwana o monnye fa seatla se phutholotswe. Tota e bile Modimo a ka kgona go lekanya bokete jwa dithaba le dithota ka sekale. A le bone batho ba ba botlhale tota ba ka akantsha Modimo gore a dire eng mo maemong a a leng teng jaanong kana ba mmolelela gore a dire eng mo isagweng? Nnyaa ruri!
19, 20. Go gatelela bogolo jwa ga Jehofa, Isaia o dirisa ditshwantsho dife tse di mo tlhalosang ka phepafalo?
19 Go tweng ka ditšhaba tse di maatla tsa lefatshe—a di ka emelana le Modimo fa a ntse a diragatsa se a se solofeditseng? Isaia o araba ka go tlhalosa ditšhaba jaana: “Bona! Ditšhaba di ntse jaaka lerothodi le le tswang mo kgamelong; mme di kailwe jaaka lorole mo sekaleng. Bona! O tsholetsa ditlhaketlhake jaaka lorole lo lo boleta fela. Le yone Lebanona ga e a lekana go dira gore molelo o tswelele o ntse o tuka, le diphologolo tsa yone tsa naga ga di a lekana go nna tshupelo e e fisiwang. Ditšhaba tsotlhe di ntse jaaka sengwe se se seyong fa pele ga gagwe; ba kailwe ba se sepe e bile ba le selo se e seng sa mmatota mo go ene.”—Isaia 40:15-17.
20 Mo go Jehofa, ditšhaba di tshwana le lerothodi la metsi le le wang le tswa mo kgamelong. Ba tshwana fela le lorole lo lo boleta lo lo koelanang mo sekaleng, lo sa dire pharologanyo epe.c A re re mongwe o ne a ka aga sebeso se segolo a bo a dirisa mo sebesong seo dikgong tsa ditlhare tsotlhe tse di neng di ikadile mo dithabeng tsa Lebanona. Mme a re re o ne a ka isa setlhabelo ka diphologolo tsotlhe tse di neng di tlhanasela mo dithabeng tseo. Tota le tshupelo e e ntseng jalo e ne e ka se ka ya tshwanela Jehofa. Jaaka e kete tshwantshiso e e dirisitsweng go tla go fitlha fano e ne e sa lekana, jaanong Isaia o dirisa polelwana e e maatla le go feta—ditšhaba tsotlhe di tshwana le gore “ke lefela” mo matlhong a ga Jehofa.—Isaia 40:17, New Revised Standard Version.
21, 22. (a) Isaia o gatelela jang gore Jehofa a ka se tshwantshiwe le ope? (b) Ditlhaloso tsa ga Isaia tse di phepafetseng di re tlisa mo tshwetsong efe? (c) Moporofeti Isaia o kwadile mafoko afe a a leng boammaaruri malebana le tsa saense? (Bona lebokoso le le mo go tsebe 412.)
21 Isaia o tswelela pele go gatelela gore ga go na yo o ka bapisiwang le Jehofa ka go bontsha boeleele jwa batho ba ba dirang medingwana ka gouta, selefera, kana logong. A bo e le boeleele jang ne go akanya gore modingwana ope o o ntseng jalo o ka tshwanela go emela “Yo o nnang kwa godimo ga kgolokwe ya lefatshe” e bile a laola banni ba lone!—Bala Isaia 40:18-24.
22 Ditlhaloso tseno tse di utlwalang sentle tsotlhe di re tlisa mo tshwetsong e le nngwe fela—ga go na sepe se se ka thibelang Jehofa yo o maatla otlhe, yo o botlhale ka gotlhe, yo o ka se tshwantshiweng le ope gore a diragatse tsholofetso ya gagwe. A bo mafoko a ga Isaia a tshwanetse a bo a ile a gomotsa le go nonotsha batshwarwa ba Bajuda kwa Babelona ba ba neng ba tlhoafaletse go boela kwa nagagaeng ya bone thata jang ne! Gompieno le rona re ka nna le tshepo ya gore ditsholofetso tsa ga Jehofa ka isagwe ya rona di tla diragala.
“Ke Mang yo o Bopileng Dilo Tseno?”
23. Ke lebaka lefe le le ka kgothatsang batshwarwa ba Bajuda, mme jaanong Jehofa o gatelela eng ka ga gagwe?
23 Go na le lebaka le lengwe gape le le ka kgothatsang batshwarwa ba Bajuda. Ene yo o solofetsang kgololo ke Mmopi wa dilo tsotlhe e bile ke Motswedi wa maatla otlhe a a boitshegang. Go gatelela bokgoni jwa gagwe jo bogolo, Jehofa o bua ka bokgoni jwa gagwe jo bo bonalang mo popong: “‘Lo ka ntshwantshanya le mang gore ke lekanngwe le ene?’ go bua Moitshepi. ‘Tsholeletsang matlho a lona kwa godimo lo bone. Ke mang yo o bopileng dilo tseno? Ke Ene yo o tlisang masomosomo a tsone ka palo, a di bitsa tsotlhe ka maina. Ka ntlha ya bogolo jwa maatla a a boitshegang, le ka go bo a na le nonofo e kgolo, ga go le fa e le nngwe ya tsone e e tlhaelang.’”—Isaia 40:25, 26.
24. Fa Jehofa a ipuelela, o bontsha jang gore ga go na ope yo o lekanang le ene?
24 Moitshepi wa Iseraele o a ipuelela. Go bontsha gore Jehofa ga a lekane le ope, o bua ka dinaledi tsa magodimo. Jehofa o laola dinaledi fela jaaka moeteledipele wa masole a kgona go rulaganya masole a gagwe. Fa a ne a ka di phutha, ‘go ne go ka se nne le e le nngwe ya tsone e e tlhaelang.’ Le fa palo ya dinaledi e le kgolo, o bitsa nngwe le nngwe ya tsone ka leina, e ka tswa e le leina le le lebaneng yone kana polelwana e e keteng leina. Fela jaaka masole a a ikobileng, di nna mo lefelong la tsone mme di nna ka thulaganyo, gonne Moeteledipele wa tsone o na le “bogolo jwa maatla a a boitshegang” le “nonofo e kgolo.” Ka jalo, batshwarwa ba Bajuda ba na le lebaka la gore ba nne le tshepo. Mmopi, yo o laolang dinaledi, o na le maatla a go tshegetsa batlhanka ba gagwe.
25. Re ka tsibogela jang taletso ya Modimo e e kwadilweng mo go Isaia 40:26, mme seo se ka nna le matswela afe?
25 Ke mang wa rona yo o ka ganang taletso ya Modimo e e kwadilweng mo go Isaia 40:26: “Tsholeletsang matlho a lona kwa godimo lo bone”? Dilo tse di ribolotsweng ke baithutadinaledi ba motlha wa gompieno di bontshitse gore magodimo a a tletseng dinaledi a gakgamatsa go feta jaaka a ne a lebega mo motlheng wa ga Isaia. Baithutadinaledi ba ba tlhodumelang magodimo ka dithelesekoupo tsa bone tse di bonelang kgakala thata ba fopholetsa gore lobopo lo lo bonwang ka matlho lo na le masagaripa a dinaledi a ka nna dimilione di le dikete di le 125. Ebu, lesagaripa le le lengwe fela la one—la Molalatladi—go fopholediwa gore le na le dinaledi di feta dimilione di le dikete di le 100! Kitso e e ntseng jalo e tshwanetse ya rotloetsa dipelo tsa rona go tlotla Mmopi wa rona le go ikanya lefoko la gagwe la tsholofetso ka botlalo.
26, 27. Maikutlo a batho ba ba ileng botshwarwa kwa Babelona a tlhalosiwa jang, mme ke dilo dife tse ba tshwanetseng ba di itse?
26 E re ka Jehofa a itse gore dingwaga tse batshwarwa ba Bajuda ba tla di nnang kwa botshwarwa di tla ba kgoba marapo, o tlhotlheletsa Isaia gore a kwale mafoko ano a kgothatso nako e sa le teng: “Wena Jakobe, ke ka ntlha yang fa o re, ee wena Iseraele, ke ka ntlha yang fa o bua o re, ‘Tsela ya me e fitlhetswe Jehofa, le tshiamiso ya me Modimo wa me ga a e lemoge’? A ga o ise o itse kgotsa ga o ise o utlwe? Jehofa, Mmopi wa dintlha tsa lefatshe, ke Modimo ka bosakhutleng. Ga a lape le fa e le go felelwa ke nonofo. Tlhaloganyo ya gagwe ga e ka ke ya hukudiwa.”—Isaia 40:27, 28.d
27 Isaia o kwala mafoko a ga Jehofa a tlhalosa maikutlo a batshwarwa kwa Babelona, makgolo a dikilometara go tswa kwa nagagaeng ya bone. Bangwe ba akanya gore “tsela” ya bone—tsela e e botlhoko ya botshelo jwa bone—Modimo wa bone ga a e bone kana ga a e itse. Ba akanya gore Jehofa ga a tshwenyege le fa ba sotliwa. Ba gakololwa dilo tse ba tshwanetseng ba di itse, fa e se go tswa mo go se se ba diragalelang, e tshwanetse ya nna go tswa mo tshedimosetsong e ba e boleletsweng. Jehofa o a kgona e bile o rata go golola batho ba gagwe. Ke ene Modimo wa bosakhutleng le Mmopi wa lefatshe lotlhe. Ka gone, o sa ntse a na le maatla a a neng a a bontsha ka go bopa dilo, mme le yone Babelona e e maatla tota ga e ka ke ya mo palela. Modimo yo o ntseng jalo a ka se lape mme a swabisa batho ba gagwe. Ga ba a tshwanela go lebelela gore ba ka kgona go tlhaloganya ditiro tsa ga Jehofa ka botlalo, gonne tlhaloganyo ya gagwe—kgotsa temogo le kakanyo—ba ka se ka ba e tlhaloganya.
28, 29. (a) Jehofa o gakolola batho ba gagwe jang gore o tla thusa ba ba lapileng? (b) Go dirisiwa setshwantsho sefe go bontsha kafa Jehofa a matlafatsang batlhanka ba gagwe ka teng?
28 Jehofa o dirisa Isaia go tswelela pele a kgothatsa batshwarwa ba ba hutsafetseng: “O naya yo o lapileng maatla; le yo o se nang maatla a a boitshegang o dira gore a totelwe ke thata e e feletseng. Basimane ba tla lapa le go felelwa ke nonofo, le makau a tla kgopiwa, mme ba ba solofetseng mo go Jehofa ba tla nna le maatla gape. Ba tla tlhatlogela kwa godimo ka diphuka jaaka bontsu. Ba tla siana mme ga ba kitla ba lapa; ba tla tsamaya mme ga ba kitla ba felelwa ke nonofo.”—Isaia 40:29-31.
29 Fa Jehofa a bua kafa go tlhokegang ka gone go naya yo o lapileng maatla, a ka tswa a gopotse mosepele o o bokete o batshwarwa ba tla tshwanelwang ke go o tsaya gore ba boele gae. Jehofa o gakolola batho ba gagwe gore o rata go thusa batho ba ba lapileng ba ba lebang kwa go ene gore a ba tshegetse. Tota le batho ba ba nang le maatla thata—“basimane” le “makau”—ba ka fetswa maatla ke letsapa mme ba kgotšwa ka ntlha ya letsapa. Le fa go ntse jalo, Jehofa o solofetsa go naya ba ba mo ikanyang maatla—maatla a a se nang letsapa a go taboga le go tsamaya. Go fofa mo go lebegang go dirwa motlhofo fela ga ntsu, nonyane e e maatla e e kgonang go fofa mo moyeng diura di le dintsi, e dirisiwa go bontsha kafa Jehofa a matlafatsang batlhanka ba gagwe ka teng.e E re ka batshwarwa ba Bajuda ba lebeletse gore Modimo a ba tshegetse jalo, ga go na se se ka dirang gore ba latlhegelwe ke tshepo.
30. Bakeresete ba boammaaruri gompieno ba ka gomodiwa jang ke ditemana tse di konelang tsa Isaia kgaolo 40?
30 Ditemana tseno tse di konelang tsa Isaia kgaolo 40 di na le mafoko a a gomotsang Bakeresete ba boammaaruri ba ba tshelang mo metlheng ya bofelo ya tsamaiso eno e e boikepo. E re ka go na le dikgatelelo le mathata a a kana kana a a kgobang marapo, go a kgothatsa go itse gore Modimo wa rona a ka se ka a tlhoka go bona mathata a re a itshokelang le go tlhoka tshiamiso mo go re diragalelang. Re ka tlhomamisega gore Mmopi wa dilo tsotlhe, Ene yo ‘tlhaloganyo ya gagwe e ka se kang ya anelwa,’ o tla baakanya go tlhoka tshiamiso gotlhe ka nako ya gagwe le ka tsela ya gagwe. (Pesalema 147:5, 6) Go ntse go le jalo, ga re tlhoke go itshoka ka maatla a rona. Jehofa, yo o nang le maatla a magolo thata, a ka naya batlhanka ba gagwe maatla fa ba lekwa—le eleng “maatla a a fetang a a tlwaelegileng.”—2 Bakorintha 4:7.
31. Boporofeti jwa ga Isaia bo ne bo tshwaretse batshwarwa ba Bajuda ba ba kwa Babelona tsholofetso efe ya lesedi, mme re ka tshepa eng ka botlalo?
31 Akanya ka batshwarwa bao ba Bajuda kwa Babelona mo lekgolong la borataro la dingwaga B.C.E. Makgolokgolo a dikilometara go tloga foo, Jerusalema wa bone yo o rategang o ne a swafetse, tempele ya teng e le marope. Mo go bone, boporofeti jwa ga Isaia bo ne bo na le tsholofetso e e gomotsang ya lesedi le tsholofelo—Jehofa o ne a tla ba busetsa kwa nagagaeng ya bone! Ka 537 B.C.E., Jehofa o ne a etelela batho ba gagwe pele go ya gae, a supa gore ke Modiragatsi wa ditsholofetso. Le rona re ka tshepa Jehofa ka botlalo. Ditsholofetso tsa gagwe tsa Bogosi, tse di bolelwang sentle mo boporofeting jwa ga Isaia, di tla diragala. Tseo ke dikgang tse di molemo ruri—molaetsa wa lesedi la batho botlhe!
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Isaia o bolelela pele ka go baakanngwa ga tsela fa pele ga Jehofa. (Isaia 40:3) Le fa go ntse jalo, Diefangele di bontsha fa boporofeti jono bo bolela ka se Johane Mokolobetsi a neng a se dira fa a baakanyetsa Jesu Keresete tsela. Bakwadi ba ba tlhotlheleditsweng ba Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika ba ne ba tlhalosa dilo jalo ka gonne Jesu a ne a emela Rraagwe mme a tla mo leineng la ga Rraagwe.—Johane 5:43; 8:29.
b Go ile ga lekanngwa gore “bokete jwa mawatle bo mo e ka nnang ditone tsa metriki di le di-quintillion di le 1,35 (1,35 x 1018) kana mo e ka nnang 1/4400 ya bokete jotlhe jwa Lefatshe.”—Encarta 97 Encyclopedia.
c The Expositor’s Bible Commentary e akgela jaana: “Kgwebo ya kwa mebarakeng ya kwa Botlhaba jo bo Gaufi e ne e se na sepe le lerothodinyana la metsi mo kgamelong e e lekanyang kana lerolenyana mo dikaleng fa go ne go lekanngwa bokete jwa nama kana maungo.”
d Mo go Isaia 40:28, polelwana e e reng “ka bosakhutleng” e kaya gore “go ya go ile,” ka gonne Jehofa ke “Kgosi ya bosakhutleng.”—1 Timotheo 1:17.
e Ntsu e nna e fofa mo moyeng e sa dirise maatla a a kalo. E dira jalo ka go dirisa moya o o tlhatlogang o o mogote ka botswerere.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 404, 405]
Jehofa, Modisa yo o Lorato
Isaia o bapisa Jehofa le modisa yo o lorato yo o tsholang dikwanyana tsa gagwe mo sehubeng sa gagwe. (Isaia 40:10, 11) Go bonala sentle gore Isaia o dira setshwantsho seno se se supang lorato a akantse mekgwa ya mmatota ya badisa. Mmogedi mongwe wa motlha wa gompieno yo o neng a lebeletse badisa mo mokgokoloseng wa Thaba ya Heremona kwa Botlhabagare o bega jaana: “Modisa mongwe le mongwe o ne a tlhokomela letsomane la gagwe thata go bona gore le ntse le tsoga jang. Fa a fitlhela kwanyana e e sa tswang go tsalwa o ne a e tsenya mo memenong ya jase ya gagwe . . . e kgolo, ka gonne e ne e tla bo e le bokoa thata go ka latela mmaayone. Fa sehuba sa gagwe se tletse, o ne a baya dikwanyana mo magetleng a gagwe, a di tshwere ka ditlhakwana, kana a di tsenya mo kgetsing kana mo mmanking o belesitswe tonki, go fitlha dikwanyana di kgona go latela bommaatsone.” A ga go gomotse go itse gore re direla Modimo yo o amegang ka lorato jaana ka batho ba gagwe?
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 412]
Lefatshe le Sebopego Sefe?
Mo metlheng ya bogologolo batho ka kakaretso ba ne ba dumela gore lefatshe le ne le le sephaphathi. Le fa go ntse jalo, bogologolo mo lekgolong la borataro la dingwaga B.C.E., rafilosofi wa Mogerika e bong Pythagoras o ne a bolela gore lefatshe le tshwanetse la bo le le potokwe. Le fa go ntse jalo, makgolo a mabedi a dingwaga pele Pythagoras a tlhama thuto ya gagwe, moporofeti Isaia o ne a bolela jaana ka phepafalo le ka go tlhomamisega go gogolo: “Go na le Yo o nnang kwa godimo ga kgolokwe ya lefatshe.” (Isaia 40:22) Lefoko la Sehebera chugh le fano le ranotsweng go twe “kgolokwe” le ka ranolwa go twe “potokwe.” Se se kgatlhang ke gore, selo se se potokwe ke sone fela se bonalang se le kgolokwe go sa kgathalesege gore se lebilwe kafa letlhakoreng lefe.f Ka jalo, moporofeti Isaia o ne a tsamaya kwa pele thata ga kitso ya motlha wa gagwe fa a ne a kwala mafoko ano a a dumalanang sentle le saense e bile a sa tlhotlhelediwe ke ditumelo tsa bogologolo.
[Ntlha e e kwa tlase]
f Totatota, lefatshe le kgolokwe mme le batla le nna sephara mo dikarolong dingwe. Le sephara go sekae mo dintlheng tsa lone.
[Setshwantsho mo go tsebe 403]
Johane Mokolobetsi e ne e le lentswe le le ‘tlhaeletsang kwa nageng’