KGAOLO YA BORATARO
Baswi ba Kae?
Go direga eng ka rona fa re swa?
Ke ka ntlha yang fa re swa?
A go itse boammaaruri ka loso go tla re gomotsa?
1-3. Batho ba ipotsa dipotso dife ka loso, mme ditumelo tse di farologaneng di ba naya dikarabo dife tse di sa tshwaneng?
TSENO ke dipotso tse batho ba sa bolong go nna ba ipotsa tsone ka dingwagangwaga. Ke dipotso tse di botlhokwa. Go sa kgathalesege gore re bomang kgotsa gore re nna kae, dikarabo tsa tsone di re ama rotlhe.
2 Mo kgaolong e e fetileng, re bone gore setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu Keresete se re buletse tsela jang ya go bona botshelo jo bo sa khutleng. Gape, re ithutile gore Baebele e bolelela pele nako ya fa “loso lo tla bo lo seyo.” (Tshenolo 21:4) Gone jaanong, rotlhe re sa ntse re swa. Kgosi e e botlhale Solomone o ne a re: “Batshedi ba a itse gore ba tla swa.” (Moreri 9:5) Re leka go tshela lobaka lo loleele ka moo re ka kgonang ka gone. Le fa go ntse jalo, re ipotsa gore go tla direga eng ka rona fa re swa.
3 Re a hutsafala fa batho ba re ba ratang ba swa. E bile re ka nna ra botsa jaana: ‘Go diragetse eng ka bone? A ba a boga? A ba a re bona? A re ka kgona go ba thusa? A re tla tsamaya re ba bona gape?’ Ditumelo tsa lefatshe di araba dipotso tseno ka dikarabo tse di sa tshwaneng. Dingwe tsa tsone di ruta gore fa o tshela botshelo jo bo siameng, o tla ya legodimong mme fa o tshela botshelo jo bo sa siamang, o tla tuka mo lefelong la tlhokofatso. Ditumelo tse dingwe tsone di ruta gore fa batho ba swa, ba fetela kwa lefelong la semoya go ya go nna le bagologolwane ba bone kwa go lone. Tse dingwe di ruta gore baswi ba ya kwa lefelong lengwe le le kafa tlase ga lefatshe go ya go atlholwa morago ga moo ba bo ba tsalwa gape e le ditshedi dingwe di sele.
4. Ditumelo di le dintsi di na le kgopolo efe e e tshwanang ka loso?
4 Dithuto tseno tsotlhe di na le kgopolo e le nngwe fela e e tshwanang—ya gore go na le sengwe mo teng ga rona se se tswelelang se tshela fa mmele o swa. Mo e batlang e nna ditumelo tsotlhe, tsa nako e e fetileng le tsa gone jaanong, di bontsha gore ka tsela nngwe re tswelela pele re tshela re kgona go bona, go utlwa le go akanya. Mme seo se ka kgonega jang tota? Ditemotshi tsa rona, mmogo le dikakanyo tsa rona, tsotlhe fela di amana le go dira ga boboko jwa rona. Fa re swa, boboko jwa rona bo tlogela go bereka. Megopolo ya rona, maikutlo le ditemotshi tsa rona ga di tswelele di dira ka tsela nngwe ya kgakgamatso. Fa boboko bo swa, le tsone di a swa.
TOTA GO DIREGA ENG FA RE SWA?
5, 6. Baebele e ruta eng ka boemo jwa baswi?
5 Jehofa, Mmopi wa boboko o itse sentle se se diregang fa re swa. Tota e bile mo Lefokong la gagwe e leng Baebele, o tlhalosa boemo jwa baswi. Thuto ya yone e e utlwalang sentle ke gore: Fa motho a sule, ga a tlhole a le teng. Loso ke phapang ya botshelo. Baswi ga ba bone, ga ba utlwe e bile ga ba akanye sepe. Fa re swa, ga go karolo epe mo go rona e e sa sweng. Ga re na moya o o sa sweng.a
6 Fa Solomone a sena go bolela gore batshedi ba a itse gore ba tla swa, o ne a re: “Mme fa e le baswi bone, ga ba itse sepe gotlhelele.” Morago ga moo o ne a tlhalosa boammaaruri jwa motheo jwa gore baswi ga ba ka ke ba kgona go rata motho le fa e le go mo tlhoa le gore “ga go na tiro le fa e le go loga maano le fa e le kitso le fa e le botlhale kwa [lebitleng].” (Moreri 9:5, 6, 10) Ka tsela e e tshwanang, Pesalema 146:4 ya re fa motho a swa, “dikakanyo tsa gagwe di a nyelela.” Re batho ba ba swang e bile ga go na karolo epe mo go rona e e tswelelang e tshela fa mmele o swa. Botshelo jo re bo tshelang bo tshwana fela le kgabonyana e e mo kereseng. Fa o tima kgabo eo, ga go na kwa e yang teng. E a nyelela.
SE JESU A SE BUILENG KA LOSO
7. Jesu o ne a tlhalosa loso jang?
7 Jesu Keresete o ile a bua ka boemo jwa baswi. E ne e le fa a ne a bua ka Lasaro, monna yo e neng e le tsala ya gagwe yo ka nako eo a neng a sule. Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Lasaro tsala ya rona o ile go ikhutsa.” Barutwa ba ne ba akanya gore Jesu o ne a raya gore Lasaro o ne a robetse a ikhuditse, gore a fole. Ba ne ba sa mo tlhaloganye. Jesu o ne a ba tlhalosetsa a re: “Lasaro o sule.” (Johane 11:11-14) Ela tlhoko gore Jesu o ne a tshwantsha loso le go ikhutsa, gape o ne a le tshwantsha le boroko. Lasaro o ne a se kwa legodimong kgotsa mo diheleng tse di tukang. O ne a sa kopana le baengele kgotsa le bagologolwane ba gagwe. Lasaro o ne a sa tsalwa e le setshedi sengwe se sele. O ne a ikhuditse mo losong, jaaka e kete o ne a robetse boroko jo bogolo e bile a sa lore sepe. Go na le ditemana tse dingwe gape tse di tshwantshang loso le boroko. Ka sekai, fa morutwa Setefane a ne a bolawa ka go kgobotlediwa ka maje, Baebele ya re o ne “a robala.” (Ditiro 7:60) Ka tsela e e tshwanang, moaposetoloi Paulo o ne a kwala ka bangwe mo motlheng wa gagwe ba ba neng ba “robetse” mo losong.—1 Bakorintha 15:6.
8. Re itse jang gore boikaelelo jwa Modimo e ne e se gore batho ba swe?
8 A e ne e le boikaelelo jwa Modimo go tloga kwa tshimologong gore batho ba swe? Nnyaa! Jehofa o dirile gore batho ba tshelele ruri mo lefatsheng. Jaaka fa re ithutile pelenyana mo bukeng eno, Modimo o ne a baya batho ba ntlha ba babedi mo paradaiseng e e itumedisang. O ne a ba naya mebele e e itekanetseng. Jehofa o ne a batla gore dilo di ba tsamaele sentle. A go na le motsadi ope yo o lorato yo o batlang gore bana ba gagwe ba bogisiwe ke botsofe le loso? Nnyaa! Jehofa o ne a rata bana ba gagwe e bile a batla gore ba itumele ka bosakhutleng mo lefatsheng. Baebele e bolela jaana ka batho: “[Jehofa] o tsentse bosakhutleng mo pelong ya bone.” (Moreri 3:11) Modimo o re bopile re na le keletso ya go tshelela ruri. E bile o dirile thulaganyo ya gore keletso eo e diragadiwe.
LEBAKA LA GO BO BATHO BA SWA
9. Jehofa o ne a beela Adame thibelo efe, mme ke ka ntlha yang fa go ne go se thata go ikobela taelo eno?
9 Ke ka ntlha yang he fa batho ba swa? Go bona karabo, re tshwanetse go sekaseka gore go ne ga direga eng ka nako ya fa go ne go na le monna a le mongwe fela le mosadi a le mongwe mo lefatsheng. Baebele e tlhalosa jaana: “Jehofa Modimo a dira gore go mele mo mmung setlhare sengwe le sengwe se se eletsegang mo ponong ya motho e bile se le molemo go ka nna dijo.” (Genesise 2:9) Le fa go ntse jalo, ba ne ba beetswe thibelo e le nngwe fela. Jehofa o ne a raya Adame a re: “O ka nna wa ja mo setlhareng sengwe le sengwe sa tshingwana gore o bo o kgotsofale. Mme fa e le setlhare sa kitso ya molemo le bosula sone o se ka wa ja mo go sone, gonne ka letsatsi le o jang mo go sone ruri o tla swa.” (Genesise 2:16, 17) Go ne go se thata go ikobela taelo eno. Go ne go na le ditlhare tse dingwe tse dintsi tse Adame le Efa ba neng ba ka ja mo go tsone. Mme jaanong ba ne ba neilwe taelo e e neng e ba naya tshono e e kgethegileng ya go bontsha gore ba leboga Ene yo o ba neileng sengwe le sengwe, a ba neile le botshelo jo bo itekanetseng. Gape, fa ba ne ba ka ikobela taelo eno ba ne ba tla bo ba bontsha gore ba tlotla bolaodi jwa Rraabone wa selegodimo le gore ba ne ba batla go kaelwa ke ene.
10, 11. (a) Go ne ga tla jang gore batho ba ntlha ba babedi ba se ka ba ikobela Modimo? (b) Ke ka ntlha yang fa go tlhoka kutlo ga ga Adame le Efa e le kgang e e masisi?
10 Ka maswabi, batho bano ba babedi ba ntlha ba ne ba tlhopha go se ikobele Jehofa. Satane o ne a botsa Efa jaana, a dirisa noga: “A tota go ntse jalo gore Modimo o rile lo se ka lwa ja mo setlhareng sengwe le sengwe sa tshingwana?” Efa o ne a araba a re: “Re ka ja leungo la ditlhare tsa tshingwana. Mme fa e le go ja leungo la setlhare se se fa gare ga tshingwana, Modimo o rile, ‘Lo se ka lwa ja mo go sone, nnyaa, lo se ka lwa se ama gore lo se ka lwa swa.’”—Genesise 3:1-3.
11 Satane o ne a re: “Ruri ga lo kitla lo swa . . . Modimo o a itse gore mo go lone letsatsi le lo jang mo go sone ka lone ruri matlho a lona a tla bulega mme lo tla tshwana le Modimo, lo itse molemo le bosula.” (Genesise 3:4, 5) Satane o ne a batla gore Efa a dumele gore go ja leungo le le ileditsweng go ne go tla mo solegela molemo. Go ya ka Satane, Efa o ne a ka kgona go itirela tshwetso ya gore ke eng se se siameng le se se sa siamang; o ne a ka kgona go dira sengwe le segwe se a se batlang. Gape, Satane o ne a re Modimo o ne a bua maaka fa a tlhalosa gore go ne go tla diregang fa Efa a ka ja leungo leno. Efa o ne a dumela Satane. Ka jalo o ne a tsaya lengwe la maungo mme a le ja. Morago ga moo a naya monna wa gagwe, mme le ene a ja. Ga se gore ba ne ba sa itse gore ba ne ba sa tshwanela go dira jalo. Ba ne ba itse sentle gore ba ne ba dira se Modimo a neng a ba boleletse gore ba se ka ba se dira. Ka go ja leungo leo, ba ne ka boomo fela, ba itlhokomolosa taelo eo e e utlwalang sentle. Ba ne ba bontsha gore ba nyatsa Rraabone wa selegodimo le bolaodi jwa gagwe. Ba ne ba se na seipato sepe sa go se tlotle Mmopi wa bone yo o lorato!
12. Ke eng se se tla re thusang go tlhaloganya kafa Jehofa a ileng a ikutlwa ka gone fa Adame le Efa ba sena go nna kgatlhanong le ene?
12 Ka sekai: O ne o tla ikutlwa jang fa o sena go godisa morwao kgotsa morwadio, a bo a tlhopha ka boomo fela gore a se ka a go ikobela ka tsela e e bontshang gotlhelele gore ga a go tlotle e bile ga a go rate? Seno se ne se tla go utlwisa botlhoko tota. Jaanong, a ko o akanye fela gore Jehofa o tshwanetse a bo a ile a utlwa botlhoko jang fa Adame le Efa ba ne ba nna kgatlhanong le ene.
13. Jehofa o ne a re go tla direga eng ka Adame fa a swa, mme seno se bolela eng?
13 Jehofa o ne a se na lebaka lepe la go tlogela Adame le Efa ba ba sa mo ikobeleng gore ba tshelele ruri. Ba ne ba swa fela jaaka a ne a rile ba tla swa. Adame le Efa ba ne ba se ka ba tlhola ba nna gone. Ga ba a ka ba fetela kwa lefelong lengwe la semoya. Re itse seno ka ntlha ya se Jehofa a neng a se raya Adame fa a ne a mo atlhola ka ntlha ya go tlhoka kutlo ga gagwe. Modimo o ne a re: “O [tla] boela mo mmung, gonne o ntshitswe mo go one. Gonne o lorole mme o tla boela mo loroleng.” (Genesise 3:19) Modimo o ne a bopile Adame ka lorole lwa mmu. (Genesise 2:7) Pele ga moo, Adame o ne a seyo. Ka jalo, fa Jehofa a ne a re Adame o tla boela mo loroleng, o ne a raya gore Adame o ne a tla boela mo boemong jwa gagwe jwa go se nne teng. Adame o ne a tla bo a sa tshele fela jaaka lorole lo a dirilweng ka lone.
14. Ke ka ntlha yang fa re swa?
14 Adame le Efa ba ka bo ba sa ntse ba tshela le gompieno, mme ba ne ba swa ka go bo ba ile ba tlhopha go se ikobele Modimo mme ka jalo ba leofa. Lebaka la go bo re swa ke gore boleo jwa ga Adame le loso di ne tsa fetela mo baneng botlhe ba bone. (Baroma 5:12) Boleo joo bo tshwana le go rua bolwetse jo bo maswe thata jo bo sa foleng. Matswela a jone, e leng loso, ke phutso. Loso ke mmaba, e seng tsala. (1 Bakorintha 15:26) A bo re itumela jang ne go bo Jehofa a re neile thekololo gore a re golole mo mmabeng yono yo o boitshegang!
GO ITSE BOAMMAARURI KA LOSO GO RE SOLEGELA MOLEMO
15. Ke ka ntlha yang fa go gomotsa go itse boammaaruri ka loso?
15 Go a gomotsa go utlwa se Baebele e se rutang ka boemo jwa baswi. Jaaka fa re bone, baswi ga ba utlwe botlhoko bope le fa e le go hutsafala. Ga re na lebaka lepe la go ba boifa, ka gonne ga ba ka ke ba re gobatsa. Ga ba tlhoke thuso epe ya rona, e bile ga ba ka ke ba re thusa ka sepe. Ga re ka ke ra kgona go bua le bone, e bile ga ba ka ke ba kgona go bua le rona. Baeteledipele ba le bantsi ba bodumedi ba tsietsa batho ka go ba raya ba re ba ka kgona go thusa baswi ka tsela nngwe, mme batho ba ba dumelang baeteledipele ba ba ntseng jalo ba ba naya madi. Mme go itse boammaaruri go re sireletsa gore re se ka ra tsiediwa ke batho ba ba rutang maaka a a ntseng jalo.
16. Ke mang yo o tlhotlheletsang dithuto tsa madumedi a le mantsi, mme o dira jalo ka tsela efe?
16 A bodumedi jwa gago bo dumalana le se Baebele e se rutang ka baswi? Madumedi a le mantsi ga a dumalane le sone. Ka ntlha yang? Ka gonne dithuto tsa one di tlhotlhelediwa ke Satane. O dirisa bodumedi jwa maaka go dira gore batho ba dumele gore fa mebele ya bone e sena go swa, ba tla tswelela ba tshela kwa lefelong lengwe la semoya. Ano ke maaka a Satane a a kopanyang le a mangwe go dira gore batho ba furalele Jehofa Modimo. Ka tsela efe?
17. Ke ka ntlha yang fa thuto ya go tlhokofadiwa ga batho ka bosakhutleng e tlontlolola Jehofa?
17 Jaaka fa go boletswe pelenyana, madumedi mangwe a ruta gore fa motho a tshela botshelo jo bo sa siamang o ya kwa lefelong le batho ba tlhokofadiwang ka molelo kwa go lone fa a sena go swa, go ya go boga ka bosakhutleng. Thuto eno e tlontlolola Modimo. Jehofa ke Modimo yo o lorato mme ga a kitla a bo a dira gore batho ba boge ka tsela eno. (1 Johane 4:8) O ne o tla ikutlwa jang ka motho yo o otlhayang ngwana wa gagwe ka go tsaya diatla tsa gagwe a bo a di tsenya mo molelong? A o ne o tla mo tlotla? Tota e bile, a o ne o tla rata go tlwaelana le ene? Nnyaa! Ga go pelaelo gore o ne o tla mo tsaya a le setlhogo tota. Le fa go ntse jalo, Satane o batla gore re dumele gore Jehofa o tlhokofatsa batho mo molelong ka bosakhutleng!
18. Kgang ya go obamela baswi e tswa mo thutong efe ya maaka?
18 Gape, Satane o dirisa madumedi mangwe go ruta batho gore fa ba sena go swa, ba fetoga meya e e tshwanetseng go tlotlwa ke batshedi. Go ya ka thuto eno, meya ya baswi e ka fetoga ditsala tse dikgolo kgotsa baba ba ba setlhogo. Batho ba le bantsi ba dumela maaka ano. Ba boifa baswi e bile ba a ba tlotla le go ba obamela. Go farologana le moo, Baebele yone e ruta gore baswi ba robetse le gore re tshwanetse go obamela Modimo wa boammaaruri fela, e bong Jehofa, Mmopi wa rona le Motlamedi wa rona.—Tshenolo 4:11.
19. Go itse boammaaruri ka loso go re thusa go tlhaloganya thuto efe e nngwe ya Baebele?
19 Go itse boammaaruri ka baswi go a go sireletsa gore o se ka wa tsiediwa ke maaka a bodumedi. Gape go go thusa go tlhaloganya dithuto tse dingwe tsa Baebele. Ka sekai, fa o sena go lemoga gore batho ga ba fetele kwa lefelong lepe la semoya fa ba sena go swa, tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise e nna le bokao jwa mmatota mo go wena.
20. Re tla tlotla ka potso efe mo kgaolong e e latelang?
20 Mo motlheng wa bogologolo, monna yo o siameng e bong Jobe o ne a botsa potso eno: “Fa monna yo o nonofileng a swa a o ka tshela gape?” (Jobe 14:14) A motho yo o sa tsheleng, yo o robetseng mo losong a ka boa a tshela gape? Go gomotsa tota go utlwa se Baebele e se rutang ka kgang eno, jaaka fa kgaolo e e latelang e tla bontsha.
a Go bona motlotlo o o amanang le mafoko “moya [soul]” le “moya [spirit],” tsweetswee leba Dintlha Tse di Oketsegileng, ditsebe 208-11.